Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ekesodo

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ekesodo

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ekesodo

ENO ke kgang e e boammaaruri kaga go gololwa ga batho ba ba neng ba dirilwe “batlhanka ba ba patikwang.” (Ekesodo 1:13) Gape ke pego e e kgatlhang ya go tsalwa ga setšhaba sengwe. Dilo dingwe tse go begiwang ka tsone ke dikgakgamatso tse di jesang kgakge, thulaganyo ya maemo a a kwa godimo ya puso le go agiwa ga motlaagana. Ka bokhutshwane fela, tseno ke dilo tse buka ya Baebele ya Ekesodo e buang ka tsone.

Buka ya Ekesodo, e e kwadilweng ke moporofeti wa Mohebera e bong Moshe, e bua ka dilo tse di ileng tsa diragalela Baiseraele go ralala dingwaga di le 145—go tloga ka loso lwa ga Josefa ka 1657 B.C.E. go fitlha ka nako ya fa motlaagana o fetsa go agiwa ka 1512 B.C.E. Le fa go ntse jalo, pego eno ga se hisitori e e kgatlhang fela. Ke karolo ya lefoko, kana molaetsa o Modimo a o fileng batho. Ka jalo, le a “tshela e bile le naya maatla.” (Bahebera 4:12) Ka ntlha ya seno, Ekesodo e na le bokao jwa mmatota mo go rona.

“MODIMO A UTLWA GO FEGELWA GA BONE”

(Ekesodo 1:1–4:31)

Ditlogolwana tsa ga Jakobe di oketsega ka bofefo jaana mo e leng gore kgosi e ntsha taelo ya gore ba bogisiwe ka go dirwa batlhanka. Faro o ntsha le taelo ya gore masea otlhe a basimane a Baiseraele a bolawe. Mongwe yo o neng a se ka a bolawa ke lesea le le bidiwang Moshe, yo o nang le dikgwedi tse tharo, yo morwadie Faro a neng a mo ikgodisetsa. Le fa Moshe a godisiwa mo ntlong ya segosi, fa a na le dingwaga tse 40, o ema le batho ba gaabo a bo a bolaya Moegepeto. (Ditiro 7:23, 24) O patelesega go tshabela kwa Midiana. Fa a le koo o a nyala a bo a tshela e le modisa. Gaufi le setlhatsana se se tukang, Jehofa o laela Moshe go boela kwa Egepeto go ntsha Baiseraele mo botshwarweng. Morwarraagwe e bong Arone, o tlhomiwa go nna mmueledi wa gagwe.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

3:1—Jethero e ne e le moperesiti wa mofuta ofe? Mo dinakong tsa ditlhogo tsa ditso, ditlhogo tsa malapa di ne di direla e le baperesiti ba malapa a bone. Go bonala Jethero e ne e le tlhogo ya lotso lwa Bamidiana. E re ka Bamidiana e ne e le ditlogolwana tsa ga Aborahame ka Ketura, gongwe ba ne ba tlwaelane le kobamelo ya ga Jehofa.—Genesise 25:1, 2.

4:11—Jehofa o ‘tlhoma yo o sa kgoneng go bua kgotsa yo o susu kgotsa sefofu’ ka tsela e e ntseng jang? Le fa gone ka dinako dingwe Jehofa a ile a dira gore batho bangwe ba foufale le go dira gore ba se ka ba kgona go bua, ga se ka metlha e leng ene a bakang dilo tseno. (Genesise 19:11; Luke 1:20-22, 62-64) Dilo tseno di diragala ka ntlha ya bosaitekanelang jo re bo ruileng. (Jobe 14:4; Baroma 5:12) Le fa go ntse jalo, e re ka Modimo a letleletse dilo tseno go nna gone, o ne a ka kgona go bua a re o ‘tlhoma’ ba ba sa kgoneng go bua kgotsa ba ba susu le ba ba difofu.

4:16—Moshe o ne a “tla nna Modimo” ka tsela e e ntseng jang mo go Arone? Moshe e ne e le moemedi wa Modimo. Ka jalo, Moshe o ne a “nna Modimo” mo go Arone, yo e neng e le mmueledi wa ga Moshe.

Se re Ithutang Sone:

1:7, 14. Jehofa o ne a tlhokometse batho ba gagwe fa ba ne ba gateletswe kwa Egepeto. O tlhokomela  Basupi ba gagwe ba motlha wa segompieno ka tsela e e tshwanang, tota le fa ba lebane le pogiso e e setlhogo.

1:17-21. Jehofa o re gakologelwa “ka tsela e e molemo.”—Nehemia 13:31.

3:7-10. Jehofa o utlwa dilelo tsa batho ba gagwe.

3:14. Jehofa o diragatsa maikaelelo a gagwe ka boikanyegi. Ka jalo re ka tlhomamisega gore o tla diragatsa ditsholofelo tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng.

4:10, 13. Moshe o ne a nyatsa bokgoni jwa gagwe jwa go bua mo e leng gore le fa Modimo a ne a mo solofetsa gore o tla mo ema nokeng, o ne a kopa Modimo gore a romele mongwe o sele go ya go bua le Faro. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa Moshe mme a mo naya botlhale le nonofo tse a neng a di tlhoka go diragatsa thomo ya gagwe. Go na le gore re tlhome mogopolo mo dilong tse re tlhaelang mo go tsone, e kete re ka ikaega ka Jehofa mme re diragatse thomo ya rona ya go rera le ya go ruta ka boikanyegi.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

DIKGAKGAMATSO TSE DI JESANG KGAKGE DI A GOLOLA

(Ekesodo 5:1–15:21)

Moshe le Arone ba bonala fa pele ga Faro ba mo kopa gore Baiseraele ba letlwe go direla Jehofa mokete kwa nageng. Mmusi yono wa Moegepeto o gana ka lonyatso. Jehofa o dirisa Moshe go tlisa dipetso tse di maatla ka go latelana. Faro o tlogela Baiseraele fela morago ga petso ya bolesome. Le fa go ntse jalo, ka bonako fela morago ga moo ene le masole a gagwe ba a ba lelekisa. Mme Jehofa o bula tsela ya phalolo mo Lewatleng le Lehibidu a bo a boloka batho ba gagwe. Baegepeto ba ba ba setseng morago ba a nwela fa lewatle le ba tswalela.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

6:3—Leina la Modimo le ne la se ka la itsisiwe Aborahame, Isaia le Jakobe jang? Ditlhogo tseno tsa ditso di ne di dirisa leina la Modimo e bile ba ne ba amogela ditsholofetso mo go Jehofa. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa itse Jehofa e le ene yo o dirang gore ditsholofetso tseno di diragale.—Genesise 12:1, 2; 15:7, 13-16; 26:24; 28:10-15.

7:1—Moshe o ne a ‘dirwa Modimo mo go Faro’ ka tsela efe? Moshe o ne a newa maatla le taolo ya bomodimo mo godimo ga Faro. Ka jalo, o ne a se na lebaka la go boifa kgosi eo.

7:22—Baperesiti ba Baegepeto ba ne ba bona kae metsi a a neng a sa fetolwa madi? Ba ka tswa ba ne ba dirisa metsi a a neng a tserwe mo Nokeng ya Nile pele ga petso eno e simolola. Gape go ka direga gore metsi a a neng a sa fetoga madi a ne a tserwe mo didibeng tse di neng di epilwe mo mmung o o bongola gaufi le Noka ya Nile.—Ekesodo 7:24.

8:26, 27—Ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a re ditlhabelo tse Baiseraele ba neng ba tla di ntsha e ne e tla nna “selo se se makgapha mo Baegepetong”? Go ne go obamelwa diphologolo di le dintsi tse di farologaneng kwa Egepeto. Ka gone go umaka ditlhabelo go ne go gatelela lebaka la go bo Moshe a ne a batla gore Baiseraele ba letlelelwe go tsamaya go ya go ntshetsa Jehofa ditlhabelo.

12:29—Ke bomang ba ba neng ba tsewa e le maitibolo? Maitibolo a ne a akaretsa banna fela. (Dipalo 3:40-51) Faro, yo le ene e neng e le leitibolo, ga a ka bolawa. O ne a na le lelapa la gagwe.  Leitibolo la lelapa, mme e seng tlhogo ya lelapa, ke lone le le neng la bolawa ke petso ya bolesome.

12:40—Baiseraele ba ne ba na le nako e kae mo lefatsheng la Egepeto? Dingwaga tse 430 tse di umakwang fano di akaretsa nako e bomorwa Iseraele ba neng ba nna “kwa Egepeto le kwa Kanana” ka yone. (Ntlhanyana e e kwa tlase go Reference Bible) Aborahame wa dingwaga tse 75 o ne a kgabaganya Lewatle la Euferatese ka 1943 B.C.E. a le mo tseleng go ya kwa Kanana. (Genesise 12:4) Go tloga ka nako eo go fitlha ka nako ya fa Jakobe wa dingwaga tse 130 a tsena kwa Egepeto e ne e le dingwaga tse 215. (Genesise 21:5; 25:26; 47:9) Seno se raya gore morago ga moo Baiseraele ba ne ba fetsa palo e e tshwanang ya dingwaga tse 215 kwa Egepeto.

15:8—A metsi a a ‘gatseditsweng’ a Lewatle le Lehibidu tota a ne a sule dikgapetla? Lediri la Sehebera le le ranotsweng ka go re ‘gatsela’ le raya go nna komota. Mo go Jobe 10:10, lefoko leno le dirisiwa malebana le go remisa mashi. Ka jalo, metsi a a neng a gatseditswe ga a reye gore tota metsi a ne a sule dikgapetla. Fa e le gore “phefo e e maatla ya botlhaba” e go buiwang ka yone mo go Ekesodo 14:21 e ne e le tsididi mo go lekaneng go gatsetsa metsi ao, ga go pelaelo gore go ne go ka bo go builwe ka serame seo se segolo. E re ka go ne go sa bonwe sepe se se tshwereng metsi, go ne go bonala e kete a gatseditswe kana a dirilwe komota.

Se re Ithutang Sone:

7:14–12:30. Dipetso di le Lesome e ne e se dilo tse di neng di direga fela ka kotsi. Di ne di boleletswe pele mme di ne tsa direga fela jaaka go ne go boletswe. A bo di bontsha sentle kafa Mmopi a kgonang go laola metsi, marang a letsatsi, ditshenekegi, diphologolo le batho ka gone! Gape dipetso tseo di bontsha gore Modimo a ka tlisa masetlapelo mo babeng ba gagwe fa ka nako e e tshwanang a sireletsa baobamedi ba gagwe.

11:2; 12:36. Jehofa o segofatsa batho ba gagwe. Go bonala a ne a tlhomamisa gore Baiseraele ba duelelwa tiro e e thata e ba neng ba e dirile kwa Egepeto. Ba ne ba tsena mo lefatsheng leo e le batho ba ba gololesegileng, e seng batshwarwa ba ntwa ba ba dirilweng batlhanka.

14:30. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla boloka baobamedi ba gagwe mo “pitlaganong e kgolo” e e tlang.—Mathaio 24:20-22; Tshenolo 7:9, 14.

JEHOFA O RULAGANYA SETŠHABA SE SE BUSIWANG KE ENE

(Ekesodo 15:22–40:38)

Mo kgweding ya boraro fa Baiseraele ba sena go gololwa kwa Egepeto, ba ne ba tlhomelela mo Thabeng ya Sinai. Fa ba le koo ba ne ba amogela Melao e e Lesome le ditaelo tse dingwe, ba dira kgolagano le Jehofa, mme ba nna setšhaba se se busiwang ke Modimo. Moshe o fetsa malatsi a le 40 kwa thabeng, a amogela ditaelo malebana le kobamelo ya boammaaruri le go agiwa ga motlaagana wa ga Jehofa, e leng tempele e nnye. Fa a ntse a le koo, Baiseraele ba dira le go obamela namane ya gouta. Moshe o bona seno fa a fologa mo thabeng, mme o a shakgala a bo a phuaganya matlapana a mabedi a Modimo a neng a mo neile one. Fa badirabosula ba sena go otlhaiwa ka tsela e e tshwanelang, Moshe o tlhatloga thaba  gape go amogela matlapana a mangwe. Fa Moshe a boa, go simololwa go agiwa motlaagana. Morago ga ngwaga wa ntlha wa go gololwa ga Baiseraele, motlaagana ono o montle le mekgabiso yotlhe ya yone e a wediwa le go tlhongwa. Morago ga moo Jehofa o tlatsa motlaagana ka kgalalelo ya gagwe.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

20:5—Jehofa o ‘tlisa kotlhao ya tlolo ya borraabone’ jang mo dikokomaneng tsa isagwe? Fa motho a setse a godile, mongwe le mongwe o atlholwa go ya ka boitshwaro jwa gagwe le mekgwa ya gagwe. Mme fa Baiseraele ba simolola go obamela medingwana, ba ne ba utlwa ditlamorago tsa gone go ralala dikokomana di le dintsi morago ga bone. Tota le e leng Baiseraele ba ba ikanyegang ba ne ba utlwa ditlamorago tsa go sa utlwe melao ya Modimo ka gonne go ne go ba ketefaletsa go nna ba ikanyega.

23:19; 34:26—Bokao jwa taelo ya go sa apeye potsane mo mashing a mmaayone e ne e le bofe? Go begiwa gore go apaya potsane (ngwana wa podi kana phologolo epe e nngwe) mo mashing a mmaayone e ne e le ngwao ya boheitane e go neng go akanngwa gore e tla tlisa pula. Mo godimo ga moo, e re ka mashi a mmaayone a fepa potsane eno, go apaya potsane mo go one e ne e tla nna bosetlhogo. Molao ono o ne o thusa go bontsha batho ba Modimo gore ba nne kutlwelobotlhoko.

23:20-23—Moengele yo go buiwang ka ene fano ke mang, mme ke jang leina la ga Jehofa le neng le le “mo teng ga gagwe”? Go ka direga gore moengele yono e ne e le Jesu pele e nna motho. O ne a dirisiwa go kaela Baiseraele fa ba le mo tseleng go ya Nageng e e Solofeditsweng. (1 Bakorintha 10:1-4) Leina la ga Jehofa le “mo teng ga gagwe’ ka tlhaloganyo ya gore Jesu ke ene yo o kwa pele go galaletsa le go itshepisa leina la ga Rraagwe.

32:1-8, 25-35—Ke ka ntlha yang fa Arone a ne a se ka a otlhaiwa ka ntlha ya go dira namane ya gouta? Arone o ne a sa dumalane le go obamela medingwana. Moragonyana, go bonala a ile a ema le Balefi ba bangwe go tsaya letlhakore la ga Jehofa le go ema kgatlhanong le batho ba ba neng ba ganetsa Moshe. Fa badiraphoso ba sena go bolawa, Moshe o ne a gakolola batho gore ba ne ba dirile boleo jo bogolo, gore ba bangwe, mmogo le Arone ba ne ba amogetse bopelotlhomogi jwa ga Jehofa.

33:11, 20—Modimo o ne a bua jang le Moshe ba “lebane difatlhego”? Polelo eno e kaya motlotlo o o tshwarwang ke batho ba le babedi. Moshe o ne a bua le moemedi wa Modimo mme a newa ditaelo ka molomo go tswa go Jehofa ka moemedi yono. Mme Moshe ga a ka a bona Jehofa, ka gonne ‘ga go na ope yo o ka bonang Modimo a bo a sala a tshela.’ E bile, Jehofa ka boene ga a ka a bua le Moshe. Bagalatia 3:19 e bolela gore Molao “o ne wa fetisiwa ka baengele ka seatla sa motsereganyi.”

Se re Ithutang Sone:

15:25; 16:12. Jehofa o tlhokomela batho ba gagwe sentle.

18:21. Banna ba ba tlhophilweng go rwala maikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete le bone ba tshwanetse go nna le bokgoni, ba boifa Modimo, ba ikanyega e bile ba se pelotshetlha.

20:1–23:33. Jehofa ke Moneimolao yo mogolo. Fa Baiseraele ba ne ba ikobela melao ya gagwe, ba ne ba kgona go mo obamela ka tsela e e rulagantsweng sentle le e e itumedisang. Jehofa o na le phuthego e e busiwang ke ene gompieno. Go dirisana mmogo le yone go tla dira gore re itumele e bile re sireletsege.

Bokao jo bo Botlhokwa mo go Rona

Buka ya Ekesodo e senola eng ka Jehofa? E mo tlhalosa e le Monei yo o lorato, Mmoloki yo o ka se bapisiweng le ope, le Modiragatsi wa ditsholofetso tsa gagwe. Ke Modimo yo o rulaganyang batho ba gagwe tlase ga puso ya gagwe.

Ga go pelaelo gore fa o ntse o dira mmalo wa gago wa Baebele wa beke le beke wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, o tla amiwa thata ke se o ithutang sone mo bukeng ya Ekesodo. Fa o akanya ka se se tlhalosiwang mo setlhogong se se reng “Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo,” o tla kgona go tlhaloganya ditemana tsa Dikwalo botoka. Se se tlhalosiwang mo setlhogong se se reng “Se re Ithutang Sone,” se tla go bontsha kafa o ka solegelwang molemo ke mmalo wa Baebele wa beke ke beke ka gone.

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Jehofa o ne a laela monna yo o ikokobeditseng e bong Moshe go ntsha Baiseraele mo bokgobeng

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Dipetso di le Lesome di ne di bontsha kafa Mmopi a kgonang go laola metsi, letsatsi, ditshenekegi, diphologolo le batho ka teng

[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]

Ka Moshe, Jehofa o rulaganya Baiseraele go nna setšhaba se se busiwang ke Ene