Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhokomela Batsofe—Boikarabelo Jwa Bakeresete

Go Tlhokomela Batsofe—Boikarabelo Jwa Bakeresete

 Go Tlhokomela Batsofe—Boikarabelo Jwa Bakeresete

“Ke ntse ke le ene Yoo go fitlha botsofeng jwa motho; mme ke tla nna ke sikere go fitlha botlhogoputsweng jwa motho.”—ISAIA 46:4.

1, 2. Tlhokomelo ya Rraarona wa selegodimo e farologana jang le e batsadi ba e nayang bana ba bone?

BATSADI ba ba ineetseng ba tlhokomela bana ba bone go simolola fa e sa ntse e le masea go fitlha mo dingwageng tsa bone tsa bolesome. Tota le fa basha ba setse ba godile e bile ba na le malapa, borraabone le bommaabone ga ba kgaotse go ba tlhokomela ka lorato le go ba thusa ka se ba se tlhokang.

2 Le mororo batho ba ka se ka ba kgona go direla bana ba bone sengwe le sengwe, rraarona wa selegodimo ene o kgona go tlhokomela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka lorato le go ba thusa ka se ba se tlhokang. Jehofa o ne a bua jaana le batho ba gagwe ba motlha wa bogologolo: “Ke ntse ke le ene Yoo go fitlha botsofeng jwa motho; mme ke tla nna ke sikere go fitlha botlhogoputsweng jwa motho.” (Isaia 46:4) A bo mafoko ano e le a a kgothatsang thata jang ne mo Bakereseteng ba ba godileng! Jehofa ga a ke a latlha ba ba nnang ba ikanyega mo go ene. Go na le moo, o ba solofetsa gore o tla ba tshegetsa, o tla ba ema nokeng le go ba kaela mo botshelong jotlhe jwa bone, go ya go fitlha fela kwa dingwageng tsa bone tsa bogodi.—Pesalema 48:14.

3. Go tla tlotlwa ka eng mo setlhogong seno?

3 Re ka etsa Jehofa jang ka go amega ka bagodi ka lorato? (Baefeso 5:1, 2) A re lebeng ditsela tse ka tsone bana, balebedi ba phuthego le Mokeresete mongwe le mongwe ba ka tlhokomelang ka gone maloko a a setseng a godile a phuthego ya lefatshe lotlhe ka dilo tse ba di tlhokang.

Boikarabelo Jwa Rona Jaaka Bana

4. Bana ba Bakeresete ba na le boikarabelo bofe mo batsading ba bone?

4 “Tlotla rrago le mmago.” (Baefeso 6:2; Ekesodo 20:12)  Paulo o ne a dirisa mafoko a a motlhofo ano mme e le a a botlhokwa thata a a neng a a nopola mo Dikwalong Tsa Sehebera, go gakolola bana ka boikarabelo jo ba nang le jone mo batsading ba bone. Le fa go ntse jalo, mafoko ano a dira jang mo kgannyeng ya go tlhokomela bagodi? Sekao se se molemo sa metlha ya pele ga Bokeresete se tla re thusa go araba potso eno.

5. (a) Ke eng se se bontshang gore Josefa o ne a sa lebala boikarabelo jwa gagwe mo go rraagwe? (b) Go tlotla batsadi ba rona go rayang, mme Josefa o ile a tlhoma sekao sefe se se molemo mo ntlheng eno?

5 Josefa o ne a fetsa dingwaga tse di fetang 20 a sa bonane le rraagwe yo o tsofetseng e bong Jakobe, tlhogo ya lotso. Le fa go ntse jalo, go bonala Josefa a ne a sa ntse a rata rraagwe e bong Jakobe. Tota e bile, fa Josefa a ne a ikitsise bomorwarraagwe, o ne a ba botsa a re: “A rre o sa ntse a tshela?” (Genesise 43:7, 27; 45:3) Ka nako eo, lefatshe la Kanana le ne le wetswe ke leuba le le boitshegang. Ka jalo, Josefa o ne a romela molaetsa kwa go rraagwe a re: “Fologela kwano go nna. O se ka wa diega. Mme o nne mo lefatsheng la Goshene, o nne gaufi le nna . . . Mme ke tla go tlamela ka dijo gone.” (Genesise 45:9-11; 47:12) Ee, go tlotla batsadi ba ba tsofetseng go akaretsa go ba sireletsa le go ba tlamela ka dilo tsa senama fa ba sa kgone go itlhokomela ka tsone. (1 Samuele 22:1-4; Johane 19:25-27) Josefa o ne a diragatsa boikarabelo jono ka boitumelo.

6. Josefa o ne a bontsha jang gore o rata rraagwe ka mmatota, mme re ka etsa jang sekao sa gagwe?

6 Jehofa o ne a segofatsa Josefa mme a nna mongwe wa banna ba ba neng ba humile e bile ba nonofile go ba gaisa botlhe mo Egepeto. (Genesise 41:40) Le fa go ntse jalo, o ne a se ka a itsaya a le botlhokwa thata kgotsa a tshwaregile thata moo a neng a ka se ka a kgona go tlotla rraagwe yo o neng a na le dingwaga di le 130. E ne ya re fa a lemoga gore Jakobe (kgotsa Iseraele) o ne a le gaufi, “Josefa a dira gore kara ya gagwe e baakanngwe mme a ya go kopana le Iseraele rraagwe kwa Goshene. E rile a bonala fa go ene a akofa a wela mo molaleng wa gagwe mme a tsholola dikeledi mo molaleng wa gagwe gangwe le gape.” (Genesise 46:28, 29) Tsela eno e a neng a mo amogela ka yone e ne e se selo fela se se tlwaelegileng sa go mmontsha tlotlo. Josefa o ne a rata rraagwe tota yo o neng a tsofetse e bile o ne a sa tlhabiwe ke ditlhong go mmontsha kafa a neng a mo rata ka gone. Fa e le gore batsadi ba rona ba setse ba tsofetse, a le rona re ba bontsha lorato lo logolo lo re ba ratang ka lone?

7. Ke ka ntlha yang fa Jakobe a ne a batla go fitlhwa kwa Kanana?

7 Jakobe o ne a nna a ineetse mo go Jehofa ka botlalo go fitlha a swa. (Bahebera 11:21) E re ka Jakobe a ne a dumela ditsholofetso tsa Modimo, o ne a kopa gore setopo sa gagwe se fitlhwe kwa Kanana. Josefa o ne a tlotla rraagwe ka go dira tumalanong le kopo eo ya gagwe, go sa kgathalesege gore seno e ne e tlile go nna tiro e e boima go le kana kang kgotsa gore e ne e tlile go mmatla madi a le mantsi go le kana kang.—Genesise 47:29-31; 50:7-14.

8. (a) Lebaka la rona la konokono la go tlhokomela batsadi ba rona ba ba setseng ba godile ke lefe? (b) Mokaulengwe mongwe yo o mo tirelong ya nako e e tletseng o ne a dirang gore a tlhokomele batsadi ba gagwe ba ba setseng ba godile? (Bona lebokoso le le mo tsebeng 17.)

8 Josefa o ne a tlhotlhelediwa ke eng gore a tlhokomele rraagwe? Le mororo a ne a dira jalo ka gonne a ne a rata rraagwe e bile a itse maikarabelo a a neng a na le one ka ene e bile e le ka go bo rraagwe a ne a mo neile botshelo le go mo tlhokomela, ga go pelaelo gore gape o ne a dira jalo ka go bo a ne a eletsa go itumedisa Jehofa. Le rona re tshwanetse go dira jalo. Paulo o ne a kwala jaana: “Fa motlholagadi mongwe a na le bana kgotsa ditlogolo, a ba ithute pele go itlwaetsa boineelo jwa bomodimo mo go ba ntlo ya bone le go nna ba duela batsadi ba bone  le batsadi ba batsadi tuelo e e tshwanetseng, gonne seno se a amogelesega mo ponong ya Modimo.” (1 Timotheo 5:4) Eleruri, go rata Jehofa le go mmoifa ka tlotlo e kgolo go tla re tlhotlheletsa gore re tlhokomele batsadi ba rona ba ba setseng ba godile, go sa kgathalesege dikgwetlho tse re ka nnang ra kopana le tsone fa re dira jalo. *

Kafa Bagolwane ba Bontshang ka Gone Gore ba a Amega

9. Jehofa o tlhomile bomang go disa letsomane, go akaretsa le Bakeresete ba ba setseng ba godile?

9 Pele ga Jakobe yo o tsofetseng a tlhokafala, o ne a bua ka Jehofa a re ke “Modimo wa boammaaruri yo o ntseng a ntisa nako yotlhe e ke ntseng ke le gone ka yone go fitlha mo letsatsing leno.” (Genesise 48:15) Gompieno, Jehofa o disa batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng a dirisa balebedi ba Bakeresete kgotsa bagolwane ba ba kaelwang ke Morwawe e bong Jesu Keresete, “modisa yo mogolo.” (1 Petere 5:2-4) Bagolwane ba ka etsa Jehofa jang fa ba ntse ba tlhokometse maloko a a godileng a letsomane?

10. Ke eng se se ntseng se dirwa go thusa Bakeresete ba ba setseng ga godile ka dilo tsa senama tse ba di tlhokang? (Bona lebokoso le le mo tsebeng 19.)

10 Ka bonako fela fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhongwa, baaposetoloi ba ne ba tlhoma “banna ba le supa . . . ba ba tletseng moya le botlhale” gore ba okamele ‘tiro ya letsatsi le letsatsi ya go abela’ batlholagadi ba ba humanegileng ba Bakeresete dijo. (Ditiro 6:1-6) Moragonyana, Paulo o ne a laela Timotheo yo e neng e le molebedi mo phuthegong gore a tsenye batlholagadi ba ba tlhomang sekao se se molemo mo lenaaneng la ba ba neng ba tshwanetse go thusiwa ka go newa dilo tse ba di tlhokang tsa senama. (1 Timotheo 5:3, 9, 10) Ka tsela e e tshwanang, le gompieno jaana balebedi mo phuthegong ba iketleeleditse go dira dithulaganyo tsa go dira gore Bakeresete ba ba setseng ba godile ba thusiwe ka tsela nngwe e e ka ba solegelang molemo fa go tlhokega. Le fa go ntse jalo, go tlhokomela bagodi ba ba ikanyegang go akaretsa go dira se se fetang fela go dira dithulaganyo tseno.

11. Jesu o ne a reng ka motlholagadi wa mohumanegi yo o neng a ntsha moneelo o monnye wa madi?

11 Fa Jesu a ne a tloga a wetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, o ne a nna mo tempeleng mme “a lepa kafa boidiidi bo neng bo latlhela madi ka gone mo matloleng a matlotlo.” Mme mongwe a mo gapa mogopolo. Pego e bolela jaana: “Motlholagadi mongwe wa mohumanegi a tla mme a latlhela madinyana a le mabedi a tshipi, a a nang le boleng jo bo kwa tlase thata.” Jesu o ne a biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene mme a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo raya ka re motlholagadi yono wa mohumanegi o latlhetse go feta botlhe ba ba latlhelang madi mo matloleng a matlotlo; gonne botlhe ba latlhetse se se tswang mo go se se setseng sa bone, mme ene, go tswa mo letlhokong la gagwe, o latlhetse gotlhe mo a neng a na le gone, gotlhe mo  a tshelang ka gone.” (Mareko 12:41-44) Moneelo o o neng wa ntshiwa ke motlholagadi yono e ne e le wa madi a mannye thata, mme Jesu o ne a itse gore Rraagwe wa selegodimo o anaanela thata tiro eo e e bontshang boineelo jwa moya otlhe. Go sa kgathalesege gore motlholagadi yono o ne a na le dingwaga di le kae, Jesu ga a ka a itlhokomolosa se a se dirileng.

12. Bagolwane ba ka bontsha jang gore ba anaanela tsela e Bakeresete ba ba godileng ba tshegetsang phuthego ka yone?

12 Fela jaaka Jesu a ile a dira, balebedi ba Bakeresete ga ba tlhokomologe se bagodi ba se dirang go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri. Go na le mabaka a go bo bagolwane ba tshwanetse go akgola bagodi ka ntlha ya go nna le seabe ga bone mo bodireding, go nna le seabe ga bone mo dipokanong, go kgothatsa ga bone phuthego ka tsela e e molemo le go itshoka ga bone. Go kgothatsa batho ba ba setseng ba godile ka bopelotshweu go ka ba thusa gore ba nne le “lebaka la go itumela” mo tirelong ya bone e e boitshepo, mme seno se tla dira gore ba se ka ba ikgoba marapo ka go bapisa tiro ya bone le ya Bakeresete ba bangwe kgotsa ba e bapisa le e ba neng ba kgona go e dira mo nakong e e fetileng.—Bagalatia 6:4.

13. Bagolwane ba ka ithuta jang mo bokgoning le mo maitemogelong a bagodi ba nang le one?

13 Bagolwane ba ka nna ba bontsha Bakeresete ba ba setseng ba godile gore ba anaanela tshegetso ya bone ka go ithuta go tswa mo maitemogelong a bone le mo bokgoning jo ba nang le jone. Ka dinako tse dingwe, bagodi ba ba tlhomang sekao se se molemo ba ka nna ba kopiwa go dira dipontsho kgotsa ba botsolodiwa. Mogolwane mongwe o ne a bolela jaana: “Bareetsi ba tlhwaya tsebe tota fa ke botsolotsa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o setseng a godile yo o godiseditseng bana mo boammaaruring.” Bagolwane ba phuthego nngwe ba bega gore kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga di le 71 o ile a atlega mo go thuseng baboledi ba Bogosi gore ba tswele tirelong ya tshimo ka metlha. Gape o ba kgothaletsa go dira dilo “tsa botlhokwa” tse di tshwanang le go bala Baebele le temana ya letsatsi le gore ba tlhatlhanye ka se ba se balang.

14. Setlhopha sengwe sa bagolwane se ne sa bontsha jang gore se anaanela molebedi ka bone yo o neng a setse a godile?

14 Gape, bagolwane ba itumelela thuso ya balebedi ka bone ba ba setseng ba godile. José, yo o mo dingwageng tsa bo70 yo o feditseng dingwaga di le dintsi e le mogolwane, o sa tswa go dirwa karo e kgolo bosheng jaana. E re ka go ne go tlile go mo tsaya lobaka lo loleele gore a fole, o ne a akanya  gore a tlogele tshiamelo e a nang le yone ya go nna molebedi yo o okamelang mo phuthegong. José o bolela jaana: “Ke ne ka gakgamadiwa ke tsela e bagolwane ba bangwe ba neng ba tsibogela seno ka yone. Go na le gore ba dumalane le se ke neng ke se akantsha, ba ne ba mpotsa gore ke tsela efe e e mosola e ba neng ba ka nthusa ka yone gore ke kgone go tswelela ke tlhokomela maikarabelo a me.” José o ne a kgona go tswelela ka boitumelo e le molebedi yo o okamelang a thusiwa ke mogolwane mongwe yo mmotlana, mme seno se ile sa solegela phuthego molemo fela thata. Mogolwane ka ene o tlhalosa jaana: “Bagolwane ba bangwe ba anaanela thata tiro e José a e dirang jaaka mogolwane. Ba a mo rata e bile ba a mo tlotla ka ntlha ya maitemogelo a a nang le one le sekao sa tumelo se a se tlhomang. O solegela phuthego ya rona molemo.”

Go Tlhokomelana

15. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go amega ka botsogo jwa bagodi ba ba leng mo gare ga bone?

15 Bana ba ba nang le batsadi ba ba setseng ba godile ga se bone fela le bagolwane, ba ba tshwanetseng go amega ka bagodi. Paulo o ne a kwala jaana a bapisa phuthego le mmele wa motho: “Modimo o ne a kopanya mmele, a naya karolo e e neng e na le tlhaelo tlotlo e kgolo thata, gore mmele o se ka wa kgaogana, fa e se gore ditokololo tsa one di tle di tlhokomelane ka tsela e e tshwanang.” (1 Bakorintha 12:24, 25) Thanolo e nngwe yone e balega jaana: “Dikarolo tsotlhe tsa [mmele di] tshwanetse go amega ka botsogo jwa nngwe le nngwe ya tsone.” (Knox) Gore dilo di dirwe ka kutlwano mo phuthegong ya Bokeresete, mongwe le mongwe yo o mo go yone o tshwanetse go amega ka botsogo jwa modumedi ka ene, go akaretsa le jwa batho ba ba setseng ba godile.—Bagalatia 6:2.

16. Re ka bontsha jang gore re amega ka bagodi fa re le kwa dipokanong tsa Bokeresete?

16 Dipokano tsa Bokeresete di re naya sebaka se se molemo sa go bontsha gore re amega ka bagodi. (Bafilipi 2:4; Bahebera 10:24, 25) A re ipha nako ya go tlotla le batho ba ba godileng ka dinako tseo? Le fa go ka tswa go le molemo go ba botsa ka botsogo jwa bone, a re ka dira gore re ba “neye mpho nngwe ya semoya,” gongwe ka go ba tlotlela maitemogelo mangwe a a kgothatsang kgotsa ntlha nngwe e e tswang mo Dikwalong? E re ka bagodi bangwe ba sa kgone go tsamaya go le kalo, re tla bo re bontsha bopelonomi fa re ya kwa go bone go na le go lebelela gore e nne bone ba tlang kwa go rona. Fa e le gore ga ba utlwe sentle, re ka nna ra tshwanelwa ke gore re bue re iketlile fa re bua le bone le gone ka tsela e e utlwalang sentle. Mme gore re “kgothatsane” le bone ka tsela ya mmatota, re tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko fa motho yo o godileng a bua le rona.—Baroma 1:11, 12.

17. Re ka bontsha jang gore re amega ka Bakeresete ba ba setseng ba godile ba ba sa kgoneng go tswa mo tlung?

17 Go tweng fa e le gore batho bangwe ba ba setseng ba godile ga ba kgone go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete? Jakobe 1:27 e bontsha gore boikarabelo jwa rona ke “go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone.” Bokao  bongwe jwa lediri la Segerika le le rayang “go tlhokomela” ke “go etela.” (Ditiro 15:36) Mme bagodi ba itumela tota fa ba bona re ba etela! Fa “monna yo o tsofetseng” e bong Paulo a ne a le mo kgolegelong kwa Roma ka 65 C.E., o ne a iphitlhela a le nosi fela. O ne a tlhologeletswe go bona modiri ka ene e bong Timotheo mme a kwala jaana: “Dira bojotlhe jwa gago gore o tle kwa go nna mo bogautshwaneng.” (Filemone 9; 2 Timotheo 1:3, 4; 4:9) Le fa gone bagodi e se magolegwa ka tsela ya mmatota, bangwe ba bone ga ba kgone go tswa mo tlung ka ntlha ya mathata a botsogo. Go ntse fela jaaka e kete ba re, ‘Tsweetswee, leka ka bojotlhe gore o nketele mo bogautshwaneng.’ A re tsibogela boikuelo joo jwa bone?

18. Go etela ga rona bagodi go ka felela ka melemo efe?

18 Le ka motlha o se ka wa tlodisa matlho melemo e e nnang gone ya go etela mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o godileng yo o ratang dilo tsa semoya. Fa Mokeresete yo o bidiwang Onesiforo a ne a le kwa Roma, o ne a batla Paulo ka tlhoafalo mme a mmona, morago ga moo ‘a mo tlisetsa tapologo gantsi.’ (2 Timotheo 1:16, 17) Kgaitsadi mongwe yo o setseng a godile yo o se nang molekane wa lenyalo o bolela jaana, “Ke rata go dirisa nako ke na le basha. Se ke se ratang thata ke gore ba ntsaya fela jaaka leloko la lelapa la bone. Seno se nkgothatsa tota.” Mokeresete yo mongwe yo o setseng a godile ene o bolela jaana: “Ke itumela tota fa mongwe a nthomelela karata, fa a nteletsa mogala gore a tlotle le nna metsotso e sekae, kgotsa fa a nketela ka nakwana. Seno se ntapolosa tota.”

Jehofa o Duela ba ba Amegang

19. Masego a go tlhokomela bagodi ke afe?

19 Go tlhokomela bagodi go felela ka masego a le mantsi. Go tsalana le batho ba ba godileng le go anya kitso le maitemogelo mo go bone ke tshiamelo e e seng kana ka sepe. Batlhokomedi ba bone ba nna le boitumelo jo bogolo ka ntlha ya go aba ga bone, go ikutlwa ba fitlheletse tiro nngwe e e molemo le go sala ba kgotsofetse ka ntlha ya go bo ba diragaditse maikarabelo a bone a Dikwalo. (Ditiro 20:35) Mo godimo ga moo, batho ba ba tlhokomelang bagodi ga ba a tshwanela go boifa gore bone ka bobone ba ka nna ba tlhokomologiwa mo dingwageng tsa bone tsa bogodi. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana: “Moya o o pelotshweu o tla nontshiwa, mme yo o nosetsang ba bangwe ka bopelotshweu le ene o tla nosediwa ka bopelotshweu.”—Diane 11:25.

20, 21. Jehofa o leba jang ba ba tlhokomelang bagodi, mme boikemisetso jwa rona e tshwanetse go nna eng?

20 Jehofa o segofatsa bana, balebedi le Bakeresete ba bangwe ba kwantle ga bopelotshetlha ba tlhokomelang badumedi ka bone ba ba setseng ba godile, ba ba tlhokomela ka dilo tse ba di tlhokang tsa senama. Go dira dilo ka moya o o ntseng jalo go dumalana le seane se se reng: “Yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme O tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.” (Diane 19:17) Fa lorato lo re tlhotlheletsa go utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, Modimo o tsaya go aba ka tsela e e ntseng jalo ga rona e le kadimo e a e duelang ka go re segofatsa. Gape, o a re segofatsa fa ka lorato re tlhokomela baobamedi ka rona ba ba setseng ba godile, ba bontsi jwa bone ‘ba humanegileng mabapi le lefatshe mme e le bahumi mo tumelong.’—Jakobe 2:5.

21 Tshegofatso eo ya ga Jehofa ke e kgolo eleruri! E akaretsa botshelo jo bo sa khutleng. Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba tla segofadiwa ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, koo diphelelo tse di botlhoko tsa boleo jo re bo ruileng di tla bong di sa tlhole di le gone le koo bagodi ba ba ikobelang taolo ba tla boang gape ba newa maatla a bone a bosha. (Tshenolo 21:3-5) Fa re sa ntse re emetse nako eo e e itumedisang, e kete re ka tswelela re diragatsa maikarabelo a rona a Bokeresete a go tlhokomela bagodi.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Go bona dikakantsho tse di mosola tsa go tlhokomela batsadi ba ba tsofetseng, bona Tsogang! ya February 8, 1994, ditsebe 3-10.

O ka Araba Jang?

• Bana ba ka tlotla jang batsadi ba bone ba ba setseng ba godile?

• Bagolwane ba bontsha jang gore ba anaanela maloko a a setseng a godile a letsomane?

• Mokeresete mongwe le mongwe a ka dirang go bontsha gore o amega ka bagodi ka tsela ya mmatota?

• Ba ba tlhokomelang Bakeresete ba ba setseng ba godile ba segofadiwa jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 17]

Fa Batsadi ba Gagwe Ba ne Ba Tlhoka Thuso

Philip e ne e le moithaopi yo o dirang mo tirong ya go aga kwa Liberia ka 1999 fa a ne a amogela dikgang tsa gore rraagwe o lwala thata. E re ka a ne a bona gore mmaagwe o ne a tlile go tlhoka thuso, o ne a swetsa ka gore a boele gae go ya go tlhokomela rraagwe ka tsa kalafi.

Philip o gakologelwa jaana: “Go boela gae go ne go se motlhofo, mme gone ke ne ke itse gore maikarabelo a ntlha a ke neng ke tshwanetse go a diragatsa ke a go tlhokomela batsadi ba me.” Morago ga dingwaga di le tharo, o ne a fudusetsa batsadi ba gagwe mo ntlong e ba neng ba tla kgona go nna sentle mo go yone, mme ka thuso ya Bakeresete ba mo lefelong la ga bone, o ne a dira gore legae leo le nne le sengwe le sengwe se rraagwe a neng a tla se tlhoka.

Jaanong mmaagwe Philip o kgona go lepalepana sentle le mathata a a masisi a botsogo jwa ga rraagwe Philip. Bosheng jaana, Philip o ne a kgona go amogela taletso ya go ya go dira jaaka moithaopi kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Macedonia.

[Lebokoso mo go tsebe 19]

Ga ba A ka Ba Itlhokomolosa Thuso E a E Tlhokang

Fa Ada, e leng Mokeresete wa kwa Australia yo o nang le dingwaga di le 85 a ne a sa tlhole a kgona go tswa mo tlung ka ntlha ya bolwetse, bagolwane ba phuthego ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore go nne le tsela e a ka thusiwang ka yone. Ba ne ba dira gore go nne le setlhopha sa badumedi ka ene ba ba neng ba tla mo thusa. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ne ba itumelela go mo thusa ka dilo tse di jaaka go phepafatsa, go tlhatswa diaparo, go apaya le go mo ela mabenkeleng.

Tiro eno ya go mo thusa e ne ya rulaganngwa mo e ka nnang dingwaga di le lesome tse di fetileng. Go tla go fitlha jaanong, Ada o thusitswe ke Basupi ba ga Jehofa ba feta 30. Ba sa ntse ba mo etela, ba mmalela dikgatiso tsa Baebele, ba mo tlotlela ka kgatelopele ya semoya e e dirwang ke ba ba leng mo phuthegong, e bile ba rapela le ene ka metlha.

Mogolwane mongwe wa Mokeresete mo phuthegong eo o ne a akgela jaana: “Ba ba tlhokomelang Ada, ba tsaya go dira jalo e le tshiamelo. Go direla Modimo ga gagwe ka boikanyegi dingwaga di le dintsi go ile ga kgothatsa ba le bantsi, ka jalo go ne go sa kgonege gore ba ka itlhokomolosa thuso e a e tlhokang.”

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

A re bontsha batsadi ba rona ba ba godileng gore re a ba rata?

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Botlhe mo phuthegong ba ka bontsha lorato mo badumeding ka bone ba ba setseng ba godile