Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lehuma—Go Bona Tharabololo e e Nnelang Ruri

Lehuma—Go Bona Tharabololo e e Nnelang Ruri

 Lehuma—Go Bona Tharabololo e e Nnelang Ruri

LE FA go na le dipego tse di maswe tse di tswang mo lefatsheng lotlhe ka lehuma, go na le batho ba ba nang le tsholofelo ya gore go na le sengwe se se ka dirwang go rarabolola bothata joo. Ka sekai, go ya ka setlhogo sa dikgang mo lokwalodikgannyeng lwa Manila Bulletin, Asian Development Bank e ne ya bega gore “Asia e ka fedisa lehuma mo dingwageng tse 25.” Banka eo e ne ya akantsha gore go tokafadiwe ikonomi go ntsha batho mo lehumeng le le feteletseng.

Mekgatlho e mengwe le dipuso di ntshitse lenaane la dikakantsho le ditsela tsa go leka go rarabolola bothata jono. Dingwe tsa tsone ke: dithulaganyo tsa diinshorense tse batho ba ka ikwadisang mo go tsone, go tokafatsa thuto, go phimola dikoloto tsa dinaga tse di tlhabologang kwa dinageng tse di tlhabologileng, go tlosa dithibelo tsa go reka kwa dinageng di sele gore dinaga tse di nang le batho ba bantsi ba ba humanegileng di kgone go rekisa dilo tsa tsone motlhofo, le gore dipuso di agele bahumanegi matlo a tlhwatlhwa e e kwa tlase.

Ka ngwaga wa 2000, Kokoanokgolo ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya ipeela mekgele e e tla fitlhelelwang ka 2015. E ne e akaretsa go fedisa lehuma le le feteletseng le tlala, mmogo le go sa lekalekane ga madi a batho ba a amogelang mo nageng e le nngwe. Go sa kgathalesege gore mekgele e e ntseng jalo e ka tswa e le molemo go le kae, batho ba bantsi ba belaela gore a ruri e ka fitlhelelwa mo lefatsheng leno le le seng seoposengwe.

 Dikgato Tse di ka Thusang go Lepalepana le Lehuma

E re ka go sa bonale go ka nna le kgatelopele ya mmatota mo lefatsheng lotlhe, motho a ka bona kae thuso? Jaaka go umakilwe pelenyana, go na le motswedi wa botlhale o o ka thusang batho gone jaanong. Ke ofe? Ke Lefoko la Modimo, Baebele.

Ke eng se se dirang gore Baebele e farologane le metswedi e mengwe yotlhe ya tshedimosetso? Ke gore e tswa kwa molaoding yo mogolo go feta botlhe, Mmopi wa rona. Mo go yone o tsentse dintlha tse di botlhokwa tse di ka nayang batho botlhale—melaometheo e e mosola e batho botlhe ba ka e dirisang mo mafelong otlhe, ka dinako tsotlhe. Fa melaometheo eno e dirisiwa, e ka thusa batho ba ba humanegileng go nna le botshelo jo bo kgotsofatsang gone jaanong. A re sekasekeng dikai di sekae.

Leba madi ka tsela e e tshwanetseng. Baebele ya re: “Botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso; mme molemo wa kitso ke gore botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela.” (Moreri 7:12) Bokao jwa seno ke eng? Madi a ka se dire sengwe le sengwe. Ke boammaaruri gore a ka tlisa tshireletso e e rileng. A dira gore re kgone go reka dilo dingwe tse re di tlhokang, mme go na le dilo tse a sa kgoneng go di dira. Go na le dilo tsa botlhokwa le go feta tse madi a sa kgoneng go di reka. Go lemoga boammaaruri jwa seno go tla re thusa gore re lebe dithoto ka tsela e e tshwanetseng, mme ka jalo re tile mathata a a welang batho ba ba tshelelang go kokoanya madi. Madi a ka se reke botshelo, mme go dira ka botlhale go ka sireletsa botshelo gone jaanong e bile go ka dira gore motho a kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng.

Tshela ka se o nang le sone. Dilo tse re di batlang ga di tshwane le dilo tse re di tlhokang. Re tshwanetse go batla pele dilo tse re di tlhokang. Go ka nna motlhofo gore re ipolelele gore re tlhoka sengwe, mme tota e le fela selo se re se batlang, e se selo se re se tlhokang. Motho yo o botlhale o tla dirisa madi a a a bereketseng mo dilong tse di tlhokegang pele—dijo, diaparo, bonno, jalo jalo. Go tswa foo, pele ga a dirisa madi mo dilong tse dingwe tse a ka ratang go di reka, o tla ela tlhoko gore a madi a a setseng a ka kgona go reka dilo tseo. Mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe, Jesu o ne a akantsha gore motho ‘a nne fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo, go bona gore a o na le mo go lekaneng.’—Luke 14:28.

Kwa Philippines, Eufrosina, motsadi yo o nosi yo o nang le bana ba le bararo, o ne a lebana le kgwetlho ya go itshedisa le go dirisa madi ka kelotlhoko fa e sale monna wa gagwe a mo tlogela dingwaga di sekae tse di fetileng. O thapisitse bana ba gagwe go itse dilo tse di botlhokwa tse madi a tshwanetseng go dirisiwa mo go tsone. Ka sekai, bana ba gagwe ba ka nna ba bona sengwe se ba ka ratang go nna le sone. Go na le gore a gane fela, o buisana le bone a re: “Lo ka nna lwa se reka fa lo rata, mme lo tshwanetse go dira tshwetso. Re na le madi a a lekaneng selo se le sengwe fela. Re ka nna ra reka selo seno se lo se ratang, kgotsa ra reka nama kgotsa merogo gore re shabe raese ya rona mo bekeng eno. Jaanong, lo batla gore re reke eng? Dirang tshwetso.” Gantsi bana ba ne ba tlhaloganya ka bonako ba bo ba dumela gore ba ka rata go nna le dijo go na le go reka sengwe se sele.

Kgotsofalela se o nang le sone. Molaomotheo o mongwe wa Baebele wa re: “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Timotheo 6:8) Madi fela ka boone ga a tlise boitumelo. Batho ba bantsi ba ba humileng ga ba a itumela, mme batho ba bantsi ba ba humanegileng ba itumetse tota. Bahumanegi ba ithutile go kgotsofalela dilo tsa botlhokwa mo  botshelong. Jesu o ne a bua ka go nna le ‘leitlho le le sa raraanang’ le le tlhomameng mo dilong tsa botlhokwa. (Mathaio 6:22) Seno se thusa motho go kgotsofalela se a nang le sone. Batho ba bantsi ba ba humanegileng ba ikutlwa ba kgotsofetse tota ka gonne ba na le kamano e e molemo le Modimo e bile ba na le botshelo jwa lelapa jo bo itumedisang—tse e leng dilo tse di ka se rekweng ka madi.

Tseno ke dikai di sekae fela tsa dikakantsho tse di mosola tsa Baebele tse di ka thusang batho ba ba humanegileng gore ba lebane le boemo jwa bone. Go na le tse dintsi. Ka sekai, tila mekgwa e e maswe e e jaaka go goga le go betšha e e senyang madi; lemoga dilo tse e leng tsa botlhokwa mo botshelong, segolobogolo mekgele ya semoya; fa e le gore ga go na ditiro, leka go dirisa bokgoni bongwe jo o nang le jone kgotsa go dira tiro nngwe e e tlhokegang. (Diane 22:29; 23:21; Bafilipi 1:9-11) Baebele e buelela go dirisa “botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya” ka gonne “di tla itshupa e le botshelo mo moyeng wa gago.”—Diane 3:21, 22.

Le fa dikakantsho tsa Baebele di ka nna tsa thusa batho ba ba lwantshanang le lehuma, go sa ntse go na le dipotso tse di amanang le isagwe. A bahumanegi ba tla swela mo lehumeng? A go sa lekalekane mo go leng teng fa gare ga batho ba ba humileng thata le ba ba humanegileng thata go tla tsamaya go fedisiwa? A re sekasekeng tharabololo e batho ba bantsi ba sa itseng ka yone.

Baebele e re Naya Tsholofelo

Batho ba bantsi ba dumela gore Baebele ke buka e e molemo. Le fa go ntse jalo, gantsi ga ba lemoge gore e naya tshedimosetso e e tlhomameng malebana le diphetogo tse dikgolo tse di tla tlogang di diragala.

Modimo o ikaeletse go tsaya kgato go rarabolola mathata a batho, go akaretsa lehuma. E re ka dipuso tsa batho di itshupile di sa kgone go dira seo kgotsa di sa batle, Modimo o ikaeletse go di tlosa. Jang? Baebele e bolela jaana ka go gatelela mo go Daniele 2:44: “Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”

Fa a sena go tlosa “magosi ano” kgotsa dipuso, Mmusi yo o tlhomilweng ke Modimo o tla tsaya kgato. Mmusi yoo ga se motho mme ke sebopiwa sa semoya se se tshwanang le Modimo, se se nang le bokgoni jwa go dira diphetogo tse dikgolo tse di tlhokegang go fedisa go sa lekalekane mo go leng teng gompieno. Modimo o tlhomile Morwawe gore a dire seno. (Ditiro 17:31) Pesalema 72:12-14 e tlhalosa se Mmusi yono a tla se dirang, e re: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong, mme madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.” A bo seno e le tsholofelo e e molemo jang ne! Kgabagare go tla nna le kgololesego! Mmusi yo o tlhomilweng ke Modimo o tla tsaya kgato mo boemong jwa bahumanegi  le batho ba maemo a a kwa tlase.

Ka nako eo go tla rarabololwa mathata a mantsi a a amanang le bohumanegi. Temana 16 ya Pesalema 72 ya re: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” Go ka se tlhole go nna le ditlhaelo tsa dijo ka ntlha ya leuba, go tlhoka madi, kgotsa ka ntlha ya tsamaiso e e sa siamang.

Go tla rarabololwa le mathata a mangwe. Ka sekai, gompieno bontsi jwa batho ba ba nnang mo lefatsheng ga ba na matlo. Le fa go ntse jalo, Modimo o solofetsa jaana: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. Gonne fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.” (Isaia 65:21, 22) Mongwe le mongwe o tla nna le ntlo ya gagwe e bile o tla itumelela tiro ya gagwe. Ka jalo Modimo o solofetsa tharabololo e e tla fedisang lehuma gotlhelele e bile e le e e tla nnelang ruri. Go ka se tlhole go nna le go sa lekalekane mo gogolo fa gare ga bahumi le bahumanegi, batho ba ka se tlhole ba kgaratlhela go leka go itshedisa.

Fa motho a utlwa la ntlha ka ditsholofetso tseno tsa Baebele, o ka nna a se ka a dumela gore di ka diragala. Le fa go ntse jalo, fa o tlhatlhoba Baebele sentle e bontsha gore ditsholofetso tsa Modimo tsotlhe mo nakong e e fetileng di ile tsa diragala. (Isaia 55:11) Ka jalo ga se kgang ya gore fa di ka direga. Go na le moo, potso ke gore, Ke eng se o tshwanetseng go se dira go solegelwa molemo fa di direga?

A o Tla Bo o Le Teng?

E re ka puso e le ya Modimo, re tshwanetse go nna mofuta wa batho ba Modimo a tla ba amogelang go nna baagi mo pusong ya gagwe. Ga a re tlogela mo lefifing mo kgannyeng ya gore re ka dira jang gore re tshwanelege. Melaometheo e kwadilwe mo Baebeleng.

Mmusi yo o tlhomilweng, e bong Morwa Modimo, o siame. (Isaia 11:3-5) Ka jalo, batho ba ba amogetsweng go tshela mo pusong eno go lebeletswe gore le bone e nne batho ba ba siameng. Diane 2:21, 22 ya re: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”

A go na le tsela e re ka ithutang ka yone go dira dilo tseno? Ee, e teng. Ka go ithuta Baebele le go dirisa kaelo ya yone, o ka kgona go itumelela bokamoso jo bo molemolemo. (Johane 17:3) Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go ithuta. Re go kopa gore o dirise tshono eno ya gore o nne mongwe wa batho ba ba se kitlang ba tshela mo lehumeng le mo go tlhokeng tshiamiso.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Eufrosina: “Go dirisa madi ka kelotlhoko go thusa ba lelapa la me go bona dilo tse ba di tlhokang”

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Kamano e e molemo le Modimo le botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa di ka se rekwe ka madi