Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Nonotshiwa ke go Kgotsofalela se Modimo a Neng a Ntlamela ka Sone

Ke ne Ka Nonotshiwa ke go Kgotsofalela se Modimo a Neng a Ntlamela ka Sone

 Kgang ya Botshelo

Ke ne Ka Nonotshiwa ke go Kgotsofalela se Modimo a Neng a Ntlamela ka Sone

JAAKA GO BOLETSE BENJAMIN IKECHUKWU OSUEKE

Ka bonakonyana fela morago ga gore ke nne le seabe ka botlalo mo bodireding jwa Bokeresete, ke ne ka etela lelapa la gaetsho. Fa rre a mpona, o ne a mphamola ka dihempe mme a simolola go goela kwa godimo a ntse a re “Legodu!” O ne a tsaya sabole ya gagwe mme a mpetsa ka karolo e e sephara ya yone. Fa baagi ba motse ba utlwa modumo o mogolo ono, ba ne ba kokoana kwa legaeng la rona. Ke ne ke utswile eng? Mma ke tlhalose.

KE BELEGWE ka 1930 kwa motseng wa Umuariam, kwa borwabophirima jwa Nigeria, mme ke ne ke le leitibolo la bana ba le supa. Kgaitsadiake yo mogolo mo basetsaneng o ne a tlhokafala a le dingwaga di le 13. Batsadi ba me ba ne ba tsena kereke ya Anglican. Rre e ne le molemirui mme Mmè o ne a na le kgwebonyana. O ne a tsamaya sekgala sa dikilometara di le 30 go tswa mo motseng wa gaetsho go ya kwa mmarakeng a ya go reka moteme wa oli ya setlhare sa mokolane mme a bo a boa maitseboa. O ne a tsoga mo mosong thata letsatsi le le latelang a bo a tsamaya dikilometara tse di ka nnang 40 a ya go rekisa oli eno kwa seteisheneng sa terena. Fa a kgonne go dira morokotsonyana o gantsi o neng o sa fete madi a a kana ka ranta, o ne a rekela lelapa dijo a bo a boela gae gone mo letsatsing leo. E ne e le tiro ya gagwe ya ka metlha ka dingwaga di ka nna 15 go fitlha a tlhokafala ka 1950.

Ke ne ka simolola sekolo mo motseng wa gaetsho kwa sekolong se se neng se tsamaisiwa ke Kereke ya Anglican, mme gore ke tle ke fetse sekolo se se potlana, ke ne ke tshwanetse go nna kwa ntlong e kwa go yone go neng go duelelwa dijo le marobalo e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di le 35. E re ka batsadi ba me ba ne ba se na madi a gore ke kgone go tsweletsa dithuto tsa me, ke ne ka simolola go batla tiro. La ntlha, ke ne ka bona tiro mo ntlong ya motlhokomedi wa seporo sa diterena kwa Lagos,  kwa bophirima jwa Nigeria mme morago ga foo ka berekela modiredipuso mongwe kwa Kaduna, kwa bokone jwa Nigeria. Kwa Benin City, kwa bogarebophirima jwa Nigeria, ke ne ka bona tiro ya go nna mokwaledi wa mmueledi mme moragonyana ke ne ka bereka mo khampaning ya dipolanka. Go tswa foo ke ne ka ya Cameroon ka 1953 go ya go nna le ntsalake yo o neng a nthusa go bona tiro mo polaseng ya ditlhare tse boreku jwa tsone bo dirisediwang go dira raba. Ke ne ke amogela mo e ka nnang diranta di le 62 kgwedi le kgwedi. Ke ne ke kgona go bona ditiro tsa maemo a a kwa tlase fela, le fa go ntse jalo, ke ne ke kgotsofetse fa fela ke ne ke na le se ke se jang.

Go Bona Dikhumo Tsa Semoya mo Mothong yo o Humanegileng

Silvanus Okemiri, yo e neng e le modiri ka nna, e ne e le Mosupi wa ga Jehofa. O ne a dirisa sebaka sengwe le sengwe se a se bonang go mpolelela ka kitso ya Baebele e a neng a na le yone fa re ntse re sega tlhaga re bo re e baya jaaka menontsha go dikologa ditlhare tse boreku jwa tsone bo dirisediwang go dira raba. Le fa gone ke ne ke mo reetsa, ke ne ke sa dire sepe ka gone. Le fa go ntse jalo, fa ntsalake a utlwa gore ke ne ke tle ke tshware metlotlo le Basupi, o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go nkgoba marapo. O ne a ntlhagisa jaana: “Benji, o se ka wa etela Rre Okemiri. Ke motho yo o dumelang mo go Jehofa e bile ke mohumanegi. Mongwe le mongwe yo o ikgolaganyang nae o tla tshwana fela le ene.”

Ke ne ka boela gae mo masimologong a ngwaga wa 1954, ka gonne ke ne ke sa tlhole ke kgona go itshokela maemo a a bokete a tiro mo khampaning e ke neng ke bereka mo go yone. Ka nako eo, melao ya boitsholo ya Kereke ya Anglican e ne e gagametse. Ke ne ka gola ke tlhoile boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, ke ne ka ferosiwa sebete ke boitimokanyi jwa batho ba ke neng ke tsena kereke le bone. Le fa ba ne ba gatelela gore ba latela melao ya Baebele, tsela e ba neng ba tshela ka yone e ne e thulana le se ba neng ba se bolela. (Mathaio 15:8) Ke ne ke tlhola ke ganetsana le rre, mme seo se ile sa senya kamano ya rona thata. Bosigo bongwe ke ne ka paka dilo tsa me mme ka itsamaela.

Ke ne ka ya go nna kwa Omoba, torotswana nngwe e nnye gaufi le seteishene. Fa ke le koo, ke ne ka kopana gape le Basupi ba ga Jehofa. Priscilla Isiocha, yo ke neng ke mo itse go tswa kwa motseng wa gaetsho, o ne a nnaya bukana ya “This Good News of the Kingdom” le After Armageddon—God’s New World. * Ke ne ka di bala ka tlhagafalo, ke tlhatswegile pelo gore ke bone boammaaruri. Kwa kerekeng e ke neng ke e tsena, re ne re sa ithute Baebele; re ne re tlhomile mogopolo thata mo dingwaong tsa batho. Le fa go ntse jalo, dibuka tsa Basupi di ne di nopola Baebele thata.

Moragonyana, mo lobakeng lo lo kwa tlase ga kgwedi, ke ne ka botsa Mokaulengwe le Kgaitsadi Isiocha gore ba ya leng kwa kerekeng ya bone. Fa ke ne ke ya kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa lekgetlho la ntlha, ga ke a ka ka tlhaloganya sepe. Setlhogo sa thuto ya Tora ya Tebelo se ne se bua ka go tlhasela ga ga ‘Gogo wa Magogo,’ yo go buiwang ka ene mo bukeng ya boporofeti ya Esekiele. (Esekiele 38:1, 2) Ke ne ke sa tlwaelana le mafoko a le mantsi a a neng a dirisiwa mo go yone, mme le fa go ntse jalo ke ne ke kgatlhilwe ke kafa ke neng ka amogelwa ka lorato ka teng mo e leng gore ke ne ka swetsa ka gore ke boe gape Sontaga se se latelang. Mo pokanong ya bobedi, ke ne ka utlwa go buiwa ka go rera. Ke ne ka botsa Priscilla gore ba ya go rera leng. Ka Sontaga sa boraro ke ne ka tsamaya le bone, ke tshwere Baebele e nnye. Ke ne ke se na kgetsana e ke neng ke ka e dirisa mo tshimong le fa e le dikgatiso tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, ke ne ka nna mmoledi wa Bogosi mme ka bega tirelo ya me ya tshimo fa kgwedi eo e fela!

Ga go na ope yo o neng a nthuta Baebele, mme nako le nako fa ke ne ke etela ba ga Isiocha, ke ne ke ithuta sengwe ka tumelo ya bone le go kgothadiwa ke Dikwalo tse ba neng ba di mpalela ka ba ka amogela dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Ka December 11, 1954, kwa kopanong ya kgaolo kwa Aba, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing. Ntsalaake yo ke neng ke  nna le ene e bile a nthuta tiro o ne a tlogela go mpha dijo le go nthuta tiro eo e bile ga a ka a ntuela le fa e le sente ka ntlha ya tiro e ke neng ke mo e diretse. Le fa go ntse jalo, ke ne ke se na sekgopi le ene; ke ne ke itumelela fela gore ke na le kamano le Modimo. Seno se ne sa nkgomotsa sa bo sa dira gore ke nne le kagiso ya mogopolo. Basupi ba lefelo le ke neng ke nna mo go lone ba ne ba nthusa. Ba ga Isiocha ba ne ba ntlamela ka dijo mme ba bangwe ba ne ba nkadima madi gore ke itshimololele kgwebonyana. Mo gare ga bo1955, ke ne ka reka baesekele ya bogologolo, mme ka March 1956, ke ne ka simolola tiro ya bobulatsela jwa ka metlha. Ka bonako morago ga moo, ke ne ka duela dikoloto tsa me. Morokotso wa madi a ke neng ke a dira mo kgwebong ya me o ne o le monnye tota, mme le fa go ntse jalo ke ne ke kgona go itlamela jaanong. Dilo tse Jehofa a neng a ntlamela ka tsone di ne di ntekane.

“Go Utswa” Bonnake

Ka bonako fela fa ke sena go bona lefelo le nka nnang mo go lone, selo sa ntlha se ke neng ka akanya ka sone e ne e le go thusa bonnake semoyeng. E re ka rre a ne a tlhoile bodumedi jono e bile a bo belaela thata, o ne a nna kgatlhanong le go nna ga me Mosupi. Mme ke ne ke tla thusa jang bonnake gore ba ithute boammaaruri jwa Baebele? Ke ne ka ithaopela go tlamela nnake e bong Ernest, mme rre o ne a dumela gore a tle go nna le nna. Ernest o ne a amogela boammaaruri ka bonako mme a kolobediwa ka 1956. Phetogo eno e ne ya dira gore rre a ganetse le go feta. Le fa go ntse jalo, kgaitsadiake yo o neng a setse a nyetswe le ene o ne a amogela boammaaruri mmogo le monna wa gagwe. Fa ke ne ke rulaganya gore kgaitsadiake yo mongwe e bong Felicia a tle go nketela ka nako ya malatsi a boikhutso a sekolo, Rre o ne a dumela a ntse a belaela. Go ise go ye kae, Felicia le ene o ne a kolobediwa mme a nna Mosupi wa ga Jehofa.

Ka 1959, ke ne ka ya gae go ya go tsaya Bernice, kgaitsadiake wa boraro, gore a tle go nna le Ernest. Ke yone nako e Rre a neng a ntlhasela ka yone, a ntatofatsa ka gore ke mo utswetsa bana. O ne a sa kgone go tlhaloganya gore ba ne ba itiretse tshwetso ya go direla Jehofa. Rre o ne a ikana gore a ka se ka a letla gore Bernice a tsamaye le nna. Mme seatla sa ga Jehofa se ne se se sekhutshwane, ka gonne, mo ngwageng o o latelang, Bernice o ne a tla go etela Ernest ka nako ya malatsi a boikhutso a sekolo. Fela jaaka bomogoloe, le ene o ne a amogela boammaaruri mme a kolobediwa.

‘Go Ithuta Sephiri’

Ka September 1957, ke ne ka simolola go nna mmulatsela yo o kgethegileng, ke dira diura di ka nna 150 mo tirong ya go rera kgwedi le kgwedi. Nna le modiri ka nna e bong Sunday Irogbelachi, re ne ra bereka tshimo e kgolo kwa Akpu-na-abuo, kwa Etche. Kwa kopanong ya ntlha e re ileng ra ya kwa go yone fa re le koo, go ne ga kolobediwa batho ba le 13 go tswa mo setlhopheng sa rona. A bo re itumela jang ne go bona go na le diphuthego di le 20 gone jaanong mo lefelong leo!

Ka 1958, ke ne ka simolola go tlwaelana le Christiana Azuike, mmulatsela wa ka metlha yo o neng a kopanela kwa Phuthegong ya Aba East. Ke ne ke kgatlhwa ke tlhoafalo ya gagwe, mme ka December mo go one ngwaga oo, re ne ra nyalana. Mo tshimologong ya 1959, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi yo o etang, ke tsamaya ke nonotsha diphuthego tsa bakaulengwe ba rona ba semoya. Go tloga ka nako eo go fitlha ka 1972, nna le mosadi wa me re ne re setse re etetse mo e batlang e nna diphuthego tsotlhe tsa batho ba ga Jehofa kwa karolong e e kwa botlhaba le e e kwa bogarebophirima jwa Nigeria.

Diphuthego di ne di katologane, mme sepalangwa se re neng re se dirisa thata e ne e le baesekele. Fa re ne re ya go thusa diphuthego tse di kwa ditoropong tse dikgolo, bakaulengwe ba rona ba ne ba re hirela thekisi e e tla re isang kwa phuthegong e e latelang. Ka dinako tse dingwe, re ne re nna mo dikamoreng tse di nang le bodilo jo bo dirilweng ka seretse e bile di se na disiling. Re ne re robala mo malaong a a dirilweng ka magong a setlhare sa mokolane. Malao a mangwe a ne a na le materase wa tlhaga o o apesitsweng ka mmetshe; mme a mangwe a ne a se na materase gotlhelele. Re ne re sena bothata ka selekanyo le boleng jwa dijo tse re neng re di fiwa. E re ka re ne re ithutile mo nakong e e fetileng go kgotsofalela bonnye jo re nang le jone, re ne re itumelela dijo dingwe le dingwe tse re neng re di fiwa, mme batho ba ba neng ba re amogela ba ne ba rata boikutlo jo re nang le jone. Ka nako eo, metse mengwe e ne e se na motlakase, ka jalo ka metlha re ne re tsamaya ka dilantere tsa rona tsa lookwane. Le fa go ntse jalo, re ne re itumelela dinako tse dintsi tse di monate mo diphuthegong tseno le fa go ne go na le maemo a a sa itumediseng.

Ka dingwaga tseo, re ne ra lemoga botlhokwa jwa kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1Timotheo 6:8) Fa Paulo a ntse a lebane  le mathata, o ne a ithuta sephiri se se neng sa mo thusa go nna a kgotsofetse. E ne e le eng? O ne a tlhalosa jaana: “Eleruri ke itse kafa go nna le dilo tse di seng kalo go ntseng ka gone, eleruri ke itse kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone. Mo go sengwe le sengwe le mo maemong otlhe ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone, kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone le kafa go tlhoka go ntseng ka gone.” Le rona re ne ra ithuta sephiri seo. Paulo o ne a bolela gape jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya [Modimo] yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:12, 13) A bo seo se ile sa itshupa se le boammaaruri jang ne mo go rona! Re ne ra itumelela go nna le kgotsofalo, go dira dilo tse dintsi tse di agang tsa Bokeresete le go nna le kagiso ya mogopolo.

Go Etela Diphuthego re le Lelapa

Kwa bofelong jwa 1959, morwaarona wa ntlha e bong Joel o ne a tsholwa, mme ka 1962 go ne ga latela mosimane wa bobedi e bong Samuel. Ke ne ka tswelela pele ke le molebedi wa potologo ke na le Christiana, re tsamaya le basimane ba rona fa re ntse re etela diphuthego. Ka 1967, ntwa ya selegae ya kwa Nigeria e ne ya runya. Dikolo di ne tsa tswalwa ka ntlha ya ditlhaselo tse di sa feleng tse di neng di dirwa ka difofane. Mosadi wa me e ne e le morutabana pele ga a tla go dira le nna mo tirong ya go potologa, ka jalo, ka nako ya ntwa, o ne a ruta bana ba rona mo gae. Fa Samuel a ne a le dingwaga di le thataro, o ne a setse a kgona go bala le go kwala. Fa a ya go tsena sekolo morago ga ntwa, o ne a le kwa pele ga dithaka tsa gagwe ka ditlelase di le pedi.

Ka nako eo, re ne re ise re lemoge sentle gore go thata jang go godisa bana re ntse re le mo tirong ya potologo. Le fa go ntse jalo, re ne ra solegelwa molemo fa re ne re abelwa tiro ya bobulatsela jo bo kgethegileng ka 1972. Seno se ne sa dira gore re kgone go nna mo lefelong le le lengwe gore re tle re kgone go tlhokomela bana ba rona sentle semoyeng. Re ile ra ruta bana ba rona ba sa ntse ba le bannye go kgotsofalela dilo tse Modimo a re tlamelang ka tsone. Ka 1973, Samuel o ne a kolobediwa mme Joel o ne a tsaya bobulatsela jwa ka metlha ka one ngwaga oo. Barwa ba rona ka bobedi ba ne ba nyala basadi ba ba molemo ba Bakeresete mme gone jaanong le bone ba godisetsa bana ba bone mo boammaaruring.

Matlhotlhapelo a Ntwa ya Selegae

Fa go ne go runya ntwa ya selegae ke ne ke etetse phuthego ya Onitsha ke le molebedi wa potologo ke tsamaya le lelapa la me. Ntwa eo e ne ya dira gore re bone sentle gore ga go na mosola go kokoanya dithoto kgotsa go di ikanya. Ke ne ka bona batho ba tshaba gore ba boloke matshelo a bone—ba tlogela dithoto tsa bone mo mebileng.

Fa ntwa e ntse e tsweletse, banna botlhe ba ba itekanetseng sentle ba ne ba patelediwa gore ba tsenele bosole. Bakaulengwe ba bantsi ba ba neng ba gana go ikwadisa ba ne ba tlhokofadiwa. Re ne re sa kgone go itsamaela ka kgololesego. Go tlhaela ga dijo go ne ga tsosa dikhuduego mo nageng yotlhe. Tlhwatlhwa ya dikilogerama di le 0,5 tsa cassava e ne ya tlhatloga go tswa go disente di le 48 go ya go diranta di le 96 mme tlhwatlhwa ya kopi ya letswai yone e ne ya tlhatloga go tswa go diranta di le 55 go ya go di le 290. Mashi, botoro le sukiri di ne tsa se ka tsa tlhola di nna gone. Re ne re itshedisa ka go sila phopho e e sa butswang mme re e tlhakanya le bopinyana jwa cassava. Gape re ne re ja ditsienyane, matlape a cassava, matlhare a setlhare sa hibiscus le bojang jo diphologolo di bo jang—le matlhare ape fela a re neng re ka kgona go a bona. Go ne go se motlhofo go bona nama, ka jalo ke ne ke tle ke tshware mekgantitshwane gore bana ba je. Mme gone, le fa maemo a ne a nna maswe go le kalo, Jehofa o ne a re tlamela ka metlha.

 Le fa go ntse jalo, se se neng se le kotsi le go feta e ne e le tlala ya semoya e e neng e bakwa ke ntwa. Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba tshaba mo lefelong le go neng go na le ntwa mo go lone ba tshabela kwa sekgweng kgotsa kwa metseng e mengwe, mme ka nako eo, ba ne ba latlhegelwa ke dikgatiso tsa bone tsotlhe tsa Baebele. Mo godimo ga moo, masole a puso a a neng a thibile tsela a ne a thibela dikgatiso tse disha tsa Baebele go tsena kwa Biafra. Le fa bontsi jwa diphuthego di ne di tshwara dipokano, bomoya jwa bakaulengwe bo ne bo le mo kotsing ka gonne ba ne ba sa kgone go bona kaelo e e tswang kwa ofising ya lekala.

Go Fenya Tlala ya Semoya

Balebedi ba ba etang ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tswelela ka thulaganyo ya go etela phuthego nngwe le nngwe. E re ka bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba tshabile mo ditoropong, ke ne ka ba batla gongwe le gongwe mo ba neng ba ka bonwa teng. Mo lekgetlhong le lengwe ke ne ka tlogela mosadi wa me le bana mo lefelong lengwe le le sireletsegileng mme ka tsamaya ke le nosi dibeke di le thataro, ke etela metse e e farologaneng le dikarolo dingwe mo sekgweng ke batla bakaulengwe.

Fa ke ntse ke etetse phuthego ya Ogbunka, ke ne ka utlwa gore go ne go na le setlhopha sengwe sa Basupi kwa Isuochi mo kgaolong ya Okigwe. Ke ne ka kopa gore bakaulengwe ba ba mo lefelong leo ba bolelelwe gore ba phuthegele mo polaseng ya matonkomane a cashew e e kwa motseng wa Umuaku. Nna le mokaulengwe mongwe yo o godileng re ne ra tsamaya ka dibaesekele sekgala sa dikilometara di le 15 go ya kwa polaseng e go neng go phuthegile Basupi ba ka nna 200 go akaretsa basadi le bana. Ke ne ka thusiwa ke kgaitsadi mongwe wa mmulatsela go bona setlhopha se sengwe sa Basupi ba ka nna lekgolo ba ba neng ba iphitlhile mo sekgweng kwa Lomara.

Lawrence Ugwuegbu, e ne e le mongwe wa bakaulengwe ba ba pelokgale mo setlhopheng seo yo o neng a nna mo motseng o o gagautlhilweng ke ntwa wa Owerri. O ne a mpolelela gore go ne go na le Basupi ba le bantsi kwa kgaolong ya Ohaji. Ba ne ba sa kgone go itsamaela ka kgololesego ka gonne lefelo leo le ne le gapilwe ke masole. Nna le ene re ne ra ya koo ka dibaesekele go le bosigo mme ra kopana le Basupi ba ka nna 120 ba ba neng ba le mo jarateng ya mokaulengwe mongwe e e nang le matlo a le mmalwa. Re ne ra dirisa gape sebaka seno go etela le Basupi ba bangwe mo mafelong a ba neng ba iphitlhile mo go one.

Mokaulengwe Isaac Nwagwu o ne a ipaya mo kotsing ya go ka bolawa gore a tle a nthuse go batla bakaulengwe ba go neng go sa itsiwe gore ba kae. O ne a nthusa go kgabaganya Noka ya Otamiri ka mokorwana gore ke ye go kopana le Basupi ba feta 150 ba ba neng ba phuthegetse kwa Egbu-Etche. Mokaulengwe mongwe koo o ne a bolela jaana: “Letsatsi leno ke le le itumedisang thata go gaisa otlhe mo botshelong jwa me! Ke ne ke sa akanye gore ke tla tshela go fitlha ke bona molebedi wa potologo gape. Fa nka swa gone jaanong ka ntlha ya ntwa, ke tla swa ke kgotsofetse.”

Go ne go ka direga gore ke patelediwe go nna lesole, mme gangwe le gape ke ne ke bona kafa Jehofa a ntshireletsang ka teng. Letsatsi lengwe fa ke ne ke boela kwa ke nnang gone fa ke sena go kopana le bakaulengwe ba ka nna 250 ke ne ka emisiwa ke setlhopha sa masole a a neng a thibile tsela. Ba ne ba mpotsa ba re: “Ke eng o sa tsenela bosole?” Ke ne ka tlhalosa gore ke morongwa yo o rerang ka Bogosi Jwa Modimo. Ke ne ka lemoga gore ba ne ba ikemiseditse go ntshwara. Fa ke sena go rapela ka bonako mo pelong, ke ne ka raya kapotene ya bone ka re, “Ke kopa o nkgolole.” O ne a araba jaana a gakgametse, “A o raya gore re go tlogele gore o tsamaye?” Ke ne ka re “Ee, nkgololeng.” O ne a re, “O ka nna wa tsamaya.” Ga go na ope wa masole a mangwe yo o neng a bua sengwe.—Pesalema 65:1, 2.

 Go Kgotsofala go Ntlisetsa Masego a Mangwe

Fa ntwa e sena go fela ka 1970, ke ne ka tswelela ka tiro ya potologo. E ne e le tshiamelo go thusa mo go rulaganyeng diphuthego gape. Morago ga foo, nna le Christiana re ne ra nna babulatsela ba ba kgethegileng go fitlha ka 1976 fa ke ne ke tlhomiwa gape go nna molebedi wa potologo. Mo bogareng jwa one ngwaga oo, ke ne ka abelwa tiro ya go nna molebedi wa kgaolo. Dingwaga di le supa morago ga moo, nna le mosadi wa me re ne ra kopiwa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya kwa Nigeria ya Basupi ba ga Jehofa, e re nnang mo go yone gone jaanong. Mo lekaleng leno, ka metlha re itumela thata fa re bona gape bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa ntseng ba direla Jehofa ka boikanyegi ba re kopaneng le bone ka nako ya ntwa ya selegae le ka dinako tse dingwe.

Mo dingwageng tse di fetileng, Christiana o ile a nkema nokeng thata e bile e le molekane yo o molemo tota. Le fa a ile a itshokela mathata a botsogo a a sa feleng fa e sa le ka 1978, boikutlo jwa gagwe jo bo siameng le go ititaya ga gagwe sehuba go ile ga nthusa gore ke tswelele ke diragatsa maikarabelo a me. Re ile ra bona boammaaruri jwa mafoko ano a ga mopesalema: “Jehofa ka boene o tla mo tshegetsa mo bolawaneng jwa bolwetse.”—Pesalema 41:3.

Fa ke akanya ka dingwaga tseno tsa tiro ya puso ya Modimo, ruri ke leboga Jehofa ka ntlha ya masego a gagwe a a itumedisang. E re ka ke kgotsofalela dilo tse a ntlamelang ka tsone, ruri nka bolela gore ke bone boitumelo jo bogolo. Boitumelo jwa go bona bonnake, bana ba me le malapa a bone botlhe ba direla Jehofa mmogo le nna le mosadi wa me, ke masego a nka se kang ka a bapisa le sepe. Jehofa o ile a dira gore ke itumelele botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo nang le bokao. O ne a kgotsofatsa keletso nngwe le nngwe e ke neng ke na le yone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Mme ga di tlhole di gatisiwa.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

Thulaganyo e e Tlileng ka Nako e Thusa go Kitlanya Bakaulengwe

Mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1960, letlhoo le le neng le le fa gare ga ditso tse di kwa bokone le kwa botlhaba jwa Nigeria le ne la felela ka dikgaruru, dikhuduego, tlolomolao le go lwa ga ditso tseo. Ditiragalo tseno di ne tsa lere kgwetlho e kgolo mo Basuping ba ga Jehofa ba ba neng ba ikemiseditse go nna ba itlhaotse gotlhelele mo ntweng. Go ne ga bolawa Basupi ba ka nna 20. Bontsi jwa bone ba ne ba latlhegelwa ke dithoto tsa bone.

Ka May 30, 1967, dinaga tse di kwa botlhaba jwa Nigeria di ne tsa tsuologela puso, mme tsa bopa Repaboliki ya Biafra. Go ne ga phuthiwa masole a puso, mme a thibelela kgatlhanong le karolo e e kwa Botlhaba. Go ne ga runya ntwa ya selegae e e matlho a mahibidu.

Go itlhaola ga Basupi ba ga Jehofa kwa kgaolong ya Biafra go ne ga dira gore ba tlhaselwe. Makwalodikgang a ne a phasalatsa dilo tse di bosula ka bone a tlhotlheletsa setšhaba gore se nne kgatlhanong le bone. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhomamisa gore batlhanka ba gagwe ba bona dijo tsa semoya. Jang?

Mo tshimologong ya 1968, modiredipuso mongwe o ne a abelwa tiro kwa Yuropa mme yo mongwe o ne a abelwa tiro kwa lefelong le le kwa thoko la Biafra le difofane di neng di kgona go ema mo go lone. Ka bobedi jwa bone e ne e le Basupi. Ditiro tsa bone di ne tsa dira gore ba nne ka fa matlhakoreng a a farologaneng a e neng e le one fela a a golaganyang Biafra le dinaga tse dingwe. Basupi ba babedi bano ba ne ba ithaopela go dira tiro e e neng e ka ba tsenya mo kotsing ya go tsenya dijo tsa semoya kwa Biafra. Ba ne ba thusa gape go isetsa bakaulengwe ba rona ba ba mo tlalelong dilo tsa namolo. Bakaulengwe ba babedi bano ba ne ba kgona go dira gore thulaganyo eno e e botlhokwa e tswelele pele mo nakong yotlhe ya ntwa e e neng ya fela ka 1970. Moragonyana mongwe wa bone o ne a re, “Thulaganyo eno e ne e se e motho a neng a ka e rulaganya ka boene fela.”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ka 1956

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ka 1965, re na le barwa ba rona e bong Joel le Samuel

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

A bo e le tshegofatso jang ne go direla Jehofa re le lelapa!

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Gompieno, nna le Christiana re direla mo lekaleng la Nigeria