Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna o Itshekile ka go Dibela Pelo ya Gago

Nna o Itshekile ka go Dibela Pelo ya Gago

 Nna o Itshekile ka go Dibela Pelo ya Gago

“Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.”—DIANE 4:23.

1-3. (a) Gantsi batho ba bontsha jang gore ga ba lebe boitsheko jwa bone e le selo se se botlhokwa? Tshwantsha. (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go sekaseka gore boitsheko jwa rona ke jwa boleng jo bo kwa godimo go le kana kang?

SETSHWANTSHO sa teng se ka nna sa bo se ne se bonala e le sa bogologolo. Gongwe e bile se ne se sa tsamaisane le mokgabiso wa mo ntlong. Lebaka le fa e ka tswa e ne e le lefe, go bonala mong wa sone a ne a sa tlhole a se tlhoka. Se ne sa feleletsa se le mo lebenkeleng le le rekisang dilo tsa bogologolo, se rekisiwa ka didolara di le 29 (tsa United States). Le fa go ntse jalo, dingwaga di le mmalwa moragonyana go ne ga fitlhelwa gore ke sa boleng jwa didolara di ka nna milione! Ee, go ne ga fitlhelwa gore ke setshwantsho se se dirilweng ka botswerere jwa maemo a a kwa godimo tota. Akanya fela gore mong wa sone wa pele, yo o neng a se nyaditse, o tla ikutlwa jang fa a se bona!

2 Gantsi go direga se se tshwanang le ka boitsheko, e leng go nna ga motho a le phepa kgotsa a itshekile mo boitsholong. Batho ba le bantsi gompieno ga ba tseye boitsheko e le selo se se botlhokwa go le kalo. Bangwe ba go tsaya e le selo se se feletsweng ke nako, se se sa tsamaisaneng le botshelo jwa segompieno. Ka gone, ba itetla go latlhegelwa ke jone mme ba sa boelwe ke sepe. Bangwe ba iketleeditse go latlhegelwa ke boitsheko jwa bone e le fela gore ba itumelele metsotsonyana e sekae ya go ikgotsofatsa ka tlhakanelodikobo. Ba bangwe ba iketleeleditse go latlhegelwa ke jone ka gonne ba lebeletse gore seno se tla dira gore ba lejwe sentle ke dithaka tsa bone kgotsa ke batho ba bong bo sele.—Diane 13:20.

3 Ba le bantsi ba lemoga nako e setse e ile gore tota boitsheko jwa bone e ne e le selo sa boleng jo bo kwa godimo go le kana kang. Mo go bone gantsi boikwatlhao e nna namane ya morago. Jaaka fa Baebele e bontsha, matswela a boitsholo jo bo sa siamang a ka tshwana le botlhole, a le “bogalaka go gaisa longana.” (Diane 5:3, 4) Fa go lejwa tsela e maitsholo a gompieno a senyegileng ka yone, o ka dira jang gore o nne o itshekile, o bo o ngomaele boitsheko jwa gago? Re tla tlotla ka dikgato di le tharo tse di batlang di tsamaisana tse re ka di tsayang.

Dibela Pelo ya Gago

4. Pelo ya tshwantshetso ke eng, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go e dibela?

4 Selo se segolo se se ka thusang motho go nna a itshekile ke fa a dibela pelo ya gagwe. Baebele ya re: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.” (Diane 4:23) “Pelo ya gago,” e go buiwang ka yone fano ke eng? Ga se pelo ya mmatota. Eno ke pelo ya tshwantshetso. E raya motho yo o leng ene mo teng, go akaretsa megopolo ya gago, maikutlo a gago, le maitlhomo a gago. Baebele ya re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka maatla otlhe a gago.” (Duteronome 6:5) Jesu o ne a re eno ke taelo e kgolo go di feta tsotlhe. (Mareko 12:29, 30) Go bonala sentle gore pelo eno ya rona e botlhokwa thata. Re tshwanetse go e dibela.

5. Pelo e ka nna botlhokwa ya ba ya nna kotsi jang ka nako e le nngwe?

5 Le fa go ntse jalo, Baebele e boetse gape ya re “pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e  gagamalela se e se batlang.” (Jeremia 17:9) Pelo e ka nna jang boferefere—e leng selo se se ka e dirang kotsi mo go rona? Akanya ka sekai seno. Koloi ke sedirisiwa se se botlhokwa thata, e ka thusa go boloka botshelo mo maemong a tshoganyetso. Mme fa mokgweetsi a sa laole koloi eno, a sa ele tlhoko gore a nne a ntse a kaela leotwanakgweetso la yone, yone koloi eo e ka nna kotsi tota. Ka tsela e e tshwanang, o tshwanetse go dibela pelo ya gago, e seng jalo o tlile go laolwa ke keletso nngwe le nngwe le tlhotlheletso nngwe le nngwe ya pelo ya gago, mme seno se ka felela ka matlhotlhapelo. Lefoko la Modimo la re: “Yo o ikanyang pelo ya gagwe o sematla, mme yo o tsamayang ka botlhale ke ene yo o tla falolang.” (Diane 28:26) Ee, o ka kgona go tsamaya ka botlhale mme o efoge matlhotlhapelo fa o dirisa Lefoko la Modimo go go kaela, fela jaaka o ne o ka tshwanelwa ke go dirisa mmapa wa tsela pele ga o simolola go tsaya loeto.—Pesalema 119:105.

6, 7. (a) Boitshepo ke eng, mme ke ka ntlha yang fa e le nonofo e e botlhokwa mo batlhankeng ba ga Jehofa? (b) Re itse jang gore batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona go etsa boitshepo jwa ga Jehofa?

6 Ga go na go itiragalela fela gore dipelo tsa rona di sekamele kwa boitshekong. Re tshwanetse go di isa koo. Tsela nngwe e re ka dirang jalo ka yone ke ka go akanya ka boleng jwa mmatota jwa boitsheko. Nonofo eno e amana thata le boitshepo, mo go rayang go nna phepa, go itsheka, go kgaogana le boleo. Boitshepo ke nonofo e e botlhokwa thata e e leng karolo ya botho jwa ga Jehofa Modimo. Go na le ditemana di le makgolokgolo tse di amanyang nonofo eno le Jehofa. Tota e bile Baebele ya re “Boitshepo ke jwa ga Jehofa.” (Ekesodo 28:36) Le fa go ntse jalo, nonofo eno ya maemo a a kwa godimo, e amana jang le rona batho ba ba sa itekanelang?

7 Jehofa o re bolelela jaana mo Lefokong la gagwe: “Lo nne boitshepo, ka gonne nna ke boitshepo.” (1 Petere 1:16) Ee, re ka kgona go etsa boitshepo jwa ga Jehofa; re ka kgona go nna phepa fa pele ga gagwe, re nne re itshekile. Ka gone fa re ithiba mo ditirong tse di seng phepa, tse di leswefatsang, tota re a bo re leka go fitlhelela tshiamelo ya maemo a a kwa godimo thata, e e kgatlhang thata—e leng ya go etsa nonofo eno e ntle ya Modimo Mogodimodimo! (Baefeso 5:1) Ga re a tshwanela go ipolelela fela gore ga re ka ke ra kgona go e fitlhelela, ka gonne Jehofa ke Mong yo o botlhale le yo o akanyetsang yo o se keng a re batla se re ka se kang ra kgona go se dira. (Pesalema 103:13, 14; Jakobe 3:17) Gone ke boammaaruri gore go nna re itshekile mo moyeng le mo boitshwarong go batla maiteko. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a re ‘bopeloephepa le boitsheko di tshwanetse Keresete.’ (2 Bakorintha 11:3) Fa re akanya ka se Keresete le Rraagwe ba re diretseng sone, a ga re a tshwanela go dira sotlhe se re ka se kgonang go nna re itshekile mo boitshwarong? Ka gonne tota ba re bontshitse lorato lo logolo thata lo re ka se kang re kgona go ba duela lone. (Johane 3:16; 15:13) Go a tshwanela gore re bontshe gore re a ba leboga ka go tshela matshelo a a phepa, a boitshwaro jo bo siameng. Fa re leba boitsheko jwa rona ka tsela eno, re tla bo anaanela, re dibele dipelo tsa rona.

8. (a) Re ka fepa jang dipelo tsa rona tsa tshwantshetso? (b) Metlotlo ya rona e ka senola eng ka rona?

8 Gape re ka dibela dipelo tsa rona ka tsela e re iphepang ka yone. Re tshwanetse go fepa megopolo ya rona le dipelo tsa rona ka dijo tse di siameng tsa semoya ka metlha, re tlhome megopolo ya rona mo dikgannyeng tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Bakolosa 3:2) Tota le metlotlo ya rona e tshwanetse go bontsha seo. Fa re itsiwe re le batho ba ba tlholang ba tlotla fela ka dilo tsa nama, tsa boitshwaro jo bo sa siamang, re senola sengwe ka boemo jwa dipelo tsa rona. (Luke 6:45) Go na le moo, a re direng gore re itsiwe re le batho ba ba ratang go bua ka dilo tsa semoya le tse di agang. (Baefeso 5:3) Fa re batla go dibela dipelo tsa rona, go na  le dikotsi dingwe tse re tshwanetseng go di efoga. Nta re tlotle ka di le pedi tsa tsone.

Tshaba Kgokafalo

9-11. (a) Ke ka ntlha yang fa ba ba itlhokomolosang kgakololo ya 1 Bakorintha 6:18 ba itsenya mo kotsing e kgolwanyane ya go wela mo boitshwarong jo bo sa siamang? Tshwantsha. (b) Fa re tshaba kgokafalo, re tla tila eng? (c) Monna yo o ikanyegang e bong Jobe o re tlhometse sekao sefe se se molemo?

9 Jehofa o ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo go kwala kgakololo nngwe e e thusitseng ba le bantsi go dibela dipelo tsa bone le go nna ba itshekile. Paulo o ne a re: “Tshabang kgokafalo.” (1 Bakorintha 6:18) Ela tlhoko gore ga a re fela, “Tilang go dira kgokafalo.” Bakeresete ba tshwanetse go dira se se fetang seo. Ba tshwanetse go sia fa ba bona ditiro tseo tsa boitshwaro jo bo sa siamang, fela jaaka fa ba ne ba tla sia fa ba bona kotsi nngwe e e tlileng go tsenya matshelo a bone mo kotsing. Fa re itlhokomolosa kgakololo eo, re itsenya mo kotsing e kgolwanyane ya gore re wele mo boitshwarong jo bo sa siamang le gore re se ka ra amogelwa ke Modimo.

10 Akanya ka sekai seno: Mmè mongwe o tlhapisitse mosimanyana wa gagwe a bo a mo apesa sentle e le fa ba ipaakanyetsa go ya moketeng mongwe o o botlhokwa. Mosimanyana yono o botsa gore a a ka ya go tshamekela kwa ntle pele ba tswa ba tsamaya, mme mmaagwe o a dumela—fa a ka tlhokomela selo se le sengwe fela. O mo raya a re: “O se ka wa ba wa tshamekela gaufi le seretse sele se se kwantle. Fela fa o ka itlatsa leswe ka seretse, ke tla go itaya.” Go ise go ye kae mmè o bona mosimanyana a tsamaya ka ditsetsekwane gaufi thata le seretse. Nnyaa, ga a ise a mathegelwe ke seretse. Mme le fa go ntse jalo, o itlhokomolositse tlhagiso ya ga mmaagwe ya gore a se ka a ba a tshamekela gaufi le seretse, mme jaanong o tloga a wela mo kotsing. (Diane 22:15) Basha ba le bantsi le bagolo ba go neng go ka lebelelwa gore ba bo ba tlhoma sekao ba dira phoso e e tshwanang. Jang?

11 Mo metlheng eno ya fa batho ba le bantsi ba ineetse mo go ‘fisegeleng tlhakanelodikobo e e tlhabisang ditlhong,’ go setse go na le kgwebo e ntšha e e buelelang dikamano tse di seng kafa molaong tsa tlhakanelodikobo. (Baroma 1:26, 27) O tsamaya o bona ditshwantsho tse di hepisang gongwe le gongwe mo dimakasineng, mo dibukeng, mo dibidiong le mo Internet. Ba ba tlhophang go tsenya ditshwantsho tseno mo megopolong ya bone ga go ka ke ga twe ba tshaba kgokafalo. Ba tshamekela mo go yone, ba ipaya mo boemong jo bo kotsi, ba itlhokomolosa tlhagiso ya Baebele. Go na le go dibela dipelo tsa bone, ba di tsenya botlhole ka ditshwantsho tse go ka tsayang dingwaga di le dintsi thata gore di phimoge mo megopolong ya bone. (Diane 6:27) E kete re ka ithuta sengwe mo go Jobe yo o ikanyegang, yo o neng a dira kgolagano—a dira tumalano—le matlho a gagwe, gore a se ka a bona se se neng se tla mo raela gore a dire se se sa siamang. (Jobe 31:1) Seo ke sekai se re batlang go se etsa!

12. Baratani ba Bakeresete ba ka dira jang gore ba ‘tshabe kgokafalo’ ka nako ya fa ba sa ntse ba ratana?

12 Go botlhokwa thata go ‘tshaba kgokafalo’ bogolo jang ka nako ya fa lo sa ntse lo ratana. Nako eo  e tshwanetse go nna nako e e itumedisang, e e tletseng ka tsholofelo le go lebelela pele, mme baratani bangwe ba ba sa leng basha ba e leswafatsa ka go tshamekela mo boitshwarong jo bo sa siamang. Ka go dira jalo ba itima motheo o o molemo thata wa lenyalo le le molemo—ba itima kamano e e theilweng mo loratong lo e seng lwa bopelotshetlha, mo boikgapong le mo go utlweng Jehofa Modimo. Banyalani bangwe ba Bakeresete ba ne ba wela mo boitshwarong jo bo sa siamang ka nako ya fa ba sa ntse ba ratana. Fa ba sena go nyalana, mosadi o ne a dumela gore o ne a tshwenngwa ke segakolodi, mo e leng gore tota le letsatsi la gagwe la lenyalo ga a le itumelela. O bolela jaana: “Ke kopile Jehofa gantsi gore a intshwarele, mme le mororo go fetile dingwaga di le supa fa e sale ka nako eo, segakolodi sa me se sa ntse se ntlhorontsha.” Go botlhokwa gore ba ba welang mo maleong a a tshwanang le ano ba senke thuso ya bagolwane ba Bakeresete. (Jakobe 5:14, 15) Le fa go ntse jalo, baratani ba le bantsi ba Bakeresete ba dira ka botlhale mme ba tila dikotsi tse di tshwanang le tseno ka nako ya fa ba sa ntse ba ratana. (Diane 22:3) Ba laola tsela e ba bontshanang lorato ka yone. Ba dira gore ba nne ba na le motho yo o ba beileng leitlho e bile ba kelotlhoko gore ba se ka ba nna bosi mo mafelong a go se nang batho mo go one.

13. Ke ka ntlha yang fa Mokeresete a sa tshwanela go ratana le motho yo o sa direleng Jehofa?

13 Bakeresete ba ba ratanang le batho ba ba sa direleng Jehofa bone go ka direga gore ba lebane le dikgwetlho tse dikgolo le go feta. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go ratana le motho yo o sa rateng Jehofa Modimo? Go botlhokwa thata gore Bakeresete ba pataganele jokwe le batho ba ba ratang Jehofa fela e bile ba tlotla melao ya gagwe ya boitsheko. Lefoko la Modimo le re bolelela jaana: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng. Gonne tshiamo le go tlhoka molao di na le bolekane bofe? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi?”—2 Bakorintha 6:14.

14, 15. (a) Bangwe ba na le pono efe e e phoso malebana le se se kaiwang ke “kgokafalo”? (b) “Kgokafalo” e akaretsa ditiro tsa mofuta ofe, mme Bakeresete ba ka ‘tshaba kgokafalo’ jang?

14 Kitso le yone e botlhokwa thata. Ga re ka ke ra kgona go tshaba kgokafalo sentle fa re sa itse gore tota kgokafalo ke eng. Bangwe mo lefatsheng la gompieno ba na le pono e e phoso ka se tota “kgokafalo” e leng sone. Ba akanya gore ba ka kgona go kgotsofatsa dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo le fa ba ntse ba se mo lenyalong, fa fela ba sa nne le seabe mo tlhakanelongdikobo ka boyone. Tota le ditheo dingwe tse di itsegeng tsa boitekanelo tse di lekang go fokotsa selekanyo sa go ima go go sa batlegeng ga basha di ile tsa kgothaletsa basha go nna le boitshwaro jo bo seng kafa molaong jwa tlhakanelodikobo ka tsela e e se kitlang e dira gore ba ime. Maswabi ke gore kgakololo e e ntseng jalo e phoso. Go tila go ima motho a se mo lenyalong ga go tshwane le go nna o itshekile, mme tlhaloso ya mmatota ya “kgokafalo” e akaretsa dilo tse dintsi go feta seno.

15 Lefoko la Segerika e leng por·neiʹa, le le ranotsweng ka gore “kgokafalo,” le akaretsa dilo di le dintsinyana. Le amana le go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang e bile le gatelela thata go dirisiwa ga dirwe tsa tlhakanelodikobo ka tsela e e sa tshwanelang. Por·neiʹa e akaretsa ditiro tsa tlhakanelodikobo go dirisiwa molomo, kgotsa go dirisiwa marago, le go phoraphora dirwe tsa tlhakanelodikobo tsa motho yo mongwe gore di tsoge—e leng boitshwaro jo gantsi bo dirwang mo matlong a boaka. Batho ba ba akanyang gore ditiro tseno ga se “kgokafalo” ba a ikaketsa mme ba wetse mo seraing sa ga Satane. (2 Timotheo 2:26) Mo godimo ga moo, go nna o itshekile ga se kgang fela ya go ithiba mo ditirong tsa kgokafalo. Gore re ‘tshabe  kgokafalo,’ re tshwanetse go tila mefuta yotlhe ya boitshwaro jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo le boitshwaro jo bo repileng jo bo ka nnang jwa isa kwa boleong jo bo masisi jwa por·neiʹa. (Baefeso 4:19) Ka go dira jalo re tla nna re itshekile.

Tila Dikotsi Tsa go Tshameka ka Maikutlo a ba Bangwe a Lorato

16. Go bontshana lorato go siame mo maemong afe, jaaka fa go bontshiwa ke sekai sefe sa Dikwalo?

16 Fa re batla go nna re itshekile, kotsi e nngwe e re tshwanetseng go ikela tlhoko thata mo go yone ke go tshameka ka maikutlo a ba bangwe a lorato. Bangwe ba gatelela gore go tshameka ka maikutlo a lorato ke go ijesa monate fela go go sa reng sepe, go go seng kotsi ga batho ba babedi ba bong jo bo sa tshwaneng. Gone ke boammaaruri gore go na le nako le lefelo tse motho a ka bontshang yo mongwe lorato ka tsone. Isake le Rebeka ba ne ba bonwa ba “ijesa monate” mmogo, mme yo o lebileng o ne a kgona go bona sentle fela gore go ga se ga batho e le bana ba motho. (Genesise 26:7-9) Mme gone boammaaruri ke gore e ne e le banyalani. Go ne go tshwanela gore ba bontshane lorato ka tsela eo. Go tshameka ka maikutlo a motho yo mongwe a lorato gone ke kgang e nngwe.

17. Go tshameka ka maikutlo a ba bangwe a lorato ke fa motho a dirang, mme bothata jono bo ka laolwa jang?

17 Go tshameka ka maikutlo a ba bangwe a lorato go ka tlhalosiwa jaana: go bontsha yo mongwe gore o a mo kgatlhegela mme tota o se na maikaelelo ape a lenyalo. Batho ke ditshedi tse di raraaneng tota, ka jalo ntle le pelaelo go tshameka ka maikutlo a ba bangwe a lorato go ka tlhaga ka ditsela di le dintsi thata, tse dingwe tsa tsone di sa iponatsheng. (Diane 30:18, 19) Ka gone bothata jono bo ka se rarabololwe ka go tlhoma melao e e rileng e e gagametseng. Go na le moo, go tlhokega sengwe sa maemo a a kwa godimo go na le go tlhoma melao fela e e gagametseng—go tlhokega go itlhatlhoba ka kelotlhoko le go leka go dirisa melaometheo ya Baebele ka kelotlhoko.

18. Ke eng se se dirang gore bangwe ba tshameke ka maikutlo a ba bangwe a lorato, mme ke ka ntlha yang fa go tshameka ka maikutlo a lorato jalo go le kotsi?

18 Fa re itshekatsheka ka kelotlhoko, ba le bantsi ba rona ba tla dumela gore fa re lemoga gore mongwe wa bong bo sele o a re kgatlhegela, re a itumela. Ao ke maikutlo a tlholego. Mme gone a re tshameka ka maikutlo a ba bangwe a lorato go dira gore ba re kgatlhegele ka tsela eo—go dira fela gore re ikutlwe re le batho ba ba ratwang kgotsa go dira gore ba bangwe le bone ba ikutlwe ka tsela e e tshwanang? Fa go ntse jalo, a re ile ra akanya ka botlhoko jo bo bakwang ke seno? Ka sekai, Diane 13:12 ya re: “Tebelelo e e busediwang morago e bobodisa pelo.” Fa re tshameka ka maikutlo a ba bangwe a lorato ka boomo, go ka direga gore ga re itse gore motho yoo o ikutlwa jang. A ka nna a lebelela gore nako nngwe lo tlile go ratana, kgotsa le gore lo tlile go nyalana kwa bofelong. A ka feleletsa a swabile ka tsela e e tlileng go mo utlwisa botlhoko tota. (Diane 18:14) Go tshameka ka maikutlo a ba bangwe ka boomo ka tsela eo ke bosetlhogo.

19. Go tshameka ka maikutlo a lorato go ka tsenya lenyalo la Mokeresete mo kotsing jang?

19 Go botlhokwa thata gore re ikele tlhoko mo go tshamekeng ka maikutlo a ba bangwe a lorato bogolo jang fa go tsenwa mo bathong ba ba mo lenyalong. Go bontsha motho yo o setseng a nyetse gore o na le maikutlo a go mo kgatlhegela—kgotsa motho yo o nyetseng a bontsha maikutlo ao mo mothong yo mongwe yo a sa nyalanang nae—go phoso. Ka maswabi, Bakeresete bangwe ba ile ba nna le pono e e phoso ya gore go siame fela go ikutlwa ba rata batho ba bong bo sele ba e seng balekane ba bone ba lenyalo. Bangwe ba bolelela “tsala” eno ya bone matshwenyego a bone ba bo ba ba bolelele diphiri tse ba sa di bueng le balekane ba bone ba lenyalo. Ka ntlha ya moo, seno se ile sa dira gore go tsoge maikutlo a lorato a a isitseng kwa goreng ba bolelelane dilo tse di kwa teng thata mme ga feleletsa go koafaditse kgotsa e bile go sentse manyalo a bone. Bakeresete ba ba nyetseng ba tshwanetse go gakologelwa tlhagiso e e botlhale ya ga Jesu ka kgokafalo—e leng gore e simolola mo pelong. (Mathaio 5:28) Ka gone he, a re dibeleng dipelo tsa rona  mme re tile maemo a a ka nnang a re isa kwa kotsing e e tshwanang le eno.

20. Re tshwanetse ra ikemisetsa go leba boitsheko jwa rona jang?

20 Gone ke boammaaruri gore go nna o itshekile mo lefatsheng la gompieno le le se nang boitshwaro ga se selo se se motlhofo. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore go motlhofo go nna o itshekile go na le go leka go boela o itsheka morago ga go latlhegelwa ke boitsheko jwa gago. Ee, gone Jehofa a ka kgona go “itshwarela ka tsela e kgolo” e bile o kgona go phepafatsa batho ba eleruri ba ikotlhaelang maleo a bone. (Isaia 55:7) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a sireletse batho ba ba welang mo boitshwarong jo bo sa siamang gore ba se ka ba bona ditlamorago tsa boitshwaro jwa bone. Ditlamorago tsa teng di ka tsaya lobaka lo loleele, gongwe e bile tsa go sala morago botshelo jotlhe. (2 Samuele 12:9-12) Ka gone, dira gotlhe mo o ka go kgonang gore o nne o itshekile ka go dibela pelo ya gago. Leba boemo jwa gago jo bo phepa, jwa go itsheka fa pele ga ga Jehofa Modimo e le selo se se tlhwatlhwakgolo se o nang le sone—mme o se ka wa ba wa se tlogela sa go tswa dinaleng!

O ne O Tla Araba Jang?

• Boitsheko ke eng, mme ke ka ntlha yang fa bo le botlhokwa jaana?

• Re ka dibela dipelo tsa rona jang?

• Go tshaba kgokafalo go akaretsang?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go tshameka ka maikutlo a ba bangwe a lorato?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Koloi e ka nna kotsi fa e sa kaelwe sentle

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Go ka diregang fa re itlhokomolosa dikotsi?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Thatano e e itshekileng e a itumedisa e bile e galaletsa Modimo