Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Senolela ba ba Ikokobeditseng Kgalalelo ya Gagwe

Jehofa o Senolela ba ba Ikokobeditseng Kgalalelo ya Gagwe

 Jehofa o Senolela ba ba Ikokobeditseng Kgalalelo ya Gagwe

“Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa ke dikhumo le kgalalelo le botshelo.”—DIANE 22:4.

1, 2. (a) Buka ya Ditiro e bontsha jang gore Setefane e ne e le “monna yo o tletseng tumelo le moya o o boitshepo”? (b) Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore Setefane o ne a ikokobeditse?

SETEFANE e ne e le “monna yo o tletseng tumelo le moya o o boitshepo.” Gape o ne a “tletse bopelontle le maatla.” Fela jaaka barutwa ba bangwe ba ga Jesu ka nako eo, o ne a dira ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso mo bathong. Nako nngwe go ne ga ema banna bangwe ba re ba a mo ganetsa, “mme le fa go ntse jalo ba ne ba sa kgone go itsetsepela kgatlhanong le botlhale le moya tse a neng a bua ka tsone.” (Ditiro 6:5, 8-10) Go bonala sentle gore Setefane e ne e le moithuti yo o tlhoafetseng wa Lefoko la Modimo, mme o ne a le buelela ka botswerere fa pele ga baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba motlha wa gagwe. Bosupi jwa gagwe jo bo tlhalosang dintlha ka botlalo, jo bo kwadilweng mo go Ditiro kgaolo 7, bo bontsha kafa a neng a kgatlhegela thata ka teng go senolwa ga maikaelelo a Modimo.

2 Setefane o ne a ikokobeditse, a sa tshwane le baeteledipele bao ba bodumedi, ba maemo a bone le kitso ya bone e neng e dira gore ba ipone ba le kwa godimo ga batho fela ba ba tlwaelegileng. (Mathaio 23:2-7; Johane 7:49) Le fa Setefane a ne a itse Dikwalo sentle, o ne a itumela thata fa a newa kabelo ya gore a “abe dijo mo ditafoleng” e le gore baaposetoloi ba kgone go ineela “mo thapelong le mo bodireding jwa lefoko.” Setefane o ne a na le leina le lentle mo bakaulengweng, ka jalo o ne a tlhophiwa gore e nne mongwe wa banna ba ba supa ba ba tlhomamisitsweng ba ba neng ba tla aba dijo letsatsi le letsatsi. O ne a amogela kabelo eno ka boikokobetso.—Ditiro 6:1-6.

3. Setefane o ne a bona pontsho efe e e gakgamatsang ya bopelonomi jwa Modimo jo bo sa re tshwanelang?

3 Jehofa o ne a lemoga boikokobetso jwa ga Setefane, mmogo le go kgatlhegela ga gagwe dilo tsa semoya le boikanyegi jwa gagwe. Fa Setefane a ne a rerela boidiidi jwa baeteledipele ba ba letlhoo ba Bajuda kwa Sanehederine, baganetsi ba gagwe ba ne ba fitlhela “sefatlhego sa gagwe se tshwana le sefatlhego sa moengele.” (Ditiro 6:15) Tsela e sefatlhego sa gagwe se neng se lebega ka yone e ne e bontsha gore ke sa morongwa wa Modimo, se na le kagiso e e tswang kwa Modimong wa kgalalelo, Jehofa. Fa Setefane a sena go rerela maloko a Sanehederine ka bopelokgale, o ne a bontshiwa ka tsela e e gakgamatsang bopelonomi jwa Modimo jo bo sa re tshwanelang. “Ene, ka a tletse moya o o boitshepo, a leba kwa legodimong mme a tshogana ka a bona kgalalelo ya Modimo le ya ga Jesu a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo.” (Ditiro 7:55) Ponatshegelo eno e e gakgamatsang e ne ya tlhomamisetsa Setefane le go feta gore Jesu ke Morwa Modimo le Mesia. E ne ya nonotsha Setefane yo o boikokobetso mme ya mo tlhomamisetsa gore Jehofa o a mo amogela.

4. Jehofa o senolela bomang kgalalelo ya gagwe?

4 Jaaka ponatshegelo e e neilweng Setefane e bontsha, Jehofa o senola kgalalelo ya gagwe le boikaelelo jwa gagwe mo bathong ba ba boifang Modimo ba ba ikokobeditseng e bile ba anaanela kamano ya bone le ene. Baebele ya re: “Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa ke dikhumo le kgalalelo le botshelo.” (Diane 22:4) Ka jalo, go botlhokwa gore re tlhaloganye gore boikokobetso jwa boammaaruri ke eng, gore re ka tlhagolela nonofo eno ya botlhokwa jang, le gore go e bontsha  mo botshelong jotlhe jwa rona go ka re solegela molemo jang.

Boikokobetso—Nonofo ya Modimo

5, 6. (a) Boikokobetso ke eng? (b) Jehofa o bontshitse boikokobetso jang? (c) Boikokobetso jwa ga Jehofa bo tshwanetse jwa re ama jang?

5 Bangwe ba ka gakgamadiwa ke go itse gore Jehofa Modimo, ene yo o kwa godimo e bile a galalela go gaisa mo lobopong, ke ene sekao se segolo thata sa boikokobetso. Kgosi Dafide o ne a bua jaana a bua le Jehofa: “O tla nnaya thebe ya gago ya poloko, mme seatla sa gago sa moja se tla ntshegetsa, mme boikokobetso jwa gago bo tla ntira mogolo.” (Pesalema 18:35) Fa Dafide a ne a tlhalosa boikokobetso jwa ga Jehofa, o ne a dirisa lefoko la Sehebera le tota le kayang “go obegela kwa tlase.” Kwantle ga lefoko “boikokobetso,” go na le mafoko a mangwe a a amanang le lefoko leo e leng “boingotlo,” “bopelonomi” le “go ikisa kwa tlase.” Ka jalo Jehofa o ne a bontsha boikokobetso fa a ne a ikisa kwa tlase gore a dirisane le monna yo o sa itekanelang e bong Dafide a bo a mo dirisa jaaka kgosi e e mo emelang. Jaaka mafoko a a tlhagang fa godimo ga kgaolo ya Pesalema 18 a bontsha, Jehofa o ne a sireletsa a bo a tshegetsa Dafide, a mo golola “mo seatleng sa baba ba gagwe botlhe le mo seatleng sa ga Saulo.” Dafide le ene o ne a itse gore bogolo bope kgotsa kgalalelo epe e a neng a ka nna le yone e le kgosi o ne a ka e bona ka gore Jehofa ka boikokobetso a mo thuse. Go lemoga seno go ne ga thusa Dafide gore a nne a ikokobeditse.

6 Go tweng ka rona? Jehofa o ithaopile go re ruta boammaaruri, mme a ka tswa a re neile ditshiamelo dingwe tse di kgethegileng tsa tirelo ka phuthego ya gagwe kgotsa a ka tswa a re dirisitse ka tsela nngwe gore re dire thato ya gagwe. Re tshwanetse ra ikutlwa jang ka seno sotlhe? A ga se a tshwanela go dira gore re ikokobetse? A ga re a tshwanela go lebogela boikokobetso jwa ga Jehofa mme ra tila go ikgodisa, mo ruri go ka felelang ka mathata?—Diane 16:18; 29:23.

7, 8. (a) Boikokobetso jwa ga Jehofa bo ne jwa bonala jang mo ditirisanong tsa gagwe le Manase? (b) Jehofa mmogo le Manase ba re tlhomela sekao jang se re ka se latelang malebana le go bontsha boikokobetso?

7 Jehofa ga a bontsha boikokobetso jo bogolo fela ka go dirisana le batho ba ba sa itekanelang mme gape o bontshitse gore o iketleeditse go nna pelotlhomogi mo go ba maemo a a kwa tlase, mo a bileng a tsholetsa kgotsa a godisa ba ba ikokobetsang. (Pesalema 113:4-7) Ka sekai, akanya ka Kgosi Manase wa Juda. O ne a se ka a dirisa maemo a gagwe a a tlotlegang a go nna kgosi sentle mme a rotloetsa kobamelo ya maaka, ka go rialo a “dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa ka selekanyo se segolo, go mo kgopisa.” (2 Ditiragalo 33:6) Kgabagare, Jehofa o ne a otlhaya Manase ka go letla kgosi ya Asiria go mo tlosa mo setulong sa gagwe sa bogosi. Fa Manase a le mo kgolegelong, o ne a “nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa Modimo wa  gagwe a ba a nna a ikokobetsa thata,” gore Jehofa a bo a mmusetse mo setulong sa bogosi kwa Jerusalema, mme Manase a simolola go “itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.” (2 Ditiragalo 33:11-13) Ee, kwa bofelong, boikokobetso jwa ga Manase bo ne jwa itumedisa Jehofa, mme Jehofa o ne a bontsha boikokobetso ka go mo itshwarela le go dira gore a boe a nne kgosi gape.

8 Go iketleetsa ga ga Jehofa go itshwarela le boikwatlhao jwa ga Manase go re ruta sengwe sa botlhokwa ka boikokobetso. Re tshwanetse go nna re gopotse gore tsela e re tshwarang ba bangwe ka yone ba ba ka tswang ba re kgopisitse le boikutlo jo re nnang le jone fa re leofa bo ka ama tsela e Jehofa a dirisanang le rona ka yone. Fa re itshwarela ba bangwe melato ka go rata e bile ka boikokobetso re dumela diphoso tsa rona, re ka solofela gore Jehofa o tla re utlwela botlhoko.—Mathaio 5:23, 24; 6:12.

Kgalalelo ya Modimo e Senolelwa ba ba Ikokobeditseng

9. A boikokobetso bo supa bokoa? Tlhalosa.

9 Le fa go ntse jalo boikokobetso le dinonofo tse di tsamaisanang le jone ga di a tshwanela go tsewa e le letshwao la bokoa kgotsa e le go mpampetsa se se phoso. Jaaka Dikwalo Tse di Boitshepo di bontsha, Jehofa o boikokobetso mme o bontsha go galefa ka tsela e e tshwanetseng le maatla a magolo fa go tlhokega. Ka ntlha ya boikokobetso jwa gagwe, Jehofa o kgatlhegela, kgotsa o akanyetsa thata batho ba ba ikokobeditseng mme o ikatologanya le ba ba ikgodisang. (Pesalema 138:6) Jehofa o bontshitse jang gore o tsaya batlhanka ba gagwe ba ba ikokobeditseng ba le botlhokwa?

10. Jehofa o senolela batho ba ba ikokobeditseng eng, jaaka go bontshitswe mo go 1 Bakorintha 2:6-10?

10 Jehofa o senoletse batho ba ba ikokobeditseng tshedimosetso e e malebana le go diragadiwa ga boikaelelo jwa gagwe, a dira seo ka nako ya gagwe e e tshwanetseng le ka tsela e a tlhophileng go e dirisa ya puisano. Tshedimosetso eno e e galalelang e nna e sa itsewe ke batho ba ka boikgodiso ba ikaegang ka botlhale kgotsa dikakanyo tsa batho kgotsa ba ba di ngaparelang ka botlhogoethata. (1 Bakorintha 2:6-10) Mme e re ka ba ba boikokobetso ba neilwe go tlhaloganya boikaelelo jwa ga Jehofa ka tsela e e tlhomameng, ba tlhotlhelediwa go galaletsa Jehofa ka gonne ba anaanela kgalalelo ya gagwe le go feta.

11. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bangwe ba ne ba bontsha jang go tlhoka boikokobetso, mme seno se ne sa tsenya bangwe mo kotsing jang?

11 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba le bantsi, go akaretsa le bangwe ba ba neng ba ipolela e le Bakeresete, ba ne ba bontsha go tlhoka boikokobetso mme ba kgopisiwa ke se moaposetoloi Paulo a neng a se ba senolela ka boikaelelo jwa Modimo. Paulo o ne a nna “moaposetoloi mo ditšhabeng,” mme e ne e se ka ntlha ya setšhaba se a tswang mo go sone, thutego ya gagwe, dingwaga tsa gagwe kgotsa lobaka lo loleele lo a neng a dira ditiro tse di molemo ka lone. (Baroma 11:13) Mo bathong ba ba akanyang ka tsela ya senama, dilo tseno ke tsone di laolang gore a motho a ka dirisiwa ke Jehofa. (1 Bakorintha 1:26-29; 3:1; Bakolosa 2:18) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a tlhophilwe ke Jehofa, go dumalana le bopelonomi jwa Modimo jo bo lorato le boikaelelo jwa gagwe jo bo siameng. (1 Bakorintha 15:8-10) Ba Paulo a neng a ba tlhalosa e le ‘baaposetoloi ba ba molemo go feta selekanyo’ mmogo le baganetsi ba bangwe, ba ne ba gana go amogela Paulo le tsela e a neng a baya mabaka ka yone ka Dikwalo. Go tlhoka boikokobetso ga bone go ne go ba kgoreletsa gore ba se ka ba nna le kitso le go tlhaloganya tsela e e galalelang e Jehofa a diragatsang boikaelelo jwa gagwe ka yone. A le ka motlha re se ka ra nyatsa kgotsa ra itirela ditshwetso ka batho ba Jehofa a tlhophang go ba dirisa gore ba dire thato ya gagwe.—2 Bakorintha 11:4-6.

12. Sekao sa ga Moshe se bontsha jang gore Jehofa o amogela batho ba ba ikokobeditseng?

 12 Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le dikai di le dintsi mo Baebeleng tse di bontshang kafa batho ba ba ikokobeditseng ba newang tshiamelo ka teng ya go bona lemme la kgalalelo ya Modimo. Moshe, e leng “motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe” o ne a bona kgalalelo ya Modimo mme a nna le kamano e e gaufiufi le ene. (Dipalo 12:3) Monna yono yo o ikokobeditseng, o ne a nna dingwaga tse 40 e le modisa wa maemo a a kwa tlase, gongwe bontsi jwa dingwaga tseno a di ntse a le kwa Sekasetlhakeng sa Arabia, mme o ne a ratiwa thata ke Mmopi a ba a mo naya ditshiamelo tse dintsi. (Ekesodo 6:12, 30) Ka thuso ya ga Jehofa, Moshe o ne a nna mmueledi le morulaganyi yo mogolo mo setšhabeng sa Iseraele. O ne a kgona go buisana le Modimo. O ne a bontshiwa “ponalo ya ga Jehofa” ka ponatshegelo. (Dipalo 12:7, 8; Ekesodo 24:10, 11) Ba ba neng ba amogela motlhanka yono yo o ikokobeditseng e bile e le moemedi wa Modimo le bone ba ne ba amogelwa. Le rona re tla segofadiwa fa re amogela re bo re ikobela moporofeti yo mogolwane mo go Moshe e bong Jesu, mmogo le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” yo a mo tlhomileng.—Mathaio 24:45, 46; Ditiro 3:22.

13. Kgalalelo ya ga Jehofa e ne ya senolwa jang e senolelwa badisa ba ba ikokobeditseng mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

13 ‘Kgalalelo ya ga Jehofa e ne ya nyedima’ mo go bomang ba bo ba itsisiwe ke baengele dikgang tse di molemo tsa go tsalwa ga “Mmoloki . . . yo e leng Keresete Morena”? Ga e a ka ya nna baeteledipele ba bodumedi ba ba boikgodiso kgotsa batho ba botlhokwa ba ba nang le maemo. Go na le moo, e ne ya nna badisa ba ba boikokobetso ba ba neng “ba nna kwa nageng mme ba ntse ba dira ka ditebelo mo matsomaneng a bone bosigo.” (Luke 2:8-11) Ditshwanelego tsa bone le tiro ya bone di ne di sa dire gore ba tseelwe kwa godimo. Le fa go ntse jalo, ke bone ba Jehofa a neng a ba gopola mme a tlhopha go itsise bone pele ka go tsalwa ga Mesia. Ee, Jehofa o senolela batho ba ba ikokobeditseng le ba ba mmoifang kgalalelo ya gagwe.

14. Modimo o naya batho ba ba ikokobeditseng masego afe?

14 Dikai tseno di re ruta eng? Di re bontsha gore Jehofa o rata batho ba ba ikokobeditseng, o ba naya kitso e bile o ba thusa go tlhaloganya boikaelelo jwa gagwe. O tlhopha batho ba ba ka tswang ba se na ditshwanelego tse di batlwang ke batho bangwe mme o ba dirisa go itsise ba bangwe maikaelelo a gagwe a a molemolemo. Seno se tshwanetse sa re rotloetsa gore re tswelele pele re batla kaelo mo go Jehofa, mo Lefokong la gagwe la boporofeti, le mo phuthegong ya gagwe. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla tswelela pele a itsise batlhanka ba gagwe ba ba ikokobeditseng ka go senolwa ga boikaelelo jwa gagwe jo bo molemolemo. Moporofeti Amose o ne a bolela jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa ga a kitla a dira sepe fa a sa senolela batlhanka ba gagwe, e bong baporofeti sephiri sa gagwe.”—Amose 3:7.

Tlhagolela Boikokobetso Mme o Amogelwe ke Modimo

15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka ka natla gore re nne re ikokobeditse, mme seno se bontshiwa jang mo kgannyeng ya ga Kgosi Saulo wa Iseraele?

15 Fa re batla go nna re amogelwa ke Modimo, re tshwanetse go nna re ikokobeditse. Ga se gore fa motho a le boikokobetso o tla nna a le boikokobetso ka dinako tsotlhe. Motho a ka tlogela go nna boikokobetso mme a ineela go nna boikgantsho le go ikgodisa mme seno sa felela ka go nna mabela le go welwa ke mathata. Saulo, motho wa ntlha go tlodiwa gore a nne kgosi kwa Iseraele, o ne a dira fela jalo. Fa a ne a tlhophiwa la ntlha, o ne a ikutlwa ‘a le monnye mo matlhong a gagwe.’ (1 Samuele 15:17) Le fa go ntse jalo, fa a sena go busa dingwaga di le pedi fela, o ne a ipagololela mogodu. O ne a tlhokomologa thulaganyo ya ga Jehofa ya gore moporofeti Samuele e nne ene a isang ditlhabelo, mme a dira diipato tsa gore a ikisetse ditlhabelo ka boene. (1 Samuele 13:1, 8-14) Eno e ne e le tshimologo ya ditiragalo tse dintsi tse di neng di bontsha sentle gore ga a na boikokobetso. Go ne ga felela ka gore a se ka a tlhola a nna le moya wa Modimo le gore a se ka a tlhola a amogelwa ke ene, mme kgabagare go ne ga felela ka loso lwa matlhabisaditlhong. (1 Samuele 15:3-19, 26; 28:6; 31:4) Go bonala sentle gore re ithutang fano: Re tshwanetse ra leka ka natla gore re nne re na le boikokobetso mme re fenye maikutlo a go ipona re le botlhokwa mme ka jalo re se ka ra dira ditiro dipe tse di ka felelang ka go se amogelwe ke Jehofa.

16. Go akanya ka kamano ya rona le Jehofa le kamano ya rona le bangwe ka rona go ka re thusa jang go tlhagolela boikokobetso?

 16 Le fa boikokobetso bo sa balwa jaaka lengwe la maungo a moya wa Modimo, ke nonofo e e siameng e re tshwanetseng go e tlhagolela. (Bagalatia 5:22, 23; Bakolosa 3:10, 12) E re ka go nna boikokobetso go akaretsa tsela e re akanyang ka yone—ke gore, kafa re itebang ka teng le kafa re lebang ba bangwe ka teng—go tlhoka go tseelwa matsapa tota. Go akanyetsa kwa teng le go tlhatlhanya ka kamano ya rona le Jehofa le batho ba bangwe go ka re thusa gore re nne re ikokobeditse. Mo matlhong a Modimo, batho botlhe ba ba sa itekanelang ba tshwana le bojang jo botala jo bo golang ka lobaka lo lo rileng, go tswa foo bo bo bo omelela. Batho ba tshwana le ditsiakgope fela tse di mo nageng. (Isaia 40:6, 7, 22) A lotlhokwa lo le longwe lwa bojang lo ka ikgodisa fela ka gonne lo le loleele go sekae go feta tse dingwe? A tsiakgope e ka ikgantsha fela ka gonne e kgona go tlolela kgakala go feta tse dingwe go sekae? Go akanya jalo ke boeleele tota. Ka gone, moaposetoloi Paulo o ne a gopotsa Bakeresete ka ene a re: “Ke mang yo o go dirang gore o farologane le yo mongwe? Eleruri, ke eng se o nang le sone se o neng wa se ka wa se amogela? Jaanong, fa e le gore eleruri o ne wa se amogela, ke ka ntlha yang fa o ipelafatsa jaaka e kete o ne wa se ka wa se amogela?” (1 Bakorintha 4:7) Go akanya ka ditemana tsa Baebele tse di tshwanang le tseno go ka re thusa go tlhagolela le go bontsha boikokobetso.

17. Ke eng se se neng sa thusa moporofeti Daniele go tlhagolela boikokobetso, mme ke eng se se ka re thusang go dira se se tshwanang?

17 Moporofeti wa Mohebera e bong Daniele o ne a bolelwa e le “monna yo o rategang thata” mo matlhong a Modimo ka ntlha ya go “ikokobetsa,” ke gore ka ntlha ya boikokobetso jwa gagwe. (Daniele 10:11, 12) Ke eng se se neng sa thusa Daniele go tlhagolela boikokobetso? Sa ntlha, o ne a bontsha go ikaega gotlhelele ka Jehofa, a ya kwa go ene ka metlha ka thapelo. (Daniele 6:10, 11) Mo godimo ga moo, Daniele e ne e le moithuti yo o tlhoafetseng wa Lefoko la Modimo, a na le maitlhomo a a siameng, mme seno se ne se mo thusa gore a nne a bona boikaelelo jwa Modimo jo bo galalelang sentle. Gape o ne a iketleeditse go dumela diphoso tsa gagwe, e seng tsa batho ba gaabo fela. Le gone o ne a kgatlhegela thata go tlotlomatsa tshiamo ya Modimo, e seng ya gagwe. (Daniele 9:2, 5, 7)  A re ka ithuta sengwe mo sekaong se se molemo sa ga Daniele mme ra leka go tlhagolela le go bontsha boikokobetso mo botshelong jotlhe jwa rona?

18. Ba ba bontshang boikokobetso gompieno ba tla galalediwa jang?

18 Diane 22:4 ya re: “Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa ke dikhumo le kgalalelo le botshelo.” Ee, Jehofa o amogela batho ba ba boikokobetso, mme seno se felela ka gore ba galalediwe ba bo ba bone botshelo. Mopesalema Asafe o ne a batla a tlogela go direla Modimo fa Jehofa a tla mo thusa go akanya dilo sentle, mme morago ga moo o ne a dumela jaana ka boikokobetso: “O tla nkgoga ka kgakololo ya gago, mme morago ga moo o tla nkisa kgalalelong.” (Pesalema 73:24) Gompieno gone? Ba ba bontshang boikokobetso ba tla galalediwa jang? Mo godimo ga go amogelwa ke Jehofa le go nna le kamano e e itumetseng le ene, ba ka lebelela pele go bona mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a ga Kgosi Dafide a diragadiwa: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Eo ke isagwe e e galalelang eleruri!—Pesalema 37:11.

A o A Gakologelwa?

• Setefane ke sekao ka tsela efe sa motho yo o ikokobeditseng yo Jehofa a neng a mo senolela kgalalelo ya gagwe?

• Jehofa Modimo o bontshitse boikokobetso ka ditsela dife?

• Ke dikai dife tse di bontshang gore Jehofa o senolela batho ba ba ikokobeditseng kgalalelo ya gagwe?

• Sekai sa ga Daniele se ka re thusa jang go nna boikokobetso?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 12]

O ne A Nitame Mme a le Boikokobetso

Ka 1919, kwa kopanong e kgolo ya Baithuti ba Baebele (ba gompieno ba itseweng e le Basupi ba ga Jehofa) e e neng e tshwaretswe kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., J. F. Rutherford wa dingwaga tse 50 yo ka nako eo a neng a okametse tiro, o ne a itumelela go thusa batlakopanong go rwala merwalo ya bone a bo a ba isa kwa diphaposing tsa bone. Ka letsatsi la bofelo la kopano, o ne a kgatlha bareetsi ba ba 7 000 ka mafoko ano: “O moemedi wa Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena, o itsise batho . . . bogosi jo bo galalelang jwa Morena wa rona.” Mokaulengwe Rutherford e ne e le motho yo o nitameng mo go se a se dumelang, a itsege ka go bua a gatelela mme a sa fetoge mo go se a dumelang se le boammaaruri. Le fa go ntse jalo o ne a ikokobeditse tota fa pele ga Modimo, mme gantsi o ne a bontsha seno fa a rapela kwa temaneng ya letsatsi kwa Bethele.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Setefane, yo o neng a itse Dikwalo sentle, o ne a aba dijo ka boikokobetso

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Boikokobetso jwa ga Manase bo ne jwa itumedisa Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke eng se se neng se dira gore Daniele e nne “monna yo o rategang thata”?