Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Etsa Modimo yo o Boammaaruri

Go Etsa Modimo yo o Boammaaruri

 Go Etsa Modimo yo o Boammaaruri

“Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.”— BAEFESO 5:1.

1. Ke eng se batho bangwe ba se dumelang malebana le boammaaruri, mme ke ka ntlha yang fa tsela e ba akanyang ka yone e le phoso?

“BOAMMAARURI ke eng?” (Johane 18:38) Potso eo, e Ponto Pilato a neng a e botsa a belaela dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, e kaya gore boammaaruri bo thata go bonwa. Batho ba le bantsi gompieno ba ka dumalana le seo. Batho ba ganetsa kgang fela ya gore go na le selo se go tweng boammaaruri. O ka tswa o kile wa utlwa go twe mongwe le mongwe o itirela tshwetso ya se boammaaruri e leng sone, kgotsa gore boammaaruri bo ikaegile ka dilo tse dingwe, kgotsa gore bo a fetofetoga. Go akanya jalo go phoso. Boikaelelo jwa dipatlisiso le thuto ke go itse dintlha, kgotsa boammaaruri malebana le lefatshe le re tshelang mo go lone. Boammaaruri ga bo ye ka maikutlo a motho. Ka sekai, dilo di pedi fela: moya wa motho o a swa kgotsa ga o swe. Satane o teng kgotsa ga a yo. Botshelo bo na le boikaelelo kgotsa ga bo na jone. Mo kgannyeng nngwe le nngwe, karabo ya boammaaruri e nngwe fela. Se sengwe ke boammaaruri, se sengwe ke maaka; di ka se nne boammaaruri tsoopedi.

2. Jehofa ke Modimo yo o boammaaruri ka ditsela dife, mme jaanong re tla sekaseka dipotso dife?

2 Mo setlhogong se se fetileng, re ne ra sekaseka kgang ya gore Jehofa ke Modimo yo o boammaaruri. O itse boammaaruri ka dilo tsotlhe. Jehofa o nna a le boammaaruri ka dinako tsotlhe, ga a tshwane gotlhelele le mmaba wa gagwe yo o leferefere e bong Satane Diabolo. Mo godimo ga moo, Jehofa o senolela ba bangwe boammaaruri a sa ikgogone. Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ka ene a re: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” (Baefeso 5:1) E re ka re le Basupi ba ga Jehofa, re ka mo etsa jang ka go bua boammaaruri le go tshela tumalanong le jone? Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dira jalo? Mme ke eng se se re tlhomamisetsang gore Jehofa o amogela batho ba ba tshelang tumalanong le boammaaruri? A re boneng.

3, 4. Moaposetoloi Paulo le moaposetoloi Petere ba ne ba tlhalosa jang se se neng se tla diragala mo “metlheng ya bofelo”?

3 Re tshela mo motlheng o o tletseng maaka a bodumedi. Jaaka moaposetoloi Paulo a ile a bolelela pele a tlhotlhelediwa ke Modimo, batho ba le bantsi mo ‘metlheng eno ya bofelo’ ba na le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone. Bangwe ba emelana le boammaaruri, ba ‘senyegile gotlhelele mo mogopolong.’ Mo godimo ga moo, “batho ba ba boikepo le maferefere  ba . . . tswelela ba sulafalela pele, ba tsietsa e bile ba tsiediwa.” Le fa batho bano ba nna ba ithuta, ga ba nne le ‘kitso e e leng yone ya boammaaruri.’—2 Timotheo 3:1, 5, 7, 8, 13.

4 Moaposetoloi Petere le ene o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale ka ga metlha ya bofelo. Fela jaaka a ile a bolelela pele, batho ga ba gane boammaaruri fela mme e bile ba sotla ka Lefoko la Modimo le batho ba ba bolelang boammaaruri jwa lone. “Go ya ka keletso ya bone,” basotli bano ba tlhokomologa ntlha ya gore lefatshe la motlha wa ga Noa le ne la khurumediwa ka metsi, mme seo e ne e le sekao sa se se tla diragalang mo letsatsing le le tlang la katlholo. Go ijesa dijo tsa ditoro ga bone go tla ba tlisetsa masetlapelo fa nako ya Modimo e tla ya gore a senye batho ba ba bosula.—2 Petere 3:3-7.

Batlhanka ba ga Jehofa ba Itse Boammaaruri

5. Go ya ka moporofeti Daniele, ke eng se se neng se tla diragala ‘mo motlheng wa bokhutlo,’ mme boporofeti jono bo diragaditswe jang?

5 Fa moporofeti Daniele a ne a tlhalosa “motlha wa bokhutlo,” o ne a bolela gore go ne go tla diragala sengwe se se farologaneng thata mo bathong ba Modimo—go tsosolosiwa ga boammaaruri jwa bodumedi. O ne a kwala jaana: “Ba bantsi ba tla ya kwa le kwa, mme kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi.” (Daniele 12:4) Batho ba ga Jehofa ga ba tlhakanngwe tlhogo ke Motsietsi yo mogolo e bile ga a ba foufatse. Ba bone kitso ya boammaaruri ka go bala Baebele. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe lesedi. O ne a “bula megopolo ya bone ka botlalo gore e tlhaloganye se se kaiwang ke Dikwalo.” (Luke 24:45) Jehofa o dirile se se tshwanang le mo motlheng wa rona. O dirisitse Lefoko la gagwe, moya wa gagwe le phuthego ya gagwe go dira gore batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba kgone go tlhaloganya se a setseng a se itse, e leng boammaaruri.

6. Batho ba Modimo gompieno ba tlhaloganya dintlha dife tsa boammaaruri jwa Baebele?

6 E re ka re le batho ba Modimo, re tlhaloganya dilo tse dintsi tse re neng re ka se ka ra di itse. Re itse dikarabo tsa dipotso tse di sa bolong go tshwarisa banna ba ba nang le botlhale jwa lefatshe bothata ka dingwagangwaga. Ka sekai, re itse gore ke ka ntlha yang fa batho ba boga, ke ka ntlha yang fa batho ba a swa, le gore ke ka ntlha yang fa batho ba sa kgone go dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo lefatsheng lotlhe. Gape re segofaditswe ka gore re itse se se tla nnang teng mo isagweng—Bogosi Jwa Modimo, lefatshe la paradaise, le go tshela ka bosakhutleng re itekanetse. Re itse Jehofa, e leng ene Yo Mogolo. Re ithutile ka botho jwa gagwe jo bo molemo mmogo le se re tshwanetseng ra se dira gore a re segofatse. Go itse boammaaruri go re thusa go lemoga se e seng boammaaruri. Go dirisa boammaaruri mo matshelong a rona go re thusa gore re se ka ra dira ditiro tse di se nang mosola, go re thusa gore re tshele botshelo jo bo molemo, e bile go re naya tsholofelo e e molemolemo ka isagwe.

7. Ke bomang ba ba ka kgonang go bona boammaaruri jwa Baebele, mme ke bomang ba ba ka se kang ba kgona go bo bona?

7 A o tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele? Fa go ntse jalo, ruri o segofaditswe. Fa motho a kwala buka, gantsi o dira gore e gogele setlhopha se se rileng sa batho. Dibuka dingwe di kwaletswe batho ba ba rutegileng thata, tse dingwe di kwaletswe bana, mme tse dingwe di kwaletswe batho ba ba ithutetseng ditiro dingwe. Le fa batho botlhe ba ka kgona go bona Baebele motlhofo, e diretswe gore e tlhaloganngwe e bo e anaanelwe ke setlhopha se se rileng sa batho. Jehofa o e diretse batho ba ba ikokobeditseng, ba ba pelonomi ba lefatshe. Batho ba ba ntseng jalo ba ka tlhaloganya bokao jwa Baebele, go sa kgathalesege gore ba na le thuto e e kana kang, ke ba setso sefe, ke ba maemo afe mo botshelong, kgotsa gore ke ba lotso lofe. (1 Timotheo 2:3, 4) Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba se nang boikutlo jo bo siameng ga ba newe go tlhaloganya Baebele, le fa ba ka tswa ba le botlhale kgotsa ba rutegile go le kana kang. Batho ba ba mabela, ba ba ikgodisang, ga ba ka ke ba tlhaloganya boammaaruri jo bo tlhwatlhwakgolo jwa Lefoko la Modimo. (Mathaio 13:11-15; Luke 10:21; Ditiro 13:48) Modimo ke ene fela a neng a ka dira gore go nne le buka e e ntseng jalo.

Batlhanka ba ga Jehofa ba Boammaaruri

8. Ke ka ntlha yang fa Jesu ka boene e ne e le boammaaruri?

8 Fela jaaka Jehofa, Basupi ba gagwe ba ba ikanyegang ba boammaaruri. Jesu Keresete, Mosupi yo mogolo wa ga Jehofa, o ne a tlhomamisa boammaaruri ka dilo tse a neng a di ruta le ka tsela e  a neng a tshela a ba a swa ka yone. O ne a tlotlomatsa boammaaruri jwa lefoko la ga Jehofa le ditsholofetso tsa gagwe. Ka jalo, Jesu ka boene e ne e le boammaaruri, fela jaaka a ile a bolela.—Johane 14:6; Tshenolo 3:14; 19:10.

9. Dikwalo tsa reng malebana le go bua boammaaruri?

9 Jesu o ne a “tletse bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le boammaaruri” e bile “go ne go se na tsietso epe mo molomong wa gagwe.” (Johane 1:14; Isaia 53:9) Bakeresete ba boammaaruri ba latela sekao se Jesu a se tlhomileng sa go bua boammaaruri le ba bangwe. Paulo o ne a gakolola badumedi ka ene a re: “A mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe, ka gonne re ditokololo tsa mongwe go yo mongwe.” (Baefeso 4:25) Pelenyana ga foo, moporofeti Sekarea o ne a kwala jaana: “A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le yo mongwe.” (Sekarea 8:16) Lebaka la go bo Bakeresete ba le boammaaruri ke ka gonne ba batla go itumedisa Modimo. Jehofa o boammaaruri e bile o itse diphelelo tse di kotsi tsa maaka. Ka jalo, go a tshwanela gore a bo a lebeletse gore batlhanka ba gagwe ba bue boammaaruri.

10. Ke ka ntlha yang fa batho ba bua maaka, mme go nna le diphelelo dife tse di kotsi?

10 Batho ba le bantsi ba ka tsaya go bua maaka e le tsela e e motlhofo ya go bona melemo mengwe. Batho ba bua maaka gore ba se ka ba otlhaiwa, gore ba solegelwe molemo ka tsela nngwe, kgotsa gore ba bakwe ke ba bangwe. Le fa go ntse jalo, go itlwaetsa go aka ke mokgwa o o maswe. Mo godimo ga moo, motho yo o akang a ka se amogelwe ke Modimo. (Tshenolo 21:8, 27; 22:15) Fa re itsiwe re le boammaaruri, batho ba bangwe ba dumela se re se buang; ba a re ikanya. Le fa go ntse jalo, fa re ka tshwarwa re bua maaka le fa e le gangwe fela, ba bangwe ba ka belaela boammaaruri jwa sepe fela se re ka se buang mo isagweng. Seane sengwe sa mo Afrika sa re: “Maakanyana fela a senya boammaaruri jotlhe.” Seane se sengwe sone sa re: “Moaki a ka se dumelwe, le fa a ka bua boammaaruri.”

11. Ke ka tsela efe go nna boammaaruri e seng go bua boammaaruri fela?

11 Go nna boammaaruri ga se fela go bua boammaaruri. Ke tsela ya botshelo. Go bontsha se re leng sone. Ga re itsise batho boammaaruri ka se re se buang fela mme re ba bo itsise le ka se re se dirang. Moaposetoloi Paulo o ne a botsa jaana: “A wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute? Wena, yo o rerang o re ‘O se ka wa utswa,’ a o a utswa? Wena, yo o reng ‘O se ka wa dira boaka,’ a o dira boaka?” (Baroma 2:21, 22) Fa re batla go bolelela ba bangwe boammaaruri, re tshwanetse ra nna boammaaruri mo go sengwe le sengwe se re se dirang. Fa re itsege re le batho ba ba boammaaruri le ba ba ikanyegang, seo se tla ama thata tsela e batho ba arabelang ka yone fa re ba ruta.

12, 13. Mosha mongwe o ne a kwala eng ka go nna boammaaruri, mme ke eng se se neng se dira gore a nne le mekgwa e mentle ya boitshwaro?

12 Basha ba e leng batlhanka ba ga Jehofa le bone ba tlhaloganya botlhokwa jwa go nna boammaaruri. Mo polelwaneng e Jenny a neng a e kwala kwa sekolong a na le dingwaga di le 13, o ne a re: “Boikanyegi ke nonofo e ke e tseelang kwa godimo thata. Ka maswabi, gompieno ga se batho ba bantsi ba ba ikanyegang mo go sengwe le sengwe. Ke ititaya sehuba gore ke tla nna ke ikanyega botshelo jwa me jotlhe. Ke tla ikanyega le fa go bua boammaaruri go ka se ka ga solegela nna kgotsa ditsala tsa me molemo ka yone nako eo. Ke tlhomamisa gore ke tsalana le batho ba ba buang boammaaruri le ba ba ikanyegang.”

13 Fa morutabana wa ga Jenny a akgela ka polelwana eno o ne a re: “Le fa o le monnye jaana, o na le mokgwa o montle wa boitshwaro. Ke itse gore o tla tswelela pele ka mokgwa ono ka gonne ga o letle ope a fetola boitshwaro jwa gago.” Ke eng se se neng se dira gore mosetsana yono wa sekolo a eme a nonofile mo mekgweng ya gagwe e mentle? Fa Jenny a simolola polelwana ya gagwe, o ne a bolela gore bodumedi jwa gagwe ke jone bo “laolang botshelo jwa [gagwe].” Go setse go fetile dingwaga di le supa fa e sale Jenny a kwala polelwana eo. Fela jaaka morutabana wa gagwe a ile a akanya, Jenny o sa ntse a na le mekgwa e mentle mo botshelong jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Batlhanka ba ga Jehofa ba Senola Boammaaruri

14. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba Modimo ba na le boikarabelo jo bogolo thata jwa go tshegetsa se se boammaaruri?

14 Ee gone, batho ba bangwe ba e seng Basupi ba ga Jehofa ba ka bua boammaaruri mme ba leka go ikanyega. Le fa go ntse jalo, rona batlhanka  ba Modimo, re na le boikarabelo jo bogolo thata jwa go tshegetsa se se boammaaruri. Re neilwe boammaaruri jwa Baebele—boammaaruri jo bo ka isang motho botshelong jo bo sa khutleng. Ka gone, re na le boikarabelo jwa go abela ba bangwe kitso eo. Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o neng a newa go le gontsi, go tla batliwa go le gontsi mo go ene.” (Luke 12:48) Ee ruri, ‘go batliwa go le gontsi’ mo bathong ba ba segofaditsweng ka go newa kitso ya Modimo e e tlhwatlhwakgolo.

15. Ke eng se se go itumedisang fa o bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele?

15 Go bolelela batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele go a itumedisa. Fela jaaka barutwa ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re bolela dikgang tse di molemo—molaetsa o o kgothatsang o o nayang tsholofelo—re di bolelela batho ba ba ‘sotlegileng e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa’ le ba ba foufaditsweng le go tlhakanngwa tlhogo ke “dithuto tsa madimona.” (Mathaio 9:36; 1 Timotheo 4:1) Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.” (3 Johane 4) Boikanyegi jwa “bana” ba ga Johane—ba e ka tswang e le ba a ba rutileng boammaaruri—bo ile jwa mo itumedisa thata. Go a re itumedisa go bona batho ba bontsha gore ba anaanela Lefoko la Modimo.

16, 17. (a) Ke ka ntlha yang fa boammaaruri bo sa amogelwe ke batho botlhe? (b) O ka itumedisiwa ke eng fa o ntse o bolela boammaaruri jwa Baebele?

16 Gone, ga se botlhe ba ba tla amogelang boammaaruri. Jesu o ne a bua boammaaruri ka Modimo, tota le fa batho ba ne ba sa rate. O ne a raya baganetsi ba Bajuda a re: “Ke ka ntlha yang fa lo sa ntumele? Yo o tswang mo Modimong o reetsa mafoko a Modimo. Ke gone ka moo lo sa reetseng, ka gonne ga lo tswe mo Modimong.”—Johane 8:46, 47.

17 Fela jaaka Jesu, ga re ikgogone go bolelela batho boammaaruri jo bo tlhwatlhwakgolo ka Jehofa. Ga re a lebelela gore batho botlhe ba amogele se re se ba bolelelang, ka gonne ga se botlhe ba ba neng ba amogela se Jesu a neng a se bolela. Le fa go ntse jalo, re itumedisiwa ke go itse gore re dira se se tshwanetseng. Jehofa ka bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato o batla gore batho ba senolelwe boammaaruri. E re ka Bakeresete ba tshotse boammaaruri, e nna batshodi ba lesedi mo lefatsheng  le le lefifi. Fa re letla lesedi la boammaaruri le phatsima ka se re se buang le se re se dirang, re ka thusa batho ba bangwe gore ba galaletse Rraarona yo o kwa legodimong. (Mathaio 5:14, 16) Re itsise phatlalatsa gore re gana se Satane a reng ke boammaaruri mme e se jone, e bile re tlotlomatsa Lefoko la Modimo le le itshekileng le le sa tswakanngwang le sepe. Boammaaruri jo re bo itseng e bile re bo bolelela ba bangwe bo ka naya ba ba bo amogelang kgololesego ya boammaaruri.—Johane 8:32.

Tshela Tumalanong le Boammaaruri

18. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a amogela Nathanaele, mme o ne a dira jalo jang?

18 Jesu o ne a rata boammaaruri e bile o ne a bua boammaaruri. Ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a bontsha gore o amogela batho ba ba boammaaruri. Jesu o ne a bolela jaana ka Nathanaele: “Bona, Moiseraele ruri, yo go se nang tsietso epe mo go ene.” (Johane 1:47) Morago ga moo, Nathanaele, yo gape a ka tswang a ne a bidiwa Barotholomeo, o ne a tlhophiwa go nna mongwe wa baaposetoloi ba ba 12. (Mathaio 10:2-4) A bo seo e ne e le tlotla!

19-21. Monna mongwe yo o kileng a bo a foufetse o ne a segofadiwa jang ka ntlha ya go bua boammaaruri ka bopelokgale?

19 Go na le kgaolo nngwe e e feletseng mo Baebeleng mo bukeng ya Johane e e begang ka monna yo mongwe yo o ikanyegang yo o neng a segofadiwa ke Jesu. Ga re itse leina la gagwe. Se re se itseng ke gore monna yono e ne e le mokopi yo o tshotsweng a foufetse. Batho ba ne ba gakgamala fa Jesu a ne a dira gore a kgone go bona. Dikgang tsa phodiso eno ya kgakgamatso di ne tsa utlwiwa ke bangwe ba Bafarasai, batho ba ba tlhoileng boammaaruri, ba ba neng ba ipuile gore motho ope fela yo o dumelang mo go Jesu o ne a tla kobiwa mo sinagogeng. E re ka batsadi ba ba tshogileng ba monna yono yo pele a neng a foufetse ba ne ba itse leano la Bafarasai, ba ne ba ba aketsa, ba bolela gore ba ne ba sa itse gore go tlile jang gore morwa wa bone a bo a setse a kgona go bona le gore ke mang yo o dirileng seo.—Johane 9:1-23.

20 Monna yono yo o fodisitsweng o ne a bilediwa gape fa pele ga Bafarasai. O ne a bua boammaaruri ka bopelokgale a sena sepe gore o tla diragalelwa ke eng. O ne a tlhalosa kafa a neng a fodisitswe ka teng le gore o ne a fodisitswe ke Jesu. E re ka monna yono yo o fodisitsweng a ne a gakgamaditswe ke gore banna bano ba maemo le ba ba rutegileng ba ne ba sa dumele gore Jesu o tswa kwa Modimong, o ne a ba rotloetsa ka bopelokgale gore ba dumele sengwe se ba neng ba ka se ka ba se ganetsa: “Fa monna yono a ne a sa tswe kwa Modimong, o ne a ka se ka a dira sepe ka gope.” Monna yono o ne a tswetse Bafarasai molomo, mme ka jalo ba ne ba mo latofatsa ka gore o lonyatso ba bo ba mo leleka.—Johane 9:24-34.

21 Fa Jesu a utlwela ka seno, o ne a tsaya matsapa a go batla monna yono. Fa a sena go mmona, o ne a nonotsha tumelo e e neng e bontshitswe ke monna yono yo pele a neng a foufetse. Jesu o ne a ipolela gore ke Mesia. A bo monna yono a ne a segofadiwa jang ne ka ntlha ya go bolela boammaaruri! Eleruri Modimo o amogela batho ba ba buang boammaaruri.—Johane 9:35-37.

22. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshela tumalanong le boammaaruri?

22 Go nna boammaaruri ke mokgwa o re tshwanetseng ra o tsaya masisi. Go thusa gore re kgone go simolola dikamano tse di molemo le batho le Modimo le go tswelela pele re na le tsone. Motho fa a le boammaaruri ke fa a ikanyega, a sa fitlhe se a leng sone, e bile go le motlhofo go dirisana le ene. Motho yo o ntseng jalo o amogelwa ke Jehofa. (Pesalema 15:1, 2) Motho fa a se boammaaruri o a tsietsa, ga a ikanyege, o bua maaka, mme Jehofa ga a mo amogele. (Diane 6:16-19) Ka jalo, ititeye sehuba gore o tshele tumalanong le boammaaruri. Ee, fa re batla go etsa boammaaruri jwa Modimo, re tshwanetse ra itse boammaaruri, ra bua boammaaruri ra ba ra tshela tumalanong le boammaaruri.

O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa re ka lebogela go bo re itse boammaaruri?

• Re ka etsa Jehofa jang ka go nna boammaaruri?

• Re bona melemo efe fa re bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele?

• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tshela tumalanong le boammaaruri?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Bakeresete ba neilwe boammaaruri jwa Baebele, mme ba bo bolelela batho ba bangwe ka tlhoafalo

 [Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Monna yo o sefofu yo o neng a fodisiwa ke Jesu o ne a segofadiwa thata ka ntlha ya go bolela boammaaruri