Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Baebele E ka Go Thusa go Thapisa Bana ba Gago?

A Baebele E ka Go Thusa go Thapisa Bana ba Gago?

 A Baebele E ka Go Thusa go Thapisa Bana ba Gago?

SETHUNYA sa orchid se sentle tota mme go thata go se godisa. Gore o atlege go se godisa, o tshwanetse go laola themperetšha, lesedi le bogolo jwa pitsana e o jalelang sethunya seno mo go yone. Sethunya seno sa orchid se amiwa motlhofo ke mmu le menontsha e e tshelwang mo go sone gape se senngwa motlhofo ke malwetse le ditshenekegi. Ka jalo, go tlwaelegile thata gore maiteko a motho a ntlha a go godisa sethunya sa orchid a iteye sefololetse.

Go godisa bana go thata e bile go raraane le go feta, mme gape go tlhoka gore motho a nne kelotlhoko thata. Ka jalo go tlwaelegile gore go godisa bana go dire gore batsadi ba ikutlwe ba tlaletswe. Fela jaaka motho yo o godisang sethunya sa orchid a tlhoka kgakololo mo bathong ba ba itseng thata ka sone, bontsi jwa batsadi ba akanya gore ba tlhoka go thusiwa. Ga go pelaelo gore motsadi mongwe le mongwe o batla go bona kaelo e e molemolemo. Kaelo eo e ka fitlhelwa kae?

Le fa gone Baebele e se buka ya melao ya go godisa bana, Mmopi o ne a tlhotlheletsa bakwadi ba yone gore ba kwale ka dikgakololo tse di mosola tse di ka thusang mo kgannyeng eno. Baebele e gatelela go tlhagolela dinonofo tse di molemo e leng selo se ba le bantsi ba akanyang gore se a tlhokomologiwa. (Baefeso 4:22-24) Mo kgannyeng eno, kgakololo ya Dikwalo e re neela ntlha ya botlhokwatlhokwa ya kafa re ka bonang thuto e e lekalekaneng ka gone. Kgakololo eo e setse e solegetse molemo batho ba le bantsi ba ba neng ba e dirisa go sa kgathalesege gore ba ne ba tshela mo motlheng ofe kgotsa gore ba godisitswe mo lotsong lofe. Ka jalo, go latela kgakololo ya Dikwalo go ka go thusa gore o atlege fa o thapisa bana ba gago.

Sekao sa Batsadi ke Tsela e e Molemolemo ya go Ruta Bana

“Le fa go ntse jalo, a wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute? Wena, yo o rerang o re ‘O se ka wa utswa,’ a o a utswa? Wena, yo o reng ‘O se ka wa dira boaka,’ a o dira boaka?”—Baroma 2:21, 22.

Modulasetulo wa Lefapha la Thuto kwa Seoul o ne a bolela jaana: “Go nna sekao ka puo le ka ditiro ke yone tsela e e molemolemo ya go ruta bana.” Fa batsadi ba sa tlhome sekao se se molemo mo tseleng e ba buang le go itshwara ka yone, mme ba nnela go naya bana ba bone ditaelo fela, bana ba ka nna bonako go fitlhelela tshwetso ya gore batsadi ba bone ke baitimokanyi. Ka jalo mafoko a batsadi ga a thuse ka sepe. Ka sekai, fa batsadi ba batla go ruta bana ba bone gore ba ikanyege, bone ka bobone ba tshwanetse go ikanyega. Go tlwaelegile thata gore batsadi bangwe fa ba sa batle go araba founu ba bolelele bana ba bone gore ba reye motho yo o founileng ba re, “Ke maswabi, papa (kgotsa mama) ga a yo.” Ngwana yo o rongwang gore a dire jalo o tla ikutlwa a tlhabilwe ke ditlhong e bile a tlhakane tlhogo. Kgabagare, ngwana yoo o tla simolola go aka a sa bone phoso epe ka gone fa a le mo maemong a a thata. Ka jalo, fa tota batsadi ba batla gore ngwana wa bone e nne motho yo o ikanyegang, bone ka bobone ba tshwanetse go ikanyega mme ba dire go dumalana le se ba se buang.

A o batla go thapisa ngwana wa gago gore a nne le maitseo? Ka jalo o tshwanetse go mo tlhomela sekao se se molemo. Go tla nna motlhofo gore ngwana wa gago a go etse. Rre mongwe wa bana ba le banè yo o bidiwang Sung-sik o ne a bolela jaana: “Nna le mosadi wa me re ne ra swetsa ka gore re se ka ra dirisa puo ya matlhapa. Re ne re tlotlana mme re sa goe fa re utlwile botlhoko kgotsa  re galefile. Sekao se se molemo se re neng re se tlhoma se ne se na le matswela go feta go bua fela. Re itumelela gore bana ba rona ba supa tlotlo le maitseo fa ba bua le ba bangwe.” Baebele e bolela jaana mo go Bagalatia 6:7: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” Batsadi ba ba batlang gore bana ba bone ba nne le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo ba tshwanetse go bontsha pele gore bone ba tshela ka ditekanyetso tseo.

Buisanang ka Metlha

“O jalele [molao wa Modimo] kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.”—Duteronome 6:7.

Go bereka diura tse di oketsegileng e setse e le mokgwa o o atang. Go ama bana thata fa mmè le rre ba bereka. Nako e batsadi ba e dirisang le bana ba bone e a ngotlega. Fa batsadi ba le mo gae ba tshwanelwa ke go dira ditiro tsa mo lapeng kgotsa ditiro tse dingwe, ka jalo ba ka nna ba ikutlwa ba lapile. Fa o le mo maemong a a ntseng jalo, o ka dira jang gore o nne o ntse o na le nako ya go buisana le bana ba gago ka metlha? Go ka nna ga bulega ditshono tsa gore o buisane le bana ba gago fa lo dira ditiro tsa mo lapeng mmogo. Tlhogo nngwe ya lelapa e ne ya tsamaisa thelebishene e le fela gore a kgone go nna le nako e e oketsegileng ya go buisana le bana ba gagwe. O akgela jaana: “Kwa tshimologong ba ne ba jewa ke bodutu, mme ke ne ke tshameka motshameko wa malepa le bone le go tlotla ka dibuka tse di kgatlhang mme seo se ne sa dira gore ba tlwaele gore thelebishene ga e yo.”

Go botlhokwa gore bana ba tlwaele ba sa ntse ba le bannye go buisana le batsadi ba bone. Ka gonne fa go sa nna jalo fa bana bano ba nna basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome mme gongwe ba lebana le mathata, ga ba kitla ba tsaya batsadi ba bone e le ditsala tse ba ka buisanang le tsone. O ka ba thusa jang gore ba go bulele mafatlha? Diane 20:5 ya re: “Kgakololo mo pelong ya motho ke metsi a a boteng, mme motho yo o nang le temogo ke yo o tla a gelelang.” Batsadi ba ka rotloetsa bana gore ba tlhalose kafa ba akanyang ka gone le maikutlo a bone ka go dirisa dipotso tse di dirang gore ba tlhagise pono ya bone tse di jaaka, “O akanyang?”

O tla dira eng fa ngwana wa gago a dira phoso e e masisi? Eno ke yone nako e a tlhokang gore o mo akanyetse ka bopelonomi. Leka go laola maikutlo a gago fa o ntse o mo reeditse. Rre mongwe o bolela jaana ka tsela e ene a lebanang le bothata jono ka yone: “Fa bana ba dira diphoso, ke leka gore ke se ka ka galefa thata. Ke dula fa fatshe le bone mme ke reetse gore ba a reng ka se ba se dirileng. Ke leka go tlhaloganya boemo. Fa ke fitlhela go le thata go laola kgalefo ya me, ke leta go fitlhela ke ritibetse maikutlo.” Fa o laola maikutlo a gago mme o ba reetsa, go tla nna motlhofo gore ba amogele kgalemelo e o ba nayang yone.

Go Botlhokwa go Otlhaya ka Lorato

“Lona, borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.

Tsela e o otlhayang ka yone e botlhokwa gore o nne le matswela a a molemo. Go ka tla jang gore batsadi ba ‘tshwenye bana ba bone’? Ngwana o tla gana kotlhao fa e sa tshwanele phoso e a e dirileng kgotsa fa a e newa ka tsela ya go mo tshwayatshwaya diphoso. Kotlhao e tshwanetse go neelwa ka lorato ka dinako tsotlhe. (Diane 13:24) Fa o beelana mabaka le bana ba gago ba tla lemoga gore o ba otlhaya ka lorato.—Diane 22:15; 29:19.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, go molemo gore bana ba bone diphelelo tse di sa siamang tsa phoso e ba e dirileng. Ka sekai, fa ngwana a direla motho yo mongwe phoso, o ka nna wa mo laela gore  a kope maitshwarelo. Fa a sa ikobele melao e mengwe ya lelapa, o ka nna wa mo thibela go dira dilo dingwe tse a di ratang e le go mmontsha botlhokwa jwa go boloka melao.

Go molemo go neela kotlhao ka nako e e tshwanetseng. Moreri 8:11 e bolela jaana: “Ka gonne katlholo kgatlhanong le tiro e e bosula ga e a diragadiwa ka bofefo, ke sone se pelo ya bomorwa batho e ikemiseditseng go dira bosula ka tsela e e feletseng.” Ka tsela e e tshwanang, bana ba le bantsi ba ka leka go bona gore a ba ka tila go otlhaiwa fa ba sena go dira sengwe se se sa siamang. Ka jalo, fa o boleletse bana ba gago gore fa ba dirile phoso o tla ba otlhaya, tlhomamisa gore o dira jalo.

Boitlosobodutu jo bo Molemo bo Botlhokwa

‘Go na le nako ya go tshega le nako ya go tlolaka.’—Moreri 3:1, 4.

Go nna le nako ya go iketla le ya boitlosobodutu jo bo molemo le jo bo tshwanetseng go botlhokwa gore ngwana a gole sentle mo mogopolong le mo mmeleng. Fa batsadi ba itumelela boitlosobodutu le bana ba bone, seo se nonotsha kamano ya lelapa e bile se dira gore bana ba ikutlwe ba sireletsegile. Ke mefuta efe ya boitlosobodutu e ba lelapa ba ka e itumelelang mmogo? Fa o ka inaya nako ya go e akanyetsa o ka fitlhela gore go na le dilo di le dintsi tse di itumedisang tse lo ka di dirang. Go na le metshameko e e jaaka go palama dibaesekele, metshameko e e tshamekiwang ka bolo, e e jaaka thenese, kgwele ya dinao le volleyball. Mme akanya fela ka dinako tse di itumedisang tse lelapa le ka nnang le tsone fa lo tshameka diletswa tsa mmino mmogo. Lo ka nna le dinako tse di sa lebalesegeng tsa go etela mafelo a a gaufi le go itumelela go bona tlhago.

Ka go dira jalo, batsadi ba tla bo ba thusa bana ba bone gore ba lebe boitlosobodutu ka tsela e e tshwanetseng. Monna mongwe wa Mokeresete yo o nang le bana ba le bararo ba basimane o ne a re: “Fa go kgonega ke itlosa bodutu le banake. Ka sekai, fa ba tshameka metshameko ya khomputara ke ba botsa gore ba e tshameka jang. Fa ka matlhagatlhaga ba ntse ba ntlhalosetsa, ke dirisa sebaka seo go bua le bone ka dikotsi tsa boitlosobodutu jo bo sa ageng. Ke lemogile gore ba gana boitlosobodutu jo bo sa siamang.” Ee, bana ba ba itumelelang boitlosobodutu jo ba bo dirang e le lelapa ga se gantsi ba ineela mo dithulaganyong tsa thelebishene, dibidio, difilimi le metshameko e e mo Internet e e bontshang thubakanyo, boitsholo jo bo sa siamang le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang.

Thusa Bana ba Gago go Itirela Ditsala Tse di Molemo

“Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.

Rre mongwe wa Mokeresete yo o atlegileng go godisa bana ba le banè ba ba direlang Modimo a re: “Go botlhokwa tota gore ba tlhopha ditsala tsa mofuta ofe. Tsala e le nngwe fela e e sa siamang e ka senya matsapa otlhe a gago.” Gore a thuse bana ba gagwe go nna le ditsala tse di molemo, o ne a ba botsa ka botlhale dipotso tse di jaaka: ‘Tsala ya gago e kgolo ke mang? Ke ka ntlha yang fa o e rata? Ke eng se o ka batlang go se etsa mo go yone?’ Motsadi yo mongwe o rulaganya gore ditsala tse dikgolo tsa bana ba gagwe di ba etele mo lapeng. Ka go dira jalo o tla kgona go ba bona mme a neele bana ba gagwe kgakololo e e tshwanetseng.

Gape go botlhokwa go ruta bana gore ba ka kgona go nna le ditsala tsa batho ba ba godileng mmogo le ba e leng dithaka tsa bone. Rre wa bana  ba le bararo yo o bidiwang Bum-sun o bolela jaana: “Ke thusa bana ba me go lemoga gore ditsala ga di tlhoke go nna dithaka tsa bone fela jaaka mo kgannyeng ya ga Dafide le Jonathane ba ba umakilweng mo Baebeleng. Totatota ke laletsa Bakeresete ba dingwaga tse di farologaneng gore ba itumelele botsala le banake. Ka jalo banake ba kgona go tsalana le batho ba le bantsi ba e seng dithaka tsa bone.” Go tsalana le bagolo ba ba tlhomang sekao go thusa bana gore ba ithute dilo di le dintsi.

O ka Atlega fa o Thapisa Bana ba Gago

Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng kwa United States, go fitlhetswe gore batsadi ba le bantsi ba ba lekang go thusa bana ba bone gore ba nne le dinonofo tse di jaaka boikgapo, go ikgalemela le boikanyego ga ba atlege go le kalo. Ke ka ntlha yang fa go le thata jaana? Mmè mongwe yo o neng a tsibogela patlisiso eo o ne a re: ‘Ka maswabi tsela fela ya go sireletsa bana ba rona ke go ba lotlelela mo ntlong mme re se ka ra ba letla go kopana le batho ba bangwe mo lefatsheng.’ O ne a akanyetsa ntlha ya gore tikologo e bana ba golelang mo go yone gompieno ga e a siama go feta le eleng pele. A go a kgonega go godisa bana ka katlego ka fa tlase ga maemo ano?

O ne o ka kgobega marapo fa o ne o batla go godisa sethunya sa orchid mme o tshwenngwa ke gore se ka nna sa swaba. Fa mongwe yo e leng setswerere mo go jaleng sethunya sa orchid a ne a ka tla mme a go neela dikakantsho tse di molemo a bo a bua a tlhomamisegile a re, “O tla atlega fa o se jala ka tsela eno,” ruri o ne o tla wela makgwafo! Jehofa Molaodi yo Mogolo wa tsela e batho ba leng ka yone o re neela kgakololo ka ditsela tse di molemo tsa go godisa bana. A re: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.” (Diane 22:6) Fa o thapisa bana go ya ka kgakololo ya Baebele o tla nna le boitumelo jwa go bona bana ba gago ba gola go nna bagolo ba ba nang le maikarabelo, ba ba akanyetsang batho ba bangwe le ba ba kgonang go itse se se siameng le se se phoso. Mme ba tla ratwa ke batho mme se se botlhokwa le go feta, ba tla ratwa ke Jehofa Rraarona yo o kwa legodimong.