Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Lefitiko

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Lefitiko

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Lefitiko

GA GO ise go fete ngwaga fa e sa le Baiseraele ba gololwa mo botshwarong kwa Egepeto. Ka nako eno ba rulagantswe go nna setšhaba se sesha, mme ba mo tseleng go ya nageng ya Kanana. Jehofa o batla gore go nne le setšhaba se se boitshepo se se nnang koo. Le fa go ntse jalo, tsela e Bakanana ba tshelang ka yone le ditlwaelo tsa bone tsa bodumedi ke tse di tlhabisang ditlhong tota. Ka jalo Modimo wa boammaaruri o naya phuthego ya Baiseraele melao e e tla ba tlhaolang gore e nne batho ba ba mo direlang. Melao eno e kwadilwe mo bukeng ya Baebele ya Lefitiko. Buka eno e e kwadilweng ke moporofeti Moshe kwa nageng ya Sinai mo e ka nnang ka 1512 B.C.E., e tlotla ka ditiragalo tsa lobaka lwa modikologo wa kgwedi e le nngwe fela. (Ekesodo 40:17; Dipalo 1:1-3) Jehofa o rotloetsa baobamedi ba gagwe gangwe le gape gore ba nne boitshepo.—Lefitiko 11:44; 19:2; 20:7, 26.

Gompieno Basupi ba ga Jehofa ga ba kafa tlase ga Molao o Modimo a neng a o naya Moshe. Loso lwa ga Jesu Keresete lo ne lwa fedisa Molao oo. (Baroma 6:14; Baefeso 2:11-16) Le fa go ntse jalo, melao e e fitlhelwang mo go Lefitiko e ka re solegela molemo, e re ruta mo gontsi kaga kobamelo ya Modimo wa rona, Jehofa.

DITSHUPELO TSE DI BOITSHEPO—TSE DI NTSHIWANG KA GO RATA LE TSE DI PATELESEGANG

(Lefitiko 1:1–7:38)

Dingwe tsa ditshupelo le ditlhabelo kafa tlase ga Molao e ne e le tsa boithatelo, fa tse dingwe tsone di ne di patelesega. Ka sekai, tshupelo ya phiso e ne e le ya boithatelo. E ne e tlisiwa fa pele ga Modimo e feletse, fela jaaka Jesu Keresete a ne a ntsha botshelo jwa gagwe e le setlhabelo sa thekololo. Setlhabelo sa kabalano sa boithatelo se ne se kgaoganngwa. Karolo e nngwe e ne e neelwa Modimo mo sebesong, e nngwe e ne e jewa ke moperesiti, mme e nngwe e jewa ke motho yo o e ntshang. Ka tsela e e tshwanang, mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, Segopotso sa loso lwa ga Keresete ke sejo sa kabalano.—1 Bakorintha 10:16-22.

Ditshupelo tsa boleo le ditshupelo tsa molato e ne e le tse di patelesegang. Tshupelo ya boleo e ne e letlanya maleo a a dirilweng ka phoso kana a a sa dirwang ka boomo. Tshupelo ya molato e ne e ntshediwa Modimo fa mongwe a ne a diretse yo mongwe phoso, kana fa modiraphoso yo o ikotlhaileng a ne a busediwa ditshiamelo tse a neng a di tseetswe e le go mo otlhaela molato wa gagwe—kana tsoopedi. Gape go ne go na le ditshupelo tsa bopi tse di neng di direlwa Jehofa go mo lebogela bopelotshweu jwa gagwe. Dilo tseno tsotlhe di botlhokwa mo go rona ka gonne ditlhabelo tse di neng di batlega mo kgolaganong ya Molao di ne di lebisa kwa go Jesu Keresete le setlhabelo sa gagwe kana melemo e re e bonang ka ntlha ya setlhabelo seo.—Bahebera 8:3-6; 9:9-14; 10:5-10.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:11, 12—Ke ka ntlha yang fa tswina e e isiwang e le “tshupelo e e dirwang ka molelo” e sa amogelwe ke Jehofa? Tswina e go buiwang ka yone fano e ne e ka se nne ya dinotshe. Le fa e ne e sa  letlelelwa go nna “tshupelo e e dirwang ka molelo,” e ne e le karolo ya “mabutswapele a . . . kungo yotlhe ya tshimo.” (2 Ditiragalo 31:5) Go bonala tswina eno e ne e le ya matute a maungo. E re ka e ne e ka bela, e ne e ka se amogelwe gore e nne tshupelo mo sebesong.

2:13—Ke ka ntlha yang fa letswai le ne le tshwanetse go ntshiwa “mmogo le tshupelo nngwe le nngwe”? Go dira jalo e ne e se go tokafatsa moutlwalo wa ditlhabelo. Mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, letswai le dirisiwa go thibela dilo gore di se ka tsa bola. Go ka direga gore le ne le ntshiwa mmogo le ditlhabelo ka gonne le ne le emela sengwe se se neng se ka se senyege kana se se sa boleng.

Se re Ithutang Sone:

3:17. E re ka mafura a ne a lebiwa e le karolo e e molemo go di gaisa tsotlhe, go bonala lebaka la go bo Baiseraele ba ne ba ileditswe go a ja e ne e le go gatelela mo go bone gore karolo e e molemo go di gaisa tsotlhe e ne e le ya ga Jehofa. (Genesise 45:18) Seno se re gakolola gore re tshwanetse go naya Jehofa bojotlhe jwa rona.—Diane 3:9, 10; Bakolosa 3:23, 24.

7:26, 27. Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go ja madi. Mo matlhong a Modimo, madi a emela botshelo. Lefitiko 17:11 ya re: “Moya [botshelo] wa nama o mo mading.” Le gompieno baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go ithiba mo mading.—Ditiro 15:28, 29.

GO TLHONGWA GA BOPERESITI JO BO BOITSHEPO

(Lefitiko 8:1–10:20)

Ke bomang ba ba neng ba neilwe boikarabelo jwa go dira ditiro tse di amanang le ditlhabelo le ditshupelo? Boikarabelo jono bo ne bo neilwe baperesiti. A kaelwa ke Modimo, Moshe o ne a direla Arone, e leng moperesiti yo mogolo, modiro wa go tlhomiwa, a o direla le bomorwawe ba le banè ba ba neng ba tla nna baperesiti ba babotlana. Go bonala fa modiro ono e ne e le wa malatsi a le supa, mme ditiro tsa boperesiti di ne di simolola ka letsatsi la borobedi.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

9:9—Ke eng se se neng se kaiwa ke go tshela madi mo tlase ga sebeso le go a kgatsha mo dilong tse di farologaneng? Seno se bontsha gore Jehofa o ne a amogela madi go dira tetlanyo. Thulaganyo yotlhe ya go letlanya e ne e ikaegile ka madi. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mo e ka nnang dilo tsotlhe di ntlafadiwa ka madi go ya ka Molao, mme kwantle ga fa madi a tsholotswe ga go boitshwarelo jo bo nnang gone.”—Bahebera 9:22.

10:1, 2—Boleo jwa bomorwa Arone e bong Nadabe le Abihu bo ka tswa bo ne bo akaretsa eng? Ka bonakonyana fela fa Nadabe le Abihu ba sena go itshwara ka tsela e e sa tshwanelang fa ba ne ba dira ditiro tsa bone tsa boperesiti, Jehofa o ne a itsa baperesiti go nwa beine kana bojalwa jo bo tagang fa ba ntse ba direla mo motlaaganeng. (Lefitiko 10:9) Seno se dira gore re dumele gore bomorwa Arone ba babedi ba ka tswa ba ne ba tagilwe ka nako ya tiragalo e e umakiwang fano. Le fa go ntse jalo, lebaka la konokono la go bo ba ne ba bolawa e ne e le ka gonne ba ne ba isa “molelo o o seng kafa molaong fa pele ga ga Jehofa, o a neng a sa o ba laolela.”

Se re Ithutang Sone:

10:1, 2Gompieno batlhanka ba ga Jehofa ba ba nang le maikarabelo ba tshwanetse go dira dilo tse Modimo a di batlang mo go bone. Mo godimo ga moo, ga ba a tshwanela go ipagolela mogodu fa ba dira ditiro tsa bone.

10:9. Ga re a tshwanela go dira ditiro tse re di neilweng ke Modimo re nole bojalwa.

 KOBAMELO E E BOITSHEPO E TLHOKA GORE RE BO RE LE PHEPA

(Lefitiko 11:1–15:33)

Melao ya dijo e e neng e amana le diphologolo tse di phepa le tse di seng phepa e ne e solegela Baiseraele molemo ka ditsela tse pedi. Melao eno e ne e ba sireletsa gore ba se ka ba tshwaediwa ke ditshedi tse di kotsi e bile e ne e nonotsha legora le le neng le le fa gare ga bone le ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Melao e mengwe e ne e le ya go leswafadiwa ke ditopo tse di suleng, go itshepisiwa ga basadi fa ba sena go belega, melao e e neng e amana le lepero, le go leswafala go go neng go bakwa ke fa monna kana mosadi a ne a na le keleketlo. Baperesiti ba ne ba tshwanetse go rarabolola dikgang tse di amanang le batho ba ba neng ba leswafetse.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

12:2, 5—Ke ka ntlha yang fa go tshola ngwana go ne go dira gore mosadi a “itshekologe”? Dirwe tsa tsalo di ne di diretswe go fetisa botshelo jo bo itekanetseng jwa motho. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya bosaitekanelang jo re bo ruileng, botshelo jo bo sa itekanelang le boleo bo ne jwa fetisediwa mo ngwaneng. Dinako tsa go ‘itshekologa’ tse di neng di amana le go tshola ngwana, le dilo tse dingwe, tse di tshwanang le go bona kgwedi le go tswa peo, di ne di dira gore Baiseraele ba gakologelwe boemo jono jwa go sa itekanelang jo re bo ruileng. (Lefitiko 15:16-24; Pesalema 51:5; Baroma 5:12) Melao e e neng e amana le go intlafatsa e ne e tla thusa Baiseraele go lemoga gore ba ne ba tlhoka setlhabelo sa thekololo go bipa boleo jwa batho le go busetsa batho mo boitekanelong. Ka jalo Molao o ne wa nna “mogogi [wa bone] . . . yo o isang kwa go Keresete.”—Bagalatia 3:24.

15:16-18—“Peo e e tswang” mo mothong e e umakiwang mo ditemaneng tseno ke eng? Go bonala seno se lebisitse go keleketlo e e tswang bosigo le fa batho ba ba nyalaneng ba tlhakanela dikobo.

Se re Ithutang Sone:

11:45. Jehofa Modimo o boitshepo mme o batla gore batho ba ba mo direlang tirelo e e boitshepo ba nne boitshepo. Ba tshwanetse go latelela boitshepo mme ba nne ba le phepa mo mmeleng le mo semoyeng.—2 Bakorintha 7:1; 1 Petere 1:15, 16.

12:8. Jehofa o ne a dumela gore batho ba ba humanegileng ba ntshe dinonyane go na le gore ba ntshe nku e e neng e ja madi a a fetang a nonyane fa ba ne ba ntsha ditlhabelo. O akanyetsa batho ba ba humanegileng.

RE TSHWANETSE GO NNA RE LE BOITSHEPO

(Lefitiko 16:1–27:34)

Ditlhabelo tsa maleo tse di botlhokwa thata di ne di ntshiwa ka Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga. Go ne go ntshiwa poo e ntshediwa baperesiti le lotso lwa Balefi. Ditso tsa Iseraele tse e seng tsa boperesiti di ne di ntshediwa podi. Podi e nngwe e ne e tsamaisiwa e isiwa kwa nageng fa maleo a batho a sena go bolelwa mo godimo ga yone. Dipodi tseno tse pedi di ne di lebiwa e le tshupelo e le nngwe ya boleo. Seno sotlhe se ne se supela mo go reng Jesu Keresete o ne a tla ntshiwa setlhabelo le gore o ne a tla tlosa maleo.

Melao e e neng e amana le go ja nama le e e  amanang le dilo tse dingwe e gatelela mo go rona botlhokwa jwa go nna phepa fa re obamela Jehofa. Ka tsela e e ntseng jalo, baperesiti ba ne ba tshwanetse go ipoloka ba le boitshepo. Meletlo e meraro ya ngwaga le ngwaga e ne e le ditshono tsa go itumela thata le go tlisa ditebogo go Mmopi. Gape Jehofa o ne a naya batho ba gagwe melao e e neng e amana le go itshekolola leina la gagwe, ya go boloka Sabata le Jubile, tsela ya go tshwara batho ba ba humanegileng le kafa batlhanka ba tshwanetseng go tshwarwa ka gone. Masego a ba neng ba tla nna le one ka ntlha ya go reetsa Modimo a bapisiwa le diphutso tse di neng di tla ba tlela ka ntlha ya go se mo utlwe. Gape go na le melao e e malebana le ditshupelo tse di amanang le go dira maikano le go baya ditlhwatlhwa, maitibolo a diphologolo le go ntsha karolo ya bolesome e le “sengwe se se boitshepo mo go Jehofa.”

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

16:29—Baiseraele ba ne ba tshwanetse go ‘bogisa meya ya bone’ ka tsela e e ntseng jang? Tiragalo eno, e e neng e dirwa ka Letsatsi la Tetlanyo, e ne e amana le go batla go itshwarelwa maleo. Go bonala go itima dijo ka nako eo go ne go amanngwa le gore motho a dumele maleo a gagwe. Ka jalo, go ka direga thata gore go ‘bogisa moya’ go ne go kaya go itima dijo.

19:27—Go tewang fa go twe motho a se ka a “ipeola moriri o o kafa dithoko bokhutshwane” kana go “senya dintlha” tsa ditedu? Go bonala molao ono o ne o ntshitswe go thibela Bajuda gore ba se ka ba beola ditedu kana moriri wa bone ka tsela e e neng e ka tshwana ka tsela nngwe le kafa baheitane ba neng ba dira ka yone. (Jeremia 9:25, 26; 25:23; 49:32) Le fa go ntse jalo, molao wa Modimo o ne o sa reye gore Bajuda ba ne ba sa tshwanela go beola ditedu kana moriri wa tlhogo gotlhelele.—2 Samuele 19:24.

25:35-37—A go ne go le phoso ka dinako tsotlhe gore Baiseraele ba kope morokotso? Moadimi o ne a ka kopa moadingwa morokotso fa e le gore madi ao a ne a tla dirisediwa kgwebo. Le fa go ntse jalo, Molao o ne o ba itsa go kopa morokotso mo mading a a neng a adimilwe ka ntlha ya khumanego. Go ne go le phoso go dira madi ka khumanego ya yo mongwe.—Ekesodo 22:25.

26:19—Ke jang ‘magodimo a ka nnang jaaka tshipi le lefatshe jaaka kgotlho’? Ka ntlha ya go tlhoka pula, magodimo a a neng a apesitse Kanana a ne a tla tshwana le tshipi e e thata e e se nang maroba. Kwantle ga pula, lefatshe le ne le tla nna le mmala o o tshwanang le kopore, le phatsime jaaka tshipi.

26:26—Go tewang fa go buiwa ka ‘basadi ba le lesome ba ba besang senkgwe mo pesetsong e le nngwe fela’? Ka tlwaelo, mosadi mongwe le mongwe o ne a tla tlhoka pesetso ya gagwe gore a tle a kgone go besa dilo tsotlhe tse a tshwanetseng go di dira. Mme mafoko ano a ne a bontsha kafa go neng go tla nna le tlhokego e kgolo ya dijo ka teng mo e leng gore pesetso e le nngwe e ne e tla lekana basadi botlhe ba le lesome. Seno e ne e le sengwe sa dilo tse di neng di boleletswe pele gore di tla diragala ka ntlha ya go palelwa ke go ipoloka ba le phepa.

Se re Ithutang Sone:

20:9. Mo matlhong a ga Jehofa, go nna le letlhoo le go nna bogale go ne go le maswe fela jaaka go bolaya motho. Ka jalo, o ne a ntsha kotlhao e e tshwanang fa motho a ne a gobolola batsadi ba gagwe le fa a ba bolaya ka namana. A seno ga se a tshwanela go re rotloetsa go rata badumedi mmogo le rona?—1 Johane 3:14, 15.

22:32; 24:10-16, 23. Ga re a tshwanela go nyatsa leina la ga Jehofa. Go na le moo, re tshwanetse go baka leina la gagwe le go rapela gore le itshepisiwe.—Pesalema 7:17; Mathaio 6:9.

KAFA BUKA YA LEFITIKO E AMANG KOBAMELO YA RONA KA TENG

Gompieno Basupi ba ga Jehofa ga ba tshele kafa tlase ga Molao. (Bagalatia 3:23-25) Le fa go ntse jalo, e re ka se se buiwang mo bukeng ya Lefitiko se re lemotsha kafa Jehofa a lebang dilo tse di farologaneng ka teng, se ka ama kobamelo ya rona.

Fa o ntse o dira mmalo wa gago wa Baebele wa beke le beke go ipaakanyetsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, ga go pelaelo gore o tla kgatlhiwa ke go itse gore Modimo o batla gore batlhanka ba gagwe ba nne boitshepo. Gape buka eno ya Baebele e ka go tlhotlheletsa go direla Mogodimodimo ka bojotlhe jwa gago, o ipoloka ka metlha o le boitshepo gore o mo galaletse.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Ditlhabelo tse di neng di ntshiwa kafa tlase ga Molao di ne di supela kwa go Jesu Keresete le setlhabelo sa gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Moletlo wa Dikuku Tse di sa Bedisiwang e ne e le tiragalo e e itumedisang thata

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Meletlo ya ngwaga le ngwaga, e e tshwanang le Moletlo wa Diobo, e ne e le ditshono tsa go neela Jehofa ditebogo