Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Lebeletse Eng mo go Rona?

Jehofa o Lebeletse Eng mo go Rona?

 Jehofa o Lebeletse Eng mo go Rona?

“Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?”—MIKA 6:8.

1, 2. Ke eng fa batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ka kgobega marapo, mme ke eng se se ka ba thusang?

VERA ke Mokeresete yo o ikanyegang yo o dingwaga di ka nna 75 mme o a lwala. A re: “Ka dinako tse dingwe fa ke leba kwa ntle ka fensetere, ke bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba Bakeresete ba rera ka ntlo le ntlo. Seno se a nkhutsafatsa ka gonne ke eletsa e kete nkabo ke na le bone, le fa go ntse jalo, bolwetse jwa me bo kgoreletsa tirelo e ke e direlang Jehofa.”

2 A o kile wa ikutlwa jalo? Ke boammaaruri gore, batho botlhe ba ba ratang Jehofa ba batla go tsamaya mo leineng la gagwe le go dira dilo tse a batlang re di dira. Mme go tweng fa re sa tlhole re na le botsogo jo bo molemo, fa re setse re tsofetse kgotsa re na le maikarabelo a lelapa? Re ka nna ra ikutlwa re kgobega marapo ka tsela nngwe ka gonne maemo a a ntseng jalo a ka re thibela go direla Modimo kafa re eletsang ka gone. Fa e le gore boemo jwa rona bo ntse jalo, re ka nna ra kgothadiwa thata ke go sekaseka Mika kgaolo ya 6 le ya 7. Dikgaolo tseno di bontsha gore dilo tse Jehofa a batlang re di dira di a utlwala e bile ke dilo tse re ka di kgonang.

Kafa Modimo a Tshwarang Batho ba Gagwe ka Teng

3. Jehofa o tshwara Baiseraele ba batsuolodi jang?

3 A re simolole pele ka go sekaseka Mika 6:3-5 mme re bone gore Jehofa o dirisana jang le batho ba gagwe. Se lebale gore mo motlheng wa ga Mika Baiseraele ba a tsuologa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o buisana le bone ka kutlwelobotlhoko a dirisa mafoko a a reng “Ao batho ba me.” O ikuela jaana: “Gakologelwang tsweetswee, tlheng batho ba me.” Go na le gore a ba latofatse ka bogale, o leka go fitlhelela dipelo tsa bone ka go ba botsa jaana, “Ke lo dirileng?” Tota e bile o ba kopa gore ba ‘supe molato’ wa gagwe.

4. Sekao sa Modimo sa go nna kutlwelobotlhoko se tshwanetse go re ama jang?

4 A sekao se se molemo se Modimo a re tlhomelang sone rotlhe! O ne a bitsa batho ba batsuolodi ba Iseraele le ba Juda ba motlha wa ga Mika a re “batho ba me” a ba a bua le bone a re “tsweetswee.” Ga go pelaelo he gore, le rona re tshwanetse go bontsha kutlwelobotlhoko le bopelonomi fa re dirisana le bakaulengwe ba rona mo phuthegong. Ke boammaaruri gore, bangwe ba bone go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go tshedisana le bone ka kagiso, kana ba ka tswa ba le bokoa semoyeng. Le fa go ntse jalo, fa ba rata Jehofa, re tshwanetse go ba thusa le go ba bontsha kutlwelobotlhoko.

5. Ke ntlha efe ya botlhokwa e e tlhalosiwang mo go Mika 6:6, 7?

5 Mma jaanong re sekaseke Mika 6:6, 7. Mika o botsa dipotso di le mmalwa, a re: “Ke tla lebana le  Jehofa ka eng? Ke tla ikobela Modimo o o kwa godimo ka eng? A ke tla lebana le ene ka ditshupelo tse di fisiwang di feletse, ka dinamane tse di nang le ngwaga o le mongwe? A Jehofa o tla itumelela diphelefu di le dikete, dikete di le masomesome tsa melatswana e e phothoselang ya leokwane? A ke tla ntsha leitibolo la me ka ntlha ya go tlhanoga ga me, maungo a sebopelo sa me ka ntlha ya boleo jwa moya wa me?” Nnyaa, ga go kgonege gore re itumedise Jehofa “ka diphelefu di le dikete, dikete di le masomesome tsa melatswana e e phothoselang ya leokwane.” Mme gone, go na le sengwe se se ka mo itumedisang. Ke eng seo?

Re Tshwanetse go Dira Tshiamiso

6. Ke dinonofo dife tse di molemo tse go buiwang ka tsone mo go Mika 6:8?

6 Mo go Mika 6:8 re bolelelwa se Jehofa a se lebeletseng mo go rona. Mika o botsa jaana: “Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?” Dilo tseno tse tharo di amana le tsela e re ikutlwang ka yone, e re akanyang ka yone le e re dirang dilo ka yone. Re tshwanetse ra rata go nna le dinonofo tseno, re akanye kafa re ka di bontshang ka teng mme re tseye kgato go di dirisa. A re sekaseke dilo tseno tse tharo ka bongwe ka bongwe.

7, 8. (a) ‘Go dira tshiamiso’ go kaya eng? (b) Go aname ditiro dife tsa go tlhoka tshiamiso mo motlheng wa ga Mika?

7 ‘Go dira tshiamiso’ go kaya go dira se se siameng. Modimo ke ene a re tlhomelang sekao sa go nna tshiamiso. Le fa go ntse jalo, batho ba motlha wa ga Mika ga ba dire dilo ka tshiamiso, ba di dira ka go tlhoka tshiamiso. Ka ditsela dife? Akanya ka Mika 6:10. Kwa bofelong jwa temana eo, bagwebi ba tlhalosiwa ba dirisa “selekanyo se se tlhaelang sa ifa,” ke go re, se sennye thata. Temana ya 11 e oketsa ka gore ba dirisa “dilekanyabokete tsa leje tsa tsietso.” Mme go ya ka temana ya 12, “loleme lwa bone lo a tsietsa.” Ka jalo, mo motlheng wa ga Mika bagwebi ba le bantsi ba dirisa dilekanyo tse di sa siamang, dilekanyabokete tsa tsietso e bile ba bua maaka.

8 Ditiro tseno tsa go tlhoka tshiamiso ga di dirwe mo marekisetsong fela. Di tletsetletse le mo dikgotlatshekelong. Mika 7:3 e bontsha gore “kgosana e kopa sengwe, mme yo o atlholang o dira jalo gore a bone maduo.” Baatlhodi ba newa pipamolomo gore ba atlhole batho ba ba senang molato ka go tlhoka tshiamiso. “Yo mogolo,” kgotsa moagi wa maemo o nna le seabe mo ditirong tsa bokebekwa. Tota e bile, Mika o bolela gore kgosana, moatlhodi le motho yo mogolo ba a “logaganya,” kgotsa ba rulaganyetsa go dira ditiro tsa bone tse di boikepo.

9. Juda le Iseraele di amiwa jang ke go tlhoka tshiamiso go go dirwang ke batho ba ba boikepo?

9 Ditiro tse di sa siamang tse di dirwang ke baeteledipele di ama batho botlhe ba Juda le ba Iseraele. Mika 7:5 e bolela gore go tlhoka tshiamiso go dirile gore batho ba e leng ditsala tse dikgolo, tota le balekane ba lenyalo, ba se ka ba tshepana. Temana ya 6 e bontsha gore seno se dirile gore go nne le tlhakatlhakano e mo go yone ba lelapa ba ba atamalaneng thata jaaka barwa le borraabone, barwadi le bommaabone ba nyatsane.

10. Bakeresete ba itshwara jang mo lefatsheng leno le le tletseng go tlhoka tshiamiso?

10 Go tweng ka motlha wa rona? A ga re bone maemo a a tshwanang le ano? Fela jaaka Mika, re dikologilwe ke ditiro tsa go tlhoka tshiamiso, go se tshepane le go senyega ga botshelo mo setšhabeng le mo malapeng. Le fa go ntse jalo, e re ka rona batlhanka ba Modimo re tshela mo lefatsheng leno le le sa siamang, ga re letle moya wa lefatshe leno wa ditiro tsa go tlhoka tshiamiso o tsena mo phuthegong ya Bokeresete. Go na le moo, re dirisa melaometheo ya boikanyegi le ya go boloka bothokgami, mo dilong tsa botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Ee ruri, re “itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) A ga go boammaaruri gore ka ntlha ya go dira dilo ka tshiamiso, re itumelela masego a mantsi a a nnang gone ka go bo rona le bakaulengwe ba rona re tshepana?

Batho ba “Utlwa Lentswe” la ga Jehofa ka Tsela Efe?

11. Mika 7:12 e diragadiwa jang?

11 Mika o porofeta gore le fa go tlhoka tshiamiso go aname thata, batho ba mefuta yotlhe ba tla direlwa dilo ka tshiamiso. Moporofeti o bolelela pele gore batho ba tla phuthwa “go tswa lewatleng  go ya lewatleng, le go tswa thabeng go ya thabeng,” gore ba nne baobamedi ba ga Jehofa. (Mika 7:12) Gompieno, fa boporofeti jono bo diragadiwa la bofelo, ga se setšhaba se se rileng fela se se solegelwang molemo, go na le moo, ke batho ba ditšhaba tsotlhe ba ba solegelwang molemo ke tshiamiso ya Modimo e e sa tlhaoleng batho. (Isaia 42:1) Seno se itshupa jang se le boammaaruri?

12. “Lentswe la ga Jehofa ka bolone” le utlwiwa ka tsela efe gompieno?

12 Go bona karabo, akanya ka mafoko a Mika a a buileng pelenyana. Mika 6:9 ya re: “Lentswe la ga Jehofa ka bolone le tlhaeletsa kwa motseng, mme motho yo o nang le botlhale jo bo mosola o tla boifa leina la gago.” Batho ba ditšhaba tsotlhe ba utlwa “lentswe la ga Jehofa” ka tsela efe, mme seno se amana jang le go dira ga rona dilo ka tshiamiso? Ke boammaaruri gore, batho gompieno ga ba utlwe lentswe la Modimo ka tsela ya mmatota. Le fa go ntse jalo, batho ba ditso tsotlhe le ba maemo otlhe a botshelo ba utlwa lentswe la ga Jehofa ka tiro ya rona ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Ka ntlha ya seo, batho ba ba reetsang ‘ba boifa leina la Modimo,’ ba simolola go le tlotla ka tlotlo e e boteng. Eleruri re a bo re dira dilo ka tshiamiso le ka lorato fa re nna baboledi ba ba tlhoafetseng ba Bogosi. Re “dira tshiamiso” ka go itsise batho botlhe leina la Modimo re sa tlhaole.

Re Tshwanetse go Rata Bopelonomi

13. Bopelonomi jwa lorato bo farologana jang le lorato?

13 Jaanong a re tlotle ka selo sa bobedi se re  tshwanetseng go se dira se se umakiwang mo go Mika 6:8. Jehofa o lebeletse gore re “rate bopelonomi.” Lefoko la Sehebera le le ranolwang e le “bopelonomi” gape le kaya “bopelonomi jwa lorato,” kana “lorato lo lo ikanyegang.” Bopelonomi jwa lorato ke go amega ka batho ba bangwe ka tlhagafalo le go ba utlwela botlhoko. Bopelonomi jwa lorato bo farologana le lorato. Jang? Lorato lo akaretsa dilo di le dintsi, lo ka bontshiwa mo dilong dingwe kana mo megopolong mengwe. Ka sekai, Dikwalo di bua ka motho yo o “ratang beine le leokwane” le ka motho yo o “ratang botlhale.” (Diane 21:17; 29:3) Kafa letlhakoreng le lengwe, bopelonomi jwa lorato jone ka metlha bo bontshiwa batho, segolobogolo ba ba direlang Modimo. Ka gone, Mika 7:20 e bua ka “bopelonomi jwa lorato jo bo neilweng Aborahame”—monna yo o neng a direla Jehofa Modimo.

14, 15. Bopelonomi jwa lorato bo bontshiwa ka tsela efe, mme ke sekai sefe sa bopelonomi jwa lorato se se umakilweng fano?

14 Go ya ka Mika 7:18, moporofeti a re Modimo “o natefelelwa ke bopelonomi jwa lorato.” Mo go Mika 6:8 ga re laelwe fela gore re bontshe bopelonomi jwa lorato, go na le moo, re laelwa go bo rata. Ditemana tseno di re ruta eng? Bopelonomi jwa lorato bo bontshiwa ka go rata le ka kgololesego ka go bo re batla go bo bontsha. Jaaka Jehofa, re itumelela kana re natefelelwa ke go bontsha bopelonomi jwa lorato mo go ba ba bo tlhokang.

15 Gompieno, batho ba Modimo ba lemogiwa ka bopelonomi jwa lorato. Akanya ka sekai se le sengwe fela. Ka June 2001, sefefo se segolo se ne sa baka morwalela o o seng kana ka sepe kwa Texas, kwa U.S.A., mme sa senya matlo a le diketekete, go akaretsa le magae a le makgolokgolo a Basupi ba ga Jehofa. Basupi ba ka nna 10 000 ba ne ba ithaopela go dirisa nako le maatla a bone go thusa bakaulengwe ba bone ba Bakeresete. Baithaopi ba ne ba fetsa lobaka lo lo fetang halofo ya ngwaga ba dira ba sa kgaotse, ba bereka motshegare, bosigo le ka mafelobeke go aga sesha Diholo Tsa Bogosi di le 8 le matlo a feta 700 a bakaulengwe ba bone ba Bakeresete. Ba ba neng ba sa kgone go dira tiro eo, ba ne ba ntsha meneelo ya dijo, ya dilwana tsa go aga le ya madi. Ke ka ntlha yang fa diketekete tseno tsa Basupi di ile tsa thusa bakaulengwe ba bone? Ka gonne ba “rata bopelonomi.” Mme a bo go itumedisa jang ne go itse gore ditiro tse di ntseng jalo tsa bopelonomi jwa lorato di dirwa ke bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe! Ee, ‘go rata bopelonomi’ ga se mokgweleo, go na le moo, ke selo se se itumedisang!

Go Nna Boingotlo fa re Tsamaya le Modimo

16. Ke sekai sefe se se re thusang go lemoga botlhokwa jwa go nna boingotlo fa re tsamaya le Modimo?

16 Selo sa boraro se re tshwanetseng go se dira se se umakiwang mo go Mika 6:8, ke “go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago.” Seno se kaya gore re lemoge makoa a rona mme re ikaege ka Modimo. Ka sekai: Akanya ka mosetsanyana yo o ngangatletseng seatla sa ga rraagwe fa ba ntse ba raletse sefefo. Mosetsanyana yono o itse sentle gore ga a na maatla a a kalo, mme gone o tshepile rraagwe. Le rona re tshwanetse go lemoga makoa a re nang le one mme re tshepe Rraarona wa selegodimo. Re ka kgona jang go nna re mo tshepa? Selo sengwe sa botlhokwa ke go se lebale gore ke eng fa go le botlhokwa go nna re atamalane le Modimo. Mika o re gopotsa mabaka a mararo: Jehofa ke Mogolodi, Mokaedi le Mosireletsi wa rona.

17. Jehofa o ne a golola, a kaela, a bo a sireletsa batho ba gagwe ba bogologolo jang?

17 Go ya ka Mika 6:4, 5 Modimo a re: “Ke ne ka lo ntsha mo lefatsheng la Egepeto.” Ee, Jehofa e ne e le Mogolodi wa Iseraele. Gape Jehofa a re: ‘Ke ne ka romela fa pele ga lona Moshe, Arone le Miriame.’ Moshe le Arone ba ne ba dirisiwa go etelela setšhaba pele, mme Miriame ene o ne a etelela basadi ba Iseraele pele fa ba ne ba binela phenyo. (Ekesodo 7:1, 2; 15:1, 19-21; Duteronome 34:10) Jehofa o ne a dirisa batlhanka bano ba gagwe go kaela batho ba gagwe. Mo temaneng ya 5, Jehofa o gakolola setšhaba sa Iseraele gore o ne a ba sireletsa kgatlhanong le Balake le Balaame le gore o ne a ba sireletsa mo karolong ya bofelo ya loeto lwa bone go tswa kwa Shitime, kwa Moabe go ya kwa Gilegala mo Nageng e e Solofeditsweng.

18. Gompieno Modimo o nna Mogolodi, Mokaedi le Mosireletsi wa rona ka ditsela dife?

 18 Fa re ntse re tsamaya le Modimo, o re golola mo lefatsheng la ga Satane, o re kaela ka Lefoko ka gagwe le ka phuthego ya gagwe, mme o re sireletsa re le setlhopha fa re tlhaselwa ke baganetsi ba rona. Ka jalo re na le mabaka a a utlwalang a go ngangatlela seatla sa Rraarona wa selegodimo fa re ntse re tsamaya le ene re raletse sefefo mo karolong eno ya bofelo ya loeto lwa rona go ya kwa go sengwe se segolo thata go feta Naga ya bogologolo e e Solofeditsweng—lefatshe le lesha la Modimo la tshiamo.

19. Boingotlo bo amana jang le makoa a rona?

19 Go nna boingotlo fa re tsamaya le Modimo go re thusa go leba maemo a rona ka tsela e e tshwanetseng. Seno se ntse jalo ka gonne go nna boingotlo go akaretsa go lemoga makoa a rona. Go tsofala kana go se nne le botsogo jo bo molemo go ka re beela dikgoreletsi dingwe fa re ntse re direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, go na le gore re letle seno se re kgobe marapo, re tshwanetse go se lebale gore Modimo o amogela maiteko a rona le go intsha setlhabelo ga rona ‘go ya ka se re nang le sone, e seng go ya ka se re se nang sone.’ (2 Bakorintha 8:12) Ee ruri, Jehofa o lebeletse gore re mo direle ka moya otlhe, re dire bojotlhe go ya kafa maemo a rona a re letlang ka gone. (Bakolosa 3:23) Fa re direla Modimo ka tlhoafalo  le ka tlhagafalo, o tla re segofatsa fela thata.—Diane 10:22.

Go Nna le Boikutlo Jwa go Leta go a Thusa

20. Ke eng se re tshwanetseng go se lemoga se se ka re thusang go bontsha boikutlo jwa go leta fela jaaka Mika?

20 Go bona kafa Jehofa a re segofatsang ka teng go re tlhotlheletsa go etsa boikutlo jwa ga Mika. A re: “Ke tla supa boikutlo jwa go leta mo Modimong wa poloko ya me.” (Mika 7:7) Mafoko ano a amana jang le go tsamaya ga rona le Modimo ka boingotlo? Go nna le boikutlo jwa go leta kgotsa go nna le bopelotelele go re thusa gore re se ka ra ikutlwa re kgobegile marapo ka go bo letsatsi la ga Jehofa le ise le tle. (Diane 13:12) Ke boammaaruri gore rotlhe re tlhoafaletse bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo. Le fa go ntse jalo, beke le beke go na le diketekete tsa batho ba e leng gone ba simololang go tsamaya le Modimo. Go itse seo go re naya lebaka la go bontsha boikutlo jwa go leta. Motho mongwe yo o sa bolong go nna Mosupi o bua jaana malebana le seno: “Fa ke leba kwa morago mo dingwageng di le 55 tse di fetileng tsa tiro ya rona ya go rera, ke tlhatswegile pelo gore ga ke a latlhegelwa ke sepe ka go letela Jehofa. Go na le moo, ke ile ka sireletsega mo mahutsaneng a le mantsi.” A le wena o ile wa diragalelwa ke se se tshwanang?

21, 22. Mika 7:14 e diragadiwa jang mo motlheng wa rona?

21 Ga go pelaelo gore go tsamaya le Jehofa go re solegela molemo fela thata. Fa re bala Mika 7:14, Mika o bapisa batho ba Modimo le dinku tse di dutseng ka pabalesego le modisa wa tsone. Fa boporofeti jono bo diragadiwa ka tsela e e kgolwane gompieno, masalela a Iseraele wa semoya le “dinku tse dingwe” ba bona pabalesego mo Modiseng wa bone yo o ikanyegang, Jehofa. Ba ‘aga ba le bosi mo sekgweng—mo gare ga tshingwana ya maungo,’ ba kgaogane le lefatshe leno le le tletseng mathata le dikotsi.—Johane 10:16; Duteronome 33:28; Jeremia 49:31; Bagalatia 6:16.

22 Batho ba ga Jehofa ba itumelela go ata jaaka Mika 7:14 e boleletse pele. Mika o bolela jaana fa a bua ka dinku kgotsa batho ba Modimo: “A ba fule mo Bashana le mo Gileade.” Fela jaaka dinku kwa Bashana le kwa Gileade di ne di fula mo mafulong a matalana e bile di ata, batho ba Modimo le bone gompieno ba itumelela go ata semoyeng—masego a mangwe gape a a tlelang batho ba ba tsamayang le Modimo ka boingotlo.—Dipalo 32:1; Duteronome 32:14.

23. Ke thuto efe e re ka ithutang yone fa re sekaseka Mika 7:18, 19?

23 Mo go Mika 7:18, 19, moporofeti o gatelela gore Jehofa o rata go itshwarela batho ba ba ikwatlhayang. Temana ya 18 e bontsha gore Jehofa o ‘itshwarela phoso’ e bile o ‘tlhokomologa tlolo.’ Go ya ka temana ya 19, o “tla latlhela maleo otlhe a bone mo botennyeng jwa lewatle.” Ke thuto efe e re ithutang yone mo go seno? Re ka ipotsa gore a re etsa Jehofa mo ntlheng eno. A re itshwarela ba bangwe ditlolo tse ba ka tswang ba re direla tsone? Fa batho bao ba ikotlhaile e bile ba batla go baakanya dilo, re tla batla go etsa Jehofa ka go ba itshwarela ruri le ka botlalo.

24. O solegetswe molemo jang ke boporofeti jwa ga Mika?

24 Re solegetswe molemo jang ke go sekaseka boporofeti jono jwa ga Mika? Bo re gopoditse gore Jehofa ke Modimo yo o diragatsang ditsholofetso tsa gagwe mo go ba ba atamalaneng thata le ene. (Mika 2:1-13) Re kgothaditswe go dira sotlhe se re ka se kgonang go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri pele gore re tsamaye ka leina la Modimo ka bosakhutleng. (Mika 4:1-4) Gape bo re tlhomamiseditse gore le fa re ka tswa re le mo maemong a a ntse jang, re ka kgona go dira se Jehofa a se lebeletseng mo go rona. Ee, boporofeti jwa ga Mika bo re nonotsha tota gore re tsamaye mo leineng la ga Jehofa.

O ne O ka Araba Jang?

• Go ya ka Mika 6:8, ke eng se Jehofa a batlang re se dira?

• Ke eng se se tlhokegang gore re “dire tshiamiso”?

• Re ka bontsha jang gore re “rata bopelonomi”?

• ‘Go nna boingotlo fa re tsamaya le Modimo’ go akaretsa eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Mika o ne a dira dilo tse Jehofa a neng a di lebeletse mo go ene le fa go ne go tletse boikepo mo motlheng wa gagwe. Le wena o ka kgona go dira jalo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Dira tshiamiso ka go rerela batho ba maemo otlhe

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Bontsha gore o rata bopelonomi ka go thusa batho ba bangwe ka dilo tse ba di tlhokang

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Dira sotlhe se o ka se kgonang mme o sa tlhaetse makoa a gago matlho