Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baalogi ba Gileade ba Kgothalediwa go Bua “Dilo Tse Dikgolo”

Baalogi ba Gileade ba Kgothalediwa go Bua “Dilo Tse Dikgolo”

 Baalogi ba Gileade ba Kgothalediwa go Bua “Dilo Tse Dikgolo”

GO NE go na le boidiidi jwa batho ba le 6 635 ba ba tswang kwa dinageng di le 52 kwa thulaganyong ya go aloga ga setlhopha sa bo115 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade ka September 13, 2003.

Ba ne ba reeditse kgothatso e e theilweng mo Baebeleng e e neng e neelwa baithuti ba le 48 ba tlelase eno gore ba ise “dilo tse dikgolo tsa Modimo” kwa bathong ba dinaga di le 17. (Ditiro 2:11) Ke kwa baalogi bano ba tla dirang tiro ya bone ya borongwa gone.

Dikakgelo tse di simololang tsa ga Stephen Lett, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa yo e neng e le modulasetulo wa thulaganyo ya kalogo, e ne e le tse di gakololang baithuti jaana: “Fa lo ya kwa dikabelong tsa lona, go sa kgathalesege gore lo ya kae kgotsa lo iphitlhela lo le mo maemong afe, go na le ba bantsi ba ba mo letlhakoreng la lona go na le ba ba leng kgatlhanong le lona.” A dirisa kgaolo ya 6 ya Dikgosi tsa Bobedi, Mokaulengwe Lett o ne a gakolola baithuti gore ba ka tshepa gore Jehofa Modimo le diketekete tsa baengele ba tla ba ema nokeng fa ba ntse ba itsise batho “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (2 Dikgosi 6:15, 16) Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ganediwa e bile batho ba ne ba sa rate tiro ya bone ya go rera le ya go ruta, mme barongwa ba Bakeresete gompieno le bone ba mo boemong jo bo tshwanang. Le fa go ntse jalo, ba ka ikanya tshegetso e e tswang kwa legodimong le ya phuthego ya ga Jehofa e e mo lefatsheng.—Pesalema 34:7; Mathaio 24:45.

Buang “Dilo Tse Dikgolo Tsa Modimo”

Morago ga dikakgelo tse di simololang tsa modulasetulo, Harold Corken, yo o mo Komiting ya Lekala la kwa United States, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Go Solofela Dilo Tse di ka Diregang—Tsela ya go Itumela le go Atlega mo Tirelong.” Mokaulengwe Corken o ne a tlhalosa gore go solofela dilo tse di ka se keng tsa direga go ka felela ka kutlobotlhoko, jaaka Diane 13:12 e bontsha. Le fa go ntse jalo, gantsi re kgobiwa marapo ke go solofela dilo tse di se kitlang di direga. Baalogi ba tshwanetse go iteba ka tsela e e tshwanetseng mme ba lebe le ba bangwe jalo. Ba tshwanetse go lebelela gore ba tla dira diphoso, mme diphoso tseo ga di a tshwanela go dira gore ba hutsafale thata fa ba ntse ba leka go thusa ba bangwe go anaanela “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” Mokaulengwe Corken o ne a kgothaletsa barongwa ba basha gore ba ikaege ka Jehofa “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.

Daniel Sydlik, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang e ne ya nna ene yo o latelang mo thulaganyong mme o ne a bua ka setlhogo se se reng “Tsholofelo ya Bokeresete—Ke Eng?” O ne a re: “Tsholofelo ke nonofo e e molemo e Mokeresete a tshwanetseng go nna le yone. Go dira dilo ka tsela e e tshwanetseng ke gone go dirang gore motho a nne le kamano e e siameng le Modimo. Mo mothong yo e seng Mokeresete, go ka nna ga lebega go le thata go nna le tsholofelo e re nang le yone.” Mokaulengwe Sydlik o ne a tswelela a tlhalosa ditsela tse di farologaneng tse tsholofelo e Mokeresete a nang le yone e ka mo thusang ka teng gore a se ka a kgobega marapo fa a lebane le mathata a botshelo. “Fa re na le tsholofelo, re ka tswelela pele re tlhoafetse mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi le go ikutlwa re le bafenyi.”  Tsholofelo e Mokeresete a nang le yone e mo thusa gore a lebe Jehofa e le Modimo yo o nang le maikaelelo le go mo direla ka boipelo.—Baroma 12:12.

Wallace Liverance, mokwadisi wa Sekolo sa Gileade, o ne a kgothaletsa baithuti gore ba “[Nne] ba Tsamaye ka Moya.” (Bagalatia 5:16) O ne a bontsha kafa Baruke, mokwaledi wa ga Jeremia a batlileng a fapoga go tsamaya ka moya ka teng. Nako nngwe Baruke o ne a lapa mme a simolola go ipatlela dilo tse dikgolo. (Jeremia 45:3, 5) Morago ga foo, Mokaulengwe Liverance o ne a bontsha gore bangwe ba ile ba tlogela go tlhola ba sala Jesu morago mme ba gana boammaaruri jwa dilo tsa semoya, jo bo leng botlhokwa gore motho a bolokiwe. Ba ne ba dira jalo ka gonne ba ne ba sa tlhaloganye se a neng a se ruta, mme ba ne ba kgobega marapo fa dilo tse ba neng ba di solofetse di ne di sa diragadiwe ka nako eo. (Johane 6:26, 27, 51, 66) Barongwa, ba tiro ya bone e leng go lebisa tlhokomelo ya batho mo Mmoping le mo maikaelelong a gagwe, ba ka ithuta eng mo dipegong tseno? Baithuti ba ne ba kgothalediwa gore ba se ka ba tshwenyega ka go nna le maemo, go tlotlomadiwa ke batho, kgotsa go dirisa kabelo ya puso ya Modimo go itsholegela molemo.

Motlhatlheledi wa Gileade e bong Mark Noumair o ne a botsa potso e e reng “A o Motho yo o Abang Kgotsa yo o Tsayang?” O ne a theile dikakgelo tsa gagwe mo go Baatlhodi 5:2, e e bontshang kafa Baiseraele bangwe ba neng ba bakiwa ka teng  ka go bo ba ne ba ithaopile ka bopelontle go tsena mo mophatong wa sesole wa ga Barake. Baithuti ba Gileade ba ne ba akgolelwa moya wa bone wa go tsibogela taletso ya ga Barake yo Mogolwane e bong Jesu Keresete, ya gore ba nne le seabe se segolo mo ntweng ya semoya. Masole a ga Keresete a tshwanetse go tshwenyega ka go amogelwa ke yo o ba kwadisitseng. Mokaulengwe Noumair o ne a gakolola baithuti jaana: “Fa re simolola go tlhoma mogopolo mo go itumediseng rona ka borona, re tlogela go lwantsha mmaba, . . . Tirelo ya borongwa ga e malebana le wena. E malebana le Jehofa, bolaodi jwa gagwe le gore go rata ga gagwe go diragadiwe. Ga re nne barongwa ka go bo re batla gore Jehofa a dire gore re itumele, re mo direla ka gonne re mo rata.”—2 Timotheo 2:4.

Motlhatlheledi wa Gileade e bong Lawrence Bowen ke ene yo o neng a latela o ne a etelela pele motlotlo o o neng o tshwerwe ke setlhopha wa setlhogo se se reng “Ba Itshepise ka Boammaaruri.” (Johane 17:17) O ne a bolela gore baithuti ba setlhopha sa bo115 ke badiredi ba ba itshepisitsweng ba Modimo. Fa ba ntse ba le mo sekolong, ba ne ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo, ba batla batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba ba ratang boammaaruri. Jaaka Jesu le barutwa ba gagwe ba bogologolo, baithuti ba ne ba sa ‘ipuele fela ka bobone.’ (Johane 12:49, 50) Ba ne ba tlhalosa lefoko le le tlhotlheleditsweng, le le nayang botshelo la boammaaruri ka tlhoafalo. Go dira dipontsho ka dilo dingwe tse di diragetseng le maitemogelo a baithuti di ne di bontsha kafa Baebele e nang le maatla ka teng mo bathong ba ba neng ba kopana le bone.

Kgakololo le Maitemogelo di a Kgothatsa

Anthony Pérez le Anthony Griffin, ba e leng maloko a Lephata la Tirelo kwa lekaleng la United States, ba ne ba botsolotsa maloko a Komiti ya Lekala a a tswang mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Banna bano ba ne ba tlhalosa mathata a barongwa ba basha ba kopanang le one ba bo ba ba naya kgakololo e e ka ba thusang ba bua go ya ka se se ba diragaletseng. Mangwe a mathata ao a akaretsa go sa tshwane ga ditso, tlelaemete ya boboatsatsi ya ngwaga otlhe, kgotsa seemo sa bodumedi le sa bopolotiki se se farologaneng le se baithuti ba neng ba se tlwaetse. Ke eng se se ka thusang barongwa ba basha go itshokela tikologo ya bone e ntšha? Go rata Jehofa le go rata batho, go sa lebe kwa morago le go tila go dira dilo ka mafega. Leloko lengwe la Komiti ya Lekala le ne la re: “Batho ba ba mo kabelong ya rona ga ba bolo go nna koo ka makgolokgolo a dingwaga pele rona re fitlha. Ka jalo le rona re ka kgona go nna koo go fitlha re tlwaela. Nako le nako fa re nna le mathata, re ne re a leba jaaka ditshono tsa go tokafatsa botho jwa rona. Fa o ikaega ka thapelo le ka moya wa ga Jehofa, o bona boammaaruri jwa mafoko a ga Jesu a a reng ‘ke na le lona.’”—Mathaio 28:20.

Samuel Herd, leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a tlisa thulaganyo eno mo setlhoeng sa yone ka puo ya gagwe e e reng “Nnang lo Bue ka Dilo Tse Dikgolo Tsa Modimo.” Go tshololelwa ga moya o o boitshepo mo barutweng ba ga Jesu ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E. go ne ga ba nonotsha gore ba bue ka “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” Ke eng se se ka thusang barongwa ba basha gompieno go bua ka tlhoafalo e e ntseng jalo ka Bogosi Jwa Modimo? Ke one moya oo o o boitshepo. Mokaulengwe Herd o ne a kgothaletsa baithuti ba ba alogang gore ba ‘tuke mo moyeng,’ ba tlhagafalele dikabelo tsa bone, mme ba se ka ba lebala thapiso e ba e filweng. (Baroma 12:11) Mokaulengwe Herd o ne a re: “Baebele ke sedirisiwa se segolo sa Modimo. Le ka motlha lo se ka lwa nyatsa botlhokwa jwa yone. Molaetsa wa yone o a tshela. E kgona go fitlhelela dilo tse di boteng. E diriseng go tlhamalatsa dilo mo matshelong a lona. Dirang gore e fetole tsela e lo akanyang ka yone. Sireletsang bokgoni jwa lona jwa go akanya ka go ithuta, go bala le go tlhatlhanya ka Dikwalo . . . Go direng mokgele wa lona lo bo lo ititeye sehuba gore lo tla dirisa thapiso e lo e boneng mo Gileade go tswelela lo bua ‘dilo tse dikgolo tsa Modimo.’”

Fa go sena go balwa madume a a tswang mo lefatsheng lotlhe e bile go sena go ntshiwa didipoloma, mongwe wa baithuti ba ba alogang o ne a bala lekwalo le le tswang mo setlhopheng sa bone le le supang kafa ba anaanelang thapiso e ba e filweng ka teng. Morago ga moo, Mokaulengwe Lett o ne a konela tiragalo e e itumedisang eno ka tsela e e tshwanelang ka go umaka 2 Ditirafalo 32:7 le Duteronome 20:1, 4. Fa a ne a kopanya dikakgelo tsa gagwe tsa ntlha le tsa bofelo, o ne a konela jaana: “Lona baalogi ba ba rategang, gakologelwang gore fa lo tsamaya, lo tsena mo ntweng ya semoya mo dikabelong tsa lona tse disha, Jehofa o tla bo a tsamaya le lona. Le ka motlha lo se ka lwa lebala gore go na le ba bantsi ba ba emeng le lona go na le ba ba leng kgatlhanong le lona.”

[Lebokoso mo go tsebe 25]

DIPALOPALO TSA TLELASE

Palo ya dinaga tse di emetsweng:7

Palo ya dinaga tse ba di abetsweng:17

Palogotlhe ya baithuti: 48

Palogare ya dingwaga: 33,7

Palogare ya dingwaga mo boammaaruring: 17,8

Palogare ya dingwaga mo bodireding jwa nako e e tletseng: 13,5

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Setlhopha sa bo115 sa Baalogi sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Brown, T.; Goller, C.; Hoffman, A.; Bruzzese, J.; Trahan, S. (2) Smart, N.; Cashman, F.; Garcia, K.; Lojan, M.; Seyfert, S.; Gray, K. (3) Beckett, M.; Nichols, S.; Smith, K.; Gugliara, A.; Rappenecker, A. (4) Gray, S.; Vacek, K.; Fleming, M.; Bethel, L.; Hermansson, T.; Hermansson, P. (5) Rappenecker, G.; Lojan, D.; Dickey, S.; Kim, C.; Trahan, A.; Washington, A.; Smart, S. (6) Goller, L.; Burghoffer, T.; Gugliara, D.; Nichols, R.; Washington, S.; Kim, J. (7) Beckett, M.; Dickey, J.; Smith, R.; Garcia, R.; Hoffman, A.; Seyfert, R.; Brown, H. (8) Fleming, S.; Bruzzese, P.; Burghoffer, W.; Bethel, T.; Cashman, J.; Vacek, K.