Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tswelelang lo Bona Maatla mo Moreneng”

“Tswelelang lo Bona Maatla mo Moreneng”

 “Tswelelang lo Bona Maatla mo Moreneng”

“Tswelelang lo bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe.”—BAEFESO 6:10.

1. (a) Go ne ga nna le ntwa efe e e sa tlwaelegang dingwaga di le 3 000 tse di fetileng? (b) Ke eng fa Dafide a ile a fenya?

DINGWAGA di ka nna 3 000 tse di fetileng, batlhabani bangwe ba babedi ba ba neng ba tswa mo mephatong e mebedi e e neng e lwa mo lefelong la botlhabanelo ba ne ba simolola go lwantshana. Yo mmotlana e ne e le mosimane wa modisa e bong Dafide. O ne a tlile go lwa le Goliathe, monna yo o neng a nonofile ka tsela e e boitshegang e bile a goletse kwa godimo thata. Diaparo tsa gagwe tsa ntwa di ne di le boima jwa dikilogerama di le 57, mme o ne a tshwere lerumo le legolo thata le tšhaka e telele. Dafide ene o ne a sa apara diaparo dipe tsa ntwa, mme sebetsa se le sengwe fela se a neng a se tshwere e ne e le motsekedi. Goliathe, e leng seganka seno sa Mofilisitia, o ne a ikutlwa a nyaditswe tota go bo motho yo o neng a tlile go tlhabana le ene e le mosimanyana fela. (1 Samuele 17:42-44) Botlhe ba ba neng ba bogetse go tswa kafa matlhakoreng oomabedi, ba tshwanetse ba bo ba ne ba setse ba dirile tshwetso ya gore ke mang yo o neng a tlile go fenya. Mme ga se ka metlha batho ba ba nonofileng e nnang bone ba fenyang ntwa. (Moreri 9:11) Dafide o ne a fenya ka gonne o ne a lwa ka nonofo e a neng a e newa ke Jehofa. O ne a re: “Ntwa ke ya ga Jehofa.” Pego ya Baebele e bontsha gore “Dafide, ka motsekedi le leje, a itshupa a nonofile go feta Mofilisitia.”—1 Samuele 17:47, 50.

2. Bakeresete ba tlhabana ntwa ya mofuta ofe?

2 Bakeresete ga ba tlhabane ntwa ya mmatota. Le fa gone ba leka go nna le kagiso le batho botlhe, ba lwa ntwa ya semoya kgatlhanong le baganetsi ba ba maatla thata. (Baroma 12:18) Mo kgaolong ya bofelo ya lekwalo la gagwe le le yang go Baefeso, Paulo o ne a tlhalosa ntwa e Mokeresete mongwe le mongwe a nang le seabe mo go yone. O ne a kwala jaana: “Re lwa, e seng le madi le nama, mme le dipuso, le balaodi, le babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.”—Baefeso 6:12.

3. Go ya ka Baefeso 6:10, ke eng se re tshwanetseng go nna le sone go tlhomamisa gore re a atlega?

3 “Mephato [eo] ya meya e e boikepo” ke Satane le badimona ba gagwe ba ba batlang go senya kamano ya rona le Jehofa Modimo. E re ka ba nonofile go re gaisa, re iphitlhela re le mo boemong jo bo tshwanang le jwa ga Dafide, mme ga re ka ke ra atlega fa re sa ikaege ka nonofo e Modimo a re nayang yone. Eleruri, Paulo o re kgothaletsa go ‘tswelela re bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe.’ (Baefeso 6:10) Fa moaposetoloi a sena go ba naya kgakololo eo, o umaka ditsela tse re thusiwang semoyeng ka tsone mmogo le dinonofo  tse re tshwanetseng go nna le tsone jaaka Bakeresete tse di tla re thusang go fenya.—Baefeso 6:11-17.

4. Re tla tlotla ka dintlha dife tse pedi tsa konokono mo setlhogong seno?

4 Jaanong, mma re sekasekeng se Dikwalo di se bolelang ka maatla a mmaba wa rona a nang le one le maano a a a dirisang. Morago ga moo re tla tlotla ka mekgwa ya go itshireletsa e re tshwanetseng go e dirisa. Fa re latela ditaelo tsa ga Jehofa, re ka tlhomamisega gore baba ba rona ga ba kitla ba re fenya.

Go Lwa le Mephato ya Meya e e Boikepo

5. Tsela e ntwa eno ya go sokasokana e tlhalosiwang ka yone mo puong ya ntlhantlha mo go Baefeso 6:12, e re thusa jang go tlhaloganya maano a ga Satane?

5 Paulo o tlhalosa gore “re lwa . . . le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” Ke boammaaruri gore moya o o boikepo o mogolo thata ke Satane Diabolo, “mmusi wa madimona.” (Mathaio 12:24-26) Ka puo ya ntlha e Baebele e neng ya kwalwa ka yone, ntwa ya rona e tshwantshiwa le ya go sokasokana kgotsa go mekamekana ka diatla. Mo dintweng tse di ntseng jalo tsa go sokasokana tse di neng di tle di tshwarelwe kwa Gerika wa bogologolo, motho yo o neng a lwa o ne a leka go dira gore yo a lwang le ene a se ka a kgona go itsetsepela e le gore a tle a kgone go mo digela fa fatshe. Ka tsela e e tshwanang, Diabolo o batla go dira gore re se ka ra kgona go itsetsepela semoyeng. A ka re kgona jang?

6. Bontsha go tswa mo Dikwalong kafa Satane a kgonang go dirisa maano a a farologaneng ka gone go senya tumelo ya rona.

6 Satane a ka kgona go itira noga, tau e e kurutlang kgotsa moengele wa lesedi. (2 Bakorintha 11:3, 14; 1 Petere 5:8) A ka kgona go dirisa batho gore ba re bogise kgotsa ba re kgobe marapo. (Tshenolo 2:10) E re ka Satane a laola lefatshe lotlhe, a ka kgona go re raela ka go dirisa dikeletso tsa lone le dilo tsa lone tse di gogelang. (2 Timotheo 2:26; 1 Johane 2:16; 5:19) A ka re tsietsa ka go dirisa botlhale jwa lefatshe kgotsa batlhanogi, fela jaaka a ne a kgona go tsietsa Efa.—1 Timotheo 2:14.

7. Ke eng se badimona ba sa kgoneng go se dira, mme rona re itumelela eng?

7 Le mororo dibetsa tsa ga Satane le badimona ba gagwe di ka lebega di le kotsi, ga di kgone go baka tshenyo e e feletseng jaaka mong wa tsone a ne a ka batla. Meya e e boikepo eno ga e ka ke ya re patelela go dira dilo tse di bosula tse di sa itumediseng Rraarona wa selegodimo. Re bopilwe re le batho ba ba nang le kgololesego ya go itlhophela se re batlang go se dira, e bile re kgona go laola dikakanyo le ditiro tsa rona. Mo godimo ga moo, ga re lwe re le rosi. Se se neng se direga mo motlheng wa ga Elisha se a direga le mo motlheng wa rona: “Ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.” (2 Dikgosi 6:16) Baebele e re tlhomamisetsa gore fa re ikobela Modimo e bile re ganetsa Diabolo, o tla re tshaba.—Jakobe 4:7.

Go Lemoga Maano a ga Satane

8, 9. Satane o ne a tlisetsa Jobe diteko dife gore a senye boikanyegi jwa gagwe, mme rona re lebane le dikotsi dife tsa semoya gompieno?

8 Ga re ba ba se nang kitso ka maano a ga Satane ka gonne Dikwalo di re bolelela ka maano a a a dirisang. (2 Bakorintha 2:11) Diabolo o ne a tlhasela  Jobe monna yo o siameng ka go dirisa mathata a a seng kana ka sepe a ikonomi, ka go bolaya baratiwa ba gagwe, go mo tlisetsa kganetso ya balelapa la gagwe, go mo tsenya bolwetse le go dirisa ditsala tsa gagwe tse e seng tsa boammaaruri gore di nnele go mo tshwayakaka diphoso ka dilo tse ba se nang boammaaruri jwa tsone. Jobe o ne a tshwenyega thata mo maikutlong a bo a akanya gore Modimo o mo tlogetse. (Jobe 10:1, 2) Le mororo Satane a ka nna a se ka a re bakela mathata ano ka tlhamalalo gompieno, mathata a a ntseng jalo a ama Bakeresete ba le bantsi gompieno, mme Diabolo a ka nna a a dirisa go re kgona ka one.

9 Dikotsi tsa semoya di oketsegile mo motlheng ono wa bokhutlo. Re tshela mo motlheng o mo go one batho ba gagamaletseng thata dikhumo go na le dilo tsa semoya. Gantsi metswedi ya dikgang e bontsha tlhakanelodikobo e e sa siamang e le selo se se tlisetsang batho boitumelo go na le go ba tlisetsa bohutsana. Mme batho ba le bantsi ba fetogile “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-5) Go akanya ka tsela eno go ka tsenya bomoya jwa rona mo kotsing fa re sa ‘lwe ntwa ka thata re lwela tumelo.’—Jude 3.

10-12. (a) Nngwe ya ditlhagiso tse Jesu a neng a di ntsha mo setshwantshong sa gagwe sa mojadi ke efe? (b) Tshwantsha kafa bomoya jwa rona bo ka kgamiwang ka gone.

10 Lengwe la maano a Satane a atlegileng thata fa a le dirisa ke la go dira gore re tshwarege thata ka dilo tsa lefatshe leno le go latelela dikhumo tsa lone. Mo setshwantshong sa mojadi se Jesu a neng a bua ka sone, o ne a tlhagisa gore ka dinako tse dingwe, ‘tlhobaelo ya tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo a hupetsa lefoko [la Bogosi].’ (Mathaio 13:18, 22) Lefoko la Segerika le fano le ranotsweng ka go re ‘hupetsa’ le raya ‘go kgama gotlhelele.’

11 Kwa dikgweng tsa dinaga tsa boboatsatsi, go na le ditlhatsana tsa mofine tse di kgamang ditlhare. Mofine ono o gola ka bonya go dikologa kutu ya setlhare sengwe. Fa nako e ntse e tsamaya, medi ya mofine ono e itshopa ka setlhare seno e bo e nna thata. Kgabagare, medi e mentsi ya mofine ono e simolola go monya dikotla tsotlhe tse di mo mmung kwa tlase ga setlhare seno fa dikala tsa one tse di setseng di khurumeditse setlhare seno kwa godimo tsone di dira gore se se ka sa bona marang a letsatsi. Kwa bofelong, setlhare seno se a swa.

12 Ka tsela e e tshwanang, ditlhobaelo tsa tsamaiso eno ya dilo le go latelela dikhumo le botshelo jwa manobonobo di ka re amoga bontsi jwa nako le maatla a rona ka iketlo. E re ka jaanong re tla bo re tlhomile mogopolo mo dilong tsa lefatshe, go tla nna motlhofo gore re se ka ra tlhola re ithuta Baebele re bo re nne le mokgwa wa go sa nne teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, mme seno se tla dira gore re se ka ra iphepa ka dijo tsa semoya tse di nang le dikotla. Go gagamalela ga rona dikhumo jaanong go tseela ditiro tsa rona tsa semoya sebaka, mme kgabagare Satane a bo a re tlhasela motlhofo fela.

Re Tshwanetse go Ema re Nitame

13, 14. Re tshwanetse go dirang fa re ganediwa ke Satane?

13 Paulo o ne a kgothaletsa badumedi ka ene go ‘ema ba nitame kgatlhanong le maano a a boferefere a ga Diabolo.’ (Baefeso 6:11) Gone boammaaruri ke gore ga re ka ke ra kgona go fedisa Diabolo le madimona a gagwe. Eo ke tiro e Modimo a e neileng Jesu Keresete. (Tshenolo 20:1, 2) Le fa go ntse jalo, gore Satane a se ka a kgona go re fenya fa a re  tlhasela, re tshwanetse go ‘ema re nitame’ go fitlha a fedisiwa.

14 Moaposetoloi Petere le ene o ne a gatelela botlhokwa jwa go ema re nitame kgatlhanong le Satane. O ne a kwala jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe. Mme ganetsanang le ene, lo nonofile mo tumelong, lo itse gore tsone dilo tseo tse di leng malebana le dipogo di diragalela bakaulengwe botlhe ba lona mo lefatsheng.” (1 Petere 5:8, 9) Tota e bile, re tlhoka kemonokeng ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya fela thata go re thusa go ema re nitame fa Diabolo a tlhasela jaaka tau e e kurutlang.

15, 16. Umaka sekai se se tswang mo Dikwalong go bontsha kafa go tshegediwa ke badumedi ka rona go ka re thusang ka gone gore re eme re nitame.

15 Fa tau e kurutla e le gaufi le ditshephe mo sekgweng sa Afrika, ditshephe tseno di ka nna tsa betsega ka lobelo lo logolo gore di tswe mo lefelong leo le le kotsi. Le fa go ntse jalo, ditlou tsone di re naya sekai sa go tshegetsana. Buka ya setlhogo se se reng Elephants—Gentle Giants of Africa and Asia e tlhalosa jaana: “Tsela e gantsi motlhape wa ditlou o itshireletsang ka yone ke go dira mosako, tse dikgolo di lebile kwantle kwa kotsi e tswang teng mme tse dinnye tsone di le mo teng ga mosako ono di sireletsegile.” Ga se gantsi ditau di ka tlhaselang le e leng ditlou tse dinnye fa di lebane le motlhape wa ditlou tse di tshegetsanang ka tsela e e ntseng jalo e e nonofileng.

16 Ka tsela e e tshwanang, le rona re tshwanetse go nna seoposengwe jalo le bakaulengwe ba rona ba ba nonofileng mo tumelong fa re tshosediwa ke Satane le madimona a gagwe. Paulo o ne a bontsha gore badumedi ka ene bangwe ba ne ba itshupa e le ‘thuso e e nonotshang’ mo go ene fa a ne a le mo kgolegelong kwa Roma. (Bakolosa 4:10, 11) Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka go re ‘thuso e e nonotshang’ le tlhaga gangwe fela mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Go ya ka Expository Dictionary of New Testament Words ya ga Vine, “lediri la lefoko leno le kaya molemo o o okobatsang.” Fela jaaka setlolo se se okobatsang ditlhabi, go tshegediwa ke baobamedi ba ba godileng semoyeng ba ga Jehofa go ka okobatsa botlhoko jo bo bakwang ke go boga mo maikutlong le mo mmeleng.

17. Ke eng se se ka re thusang go ikanyega mo Modimong?

17 Go kgothadiwa ke Bakeresete ka rona gompieno go ka nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go direla Modimo ka boikanyegi. Bagolwane ba Bakeresete ke bone ba segolobogolo ba iketleeleditseng go re thusa semoyeng. (Jakobe 5:13-15) Dilo tse di ka re thusang go nna re ikanyega di akaretsa go ithuta Baebele ka metlha le go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Kamano e kgolo e re nang le yone le Modimo e re thusa go nna re ntse re ikanyega mo go ene. Eleruri, e ka ne re a ja, re a nwa kgotsa re dira sepe fela, re tshwanetse go dira dilo tsotlhe ka tsela e e tla galaletsang Modimo. (1 Bakorintha 10:31) Gone boammaaruri ke gore go ikaega ka Jehofa ka thapelo go botlhokwa thata gore re kgone go tswelela re ntse re dira se se mo itumedisang.—Pesalema 37:5.

18. Ke eng fa re sa tshwanela go itlhoboga le fa re gatelelwa ke maemo mangwe a a re koafatsang?

18 Ka dinako tse dingwe, Satane o re tlhasela fa re ikutlwa re le bokoa semoyeng. Gantsi tau e ragogela phologolo e e bokoa. Mathata a lelapa, mathata a ikonomi kgotsa bolwetse di ka monya nonofo ya semoya e re nang le yone. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lesa go dira se se itumedisang Modimo,  gonne Paulo o ile a re: “Fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.” (2 Bakorintha 12:10; Bagalatia 6:9; 2 Bathesalonika 3:13) O ne a bolelang? O ne a raya gore maatla a Modimo a ka re nonotsha mo bokoweng jwa rona fa re kopa Jehofa gore a re nonotshe. Go fenya Goliathe ga ga Dafide go bontsha gore Modimo a ka kgona go nonotsha batho ba gagwe e bile o a ba nonotsha. Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba ka supa gore mo dinakong tsa mathata a magolo, ba ile ba ikutlwa ba nonotshiwa ke seatla sa Modimo.—Daniele 10:19.

19. Umaka sekai sa kafa Jehofa a ka nonotshang batlhanka ba gagwe ka gone.

19 Banyalani bangwe ba ne ba kwala jaana ka tshegetso e Modimo a neng a ba naya yone: “Go fetile dingwaga di le dintsi re direla Jehofa jaaka banyalani mme re ile ra ipelela masego a le mantsi le go itse batho ba le bantsi ba ba molemo. Gape, Jehofa o ile a re thapisa le go re nonotsha gore re kgone go itshokela mathata ka katlego. Jaaka Jobe, le rona re ne re sa tlhaloganye lebaka la go bo re ne re diragalelwa ke dilo tse di neng di re diragalela, mme re ne re itse gore ka metlha Jehofa o ne a iketleeleditse go re thusa.”

20. Ke bosupi bofe jwa Dikwalo jo bo bontshang gore ka metlha Jehofa o tshegetsa batho ba gagwe?

20 Jehofa ga a kitla a palelwa ke go tshegetsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang le go ba nonotsha. (Isaia 59:1) Mopesalema Dafide o ile a opela jaana: “Jehofa o tshegetsa botlhe ba ba wang, e bile o tsholetsa botlhe ba ba inameng.” (Pesalema 145:14) Eleruri, Rraarona wa selegodimo ‘o re rwalela morwalo letsatsi le letsatsi’ le go re naya se tota re se tlhokang.—Pesalema 68:19.

Re Tlhoka “Diaparo Tse di Feletseng Tsa Tlhabano Tse di Tswang Kwa Modimong”

21. Paulo o ne a gatelela jang gore re tlhoka diaparo tsa ntwa tsa semoya?

21 Re sekasekile mangwe a maano a ga Satane ra ba ra bona botlhokwa jwa go ema re nitame fa a re tlhasela. Jaanong re tshwanetse go sekaseka selo se sengwe gape se se botlhokwa se se tla re thusang gore re kgone go sireletsa tumelo ya rona. Mo lekwalong la gagwe le le yang go Baefeso, moaposetoloi Paulo o ne a umaka selo sengwe se se botlhokwa makgetlo a le mabedi, se se tla re thusang go ema re nitame kgatlhanong le maano a a boferefere a ga Satane le gore re atlege mo ntweng ya rona ya go sokasokana le mephato ya meya e e boikepo. Paulo o ne a kwala jaana: “Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo . . . Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong, gore lo tle lo kgone go itsetsepela mo letsatsing le le boikepo le gore, fa lo sena go dira dilo tsotlhe ka botlalo, lo eme lo nitame.”—Baefeso 6:11, 13.

22, 23. (a) Diaparo tsa rona tsa ntwa di akaretsang? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

22 Ee, re tshwanetse go apara “diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong.” Fa Paulo a ne a kwalela Baefeso lekwalo leno, o ne a disitswe ke lesole la Roma, le go bonalang ka dinako tse dingwe le ne le apara diaparo tse di feletseng  tsa ntwa. Le fa go ntse jalo, Modimo ke ene a neng a tlhotlheletsa moaposetoloi yono gore a tlotle ka diaparo tsa ntwa tse motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa a di tlhokang fela thata.

23 Diaparo tseno tsa ntwa tse re di newang ke Modimo di akaretsa dinonofo tse Mokeresete a tshwanetseng go nna le tsone mmogo le dithulaganyo tsa semoya tse Jehofa a re baakanyeditseng tsone. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka karolo nngwe le nngwe ya diaparo tseno tsa ntwa tsa semoya. Seno se tla re thusa go bona gore re tlhomeletse go le kana kang mo ntweng ya rona ya semoya. Mo godimo ga moo, re tla bona kafa sekao se se molemo sa ga Jesu Keresete se re thusang ka gone gore re atlege mo go emelaneng le Satane Diabolo.

O ne O ka Araba Jang?

• Bakeresete botlhe ba na le seabe mo ntweng ya mofuta ofe?

• Tlhalosa mangwe a maano a ga Satane.

• Kemonokeng badumedi ka rona go ka re nonotsha jang?

• Re tshwanetse go ikaega ka maatla a ga mang, mme ka ntlha yang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Bakeresete ‘ba lwa le mephato ya meya e e boikepo’

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ditlhobaelo tsa tsamaiso eno di ka hupetsa lefoko la Bogosi

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Bakeresete ka rona ba ka nna ‘thuso e e nonotshang’

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

A o rapela Modimo gore a go nonotshe?