Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Bogisediwa Tshiamo

Ba Bogisediwa Tshiamo

 Ba Bogisediwa Tshiamo

“Go itumela ba ba bogiseditsweng tshiamo.”—MATHAIO 5:10.

1. Ke eng fa Jesu a ne a le fa pele ga Ponto Pilato, mme Jesu o ne a reng?

“KE TSALETSWE sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.” (Johane 18:37) Fa Jesu a bua mafoko ao o ne a le fa pele ga Ponto Pilato, Mmusi wa Roma wa kgaolo ya Judea. Jesu o ne a sa ikisa koo, e bile e ne se gore o laleditswe ke Pilato. Go na le moo, o ne a le koo ka gonne baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba mo latofatsa ka maaka ba re ke moleofi yo o tshwanelwang ke go bolawa.—Johane 18:29-31.

2. Jesu o ile a tsaya kgato efe, mme seo se ne sa felela ka eng?

2 Jesu o ne a itse sentle gore Pilato o ne a na le maatla a go mo golola kana go dira gore a bolawe. (Johane 19:10) Le fa go ntse jalo, seo ga se a ka sa dira gore a tshabe go bua ka Bogosi ka bopelokgale le Pilato. Le fa botshelo jwa ga Jesu bo ne bo le mo kotsing, o ne a dirisa tshono eo go neela molaodi yoo wa maemo a a kwa godimo bosupi. Le mororo Jesu a ile a neela bosupi joo, o ne a bonwa molato le go bolawa, a swa loso lo lo botlhoko lwa boswelatumelo mo koteng ya tlhokofatso.—Mathaio 27:24-26; Mareko 15:15; Luke 23:24, 25; Johane 19:13-16.

A ke Mosupi Kana Moswelatumelo?

3. Lefoko la Segerika “marʹtys” (moswelatumelo) le ne le kaya eng mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, mme gompieno le kaya eng?

3 Batho ba le bantsi gompieno ba tsaya moswelatumelo e le motho yo tumelo ya gagwe e mo ileng tlhogong, yo o feteletsang dilo. Gantsi batho ba ba ineelelang go bolawa ka ntlha ya se ba se dumelang, segolobogolo ka ntlha ya bodumedi jwa bone, ba na le go belaelwa gore ke dirukhutlhi kana gore ba kotsi mo setšhabeng. Le fa go ntse jalo, lefoko la Segerika marʹtys (moswelatumelo) mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele le ne le kaya “mosupi,” motho yo o neelang bosupi, gongwe e le kwa kgotlatshekelong, a supa boammaaruri jwa se a se dumelang. Ke moragonyana fela lefoko leno le neng la simolola go kaya “motho yo o ineelelang go bolawa ka ntlha ya go neela bosupi,” kana le e leng go neela bosupi ka go ntsha botshelo jwa gago setlhabelo.

4. Jesu e ne e le moswelatumelo segolobogolo ka tsela efe?

4 Jesu e ne e le moswelatumelo segolobogolo go ya ka bokao jwa ntlha jwa lefoko leno. Jaaka fa a ile a bolelela Pilato, o ne a tletse gore a “supe ka ga boammaaruri.” Go neela bosupi ga gagwe go  ne ga dira gore batho ba tsibogele bosupi jwa gagwe ka ditsela tse di sa tshwaneng. Batho bangwe ba e seng ba maemo ba ne ba amiwa thata ke se ba neng ba se utlwa mme ba ne ba dumela mo go Jesu. (Johane 2:23; 8:30) Bontsi jwa batho, segolobogolo baeteledipele ba bodumedi, le bone ba ne ba tsibogela seno thata—mme e le ka tsela e e sa siamang. Jesu o ne a raya ba losika lwa gagwe ba e neng e se badumedi a re: “Lefatshe ga le na lebaka la go lo tlhoa, mme le ntlhoile, ka gonne ke naya bosupi ka ga lone gore ditiro tsa lone di boikepo.” (Johane 7:7) Go neela bosupi ga ga Jesu go ne ga dira gore baeteledipele ba setšhaba ba galefe thata, mo go neng ga dira gore a bolawe. Ee ruri, e ne e le “mosupi (marʹtys) yo o ikanyegang le yo o boammaaruri.”—Tshenolo 3:14.

“Lo Tla Nna ba ba Tlhoilweng ke Batho”

5. Fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe, o ne a reng ka pogiso?

5 Ga se fela gore Jesu o ile a bogisiwa setlhogo, mme gape o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe gore le bone ba ne ba tla bogisiwa. Fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe, o ne a raya batho ba ba neng ba mo reeditse mo Therong ya kwa Thabeng a re: “Go itumela ba ba bogiseditsweng tshiamo, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone. Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka. Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong.”—Mathaio 5:10-12.

6. Jesu o ile a ntsha tlhagiso efe fa a ne a roma baaposetoloi ba gagwe ba ba 12?

6 Moragonyana fa Jesu a roma baaposetoloi ba gagwe ba ba 12, o ne a ba raya a re: “Nnang lo itisitse mo bathong; gonne ba tla lo isa kwa dikgotlatshekelong tsa mafelo a lo leng mo go one, e bile ba tla lo kgwathisa mo disinagogeng tsa bone. Ee, lo tla gogelwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, gore e nne bosupi mo go bone le mo ditšhabeng.” Mme barutwa ba ne ba se kitla ba bogisiwa fela ke baeteledipele ba bodumedi. Gape Jesu o ne a re: “Motho o tla isa morwarraagwe kwa losong, le rre  a ise ngwana wa gagwe, le bana ba tla tsogologela batsadi mme ba tla dira gore ba bolawe. Mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Mathaio 10:17, 18, 21, 22) Dilo tse di neng tsa diragalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga di supa fa mafoko ano a ile a nna boammaaruri.

Pego Ya ba Ba Neng ba Itshoka ka Boikanyegi

7. Ke eng se se neng sa dira gore Setefane a nne moswelatumelo?

7 Go ise go ye kae morago ga loso lwa ga Jesu, Setefane o ne a nna Mokeresete wa ntlha go bolawa ka ntlha ya go neela bosupi ka boammaaruri. O ne a “tletse bopelontle le maatla, [e bile] o ne a dira dikgakgamatso tse dikgolo le ditshupo mo gare ga batho.” Baba ba gagwe ba bodumedi “ba ne ba sa kgone go itsetsepela kgatlhanong le botlhale le moya tse a neng a bua ka tsone.” (Ditiro 6:8, 10) Ka ntlha ya go tlala lefufa, ba ne ba gogagoga Setefane ba mo isa fa pele ga Sanehederine, kgotlatshekelo e kgolo ya Bajuda, koo a neng a ganetsana le balatofatsi ba gagwe ba maaka gone mme a neela bosupi jo bo maatla. Le fa go ntse jalo, kwa bofelong baba ba ga Setefane ba ne ba bolaya mosupi yono yo o ikanyegang.—Ditiro 7:59, 60.

8. Barutwa kwa Jerusalema ba ile ba tsibogela jang pogiso e e neng ya ba wela morago ga loso lwa ga Setefane?

8 Fa Setefane a sena go bolawa, “pogiso e kgolo [e ne] ya tsogela phuthego e e mo Jerusalema; botlhe kwantle ga baaposetoloi ba ne ba gasamela mo dikgaolong tsotlhe tsa Judea le Samarea.” (Ditiro 8:1) A pogiso e ne ya dira gore Bakeresete ba kgaotse go neela bosupi? Nnyaa, ka gonne pego e bolela gore “ba ba neng ba gasame ba [ne ba] ya le lefatshe leo lotlhe ba bolela dikgang tse di molemo tsa lefoko.” (Ditiro 8:4) Ba tshwanetse ba bo ba ile ba ikutlwa ka tsela e moaposetoloi Petere a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a bua jaana pelenyana: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) Le fa barutwa bao ba ba ikanyegang le ba ba pelokgale ba ne ba bogisiwa, ba ile ba tswelela ka tiro ya go neela bosupi ka boammaaaruri, le mororo ba ne ba itse gore seo se tla ba bakela mathata a a oketsegileng.—Ditiro 11:19-21.

9. Ke pogiso efe e balatedi ba ga Jesu ba neng ba lebana le yone?

9 Ruri mathata a bone a ne a se ka a fokotsega. Sa ntlha, re utlwa gore Saulo—monna yo o neng a dumalana le gore Setefane a kgobotlediwe ka maje—“ka a ne a sa ntse a hema go tshosetsa le go bolaya barutwa ba Morena, [o ne] a ya kwa moperesiting yo mogolo mme a mo kopa makwalo a a yang kwa disinagogeng kwa Damaseko, gore a tle a tlise mo Jerusalema le fa e le mang wa Tsela a bofilwe yo a neng a mmona, banna mmogo le basadi.” (Ditiro 9:1, 2) Go tswa foo, mo e ka nnang ka ngwaga wa 44 C.E., “Herode kgosi [o ne] a semelela diatla go tshwara bangwe ba phuthego makgwakgwa. O ne a bolaya Jakobe morwarraagwe Johane ka tšhaka.”—Ditiro 12:1, 2.

10. Ke pego efe ya dipogiso e re e fitlhelang mo bukeng ya Ditiro le ya Tshenolo?

10 Buka yotlhe ya Ditiro e na le pego e e ka se kang ya phimolwa ya diteko, go tshwarwa, le dipogiso tse di neng tsa itshokelwa ke batho ba ba ikanyegang ba ba jaaka Paulo, yo pele e neng e le mmogisi mme a fetoga moaposetoloi, yo go ka diregang gore o ile a bolawa e le moswelatumelo ka taelo ya Mmusi wa Roma e bong Nero mo e ka nnang ka 65 C.E. (2 Bakorintha 11:23-27; 2 Timotheo 4:6-8) Mo bukeng ya Tshenolo, e e kwadilweng go ela kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, re fitlhela gore moaposetoloi Johane yo o tsofetseng o ne a tshwerwe kwa setlhaketlhakeng sa Patamose “ka ntlha ya go bua ka Modimo le go naya bosupi ka Jesu.” Gape Tshenolo e bua ka “Antipase, mosupi wa me, yo o ikanyegang, yo o neng a bolawa” kwa Peregamo.—Tshenolo 1:9; 2:13.

11. Dilo tse di neng tsa diragalela Bakeresete ba bogologolo di bontsha jang gore mafoko a ga Jesu a ne a le boammaaruri malebana le pogiso?

 11 Seno sotlhe se ne se supa fa mafoko ano a Jesu a neng a a bua le barutwa ba gagwe a le boammaaruri: “Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Johane 15:20) Bakeresete ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ne ba iketleeleditse go lebana le teko e kgolo go gaisa tsotlhe, e leng go bolawa—ka go tlhokofadiwa, go latlhelwa mo dibataneng, kana ka tsela epe fela—e le gore ba diragatse taelo eno e ba e neilweng ke Morena Jesu Keresete: “Lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Ditiro 1:8.

12. Ke eng fa go bogisiwa ga Bakeresete e se selo se se diragetseng fela mo nakong e e fetileng?

12 Fa go na le mongwe yo o akanyang gore tsela eo e e setlhogo e balatedi ba ga Jesu ba neng ba tshwarwa ka yone e diragetse fela mo nakong e e fetileng, o tla bo a fositse tota. Paulo, yo le ene jaaka fa re bone a ileng a itshokela dipogiso di le dintsi, o ile a kwala jaana: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:12) Petere o ile a bua jaana malebana le pogiso: “Tota e bile, lo ne lwa bilediwa tseleng eno, ka gonne le Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Petere 2:21) Batho ba ga Jehofa ba sa ntse ba tlhoilwe le go tshwarwa setlhogo go fitlha le mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno ya dilo. (2 Timotheo 3:1) Go ralala lefatshe lotlhe Basupi ba ga Jehofa ka dinako dingwe ba ile ba bogisiwa, motho ka bongwe le ba le setlhopha, ba bogisiwa ke dipuso tsa babusaesi le tsa dinaga tsa temokerasi.

Ke Eng fa ba Ilwa le go Bogisiwa?

13. Ke eng se batlhanka ba ga Jehofa ba gompieno ba tshwanetseng go se gopola malebana le pogiso?

13 Le fa gone bontsi jwa rona gompieno re itumelela go nna le kgololesego ya go rera le go kopana mmogo ka kagiso, re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo ya Baebele ya gore, “seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” (1 Bakorintha 7:31) Dilo di ka fetoga ka bonako mo e leng gore fa re sa ipaakanya mo mogopolong, mo maikutlong le mo semoyeng, re ka wa motlhofo fela. Ka gone, ke eng se re ka se dirang go itshireletsa? Sengwe se se molemo se re ka itshireletsang ka sone ke go nna re gopola lebaka la go bo Bakeresete ba ba ratang kagiso le ba ba ikobelang molao ba ilwa e bile ba bogisiwa.

14. Petere o ne a re ke eng fa Bakeresete ba ne ba bogisiwa?

14 Moaposetoloi Petere o ne a bua ka seno mo lekwalong la gagwe la ntlha, le a le kwadileng mo e ka nnang ka 62-64 C.E., fa Bakeresete mo dinageng tsotlhe tsa Mmusomogolo wa Roma ba ne ba lebane le diteko le pogiso. O ne a re: “Baratwa, lo se ka lwa akabadiwa ke go sha mo go mo gare ga lona, mo go lo diragalelang e le teko, jaaka e kete lo diragalelwa ke selo se se sa tlwaelegang.” Fa Petere a tlhalosa se a neng a se akantse o tswelela jaana: “A ope wa lona a se ka a boga ka go bo e le mmolai kgotsa legodu kgotsa modirabosula kgotsa e le yo o itshunyang nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe. Mme fa a boga e le Mokeresete, a a se ka a ikutlwa a tlhabiwa ke ditlhong, mme a a nne a galaletse Modimo mo leineng leno.” Petere o ne a tlhalosa gore ba ne ba sa boge ka ntlha ya go dira sengwe se se phoso, go na le moo, ba ne ba boga ka ntlha ya se ba leng sone. Fa ba ka bo ba ne ba bidikama mo ‘lekadibeng le le kwa tlase la botlhapelwa’ jaaka batho ba ba neng ba tshela le bone, batho bano ba ne ba tla ba amogela le go ba itumelela. Mme boammaaruri ke gore, ba ne ba boga ka gonne ba ne ba leka ka bojotlhe go tshela go ya ka boikarabelo jwa bone jwa go nna balatedi ba ga Keresete. Go ntse jalo le ka Bakeresete ba boammaaruri gompieno.—1 Petere 4:4, 12, 15, 16.

15. Basupi ba ga Jehofa ba itsege jang gompieno mme kafa letlhakoreng le lengwe, ba tshwarwa jang?

15 Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, Basupi ba ga Jehofa ba tlotlomadiwa phatlalatsa ka ntlha ya kutlwano le tirisanommogo e ba nang le yone kwa dikopanong tsa bone le mo ditirong tsa bone tsa go aga, ba tlotlomalediwa boikanyego jwa bone le go dira ga bone ka natla, ba tlotlomalediwa go nna sekao se se molemo mo boitshwarong le mo botshelong jwa lelapa, le e leng ka ntlha ya tsela e e molemo e ba aparang ka yone le  maitsholo a bone a a molemo. * Kafa letlhakoreng le lengwe, Basupi ba le bantsi ba a itewa le go gapelwa dithoto ka ntlha ya tumelo ya bone e bile fa setlhogo seno se kwalwa, tiro ya bone e ne e ileditswe kana e thibetswe mo dinageng di ka nna 28. Ke eng fa ba bogisiwa jalo le mororo ba itsege e le batho ba ba molemo? Mme ke eng fa Modimo a letla seo?

16. Lebaka le legolo la go bo Modimo a letla gore batho ba gagwe ba bogisiwe ke lefe?

16 Sa ntlha, re tshwanetse go gopola mafoko ano a Diane 27:11: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” Ee, ke ka ntlha ya kgangkgolo e e sa bolong go nna gone e e malebana le bolaodi jwa lobopo lotlhe. Le fa go ile ga nna le bosupi jo bontsi jwa batho ba ba ileng ba bontsha go ikanyega mo go Jehofa go ralala makgolokgolo a dingwaga, Satane ga ise a kgaotse go kgoba Jehofa jaaka fa a dirile mo motlheng wa ga Jobe yo o siameng. (Jobe 1:9-11; 2:4, 5) Ga go pelaelo gore, Satane o ikemiseditse le e leng go feta mo maiphakong a gagwe, segolo jang ka go bo Bogosi Jwa Modimo bo setse bo tlhomilwe ka babusiwa ba jone ba ba ikanyegang le baemedi ba jone mo lefatsheng lotlhe. A ba tla nna ba ikanyega mo Modimong go sa kgathalesege gore ba lebana le pogiso le mathata afe? Eno ke potso e motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa a tshwanetseng go e araba ka boene.—Tshenolo 12:12, 17.

17. Jesu o ne a kaya eng ka mafoko a a reng “go tla lo diragalela gore e nne bosupi”?

17 Fa Jesu a ne a bolelela barutwa ba gagwe ditiragalo tse di neng di tla direga ka nako ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” o ne a umaka lebaka le lengwe gape la go bo Jehofa a letla gore batlhanka ba gagwe ba bogisiwe. O ne a ba raya a re: “Lo [tla] gogelwa fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya leina la me. Go tla lo diragalela gore e nne bosupi.” (Mathaio 24:3, 9; Luke 21:12, 13) Jesu ka boene o ne a neela bosupi fa pele ga Herode le Ponto Pilato. Moaposetoloi Paulo le ene o ne a “gogelwa fa pele ga dikgosi le balaodi.” Paulo o ne a kaelwa ke Morena Jesu Keresete fa a ne a batla go neela bosupi fa pele ga molaodi yo mogolo go gaisa botlhe mo motlheng oo, ka go bua mafoko ano: “Ke ikuela kwa go Kaesara!” (Ditiro 23:11; 25:8-12) Gantsi le gompieno, maemo a a gwetlhang a feleletsa a dirile gore balaodi le batho ba neelwe bosupi jo bo molemo. *

18, 19. (a) Go itshokela dipogiso go tla re solegela molemo jang? (b) Re tla sekaseka dipotso dife mo setlhogong se se latelang?

18 Lebaka le lengwe ke gore, go itshokela diteko le dipogiso go ka re solegela molemo ka namana. Jang? Morutwa Jakobe o ne a gopotsa Bakeresetekaene jaana: “Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tse di farologaneng, lo itse jaaka lo itse gore boleng jono jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona bo felela ka boitshoko.” Ee, pogiso e ka godisa tumelo ya rona le go nonotsha boitshoko jwa rona. Ka gone, ga re e boife ka tsela e e feteletseng, e bile ga re senke go e tila kana go e fedisa ka go dirisa ditsela tse e seng tsa Dikwalo. Go na le moo, re sekegela tsebe kgakololo eno ya ga Jakobe: “Letlang boitshoko bo feleletse tiro ya jone, gore lo felele lo bo lo itekanele sentle ka ditsela tsotlhe, lo sa tlhaele mo go sepe.”—Jakobe 1:2-4.

19 Le fa Lefoko la Modimo le re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba bogisiwa le la go bo Jehofa a letla pogiso, seo ga se bolele gore go motlhofo go e itshokela. Ke eng se se ka re thusang go e itshokela? Re ka dira eng fa re lebane le pogiso? Re tla sekaseka dintlha tseno tse di botlhokwa mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 15 Bona Tora ya Tebelo ya December 15, 1995, ditsebe 27-9; April 15, 1994, ditsebe 16-17; le Tsogang! ya January 8, 1994, ditsebe 21-8.

A o Ka Tlhalosa?

• Jesu e ne e le moswelatumelo segolobogolo go ya ka tsela efe?

• Pogiso e ile ya ama Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jang?

• Jaaka fa Petere a ile a tlhalosa, ke eng fa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba bogisiwa?

• Jehofa o letla gore batlhanka ba gagwe ba bogisiwe ka ntlha ya mabaka afe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 10, 11]

Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa boge ka ntlha ya go dira sengwe se se phoso, go na le moo, ba ne ba boga ka ntlha ya se ba leng sone

PAULO

JAKOBE

JOHANE

ANTIPASE

SETEFANE