Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

 A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a na le bomonnawe le bokgaitsadie?

Baebele ya rialo mo go Mathaio 13:55, 56 le Mareko 6:3. Lefoko la Segerika (adelphos) le le fitlhelwang foo le dirisiwa go tlhalosa “kamano nngwe ya losika kgotsa ya semolao [mme] le raya fela morwarramotho ka batsadi ba le babedi kgotsa a le mongwe.” (The Catholic Biblical Quarterly, January 1992)—12/15, tsebe 3.

Ntwa e fetogile ka tsela e e ntseng jang, mme gantsi mabaka a konokono a a go bakang ke afe?

Mo dingwageng tsa bosheng jaana, dintwa tse di tlhasetseng batho gantsi e nnile dintwa tsa selegae—dintwa tse di magareng ga ditlhopha tsa baagi ba ba sa utlwaneng ba naga e le nngwe. Seno se bakilwe ke letlhoo la lotso, go sa utlwane mo go tsa bodumedi, go tlhoka tshiamiso le dikhuduego mo go tsa bopolotiki. Lebaka le lengwe ke bopelotshetlha jwa go batla go nna le thata le jwa go batla go nna le madi.—1/1, tsebe 3-4.

Re itse jang gore Jesu o ne a sa batle gore Bakeresete ba boeletse mafoko a thapelo ya sekao ka tlhogo?

Jesu o ne a ntsha sekai seno sa thapelo mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng. Mo e ka nnang dikgwedi di le 18 moragonyana, o ne a boeletsa dintlha tsa konokono tsa thuto ya gagwe ka thapelo. (Mathaio 6:9-13; Luke 11:1-4) Sengwe se re se elang tlhoko ke gore o ne a se ka a boeletsa mafoko a yone fela jaaka a ntse, e leng se se bontshang gore o ne a sa bolele gore thapelo eo e nne thapelo ya sedumedi e e rapelwang ka go boaboelediwa jaaka e kete ke leboko.—2/1, tsebe 8. 

Morago ga Morwalela, leeba le ne la bona kae letlhare la motlhware le le neng la le tlisa mo arakeng?

Ga re itse gore metsi a Morwalela a ne a le letswai go le kana kang kana gore themperetšha ya one e ne e ntse jang. Mme ditlhare tsa motlhware di itsege ka gore di tlhoge gape le fa di sena go rengwa. Ka jalo dingwe tsa tsone di ka nna tsa bo di ile tsa falola metsi a morwalela mme tsa tlhoga matlhare gape morago ga moo.—2/15, tsebe 31.

Ka nako ya ntwa ya selegae kwa Nigeria, fa Biafra e ne e thibeletswe, Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong leo ba ne ba bona jang dijo tsa semoya?

Modiredipuso mongwe o ne a abelwa tiro kwa Yuropa mme yo mongwe o ne a bereka kwa lefelong le le kwa thoko la Biafra le difofane di neng di kgona go ema mo go lone. Ka bobedi jwa bone e ne e le Basupi. Ba ne ba ithaopela go dira tiro e e neng e ka ba tsenya mo kotsing ya go tsenya dijo tsa semoya kwa Biafra, ka go dira jalo ba solegela bakaulengwe ba bone molemo go fitlha ntwa e khutla ka 1970.—3/1, tsebe 27.

Ke eng se se neng sa fitlhelelwa ka Tumalano ya Kwa Westphalia, mme bodumedi bo ne bo na le seabe sefe?

Bolweladiphetogo bo ne jwa kgaoganya Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma gore o nne le madumedi a le mararo—bodumedi jwa Katoliki, jwa Balutere le jwa Ba-Calvin. Boporotesetanta le Lekgotla la Bakatoliki di ne tsa tlhongwa mo tshimologong ya lekgolo la bo17 la dingwaga. Morago ga moo, go ne ga simolola ntwa ya bodumedi kwa Bohemia e e neng ya feleletsa e le ntwa e mo go yone dinaga di lwelang go nna le taolo ya bopolotiki. Babusi ba Bakatoliki le ba Baporotesetanta ba ne ba lwela go nna le taolo ya bopolotiki le dikhumo. La bofelo, go ne ga tshwarwa dipuisano tsa kagiso kwa porofenseng ya Jeremane ya Westphalia. Mo e ka nnang dingwaga tse tlhano moragonyana, go ne ga saeniwa Tumalano ya Kwa Westphalia ka 1648, e e neng ya fedisa Ntwa ya Dingwaga di le Masomeamararo mme ya simolola kontinente ya Yuropa ya segompieno ya dinaga tse di ipusang.—3/15, tsebe 20-3.

Bokao jwa letshwao kgotsa leina la “sebatana sa naga”—palo ya 666—ke eng?

Go buiwa ka letshwao leno mo go Tshenolo 13:16-18. Sebatana se kaya dipuso tsa batho, mme go bo sebatana seno se na le “palo ya motho” go raya gore dipuso di bontsha tsela e batho ba tlhaelang ka yone. Palo ya 6 e tlhakane le 60 e tlhakane gape le 600 e bontsha gore di tlhaela gotlhelele mo matlhong a Modimo. Batho ba ba nang le letshwao leno ba tlotla Puso ya bopolotiki ka tsela ya go e obamela, kgotsa ba tsaya gore e ka ba naya le poloko.—4/1, tsebe 4-7.