Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bodumedi ke Jone bo Bakang Mathata a Batho?

A Bodumedi ke Jone bo Bakang Mathata a Batho?

 A Bodumedi ke Jone bo Bakang Mathata a Batho?

“FA BODUMEDI bo sa kgothaletse ntwa bo tshwana le seokobatsi se se bolayang segakolodi sa motho, se tlatsa boboko jwa motho ka dilo tse di ka se kang tsa direga. . . . [Bo] dira gore batho ba nne ditlhogo di thata, ba dumele mo botlhoding, ba tlale letlhoo le poifo.” Seo se ne sa kwalwa ke motho yo pele e neng e le morongwa wa kereke ya Methodist, a bo a oketsa jaana: “Ditatofatso tseno di boammaaruri. Go na le bodumedi jo bo siameng le jo bo sa siamang.”—Start Your Own Religion.

Bangwe ba ka nna ba re, ‘Ruri eno ke tsela e e sa siamang ya go bua ka bodumedi.’ Mme gone ke mang yo o ka ganetsang se tota se diragetseng mo hisitoring? Bodumedi—jo bo tlhalosiwang go twe ke “go direla le go obamela Modimo kgotsa sebopiwa se se nang le maatla a a fetang a a tlwaelegileng”—bo dirile dilo tse di tshosang. Bo tshwanetse go re ruta le go re tlhotlheletsa. Le fa go ntse jalo, gantsi se bo se dirang ke go tlhotlheletsa ntwa, go se itshokelane le letlhoo. Ke eng fa go ntse jalo?

“Moengele wa Lesedi” yo o Tsietsang

Go ya ka Baebele, go na le karabo e e tlhamaletseng. Satane Diabolo, a itira “moengele wa lesedi,”  o tsieditse batho ba le bantsintsi gore ba latele dithuto tsa gagwe go na le gore ba latele tsa Modimo. (2 Bakorintha 11:14) Moaposetoloi Johane o ne a bontsha gore tlhotlheletso ya ga Satane e kgolo mo e leng gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Johane o ne a itse gore Satane o ne a ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’—Tshenolo 12:9.

Diphelelo tsa seno e nnile dife? Satane o simolotse madumedi a a lebegang e kete a boitshepo. A na le “tebego fela ya ‘bodumedi,’” mme boemo jwa one jwa mmatota bo bonala sentle mo maungong a jone a a bosula. (2 Timotheo 3:5, J. B. Phillips; Mathaio 7:15-20) Go na le gore bodumedi bo rarabolole mathata a batho, jaanong bo fetogile sengwe sa dilo tse di bakang bothata.

O se ka wa itlhaganelela go bolela gore seo se ka se direge kana ga se utlwale. Se lebale, tsietso e ntse fela jalo, yo o tsiediwang ga a lemoge. Moaposetoloi Paulo o ne a dira sekai sa seno fa a ne a kwala jaana: “Dilo tse ditšhaba di di isang setlhabelo di di isetsa madimona setlhabelo, mme e seng Modimo.” (1 Bakorintha 10:20) Batho bao ba ne ba ka gakgamadiwa thata ke go akanya gore ba ne ba obamela madimona. Ba ne ba akanya gore ba direla modimo kgotsa medimo e e molemo ya mofuta mongwe. Le fa go ntse jalo, totatota ba ne ba tsieditswe ke “meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo,” e e emang Satane nokeng fa a ntse a leka go timetsa batho.—Baefeso 6:12.

Ka sekai, a re sekasekeng kafa Satane a neng a kgona ka teng go tsietsa le go timetsa batho ba bantsi ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete, ba ba neng ba tlhopha go tlhokomologa tlhagiso ya ga moaposetoloi Johane malebana le tlhotlheletso eo e e bosula.—1 Bakorintha 10:12.

Jesu O ne A Ruta Se se Tswang Kwa Modimong

Jesu Keresete o ne a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Johane 7:16) Ee, se a neng a se ruta se ne se tswa kwa go Modimo Mothatayotlhe. Ka jalo dithuto tsa ga Jesu di ne di na le tlhotlheletso e kgolo mo bathong ba ba neng ba mo reetsa e bile di ne di naya lesedi. Di ne di sa ‘bolaye segakolodi sa motho kana di tlatsa boboko jwa motho ka dilo tse di ka se kang tsa direga.’ Go na le moo, dilo tse Jesu a neng a di ruta di ne di golola batho mo dithutong tsa maaka tsa bodumedi le mo difilosofing tsa batho tse di neng di dirilwe ke lefatshe le le neng le le “mo lefifing mo mogopolong” ka ntlha ya tsietso ya ga Diabolo.—Baefeso 4:18; Mathaio 15:14; Johane 8:31, 32.

Bakeresete ba boammaaruri, ba ne ba sa bonwe ka gore ba ipolele fela gore ba ineetse, mme ba ne ba bonwa ka tumelo e e neng e bontsha dinonofo tse di rategang tse di nnang teng ka ntlha ya moya wa Modimo o o boitshepo. (Bagalatia 5:22, 23; Jakobe 1:22; 2:26) Nonofo e e tlhomologileng mo go tseno—e bile e le letshwao la Bokeresete jwa boammaaruri—ke nonofo e e tlhomologileng ya lorato.—Johane 13:34, 35.

Le fa go ntse jalo, ela tlhoko ntlha eno ya botlhokwa thata: Jesu le fa e le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba sa lebelela gore phuthego ya Bokeresete e tla tswelela e ntse jaaka e ne e ntse kwa tshimologong. Ba ne ba itse gore botlhanogi bo ne bo tla nna teng le gore bodumedi jwa boammaaruri bo ne bo tla fitlhega ka lobaka lo lo rileng.

Go se Bonale ga Bodumedi Jwa Boammaaruri ka Nakwana

Mo setshwantshong sa korong le mofero, Jesu o ne a bolelela pele gore bodumedi jwa boammaaruri bo ne bo tla fitlhega ka lobakanyana. Ipalele kgang eo mo go Mathaio 13:24-30, 36-43. Jesu o ne a jala korong mo tshimong, “peo e e molemo,” e e neng e tshwantshetsa barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba neng ba tla bopa phuthego ya pele ya Bokeresete. O ne a tlhagisa gore fa nako e ntse e tsamaya “mmaba,” Satane Diabolo, o ne a tla jala “mefero”—batho ba ba  ipolelang gore ba latela Jesu Keresete mme ba gana dithuto tsa gagwe—mo tshimong ya korong.

Fela fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go swa, batho ba e neng e le “mefero” ba ne ba amogela dithuto tse di sokameng tsa batho go na le “lefoko la ga Jehofa.” (Jeremia 8:8, 9; Ditiro 20:29, 30) Ka ntlha ya seo, go ne ga nna le Bokeresete jo bo kgopameng, jo e seng jwa boammaaruri mo lefatsheng. Bo ne bo laolwa ke se Baebele e se bitsang “yo o se nang molao”—setlhopha sa baruti ba ba bosula se se neng se tsene ka tlhogo mo ‘tsietsong nngwe le nngwe e e sa siamang.’ (2 Bathesalonika 2:6-10) Jesu o ne a boleletse pele gore boemo jono bo ne bo tla fetoga mo “bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.” Bakeresete ba ba tshwanang le korong ba ne ba tla phuthwa ka kutlwano mme kgabagare “mefero” e ne e tla senngwa.

Bokeresete jono jo e seng jwa boammaaruri ke jone jo bo bakileng “bosetlhogo jo bogolo mo makgolokgolong a dingwaga” le lefifi la semoya le le neng la hupetsa Labokeresete mo makgolong a dingwaga a a neng a latela. Fa moaposetoloi Petere a ne a bonela seno pele mmogo le ditiro tse dingwe tsotlhe tsa thubakanyo tse di saleng di dirwa go simolola ka nako eo mo leineng la bodumedi, o ne a bolelela pele gore “ka ntlha ya bano [ba ba ipolelang gore ke Bakeresete] tsela ya boammaaruri e [ne e tla] buiwa ka go kgojwa.”—2 Petere 2:1, 2.

‘Bodumedi jo bo Rotloetsang Bogale le Letlhoo’

Boammaaruri ke gore ga se Labokeresete fela e e dirileng gore bodumedi bo felelwe ke seriti. Ka sekai, akanya ka dikgopolo tsa bongangatlelatumelo tsa “go ineela ka tsela e e feteletseng,” tse motho yo pele e neng e le moitlami e bong Karen Armstrong a reng di anamisitswe ke “ngwao nngwe le nngwe e kgolo ya bodumedi.” Go ya ka Armstrong tsela nngwe ya botlhokwa ya go leka bodumedi ke gore bo tshwanetse jwa dira gore batho ba bontshe “kutlwelobotlhoko ya bone ka ditiro.” Madumedi a bongangatlelatumelo a dirile jang mo ntlheng eno? O kwala jaana: “Bodumedi jwa bangangatlelatumelo, e ka tswa e le Bojuda, Bokeresete kgotsa Bomoseleme bo palelwa ke teko eno ya botlhokwa fa bo rotloetsa bogale le letlhoo.” (The Battle for God—Fundamentalism in Judaism, Christianity and Islam) A mme ke madumedi a “bongangatlelatumelo” fela a a paletsweng ke teko eno mme a “nna madumedi a a rotloetsang bogale le letlhoo”? Hisitori e bontsha gore ga go a nna jalo.

Totatota, Satane o dirile mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, jo bo tletseng kgalefo, letlhoo le tshololo ya madi e e batlang e sa fele. Baebele e bitsa mmusomogolo ono e re ke “Babelona o Mogolo, . . . mmadilo tse di ferosang sebete tsa lefatshe,” mme o tshwantshediwa ke seaka se se palameng sebatana se se tshwantshetsang tsamaiso ya bopolotiki. Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore o tsewa a ikarabelela ka ntlha ya “madi a . . . botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.”—Tshenolo 17:4-6; 18:24.

Ga go A Tsiediwa Batho Botlhe

Le fa go ntse jalo, hisitori e bontsha gore ga go a tsiediwa mongwe le mongwe. Melvyn Bragg o bolela gore tota le mo metlheng e e maswe thata ya hisitori “batho ba bantsi ba ba siameng ba ne ba dira ditiro tse di molemo fa batho ba bantsi go ba dikologa ba ne ba le bosula.” Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tswelela ba “obamela [Modimo] ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:21-24) Ba ne ba ikgaoganya le tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya bodumedi e e neng e itirile seaka ka go “tshegetsa sesole.” Ga ba ka ba dumela go nna le kamano epe le kgolagano ya Kereke le Puso e hisitori e bontshang gore “ke kgolagano e e dirilweng ke Satane e seng ke Jesu wa Nasaretha.”—Two Thousand Years—The Second Millennium: From Medieval Christendom to Global Christianity.

Mo metlheng ya bosheng, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itsege ba na le tlhotlheletso e e molemo. Ka gonne ba sa batle go kgotlelwa ke bodumedi jwa maaka, ditumelo tsa bone le dilo tse ba di dirang di theilwe fela mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng, Baebele. (2 Timotheo 3:16, 17) Mme jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba latetse taelo ya ga Jesu ya gore ba se ka ba nna “karolo ya lefatshe.” (Johane 15:17-19; 17:14-16) Ka sekai, kwa Jeremane ya Bonasi ba ne ba gana go latlha melaometheo ya Bokeresete mme ka jalo ba ne ba sa amogelwe go ya ka melao ya Bonasi. Hitler o ne a ba tlhoela sone seo. Bukathuto  nngwe ya sekolo ya re: “Basupi ba ga Jehofa . . . ba ne ba latela thuto ya Baebele ya gore ba se ka ba dirisa dibetsa le fa e le kafa tlase ga maemo afe. Ka jalo ba ne ba gana go direla mo bosoleng kgotsa go dirisana ka gope fela le Banasi. Fa masole a SS a ipusolosetsa, a ne a tshwara malapa a a feletseng a Basupi ba ga Jehofa. Mo e ka nnang nngwetharong ya Basupi ba ga Jehofa botlhe [kwa Jeremane] ba ne ba bolawa mo dikampeng tsa pogisetso.”—Germany—1918-45.

Ee, batho ba bangwe ba ba pelokgale ba madumedi a a farologaneng ba ne ba bogisiwa ka ntlha ya dilo tse ba di dumelang. Mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira seno e le setlhopha sa bodumedi se se kopaneng. Kwantle ga pelaelo bontsi jwa bone ba ne ba ngaparetse molaomotheo ono wa Dikwalo: “Utlwa Modimo e le mmusi go na le batho.”—Ditiro 5:29; Mareko 12:17.

Motswedi wa Bothata

Ka jalo, ga se boammaaruri jo bo feletseng gore bodumedi ke jone bo bakang mathata otlhe a batho. Bodumedi jwa maaka ke jone jo bo dirang jalo. Mme go ise go ye kae, Modimo o ikaeletse go fedisa bodumedi jotlhe jwa maaka. (Tshenolo 17:16, 17; 18:21) O naya mongwe le mongwe yo o ratang tshiamiso le tshiamo taelo eno: “Tswang mo go ene [ke gore, Babelona o Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka], batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe, le fa lo sa batle go amogela karolo ya dipetso tsa gagwe. Gonne maleo a gagwe a koame go fitlha fela kwa legodimong, mme Modimo o gakologetswe ditiro tsa gagwe tsa go tlhoka tshiamiso.” (Tshenolo 18:4, 5) Ee Modimo ka boene o kgopisiwa thata ke bodumedi jo bo ‘kgothaletsang ntwa, jo bo bolayang segakolodi sa motho, jo bo tlatsang boboko jwa motho ka dilo tse di ka se kang tsa direga, mme bo dira gore batho ba nne ditlhogo di thata, ba dumele mo botlhoding, mme ba tlale letlhoo le poifo’!

Gone jaanong, Modimo o kgobokanyetsa batho ba ba ratang boammaaruri mo bodumeding jo bo itshekileng. Ke bodumedi jo bo ngaparelang melaometheo le dithuto tsa Mmopi yo o lorato, yo o siameng le yo o kutlwelobotlhoko. (Mika 4:1, 2; Sefania 3:8, 9; Mathaio 13:30) O ka nna karolo ya jone. Fa o rata go nna le tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa o ka bonang bodumedi jo bo itshekileng ka teng, gololesega mme o kwalele bagatisi ba makasine ono kgotsa o kope mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a go thuse.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Batho ba mefuta yotlhe ba bone boipelo mo bodumeding jo bo itshekileng