Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bahumanegi ba Humanegela Pele

Bahumanegi ba Humanegela Pele

 Bahumanegi ba Humanegela Pele

“Ga go na setšhaba sepe se se ka atlegang mme sa itumela, fa batho ba bantsi mo go sone ba humanegile e bile ba tlhomola pelo.”

ADAM SMITH yo e leng moitseanape wa tsa ikonomi o ne a bua mafoko ao bogologolo ka lekgolo la bo18 la dingwaga. Batho ba bantsi ba dumela gore boammaaruri jwa se a neng a se bua bo bonala thata gompieno. Pharologano fa gare ga bahumi le bahumanegi e bonala thata. Nngwetharong ya batho ba kwa Philippines, ba tshela ka madi a a kwa tlase ga dolara e le nngwe fela ya United States, e leng madi a gantsi batho ba ba mo ditšhabeng tse di humileng ba a amogelang ka metsotso. Human Development Report 2002 ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya re “madi a a amogelwang ke diperesente di le 5 tsa batho ba ba humileng thata mo lefatsheng, a feta a a amogelwang ke diperesente di le 5 tsa batho ba ba humanegileng thata, go menagane ga 114.”

Fa batho ba bangwe bone ba tshela sentle, ba bantsi ke baipei, ba tlhoma mekhukhu gongwe le gongwe fa ba ka kgonang teng. Ba bangwe ba mo seemong se se maswe go feta seo; ba nna mo mebileng, ba adile fela khatebokoso kgotsa polasetiki. Ba bantsi ba bone ba kgaratlha go itshedisa ka tsela nngwe le nngwe e ba ka kgonang go dira jalo ka yone—ba selasela mo dithotobolong tsa matlakala, ba goga merwalo e e bokete, kgotsa ba dirisa diteroli go kokoanya dilo tse madirelo a ka di dirisang gape.

Go sa lekalekane ga bahumi le bahumanegi ga go fitlhelwe fela mo dinageng tse di tlhabologang mme jaaka World Bank e bolela, “mo dinageng tsotlhe go na le mafelo a bahumanegi.” Go tswa kwa Bangladesh go ya kwa United States, go sa kgathalesege gore batho bangwe ba ka tswa ba humile go le kana kang, go na le ba ba kgaratlhelang go bona dijo tse di lekaneng kgotsa go nna le mafelo a bonno. The New York Times e ne ya nopola pego ya 2001 U.S. Census Bureau ya gore kwa United States bahumi ba humela pele mme bahumanegi ba humanegela pele. E ne ya re: “Ngogola nngwetlhanong ya batho ba naga eo ba ba humileng thata ba ile ba amogela halofo ya madi otlhe a a neng a amogelwa ke batho botlhe ba ba berekang . . . Nngwetlhanong ya ba ba humanegileng thata yone e amogetse diperesente di le 3,5 tsa madi ao.” Boemo bo a tshwana kana bo maswe le go feta mo dinageng tse dingwe tse dintsi. Pego nngwe ya World Bank e ne ya bontsha gore diperesente di ka nna 57 tsa batho ba ba leng mo lefatsheng ba tshela ka madi a a kwa tlase ga didolara tse pedi ka letsatsi.

Se se dirang gore boemo jono bo nne maswe le go feta ke gore ka 2002, batho ba bantsi ba ne ba galefisiwa ke dipego tsa gore baokamedibagolo bangwe ba ne ba huma ka ditsela tse  di belaetsang. Le fa ba ne ba sa dira sepe se tota se seng kafa molaong, batho ba bantsi ba na le maikutlo a gore baokamedibagolo bano, jaaka makasine wa Fortune o bolela, “ba ne ba huma ka tsela e e feteletseng, ya matlhabisaditlhong.” Fa go sekasekiwa se se diragalang mo lefatsheng, batho bangwe ba ipotsa gore go tla jang gore ba bangwe ba bo ba na le madi a mantsi jaana a go sa itsiweng gore a tswa kae, a go akanyediwang gore ke dimilione tsa didolara, fa ba le bantsi ba tshelela mo lehumeng.

A Lehuma le Tla Nnela Ruri?

Seno ga se reye gore ga go na ope yo o lekang go dira sengwe ka mathata a bahumanegi. Badiredibagolo ba puso le mekgatlho e e thusang e e nang le maitlhomo a mantle ba ntshitse dikakantsho tsa go fetola boemo jono. Le fa go ntse jalo, se se diragalang se sa ntse se kgoba marapo. Human Development Report 2002 e bolela gore “dinaga tse dintsi di humanegile go feta kafa di neng di humanegile ka teng dingwaga tse 10, tse 20, mo makgetlong a mangwe le tse 30 tse di fetileng,” le fa go dirwa maiteko a mantsi a bopelontle a go tokafatsa boemo.

A seno se raya gore bahumanegi ga ba na tsholofelo? Re go kopa gore o bale setlhogo se se latelang gore o sekaseke botlhale jo bo ka thusang gone jaanong, mmogo le ditsela tsa go rarabolola bothata tse o ka tswang o ne o sa akanye ka tsone.