Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlotla ka Dilo Tsa Semoya Go a Aga

Go Tlotla ka Dilo Tsa Semoya Go a Aga

 Go Tlotla ka Dilo Tsa Semoya Go a Aga

“A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona, fa e se lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.”—BAEFESO 4:29.

1, 2. (a) Bokgoni jwa go bua ke selo se se botlhokwa go le kana kang? (b) Batlhanka ba ga Jehofa ba batla go dirisa loleme lwa bone jang?

“BOKGONI jwa go bua ke selo se go leng thata go se tlhaloganya; ke mpho e re e abetsweng ke Modimo, ke selo se se gakgamatsang.” Go ne ga rialo Ludwig Koehler, yo e leng mokwadi wa didikishinare. Gongwe re na le go tlhaetsa mpho eno e e tlhwatlhwakgolo e Modimo a re abetseng yone matlho. (Jakobe 1:17) Le fa go ntse jalo, akanya kafa motho a latlhegelwang thata ka teng fa go direga gore setorouko se golafatse moratiwa wa gagwe mme se dira gore a se ka a tlhola a kgona go bua. Joan, yo bosheng jaana monna wa gagwe a sa tswang go tshwarwa ke setorouko, a re: “Re ne re na le tsela e e molemo ya puisano e e neng e dira gore re atamalane thata. Ruri ke tlhologelelwa metlotlo e re neng re tlhola re nna le yone!”

2 Metlotlo e ka nonotsha botsala, e ka rarabolola dikgotlhang, ya nametsa ba ba hutsafetseng, ya nonotsha tumelo le go itumedisa botshelo—mme gone, seno ga se itiragalele fela. Kgosi Solomone yo o botlhale o ile a re: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” (Diane 12:18) Rona batlhanka ba ga Jehofa, re batla gore metlotlo ya rona e nne e e kgothatsang le e e agang go na le gore e nne e e utlwisang botlhoko le e e kgobang marapo. Gape re batla go dirisa loleme lwa rona go galaletsa Jehofa, fa re le mo bodireding jwa phatlalatsa le fa re itlotlela fela. Mopesalema o ile a opela jaana: “Re tla baka Modimo letsatsi lotlhe, mme re tla baka leina la gago ka bosakhutleng.”—Pesalema 44:8.

3, 4. (a) Ke bothata bofe jo rotlhe re nang le jone malebana le se re se buang? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore re ele tlhoko se re se buang?

3 Morutwa Jakobe o tlhagisa jaana: ‘Ga go na le a le mongwe wa batho yo o ka dirang gore loleme lo kgwabofale.’ O re gakolola jaana: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.” (Jakobe 3:2, 8) Ga go ope wa rona yo o itekanetseng. Ka gone, le fa re ka tswa re batla go dirisa loleme sentle, ga se ka metlha lo agang ba bangwe kana go galaletsa Mmopi wa rona. Ka gone, re tshwanetse go ithuta go ela tlhoko se re se buang. Mo godimo ga moo, Jesu o ile a re: “Lefoko lengwe le lengwe le le se nang mosola le batho ba le buang, ba tla ikarabela ka ga lone ka Letsatsi la Katlholo; gonne ka mafoko a gago o tla bolelwa o le yo o siameng, e bile ka mafoko a gago o tla bonwa molato.” (Mathaio 12:36, 37) Ee, Modimo wa boammaaruri o re tsaya re ikarabela ka se re se buang.

4 Tsela nngwe e e molemo go gaisa ya go tila metlotlo e e sa siamang ke go itlwaetsa go tlotla ka dilo tsa semoya. Mo setlhogong seno re tla sekaseka kafa re ka dirang seo ka gone, gore ke dikgang dife tse re ka tlotlang ka tsone le gore re ka solegelwa molemo jang ke metlotlo e e agang.

Ela Tlhoko Se se Mo Pelong

5. Pelo e na le seabe sefe mo go direng gore motho a tlotle ka dilo tse di agang?

5 Fa re ntse re leka go itlwaetsa go tlotla ka dilo tse di agang, re tshwanetse pele ra lemoga gore se re tlotlang ka sone se senola se se leng mo pelong  ya rona. Jesu o ile a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Mathaio 12:34) Re ka re fela, re rata go bua ka dilo tse re di tsayang di le botlhokwa. Ka gone, re tshwanetse go ipotsa gore: ‘Dilo tse ke ratang go tlotla ka tsone di senola gore pelo ya me e ntse jang? A dilo tse ke ratang go tlotla thata ka tsone fa ke na le ba lelapa la me kana badumedikanna ke tsa semoya kana a ke sekametse thata mo go tlotleng ka metshameko, diaparo, difilimi, dijo, dilo tse ke sa tswang go di reka kana dilo tse dingwe tse di seng botlhokwa?’ Gongwe re ka tswa re sa lemoge gore botshelo jwa rona le megopolo ya rona e remeletse thata mo dilong tse di seng botlhokwa go le kalo. Fa re dira gore dilo tsa botlhokwa e nne tsone di tlang pele, seo se tla tokafatsa metlotlo ya rona le matshelo a rona.—Bafilipi 1:10.

6. Go tlhatlhanya go na le seabe sefe mo metlotlong ya rona?

6 Go tlhatlhanya ka kelotlhoko ke tsela e nngwe e e ka tokafatsang boleng jwa metlotlo ya rona. Fa re leka ka natla go akanya ka dilo tsa semoya, go tla itlela fela gore re tlotle ka dilo tsa semoya. Kgosi Dafide o ile a lemoga seno. O ile a opela jaana: “A mafoko a molomo wa me le go tlhatlhanya ga pelo ya me di nne monate fa pele ga gago, wena Jehofa.” (Pesalema 19:14) Mme mopesalema Asafe ene o ile a re: “Ruri ke tla tlhatlhanya ka tiro yotlhe ya gago [Modimo], ke tla akanya ka ditiro tsa gago.” (Pesalema 77:12) Tlhaloganyo le pelo e e amegileng thata ka dithuto tsa boammaaruri tsa Lefoko la Modimo e tla phophoma ka mafoko a pako. Jeremia o ne a se ka a kgona go ithiba go bua ka dilo tse Jehofa a neng a di mo rutile. (Jeremia 20:9) Go ka nna jalo le ka rona fa re akanya ka metlha ka dilo tsa semoya.—1 Timotheo 4:15.

7, 8. Ke dikgang dife tse di ka dirang gore metlotlo ya rona e nne e e agang?

7 Go nna le thulaganyo e e molemo ya dilo tsa semoya go re neela dikgang tse dintsi tse di molemo tse re ka tlotlang ka tsone. (Bafilipi 3:16) Dikopano tse dinnye le tse dikgolo, dipokano tsa phuthego, dikgatiso tsa bosheng le ditemana tsa letsatsi le dikakgelo tsa tsone tsotlhe fela di re naya matlotlo a semoya a re ka tlotlang ka one. (Mathaio 13:52) Mme maitemogelo a re a bonang mo bodireding jwa rona jwa Bokeresete le one a ka re lapolosa tota semoyeng!

8 Kgosi Solomone o ne a kgatlhiwa thata ke mefutafuta ya ditlhare, diphologolo, dinonyane le ditlhapi tse a neng a di bona mo Iseraele. (1 Dikgosi 4:33) O ne a itumelela go tlotla ka ditiro tsa Modimo tsa popo. Le rona re ka dira jalo. Batlhanka ba ga Jehofa ba itumelela go tlotla ka dikgang tse dintsi tse di farologaneng, le fa go ntse jalo, batho ba ba ratang dilo tsa semoya ka metlha ba natetsha metlotlo ya bone ka dilo tsa semoya.—1 Bakorintha 2:13.

“Tswelelang lo Akanya ka Dilo Tseno”

9. Ke kgakololo efe e Paulo a ileng a e neela Bafilipi?

9 Le fa re ka tswa re tlotla ka eng, metlotlo ya rona e tla nna e e agang fa re latela kgakololo e moaposetoloi Paulo a neng a e neela phuthego ya Filipi. O ne a re: “Dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.” (Bafilipi 4:8) Dilo tse Paulo a di umakang di botlhokwa thata jaana mo a reng, “tswelelang lo akanya ka dilo tseno.” Re tshwanetse go tlatsa megopolo le dipelo tsa rona ka dilo tseno. Ka gone, a re bone kafa go ela tlhoko sengwe le sengwe sa dilo tseno tse robedi tse Paulo a di umakileng go ka re thusang ka teng mo metlotlong ya rona.

10. Re ka dira jang gore metlotlo ya rona e akaretse dilo tse di boammaaruri?

10 Selo se se leng boammaaruri ga se akaretse fela tshedimosetso e e nepileng le e e seng maaka. Se akaretsa selo se se siameng le se se ikanyegang, se se jaaka boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Ka gone, fa re bua le batho ba bangwe ka dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele tse di re kgatlhileng, dipuo tse di re kgothaditseng, kana kgakololo ya Dikwalo e e re thusitseng, re a bo re akanyetsa dilo tse di boammaaruri. Kafa letlhakoreng le lengwe, re furalela “se se bidiwang ‘kitso’ mme e se yone” e le fela gore se lebega se tshwana le boammaaruri. (1 Timotheo 6:20) E bile re tila go anamisa  tshebo kana maitemogelo a a belaetsang a go se nang bosupi jwa gore a boammaaruri.

11. Ke dilo dife tse di tsewang ka masisi tse re ka di akaretseng mo metlotlong ya rona?

11 Dilo tse di tsewang ka masisi ke dilo tse di nang le seriti e bile e le tse di botlhokwa, e seng dilo fela tse e seng tsa sepe. Di akaretsa dikgang tse di botlhokwa kaga bodiredi jwa rona jwa Bokeresete, metlha eno e e boima e re tshelang mo go yone, le botlhokwa jwa go ipoloka re na le boitshwaro jo bo molemo. Fa re tlotla ka dilo tseno tse di masisi, re nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go ipoloka re tsogile semoyeng, go nna re ikanyega le go tswelela pele re rera dikgang tse di molemo. Ee ruri, maitemogelo a a itumedisang mo bodireding le ditiragalo tsa bosheng tse di re gakololang gore re tshela mo malatsing a bofelo ke dikgang tse di farologaneng tse di ka dirang gore re nne le metlotlo e e itumedisang.—Ditiro 14:27; 2 Timotheo 3:1-5.

12. Ke dilo dife tse re tshwanetseng go di tila fa re akanya ka kgakololo ya ga Paulo ya gore re akanyetse dilo tse di siameng le tse di boitsheko?

12 Lefoko tshiamo le kaya selo se se siameng mo matlhong a Modimo—se se dumalanang le melao ya gagwe. Selo se se itshekileng ke se se boitshepo  mo mogopolong le mo boitshwarong. Ga re a tshwanela go bua dilo tse di sa siamang ka batho ba bangwe le go dira metlae e e leswe mo metlotlong ya rona. (Baefeso 5:3; Bakolosa 3:8) Kwa tirong kana kwa sekolong Bakeresete ka botlhale ba a tswa fa go simololwa go buiwa ka dilo tseno.

13. Neela dikai tsa metlotlo e e remeletseng mo dilong tse di rategang le tse di buiwang molemo.

13 Fa Paulo a akantsha gore re akanyetse dilo tse di rategang, o bua ka dilo tse di itumedisang le tse di tshwanetseng kana tse di tlhotlheletsang lorato, e seng tse di tlhotlheletsang letlhoo, tšhakgalo kana komang. Dilo tse di buiwang molemo di akaretsa tshedimosetso e e tseelwang kwa godimo kana e e molemo. Dipego tse di ntseng jalo tse di molemo di tla akaretsa hisitori ya botshelo jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang e e tlhagang ka metlha mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Ke eng fa o sa tlotle le batho ba bangwe ka ditlhogo tseno tse di nonotshang tumelo? Mme a bo go kgothatsa jang go utlwa ka tsela e batho ba bangwe ba atlegang ka yone semoyeng! Metlotlo e e ntseng jalo e tla dira gore go nne le lorato le kutlwano mo phuthegong.

14. (a) Go bontsha molemo go re tlhoka gore re dire eng? (b) Re ka dira jang gore motlotlo wa rona o akaretse dilo tse di tshwanelwang ke pako?

14 Paulo o bua ka ‘molemo le fa e le ofe o o gone.’ Molemo o kaya sengwe se se siameng kana boitsholo jwa maemo a a kwa godimo. Re tshwanetse go ela tlhoko gore se re se buang se laolwa ke melaometheo ya Dikwalo le gore ga se fapoge dilo tse di siameng, tse di itshekileng le tse di molemo. Selo se se tshwanelwang ke pako, se kaya selo “se motho a ka se akgolelwang.” Fa o utlwa puo e e molemo kana o lemoga mongwe yo o tlhomang sekao se se molemo mo phuthegong, bua ka gone—mo go ene motho yoo le mo go ba bangwe. Gangwe le gape moaposetoloi Paulo o ne a tle a akgolele baobamedikaene dinonofo tse di molemo tse ba neng ba na le tsone. (Baroma 16:12; Bafilipi 2:19-22; Filemone 4-7) Ke boammaaruri gore, ditiro tsa Mmopi wa rona tsa popo ke dilo tse di tshwanelwang ke pako. Di re naya dilo tse dintsi tse di agang tse re ka tlotlang ka tsone.—Diane 6:6-8; 20:12; 26:2.

Tlotla ka Dilo Tse di Agang

15. Ke taelo efe ya Dikwalo e e laelang batsadi go nna le metlotlo e e molemo le bana ba bone?

15 Duteronome 6:6, 7 ya re: “Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” Ga go pelaelo gore, taelo eno e batla gore batsadi ba nne le metlotlo e e molemo ya dilo tsa semoya le bana ba bone.

16, 17. Batsadi ba Bakeresete ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jehofa le sa ga Aborahame?

16 Re ka akanya fela metlotlo e meleele e Jesu le Rraagwe wa selegodimo ba tshwanetseng ba bo ba ile ba nna le yone fa ba ntse ba tlotla ka kabelo ya gagwe ya mo lefatsheng. Jesu o ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Rara ka boene yo o nthomileng o nneile taelo ka ga gore ke bolele eng le gore ke bue eng.” (Johane 12:49; Duteronome 18:18) Tlhogo ya lotso Aborahame o tshwanetse a bo a ile a fetsa diura tse dintsi a tlotla le morwawe Isake ka tsela e Jehofa a ba segofaditseng ka yone bone le borraabonemogolo. Ga go pelaelo gore metlotlo e e ntseng jalo e ne ya thusa Jesu le Isake go ikokobeletsa thato ya Modimo.—Genesise 22:7-9; Mathaio 26:39.

 17 Bana ba rona le bone ba tlhoka metlotlo e e agang. Le mororo batsadi ba aga ba tshwaregile, ba tshwanetse go ipha nako ya go tlotla le bana ba bone. Fa go kgonega, ke eng fa lo sa dire thulaganyo ya gore bobotlana lo je mmogo lo le lelapa gangwe ka letsatsi? Ka nako eo ya dijo le morago ga tsone, lo tla nna le ditshono di le dintsi tsa metlotlo e e agang e e ka solegelang lelapa la lona molemo semoyeng.

18. Anela maitemogelo a a bontshang botlhokwa jwa gore bana le batsadi ba nne le puisano e e molemo.

18 Alejandro, mmulatsela yo o mo dingwageng tsa bo20, o gakologelwa dipelaelo tse a neng a tlhola a na le tsone fa a le dingwaga tse 14. A re: “Ka ntlha ya tlhotlheletso ya baithutikanna le barutabana ke ne ke na le dipelaelo ka ga gore a go na le Modimo le gore a Baebele e boammaaruri. Batsadi ba me ba ne ba fetsa diura tse dintsi ba akantshana le nna ka bopelotelele. Metlotlo eno e ne ya se ka ya nthusa fela gore ke fenye dipelaelo tse ke neng ke na le tsone ka nako eo e e thata mme gape e ne ya nthusa go dira ditshwetso tse di siameng mo botshelong.” Mme go tweng ka gone jaanong? Alejandro o tswelela jaana: “Ke sa ntse ke nna mo gae. Le fa go ntse jalo, ga go motlhofo gore nna le rre re bone nako ya go tlotla ka gonne re aga re tshwaregile. Ka jalo roobabedi re ja mmogo kwa mmerekong wa gagwe gangwe ka beke. Ruri ke itumelela metlotlo eno.”

19. Ke eng fa rotlhe re tlhoka metlotlo ya semoya?

19 A le rona ga re itumelele ditshono tsa go nna le metlotlo e e molemo ya semoya le badumedikarona? Re bona ditshono tseno kwa dipokanong, fa re le mo bodireding jwa tshimo, fa re le mo dikokoanong tsa boitlosobodutu le fa re tsere mesepele. Paulo o ne a tle a tlhologelelwe go tlotla le Bakeresete ba kwa Roma. O ne a ba kwalela a re: ‘Ke tlhologeletswe go lo bona, gore lo kgothatsane, mongwe le mongwe ka tumelo ya yo mongwe, ya lona le ya me.’ (Baroma 1:11, 12) Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo leina la gagwe e leng Johannes a re: “Go tlotla ka dilo tsa semoya le Bakeresetekawena go botlhokwa thata. Go a kgothatsa e bile go thusa motho gore a se ka a imelwa ke mathata a letsatsi le letsatsi. Ke na le go kopa batho ba ba godileng gore ba ntlotlele ka botshelo jwa bone le gore ba thusitswe ke eng go nna ba ikanyega. Go ralala dingwaga ke ile ka bua le ba le bantsi ba bone, mme mongwe le mongwe wa bone o ile a ntlhaba botlhale kana a nthuta sengwe se se ileng sa ntsholegela molemo mo botshelong.”

20. Re ka dira eng fa re kopana le motho yo o ditlhong?

20 Go tweng fa mongwe a bonala a sa kgatlhege fa o tlotla ka dilo tsa semoya? O se ka wa itlhoboga. Gongwe o tla bona tshono e e siameng moragonyana. Solomone o ile a re: “Lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le diapole tsa gouta mo dilong tse di setilweng tsa selefera.” (Diane 25:11) Akanyetsa batho ba ba ditlhong. “Kgakololo mo pelong ya motho ke metsi a a boteng, mme motho yo o nang le temogo ke yo o tla a gelelang.” * (Diane 20:5) Mo godimo ga tseno tsotlhe, o se ka wa letla gore tsela e batho ba bangwe ba itshwarang ka yone e go dire gore o tshabe go bua ka dilo tse o di kgatlhegelang.

Go Tlotla ka Dilo Tsa Semoya go a Thusa

21, 22. Re bona melemo efe fa re tlotla ka dilo tsa semoya?

21 Paulo o ile a gakolola jaana: “A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona, fa e se lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.” (Baefeso 4:29; Baroma 10:10) Go ka  nna ga tlhoka motho maiteko a magolo go dira gore motlotlo e nne o o agang, mme gone melemo ya go dira jalo e mentsi. Metlotlo ya semoya e re thusa go tlotlela ba bangwe ka se re se dumelang le go nonotsha bokaulengwe jwa rona.

22 Ka gone, a re dirise mpho e re e abetsweng ya puo go kgothatsa ba bangwe le go baka Modimo. Metlotlo e e ntseng jalo e tla re kgotsofatsa le go kgothatsa ba bangwe. Mo godimo ga tsotlhe, e tla itumedisa Jehofa ka gonne o reetsa metlotlo ya rona mme o a itumela fa re dirisa loleme lwa rona ka tsela e e siameng. (Pesalema 139:4; Diane 27:11) Fa re tlotla ka dilo tsa semoya re ka tlhomamisega gore Jehofa ga a kitla a re lebala. Baebele e bua jaana fa e bua ka batho ba ba direlang Jehofa mo motlheng wa rona: “Ka nako eo ba ba boifang Jehofa ba ne ba buisana mmogo, mongwe le mongwe le molekane wa gagwe, mme Jehofa a nna a tlhwaya tsebe a ba a reetsa. Mme buka ya kgakologelo ya simolola go kwalwa fa pele ga gagwe e kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang ka leina la gagwe.” (Malaki 3:16; 4:5) A bo go le botlhokwa jang ne gore metlotlo ya rona e nne e e agang semoyeng!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 Didiba dingwe kwa Iseraele di ne di le boteng. Kwa Gibeone, baithutamarope ba ile ba ribolola sediba se segolo sa boteng jwa dimetara tse 25. Se ne se na le ditepise tse di neng di thusa motho go fologela kwa tlase gore a kgone go gelela metsi.

O ne O ka Araba Jang?

• Metlotlo ya rona e senola eng ka rona?

• Ke dilo dife tse di agang tse re ka tlotlang ka tsone?

• Metlotlo e na le seabe sefe se se botlhokwa mo lelapeng le mo phuthegong ya Bokeresete?

• Ke melemo efe e re e bonang fa re tlotla ka dilo tse di agang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Metlotlo e e agang e remelela mo . . .

‘dilong le fa e le dife tse di boammaaruri’

‘dilong le fa e le dife tse di tsewang ka masisi’

‘selong le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone’

‘dilong le fa e le dife tse di buiwang molemo’

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Video cover, Stalin: U.S. Army photo; Creator book cover, Eagle Nebula: J. Hester and P. Scowen (AZ State Univ.), NASA

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Dinako tsa dijo di re neela ditshono tse di molemo tsa go tlotla ka dilo tsa semoya