Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Tshwara Lefoko la Modimo Sentle’

‘Tshwara Lefoko la Modimo Sentle’

 ‘Tshwara Lefoko la Modimo Sentle’

“Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwere lefoko la boammaaruri sentle.”—2 TIMOTHEO 2:15.

1, 2. (a) Ke eng fa badiri ba tlhoka didirisiwa? (b) Bakeresete ba na le tiro efe, mme ba bontsha jang gore ba batla Bogosi pele?

BADIRI ba tlhoka didirisiwa go ba thusa go dira tiro ya bone. Le fa go ntse jalo, ga go a lekana go nna le sedirisiwa sengwe le sengwe fela. Modiri o tlhoka sedirisiwa se se tshwanetseng, mme o tshwanetse go se dirisa sentle. Ka sekai, fa o aga bobolokelo mme o batla go tshwaraganya disenke tse pedi, ga o kitla o tlhoka hamore le dipekere fela. O tla tshwanelwa ke go itse tsela e e siameng ya go kokotela dipekere ntle le go di koba. Fa o sa itse go dirisa hamore go ka nna ga nna thata go kokotela dipekere kana ga go kgoba marapo. Mme gone, go dirisa didirisiwa sentle go re thusa go dira tiro ka tsela e e itumedisang.

2 Rona Bakeresete re na le tiro e re tshwanetseng go e dira. Ke tiro e e botlhokwa go gaisa tsotlhe. Jesu o ile a kgothaletsa balatedi ba gagwe go ‘batla bogosi pele.’ (Mathaio 6:33) Re ka dira seo jang? Tsela nngwe ya go dira jalo ke ka go tlhagafalela tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. E nngwe ke ka go dira gore bodiredi jwa rona bo ikaege gotlhelele ka Lefoko la Modimo. Tsela ya boraro ke ka go nna le boitshwaro jo bo molemo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Ditiro 8:25; 1 Petere 2:12) Gore re nne le matswela mo kabelong eno ya Bokeresete le go e itumelela, re tlhoka didirisiwa tse di tshwanetseng le go nna le kitso ya go di dirisa sentle. Mo kgannyeng eno, moaposetoloi Paulo o re tlhomela sekao se se molemo sa go nna modiri yo o tlhagafetseng wa Mokeresete, mme o ne a kgothaletsa badumedikaene gore ba mo etse. (1 Bakorintha 11:1; 15:10) Ka jalo, ke eng se re ka ithutang sone mo go Paulo, modirikarona?

Paulo—Mmoledi yo o Tlhagafetseng wa Bogosi

3. Ke eng fa go ka twe moaposetoloi Paulo e ne e le modiri yo o tlhagafetseng wa Bogosi?

3 Paulo e ne e le modiri yo o ntseng jang? Ga go pelaelo gore o ne a tlhagafetse. O ne a dira ka natla, a anamisa dikgang tse di molemo mo mafelong a le mantsi a Mediterranean. Fa moaposetoloi yono yo o dirang ka natla a tlhalosa lebaka la go bo a ne a bolela molaetsa wa Bogosi ka tlhagafalo o ne a re: “Jaanong, fa ke bolela dikgang tse di molemo, ga se lebaka la gore ke ipelafatse, gonne ke  patelesega go dira jalo. Tota, a bo go latlhega nna fa e le gore ga ke a bolela dikgang tse di molemo!” (1 Bakorintha 9:16) A Paulo o ne a amegile fela ka go namola botshelo jwa gagwe? Nnyaa. E ne e se motho yo o bogagapa. Go na le moo, o ne a batla gore batho ba bangwe le bone ba solegelwe molemo ke dikgang tse di molemo. O ne a kwala jaana: “Ke dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo, gore ke tle ke di abalane le ba bangwe.”—1 Bakorintha 9:23.

4. Ke sedirisiwa sefe se badiri ba Bakeresete ba se tsayang se le botlhokwa thata?

4 Moaposetoloi Paulo e ne e le modiri yo o boingotlo yo o neng a itse gore o ne a ka se ikaege fela ka bokgoni jwa gagwe. Fela jaaka mmetli a tlhoka hamore, Paulo o ne a tlhoka sedirisiwa se se tshwanelang gore a kgone go nwetsa boammaaruri jwa Modimo mo dipelong tsa bareetsi ba gagwe. O ne a dirisa sedirisiwa sefe sa konokono? O ne a dirisa Lefoko la Modimo, Dikwalo Tse di Boitshepo. Le rona sedirisiwa sa konokono se re se dirisang go dira barutwa ke Baebele.

5. Kwantle ga go nopola dikwalo, ke eng gape se re tshwanetseng go se dira gore re nne le matswela mo bodireding?

5 Paulo o ne a itse gore go tshwara Lefoko la Modimo sentle go ne go sa akaretse go le nopola fela. O ne a dirisa “mafoko a a tlhatswang pelo.” (Ditiro 28:23) Jang? Paulo o ne a dirisa Lefoko le le kwadilweng la Modimo ka katlego go tlhatswa batho ba le bantsi pelo gore ba amogele boammaaruri jwa Bogosi. O ne a ba beela mabaka. Paulo o ne a fetsa dikgwedi tse tharo kwa sinagogeng ya Efeso “a neela dipuo e bile a dirisa mafoko a a tlhatswang pelo kaga bogosi jwa Modimo.” Le fa ‘bangwe ba ile ba ikgwaralatsa mme ba sa dumele,’ bangwe bone ba ile ba reetsa. Ka ntlha ya bodiredi jwa ga Paulo kwa Efeso, ‘lefoko la ga Jehofa le ne la nna la gola mme la fenya.’—Ditiro 19:8, 9, 20.

6, 7. Paulo o ile a galaletsa bodiredi jwa gagwe jang, mme le rona re ka dira seo jang?

6 E re ka Paulo e ne e le mmoledi yo o tlhagafetseng wa Bogosi, ‘o ne a galaletsa bodiredi jwa gagwe.’ (Baroma 11:13) Jang? O ne a sa batle go itlotlomatsa; e bile o ne a sa tlhabisiwe ditlhong ke go itsewe e le mongwe wa badirimmogo le Modimo. Go na le moo, o ne a tsaya bodiredi jwa gagwe e le tshiamelo e e seng kana ka sepe. Paulo o ne a tshwara Lefoko la Modimo ka botswerere le ka manontlhotlho. Tsela e a neng a atlega ka yone mo tirong ya gagwe e ne e kgothatsa batho ba bangwe, e ba tlhotlheletsa go dira bodiredi jwa bone ka botlalo. Le ka tsela eno bodiredi jwa gagwe bo ne bo galalediwa.

7 Jaaka Paulo, le rona re ka galaletsa bodiredi jwa rona ka go dirisa Lefoko la Modimo gangwe le gape le ka tsela e e molemo. Mokgele wa rona mo dikarolong tsotlhe tsa bodiredi jwa rona e tshwanetse go nna go abela batho ba bantsi ka mo re ka kgonang ka teng ntlha nngwe e e tswang mo Dikwalong. Re ka dira seo jang ka tsela e e molemo? Akanyetsa ditsela tseno tse tharo tsa botlhokwa: (1) Go ba lemotsha ka tlhamalalo ntlha nngwe mo Lefokong la Modimo ka tsela e e ka dirang gore ba le tlotle. (2) Go tlhalosa ka kelotlhoko se Baebele e se buang le go bontsha kafa seo se ka thusang ka teng. (3) Go baya mabaka go tswa mo Dikwalong ka tsela e e tlhatswang pelo.

8. Ke didirisiwa dife tsa go rera ka Bogosi tse re nang le tsone gompieno, mme o ile wa di dirisa jang?

8 Baboledi ba Bogosi ba gompieno ba na le didirisiwa tse Paulo a neng a se na tsone ka nako ya bodiredi jwa gagwe. Didirisiwa tseno di akaretsa dibuka, dimakasine, diboroutšhara, dipampitshana tsa taletso, dikhasete le dibidio. Mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, go ne go dirisiwa le dikarata tsa go neela bosupi, difonokerafo, dikoloi tsa dibuelagodimo le dikgaso tsa radio. Ke boammaaruri gore, sedirisiwa sa rona se se di gaisang tsotlhe ke Baebele, mme re tshwanetse go dirisa sedirisiwa seno se se botlhokwa ka tsela e e siameng le e e tshwanetseng.

Re Tshwanetse go Ikaega ka Lefoko la Modimo mo Bodireding Jwa Rona

9, 10. Re ka ithuta eng mo kgakololong e Paulo a ileng a e neela Timotheo malebana le go dirisa Lefoko la Modimo?

9 Re ka dirisa Lefoko la Modimo jang jaaka sedirisiwa se se molemo? Ka go sekegela tsebe mafoko ano a Paulo a neng a a bua le modirikaene, Timotheo: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe  se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwere lefoko la boammaaruri sentle.” (2 Timotheo 2:15) Go ‘tshwara lefoko la Modimo sentle’ go akaretsa eng?

10 Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le ‘tshwara sentle’ totatota le kaya “go sega sengwe ka tlhamalalo” kana “go sega tsela e e tlhamaletseng.” Ke mo kgakololong eno fela e Paulo a neng a e neela Timotheo go dirisiwang lereo leno mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Go ne go ka dirisiwa lone lereo leno go tlhalosa tiro ya go bula mosele o o tlhamaletseng go ralala tshimo. Ga go pelaelo gore mosele o o sokameng o ne o tla tlhabisa molemi yo o setswerere ditlhong. Ka mafoko a a reng “modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong,” Timotheo o ne a gakololwa gore o ne a sa tshwanela go fapoga mo dithutong tsa boammaaruri tsa Lefoko la Modimo. O ne a sa tshwanela go letla gore maikutlo a gagwe ka namana a tlhotlheletse se a se rutang. O ne a tshwanetse go dira gore tiro ya gagwe ya go rera le go ruta e ikaege fela ka Dikwalo. (2 Timotheo 4:2-4) Seno se ne se tla dira gore a thuse batho ba ba dipelo di ikanyegang gore ba lebe dilo go ya kafa Jehofa a di lebang ka teng, e seng go latela botlhajana jwa lefatshe. (Bakolosa 2:4, 8) Go ntse jalo le gompieno.

Boitshwaro Jwa Rona bo Tshwanetse go Nna Molemo

11, 12. Boitshwaro jwa rona bo ka ama jang go tshwara ga rona Lefoko la Modimo sentle?

11 Ga go a lekana go tshwara Lefoko la Modimo sentle fela ka go bolela dithuto tsa lone tsa boammaaruri. Boitshwaro jwa rona bo tshwanetse go dumalana le lone. “Re badirimmogo le Modimo,” ka jalo ga re a tshwanela go nna badiri ba baitimokanyi. (1 Bakorintha 3:9) Lefoko la Modimo la re: “Le fa go ntse jalo, a wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute? Wena, yo o rerang o re ‘O se ka wa utswa,’ a o a utswa? Wena, yo o reng ‘O se ka wa dira boaka,’ a o dira boaka? Wena, yo  o bontshang gore o ila medingwana, a o thukutha ditempele?” (Baroma 2:21, 22) Ka gone, tsela nngwe e rona badiredi ba Modimo re tshwarang Lefoko la Modimo sentle ka yone gompieno ke ka go sekegela tsebe kgakololo eno: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.

12 Re ka lebelela matswela afe ka ntlha ya go tshwara Lefoko la Modimo sentle? Akanya ka maatla a Lefoko la Modimo le le kwadilweng le ka nnang le one mo botshelong jwa batho ba ba dipelo di ikanyegang.

Lefoko la Modimo Le na Le Maatla a go Fetola Batho

13. Go dirisa Lefoko la Modimo go ka ama motho jang?

13 Fa molaetsa wa Lefoko la Modimo o tsewa o ikanyega, o nna le tlhotlheletso e kgolo e e thusang batho go dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa bone. Paulo o ile a kgona go bona lefoko la Modimo le dira jalo a ba a iponela ka namana tsela e e molemo e le ileng la ama ka teng Bakeresete ba motse wa bogologolo wa Thesalonika. Ka gone, o ne a ba raya a re: “Ke gone ka moo gape re lebogang Modimo re sa kgaotse, ka gonne e rile lo amogela lefoko la Modimo, le lo neng lwa le utlwa mo go rona, lwa le amogela, e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo, le gape le dirang mo go lona badumedi.” (1 Bathesalonika 2:13) Mo Bakereseteng bao—tota re ka re, mo balateding botlhe ba ga Keresete—tsela ya motho ya go akanya ke ya maemo a a kwa tlase thata fa e bapisiwa le botlhale jwa maemo a a kwa godimo jwa Modimo. (Isaia 55:9) Bathesalonika ba ne ba ‘amogela lefoko ba le mo pitlaganong e kgolo ka boipelo jwa moya o o boitshepo’ mme ba nna dikao tse di molemo mo badumeding ba bangwe.—1 Bathesalonika 1:5-7.

14, 15. Molaetsa wa Lefoko la Modimo o maatla go le kana kang, mme ka ntlha yang?

14 Lefoko la Modimo le maatla, fela jaaka Mong wa lone Jehofa. Le tswa mo ‘Modimong yo o tshelang,’ yo ‘magodimo a dirilweng ka lefoko la gagwe,’ mme ka metlha lefoko leo ‘le atlega mo go se a le rometseng kwa go sone.’ (Bahebera 3:12; Pesalema 33:6; Isaia 55:11) Mokanoki mongwe wa Baebele o ile a re: “Modimo ga a itlhaole mo Lefokong la gagwe. Ga a le katoge jaaka e kete ga a amane ka gope le lone. . . . Ka gone, ga go ke go direga gore le se ka la nna le botshelo, le sa amege ka gope ka se se diregang fa le sena go buiwa; ka gonne le amana thata le Modimo yo o tshelang.”

15 Molaetsa o o tswang mo Lefokong la Modimo o maatla go le kana kang? O na le maatla a a seng kana ka sepe. Ke gone ka moo Paulo a ileng a kwala jaana: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.”—Bahebera 4:12.

16. Lefoko la Modimo le ka fetola motho ka botlalo go le kana kang?

16 Molaetsa wa Lefoko la Modimo le le kwadilweng o “bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi.” Ka gone, o na le maatla a magolo thata jaana a go phunyeletsa mo e leng gore o gaisa sedirisiwa sepe fela se se dirilweng ke motho. Lefoko la Modimo le phunyeletsa dikarolo tse di kwa teng tsa motho mme le kgona go mo fetola, le tlhotlheletsa tsela e a akanyang ka yone, dilo tse a di ratang, le mo dira gore e nne modiri yo o amogelegang mo Modimong. A sedirisiwa se se maatla ruri!

17. Tlhalosa maatla a go fetola batho a Lefoko la Modimo le nang le one.

17 Lefoko la Modimo le senola se motho a leng sone ka fa teng go farologana le kafa a itebang ka teng kana se a letlang batho ba bangwe go se bona mo go ene. (1 Samuele 16:7) Tota le motho yo o boikepo ka dinako tse dingwe a ka fitlha se a leng sone kafa teng ka go itira motho yo o molemo kana yo o pelonomi. Batho ba ba boikepo ba itira se ba seng sone ka ntlha ya mabaka a a bosula. Batho ba ba boikgodiso ba na le go itira e kete ba boikokobetso ntswa ba eletsa go tlotlomadiwa. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo lone le kgona go senola se tota se leng mo pelong mme le bo le tlhotlheletsa motho yo o boikokobetso go apola botho jwa bogologolo mme a “apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.” (Baefeso 4:22-24) Dithuto tsa Lefoko la Modimo gape di ka fetola batho ba ba boboi go nna Basupi ba ba pelokgale ba ga Jehofa le baboledi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi.—Jeremia 1:6-9.

18, 19. Bontsha kafa boammaaruri jwa Dikwalo bo ka fetolang boikutlo jwa motho ka teng o dirisa se se tlhalositsweng mo dirapeng tseno kana maitemogelo mangwe a o nnileng le one mo tshimong.

 18 Maatla a Lefoko la Modimo a go fetola a ama batho ka tsela e e molemo gongwe le gongwe. Ka sekai, baboledi ba Bogosi ba kwa Phnom Penh, kwa Cambodia, ba ne ba rera gabedi ka kgwedi kwa porofenseng ya Kompong Cham. Moruti mongwe wa koo o ne a rulaganya go kopana le Basupi mo lekgetlhong le le latelang le ba neng ba tlile go etela porofense eo ka lone e re ka a ne a utlwile baruti ba bangwe ba bua bosula ka Basupi ba ga Jehofa. O ile a ba botsa dipotso tse di kaga go keteka malatsi a boikhutso mme a ba reetsa ka tlhoafalo fa ba ntse ba mmeela mabaka ka Dikwalo. Go tswa foo o ile a re: “Jaanong ke a itse gore se baruti ba bangwe ba ntseng ba se bua ka lona ga se boammaaruri! Ba ntse ba re ga lo dirise Baebele, mme mo mosong ono otlhe ke se lo ntseng lo se dira!”

19 Moruti yono wa mosadi o ile a tswelela a tlotla ka Baebele le Basupi mme o ile a se ka a letla gore matshosetsi a gore o tla tlosiwa mo tirong ya boruti a mo tlogedise go dira jalo. O ile a bolelela tsala ya gagwe ka metlotlo ya Dikwalo e a nnang le yone le Basupi, mme tsala eno le yone e ne ya simolola go ithuta Baebele le bone. Tsala eno e ile ya itumelela dilo tse e ithutang tsone thata jaana mo e ileng ya tlhotlheletsega go bua jaana ka nako nngwe fa e le mo tirelong ya kereke, “Tlang, ithuteng Baebele le Basupi ba ga Jehofa!” Go ise go ya kae morago ga moo, mosadi yo e neng e le moruti pele le batho ba bangwe, ba ile ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.

20. Se se diragaletseng mosadi mongwe wa kwa Ghana se bontsha jang maatla a Lefoko la Modimo?

20 Maatla a Lefoko la Modimo a bonala gape mo kgannyeng ya mosadi mongwe wa kwa Ghana yo o bidiwang Paulina. Mmoledi mongwe wa Bogosi wa nako e e tletseng o ile a ithuta Baebele le ene ka buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. * Paulina o ne a nyetswe lefufa mme a lemoga gore o tshwanetse go fetoga, le fa go ntse jalo monna wa gagwe le ba losika botlhe ba ne ba mo ganetsa. Rraagwemogolo, yo e neng e le moatlhodi wa kgotlatshekelokgolo e bile e le mogolwane mo kerekeng, o ile a leka go mo fetola mogopolo ka go sokamisa mafoko a Mathaio 19:4-6. Moatlhodi yono o ne a utlwala a tlhatswegile pelo ka se a se buang, le fa go ntse jalo Paulina o ile a lemoga ka bonako gore seo se ne se tshwana le tsela e Satane a ileng a sokamisa Dikwalo ka yone fa a ne a leka go raela Jesu Keresete. (Mathaio 4:5-7) O ile a gopola mafoko a a tlhamaletseng a ga Jesu fa a ne a re Modimo o bopile batho e le monna le mosadi, e seng monna le basadi, le gore batho bao ba babedi, e seng ba bararo, ba ne ba tla nna nama e le nngwe fela. O ile a se ka a fetola tshwetso ya gagwe mme kgabagare a newa tetla ya go tlhalana le monna yoo wa gagwe yo o neng a mo nyetse lefufa. Go ise go ye kae, o ne a nna mmoledi yo o itumetseng wa Bogosi.

Tswelela o Tshwara Lefoko la Modimo Sentle

21, 22. (a) Ke eng se re batlang go ititaya sehuba go se dira mo tirong ya rona ya go bolela ka Bogosi? (b) Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Ruri Lefoko la Modimo ke sedirisiwa se se maatla se re ka se dirisang go thusa batho ba bangwe go fetola botshelo jwa bone gore ba atamalane le Jehofa. (Jakobe 4:8) Fela jaaka badiri ba ba ditswerere ba dirisa didirisiwa go atlega mo tirong ya bone, e kete le rona re ka ititaya sehuba go leka ka natla go dirisa Lefoko la Modimo, Baebele mo tirong e re e filweng ke Modimo ya go nna baboledi ba Bogosi.

22 Re ka dirisa Dikwalo jang ka tsela e e molemo mo tirong ya rona ya go dira barutwa? Tsela nngwe ke ka go godisa bokgoni jwa rona jwa go nna barutisi ba ba kgonang go tlhotlheletsa maikutlo. Tsweetswee ela tlhoko setlhogo se se latelang ka gonne se tlhalosa ditsela tsa go ruta batho le go ba thusa go amogela molaetsa wa Bogosi.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 20 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Ke didiriswa dife tse baboledi ba Bogosi ba nang le tsone?

• Paulo e ne e le modiri wa Bogosi yo o tlhomang sekao se se molemo ka ditsela dife?

• Go tshwara Lefoko la Modimo sentle go akaretsa eng?

• Lefoko le le kwadilweng la ga Jehofa le maatla go le kana kang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Didirisiwa dingwe tse Bakeresete ba di dirisang mo tirong ya go rera ka Bogosi