Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tsotlhe di Galaletse Jehofa

A Tsotlhe di Galaletse Jehofa

 A Tsotlhe di Galaletse Jehofa

“Nayang Jehofa kgalalelo le nonofo. Nayang Jehofa kgalalelo ya leina la gagwe.”—PESALEMA 96:7, 8.

1, 2. Ke eng se se galaletsang Jehofa, mme ke bomang ba ba kgothalediwang gore ba kopanele mo go direng jalo?

DAFIDE morwa Jese o godile e le mosimanyana wa modisa mo kgaolong ya Bethelehema. O tshwanetse a bo a ne a tle a lebe bogolo jwa legodimo le le tletseng dinaledi mo tidimalong ya bosigo, fa a ntse a tlhokometse matsomane a ga rraagwe mo lefelong leo le le kwa thokothoko la mafulo a dinku. Ga go pelaelo gore o tshwanetse a bo a ne a akantse ka seo fa a ne a tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo go tlhama le go opela mafoko ano a a monate a Pesalema ya bo19: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; mme phuthologo e bolela tiro ya diatla tsa gagwe. Thapo ya one e e lekanyang e tswetse mo lefatsheng lotlhe, le mafoko a one go ya kwa ntlheng ya lefatshe le le ungwang.”—Pesalema 19:1, 4.

2 Letsatsi lengwe le lengwe le bosigo bongwe le bongwe magodimo a Jehofa a a bopileng ka kgakgamatso a bolela kgalalelo ya gagwe kwantle ga go bua sepe, kwantle ga lefoko le kwantle ga lentswe. Popo ga e ke e kgaotsa go bolela kgalalelo ya Modimo, mme go tshwanetse ga re kokobetsa go akanya kafa e dirang seno ka gone e ntse e didimetse mme e dira jalo ka tsela e re e bonang rotlhe mo “lefatsheng lotlhe.” Le fa go ntse jalo, bosupi jono jo popo e bo neelang e didimetse ga bo a lekana. Batho ba ba ikanyegang ba kgothalediwa go kopanya mantswe a bone mo go neeleng bosupi jono. Mopesalema yo go sa umakwang leina la gagwe o ne a bua mafoko ano le baobamedi ba ba ikanyegang: “Nayang Jehofa kgalalelo le nonofo. Nayang Jehofa kgalalelo ya leina la gagwe.” (Pesalema 96:7, 8) Batho ba ba nang le kamano e e molemo le Jehofa ba itumelela go tsibogela kgakololo eo. Le fa go ntse jalo, go naya Modimo kgalalelo go akaretsa eng?

3. Ke eng fa batho ba galaletsa Modimo?

3 Ga go a lekana go galaletsa Modimo ka mafoko fela. Baiseraele ba motlha wa ga Isaia ba ne ba galaletsa Modimo ka dipounama, mme bontsi jwa bone bo sa tlhoafala. Jehofa o ne a bua jaana a dirisa Isaia: “Batho bano ba atametse ka molomo wa bone, mme ba nkgalaleditse ka dipounama tsa bone fela, mme ba tloseditse pelo ya bone kgakala le nna.” (Isaia 29:13) Mafoko ape fela a pako a batho bano ba neng ba a bua a ne a sa kae sepe. Gore mafoko a pako a nne le bokao, a tshwanetse a bo a tswa mo pelong e e tletseng go rata Jehofa le go  tsaya tsia kgalalelo ya gagwe e e sa tshwaneng le epe. Jehofa ke Mmopi a le nosi. Ke ene Mothatayotlhe, Modiri wa Tshiamiso yo o ba gaisang botlhe, mothofatso wa lorato. Ke ene motswedi wa poloko ya rona e bile ke ene fela yo o nang le tshwanelo ya go nna Molaodi yo botlhe ba ba tshelang kwa legodimong le mo lefatsheng ba tshwanelwang ke go mo ikobela. (Tshenolo 4:11; 19:1) Fa ruri re dumela dilo tseno, a re mo galaletseng ka pelo yotlhe.

4. Ke ditaelo dife tse Jesu a ileng a re neela tsone malebana le go galaletsa Modimo, mme re ka di diragatsa jang?

4 Jesu Keresete o ne a re bolelela kafa re ka galaletsang Modimo ka teng. O ne a re: “Rre o galalediwa ke seno, gore lo nne lo ungwe maungo a mantsi lo bo lo itshupe lo le barutwa ba me.” (Johane 15:8) Re ungwa maungo a mantsi ka tsela efe? Sa ntlha, ke ka go nna le seabe ka moya otlhe mo tirong ya go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’ mme ka go dira jalo re kopanela le popo yotlhe mo go “boleleng” “dinonofo tse di sa bonaleng” tsa Modimo. (Mathaio 24:14; Baroma 1:20) Mo godimo ga moo, ka go dira jalo rotlhe re nna le seabe—ka tlhamalalo kana e seng ka tlhamalalo—mo tirong ya go dira barutwa ba basha ba ba oketsang ka mantswe a bone mo pineng ya go galaletsa Jehofa Modimo. Sa bobedi, re lwela go nna le dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa Modimo tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone. (Bagalatia 5:22, 23; Baefeso 5:1; Bakolosa 3:10) Seno se dira gore boitshwaro jwa rona jwa letsatsi le letsatsi bo galaletse Modimo.

“Mo Lefatsheng Lotlhe”

5. Tlhalosa kafa Paulo a ileng a gatelela ka teng boikarabelo jwa Bakeresete jwa go galaletsa Modimo ka go rerela batho ba bangwe.

5 Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Baroma o ne a gatelela boikarabelo jwa Bakeresete jwa gore ba galaletse Modimo ka go rerela batho ba bangwe. Molaetsa o mogolo wa buka ya Baroma ke gore batho ba ba bontshang go dumela mo go Jesu Keresete ke bone fela ba ka bolokwang. Mo kgaolong ya 10 ya lekwalo leno, Paulo o ne a bontsha gore Baiseraele ba tlholego ba motlha wa gagwe ba ne ba sa ntse ba leka go dira gore ba tsewe ba siame ka go latela Molao wa ga Moshe, le mororo “Keresete [e ne e le] bokhutlo jwa Molao.” Ke gone ka moo Paulo a reng: “Fa o bolela ‘lefoko leo le le mo molomong wa gago’ phatlalatsa, gore Jesu ke Morena, o bo o dumela mo pelong ya gago gore Modimo o ne a mo tsosa mo baswing, o tla bolokwa.” Go tloga ka nako eo go ya pele, “ga [go a ka ga tlhola go nna le] pharologanyo fa gare ga Mojuda le Mogerika, gonne go na le Morena a le mongwe fela mo go botlhe, yo o humetseng botlhe ba ba mmitsang. Gonne ‘mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.’”—Baroma 10:4, 9-13.

6. Paulo o ne a amanya Pesalema 19:4 le eng?

6 Go tswa foo Paulo o ile a botsa jaana ka tsela e e dirang gore motho a akanye: “Ba tla bitsa jang yo ba sa dumelang mo go ene? Gape, ba tla dumela jang mo go yo ba sa utlwang ka ene? Gape, ba tla utlwa jang fa go se na ope yo o rerang?” (Baroma 10:14) Paulo o ile a bua jaana ka Baiseraele: “Ba ne ba se ka ba dumela dikgang tse di molemo botlhe.” Ke eng fa Baiseraele ba ile ba se ka ba dumela? Ba ne ba dira jalo ka ntlha ya go tlhoka tumelo, e seng ka ntlha ya go tlhoka tshono. Paulo o bontsha seno ka go nopola Pesalema 19:4 a bo a e amanya le tiro ya go rera ya Bokeresete go na le go e amanya le bosupi jo bo didimetseng jwa popo. A re: “Tota e bile, ‘modumo wa bone o tswetse mo lefatsheng lotlhe, le mafoko a bone a tswetse kwa dintlheng tsa lefatshe le le nang le banni.’” (Baroma 10:16, 18) Ee, fela jaaka popo e e sa tsheleng e galaletsa Jehofa, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba rera dikgang tse di molemo tsa poloko gongwe le gongwe mme ka go dira jalo ba baka Modimo “mo lefatsheng lotlhe.” Gape Paulo o ne a tlhalosa mo lekwalong le a le kwaletseng Bakolosa kafa dikgang tse di molemo di neng di anamisitswe ka teng. O ne a re dikgang tse di molemo di ne di rerilwe “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.”—Bakolosa 1:23.

 Basupi ba ba Tlhagafetseng

7. Go ya ka Jesu, Bakeresete ba na le boikarabelo bofe?

7 Go ka direga gore Paulo o ile a kwala lekwalo le le yang go Bakolosa mo e ka nnang dingwaga di le 27 morago ga loso lwa ga Jesu Keresete. Go ne go ka tla jang gore tiro ya go rera e anamele le kwa Kolosa mo lobakeng lo lo khutshwane jalo? Seo se ne sa direga ka gonne Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhagafetse, mme Jehofa o ne a segofatsa tlhagafalo ya bone. Jesu o ne a bolelela pele gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla nna bareri ba ba tlhagafetseng fa a ne a re: “Mo ditšhabeng tsotlhe dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele.” (Mareko 13:10) Jesu o ne a oketsa boporofeti joo ka taelo eno e e kwadilweng mo ditemaneng tsa bofelo tsa Efangele ya ga Mathaio: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Mo lobakeng lo lo khutshwane fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, balatedi ba gagwe ba ne ba simolola go diragatsa mafoko ao.

8, 9. Go ya ka Ditiro, Bakeresete ba ile ba tsibogela ditaelo tsa ga Jesu jang?

8 Fa balatedi ba ba ikanyegang ba ga Jesu ba sena go tshololelwa moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E., selo sa ntlha se ba ileng ba se dira ke go tswa ba ya go rera, ba itsise matshwititshwiti a batho kwa Jerusalema “kaga dilo tse dikgolo tsa Modimo.” Tiro ya bone ya go rera e ne ya nna le matswela a magolo, mme “meya e ka nna dikete di le tharo” e ne ya kolobediwa. Barutwa ba ne ba tswelela pele ka go baka Modimo phatlalatsa le ka tlhagafalo mme ba nna le matswela a a molemo.—Ditiro 2:4, 11, 41, 46, 47.

9 Go ise go ye kae ke fa baeteledipele ba bodumedi ba setse ba etse tlhoko ditiro tsa Bakeresete bao. E re ka ba ne ba tenwa ke bopelokgale jwa ga Petere le Johane, ba ne ba laela baaposetoloi bano gore ba kgaotse go rera. Baaposetoloi ba ile ba araba jaana: “Ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.” Fa Petere le Johane ba sena go tshosediwa le go gololwa, ba ne ba boela kwa bakaulengweng ba bone, mme botlhe fela ba ne ba kopanela mo go rapeleng Jehofa mmogo. Ba ne ba kopa Jehofa jaana ka bopelokgale: ‘Dira gore batlhanka ba gago ba nne ba bue lefoko la gago ka bopelokgale jotlhe.’—Ditiro 4:13, 20, 29.

10. Ke pogiso efe e e neng ya simolola go wela Bakeresete ba boammaaruri, mme ba ne ba e tsibogela jang?

10 Thapelo eo e ne e dumalana le thato ya ga Jehofa, jaaka fa go ile ga bonala moragonyana. Baaposetoloi ba ne ba tshwarwa mme ba gololwa ke moengele ka kgakgamatso. Moengele o ile a ba raya a re: “Tsamayang, mme, e re lo sena go ema mo tempeleng, lo nne lo bue le batho ka mafoko otlhe kaga botshelo jono.” (Ditiro 5:18-20) Jehofa o ile a tswelela a segofatsa baaposetoloi ka go bo  ba ile ba ikobela taelo eo. Ka gone, “letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.” (Ditiro 5:42) Ga go pelaelo gore pogiso e e setlhogo e ne ya se ka ya kgaotsa balatedi ba ga Jesu mo tirong ya go galaletsa Modimo phatlalatsa.

11. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ikutlwa jang ka tiro ya go rera?

11 Go ise go ye kae ke fa Setefane a tshwarwa a bo a kgobotlediwa ka maje go fitlha a swa. Go bolawa ga gagwe go ne ga baka pogiso e e setlhogo mo Jerusalema, mme barutwa botlhe kwantle fela ga baaposetoloi, ba ne ba patelesega go gasama. A ba ne ba kgobiwa marapo ke pogiso? Legoka! Re bala jaana: “Ba ba neng ba gasame ba ya le lefatshe leo lotlhe ba bolela dikgang tse di molemo tsa lefoko.” (Ditiro 8:1, 4) Tlhagafalo e ba neng ba na le yone fa ba bolela kgalalelo ya Modimo e ne ya bonala gangwe le gape. Mo go Ditiro kgaolo 9, re utlwa gore Saulo wa Tareso yo e neng e le Mofarasai, o ne a bona ponatshegelo ya ga Jesu a bo a foufadiwa fa a ne a tsere mosepele a ya Damaseko go ya go bogisa barutwa ba ga Jesu teng. Fa Saulo a fitlha kwa Damaseko, Ananiase o ile a fitlha a mo foufolola ka kgakgamatso. Selo sa ntlha se Saulo—yo moragonyana a neng a itsege e le moaposetoloi Paulo—a ileng a se dira ke sefe? Pego eno ya re: “Ka yone nako eo a simolola go rera Jesu mo disinagogeng, gore Yono ke Morwa Modimo.”—Ditiro 9:20.

Botlhe Ba ne Ba Rera

12, 13. (a) Go ya ka bakwadi ba hisitori, ke eng se se neng se lemotshega ka phuthego ya bogologolo ya Bokeresete? (b) Buka ya Ditiro le mafoko a ga Paulo di dumalana jang le mafoko a bakwadi ba hisitori?

12 Go a itsege gore mo phuthegong ya bogologolo ya Bokeresete botlhe ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go rera. Philip Schaff o kwala jaana ka Bakeresete ba nako eo: “Phuthego nngwe le nngwe e ne e dira tiro ya borongwa, mme modumedi mongwe le mongwe wa Mokeresete e ne e le morongwa.” (History of the Christian Church) W. S. Williams a re: “Bosupi jo bo itsegeng ke gore Bakeresete botlhe ba Kereke ya bogologolo, segolobogolo ba ba neng ba na le neo ya go dira dikgakgamatso [neo ya moya], ba ne ba rera efangele.” (The Glorious Ministry of the Laity) Gape o gatelela jaana: “Le ka motlha Jesu Keresete o ne a sa ikaelela gore tiro ya go rera e dirwe fela ke batho ba maemo a a rileng.” Tota le Celsus, yo e neng e le mmaba wa bogologolo wa Bakeresete, o ile a kwala jaana: “Batho ba ba dirang ka boboa, ba ba dirang ditlhako, ba ba sugang matlalo, batho fela ba ba sa rutegang le ba maemo a a kwa tlase go gaisa botlhe, e ne e le bareri ba ba tlhagafetseng ba efangele.”

13 Boammaaruri jwa mafoko ano bo bonwa mo pegong ya ditiragalo tse di mo bukeng ya Ditiro. Morago ga go tshololwa ga moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E., barutwa botlhe, banna le basadi, ba ne ba bolela ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo phatlalatsa. Morago ga pogiso e e neng ya latela fa Setefane a sena go bolawa, Bakeresete botlhe ba ba neng ba gasame ba ne ba anamisetsa dikgang tse di molemo kwa mafelong a a kwa kgakala. Dingwaga di ka nna 28 moragonyana, Paulo o ne a kwalela Bakeresete botlhe ba Bahebera, e seng fela setlhotswana se se rileng sa baruti, fa a ne a re: “A ka metlha re isetseng Modimo setlhabelo ka ene sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.” (Bahebera 13:15) Paulo o ile a bua jaana fa a tlhalosa tsela e ene ka boene a neng a leba tiro ya go rera ka yone: “Jaanong, fa ke bolela dikgang tse di molemo, ga se lebaka la gore ke ipelafatse, gonne ke patelesega go dira jalo. Tota, a bo go latlhega nna fa e le gore ga ke a bolela dikgang tse di molemo!” (1 Bakorintha 9:16) Ga go pelaelo gore, Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ikutlwa ka tsela eo.

14. Tumelo e amana jang le tiro ya go rera?

14 Ee, Mokeresete wa boammaaruri o tshwanetse go nna le seabe mo tirong ya go rera ka gonne e amana thata le tumelo. Paulo o ile a re: “Motho o supa tumelo ka pelo go bona tshiamo, mme o dira polelo phatlalatsa ka molomo go bona poloko.” (Baroma 10:10) A ke setlhotswana se sennye fela mo phuthegong—se se jaaka sa baruti—se se bontshang tumelo mme ka jalo se nna le boikarabelo jwa go rera? Nnyaa! Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba lwela go nna le tumelo e e nonofileng mo go Morena Jesu Keresete mme ba tlhotlheletsega go bolelela batho ba bangwe tumelo ya bone phatlalatsa. Fa ba sa dire jalo tumelo ya  bone e tla bo e sule. (Jakobe 2:26) E re ka Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona ba ile ba bontsha tumelo ya bone ka tsela eno, leina la ga Jehofa le ile la galalediwa fela thata.

15, 16. Neela dikai tse di bontshang gore tiro ya go rera e ne ya gatela pele le fa go ne go na le mathata.

15 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jehofa o ne a segofatsa batho ba gagwe ka koketsego le mororo go ne go na le mathata a a tlhagang mo teng ga phuthego le ka kwa ntle ga yone. Ka sekai, Ditiro 6 e umaka kgotlhang e e neng ya runya gareng ga basokologi ba ba buang Sehebera le ba ba buang Segerika. Bothata joo bo ne jwa rarabololwa ke baaposetoloi. Ka ntlha ya seo, re bala jaana: “Lefoko la Modimo la tswelela le gola, le palo ya barutwa ya nna ya ntsifala fela thata mo Jerusalema; mme boidiidi jo bogolo jwa baperesiti jwa simolola go utlwa tumelo.”—Ditiro 6:7.

16 Moragonyana go ne ga tsoga kgotlhang ya sepolotiki gareng ga Kgosi Herode Ageripa wa Judea le batho ba Ture le Sidona. Baagi ba metse eo ba ne ba dira ditumalano tsa kagiso tse di forang Herode, mme ene o ne a arabela seo ka go ba ema ka lefoko. Boidiidi jo bo neng bo kokoane koo bo ne jwa simolola go tlhaeletsa jaana: “Ke lentswe la modimo, ga se la motho!” Ka ponyo ya leitlho, moengele wa ga Jehofa o ne a itaya Herode Ageripa mme a swa “ka gonne o ne a se ka a naya Modimo kgalalelo.” (Ditiro 12:20-23) A bo seno se ile sa tshosa batho ba ba neng ba beile tsholofelo ya bone mo baeteledipeleng ba batho thata jang ne! (Pesalema 146:3, 4) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ne ba tswelela ka go galaletsa Jehofa. Seno se ne sa felela ka gore ‘lefoko la ga Jehofa le tswelele go gola le go anama’ le fa go ne go na le maemo ao a a sa iketlang a dipolotiki.—Ditiro 12:24.

Seemo ka Nako eo le Gone Jaanong

17. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga palo e e oketsegang ya batho e ne ya kopanela mo go direng eng?

17 Ee, phuthego ya lefatshe lotlhe ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e dirilwe ka batho ba ba tlhagafetseng ba ba bakang Jehofa Modimo ka matlhagatlhaga. Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang ba ne ba nna le seabe mo go anamiseng dikgang tse di molemo. Bangwe ba bone ba ne ba kopana le batho ba ba kgatlhegang, mme fela jaaka Jesu a ile a ba laela, ba ne ba ba ruta go ikobela dilo tsotlhe tse a di laetseng. (Mathaio 28:19, 20) Seno se ne sa dira gore phuthego e gole, mme batho ba le bantsi ba ne ba etsa Kgosi Dafide wa bogologolo ka go baka Jehofa. Botlhe ba ne ba dumalana le mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “Ke a go baka, wena Jehofa Modimo wa me, ka pelo ya me yotlhe, mme ke tla galaletsa leina la gago ka bosakhutleng, gonne bopelonomi jwa gago jwa lorato bo bogolo mo go nna.”—Pesalema 86:12, 13.

18. (a) Ke pharologano efe e e bonalang gareng ga phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga le Labokeresete gompieno? (b) Go tla sekasekwa eng mo setlhogong se se latelang?

18 Ka ntlha ya seno, mafoko a ga Allison A. Trites, yo e leng porofesa wa thutabodumedi, a dira gore motho a akanye. O ile a bua jaana fa a bapisa Labokeresete wa segompieno le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga: “Gantsi koketsego mo dikerekeng gompieno e bakwa ke tsalo (fa bana ba malapa a kereke ba latela bodumedi jwa batsadi ba bone) kana khudugo (fa maloko a a tswang kwa mafelong a mangwe a fudugela mo kerekeng ya lefelo leo). Le fa go ntse jalo, mo bukeng ya Ditiro, koketsego e ne e bakwa ke go sokologa ga batho, ka gonne kereke ka nako eo e ne e sa ntse e simolola tiro ya yone.” A seno se bolela gore Bokeresete jwa boammaaruri ga bo tlhole bo oketsega ka tsela e Jesu a ileng a re bo tla oketsega ka yone? Nnyaa ga go a nna jalo. Gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba sa ntse ba tlhagafetse ka ditsela tsotlhe mo tirong ya go baka Modimo phatlalatsa fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Re tla bona seno mo setlhogong se se latelang.

A o Ka Tlhalosa?

• Re galaletsa Modimo ka ditsela dife?

• Paulo o ne a amanya Pesalema 19:4 le eng?

• Tumelo e amana jang le tiro ya go rera?

• Ke eng se se neng se lemotshega ka phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Magodimo ga a kgaotse go bolela kgalalelo ya ga Jehofa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of Anglo-Australian Observatory, photograph by David Malin

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Tiro ya go rera e amana thata le thapelo