Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba Modimo ba Tshwanetse go Rata Bopelonomi

Batho ba Modimo ba Tshwanetse go Rata Bopelonomi

 Batho ba Modimo ba Tshwanetse go Rata Bopelonomi

“Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?”—MIKA 6:8.

1, 2. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go gakgamalela gore Jehofa o lebeletse gore batho ba gagwe ba nne pelonomi? (b) Ke dipotso dife kaga bopelonomi tse re tshwanetseng go di sekaseka?

JEHOFA ke Modimo wa bopelonomi. (Baroma 2:4; 11:22) A bo banyalani ba ntlha, e bong Adame le Efa ba tshwanetse ba bo ba ne ba anaanela seo jang ne! Mo tshimong ya Edene ba ne ba dikologilwe ke popo e e bonalang e e bontshang kafa Modimo a leng pelonomi ka teng mo bathong ba ba neng ba ka itumelela popo eno. Mme Modimo o sa ntse a le pelonomi mo bathong botlhe, tota le mo bathong ba ba boikepo ba ba se nang kanaanelo.

2 E re ka batho ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo, ba na le bokgoni jwa go bontsha dinonofo tsa gagwe. (Genesise 1:26) Ga go gakgamatse go bo Jehofa a lebeletse gore re bontshe bopelonomi. Jaaka fa Mika 6:8 e bolela, batho ba Modimo ba tshwanetse go “rata bopelonomi.” Mme gone, bopelonomi ke eng? Bo amana jang le dinonofo tse dingwe tsa Modimo? E re ka batho ba na le bokgoni jwa go nna pelonomi, ke eng fa lefatshe e le lefelo le le setlhogo le le go seng monate go tshela mo go lone? Ke eng fa rona Bakeresete re tshwanetse go lwela go nna pelonomi fa re dirisana le batho ba bangwe?

Bopelonomi ke Eng?

3. O ne o ka tlhalosa bopelonomi jang?

3 Bopelonomi bo bontshiwa ka go kgatlhegela batho ba bangwe. Bo bontshiwa ka ditiro tse di molemo le mafoko a go bontsha kamego. Go nna pelonomi go kaya go dira ditiro tse di molemo go na le go dira sepe se se sa siamang. Motho yo o pelonomi o botsalano, o bonolo, o kutlwelobotlhoko e bile o pelontle. O na le maikutlo a a molemo a go akanyetsa batho ba bangwe. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana: “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) Ka gone, bopelonomi ke karolo ya seaparo sa tshwantshetso sa Mokeresete mongwe le mongwe wa boammaaruri.

4. Jehofa o ile a etelela pele jang mo go bontsheng batho bopelonomi?

4 Jehofa Modimo o etelela pele mo go bontsheng bopelonomi. Jaaka fa Paulo a ile a bolela, e ne e le fa “bopelonomi le go rata motho ga Mmoloki wa rona, e bong Modimo, go bonadiwa,” fa a ne “a re boloka ka go re tlhatswa mo go neng ga re tshedisa le ka go re dira basha ka moya o o boitshepo.” (Tito 3:4, 5) Modimo o “tlhatswa” Bakeresete ba ba tloditsweng mo mading a ga Jesu, e leng se se bolelang gore o dirisa boleng jwa setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo mo boemong jwa bone. Gape o ba dira basha ka moya o o boitshepo, gore ba nne “popo e ntšha” e le barwa ba Modimo ba ba tloditsweng ka moya. (2 Bakorintha 5:17) Mo godimo ga moo, bopelonomi jwa Modimo le lorato lwa gagwe lo bontshiwa le mo bathong ba “boidiidi jo bogolo,” ba ba ‘tlhatswitseng diaparo tsa bone tse di telele mme ba di sweufatsa mo mading a Kwana.’—Tshenolo 7:9, 14; 1 Johane 2:1, 2.

5. Ke eng fa batho ba ba kaelwang ke moya wa Modimo ba tshwanetse go nna pelonomi?

5 Gape bopelonomi ke lengwe la maungo a moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a gagwe a a dirang. Paulo o ile a re: “Maungo a moya ke lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo. Ga go na molao ope o o kgatlhanong le dilo tse di ntseng jalo.” (Bagalatia 5:22, 23) A seno ga se a tshwanela go dira gore batho ba ba kaelwang ke moya wa  Modimo ba nne pelonomi mo bathong ba bangwe?

Bopelonomi Jwa Mmatota Ga se Go Nna Bokoa

6. Ke leng bopelonomi e leng bokoa, mme ka ntlha yang?

6 Batho bangwe ba tsaya go nna pelonomi e le go nna bokoa. Ba na le maikutlo a gore ka dinako tse dingwe motho o tshwanetse go thatafatsa pelo go se kae kana le e leng go nna makgwakgwa gore batho ba bangwe ba mo itse sentle. Mme gone, go tlhoka motho nonofo e kgolo gore a nne le bopelonomi jwa mmatota le go tila go bontsha bopelonomi jo e seng jone. E re ka bopelonomi jwa mmatota e le karolo ya maungo a moya wa Modimo, e ka se ka ya bo e le boikutlo jo bo bokoa jwa go mpampetsa boitshwaro jo bo sa siamang. Kafa letlhakoreng le lengwe, bopelonomi jo e seng jone ke boikutlo jo bo bokoa jo bo dirang gore motho a rotloetse boitshwaro jo bo sa siamang.

7. (a) Eli o ile a itshupa jang gore o itlhokomolosa dilo? (b) Ke eng fa bagolwane ba tshwanetse go ikela tlhoko gore ba se ka ba bontsha bopelonomi jo e seng jone?

7 Ka sekai, akanya ka Eli, moperesiti yo mogolo wa Iseraele. O ne a itlhokomolosa go otlhaya barwa ba gagwe e bong Hofeni le Finease, ba ba neng ba direla e le baperesiti mo motlaaganeng. E re ka ba ne ba sa kgotsofalele bontlhanngwe jwa setlhabelo jo ba neng ba bo abelwa go ya ka Molao wa Modimo, ba ne ba laela motlhokomedi gore a ba tseele nama e e sa butswang mo bathong ba ba tlang go ntsha setlhabelo pele ga ba kuisa mosi wa mafura a setlhabelo mo sebesong. Gape bomorwa Eli ba ne ba dira boitshwaro jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo le basadi ba ba neng ba direla mo botsenong jwa motlaagana. Le fa go ntse jalo, go na le gore Eli a tlose Hofeni le Finease mo tirong eo, o ne a ba kgalema fela a le bonolo. (1 Samuele 2:12-29) Ga go gakgamatse go bo “lefoko le le tswang kwa go Jehofa le ne le tla sewelo mo metlheng eo”! (1 Samuele 3:1) Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba ineelela go bontsha badirabosula bopelonomi jo e seng jone e leng selo se se ka bayang bomoya jwa phuthego mo kotsing. Bopelonomi jwa boammaaruri ga bo itlhokomolose mafoko le ditiro tse di boikepo tse di kgatlhanong le melao ya Modimo.

8. Jesu o ne a bontsha bopelonomi jwa boammaaruri jang?

8 Motlhomasekao wa rona, e bong Jesu Keresete, ga a ise a ko a nne le molato wa go bontsha bopelonomi jo e seng jone. E ne e le sekao se se molemo sa bopelonomi jwa mmatota. Ka sekai, ‘o ne a tlhomogela batho pelo ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.’ Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ne ba ikutlwa ba gololesegile go atamela Jesu, le e leng go tlisa bana ba bone ba bannye kwa go ene. Akanya fela bopelonomi le kutlwelobotlhoko tse a ileng a di bontsha fa a ne a “tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa.” (Mathaio 9:36; Mareko 10:13-16) Le fa Jesu a ne a le pelonomi, o ne a gagamalela go dira se se siameng fa pele ga Rraagwe wa selegodimo. Le ka motlha Jesu o ne a sa buelele boikepo; o ne a na le bopelokgale jo a bo neilweng ke Modimo jwa go kgala baeteledipele ba bodumedi ba ba boitimokanyo. Jaaka go bonala mo go Mathaio 23:13-26, gangwe le gape o ne a boeletsa mafoko a a reng: “A bo go latlhega lona, bakwadi le Bafarasai, baitimokanyi!”

 Bopelonomi le Dinonofo Tse Dingwe Tsa Bomodimo

9. Bopelonomi bo amana jang le bopelotelele le molemo?

9 Bopelonomi bo amana le dinonofo tse dingwe tse di tlhagisiwang ke moya wa Modimo. Bo beilwe fa gare ga “bopelotelele” le “molemo” mo lenaaneng la maungo a moya. Ee ruri, motho yo o lwelang go nna pelonomi o bontsha nonofo eno ka go nna pelotelele. O nna pelotelele le e leng mo bathong ba ba seng pelonomi. Bopelonomi bo amana le molemo ka gonne gantsi bo bontshiwa ka ditiro tse di molemo tse di solegelang batho ba bangwe molemo. Ka dinako tse dingwe lefoko la Segerika le le dirisiwang mo Baebeleng go ranola “bopelonomi” le ka ranolwa e le “molemo.” Tsela e Bakeresete ba pele ba neng ba bontsha nonofo eno ka yone e ne e gakgamatsa baheitane thata jaana mo go ya ka Tertullian ba neng ba bitsa balatedi bao ba ga Jesu ba re ke ‘batho ba ba laolwang ke bopelonomi.’

10. Bopelonomi le lorato di amana ka tsela efe?

10 Bopelonomi bo amana le lorato. Jesu o ile a bua jaana ka balatedi ba gagwe: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Mme malebana le lorato lono Paulo o ile a re: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi.” (1 Bakorintha 13:4) Bopelonomi gape bo amanngwa le lorato mo lereong le le dirisiwang gantsi mo Dikwalong e leng, “bopelonomi jwa lorato.” Bopelonomi jono ke jo bo ikaegileng ka lorato lo lo ikanyegang. Lediri la Sehebera le le ranolwang e le “bopelonomi jwa lorato” le akaretsa se se fetang kamego e e lorato. Ke bopelonomi jo ka lorato bo ikamanyang le sengwe go fitlha boikaelelo jwa jone ka selo seo bo diragala. Bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa kana lorato lo lo ikanyegang bo bonala ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, bo bonala ka ditsela tse a gololang le go sireletsa batho ka tsone.—Pesalema 6:4; 40:11; 143:12.

11. Modimo o re tlhomamisetsa eng malebana le bopelonomi jwa gagwe jwa lorato?

11 Bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa bo ngokela batho kwa go ene. (Jeremia 31:3) Fa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba batla go gololwa kana ba batla thuso, ba a itse gore o tla ba bontsha bopelonomi jwa lorato, lorato lo lo ikanyegang. A ka se palelwe ke go ba bontsha jone. Ka gone ba ka rapela ba na le tumelo fela jaaka mopesalema yo o ileng a re: “Fa e le nna, ke ikantse bopelonomi jwa gago jwa lorato; a pelo ya me e ipele mo polokong ya gago.” (Pesalema 13:5) E re ka lorato lwa Modimo lo ikanyega, batlhanka ba gagwe ba ka mo ikanya ka botlalo. O ba tlhomamisetsa jaana: “Jehofa ga a kitla a latlha batho ba gagwe, le fa e le go tlogela boswa jwa gagwe.”—Pesalema 94:14.

Ke Eng fa Lefatshe le le Setlhogo Jaana?

12. Puso e e gatelelang e ne ya simologa leng mme jang?

12 Karabo ya potso eno e amana le se se neng sa direga kwa tshimong ya Edene. Ka bonako fela mo tshimologong ya hisitori ya motho, sebopiwa sengwe sa moya se se neng se le bogagapa le boikgogomoso, se ne sa simolola go loga leano la go nna mmusi wa lefatshe. Ka ntlha ya leano leno la gagwe, o ne a nna “mmusi wa lefatshe leno,” yo o setlhogo tota. (Johane 12:31) O ne a bidiwa Satane Diabolo, moganetsi yo mogolo wa Modimo le batho. (Johane 8:44; Tshenolo 12:9) Leano la gagwe la bogagapa la go itlhomela puso e e gaisanang le puso e e molemo ya ga Jehofa le ne la senoga ka bonako fela fa Efa a sena go bopiwa. Ka gone, puso e e boikepo e ne ya simologa fa Adame a sena go tlhopha go gana bopelonomi jwa Modimo gotlhelele, a batla go ipusa kwantle ga go busiwa ke puso ya Modimo. (Genesise 3:1-6) Go na le gore Adame le Efa ba ipuse, tota ba ne ba nna kafa tlase ga tlhotlheletso e e bogagapa le ya boikgogomoso ya ga Diabolo, ba busiwa ke ene.

13-15. (a) Mangwe a matswela a go gana puso e e molemo ya ga Jehofa e ne ya nna afe? (b) Ke eng fa lefatshe leno le le setlhogo jaana?

13 Akanya ka mangwe a matswela a gone. Adame le Efa ba ne ba lelekwa mo karolong ya lefatshe e e neng e le paradaise. Ba ne ba tloga mo tshimong e ntle e e neng e na le letlepu la merogo le maungo a a molemo go ya mo maemong a a boima kwa ntle ga tshimo ya Edene. Modimo o ne a raya Adame a re: “E re ka o reeditse lentswe la mosadi wa gago mme wa ja mo setlhareng se ke neng ka go naya taolo eno malebana le sone, ‘O se ka wa ja mo go sone,’ go hutsegile mmu ka ntlha ya gago. O tla ja maungo a one ka botlhoko malatsi otlhe a botshelo jwa gago. O tla go medisetsa mitlwa le sitlwasitlwane.” Go hutsiwa ga mmu go ne  go bolela gore jaanong go o lema go ne go tla nna boima. Matswela a a neng a nna gone ka ntlha ya go hutsiwa ga mmu, e leng go nna le mitlwa le sitlwasitlwane, a ne a ama ditlogolwana tsa ga Adame thata jaana mo rraagwe Noa, e bong Lameke a ileng a bua ka ‘botlhoko jwa diatla tsa bone jo bo tswang mo mmung o Jehofa a o hutsitseng.’—Genesise 3:17-19; 5:29.

14 Adame le Efa ba ne ba tlelwa le ke matshwenyego mo boemong jwa kagiso. Modimo o ne a raya Efa a re: “Ke tla oketsa botlhoko jwa go ima ga gago fela thata; o tla tshola bana ka ditlhabi tsa pelegi, mme keletso ya gago e tla nna mo monneng wa gago, mme o tla go laola.” Moragonyana Kaine morwa wa leitibolo wa ga Adame le Efa o ne a dira tiro e e setlhogo go gaisa tsotlhe ka go bolaya monnawe e bong Abele.—Genesise 3:16; 4:8.

15 Moaposetoloi Johane o ile a re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Lefatshe gompieno le tletse ka mekgwa e e boikepo e e akaretsang bopelotshetlha le boikgogomoso fela jaaka mmusi wa lone. Ga go gakgamatse go bo le tletse ka ditiro tse di setlhogo! Le fa go ntse jalo ga le kitla le nnela jalo ruri. Jehofa o tla tlhomamisa gore mo Bogosing jwa gagwe go rena bopelonomi le kutlwelobotlhoko go na le gore go rene bosetlhogo.

Mo Bogosing Jwa Modimo go Tla Rena Bopelonomi

16. Ke eng fa puso ya Modimo ka Keresete Jesu e lemotshega ka bopelonomi, mme seno se re pateletsa go dira eng?

16 Jehofa le Kgosi ya Bogosi jwa Gagwe e a e tlhomileng e bong Keresete Jesu ba batla gore babusiwa ba bone ba itsege ka bopelonomi. (Mika 6:8) Jesu Keresete o ne a tlhalosa gore bolaodi jo Rraagwe a mo abetseng jone bo ne bo tla lemotshega ka bopelonomi. (Bahebera 1:3) Seno se lemotshega mo mafokong a ga Jesu a a neng a a dirisa go senola maaka a baeteledipele ba bodumedi, ba ba neng ba imetsa batho ka mekgweleo e e boima. O ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Mathaio 11:28-30) Baeteledipele ba le bantsi, ba bodumedi le ba bangwe, ba imetsa batho ka mekgweleo e e sa feleng ya melao le ditiro tse dintsintsi. Le fa go ntse jalo, dilo tse Jesu a di batlang mo balateding ba gagwe di tsamaelana le dilo tse ba di tlhokang le tse ba ka kgonang go di dira. A jokwe e e lapolosang le e e pelonomi ruri! A seno ga se re tlhotlheletse gore re batle go nna pelonomi jalo mo bathong ba bangwe?—Johane 13:15.

17, 18. Ke eng fa re ka solofela gore batho ba ba tla busang le Keresete kwa legodimong le ba ba tla nnang baemedi ba gagwe mo lefatsheng ba tla dira dilo ka bopelonomi?

17 Mafoko a a maatla a Jesu a neng a a bua le baaposetoloi ba gagwe a gatelela kafa Bogosi Jwa Modimo bo farologanang ka teng le puso ya batho. Baebele ya re: “Go ne ga tsoga gape kganetsano e e gotetseng mo gare ga bone [barutwa] ka ga gore ke ofe wa bone yo o neng a bonala a le mogolo. Mme a ba raya a re: ‘Dikgosi tsa ditšhaba di rena mo go bone, le ba ba nang le taolo mo go bone ba bidiwa  bao ba ba direlang molemo. Le fa go ntse jalo, lona ga lo a tshwanela go nna ka tsela eo. Mme a yo o leng mogolo mo gare ga lona a nne jaaka yo mmotlana, le yo o dirang jaaka kgosi jaaka yo o direlang. Gonne ke ofe yo mogolo, a ke yo o ntseng ka go sekama fa tafoleng kgotsa yo o direlang? A ga se yo o ntseng ka go sekama fa tafoleng? Mme ke mo gare ga lona ke le yo o direlang.’”—Luke 22:24-27.

18 Babusi ba batho ba batla go itira ba bagolo ka go ‘rena’ mo godimo ga batho le ka go batla gore ba bidiwe ka direto tse di ba tlotlomatsang, jaaka e kete direto tseo di ba dira botoka go na le batho ba ba ba busang. Mme Jesu o ile a re motho o nna mogolo ka tsela ya mmatota ka go direla batho ba bangwe—a lwela go ba direla ka tlhoafalo le ka bopelotelele. Botlhe ba ba tlileng go busa le Keresete kwa legodimong kana ba ba tlileng go nna baemedi ba gagwe ba mo lefatsheng ba tshwanetse go lwela go etsa sekao sa gagwe sa boikokobetso le bopelonomi.

19, 20. (a) Jesu o ile a bontsha bogolo jwa bopelonomi jwa ga Jehofa jang? (b) Re ka etsa Jehofa jang mo go nneng pelonomi?

19 A re sekaseke kgakololo e nngwe e e lorato e Jesu a neng a re e naya. Fa Jesu a ne a bontsha bogolo jwa bopelonomi jwa ga Jehofa o ile a re: “Fa lo rata ba ba lo ratang, go na le tlotlo efe mo go lona? Gonne le e leng baleofi ba rata ba ba ba ratang. Mme fa lo dira molemo mo go ba ba lo direlang molemo, tota go na le tlotlo efe mo go lona? Le e leng baleofi ba dira seo. Gape, fa lo adima batho kwantle ga morokotso ba lo solofelang go amogela mo go bone, go na le tlotlo efe mo go lona? Le e leng baleofi ba adima baleofi kwantle ga morokotso gore ba tle ba boelwe ke mo go lekanang. Go na le moo, tswelelang lo rata baba ba lona le go dira molemo le go adima batho kwantle ga morokotso, lo sa solofele go boelwa ke sepe; mme maduo a lona a tla nna magolo, mme lo tla nna bomorwa Mogodimodimo, ka gonne o pelonomi mo go ba ba sa lebogeng le ba ba boikepo. Tswelelang lo le kutlwelobotlhoko, fela jaaka Rraalona a le kutlwelobotlhoko.”—Luke 6:32-36.

20 Bopelonomi jwa Modimo ga bo na bopelotshetlha. Ga bo batle sepe mo mothong e bile ga bo lebelele sepe mo mothong. Jehofa ka bopelonomi o “tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile [o] nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Mathaio  5:43-45; Ditiro 14:16, 17) Re etsa Rraarona wa selegodimo e seng fela ka go tila go dira sepe se se ka utlwisang batho ba ba sa lebogeng botlhoko mme gape le ka go ba direla molemo, tota le ba ba ileng ba itira baba ba rona. Fa re nna pelonomi re a bo re bontsha Jehofa le Jesu gore re batla go busiwa ke Bogosi Jwa Modimo, jo mo go jone batho botlhe ba tla bong ba tshedisana ka bopelonomi le ka dinonofo tse dingwe tsa bomodimo.

Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Pelonomi?

21, 22. Ke eng fa re tshwanetse go bontsha bopelonomi?

21 Mo go rona Bakeresete ba boammaaruri, go nna pelonomi ke selo se se botlhokwa thata. Ke bosupi jwa gore moya wa Modimo o a dira mo go rona. Mo godimo ga moo, fa re bontsha bopelonomi jwa mmatota, re a bo re etsa Jehofa Modimo le Keresete Jesu. Bopelonomi gape ke nonofo e e batlegang mo go ba ba tla busiwang ke Bogosi Jwa Modimo. Ka gone, re tshwanetse go rata bopelonomi le go ithuta go bo bontsha.

22 Ke ditsela dife tse di molemo tse re ka bontshang bopelonomi ka tsone mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi? Re tla sekaseka kgang eo mo setlhogong se se latelang.

O Araba Jang?

• Bopelonomi ke eng?

• Ke eng fa lefatshe e le lefelo le le setlhogo?

• Re itse jang gore bopelonomi bo tla bo bo rena mo pusong ya Modimo?

• Ke eng fa go le botlhokwa gore batho ba ba batlang go busiwa ke Bogosi Jwa Modimo ba nne pelonomi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Bagolwane ba Bakeresete ba lwela go nna pelonomi fa ba dirisana le letsomane

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jehofa a ka se palelwe ke go bontsha batlhanka ba gagwe bopelonomi jwa lorato ka dinako tsa mathata

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Ka bopelonomi Jehofa o tlhabisetsa batho botlhe letsatsi le go ba nesetsa pula