Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Gogela Batho ba Maemo a a Kwa Tlase mo Boammaaruring

Jehofa o Gogela Batho ba Maemo a a Kwa Tlase mo Boammaaruring

 Kgang ya Botshelo

Jehofa o Gogela Batho ba Maemo a a Kwa Tlase mo Boammaaruring

JAAKA GO BOLETSE ASANO KOSHINO

Ka 1949, dingwaga di se kae fela fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go fela, monna mongwe yo ke sa mo itseng yo o katogileng monyo, yo o botsalano o ne a etela lelapa le ke neng ke le berekela kwa Kobe City. E ne e le morongwa wa ntlhantlha wa Basupi ba ga Jehofa kwa Japane. Loeto lwa gagwe lo ile lwa dira gore ke nne le tshono ya go utlwa boammaaruri jwa Baebele. Mme mma ke go bolelele gore ke godisitswe jang.

KE BELEGWE ka 1926 mo motsaneng mongwe kwa bokone jwa Kgaolo ya Okayama. Ke ne ke le ngwana wa botlhano mo go ba le robedi. Rre e ne e le modumedi yo o ineetseng mo modimong wa tempele ya lefelo la kobamelo ya Boshinto. Ka jalo rona bana re ne re itumelela meletlo le go kopana le ba malapa kwa meletlong ya bodumedi ya ngwaga.

Fa ke ntse ke gola, go ne go na le dilo di le dintsi tse ke neng ke ipotsa tsone ka botshelo e bile ke ne ke tshwenngwa thata ke kgang ya loso. Go ne go tlwaelegile gore batho ba swele kwa magabone le gore bana ba nne teng gaufi le bolao fa leloko la lelapa le swa. Ke ne ka hutsafala thata fa mmemogolo a ne a swa le fa nnake wa mosimane a ne a swa pele a tshwara ngwaga. Go akanya ka loso lwa batsadi ba me go ne go ntshosa. ‘A botshelo bo felela fela ka loso? A bo ka tswa bo na le bokao jo bongwe?’ Ke ne ke batla go itse.

Ka 1937, fa ke ne ke le mo setlhopheng sa borataro mo sekolong se se potlana, go ne ga tsoga Ntwa fa gare ga Ba-China le Bajapane. Banna ba ne ba kwadisediwa bosole mme ba romelwa kwa ntweng kwa China. Bana ba sekolo ba ne ba dumedisa borraabone kgotsa bomogolowe, ba tlhaeletsa ba re “banzai!” mo go rayang, a mmusimogolo (a tshele ka bosakhutleng). Batho ba ne ba tlhomamisegile gore phenyo e ne e tlile go nna ya setšhaba sa bone sa Bajapane se se laolwang ke modimo, le ya mmusimogolo  wa bone yo ba neng ba mo tsaya e le modimo yo o tshelang.

Go ise go ye kae, malapa a ne a simolola go amogela dipego tsa dintsho go tswa kwa ntweng. Malapa a a neng a swetswe a ne a sa gomotsege. Letlhoo le ne la gola mo dipelong tsa bone mme ba ne ba itumela fa go ne go gobala kgotsa go swa ba bantsi ba baba ba bone. Mme le fa go ntse jalo, ke ne ka akanya ka re, ‘Baba ba rona le bone ba tshwanetse ba bo ba boga fela jaaka rona fa mongwe yo ba mo ratang a swa.’ Fa ke fetsa kwa sekolong se se potlana, ntwa e ne ya anamela kwa dikgaolong di le dintsi tsa China.

Go Kopana le Mongwe Yo ke Sa mo Itseng

E re ka re ne re le balemirui, lelapa la gaetsho le ne le nna le humanegile, mme rre o ne a ntetla gore ke tsweletse dithuto tsa me fa fela seo se ne se se kitla se tlhoka madi. Ka jalo, ka 1941, ke ne ka ya sekolong sa basetsana kwa Okayama City, dikilometara di ka nna 100 go tswa kwa gae. Sekolo seno e ne e le sa go ruta basetsana gore mo isagweng, e nne basadi ba ba nyetsweng le bommè ba ba molemo, mme baithuti ba ne ba abelwa go ya go nna le malapa a a humileng mo motseng gore ba ithute go tlhokomela malapa. Mo mosong, baithuti ba ne ba ithuta ka go bereka mo malapeng ano mme motshegare ba ne ba ya kwa sekolong.

Fa moletlo wa go amogela baithuti o sena go fela, morutabana wa me, yo o neng a apere mosese wa Sejapane o o bidiwang kimono, o ne a nkisa kwa ntlong nngwe e kgolo. Ka ntlha ya mabaka a ke sa a itseng, mohumagadi wa ntlo eo ga a ka a nkamogela. Morutabana o ne a botsa jaana: “A mme re ka ya kwa ntlong ya ga Mmè Koda?” O ne a nkisa kwa ntlong nngwe e e agilweng jaaka matlo a dinaga tsa bophirima mme a kokota. Morago ga sebakanyana, go ne ga tlhaga mosadi mongwe yo moleele wa meriri e mesweu. Ke ne ke gakgametse! E ne e se Mojapane, mme ke ne ke ise ke ko ke bone motho wa kwa Bophirima mo botshelong jwa me. Morutabana o ne a nkitsise Mmè Maud Koda mme a tsamaya kwantle ga go senya nako. Ke ne ka tsena mo ntlong ke tshogile ke ntse ke goga dibeke tsa me. Moragonyana ke ne ka utlwa gore Mmè Maud Koda e ne e le Moamerika yo o nyetsweng ke monna mongwe wa Mojapane yo o neng a ithutile kwa United States. O ne a ruta Seesemane kwa sekolong sa kgwebo.

Ke ne ka simolola go dira ka natla gone fela mo mosong o o latelang. Monna wa ga Mmè Koda o ne a tshwenngwa ke bolwetse jwa go karalala mme ke ne ke tshwanetse go thusa go mo tlhokomela. E re ka ke ne ke sa tlhaloganye Seesemane gotlhelele, ke ne ka tshwenyega. Ke ne ke gololesega fa Mmè Koda a ne a bua le nna ka Sejapane. Letsatsi le letsatsi ke ne ke a tle ke ba utlwe ba buisana ka Seesemane, mme ke ne ka simolola go tlwaela puo eo. Ke ne ke rata tsela e dilo di neng di dirwa ka yone mo lelapeng leo.

Ke ne ke kgatlhwa ke tsela e e lorato e Maud a neng a tlhokomela monna wa gagwe yo o lwalang ka yone. Monna wa gagwe o ne a rata go bala Baebele. Moragonyana ke ne ka utlwa gore banyalani bano ba ne ba rekile thanolo ya Sejapane ya buka ya The Divine Plan of the Ages kwa lebenkeleng lengwe le le rekisang dibuka tse di setseng di dirisitswe le gore ba feditse dingwaga di le dintsi ba amogela peeletso ya makasine wa Seesemane wa Tora ya Tebelo.

Ka letsatsi lengwe ke ne ka fiwa Baebele e le mpho. Ke ne ke itumetse ka gonne e ne e le lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me ke nna le Baebele. Ke ne ke e bala fa ke ya sekolong le fa ke boa, le fa go ntse jalo, ke ne ke sa e tlhaloganye. E re ka ke godisitswe ke le Mojapane wa bodumedi jwa Boshinto, Jesu Keresete o ne a se botlhokwa go le kalo mo go nna. Ke ne ke sa itse gore eno e ne e le tshimologo ya dilo tse kgabagare di neng di tla dira gore ke amogele dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele, tse di neng di tla araba dipotso tsa me tse di malebana le botshelo le loso.

 Ditiragalo Tse Tharo Tse di Hutsafatsang

Dingwaga tse pedi tsa go ithutela go nna mma lelapa di ne tsa fela, mme ke ne ka tshwanelwa ke go sadisa lelapa le ke neng ke le berekela sentle. Fa ke sena go fetsa sekolo, ke ne ka ithaopela go ya go nna mongwe wa setlhopha sa basetsana ba ba dirang diaparo tsa masole a lewatle. Baamerika ba ne ba simolola go tlhasela ka difofane tsa dibomo tsa B-29, mme ka August 6, 1945, go ne ga latlhelwa bomo ya atomo kwa Hiroshima. Malatsi a se kae morago ga foo, ke ne ka amogela telegerama, mme ke ne ka utlwa gore Mmè o lwala thata. Ke ne ka palama terena ya ntlha, ka ya gae. Fa ke fologa mo tereneng, mongwe wa ba losika o ne a nkgatlhantsha mme a mpolelela gore Mmè o setse a tlhokafetse. O ne a tlhokafala ka August 11. Selo se ke neng ke sa bolo go se boifa dingwaga di le dintsi se ne se diragetse! O ne a se kitla a tlhola a bua le nna le fa e le go nyenya.

Ka August 15, Japane e ne ya fenngwa. Ka jalo ke ne ka tshwanelwa ke go lebana le ditiragalo tse tharo tse di hutsafatsang, tsotlhe di direga mo nakong e khutshwane ya malatsi a le lesome: ya ntlha, go thunya ga bomo ya atomo, ya bobedi, loso lwa ga Mmè, mme ya bofelo, go fenngwa ga Japane go go sa lebalesegeng. Le fa go ntse jalo, go ne go gomotsa go itse gore batho ba ne ba se kitla ba tlhola ba swa mo ntweng. E re ka ke ne ke hutsafetse, ke ne ka tlogela go bereka mo feketiring, mme ka boela kwa nageng ya gaetsho.

Go Tsena Ga me Mo Boammaaruring

Ka letsatsi lengwe, ke sa lebelela, ke ne ka amogela lekwalo le le tswang kwa go Maud Koda kwa Okayama. O ne a mpotsa gore a nka tla go mo thusa ka ditiro tsa ntlo ya gagwe, ka gonne a ne a batla go bula sekolo sa Seesemane. Ke ne ke ipotsa gore ke direng, mme ka amogela taletso ya gagwe. Dingwaga di se kae moragonyana, ke ne ka fudugela kwa Kobe le ba lelapa la ga Koda.

Mo tshimologong ya selemo sa 1949, lekau lengwe le le botsalano le le katogileng monyo le ne la etela lelapa la ba ga Koda. Leina la gagwe e ne e le Donald Haslett, mme o ne a tswa kwa Tokyo a tlile mo Kobe go tla go batlela barongwa ntlo. E ne e le morongwa wa ntlha wa Basupi ba ga Jehofa kwa Japane. O ne a bona ntlo eo mme ka November 1949, barongwa ba le mmalwa ba ne ba goroga kwa Kobe. Ka letsatsi lengwe, ba le batlhano ba bone ba ne ba etela ba ga Koda. Ba le babedi mo go bone, Lloyd Barry le Percy Iszlaub, ba ne ba fetsa metsotso e le lesome ba bua le batho ba ba neng ba phuthegetse mo ntlong eo ka Seesemane. Barongwa ba ne ba tsaya Maud e le kgaitsadi wa bone wa Mokeresete mme go bonala a ile a kgothadiwa thata ke go kopana le bone. Ke ka yone nako eo ke neng ka rotloetsega go ithuta Seesemane.

Ke ne ka simolola go tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Baebele ka iketlo, ke thusiwa ke barongwa ba ba tlhoafetseng. Ke ne ka bona dikarabo tsa dipotso tse ke sa bolong go nna le tsone fa e sa le ke le ngwana. Ee, Baebele e re naya tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise e bile e solofetsa gore “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo” ba tla tsosiwa. (Johane 5:28, 29; Tshenolo 21:1, 4) Ke ne ka leboga Jehofa go bo a dirile gore re kgone go nna le tsholofelo e e ntseng jalo ka setlhabelo sa thekololo sa Morwawe e bong Jesu Keresete.

Go Dira Ditiro Tse di Itumedisang Tsa Puso ya Modimo

Go tloga ka December 30, 1949 go fitlha ka January 1, 1950, go ne ga tshwarwa kopano ya ntlha ya puso ya Modimo kwa Japane kwa legaeng la barongwa kwa Kobe. Ke ne ka tsamaya le Maud go ya kwa kopanong eo. Legae leno le kile la bo e le ntlo ya Monasi mongwe, mme fa motho a le mo go lone, o ne a kgona go bona Lewatle le Setlhaketlhake sa Awaji sentle. E re ka ke ne ke se na kitso ya Baebele, ke ne ke sa tlhaloganye bontsi jwa dilo tse di neng di buiwa. Le fa go ntse jalo, ke ne ke kgatlhwa thata ke tsela e barongwa ba neng ba tsalana ka kgololesego le Bajapane ka yone. Botlhe ba ba neng ba le teng kwa puong ya phatlalatsa kwa kopanong eo ba ne ba le 101.

Ka bonako morago go foo, ke ne ka swetsa ka gore ke nne le seabe mo bodireding jwa tshimo. Ke ne ke tlhoka bopelokgale go tsamaya ka ntlo le ntlo e re ka ke ne ke le motho yo o ditlhong. Moso mongwe, Mokaulengwe Lloyd Barry o ne a tla kwa ntlong ya rona go tla go ntsaya gore re ye tshimong. O ne a simolola mo ntlong e e bapileng fela le ya ga Kgaitsadi Koda. Ke ne ka iphitlha ka fa morago ga gagwe fa ke ntse ke reeditse se a se buang le batho mo tshimong. Fa ke ya tshimong lekgetlho la bobedi, ke ne ka bereka le barongwa ba bangwe ba babedi. Mosadi mongwe yo o godileng wa Mojapane o ne a re amogela, a reetsa mme moragonyana a naya mongwe le mongwe wa rona galase ya mashi. O ne a dumela go tshwarelwa thuto ya Baebele ya legae  mme kgabagare a nna Mokeresete yo o kolobeditsweng. Go ne go kgothatsa go mmona a gatela pele.

Ka April 1951, Mokaulengwe Nathan H. Knorr, yo o neng a tswa kwa ntlokgolo ya Brooklyn, o ne a etela Japane lekgetlho la ntlha. Go ne ga tla batho ba ka nna 700 go tla go reetsa puo ya phatlalatsa e a neng a e neela kwa Holong ya Kyoritsu kwa Kanda, kwa Tokyo. Mo kopanong e e kgethegileng eno, batho botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba itumela fa go gololwa makasine wa Tora ya Tebelo wa Sejapane. Mo kgweding e e latelang, Mokaulengwe Knorr o ne a etela Kobe, mme mo kopanong e e kgethegileng koo, ke ne ka kolobediwa go bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa.

Mo e ka nnang ngwaga morago ga moo, ke ne ka kgothalediwa go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng, tirelo ya bobulatsela. Ka nako eo, go ne go na le babulatsela ba se kae fela kwa Japane, mme ke ne ke ipotsa gore ke tla itlamela jang. Ke ne ke ipotsa gore a ke tla tsamaya ke nyalwa. Mme ke ne ka lemoga gore go direla Jehofa go tshwanetse ga tla pele mo botshelong jwa me, mme ka nna mmulatsela ka 1952. Se se itumedisang ke gore ke ne ka kgona go dira tiro e e seng ya letsatsi lotlhe mo ga Kgaitsadi Koda, ke ntse ke le mmulatsela.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, morwarre, yo ke neng ke akanya gore o ne a bolailwe kwa ntweng, o ne a boela gae le lelapa la gagwe a tswa kwa Taiwan. Ba lelapa la gaetsho ba ne ba ise ba ko ba kgatlhegele Bokeresete, mme e re ka ke ne ke le mmulatsela yo o tlhoafetseng, ke ne ka simolola go ba romelela dimakasine le dibukana tsa rona. Moragonyana, morwarre o ne a fudugela kwa Kobe le lelapa la gagwe ka ntlha ya tiro ya gagwe. Ke ne ka botsa mosadi wa gagwe ka re: “A o badile dimakasine tse ke lo romeletseng tsone?” Ke ne ka gakgamala fa a araba a re, “Ke di makasine tse di kgatlhang tota.” O ne a simolola go ithuta Baebele le mongwe wa barongwa mme nnake wa mosetsana yo o neng a nna le bone le ene o ne a ithuta mmogo le ene. Fa nako e ntse e tsamaya, ka bobedi jwa bone ba ne ba nna Bakeresete ba ba kolobeditsweng.

Go Kgatlhwa ke Bokaulengwe Jwa Ditšhaba Tse di Farologaneng

Ka bonakonyana fela morago ga foo, ke ne ka gakgamala fa ke amogela taletso ya go ya kwa tlelaseng ya bo22 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Nna le Mokaulengwe Tsutomu Fukase re ne re le ba ntlha go tswa kwa Japane go lalediwa kwa sekolong seo. Ka 1953, pele tlelase e simolola, re ne ra kgona go ya kwa Kopanong ya Mokgatlho wa Lefatshe le Lesha e e neng e tshwaretswe kwa Yankee Stadium kwa New York. Ke ne ka kgatlhwa tota ke bokaulengwe jwa batho ba ga Jehofa jwa ditšhaba tse di farologaneng.

Ka letsatsi la botlhano la kopano, batlakopanong ba Bajapane, segolobogolo barongwa, ba ne ba tla apara di-kimono. E re ka kimono ya me e ke neng ke e rometse ka sekepe go sa le gale e sa fitlha ka nako, ke ne ka adima e nngwe mo go Kgaitsadi Knorr. Ka nako ya thulaganyo, pula e ne ya simolola go na mme ke ne ke tshaba gore kimono eo e tla koloba. Gone fela ka nako eo, mongwe kafa morago ga me o ne a baya jase ya pula ka bonolo mo magetleng a me. Kgaitsadi mongwe yo o neng a eme fa thoko ga me o ne a mpotsa a re: “A o itse gore motho yoo ke mang?” Moragonyana ke ne ka utlwa gore e ne e le Mokaulengwe Frederick W. Franz, leloko la Setlhopha se se Laolang. Ke ne ka bona gore phuthego ya ga Jehofa e lorato tota!

Tlelase ya bo22 ya Gileade e ne e le ya ditšhaba tse di farologaneng tota, e na le baithuti ba le 120 go tswa kwa dinageng di le 37. Le fa re ne re sa kgone go bua dipuo tsa ba bangwe, re ne ra itumelela bokaulengwe jwa ditšhaba tse di farologaneng tota. Mo letsatsing lengwe la February 1954 le go neng go wa kapoko mo go lone, ke ne ka aloga mme ka amogela kabelo ya go boela kwa Japane. Kgaitsadi mongwe wa kwa Sweden yo e neng e le moithuti ka nna e  bong Inger Brandt, o ne a tlile go dira le nna kwa Nagoya City. Fa re fitlha koo, re ne ra kopana le setlhopha sa barongwa se se neng se ntshitswe kwa Korea ka ntlha ya ntwa. Ke sa ntse ke tsaya dingwaga di se kae tse ke nnileng le tsone mo tirelong ya borongwa di le botlhokwa tota.

Go Ipelela Tirelo Jaaka Banyalani

Ka September 1957, ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa legaeng la Bethele kwa Tokyo. Ntlo nngwe e e matlhatlaganyane a mabedi e e agilweng ka logong e ne e le ofisi ya lekala la Japane. Kwa lekaleng leo, go ne go na le maloko a le manè fela, go akaretsa Mokaulengwe Barry, yo e neng e le molebedi wa lekala. Ba bangwe botlhe mo lelapeng leno e ne e le barongwa. Ke ne ka abelwa go dira tiro ya go ranola le go tlhokomela gore thanolo ga e na diphoso, gape ke phepafatsa, ke tlhatswa diaparo, ke apaya, le go dira ditiro tse dingwe.

Tiro kwa Japane e ne e gola, mme go ne ga lalediwa bakaulengwe ba ba oketsegileng go tla Bethele. Mongwe wa bone e ne ya nna molebedi mo phuthegong e ke neng ke kopanela mo go yone. Ka 1966, nna le mokaulengwe yoo, Junji Koshino, re ne ra nyalana. Fa re sena go nyalana, Junji o ne a abelwa go nna molebedi wa potologo. Go ne go itumedisa go kgona go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi jaana fa re ntse re etela diphuthego tse di farologaneng. E re ka ke ne ke abetswe tiro ya go ranola, ke ne ke e direla kwa legaeng le re neng re ya kwa go lone mo bekeng eo. Fa re ntse re le mo tirong ya go eta, re ne ra tshwanelwa ke go rwala didikishinare tse di boima mo godimo ga disutukheise tsa rona le dibeke tse dingwe.

Re ne ra itumelela go dira tiro ya potologo dingwaga di feta di le nnè mme ra bona kafa phuthego e ntseng e tswelela e gola ka teng. Lekala le ne la fudusediwa kwa Numazu mme dingwaga morago ga moo la fudusediwa kwa Ebina kwa dikago tsa lekala di leng gone gompieno. Nna le Junji ga re bolo go direla mo lekaleng leno la Bethele, le ga jaana le nang le maloko a ka nna 600. Ka May 2002, ditsala mo Bethele di ne tsa itumelela go keteka dingwaga tsa me tse 50 tsa tirelo ya nako e e tletseng.

Go Itumelela go Bona Koketsego

Fa ke ne ke simolola go direla Jehofa ka 1950, go ne go na le baboledi ba le mmalwa fela kwa Japane. Gone jaanong go na le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 210 000. Diketekete tsa batho ba sekadinku ba ile ba gogelwa mo go Jehofa, fela jaaka le nna ke ile ga gogelwa mo go ene.

Bakaulengwe ba banè le kgaitsadi ba ba neng ba re etela kwa ntlong ya ga Kgaitsadi Koda ka 1949, mmogo le Kgaitsadi Maud Koda, botlhe ba ile ba swa ba ikanyega. Morwarre, yo e neng e le motlhanka wa bodiredi, le mosadi wa gagwe yo o feditseng dingwaga di le 15 e le mmulatsela, le bone ba ile ba swa ba ikanyega. Batsadi ba me, ba ke neng ke boifa loso lwa bone fa ke ne ke sa le ngwana, ba na le tsholofelo efe ka isagwe? Tsholofetso ya Baebele e e kaga tsogo ya baswi e nnaya tsholofelo e bile e a nkgomotsa.—Ditiro 24:15.

Fa ke akanya ka dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng, ke akanya gore botshelo jwa me bo ne jwa fetoga fa ke kopana le Maud ka 1941. Fa nka bo ke sa kopana le ene ka nako eo mme ke ile ka se ka ka amogela taletso ya gagwe ya gore ke ye go mmerekela gape morago ga ntwa, gongwe nka bo ke ile ka ya go nna kwa polaseng ya rona e e kwa motsaneng o o kwa thoko mme nka bo ke sa kopana le barongwa mo malatsing ao a bogologolo. A bo ke itumela thata jang ne go bo Jehofa a ile a nkgogela mo boammaaruring ka go dirisa Maud le barongwa bale ba bogologolo!

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le Maud Koda le monna wa gagwe. Nna ke kwa pele kafa molemeng

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke na le barongwa ba ba tswang kwa Japane kwa Yankee Stadium ka 1953. Nna ke wa bofelo ka kwa molemeng

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Kwa Bethele ke na le monna wa me, Junji