Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Gana Moya wa Lefatshe Leno le le Fetofetogang

Gana Moya wa Lefatshe Leno le le Fetofetogang

 Gana Moya wa Lefatshe Leno le le Fetofetogang

“Re ne ra se ka ra amogela moya wa lefatshe, fa e se moya o o tswang kwa Modimong.”—1 BAKORINTHA 2:12.

1. Efa o ne a tsiediwa ka ditsela dife?

“NOGA—e ntsieditse.” (Genesise 3:13) Ka mafoko ao a makhutshwane, mosadi wa ntlha e bong Efa o ne a leka go tlhalosa lebaka la go bo a ile a tsuologela Jehofa Modimo. O ne a bua boammaaruri, le fa gone seo se ne se sa mo neye lebaka le le utlwalang la gore a leofe. Moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “[Efa] o ne a tsiediwa ka botlalo.” (1 Timotheo 2:14) O ne a tsiediwa ka go dirwa gore a dumele gore go tlola molao—go ja leungo le le ileditsweng—go ne go tla mo solegela molemo, go mo dira gore a tshwane le Modimo. O ne a tsiediwa le ka gore a se ka a lemoga gore ke mang yo o neng a mo tsietsa. O ne a sa itse gore tota noga eo e ne e le sedirisiwa fela se Satane Diabolo a neng a se dirisa go bua le ene.—Genesise 3:1-6.

2. (a) Satane o tsietsa batho jang gompieno? (b) “Moya wa lefatshe” ke eng, mme ke dipotso dife tse re tla di sekasekang gone jaanong?

2 Fa e sa le go tloga ka motlha wa ga Adame le Efa, Satane o tsweletse ka go tsietsa batho. Tota e bile, ‘o tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (Tshenolo 12:9) Maano a gagwe ga a fetoga. Le fa gone a sa tlhole a dirisa noga ya mmatota, o sa ntse a dirisa mekgwa e e bofitlha. O dirisa dilo tsa boitlosobodutu, metswedi ya dikgang le mekgwa e mengwe go tsietsa batho gore ba dumele gore ga ba tlhoke kaelo e e lorato ya Modimo kana gore ga e ba thuse ka sepe. Maano a ga Diabolo a go tsietsa batho a dirile gore batho gongwe le gongwe ba nne le moya wa go tsuologela melao le melaometheo ya Baebele. Baebele e bitsa seno e re ke “moya wa lefatshe.” (1 Bakorintha 2:12) Moya ono o na le tlhotlheletso e kgolo mo ditumelong, mo maikutlong le mo boitshwarong jwa batho ba ba sa itseng Modimo. Moya ono o bonala jang, mme ke eng se se ka re thusang go gana tlhotlheletso ya one e e sa siamang? A re bone.

Go Senyega ga Boitsholo

3. Ke eng fa mo motlheng wa gompieno “moya wa lefatshe” o tswelela o iponatsha go ya pele?

3 Mo motlheng wa gompieno, “moya wa lefatshe” o ntse o iponatsha go ya pele. (2 Timotheo 3:1-5) O ka tswa o etse tlhoko gore boitsholo jwa batho bo senyegela pele. Dikwalo di tlhalosa lebaka la seno. Fa Bogosi Jwa Modimo bo sena go tlhongwa  ka ngwaga wa 1914, go ne ga runya ntwa kwa legodimong. Satane le baengele ba gagwe ba badimona ba ne ba fenngwa mme ba latlhelwa mo lefatsheng. Ka ntlha ya go bo Satane a galefile, o okeditse maiteko a gagwe a go tsietsa batho mo lefatsheng lotlhe. (Tshenolo 12:1-9, 12, 17) O leka ka ditsela tsotlhe go “tsietsa, fa go kgonega, le eleng ba ba tlhophilweng.” (Mathaio 24:24) O tlhasela segolobogolo rona batho ba Modimo. O batla go re koafatsa semoyeng gore Jehofa a se ka a tlhola a re amogela le gore re latlhegelwe ke tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.

4. Batlhanka ba ga Jehofa ba leba Baebele jang, mme lefatshe lone le e leba jang?

4 Satane o leka go dira gore batho ba nyatse Baebele, buka e e botlhokwa e e re rutang ka Mmopi wa rona yo o lorato. Batlhanka ba ga Jehofa ba rata Baebele e bile ba e tsaya e le botlhokwa. Re itse gore ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo, e seng la motho. (1 Bathesalonika 2:13; 2 Timotheo 3:16) Le fa go ntse jalo, lefatshe la ga Satane le batla gore re se ka ra e tsaya jalo. Ka sekai, ketapele ya buka nngwe e e nyatsang Baebele ya re: “Ga go na sepe se se ‘boitshepo’ ka Baebele, tota e bile ga se ‘lefoko la Modimo.’ Ga ya kwalwa ke baitshepi ba ba tlhotlheleditsweng ke Modimo, go na le moo, e kwadilwe ke baruti ba ba ratang maemo.” Go motlhofo gore batho ba ba dumelang maiphako a a ntseng jalo ba tsiediwe ke kgopolo ya gore ba gololesegile go obamela Modimo ka tsela epe fela e ba e batlang—kana gore ba ka nna ba se ka ba mo obamela gotlhelele.—Diane 14:12.

5. (a) Mokwadi mongwe o ile a reng ka madumedi a a amanngwang le Baebele? (b) Megopolo mengwe e e anameng ya lefatshe e farologana jang le se Baebele e se buang? (Akaretsa le lebokoso le le mo tsebeng e e latelang.)

5 Go nyatsa Baebele ka tlhamalalo le e seng ka tlhamalalo, le boitimokanyi jo bo dirwang ke batho ba ba reng ba a e dumela, go dirile gore batho ba le bantsi ba nyatse bodumedi, go akaretsa le bodumedi jo bo amanngwang le Baebele. Metswedi ya dikgang le barutegi bangwe ba nyatsa bodumedi. Mokwadi mongwe a re: “Batho ba le bantsi ga ba tlhole ba na le maikutlo a a siameng ka bodumedi jwa Sejuda le jwa Sekeresete. Tota le batho ba ba nang le maikutlo a a botokanyana ka one ba a tsaya e le madumedi a a siilweng ke nako; mme ba bangwe bone ba a tsaya e le a a kgoreletsang motho go gola mo tlhaloganyong le a a kgoreletsang kgatelopele ya saense. Mo dingwageng tsa bosheng jaana maikutlo ano a batho ba nang le one ka madumedi ano a ile a gola go fitlha e nna a go a nyatsa le go a ila ka tlhamalalo.” Gantsi maikutlo ano a go ila madumedi ano a simololwa ke batho ba ba sa dumeleng gore Modimo o gone le ba ba “tlhogo e lolea mo dikakanyong tsa bone.”—Baroma 1:20-22.

6. Lefatshe le leba jang mekgwa ya tlhakanelodikobo e Modimo a leng kgatlhanong le yone?

6 Ka gone, ga go gakgamatse go bo batho ba nnela go katogela kgakala le melao ya Modimo ya boitshwaro. Ka sekai, Baebele e tlhalosa bosodoma e le selo “se se ferosang sebete.” (Baroma 1:26, 27) Gape e bolela gore batho ba ba dirang boaka le kgokafalo ga ba kitla ba rua Bogosi Jwa Modimo. (1 Bakorintha 6:9) Le fa go ntse jalo, mo dinageng di le dintsi ga se fela gore mekgwa e e ntseng jalo ya tlhakanelodikobo e tsewa e amogelega mme gape e a tlotlomadiwa mo dibukeng, mo dimakasineng, mo dipineng, mo dibaesekopong le mo  mananeong a thelebishene. Batho ba ba kgatlhanong le mekgwa e e ntseng jalo ba tsewa e le batho ba ba tlhogoethata, ba ba iponang tshiamo le ba ba sa tlhabologang. Go na le gore batho ba lefatshe ba lebe melao ya Modimo e le tsela e a ba bontshang kamego e e lorato ka yone, ba e tsaya e le dilo tse di kgoreletsang kgololesego le kgotsofalo ya bone.—Diane 17:15; Jude 4.

7. Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go ipotsa tsone?

7 Mo lefatsheng leno le le ntseng le katogela kgakala le Modimo, go ka nna molemo gore re tlhatlhobe maikutlo le maitsholo a rona. Nako le nako re tshwanetse go itshekatsheka ka thapelo le ka tlhoafalo go bona gore a ga re katogele kgakala le melao ya ga Jehofa le tsela ya gagwe ya go akanya. Ka sekai, re ka ipotsa jaana: ‘A ke itlosa bodutu ka dilo tse dingwaga di sekae tse di fetileng ke neng ke di tila? A ke simolotse go amogela mekgwa e Modimo a e ilang? A ke na le tshekamelo ya go se tlhole ke tsaya dilo tsa semoya masisi jaaka pele? A tsela e ke tshelang ka yone e bontsha gore ke baya dilo tsa semoya kwa pele mo botshelong jwa me?’ (Mathaio 6:33) Go itshekatsheka jalo go ka re thusa go tila moya wa lefatshe.

‘Se Katogele go Sele’

8. Go ka tla jang gore motho a katogele kgakala le Jehofa?

8 Moaposetoloi Paulo o ile a kwalela Bakeresete ka ene jaana: “[Go tlhokega] gore re ele tlhoko thata dilo tse re di utlwileng go feta kafa go tlwaelegileng ka teng, gore le ka motlha re se ka ra katogela go sele ka bonya.” (Bahebera 2:1) Sekepe se se katogileng tsela ya sone ga se ke se fitlha kwa se yang gone. Fa molaodi wa sone a itlhokomolosa phefo le makhubu, sekepe sa gagwe se ka nna sa kgokgoetsegela kgakala le boemakepe mme sa ya go wela mo lotshitshing lo lo sa sireletsegang lo lo tletseng matlapa. Le rona fa re itlhokomolosa dithuto tse di botlhokwa tsa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, go ka nna motlhofo gore re katogele kgakala le Jehofa mme ra senyegelwa ke tumelo fela jaaka go thubegelwa ke sekepe. Go nna mo seemong se se ntseng jalo go ka nna ga se ka ga akaretsa go latlha boammaaruri gotlhelele. Tota e bile, ga se batho ba le bantsi ba ba latlhang Jehofa ka tshoganyetso le ka boomo. Gantsi ba katoga Modimo ka bonya ka bonya ka go inaakanya le sengwe se se dirang gore ba tlhokomologe Lefoko la gagwe. Ba katogela mo go direng boleo ba sa lemoge. Jaaka molaodi wa sekepe yo o otselang, batho ba ba ntseng jalo ba nna ba otsela go fitlha go setse go le thari.

9. Jehofa o ne a segofatsa Solomone ka ditsela dife?

9 Akanya ka botshelo jwa ga Solomone. Jehofa o ne a mo tlhoma go nna kgosi ya Iseraele. Modimo o ne a letla gore Solomone a age tempele le go mo laela gore a kwale dikarolo dingwe tsa Baebele. Jehofa o ne a bua le ene ka makgetlo a mabedi le go mo abela khumo, tumo le puso e e renang kagiso. Mo godimo ga tseno tsotlhe, Jehofa o ne a segofatsa Solomone ka botlhale jo bogolo. Baebele ya re: “Modimo a tswelela a naya Solomone botlhale le tlhaloganyo ka selekanyo se segolo thata le pelo e e bulegileng, jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle. Mme botlhale jwa ga Solomone bo ne bo le bogolo go gaisa botlhale jwa botlhe ba Botlhaba le go gaisa botlhale jotlhe jwa Egepeto.” (1 Dikgosi 4:21, 29, 30; 11:9) Tota Solomone o ne a na le mabaka a a utlwalang a gore a tswelele a  ikanyega mo Modimong. Le fa go ntse jalo, o ne a katogela kgakala a nna motlhanogi. Go ne ga tla jang?

10. Ke kaelo efe e Solomone a neng a palelwa ke go e ikobela mme go ne ga felela ka eng?

10 Solomone o ne a itse Molao wa Modimo e bile a o tlhaloganya ka botlalo. Ga go pelaelo gore o tshwanetse a bo a ne a kgatlhegela thata ditaelo tse di neng di beetswe dikgosi kwa Iseraele. Nngwe ya ditaelo tseo ke e e neng e re: “[Kgosi] a se ka a ikokeletsa basadi, gore pelo ya gagwe e se ka ya fapoga.” (Duteronome 17:14, 17) Le mororo Solomone a ne a itse taelo eno e e tlhamaletseng, o ne a itseela basadi ba le makgolo a supa, le bagadingwana ba le makgolo a mararo. Bontsi jwa basadi bano ba ne ba obamela medimo e sele. Ga re itse gore ke eng fa Solomone a ile a nyala basadi ba bantsi jaana le gore o ne a tle a buelele kgato eo ya gagwe ka mabaka afe. Se re se itseng ke gore o ne a palelwa ke go ikobela kaelo e e tlhamaletseng ya Modimo. Matswela a seo a ne a nna fela jaaka Jehofa a ne a boletse. Re bala jaana: “Basadi ba [ga Solomone] ba faposa pelo ya gagwe ka iketlo.” (1 Dikgosi 11:3, 4) Botlhale jwa gagwe jwa bomodimo bo ne jwa fokotsega ka iketlo. O ne a katogela kgakala. Fa nako e ntse e ya, keletso ya ga Solomone ya go batla go ikobela Modimo le go mo itumedisa e ne ya fekeediwa ke ya go batla go itumedisa basadi ba gagwe ba baheitane. A bo seo se swabisa jang ne ka gonne ke Solomone yo o neng a kwala mafoko ano pelenyana ga foo: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”—Diane 27:11.

Moya wa Lefatshe o Maatla

11. Dilo tse re di tsenyang mo megopolong wa rona di ama jang tsela ya rona ya go akanya?

11 Sekai sa ga Solomone se re ruta gore go kotsi go akanya gore re ka se ka ra amiwa ke tlhotlheletso ya lefatshe le tsela ya lone ya go akanya fela ka go bo re itse boammaaruri. Fela jaaka dijo tsa mmatota di ama mmele, dilo tse re di tsenyang mo megopolong ya rona le tsone di ama tlhaloganyo ya rona. Dilo tse re tlatsang mogopolo wa rona ka tsone di tlhotlheletsa tsela ya rona ya go akanya le maikutlo a rona. Ka go bo dikgwebo di lemoga seno, di dirisa dimilionemilione tsa diranta ngwaga le ngwaga go bapatsa dilwana tsa tsone. Babapatsi ba ba atlegileng ba dirisa mafoko a a botlhale le ditshwantsho go tlhotlheletsa maikutlo le dikeletso tsa bareki. Gape babapatsi ba a itse gore fa motho a bona sengwe se bapatswa gangwe fela kana gabedi seo se ka se mo tlhotlheletse go itlhaganelela go se reka. Le fa go ntse jalo, fa se ntse se boaboelediwa gangwe le gape gantsi seo se dira gore bareki ba se rate. Papatso e a atlega—fa go ka bo go se jalo go ne go se kitla go nna le ope yo o dirisang madi a gagwe mo go yone. E tlhotlheletsa thata tsela ya batho ya go akanya le maikutlo a bone.

12. (a) Satane o tlhotlheletsa jang tsela e batho ba akanyang ka yone? (b) Ke eng se se bontshang gore Bakeresete le bone ba ka amiwa ke seno?

12 Fela jaaka motho yo o bapatsang, Satane o rotloetsa megopolo ya gagwe ka go dira gore e lebege e kgatlha, a itse gore fa nako e ntse e ya a ka gapa maikutlo a batho gore ba latele tsela ya gagwe ya go akanya. Satane o dirisa dilo tsa boitlosobodutu le mekgwa e mengwe go tsietsa batho gore ba dumele gore molemo ke bosula le gore bosula ke molemo. (Isaia 5:20) Tota le Bakeresete bangwe ba boammaaruri ba ile ba itetla go tsiediwa ke maano a ga Satane. Baebele e tlhagisa jaana: “Polelo e e tlhotlheleditsweng e bolela ka tlhomamo gore  mo dipakeng tsa moragonyana tsa nako bangwe ba tla wa mo tumelong, ba tlhokomela dipolelo tse di tlhotlheleditsweng tse di tsietsang le dithuto tsa madimona, ka boitimokanyo jwa batho ba ba buang maaka, ba ba tshwailweng mo digakoloding tsa bone jaaka e kete ka tshipi e e babolang.”—1 Timotheo 4:1, 2; Jeremia 6:15.

13. Go itlwaelanya le ba ba bosula go akaretsa eng, mme batho ba re itlwaelanyang le bone ba ka re ama jang?

13 Rotlhe re ka amiwa ke moya wa lefatshe. Tlhotlheletso ya tsamaiso ya ga Satane e maatla. Baebele e re gakolola jaana ka botlhale: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Go itlwaelanya le ba ba bosula go ka akaretsa sengwe le sengwe kana mongwe le mongwe—tota le mo phuthegong—yo o bontshang go nna le moya wa lefatshe. Fa re na le kgopolo ya gore go itlwaelanya le batho ba ba bosula go ka se ka ga re utlwisa botlhoko, gape re tla tshwanelwa ke go dumela gore go itlwaelanya le batho ba ba molemo go ka se ka ga re thusa. A bo re ne re ka bo re le phoso jang ne! Baebele e tlhalosa dilo sentle fa e re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.

14. Re ka fenya moya wa lefatshe ka ditsela dife?

14 Gore re fenye moya wa lefatshe, re tshwanetse go itlwaelanya le batho ba ba botlhale—batho ba ba direlang Jehofa. Re tshwanetse go tlatsa megopolo ya rona ka dilo tse di agang tumelo. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.” (Bafilipi 4:8) E re ka re na le tshwanelo ya go itlhophela, re ka kgona go itlhophela dilo tse re batlang go akanya ka tsone. E kete ka metlha re ka tlhopha dilo tse di tla re thusang go atamalana le Jehofa.

Moya wa Modimo o Maatla le e Leng go Feta

15. Bakeresete ba motse wa bogologolo wa Korintha ba ne ba farologane jang le baagi ba bangwe ba motse oo?

15 Go farologana le batho ba ba tsiediwang ke moya wa lefatshe, Bakeresete ba boammaaruri bone ba kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo. Paulo o ne a kwalela phuthego ya Korintha jaana: “Re ne ra se ka ra amogela moya wa lefatshe, fa e se moya o o tswang kwa Modimong, gore re itse dilo tse Modimo a di re neileng ka bopelonomi.” (1 Bakorintha 2:12) Korintha wa bogologolo e ne e le motse o o neng o tletse ka moya wa lefatshe. Bontsi jwa baagi ba teng ba ne ba tshela botshelo jwa boitlhapediso thata jaana mo go neng ga tlhamiwa lereo le le reng “go nna Mokorintha” le le kayang “go tshela botshelo jwa boitshwaro jo bo maswe.” Satane o ne a foufaditse megopolo ya batho. Seno se ne sa dira gore ba itse go le gonnye fela kana ba se itse sepe ka Modimo wa boammaaruri. (2 Bakorintha 4:4) Le fa go ntse jalo, Jehofa ka thuso ya moya wa gagwe o o boitshepo, o ne a bula matlho a Bakorintha bangwe, a ba thusa gore ba kgone go nna le kitso ya boammaaruri. Moya wa gagwe o ne wa ba tlhotlheletsa le go ba kaela gore ba dire diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa bone e le gore a ka ba amogela le go ba segofatsa. (1 Bakorintha 6:9-11) Le fa moya wa lefatshe o ne o le maatla, moya wa ga Jehofa one o ne o le maatla le e leng go feta.

16. Ke eng se se ka re thusang go nna le moya wa Modimo le go ipoloka re na le one?

16 Go ntse jalo le gompieno. Moya o o boitshepo wa ga Jehofa ke maatla a magolo go feta otlhe mo lobopong, mme o o abela botlhe ba ba o kopang ka tumelo a gololesegile e bile a sa ikgogone. (Luke 11:13) Le fa go ntse jalo, go nna le moya wa Modimo ga go re tlhoke fela gore re gane moya wa lefatshe. Go re tlhoka le gore re ithute Lefoko la  Modimo ka metlha le go le dirisa mo botshelong jwa rona gore moya wa rona—tsela ya rona ya go akanya—e tsamaisane le tsela ya gagwe ya go akanya. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re nonotsha gore re kgone go fenya maano ape fela a Satane a ka a dirisang go re koafatsa semoyeng.

17. Se se diragaletseng Lote se ka re gomotsa ka ditsela dife?

17 Le fa Bakeresete ba se karolo ya lefatshe, ba nna mo go lone. (Johane 17:11, 16) Ga go ope wa rona yo o ka tilang moya wa lefatshe gotlhelele ka gonne re tshwanelwa ke go bereka kana le e leng go tshela le batho ba ba sa rateng Modimo le ditsela tsa gagwe. A re ikutlwa ka tsela e Lote a neng a ikutlwa ka yone, “yo o neng a tshwenyegile thata,” le e leng go tlhokofadiwa ke ditiro tse di maswe tsa batho ba Sodoma ba a neng a tshela le bone? (2 Petere 2:7, 8) Fa go le jalo, re ka nametsega. Jehofa o ne a sireletsa Lote le go mo golola, mme a ka dira jalo le ka rona. Rraarona yo o lorato o bona maemo a rona e bile wa a itse, mme a ka re naya thuso le nonofo e re e tlhokang gore re nne re nonofile semoyeng. (Pesalema 33:18, 19) Fa re ikaega ka ene, re mo ikanya, le go ikuela kwa go ene, o tla re thusa go fenya moya wa lefatshe le fa maemo a rona a ka tswa a le boima go le kana kang.—Isaia 41:10.

18. Ke eng fa re tshwanetse go anaanela kamano e re nang le yone le Jehofa?

18 Mo lefatsheng leno le le tlhoboganeng le Modimo le le tsieditsweng ke Satane, rona batho ba ga Jehofa re segofaditswe ka go itse boammaaruri. Ka gone re na le boipelo le kagiso tse lefatshe le se nang tsone. (Isaia 57:20, 21; Bagalatia 5:22) Re anaanela tsholofelo e e itumedisang ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng, koo go se kitlang go tlhola go nna le moya wa lefatshe leno le le nyelelang. Ka gone, a re anaaneleng kamano e e molemo e re nang le yone le Modimo mme re nne re ntshitse matlho dinameng go baakanya tshekamelo epe fela ya go katogela kgakala ka tsela ya semoya. A re atamalaneng thata le Jehofa mme o tla re thusa go fenya moya wa lefatshe.—Jakobe 4:7, 8.

A o Ka Tlhalosa?

• Satane o tsieditse batho le go ba timetsa ka ditsela dife?

• Re ka tila jang go katogela kgakala le Jehofa?

• Ke eng se se bontshang gore moya wa lefatshe o maatla?

• Re ka dira eng gore re nne le moya wa Modimo le go ipoloka re na le one?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Tšhate mo go tsebe 11]

BOTLHALE JWA LEFATSHE FA BO BAPISIWA LE BOTLHALE JWA MODIMO

Ga go na boammaaruri jo bo feletseng—batho ba itlhamela boammaaruri.

“Lefoko [la Modimo] ke boammaaruri.”—Johane 17:17.

Gore o itse se se siameng kana se se sa siamang, ikaege ka maikutlo a gago.

“Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.”—Jeremia 17:9.

Dira se o se batlang.

“Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.

Khumo ke selotlolo sa boitumelo.

“Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.”—1 Timotheo 6:10.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Solomone o ne a katoga kobamelo ya boammaaruri mme a retologela kwa medimong ya maaka

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Fela jaaka motho yo o bapatsang, Satane le ene o rotloetsa moya wa lefatshe. A wa o gana?