Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Bomang ba ba Nayang Modimo Kgalalelo Gompieno?

Ke Bomang ba ba Nayang Modimo Kgalalelo Gompieno?

 Ke Bomang ba ba Nayang Modimo Kgalalelo Gompieno?

“O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla.”—TSHENOLO 4:11.

1, 2. (a) Ke dikai dife tse di bontshang gore batho ba rata go tlhama dilo ka go tsaya malebela mo go tsa tlholego? (b) Go tsoga potso efe mme karabo ya yone ya reng?

LETSATSI lengwe mo dingwageng tsa bo1940, moenjenere mongwe wa kwa Switzerland e bong George de Mestral o ne a tswa le ntša ya gagwe a ya go iphokisa phefo. Fa a boela gae, o ne a lemoga gore diaparo tsa gagwe le boboa jwa ntša di ne di tletse bojang jo bo ngaparelang jo bosesane jo bo mitlwanyana. E re ka a ne a batla go bona gore bojang jono bo ntse jang, o ne a bo tsenya kafa tlase ga maekerosekopo mme a kgatlhwa ke dikgogenyana tsa jone tse di neng di ikgwagetsa ka sengwe le sengwe se di neng di kopana le sone. Moragonyana o ne a tlhama nnale e e logang e e bopegileng jaaka bojang jono. De Mestral e ne e se ene fela yo o neng a rata go tlhama dilo ka go tsaya malebela mo go tsa tlholego. Kwa United States, booraWright ba ne ba tlhama sefofane fa ba sena go ithuta ka dinonyane dingwe tse dikgolo tse di neng di fofa mo loaping. Moenjenere wa Mofora e bong Alexandre-Gustave Eiffel o ne a aga tora kwa Paris e e bidiwang ka leina la gagwe, a tsaya malebela mo seropeng sa motho se se dirilweng gore se kgone go rwala boima jwa mmele.

2 Dikai tseno di bontsha sentle gore batho ba rata go tlhama dilo ka go tsaya malebela mo go tsa tlholego. Le fa go ntse jalo, go a utlwala go botsa potso e e reng: Ke ga kae batlhami ba galaletsang Ene yo o dirileng bojang jo bo ngaparelang jo bosesane jo bo mitlwanyana, dinonyane tse dikgolo, serope sa motho le dilo tse dingwe tse dintle tsa tlholego tse ba ratang go tsaya malebela mo go tsone fa ba tlhama dilo? Go utlwisa botlhoko gore mo lefatsheng la gompieno, ke ka sewelo fela Modimo a bakwang kgotsa a newang kgalalelo e e mo tshwanelang.

3, 4. Lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka go re “kgalalelo” le kaya eng, mme le tshwanetse go rayang fa le dirisiwa malebana le Jehofa?

3 Bangwe ba ka nna ba botsa ba re, ‘A mme go a tlhokega gore Modimo a newe kgalalelo? A Modimo o ntse a sa galalele go le gale?’ Ke boammaaruri gore Jehofa ke Motho yo o galalelang go ba gaisa botlhe mo lebopong lotlhe, mme seo ga se bolele gore o a galalela mo matlhong a batho botlhe. Mo Baebeleng, lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka go re “kgalalelo” tota le raya “boima.” Le raya sepe fela se se dirang gore motho a lebege a le boima kgotsa a le botlhokwa mo go ba bangwe. Fa le dirisiwa malebana le Modimo, le raya se se dirang gore Modimo a nne mogolo thata mo bathong.

4 Ke batho ba le mmalwa fela gompieno ba ba lemogang se se dirang gore Modimo a nne mogolo mo bathong botlhe. (Pesalema 10:4; 14:1) Tota e bile, batho ba ba tlhomologileng mo setšhabeng  gantsi ba ile ba tlhotlheletsa batho go tlontlolola Mmopi yo o galalelang. Ba dirile seno ka ditsela dife?

“Ga ba Na Seipato”

5. Baitsesaense ba le bantsi ba reng fa ba leka go tlhalosa gore popo e ntle eno e tswa kae?

5 Baitsesaense ba le bantsi ba gatelela gore Modimo ga a yo. Ba kgona jang he, go tlhalosa dilo tse di gakgamatsang tsa tlholego, tse di akaretsang le batho? Ba bolela gore go ne ga direga fela gore dilo tse di gakgamatsang tseno di nne teng. Ka sekai, rathutotlhagelelo mongwe e bong Stephen Jay Gould o ne a kwala jaana: “Re teng gompieno ka gonne go ne go na le ditlhapi dingwe tse di sa tlwaelegang tse di neng di na le mafafa a a neng a kgona go fetoga maoto a ditshedi tse di nnang mo mmung . . . Re ka nna ra bo re batla karabo ‘e e botoka go gaisa eno’—mme ga e yo.” Ka tsela e e tshwanang, Richard E. Leakey le Roger Lewin ba ne ba kwala jaana: “Go bonala go ile ga nna le phoso nngwe e kgolo mo ditsheding mme batho ba iphitlhela fela ba setse ba le teng.” Tota le baitsesaense ba ba kgatlhwang ke bontle jwa popo ga ba neye Modimo pako.

6. Batho ba le bantsi ba tlhotlhelediwa ke eng gore ba se ka ba naya Modimo pako e e mo tshwanetseng jaaka Mmopi?

6 Fa batho ba ba rutegileng thata ba gatelela gore dilo di itlhagetse fela, ba a bo ba bolela gore batho ba ba sa rutegang ke bone fela ba ba ganang go dumela seo. Ba le bantsi ba tsibogela ntlha eno jang? Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, monna mongwe yo o neng a rutegile thata mo go tsa thutotlhagelelo o ne a botsolotsa batho bangwe ba ba e dumelang. O ne a re: “Ke lemogile gore batho ba le bantsi ba ba dumelang thutotlhagelelo ba e dumela fela ka gonne ba boleletswe gore e dumelwa ke batho botlhe ba ba botlhale.” Ee, fa batho ba ba rutegileng ba tlhalosa dikgopolo tsa bone tsa bolatolamodimo, ba bangwe ba tlhotlheletsega go se neye Mmopi pako e e mo tshwanetseng.—Diane 14:15, 18.

7. Go ya ka Baroma 1:20, ke eng se popo e dirang gore re kgone go se bona sentle, mme ka ntlha yang?

7 A baitsesaense ba fitlheletse ditshwetso tse ba di fitlheletseng tseno ka gonne ba na le bosupi jwa tsone? Le e seng! Re dikologilwe ke bosupi jo bo bontshang gore Mmopi o teng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka ene: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonwa sentle mo popong ya lefatshe, [e leng go bopiwa ga batho] go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo, mo e leng gore [ba ba sa dumeleng] ga ba na seipato.” (Baroma 1:20) Re kgona go bona bosupi jwa gore dilo tse di leng teng di na le Mmopi wa tsone. Ka jalo, se Paulo a se bolelang fano ke gore go tloga fela kwa tshimologong ya go nna gone ga batho, ba ntse ba kgona go ‘lemoga’ bosupi jwa gore Modimo o teng ka ntlha ya popo e ba e bonang. Bosupi jono bo kae?

8. (a) Magodimo a supa jang maatla a Modimo le botlhale jwa gagwe? (b) Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore lebopo le na le Modiri wa lone?

8 Loapi lo lo tletseng dinaledi lo re naya bosupi jwa gore Modimo o teng. Pesalema 19:1 ya re: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo.” “Magodimo”—letsatsi, ngwedi le dinaledi—di re naya bosupi jwa maatla a Modimo le botlhale jwa gagwe. Palo e e seng kana ka sepe ya dinaledi e re tlogela re gakgametse. Mme dipopo tseno tsotlhe tsa magodimo ga di a ema mo lefelong le le lengwe fela mo loaping, mme di tsamaya e seng ka go tlhoka thulaganyo, mme ka go latela melao e e tlhomameng ya tlholego. * (Isaia 40:26) A go a utlwala go fetsa ka go re go itiragaletse fela gore di bo di rulagane bontle jaana? Ntlha nngwe e e kgatlhang ke gore baitsesaense ba le bantsi ba re lebopo le tshogane fela le le gone. E  ne ya re fa porofesa mongwe a tlhalosa gore ntlha eno e raya goreng, o ne a re: “Kgang ya gore lebopo ga le na tshimologo e dumalana thata le [se se dumelwang] ke batho ba ba latolang gore Modimo o teng kgotsa ba ba dumelang gore Modimo ke masaitsiweng. Ka tsela e e tshwanang, go bonala lebopo le le nang le tshimologo le dira gore re batle go itse gore ke mang yo o dirileng dilo tsotlhe; gonne tota go ka tla jang gore dilo di nne teng mme di se na modiri wa tsone?”

9. Diphologolo tse Jehofa a di bopileng di re bontsha jang botlhale jwa gagwe?

9 Gape, re bona bosupi mo lefatsheng jwa gore Modimo o teng. Mopesalema o ne a bolela jaana: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.” (Pesalema 104:24) “Ditiro” tsa ga Jehofa, tse di akaretsang le diphologolo tse a di bopileng, di bontsha botlhale jwa gagwe. Jaaka fa re ile ra tlhalosa kwa tshimologong, ditshedi di bopilwe ka tsela e ntle mo e leng gore baitsesaense ba rata go tsaya malebela mo go tsone. Akanya ka dikai dingwe di le mmalwa. Batho ba ba dirang patlisiso ba ithuta ka dinaka tsa kgama ka boikaelelo jwa go dira makarapa a a thata; ba dira patlisiso ka mofuta mongwe wa tshenekegi e e bonako go utlwa ka boikaelelo jwa go tokafatsa tsela e dilo tse di thusang batho go utlwa di dirwang ka yone; gape ba dira patlisiso ka diphofa tsa diphuka tsa merubisi ka boikaelelo jwa go dira difofane tse di sa lemotshegeng. Mme le fa batho ba ka leka ka natla jang, ga ba ka ke ba kgona go dira gore dilo tse ba di tlhamang di tshwane kgo le tsa tlholego. Buka e e bidiwang Biomimicry—Innovation Inspired by Nature e bolela jaana: “Dilo tse di tshelang di dirile sengwe le sengwe se re batlang go se dira, di sa dirise lookwane ka tsela e e feteletseng, di sa kgotlele lefatshe kgotsa go tsenya isagwe ya tsone mo kotsing.” Ruri di dirilwe ka tsela e e botlhale!

10. Ke eng fa go sa utlwale go ganela gore go na le Mmopi yo Mogolo? Tshwantsha.

10 E ka ne o leba kwa magodimong kwa godimo kgotsa o leba popo e e mono lefatsheng, o bona bosupi jo bo phepafetseng jwa gore Mmopi o teng. (Jeremia 10:12) Re tshwanetse go dumalana ka pelo yotlhe le dibopiwa tsa kwa legodimong tse di neng di goa di re: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe.” (Tshenolo 4:11) Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba le bantsi ga ba kgone go bona bosupi jono ka ‘matlho a dipelo tsa bone,’ le fa gone ba gakgamadiwa ke tsela e dilo tse ba di bonang ka matlho di dirilweng ka yone. (Baefeso 1:18) Re ka tshwantsha seno jaana: “Go kgatlhwa ke bontle jwa tlholego le tsela e dilo tsa yone di dirilweng ka yone o bo o ganela gore di na le Modiri wa tsone ga go utlwale fela jaaka go tla bo go sa utlwale go kgatlhwa ke bontle jwa setshwantsho sengwe se se takilweng mme o bo o ganela gore go na le motaki yo o ileng a tsaya letsela a bo a dira setshwantsho se sentle ka lone. Ga go gakgamatse go bo ba ba ganang go dumela mo Modimong go twe “ga ba na seipato”!

“Bagogi ba ba Foufetseng” ba Timetsa Batho ba le Bantsi

11, 12. Thuto ya gore motho o laoletswe go sa le gale se se tla mo diragalelang e theilwe mo kgopolong efe, mme ke eng se se bontshang gore thuto eno ga e neye Modimo kgalalelo?

11 Batho ba le bantsi ba bodumedi ba dumela go tswa pelong gore mofuta wa bone wa kobamelo o naya Modimo kgalalelo. (Baroma 10:2, 3) Le fa go ntse jalo, bodumedi ka bojone ke selo se sengwe se tota se ileng sa thibela dimilione tsa batho go naya Modimo kgalalelo. Jang? Mma re sekaseke ditsela tse pedi tse bo dirileng jalo ka tsone.

12 Sa ntlha, bodumedi ga bo neye Modimo kgalalelo ka go ruta batho dithuto tsa maaka. Tsaya ka sekai thuto ya gore motho o laoletswe go sa le gale se se tla mo diragalelang. Thuto eno e theilwe mo kgopolong ya gore e re ka Modimo a na le maatla a go itse gore go tlile go diregang mo isagweng, o tshwanetse a bo a itse phelelo ya sengwe le sengwe. Ka gone, thuto eno e bolela gore Modimo o sa le a laotse go sa le gale gore isagwe ya mongwe le mongwe e tlile go nna jang—gore a e tlile go nna e e itumedisang kgotsa e e sa itumediseng. Go ya ka kgopolo eno, Modimo ke ene a tshwanetseng go pegwa molato wa pogo yotlhe le bosula jo bo diragalelang batho mo lefatsheng gompieno. Go pega Modimo molato o o tshwanetseng wa pegwa Mmaba wa gagwe yo mogolo e bong Satane, yo Baebele e mmitsang “mmusi wa lefatshe,” ga go mo neye kgalalelo!—Johane 14:30; 1 Johane 5:19.

13. Ke eng fa e le boeleele go akanya gore Modimo ga a ka ke a kgona go laola bokgoni jwa gagwe jwa go itse isagwe? Tshwantsha.

13 Thuto eno ya gore motho o laoletswe go sa le gale se se tla mo diragalelang ke thuto e e seng ya Dikwalo e e senyang Modimo leina. E dira gore batho  ba se ka ba bona sentle se a kgonang go se dira le se tota a se dirang. Baebele e bontsha sentle gore Modimo o a kgona go itse ditiragalo di ise di direge. (Isaia 46:9, 10) Le fa go ntse jalo, ga go utlwale go akanya gore a ka se kgone go laola bokgoni jwa gagwe jwa go itse ka isagwe kgotsa gore ke ene a sikarang boikarabelo jwa sengwe le sengwe se se diregang. Ka sekai: A re re o na le maatla a a boitshegang. A seo se ne se tla dira gore o tsamaye o tsholetsa sengwe le sengwe fela se se bokete se o kopanang le sone? Nnyaa, le eseng! Ka tsela e e tshwanang, go nna le bokgoni jwa go itse ka isagwe ga go pateletse Modimo gore a itse sengwe le sengwe kgotsa gore a laolele sengwe le sengwe phelelo ya sone. O tlhopha tsela e a batlang go dirisa bokgoni jo a nang le jone ka yone jwa go itse dilo pele di direga e bile o bo dirisa ka tsela e a bonang go tshwanela go bo dirisa ka yone. * Go phepafetse gore dithuto tsa maaka, go akaretsa le dithuto tsa gore Modimo o laoletse mongwe le mongwe go sa le gale se se tla mo diragalelang, ga di neye Modimo kgalalelo.

14. Bodumedi jo bo rulagantsweng bo tlontlolotse Modimo ka tsela efe?

14 Tsela ya bobedi e bodumedi bo tlontlololang Modimo ka yone ke ka boitshwaro jwa maloko a jone. Go lebeletswe gore Bakeresete ba latele dithuto tsa ga Jesu. Dingwe tsa dilo tse Jesu a neng a di ruta e ne e le gore balatedi ba gagwe ba “ratane” le gore ‘ba se ka ba nna karolo ya lefatshe.’ (Johane 15:12; 17:14-16) Go tweng ka baruti ba dikereke tsa Labokeresete? A tota ba dirisa dithuto tseo?

15. (a) Rekoto ya baruti e ntse jang fa re leba dintwa tse ditšhaba di ileng tsa nna le seabe mo go tsone? (b) Boitshwaro jwa baruti bo ile jwa ama jang dimilione tsa batho?

15 Akanya ka rekoto e baruti ba nang le yone malebana le ntwa. Ba ile ba tshegetsa, ba mpampetsa dintwa di le dintsi tse ditšhaba di ileng tsa nna le seabe mo go tsone le go di etelela pele. Ba ile ba segofatsa masole le go tsaya go bolaana ga one e le selo se se itshiametseng fela. Seno se dira gore re ipotse jaana, ‘A baruti bano ga ba ise ba ko ba akanye gore go na le baruti ba bangwe kafa letlhakoreng le ba lwang le lone ba ba dirang se se tshwanang fela le se bone ba se dirang?’ (Bona lebokoso le le reng “Modimo o Kafa Letlhakoreng la Bomang?”) Baruti ga ba neye Modimo kgalalelo fa ba ipolelela gore o ba eme nokeng mo dintweng tsa bone tse di matlho mahibidu e bile ga ba mo neye kgalalelo fa ba bolela gore ditekanyetso tsa Baebele di siilwe ke nako e bile ba letlelela boitsholo jo bo maswe jwa mofuta ope fela. A bo ba re gopotsa sentle jang ne ka baeteledipele ba bodumedi ba Jesu a neng a ba bitsa ba ba “dirang ka go tlhoka molao” le “bagogi ba ba foufetseng”! (Mathaio 7:15-23; 15:14) Boitshwaro jwa baruti bo dirile gore batho ba le dimilione di le dintsi ba se ka ba tlhola ba rata Modimo.—Mathaio 24:12.

Ke Bomang ba Tota ba Nayang Modimo Kgalalelo?

16. Ke eng fa re tshwanetse go leba mo Baebeleng gore re arabe potso ya gore ke bomang ba tota ba nayang Modimo kgalalelo gompieno?

16 Fa e le gore batho ba ba tlhomologileng le ba ba nang le tlhotlheletso ba lefatshe ba paletswe botlhe fela ke go naya Modimo kgalalelo, ke bomang he ba tota ba dirang jalo? Re tshwanetse go leba mo Baebeleng gore re kgone go araba potso eo. Aitsane, Modimo ke ene a tshwanetseng go re bolelela gore re mo neye kgalalelo jang, e bile o kwadile melao e  e re thusang go dira jalo mo Lefokong la gagwe e leng Baebele. (Isaia 42:8) Mma re sekaseke ditsela di le tharo tsa go naya Modimo kgalalelo, mme mo go nngwe le nngwe ya tsone re bone gore tota ke bomang ba ba mo nayang kgalalelo.

17. Jehofa ka boene o ne a bontsha jang gore go galaletsa leina la gagwe ke karolo e e botlhokwa ya go dira thato ya gagwe, mme ke bomang gompieno ba ba bakang leina la Modimo mo lefatsheng lotlhe?

17 Sa ntlha, re ka naya Modimo kgalalelo ka go baka leina la gagwe. Se Jehofa a neng a se raya Jesu se bontsha gore go dira jalo ke karolo e e botlhokwa thata ya go dira thato ya Modimo. Jesu o ne a rapela jaana malatsi a le mmalwa pele a swa: “Rara, galaletsa leina la gago.” Mme lentswe le ne la araba la re: “Ke le galaleditse e bile ke tla le galaletsa gape.” (Johane 12:28) Ga go pelaelo gore motho yo o neng a bua fano e ne e le Jehofa ka boene. Go phepafetse go ya kafa a arabileng ka gone gore go galaletsa leina la gagwe go botlhokwa mo go ene. Ke bomang he, ba gompieno ba nayang Jehofa kgalalelo ka go itsise ba bangwe ka leina la gagwe le go le baka mo lefatsheng lotlhe? Ke Basupi ba ga Jehofa, e bile ba dira jalo mo dinageng di le 235!—Pesalema 86:11, 12.

18. Re ka bona jang gore ke bomang ba ba obamelang Modimo ka “boammaaruri,” mme ke setlhopha sefe se se feditseng dingwaga di feta lekgolo se ntse se ruta batho boammaaruri jwa Baebele?

18 Sa bobedi, re ka naya Modimo kgalalelo ka go ruta ba bangwe boammaaruri ka ene. Jesu o ne a re baobamedi ba boammaaruri ba tla “obamela [Modimo] ka . . . boammaaruri.” (Johane 4:24) Re ka bona jang ba ba obamelang Modimo ka “boammaaruri”? Ba tshwanetse go gana dithuto tse di sa thewang mo Baebeleng le tse di tlontlololang Modimo le go nyatsa thato ya gagwe. Mo boemong jwa go ruta dithuto tse di ntseng jalo, ba tshwanetse go ruta ba bangwe boammaaruri jo bo itshekileng jwa Lefoko la Modimo, go akaretsa le jono jo bo latelang: Jehofa ke Modimo Mogodimodimo, mme ke ene fela a tshwanelwang ke kgalalelo e e ntseng jalo (Pesalema 83:18); Jesu ke Morwa Modimo le Mmusi yo o tlhomilweng wa Bogosi Jwa Bomesia (1 Bakorintha 15:27, 28); Bogosi jwa Modimo bo tla itshepisa leina la ga Jehofa le go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe leno le batho ba ba leng mo go lone (Mathaio 6:9, 10); dikgang tse di molemo ka Bogosi jwa gagwe di tshwanetse go rerwa mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Mo dingwageng tse di fetang lekgolo ke setlhopha se le sengwe fela se se ntseng se ruta batho boammaaruri jo bo molemolemo jalo ka boikanyegi—Basupi ba ga Jehofa!

19, 20. (a) Ke eng fa boitshwaro jo bontle jwa Mokeresete bo ka nna jwa naya Modimo kgalalelo? (b) Ke dipotso dife tse di ka re thusang go bona gore ke bomang ba gompieno ba nayang Modimo kgalalelo ka go nna le boitshwaro jo bontle?

19 Sa boraro, re ka naya Modimo kgalalelo ka go tshela tumalanong le ditekanyetso tsa gagwe. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo mo letsatsing la go tlhatlhoba ga gagwe ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.” (1 Petere 2:12) Boitshwaro jwa Mokeresete bo bontsha gore tumelo ya gagwe e ntse jang. Fa batho ba ba mo etseng tlhoko ba bona seo—ke go re, fa ba bona gore Mokeresete o itshwere sentle ka ntlha ya tumelo ya gagwe—seno se naya Modimo kgalalelo.

20 Ke bomang ba gompieno ba nayang Modimo kgalalelo ka boitshwaro jo bo siameng? Ke bodumedi bofe jo dipuso di le dintsi di ileng tsa bo akgolela go bo e le jwa batho ba ba ratang kagiso, baagi ba ba ikobelang molao le ba ba duelang makgetho a bone? (Baroma 13:1, 3, 6, 7) Ke batho bafe mo lefatsheng lotlhe ba ba itsiweng ba le seoposengwe le badumedi ka bone—ba go nna seoposengwe ga bone go sa amiweng ke lotso, morafe kgotsa setšhaba sa bone? (Pesalema 133:1; Ditiro 10:34, 35) Ke setlhopha sefe se se itsiweng mo lefatsheng lotlhe ka tiro ya sone ya go ruta batho ba bangwe Baebele, e e ba rotloetsang go tlotla molao, go nna le maitseo mo lelapeng le go nna le boitshwaro jo Baebele e bo  kgothaletsang? Go na le setlhopha se le sengwe fela se boitshwaro jwa sone jo bo siameng mo dintlheng tseno le mo go tse dingwe bo supang gore setlhopha seo ke sone fela se dirang dilo tseno—Basupi ba ga Jehofa!

A Wena o Naya Modimo Kgalalelo?

21. Ke eng fa re tshwanetse go sekaseka go bona gore a rona ka borona re naya Jehofa kgalalelo?

21 Mongwe le mongwe wa rona o dira sentle go ipotsa jaana, ‘A nna ka bonna ke naya Jehofa kgalalelo?’ Go ya ka Pesalema 148, dilo di le dintsi tse di bopilweng di naya Modimo kgalalelo. Baengele, magodimo, lefatshe le diphologolo tse di leng mo go lone—tsotlhe fela di baka Jehofa. (Ditemana 1-10) A bo go hutsafatsa jang ne go bo batho ba le bantsi gompieno ba sa dire jalo! Fa o tshela ka tsela e e nayang Modimo kgalalelo, o dira dilo tumalanong le popo yotlhe e e bakang Modimo. (Ditemana 11-13) Ga go na tsela e nngwe e e botoka go gaisa eno e o ka dirisang botshelo jwa gago ka yone.

22. O segofadiwa ka ditsela dife fa o naya Jehofa kgalalelo, mme o tshwanetse go ititaya sehuba gore o tla dirang?

22 O tla bona masego a a seng kana ka sepe fa o naya Jehofa kgalalelo. Fa o bontsha tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete, o letlana le Modimo le go ipelela kamano e e nang le kagiso le Rraago wa selegodimo, e e tla go solegelang molemo. (Baroma 5:10) Fa o ntse o batla mabaka a a tla dirang gore o neye Modimo kgalalelo, tsholofelo le kanaanelo tse o nang le tsone di a oketsega. (Jeremia 31:12) Fa o dira jalo, o nna mo boemong jo bo siameng jwa go kgona go thusa ba bangwe gore le bone ba tshele botshelo jo bo itumetseng, jo bo kgotsofatsang, mme seo se go tlisetsa boitumelo jo bogolo. (Ditiro 20:35) E kete o ka nna mongwe wa ba ba ititeileng sehuba gore ba tla naya Modimo kgalalelo—gone jaanong le ka bosakhutleng!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa magodimo a bontshang botlhale jwa Modimo le maatla a gagwe ka gone, bona kgaolo 5 le 17 ya buka ya Atamalana le Jehofa, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 13 Bona Bolumo 1, tsebe 853, ya Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa re ka bolela gore baitsesaense ka kakaretso ga ba a thusa batho go naya Modimo kgalalelo?

• Ke ditsela dife tse pedi tse ka tsone bodumedi jo bo rulagantsweng bo thibetseng batho gore ba se ka ba naya Modimo kgalalelo?

• Re ka galaletsa Modimo ka ditsela dife?

• Ke eng fa o tshwanetse go itshekatsheka go bona gore a wena ka bowena o naya Jehofa kgalalelo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 12]

“Modimo o Kafa Letlhakoreng la Bomang?”

Monna mongwe yo o neng a le mo Mophatong wa Sesole se se Lwang ka Difofane sa Jeremane mo Ntweng ya Lefatshe II mme moragonyana a ileng a nna Mosupi wa ga Jehofa o gakologelwa jaana:

“Se se neng sa ntshwenya thata mo dingwageng tseo tsa ntwa . . . e ne e le go bona baruti mo e ka nnang ba dikereke tsotlhe—tsa Katoliki, Lutere, Episcopal le tse dingwe—ba segofatsa difofane le masole pele a tlhatloga ka tsone a ya go diga dibomo tsa one tse di kotsi. Gantsi ke ne ke tle ke ipotse ke re, ‘Modimo o kafa letlhakoreng la bomang?’

“Masole a Jeremane a ne a itlamile ka mabanta a sekopelo sa one se neng se kwadilwe mafoko a a reng Gott mit uns (Modimo o na le rona). Mme gone ke ne ke ipotsa ke re, ‘Ke eng fa Modimo a ne a ka se ka a nna le masole a a ka kwa letlhakoreng le lengwe le le lone le neng le na le batho ba bodumedi jo bo tshwanang le jwa bone e bile ba rapela Modimo a le mongwe fela?’”

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ke bone ba tota ba nayang Modimo kgalalelo