Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Nonotshang Lenyalo la Gago ka Teng

Kafa o ka Nonotshang Lenyalo la Gago ka Teng

 Kafa o ka Nonotshang Lenyalo la Gago ka Teng

AKANYA ka ntlo e e senyegileng. Pente ya teng e a oboga, marulelo a senyegile, le motlhwa o o jetsweng ga o a tlhokomelwa sentle. Go a bonala gore kago eno e sentswe ke matsubutsubu a a maswe thata fa dingwaga di ntse di feta, e bile e ne e sa tlhokomelwa. A e tshwanetse go thubiwa? Nnyaa. Fa motheo wa ntlo eo o nonofile e bile e sa ntse e ikemetse sentle, gongwe e ka baakanngwa.

A boemo jwa ntlo eo bo go gopotsa lenyalo la gago? Fa dingwaga di ntse di feta, gongwe matsubutsubu a a maswe a ile a ama lenyalo la gago ka tsela e e maswe thata. Gongwe mongwe wa lona kgotsa loobabedi lo ntse lo tlhokomologile lenyalo la lona ka selekanyo se se rileng. Lo ka tswa lo ikutlwa jaaka Sandy. Morago ga dingwaga di le 15 a nyetswe, o ne a re: “Selo se le sengwe fela se re neng re amana ka sone ke gore re ne re nyalane. Mme seo se ne se sa lekana.”

Le fa lenyalo la gago le ntse jalo, o se ka wa swetsa ka bonako gore o tshwanetse go le fedisa. Gongwe le ka kgona go baakanngwa. Go ikaegile thata ka gore wena le molekane wa gago lo ikemiseditse go le kana kang go diragatsa maitlamo a lo a dirileng. Maitlamo a ka thusa go dira gore lenyalo le tlhomame mo dinakong tsa mathata. Mme gone, maitlamo ke eng? Baebele e ka go thusa jang gore o a nonotshe?

Maitlamo a Tsamaisana le Maikarabelo

Maitlamo ke go ikutlwa o na le maikarabelo kgotsa o tshwanetse go dira sengwe. Lefoko leo le a tle le dirisiwe mo dilong tse di jaaka tumalano ya kgwebo. Ka sekai, moagi a ka nna a ikutlwa a tshwanetse go dira tiro ya go aga ntlo, fela ka gonne a saenetse gore o tla dira jalo. O ka tswa a sa itse gore tiro eo e okametswe ke mang. Le fa go ntse jalo, o ikutlwa a tshwanetse go diragatsa lefoko la gagwe.

Le fa lenyalo e se tumalano ya kgwebo e e sa ameng maikutlo, maitlamo a a tlhokegang a tsamaisana le maikarabelo. Wena le molekane wa gago lo ka tswa lo ikanne fa pele ga Modimo le batho gore lo tla nna mmogo, le fa go ka direga eng. Jesu o ne a re: “Yo o neng a ba bopa [monna le mosadi] go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe.’” Jesu o  ne a oketsa a re: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Mathaio 19:4-6) Fa mathata a tsoga, wena le molekane wa gago lo tshwanetse go bo lo ikemiseditse go diragatsa maitlamo a lona. * Mosadi mongwe a re: “Dilo di ne tsa simolola go tokafala fela fa re sena go tlogela go akanya gore tlhalo e ka nna yone kgoro ya botso.”

Le fa go ntse jalo, maitlamo a lenyalo a akaretsa se se fetang fela go ikutlwa o tshwanetse go diragatsa maikarabelo mangwe. Ke eng se sengwe se se akarediwang?

Go Dirisana Mmogo go Nonotsha Maitlamo a Lenyalo

Maitlamo a lenyalo ga a reye gore banyalani ga ba na go ngangisana ka dilo. Fa go nna le kgotlhang lo tshwanetse go leka ka natla go baakanya boemo, e seng fela ka gonne lo dirile maikano a a lo tlamang, mme ka gonne lo ratana. Jesu o ne a bua jaana malebana le monna le mosadi: “Ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe.”

Go nna “nama e le nngwe” le molekane wa gago go raya eng? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re, “banna ba ba nyetseng ba tshwanetse ba bo ba rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone.” (Baefeso 5:28, 29) Go nna “nama e le nngwe” go ka raya gore o amega ka molekane wa gago fela jaaka o amega ka ga gago. Batho ba ba nyalaneng ba tshwanetse go tlogela go akanya ka “sa me” mme ba akanye ka “sa rona,” ba tlogele go akanya ka “nna” mme ba akanye ka “rona.” Mogakolodi mongwe o ne a kwala jaana: “Balekane boobabedi ba tshwanetse go tlogela go nna e kete ga ba a nyalana mme ba simolole go akanya le go ikutlwa jaaka banyalani.”

A wena le molekane wa gago lo akanya “jaaka banyalani” e bile lo ikutlwa jaaka bone? Go a kgonega gore lo bo lo na le dingwaga tse dintsi lo nna mmogo mme le fa go ntse jalo, lo se “nama e le nngwe” ka tsela eo. Ee, seo se ka direga, mme buka ya Giving Time a Chance ya re: “Lenyalo le raya go tshela le motho yo mongwe, mme fa batho ba ntse ba dira dilo mmogo, lenyalo la bone le tla atlega.”

Banyalani bangwe ba ba sa itumelang ba nna mmogo fela ka ntlha ya bana kgotsa gore ba se ka ba tshwenyega ka madi. Ba bangwe ba itshoka fela ka gonne ba sa rate tlhalo gotlhelele kgotsa ka gonne ba tshaba gore batho ba bangwe ba tla reng fa ba ka kgaogana. Le fa gone batho bao ba akgolwa ka go itshoka mo manyalong, gakologelwa gore mokgele wa lona e tshwanetse ya nna go nna le kamano e e lorato, e seng fela e e nnelang ruri.

 Ditiro Tsa Bopelotshweu di Nonotsha Maitlamo a Lenyalo

Baebele e ne ya bolelela pele gore mo “malatsing a bofelo” batho ba tla nna “baithati.” (2 Timotheo 3:1, 2) Go dumalana le boporofeti joo, gompieno batho ba ithata go feta selekanyo. Mo manyalong a mantsi, go direla yo mongwe dilo mme o sa tlhomamisege gore ene o tla go direla sengwe go tsewa e le bokoa. Le fa go ntse jalo, mo lenyalong le le atlegileng balekane boobabedi ba direlana dilo. O ka dira seo jang?

Go na le go ipotsa gore, ‘Ke eng se se ntsholegelang molemo mo lenyalong leno?’ ipotse jaana, ‘Ke eng se nna ke se dirang go nonotsha lenyalo la me?’ Baebele ya re Bakeresete ba tshwanetse go ‘baya leitlho, e seng mo molemong wa ka namana mo dilong tse di amang bone fela, mme gape le mo molemong wa ka namana mo go tsa ba bangwe.’ (Bafilipi 2:4) Fa o ntse o akanya ka molaomotheo ono wa Baebele, sekaseka dilo tse o di dirileng mo bekeng e e fetileng. O diretse molekane wa gago molemo ga kae? Fa molekane wa gago a ne a batla go bua, a o ne o reetsa—le fa tota o ne o sa batle? O dirile ditiro di le kae tse molekane wa gago a di ratang go feta kafa wena o di ratang ka teng?

Fa o sekaseka dipotso tseo, o se ka wa tshwenyega ka gore ditiro tsa gago tse di molemo ga di na go anaanelwa kgotsa go duelwa. Buka nngwe ya re: “Mo manyalong a mantsi, fa o direla yo mongwe molemo le ene o tla go direla molemo, ka jalo dira bojotlhe jwa gago go kgothaletsa molekane wa gago go dira molemo ka gore wena ka bowena o o dire.” Ditiro tsa bopelotshweu di nonotsha lenyalo la gago ka gonne di bontsha gore o rata lenyalo la gago mme o batla gore le se ka la fela.

Go Botlhokwa go Leba Lenyalo Jaaka le le Nnelang Ruri

Jehofa Modimo o tseela boikanyego kwa godimo. Tota e bile Baebele ya re: “[Jehofa] o tla dira ka go ikanyega ka nitamo le motho yo o ikanyegang ka nitamo.” (2 Samuele 22:26) Go nna o ikanyega mo Modimong go akaretsa go nna o ikanyega mo thulaganyong ya lenyalo e a e simolotseng.—Genesise 2:24.

Fa wena le molekane wa gago lo ikanyega mongwe go yo mongwe, lo tla itumelela go nna le kgolagano e e nnelang ruri. Fa lo akanya ka dikgwedi, dingwaga, le masome a dingwaga a a kwa pele, lo ipona lo sa ntse lo le mmogo. Ga lo akanye le ka motlha lo sa tlhole lo nyalane, mme go leba dilo ka tsela e e ntseng jalo go dira gore kamano ya lona e nne e babalesegile. Mosadi mongwe a re: “Le fa ke galefetse [monna wa me] fela thata e bile ke galefisitswe ke se se re diragalelang, ga ke tshwenyege ka gore lenyalo la rona le tla thubega. Ke tshwenyega ka se re tla se dirang go baakanya kamano ya rona gape. Ga ke belaele gotlhelele gore re tla e baakanya—ke fela gore ka nako eo ga ke kgone go bona gore re tla go dira jang.”

Go leba lenyalo jaaka le le nnelang ruri ke karolo ya botlhokwa ya go itlama mo molekaneng wa gago, mme le fa go ntse jalo, ga go yo mo manyalong a le mantsi. Fa go omanwa, molekane yo mongwe o ka nna a re, “Ke a go tlogela!”  kgotsa, “Ke ya go batla mongwe yo o nthatang!” Gantsi fa motho a bua mafoko ao o a bo tota a sa reye se a se buang. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela gore loleme lo “tletse botlhole jo bo bolayang.” (Jakobe 3:8) Fa motho a tshosetsa go tshwana le fa a re: ‘Ga ke tseye lenyalo la rona jaaka le le tla nnelang ruri. Nka tsamaya nako nngwe le nngwe.’ Go bua jalo go ka senya lenyalo.

Fa o tsaya lenyalo jaaka le le nnelang ruri, o batla go nna le molekane wa gago le fa go ka nna maswe go le kana kang. Seno se na le molemo o mongwe. Se tla dira gore go nne motlhofo gore wena le molekane wa gago lo amogele makoa le diphoso mme lo iphapaanyelane lo bo lo itshwarelane lo gololesegile. (Bakolosa 3:13) Buka nngwe ya re: “Mo lenyalong le le molemo lo ka dira diphoso mme lenyalo la lona la tswelela le nonofile le fa diphoso di le teng.”

Ka letsatsi la gago la lenyalo, o ne o sa dire maikano mo thulaganyong ya lenyalo, mme o ne o a dira mo mothong yo o tshelang—molekane wa gago. Ntlha eno e tshwanetse go ama thata tsela e o akanyang ka yone gone jaanong jaaka motho yo o nyetseng. A ga o dumele gore o tshwanetse go nna o ntse o na le molekane wa gago e seng fela ka gonne o dumela gore lenyalo le boitshepo, mme gape ka gonne o rata motho yo o nyalaneng le ene?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Mo maemong a a feteletseng, go ka nna le mabaka a a utlwalang a gore banyalani ba kgaogane. (1 Bakorintha 7:10, 11; bona Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, tsebe 160-1, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.) Mo godimo ga moo, Baebele e letlelela tlhalo fa go dirilwe boaka (boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo).—Mathaio 19:9.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

Se o Ka se Dirang Gone Jaanong

Mo lenyalong la gago, o ikemiseditse go le kana kang go boloka maitlamo a gago? Gongwe o bona ditsela tse o ka tokafatsang mo go tsone. Gore o nonotshe maitlamo a gago, leka go dira dilo tse di latelang:

● Itlhatlhobe. Ipotse jaana: ‘A ke dira dilo jaaka motho yo o nyetseng, kgotsa ke sa ntse ke akanya le go itshwara jaaka motho yo o sa nyalang?’ Botsa molekane wa gago gore ke eng se a se akanyang ka wena fa go tliwa mo kgannyeng eo.

● Bala setlhogo seno le molekane wa gago. Go tswa foo, ka bonolo, tlotla le ene ka ditsela tse lo ka nonotshang maitlamo a lona a lenyalo ka tsone.

● Wena le molekane wa gago dirang ditiro tse di tla nonotshang maitlamo a lona. Ka sekai: Lebang mmogo dinepe tsa lenyalo la lona le tsa ditiragalo tse dingwe tse di sa lebalesegeng. Dirang dilo tse lo neng lo rata go di dira fa lo ne lo sa ntse lo ratana kgotsa tse lo neng lo di dira mo dingwageng tsa pele tsa lenyalo la lona. Ithuteng mmogo ditlhogo tse di theilweng mo Baebeleng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse di buang ka lenyalo.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Mo Lenyalong, Maikano a Tsamaisana le . . . 

Maikarabelo “Se o se ikanelang, se diragatse. Go botoka gore o se ka wa ikana go na le gore o ikane o bo o sa diragatse.”—Moreri 5:4, 5.

Go Dirisana Mmogo “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe . . . Gonne fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe.”—Moreri 4:9, 10.

Go Nna Pelotshweu “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Go Leba Lenyalo Jaaka le le Nnelang Ruri “Lorato . . . lo itshokela dilo tsotlhe.”—1 Bakorintha 13:4, 7.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Fa molekane wa gago a batla go bua, a o a reetsa?