Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Botlhokwa Thata Gore Re nne Re Disitse

Go Botlhokwa Thata Gore Re nne Re Disitse

 Go Botlhokwa Thata Gore Re nne Re Disitse

“Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.”—MATHAIO 24:42.

1, 2. Ke eng se se bontshang gore re tshela mo nakong ya bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?

BILL EMMOTT yo e leng mokwadi a re: “Lekgolo la bomasomeamabedi la dingwaga le ne le tletse segolobogolo ka dintwa.” Le fa gone a dumela gore metlha yotlhe ya hisitori ya motho e ile ya amiwa ke dintwa le thubakanyo, o oketsa jaana: “Lekgolo la bomasomeamabedi la dingwaga ga le a ka la farologana thata le makgolo a mangwe a dingwaga ka dintwa, selo se le neng la farologana le makgolo a mangwe a dingwaga ka sone ke bogolo jwa dintwa tsa lone. E ne ya nna lone lekgolo la ntlha la dingwaga le mo go lone go neng ga runya ntwa ya lefatshe lotlhe . . . Mme se se maswe le go feta, le ne la se ka la nna le ntwa e le nngwe fela, go na le moo le ne la nna le dintwa tse pedi tsa lefatshe.”

2 Jesu Keresete o ne a bolelela pele dintwa tse mo go tsone ‘setšhaba se neng se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologela bogosi.’ Le fa go ntse jalo, dintwa tseno ke karolo e le nngwe fela ya ‘sesupo sa go nna gone ga ga Keresete le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.’ Mo boporofeting jono jo bogolo, Jesu o ne a umaka le mauba, malwetse a leroborobo le dithoromo tsa lefatshe. (Mathaio 24:3, 7, 8; Luke 21:6, 7, 10, 11) Ditiragalo tseno di oketsegile ka bontsi le ka bogolo jwa tsone. Boikepo jwa batho bo oketsegile, jaaka fa re bo bona mo maikutlong a ba nang le one ka Modimo le ka batho ba bangwe. Boitshwaro jwa batho bo senyegile, bokebekwa le thubakanyo di oketsegile. Batho ba fetogile barati ba madi go na le go nna barati ba Modimo, ba amegile fela ka go ijesa menate. Dilo tseno tsotlhe ke bosupi jwa gore re tshela mo ‘dinakong tsa mathata.’—2 Timotheo 3:1-5.

3. “Ditshupo tsa metlha” di tshwanetse go re ama jang?

3 O ikutlwa jang ka maemo a batho a a ntseng a senyegela pele? Batho ba le bantsi ga ba re sepe, tota e bile ga ba tshwenyege ka ditiragalo tseno tse di ngomolang pelo. Batho ba lefatshe leno ba ba nang le taolo le ba ba botlhale ga ba lemoge bokao jwa “ditshupo tsa metlha”; tota le baeteledipele ba bodumedi ba palelwa ke go naya batho kaelo e e molemo mo kgannyeng eno. (Mathaio 16:1-3) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.” (Mathaio 24:42) Jesu fano o re kgothaletsa ‘go nna re disitse,’ e seng go disa ka nakwana fela. Gore re nne re disitse, re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng re le kelotlhoko. Seno se re tlhoka sengwe se se fetang go itse fela gore re tshela mo malatsing a bofelo, sengwe se se fetang go lemoga gore metlha eno e boima. Re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng ya gore “bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse.” (1 Petere 4:7) Ke ka go dira jalo fela re ka lemogang botlhokwa jwa go nna re disitse. Ka gone, potso e re tshwanetseng go akanya ka yone ke gore: ‘Ke eng se se ka re thusang go nonotsha tumelo ya rona ya gore bokhutlo bo atametse?’

4, 5. (a) Ke eng se se tla nonotshang tumelo ya rona ya gore bokhutlo jwa tsamaiso eno bo gaufi, mme ka ntlha yang? (b) Sengwe sa dilo tse motlha wa ga Noa o tshwanang ka tsone le motlha wa go nna gone ga Morwa motho ke sefe?

4 Akanya ka maemo a a neng a aname mo motlheng wa pele ga tiragalo e e sa tshwaneng le epe e e kileng ya direga mo hisitoring ya motho—Morwalela o mogolo wa motlha wa ga Noa. Ka nako eo batho ba ne ba le boikepo thata jaana mo Jehofa a ileng a “utlwa botlhoko mo pelong.” O ne a re: “Ke tlile go nyeletsa batho ba ke ba bopileng ke ba tlosa mo godimo ga lefatshe.” (Genesise 6:6, 7) O ne a dira fela jalo. Jesu o ile a bua jaana fa a  bontsha kafa motlha oo o tshwanang ka teng le motlha wa rona: “Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.”—Mathaio 24:37.

5 Go a utlwala go akanya gore tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone ka lefatshe la gone jaanong e tshwana le e a neng a ikutlwa ka yone ka lefatshe la pele ga Morwalela. E re ka a ile a fedisa lefatshe le le boikepo la motlha wa ga Noa, ga go pelaelo gore o tla nyeletsa le lefatshe la gompieno le le boikepo. Go tlhaloganya ka botlalo dilo tse motlha wa rona o tshwanang ka tsone le tsa motlha oo go tshwanetse ga nonotsha tumelo ya rona ya gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo gaufi. Ke dilo dife tse metlha eno e tshwanang ka tsone? Go na le dilo di le tlhano tse e tshwanang ka tsone. Sa ntlha, ke tlhagiso e e tlhamaletseng e e bolelwang malebana le tshenyego e e tlang.

Ba Tlhagisiwa ka “Dilo Tse di Iseng di Bonwe”

6. Jehofa o ne a ikaelela go dira eng mo motlheng wa ga Noa?

6 Jehofa o ne a bolela jaana mo motlheng wa ga Noa: “Moya wa me ga o kitla o itshokela motho ka bosakhutleng ka gore le ene ke nama. Ka jalo malatsi a gagwe a tla fitlha go dingwaga di le lekgolo le masome a mabedi.” (Genesise 6:3) Go ntshiwa ga katlholo eo ya bomodimo ka 2490 B.C.E. go ne ga tshwaya tshimologo ya bokhutlo jwa lefatshe leo le le boikepo. Akanya fela gore katlholo eno e ne e kaya eng mo bathong ba ba neng ba tshela ka nako eo! Go ne go setse dingwaga di le 120 fela gore Jehofa a ‘tlise morwalela wa metsi mo lefatsheng gore a senye nama yotlhe kafa tlase ga magodimo e maatla a botshelo a dirang mo go yone.’—Genesise 6:17.

7. (a) Noa o ne a tsibogela jang tlhagiso e e malebana le go tla ga Morwalela? (b) Re tshwanetse go tsibogela jang ditlhagiso tse di malebana le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?

7 Noa o ne a newa tlhagiso e e malebana le masetlapelo a a neng a tlile go direga, a e newa masome a dingwaga pele ga a direga, mme o ne a dirisa nako ka botlhale go ipaakanyetsa go falola. Moaposetoloi Paulo a re: “Fa [Noa] a sena go newa tlhagiso ya bomodimo ya dilo tse di iseng di bonwe, o ne a bontsha poifo ya bomodimo a ba a aga araka gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe.” (Bahebera 11:7) Go tweng ka rona? Go setse go fetile dingwaga di ka nna 90 fa e sa le malatsi a bofelo a tsamaiso eno ya dilo a simologa ka 1914. Ruri re mo ‘motlheng wa bokhutlo.’ (Daniele 12:4) Re tshwanetse go tsibogela jang ditlhagiso tse re di neilweng? Baebele ya re: “Yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) Ka gone, jaanong ke nako ya gore re dire thato ya ga Jehofa ka tlhoafalo e kgolo.

8, 9. Ke ditlhagiso dife tse Jehofa a ileng a tlhagisa batho ka tsone gompieno, mme di bolelwa ka tsela efe?

8 Mo metlheng ya gompieno, baithuti ba Baebele ba ba tlhoafetseng ba ithutile go tswa mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng gore tsamaiso eno e tlile go nyelediwa. A o dumela seo? Ela tlhoko se Jesu Keresete a se tlhalositseng ka tsela e e utlwalang sentle: “Go tla nna le pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.” (Mathaio 24:21) Gape Jesu o ile a re o ne a tla tla e le Moatlhodi yo o tlhomilweng ke Modimo mme o tla kgaoganya batho fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi. Batho ba ba tla fitlhelwang ba sa tshwanelege ba tla “ya kwa go kgaolweng ga bosakhutleng,  mme basiami kwa botshelong jo bo sa khutleng.”—Mathaio 25:31-33, 46.

9 Jehofa o ile a thusa batho ba gagwe go tsaya ditlhagiso tseno tsia ka go dirisa dikgakololo tse di tshwanelang tse di tlang ka dijo tsa semoya tse di tswang go “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Mo godimo ga moo, batho ba ditšhaba tsotlhe, ba ditso tsotlhe, ba maleme otlhe le ba merafe yotlhe ba kopiwa gore ba ‘boife Modimo ba mo neye kgalalelo, ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile.’ (Tshenolo 14:6, 7) Karolo ya konokono ya molaetsa wa Bogosi o o rerwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe e akaretsa tlhagiso ya gore Bogosi Jwa Modimo bo tla tloga bo fedisa mebuso ya batho. (Daniele 2:44) Tlhagiso eno ga ya tshwanela go tlhaediwa matlho. Ka metlha Modimo Mothatayotlhe o diragatsa se a se solofeditseng. (Isaia 55:10, 11) O ile a dira jalo mo motlheng wa ga Noa, mme o tla dira jalo le mo motlheng wa rona.—2 Petere 3:3-7.

Boitsholo jo bo Maswe Jwa Tlhakanelodikobo bo a Anama

10. Boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo bo ne bo aname go le kana kang mo motlheng wa ga Noa?

10 Motlha wa rona o tshwana le motlha wa ga Noa ka sengwe gape. Jehofa o ne a laetse monna le mosadi wa ntlha gore ba “tlatse lefatshe” ka bana ba bone ka go dirisa maatla a ba a filweng ke Modimo a go tshola bana ka tlotlo mo thulaganyong ya lenyalo. (Genesise 1:28) Mo motlheng wa ga Noa, baengele ba batsuolodi ba ne ba kgotlela batho ka mekgwa e e maswe ya tlhakanelodikobo. Ba ne ba tla mo lefatsheng, ba ikapesa mebele ya nama, ba gokafala le basadi ba bantle mme ba nna le bana le bone, bana ba e neng e le batho e bile e le badimona—Banefilime. (Genesise 6:2, 4) Boleo jwa baengele bano ba ba ratang tlhakanelodikobo bo tshwantshiwa le mekgwa e e maswe e e neng e dirwa kwa Sodoma le Gomora. (Jude 6, 7) Seo se ne sa felela ka gore boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo bo aname mo metlheng eo.

11. Ke maemo afe a boitsholo a a dirang gore motlha wa rona o tshwane le wa ga Noa?

11 Go tweng ka maemo a boitshwaro gompieno? Mo metlheng eno ya bofelo, botshelo jwa batho ba le bantsi bo remeletse mo tlhakanelodikobong. Paulo o tlhalosa batho ba ba ntseng jalo ka mafoko a a sa fitlheng sepe a re ga ba “tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro”; bontsi bo ineelela “mo boitshwarong jo bo repileng gore ba dire boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru.” (Baefeso 4:19) Ditshwantsho tse di hepisang, tlhakanelodikobo pele ga lenyalo, go sotlwa ga bana ka tsa tlhakanelodikobo, ke dilo tse di anameng. Bangwe e bile ba setse ba “ikamogelela tuelo e e tletseng” ka go tsenwa ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, go senyegelwa ke malapa le mathata a mangwe.—Baroma 1:26, 27.

12. Ke eng fa re tshwanetse go ithuta go ila bosula?

12 Mo motlheng wa ga Noa, Jehofa o ne a fedisa lefatshe leo le le tlhakantsweng tlhogo ke tlhakanelodikobo ka go tlisa Morwalela o mogolo. Le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore metlha eno e tshwana fela le metlha ya ga Noa. ‘Bagokafadi, baakafadi, banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego le banna ba ba robalang le banna’ ba tlile go fedisiwa ka nako ya “pitlagano e kgolo” e e tlang. (Mathaio 24:21; 1 Bakorintha 6:9, 10; Tshenolo 21:8) A bo go le botlhokwa thata jang ne gore re ithute go ila bosula le go tila maemo a a dirang gore re dire boitsholo jo bo maswe!—Pesalema 97:10; 1 Bakorintha 6:18.

 Lefatshe le “Tlala Thubakanyo”

13. Ke eng fa lefatshe le ne le ‘tletse thubakanyo’ mo motlheng wa ga Noa?

13 Baebele e bolela jaana fa e umaka selo se sengwe gape se se neng se aname thata mo motlheng wa ga Noa: “Lefatshe le ne la senyega mo ponong ya Modimo wa boammaaruri, gape lefatshe le ne la tlala thubakanyo.” (Genesise 6:11) Tota e ne e se la ntlha go nna le thubakanyo. Morwa wa ga Adame e bong Kaine o ne a bolaya monnawe yo o siameng. (Genesise 4:8) Fa Lameke a senola moya wa thubakanyo o o neng o aname mo motlheng wa gagwe, o ne a tlhama leboko le mo go lone a neng a ipelafatsa ka go bolaya lekawana lengwe a re o ne a dira jalo go iphemela. (Genesise 4:23, 24) Selo se se neng se le sesha mo motlheng wa ga Noa e ne e le bogolo jwa thubakanyo eo. Fa barwa ba Modimo ba batsuolodi ba ntse ba nyala basadi mo lefatsheng mme ba nna le bana—Banefilime—thubakanyo e ne ya oketsega ka selekanyo se se neng se ise se ko se nne pele. Reference Bible e bontsha gore lefoko la Sehebera sa ntlhantlha le le tlhalosang mekaloba eno e e setlhogo le kaya ‘Badigi’—‘batho ba ba digang ba bangwe.’ (Genesise 6:4) Seno se ne sa dira gore lefatshe le ‘tlale thubakanyo.’ (Genesise 6:13) Akanya fela ka mathata a Noa a tshwanetseng a bo a ne a lebana le one fa a ntse a godisetsa lelapa la gagwe mo tikologong e e ntseng jalo! Le fa go ntse jalo, Noa o ne a itshupa a ‘siame fa pele ga Jehofa mo gare ga kokomana eo.’—Genesise 7:1.

14. Gompieno lefatshe le ‘tletse thubakanyo’ go le kana kang?

14 Thubakanyo ga e bolo go nna teng ka dingwaga di le dintsi mo hisitoring ya motho. Le fa go ntse jalo, fela jaaka mo motlheng wa ga Noa, motlha wa rona le one o aparetswe ke thubakanyo ka selekanyo se se iseng se ko se nne gone. Ka metlha re utlwa ka thubakanyo ya mo lelapeng, ditiro tsa borukhutlhi, go gailwa ga batho le go bolawa ga batho ka go hulwa ka ditlhobolo kwantle ga lebaka. Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, go na le batho ba le bantsi ba ba bolawang mo dintweng. Lefatshe le boetse le tletse thubakanyo gape. Ka ntlha yang? Ke eng se se dirileng gore e oketsege? Karabo ya potso eno e senola selo se sengwe gape se motlha wa rona o tshwanang le wa ga Noa ka sone.

15. (a) Ke eng se se dirileng gore thubakanyo e oketsege mo metlheng ya bofelo? (b) Re ka tlhomamisega ka eng?

15 Fa Bogosi Jwa Modimo Jwa Bomesia bo ne bo tlhongwa kwa legodimong ka 1914, Kgosi e e tlhomilweng e bong Jesu Keresete o ne a tsaya kgato e e botlhokwa thata mo ditiragalong. Satane Diabolo le badimona ba gagwe ba ne ba tlosiwa kwa legodimong mme ba digelwa mo lefatsheng. (Tshenolo 12:9-12) Pele ga Morwalela, baengele ba batsuolodi ba ne ba tlogela maemo a bone a kwa legodimong ka bobone; le fa go ntse jalo, mo motlheng wa gompieno ba ne ba tlosiwa teng ka go lelekwa. Mo godimo ga moo, jaanong ga ba tlhole ba kgona go ikapesa mebele ya batho mono lefatsheng  gore ba dire boitsholo jo bo maswe. Ka jalo, ka ntlha ya go betwa ke pelo, go galefa le go boifa katlholo e e tlang, ba tlhotlheletsa batho le mekgatlho ya batho go dira ditiro tse di setlhogo le thubakanyo e e feteletseng e e fetang le ya motlha wa ga Noa. Jehofa o ne a nyeletsa batho ba motlha wa pele ga Morwalela morago ga gore baengele ba batsuolodi le bana ba bone ba tlatse lefatshe ka boikepo. O ka tlhomamisega gore o tlile go dira fela jalo le mo motlheng wa rona! (Pesalema 37:10) Mme gone, batho ba ba nnang ba disitse gompieno ba a itse gore kgololesego ya bone e gaufi.

Go Rerwa Molaetsa

16, 17. Selo sa bonè se motlha wa rona o tshwanang le motlha wa ga Noa ka sone ke sefe?

16 Ntlha ya bonè e motlha wa gompieno o tshwanang le wa pele ga wa Morwalela ka yone e bonala mo tirong e Noa a neng a laetswe go e dira. Noa o ne a aga araka e kgolo. Gape e ne e le “moreri.” (2 Petere 2:5) O ne a rera molaetsa ofe? Go bonala tiro ya go rera ya ga Noa e ne e akaretsa go ikuela mo bathong gore ba ikwatlhaye le go ba tlhagisa ka tshenyego e e tlang. Jesu o ne a bolela gore batho ba motlha wa ga Noa ba ne “ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.”—Mathaio 24:38, 39.

17 Ka tsela e e tshwanang, molaetsa wa Bogosi Jwa Modimo o bolelwa mo lefatsheng lotlhe fa Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba diragatsa kabelo ya bone ya go rera ka tlhoafalo. Mo e batlang e le mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe batho ba kgona go utlwa le go bala molaetsa wa Bogosi ka dipuo tsa bone. Makasine wa Tora ya Tebelo, o o itsiseng Bogosi Jwa ga Jehofa, o anamisiwa ka dikhopi tse di fetang 25 000 000 mme o gatisiwa ka dipuo tse di fetang 140. Ee ruri, dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo di rerwa “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” Bokhutlo bo tla tla fa tiro eno e sena go wediwa ka tsela e e kgotsofatsang Modimo.—Mathaio 24:14.

18. Tsela e batho ba bantsi ba tsibogelang tiro ya rona ya go rera ka yone e tshwana jang le tsela e bontsi jwa batho ba motlha wa ga Noa ba neng ba tsiboga ka yone?

18 Ka ntlha ya moya wa go se rate dilo tsa semoya le go tlhoka boitshwaro go go neng go le teng mo malatsing a pele ga Morwalela, re kgona go lemoga lebaka la go bo lelapa la ga Noa le ile la jewa ditshego le go sotlwa ke baagelani ba ba se nang tumelo. Mme gone, bokhutlo bo ne jwa tla. Le mo metlheng eno ya bofelo go tletse “basotli ka go sotla ga bone.” Baebele ya re: “Le fa go ntse jalo letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu.” (2 Petere 3:3, 4, 10) Ruri le tla tla ka nako e e tlhomilweng. Ga le kitla le diega. (Habakuke 2:3) A bo go le molemo jang ne gore re nne re disitse!

Go Falola ba se Kae Fela

19, 20. Nako ya Morwalela e tshwana jang le nako ya go senngwa ga tsamaiso ya gone jaanong ya dilo?

19 Go tshwana ga motlha wa ga Noa le wa rona ga go felele fela ka boikepo jwa batho le go fedisiwa ga bone. Fela jaaka go ile ga nna le batho ba ba falolang Morwalela, go tla nna le batho ba ba falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Batho ba ba neng ba falola Morwalela e ne e le batho ba ba pelonolo ba ba neng ba sa tshele ka tsela e bontsi bo neng bo tshela ka yone. Ba ne ba reetsa tlhagiso ya Modimo mme ba itlhaola mo lefatsheng le le boikepo la motlha oo. Baebele ya re: “Noa a bona kamogelo mo matlhong a ga Jehofa. . . . O ne a itshupa a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe.” (Genesise 6:8, 9) Mo gare ga batho botlhe ba ba neng ba tshela, ke lelapa le le lengwe fela, ‘batho ba le mmalwa, e leng, meya e le robedi, ba ba neng ba rwalwa ka pabalesego go ralala metsi.’ (1 Petere 3:20) Mme Jehofa Modimo o ne a ba naya taelo eno: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe.”—Genesise 9:1.

20 Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore “boidiidi jo bogolo” bo tla ‘tswa mo pitlaganong e kgolo.’ (Tshenolo 7:9, 14) Boidiidi joo jo bogolo bo tla bo bo na le batho ba le kae? Jesu o ne a bua  jaana ka boene: ‘Kgoro e e isang botshelong yone e tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba mmalwa.’ (Mathaio 7:13, 14) Batho ba ba tla falolang pitlagano e kgolo e e tlang ba tla nna mmalwa thata fa ba bapisiwa le dibilione tse di tshelang mo lefatsheng gone jaanong. Mme go ka direga gore ba nne le tshiamelo e e tshwanang le e e neng ya newa batho ba ba neng ba falola Morwalela. Go ka direga gore batho bano ba ba tla falolang ba newe tshono ka nakwana gore ba nne le bana e le karolo ya setšhaba se se tla tshelang mo lefatsheng le lesha.—Isaia 65:23.

“Nnang lo Disitse”

21, 22. (a) Go sekaseka pego eno ya Morwalela go go solegetse molemo jang? (b) Temana ya ngwaga ya 2004 ke efe, mme ke eng fa re tshwanetse go sekegela tsebe kgakololo e e re nayang yone?

21 Le mororo Morwalela o lebega o sa amane ka gope le motlha wa rona ka ntlha ya go bo o diregile bogologolo thata, ruri o re naya tlhagiso e re sa tshwanelang go e tlhokomologa. (Baroma 15:4) Dilo tse motlha wa ga Noa o tshwanang le wa rona ka tsone di tshwanetse go dira gore re lemoge bokao jwa dilo tse di diregang le go re thusa go nna re letetse go tla ga ga Jesu jaaka legodu go tla go atlhola batho ba ba boikepo.

22 Gompieno Jesu Keresete o eteletse pele tiro e e boitshegang ya go aga ka tsela ya semoya. Go na le paradaise ya semoya e e jaaka araka e e sireletsang baobamedi ba boammaaruri le e e tla ba thusang go falola. (2 Bakorintha 12:3, 4) Ga re a tshwanela go tswa mo paradaiseng eo fa e le gore re batla go bolokwa re tshela go ralala pitlagano e kgolo. Ka kwa ntle ga paradaise eno ya semoya go na le lefatshe la ga Satane, le le nnang le iketleeleditse go tshwaetsa ope fela yo o otselang semoyeng. Go botlhokwa thata gore re ‘nne re disitse’ le go itshupa re iketleeleditse letsatsi la ga Jehofa.—Mathaio 24:42, 44.

A o A Gakologelwa?

• Jesu o ne a ntsha tlhagiso efe malebana le go tla ga gagwe?

• Jesu o tshwantsha nako ya go nna gone ga gagwe le eng?

• Metlha ya rona e tshwana ka ditsela dife le metlha ya ga Noa?

• Go akanya ka dilo tse motlha wa ga Noa o tshwanang le wa rona ka tsone go tshwanetse ga ama tlhoafalo ya rona jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 18]

Temana ya ngwaga wa 2004 ke e e reng: “Nnang lo disitse . . . Itshupeng lo iketleeditse.”—Mathaio 24:42, 44.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Noa o ne a sekegela tlhagiso ya bomodimo tsebe. A le rona re dira jalo?

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

“Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo”