Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ba Ruteng go Boloka Dilo Tsotlhe Tse Ke di Lo Laetseng’

‘Ba Ruteng go Boloka Dilo Tsotlhe Tse Ke di Lo Laetseng’

 ‘Ba Ruteng go Boloka Dilo Tsotlhe Tse Ke di Lo Laetseng’

“Jalo tsamayang mme lo dire . . . barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—MATHAIO 28:19, 20.

1. Ke eng se morutwa Filipo a ileng a se bua le monna wa kwa Ethiopia?

MONNA wa kwa Ethiopia o ile a tsaya mosepele o moleele go ya kwa Jerusalema. O ne a ile go obamela Modimo yo a mo ratang e leng Jehofa. Go bonala a ne a rata le Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo. Fa a boela gae a le mo kareng ya gagwe, o ne a bala khopi ya mekwalo ya ga moporofeti Isaia fa morutwa wa ga Keresete e bong Filipo, a kopana le ene. Filipo o ne a botsa monna yono wa Moethiopia jaana: “A tota o itse se o se balang?” Monna yono o ne a araba jaana: “Nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkaele?” Go tswa foo Filipo o ne a thusa monna yono yo o tlhoafaletseng go ithuta Dikwalo gore a nne morutwa wa ga Keresete.—Ditiro 8:26-39.

2. (a) Ke ka tsela efe karabo ya Moethiopia e neng e na le bokao jo bo botlhokwa? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife tse di amanang le taelo ya ga Keresete ya go dira barutwa?

2 Ela tlhoko karabo ya Moethiopia. O ne a re: “Nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkaele?” Ee, o ne a tlhoka mongwe go mo kaela, go mo thusa go tlhaloganya. Mafoko ano ka boone a bontsha botlhokwa jwa taelo nngwe e Jesu a ileng a e akaretsa mo thomong ya gagwe ya gore re dire barutwa. Ke taelo efe? Go bona karabo, a re tswelele pele re sekaseka mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio kgaolo 28. Setlhogo se se fetileng se ile sa remelela thata mo dipotsong tse di reng, ke ka ntlhayang re tshwanetse go dira barutwa le gore re tshwanetse go ba dira kae? Jaanong re tla sekaseka dipotso tse dingwe tse pedi tse di amanang le taelo ya ga Keresete ya go dira barutwa—re tshwanetse go ruta batho eng le gore re dire jalo leng?

“Lo ba Rute go Boloka Dilo Tsotlhe”

3. (a) Motho o nna morutwa wa ga Jesu Keresete jang? (b) Go dira barutwa go akaretsa go ruta batho eng?

3 Re tshwanetse go ruta batho eng gore ba nne barutwa ba ga Keresete? Jesu o ile a laela balatedi ba gagwe jaana: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Ka gone, re tshwanetse go ruta batho dilo tse Keresete a di laetseng. * Le fa go ntse jalo, ke eng se se ka re thusang go tlhomamisa gore motho yo o rutwang ditaelo tsa ga Jesu ga a kitla a nna morutwa fela mme o tla tswelela e le morutwa? Selo sengwe sa botlhokwa se se ka re thusang re se bona mo mafokong a Jesu a ileng a tlhopha go a dirisa. Ela tlhoko gore ga a ka a re fela: ‘Lo ba rute dilo tsotlhe tse ke lo laetseng tsone.’ Go na le moo, o ile a re: “Lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 19:17) Seo se kaya eng?

4. (a) Go boloka taelo go kaya eng? (b) Tshwantsha kafa re rutang motho ka teng gore a boloke ditaelo tsa ga Keresete.

4 Go boloka taelo go kaya “go diragatsa taelo—go e ikobela, go e tshegetsa. Re ruta motho jang gore a boloke kana a ikobele dilo tse Keresete a di laetseng? Akanya ka tsela e motho yo o rutang batho go kgweetsa a rutang baithuti ba gagwe ka  yone go boloka melao ya tsela. Motho yono a ka ruta baithuti ba gagwe melao ya tsela mo tlelaseng. Le fa go ntse jalo, go ruta baithuti kafa ba ka ikobelang melao eo ka teng, o tshwanetse a ba kaela fa ba ntse ba kgweetsa mo tseleng le go leka ka natla go ba thusa go dirisa se ba ithutileng sone. Le rona fa re ithuta Baebele le batho, re ba ruta ditaelo tsa ga Keresete. Le fa go ntse jalo, gape re tshwanetse go kaela batho ba re ithutang le bone fa ba ntse ba leka go dirisa ditaelo tsa ga Keresete mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi le mo bodireding. (Johane 14:15; 1 Johane 2:3) Ka gone, go diragatsa ditaelo tsa ga Keresete ka botlalo tsa go dira barutwa go re tlhoka gore re nne barutisi le bakaedi. Ka go dira jalo, re etsa sekao se re se tlhometsweng ke Jesu le Jehofa ka boene.—Pesalema 48:14; Tshenolo 7:17.

5. Ke eng fa motho yo re ithutang Baebele le ene a ka okaoka go ikobela taelo ya ga Keresete ya go dira barutwa?

5 Go ruta batho ba bangwe go boloka ditaelo tsa ga Jesu go akaretsa go ba thusa go ikobela taelo ya gore ba dire barutwa. Seo e ka nna tiro e e tshosang mo go bangwe ba batho ba re ithutang Baebele le bone. Tota le fa mo nakong e e fetileng ba ka tswa ba ne ba le maloko a a tlhagafetseng a kereke nngwe ya Labokeresete, go ka direga gore baruti ba bone ba pele ga ba ise ba ko ba ba rute go dira tiro ya go dira barutwa. Baeteledipele bangwe ba dikereke ba dumela ka tlhamalalo gore dikereke tsa Labokeresete di paletswe gotlhelele ke go ruta matsomane a tsone go dira tiro ya go rera. Mokanoki wa Baebele e bong John R. W. Stott o ile a akgela jaana fa a bua ka taelo ya ga Jesu ya gore go dirwe batho ba mefuta yotlhe barutwa: “Go palelwa ga rona ke go ikobela taelo eno ke bokoa jo bogolo go gaisa jotlhe jo Bakeresete ba madumedi a seefangele ba nang le jone gompieno mo tirong ya go rera.” O ile a oketsa jaana: “Re na le go rera molaetsa wa rona ka go se ye kwa bathong ka namana. Ka dinako tse dingwe re na le go tshwana le batho ba ba lekang go namola motho yo o nwelang ka go mo goeletsa ba emetse kgakala fa lobopong lwa lewatle. Ga re itatlhele mo metsing go ya go ba thusa. Re tshaba go kolobediwa ke metsi.”

6. (a) Re ka etsa sekao sa ga Filipo jang fa re thusa batho ba re ithutang Baebele le bone? (b) Re ka bontsha jang gore re amega ka batho ba re ithutang Baebele le bone fa ba simolola go nna le seabe mo tirong ya go rera?

6 Fa mongwe yo re ithutang Baebele le ene a ne a le mo bodumeding jo maloko a jone a tshabang go dira tiro ya go rera, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo gore a fenye bothata joo jwa go tshaba go dira tiro ya go rera le go ikobela taelo ya ga Keresete ya go dira barutwa. O tla tlhoka go thusiwa. Ka gone, re tshwanetse go nna pelotelele fa re ntse re mo ruta le go mo kaela ka tsela e e godisang kitso ya gagwe le go mo tlhotlheletsa go tsaya kgato, fela jaaka dithuto tsa ga Filipo  di ile tsa sedimosetsa Moethiopia le go mo tlhotlheletsa gore a kolobediwe. (Johane 16:13; Ditiro 8:35-38) Mo godimo ga moo, keletso ya rona ya go ruta batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba boloke taelo ya go dira barutwa e tla re tlhotlheletsa go dira le bone re ba kaela fa ba simolola go dira tiro ya go rera ka Bogosi ka lekgetlo la ntlha.—Moreri 4:9, 10; Luke 6:40.

“Dilo Tsotlhe”

7. Go ruta ba bangwe go “boloka dilo tsotlhe” go akaretsa go ba ruta ditaelo dife?

7 Tiro ya rona ga e felele fela ka go ruta barutwa ba basha gore le bone ba dire barutwa. Jesu o ne a re laela gore re rute ba bangwe go “boloka dilo tsotlhe” tse a re di laetseng. Ga go pelaelo gore seo se akaretsa ditaelo tse pedi tse dikgolo go gaisa tsotlhe—go rata Modimo le go rata moagelani. (Mathaio 22:37-39) Morutwa yo mosha a ka rutiwa jang go boloka ditaelo tseo?

8. Tshwantsha kafa moithuti yo mosha a ka rutwang taelo ya go bontsha ba bangwe lorato ka teng.

8 Akanya gape ka setshwantsho sa motho yo o ithutang go kgweetsa. Fa moithuti a ntse a kgweetsa mo pharakanong a na le motho yo o mo rutang go kgweetsa, moithuti yono ga a ithute fela ka go reetsa morutisi wa gagwe mme gape o ithuta ka go leba bakgweetsi ba bangwe. Ka sekai, morutisi a ka mo lemotsha mokgweetsi mongwe yo ka bopelonomi a letlang mokgweetsi yo mongwe go tsena fa pele ga gagwe; kana mokgweetsi yo ka maitseo a fokotsang bogale jwa mabone a koloi ya gagwe e le gore a se ka a fatlha dikoloi tse a rakanang le tsone; kana mokgweetsi yo o ithaopelang go thusa mongwe yo a mo itseng yo koloi ya gagwe e robegetseng mo tseleng. Dikai tse di ntseng jalo di ruta moithuti yono dithuto tsa botlhokwa tse a ka di dirisang fa a kgweetsa. Moithuti yo mosha yo o tsereng mosepele mo tseleng ya botshelo le ene ga a ithute fela go tswa mo morutising wa gagwe mme gape o ithuta le mo dikaong tse di molemo tse a di bonang mo phuthegong.—Mathaio 7:13, 14.

9. Morutwa yo mosha o ithuta jang se se bolelwang ke go boloka taelo ya go bontsha ba bangwe lorato?

9 Ka sekai, motho yono yo o ithutang Baebele a ka bona motsadi mongwe yo o nosi yo o kgaratlhang ka natla go tla le bana ba gagwe ba bannye kwa Holong ya Bogosi. A ka bona mongwe yo o ngomogileng pelo yo o nnang gone ka metlha mo dipokanong le mororo a kgaratlha le maikutlo a go ngomoga pelo, motlholagadi mongwe yo o godileng yo o tlang ka metlha mo dipokanong tsotlhe tsa phuthego le bagodi ba bangwe ka koloi ya gagwe, kana mosha yo o nnang le seabe mo tirong ya go phepafatsa Holo ya Bogosi. Motho yono yo o ithutang Baebele a ka lemoga mogolwane mongwe mo phuthegong yo ka metlha a etelelang pele mo bodireding jwa tshimo le mororo a na le maikarabelo a mantsi mo phuthegong. A ka kopana le Mosupi mongwe yo o golafetseng le yo o sa kgoneng go tswa mo ntlong ya gagwe ka ntlha ya bolwetse bongwe mme gone ka metlha e le motswedi wa kgothatso ya semoya mo go botlhe ba ba mo etelang. Moithuti yono a ka bona banyalani bangwe ba dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa bone e le gore ba kgone go tlhokomela batsadi ba bone ba ba godileng. Morutwa yono yo mosha o ithuta ka go leba dikao tseo tsa Bakeresete ba ba pelonomi, ba ba ratang go thusa ba bangwe le ba ba ikanyegang, gore go ikobela taelo ya ga Keresete ya go rata Modimo le moagelani go kaya eng, segolobogolo go rata badumedi ka ene. (Diane 24:32; Johane 13:35; Bagalatia 6:10; 1 Timotheo 5:4, 8; 1 Petere 5:2, 3) Ka tsela eno, mongwe le mongwe mo phuthegong ya Bokeresete a ka nna—e bile o tshwanetse—go nna morutisi le mokaedi.—Mathaio 5:16.

“Go Fitlha Bokhutlong Jwa Tsamaiso Eno ya Dilo”

10. (a) Re tla nna re dira barutwa ka lobaka lo lo kae? (b) Ke sekao sefe se Jesu a re beetseng sone malebana le go diragatsa maikarabelo a rona?

10 Re tshwanetse go nna re dira tiro ya go dira barutwa go fitlha leng? Go fitlha kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. (Mathaio 28:20) A re tla diragatsa karolo eno ya taelo ya ga Jesu? Re ititeile sehuba go dira jalo re le phuthego ya lefatshe lotlhe. Mo dingwageng tse di fetileng, ka boitumelo re ile ra dirisa nako ya rona, maatla le dithoto tsa rona go senka ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.” (Ditiro 13:48) Gone jaanong, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa palogare ya diura tse di fetang  dimilione tse tharo letsatsi le letsatsi mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. Re dira jalo ka gonne re etsa sekao sa ga Jesu. O ile a re: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” (Johane 4:34) Le rona ke se re eletsang thata go se dira. (Johane 20:21) Ga re batle fela go simolola tiro eno e re e neetsweng; re batla go e wetsa.—Mathaio 24:13; Johane 17:4.

11. Go diragetse eng ka bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete, mme re tshwanetse go ipotsa eng?

11 Le fa go ntse jalo, go utlwisa botlhoko gore bangwe ba badumedi ka rona ba setse ba le bokoa semoyeng mme ka jalo ba goga dinao kana ba tlogetse gotlhelele go ikobela taelo ya ga Keresete ya gore re dire barutwa. A go na le kafa re ka ba thusang ka teng gore ba boe gape ba kopanele le phuthego le go nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa? (Baroma 15:1; Bahebera 12:12) Tsela e Jesu a neng a thusa baaposetoloi ba gagwe ka yone fa ka nakwana ba ne ba koafetse semoyeng e bontsha se le rona re ka se dirang gompieno.

Bontsha go Amega

12. (a) Pele fela ga loso lwa ga Jesu ke eng se baaposetoloi ba gagwe ba ileng ba se dira? (b) Jesu o ile a dirisana jang le baaposetoloi ba gagwe le fa ba ile ba bontsha go nna le bokoa jo bogolo?

12 Fa Jesu a wetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, fa loso lwa gagwe lo ne lo atamela, baaposetoloi ba ne ba “mo tlogela ba tshaba.” Jaaka fa Jesu a ile a bolelela pele, ‘mongwe le mongwe wa bone o ne a gasamela kwa ntlong ya gagwe.’ (Mareko 14:50; Johane 16:32) Jesu o ile a dirisana jang le ditsala tseno tsa gagwe tse di neng di koafetse semoyeng? Ka bonako fela morago ga tsogo ya gagwe, o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Se boifeng! Tsamayang, begelang bomorwarre, gore ba tle ba tswe ba ye kwa Galalea; mme ba tla mpona gone.” (Mathaio 28:10) Le fa baaposetoloi ba ile ba bontsha bokoa jo bo masisi, Jesu o ne a nna a ba bitsa “bomorwarre.” (Mathaio 12:49) O ne a sa ba tlhoboga. Ka tsela eno, Jesu o ne a nna kutlwelobotlhoko le go ba itshwarela, fela jaaka Jehofa a le kutlwelobotlhoko e bile a itshwarela. (2 Dikgosi 13:23) Re ka etsa Jesu jang?

13. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka ba ba koafetseng semoyeng?

13 Re tshwanetse go bontsha go amega thata ka batho ba ba ileng ba fokotsa kana ba kgaotsa go tlhola ba nna le seabe mo bodireding. Re sa ntse re gopola ditiro tsa lorato tse bakaulengwe bao ba rona ba ileng ba di dira mo nakong e e fetileng—bangwe e bile e le ka masomesome a dingwaga. (Bahebera 6:10) Ruri re a ba tlhologelelwa. (Luke 15:4-7; 1 Bathesalonika 2:17) Mme gone, re ka bontsha jang gore re amega ka bone?

14. Re ka etsa Jesu jang ka go thusa motho yo o koafetseng semoyeng?

14 Jesu o ile a laela baaposetoloi ba gagwe ba ba neng ba tshwenyegile thata mo maikutlong gore ba ye kwa Galalea le gore o ne a tla kopana  le bone teng. Tota e bile, Jesu o ne a ba laletsa go tla kokoanong e e kgethegileng. (Mathaio 28:10) Le rona gompieno re laletsa ba ba koafetseng semoyeng gore ba nne gone kwa dipokanong tsa phuthego ya Bokeresete, mme re ka nna ra tshwanelwa ke go ba kgothaletsa seo ka makgetlo a le mantsinyana. Mo kgannyeng ya baaposetoloi, taletso eo e ne ya nna le matswela ka gonne ‘barutwa ba le lesome le bongwe ba ne ba ya kwa Galalea kwa thabeng koo Jesu a neng a ba rulaganyeditse gone.’ (Mathaio 28:16) A bo re itumela jang ne fa batho ba ba koafetseng semoyeng le bone ba tsibogela taletso ya rona e e lorato mme ba boa ba nna gone mo dipokanong!—Luke 15:6.

15. Re ka latela sekao sa ga Jesu jang sa go amogela batho ba ba bokoa ba ba tlang kwa dipokanong tsa rona?

15 Re tla itshwara jang fa Mokeresete yo o koafetseng a tla Holong ya Bogosi? Kana Jesu o ile a dira eng fa a bona baaposetoloi ba gagwe ba tla kwa lefelong le a neng a ba laetse go kopana le ene kwa go lone, ba ka nakwana ba neng ba koafetse tumelo? ‘Jesu o ne a atamela a ba a bua le bone.’ (Mathaio 28:18) O ne a se ka a ba leba fela a le kgakala le bone, go na le moo, o ne a ya kwa go bone. Akanya fela kafa baaposetoloi ba tshwanetseng ba bo ba ile ba wela pelo ka teng fa Jesu e nna ene a tsayang kgato pele go ba atamela! E kete le rona re ka tsaya kgato pele go amogela ka boitumelo batho ba ba koafetseng semoyeng ba ba tsayang matsapa a go boela mo phuthegong ya Bokeresete.

16. (a) Re ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a dirisana le balatedi ba gagwe ka yone? (b) Re ka etsa jang tsela e Jesu a lebang ba ba koafetseng ka yone? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

16 Ke eng gape se Jesu a ileng a se dira? Sa ntlha, o ne a ba itsise jaana: “Taolo yotlhe ke e neilwe.” Sa bobedi, o ne a ba naya tiro eno: “Jalo tsamayang mme lo dire . . . barutwa.” Sa boraro, o ne a ba solofetsa jaana: “Ke na le lona malatsi otlhe.” Mme gone a o etse tlhoko se Jesu a ileng a se ka a se dira? O ile a se ka a omanyetsa barutwa diphoso tsa bone le dipelaelo tsa bone. (Mathaio 28:17) A tsela eno e a neng a dira dilo ka yone e ne ya nna le matswela? Ee. Go ise go ye kae, ke fa baaposetoloi ba boa gape “ba bolela dikgang tse di molemo.” (Ditiro 5:42) Le rona re ka nna le matswela a a ntseng jalo a a itumedisang mo phuthegong ya rona fa re latela sekao sa ga Jesu malebana le kafa re tshwanetseng go leba ba ba bokoa ka teng le kafa re tshwanetseng go ba tshwara ka teng. *Ditiro 20:35.

“Ke na Le Lona Malatsi Otlhe”

17, 18. Ke kgothatso efe e re e bonang mo mafokong a ga Jesu a a reng, “ke na le lona malatsi otlhe”?

17 Mafoko a bofelo a taelo ya ga Jesu a a reng, “ke na le lona malatsi otlhe” a kgothatsa botlhe ba ba lekang ka natla go diragatsa taelo e Keresete a e neileng barutwa ba gagwe. Le fa baba ba rona ba ka ganetsa tiro ya rona ya go rera ka Bogosi  ka tsela efe ba bo ba re senya leina ka tsela efe, ga re na lebaka la go boifa. Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu, Moeteledipele wa rona yo o ‘nang le taolo kwa legodimong le mo lefatsheng,’ o na le rona go re ema nokeng!

18 Gape tsholofetso ya ga Jesu ya gore, “ke na le lona malatsi otlhe” e re gomotsa fela thata. Fa re ntse re kgaratlhela go diragatsa taelo ya ga Keresete ya gore re dire barutwa, ga se gore ka metlha re nna re itumetse, go na le moo, go na le dinako tsa kutlobotlhoko. (2 Ditiragalo 6:29) Bangwe ba rona re nna le dinako tsa kutlobotlhoko fa re hutsafaditswe ke go swelwa ke baratiwa ba rona. (Genesise 23:2; Johane 11:33-36) Ba bangwe ba lepalepana le botsofe, nako e ka yone ba sa tlholeng ba na le botsogo jo bo molemo le maatla. (Moreri 12:1-6) Ba bangwe bone ba lebana le dinako tse ka tsone ba fekeediwang ke go tshwenyega thata mo maikutlong. (1 Bathesalonika 5:14) Mme palo e e ntseng e oketsega ya rona e kgaratlha le mathata a a boima a tsa madi. Le fa go ntse jalo, re a atlega mo bodireding jwa rona le mororo re lebana le dikgwetlho tseno ka gonne Jesu o na le rona “malatsi otlhe,” go akaretsa le mo malatsing a a bokete go gaisa otlhe mo botshelong jwa rona.—Mathaio 11:28-30.

19. (a) Taelo ya ga Jesu ya gore re dire barutwa e akaretsa ditaelo dife? (b) Ke eng se se re thusang go diragatsa taelo ya ga Keresete?

19 Jaaka fa re bone mo setlhogong seno le mo go se se fetileng, taelo ya ga Jesu ya gore re dire barutwa e akaretsa dilo di le dintsi. Jesu o ile a re bolelela gore ke eng fa re tshwanetse go diragatsa taelo eno le gore ke kae ko re tshwanetseng go e dira gone. Gape o ne a re bolelela gore ke eng se re tshwanetseng go se ruta batho le gore re tshwanetse go dira jalo go fitlha leng. Ke boammaaruri gore, go diragatsa thomo eno e kgolo ga go motlhofo. Mme gone, re ka kgona go e dira ka botlalo e re ka Keresete a re ema nokeng ka taolo ya gagwe le ka go bo a na le rona mo tirong eno! A ga go jalo?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Tshupiso nngwe e gatelela ntlha ya gore Jesu o ile a re, “lo ba kolobetse . . . lo ba rute,” e seng ‘lo ba kolobetse le go ba ruta.’ Ka gone, taelo ya gore re kolobetse re bo re rute batho “ga se gore . . . ke ditiro tse pedi tse di latelanang.” Go na le moo, “go ruta ke kgato e e tswelelang pele e bontlhanngwe jwa yone bo dirwang pele ga motho a kolobediwa . . . mme jo bongwe morago ga go kolobediwa.”

^ ser. 16 Tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa go ka thusiwang ba ba koafetseng ka teng e fitlhelwa mo go Tora ya Tebelo ya February 1, 2003, ditsebe 15-18.

O ne O ka Araba Jang?

• Re ruta batho ba bangwe jang go boloka se Jesu a se laetseng?

• Ke dithuto dife tse morutwa yo mosha a ka ithutang tsone go tswa mo go ba bangwe mo phuthegong?

• Re ka dira eng go thusa batho ba ba koafetseng semoyeng?

• Re nonotshiwa le go kgothadiwa jang ke tsholofetso ya ga Jesu ya gore, “ke na le lona ka malatsi otlhe”?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Re tshwanetse go nna barutisi le bakaedi

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Barutwa ba basha ba ithuta dithuto tsa botlhokwa go tswa mo sekaong sa ba bangwe