Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ugarit—Motse wa Bogologolo o o Neng o Tletse Kobamelo ya ga Baale

Ugarit—Motse wa Bogologolo o o Neng o Tletse Kobamelo ya ga Baale

 Ugarit—Motse wa Bogologolo o o Neng o Tletse Kobamelo ya ga Baale

KA NGWAGA wa 1928, mogoma wa molemirui mongwe wa Mosiria o ne wa kgopa leje le le neng le khurumeditse khuti e go neng go epetswe dilo tsa bogologolo tse di dirilweng ka taka mo go yone. O ne a sa lemoge kafa dilo tse a neng a di ribolotse tseno di neng di le botlhokwa ka gone. E ne ya re fa setlhopha sa baithutamarope sa kwa Fora se se neng se eteletswe pele ke Claude Schaeffer se utlwa ka go ribololwa ga dilo tseno go sa lebelelwa, sa etela lefelo le di ribolotsweng mo go lone mo ngwageng o o latelang.

Go ise go ye kae, go ne ga ribololwa mokwalo mongwe o o neng wa thusa setlhopha seno go lemoga marope  a ba berekang mo go one. E ne e le a Ugarit, e leng “mongwe wa metse e e botlhokwa thata ya bogologolo wa Botlhabagare.” Mokwadi e bong Barry Hoberman o ne a ba a re: “Ga go na dilo dipe tse di kileng tsa ribololwa ke baithutamarope, tota le Memeno ya Lewatle le le Suleng, tse di re thusitseng go tlhaloganya Baebele botoka jaaka tseno.”—The Atlantic Monthly.

Borakanelo Jwa Ditsela

Ugarit e e neng e le mo thoteng e e bidiwang Ras Shamra, mo losing lwa Mediterranean mo lefelong le gone jaanong e leng Siria bokone, e ne e le motse o o atlegileng thata o o nang le batho ba le bantsi ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng mo seketeng sa bobedi sa dingwaga B.C.E. Karolo ya yone e ne e ka nna bogolo jwa dikilomitara di le 60 go tswa kwa Mt. Casius kafa bokone go ya kwa Tell Sukas kwa borwa le dikilometara di ka nna 30 go ya go di le 50 go tswa kwa Mediterranean kafa bophirima go ya Orontes Valley kwa botlhaba.

Diruiwa di ne di tshela sentle tota mo maemong a a lekanetseng sentle a bosa a kwa Ugarit. Kgaolo eno e ne e ungwa dijo tsa dithoro, lookwane lwa motlhware, beine le dikgong—e leng dilo tse di neng di tlhaela thata kwa Mesopotamia le kwa Egepeto. Mo godimo ga moo, lefelo le motse ono o neng o le mo go lone fa marakanelong a ditsela tse di neng di dirisiwa thata ke bagwebi le ne la dira gore e nne boemakepe jwa ntlha jo bogolo jwa boditšhabatšhaba. Bagwebi ba ba tswang kwa Aegean, Anatolia, Babelona, Egepeto le dikarolo tse dingwe tsa Botlhabagare ba ne ba tla mo Ugarit go tla go reka ditshipi, dikungwa tsa temothuo le dilo tse dingwe tse dintsi tse di neng di dirwa mo lefelong leno.

Le fa Ugarit e ne e le motse o o humileng, gantsi e ne e busiwa ke dikgosi tsa dinaga tse dingwe. Motse ono o ne o le mo karolong e e kafa ntle kafa bokone jwa Mmusomogolo wa Egepeto go fitlha e nna karolo ya Mmusomogolo o o neng o sa bolo go nna teng wa Bahite mo lekgolong la bo14 la dingwaga B.C.E. Ugarit e ne e patelediwa go duela sehuba sa kgosi le go naya kgosi masole. Fa “ba-Sea People” * ba ne ba simolola go tlhasela Anatolia (Turkey bogare) le Siria o o kafa bokone, Bahite ba ne ba kopa Ugarit gore e ba neye masole le dikepe tsa ntwa. Ka ntlha ya moo, Ugarit e ne ya sala e sa sireletsega mme ya senngwa gotlhelele mo e ka nnang ka 1200 B.C.E.

Go Ribolola Dilo Tsa Nako e e Fetileng

Fa Ugarit e sena go senngwa, e ne ya fetoga thota e kgolo ya bogodimo jo bo ka nnang dimetara di le 20 e bile e le bogolo jwa diheketara tse di fetang 25. Ke nngwethatarong ya lefelo leno fela e go dirilweng tiro ya go ribolola mo go yone. Mo maropeng ano, baithutamarope ba ribolotse matlotla a ntlo e kgolo ya segosi e e nang le diphaposi di ka nna lekgolo le malwapa a le mmalwa, e e bogolo jwa disekweremetara di le 100 000. Kago eno e ne e na le dipompo tsa metsi, matlwana a boithomelo le dipeipi tse di ntshang leswe la matlwana ano. Difanitšhara tsa yone di ne di manegilwe gouta, majana a a tlhwatlhwakgolo a lapis lazuli le lonaka lwa tlou. Gape go ne ga bonwa dimati tse di setilweng bontle ka lonaka lwa tlou. Ditshingwana tse di ageletsweng ka lobota le mogotšwana o o kwa tlase wa metsi le tsone di ne di dira gore ntlo eno ya segosi e nne ntle thata.

Mo motseng ono le mabala a a o dikologileng, go ne go tletse ditempele tsa ga Baale le Dagane. * Ditempele  tse di goletseng kwa godimo tseno, gongwe tsa bogodimo jwa dimetara di le 20, di ne di na le tselana e e yang kwa phaposing e e kwa teng e go neng go na le setshwantsho sa modingwana mo go yone. Go ne go na le ditepisi tse di tlhatlogelang kwa seraleng se kgosi e neng e ema mo go sone fa e tshwere meletlo e e farologaneng. Fa go le bosigo kgotsa fa go tsogile ditsuatsue, go ka tswa go ne go tshubiwa dikgabo tsa molelo mo ditlhoeng tsa ditempele tseno gore di thuse dikepe go goroga ka pabalesego mo boemakepeng. Ga go pelaelo gore bakgweetsi ba dikepe ba ba neng ba dumela gore Baale-Hadade modimo wa sefefo ke ene a ba gorosang ka pabalesego, ba ne ba mo direla ditshupelo tsa maikano ka ditshetledi di le 17 tsa maje, tse di bonweng mo lefelong le le boitshepo la modimo ono.

Go Ribololwa go go Botlhokwa ga Mekwalo

Go ne ga ribololwa matlapanakwalelo a le mantsintsi a letsopa mo maropeng a Ugarit. Go fitlhetswe makwalo a le matlhano a mekwalo ya ikonomi, ya semolao, ya semmuso le ya botsamaisi ka dipuo di le robedi. Setlhopha sa ga Schaeffer se ne sa bona mekwalo e e neng e kwadilwe ka puo e e neng e sa itsiwe le go tla go fitlha gompieno—e e neng ya bidiwa Se-Ugarit—e e dirisang matshwao a le 30 a cuneiform, e leng ditlhaka tsa bogologolo tala tse di kileng tsa ribololwa.

Mo godimo ga go tlotla ka dilo fela tse di sa reng sepe, Makwalo a Se-Ugarit a na le mekwalo e e re thusang go tlhaloganya dikgopolo tsa madumedi a a neng a le teng ka nako eo. Go bonala bodumedi jwa kwa Ugarit bo ne bo tshwana thata le jwa Bakanana ba ba neng ba agile gaufi le yone. Go ya ka Roland de Vaux, mekwalo eno “e bontsha sentle kafa batho mo lefatsheng la Kanana ba neng ba tshela ka gone pele Baiseraele ba e thopa.”

Bodumedi mo Motseng wa ga Baale

Go umakiwa medimo le medimogadi e feta 200 mo mekwalong ya Ras Shamra. Modimo o mogolo mo go yone yotlhe e ne e le El, yo o neng a bidiwa rraagwe medimo le rraagwe batho. Mme Baale-Hadade modimo wa sefefo e ne e le “mopagami wa maru” le “morena wa lefatshe.” El o tshwantshiwa e le monnamogolo yo o ditedu tse ditshweu yo o leng kgakala le batho. Kafa letlhakoreng le lengwe, Baale ke modimo o o maatla o o ikgodisang o o batlang go busa medimo e mengwe yotlhe le batho.

Go bonala mekwalo e e ribolotsweng eno e ne e buiwa ka tlhogo mo meletlong ya bodumedi, jaaka meletlo ya ngwaga o mosha kgotsa ya thobo. Le fa go ntse jalo, ga go itsiwe sentlentle gore tota mekwalo eno e ne e kayang. Mo lebokong lengwe le mo go lone go ganetsanwang ka bogosi, Baale o fenya morwa yo o rategang thata wa ga El, e bong Yamm, modimo wa lewatle. Gongwe phenyo eno e ile ya dira gore bakgweetsi ba dikepe ba kwa Ugarit ba tshepe gore Baale o tla ba sireletsa mo lewatleng. Fa Baale a ne a lwa le Mot o ne a fenngwa mme a swa. Morago ga moo, ga nna komelelo mme ditiro tsotlhe tsa batho tsa kgaotsa. Mosadi wa ga Baale le kgaitsadie e bong Anat—medimogadi ya lorato le ntwa—e bolaya Mot e bo e tsosa Baale mo baswing. Baale o bolaya barwa botlhe ba mosadi wa ga El, e bong Athirat (Asherah), a bo a nna gape mo setulong sa bogosi. Mme Mot o tsoga mo baswing morago ga dingwaga di le supa.

Bangwe ba tlhalosa leboko leno ba re ke modikologo wa dipaka tsa ngwaga le ngwaga o ka nako ya one dipula tse di tsosolosang dimela di fekeediwang  ke mogote o o seng kana ka sepe wa selemo mme di bo di boa di na gape ka nako ya letlhabula. Ba bangwe ba akanya gore modikologo ono wa dingwaga di le supa o amana le go boifa leuba le komelelo. Le fa bokao jwa lone e ka tswa e le bofe, tsela e Baale a neng a tlhomologile ka yone e ne e lejwa e le botlhokwa gore batho ba atlege mo ditirong tsa bone. Mokanoki mongwe e bong Peter Craigie o akgela jaana: “Mokgele wa bodumedi jwa ga Baale e ne e le go sireletsa bolaodi jwa gagwe; baobamedi ba gagwe ba ne ba dumela gore fa fela e sa ntse e le ene molaodi, dijalo le metlhape tse di neng di le botlhokwa mo botshelong jwa batho di ne di tla tswelela di ntse di tshela.”

Tshireletso Kgatlhanong le Boheitane

Go bonala sentle mo mekwalong e e ribolotsweng eno gore bodumedi jwa kwa Ugarit bo ne bo le maswe tota. The Illustrated Bible Dictionary e akgela jaana: “Mekwalo eno e tlotla ka diphelelo tse di bosula tsa go obamela medimo eno; mme e gatelela ntwa, go dira boaka jo bo boitshepo, keletso ya tlhakanelodikobo le diphelelo tse di maswe tse go dira jalo go nnang le tsone mo setšhabeng.” De Vaux o akgela jaana: “Fa motho a bala maboko ano, o kgona go bona kafa badumedi ba boammaaruri ba ba neng ba dumela mo go Yahweh mmogo le baporofeti ba bagolo ba neng ba ferosiwa sebete ke kobamelo eno ka gone.” Molao o Modimo a neng a o naya setšhaba sa bogologolo sa Iseraele e ne e le tshireletso kgatlhanong le bodumedi jono jwa maaka.

Boitseanape, tepodinaledi le maselamose ke dilo tse di neng di dirwa thata kwa Ugarit. Go ne go batliwa ditshupo e seng mo dilong tse di kwa magodimong fela mme gape le mo ngwaneng yo o segole yo o iseng a tsholwe le mo matennyeng a diphologolo tse di tlhabilweng. Moitsehisitori e bong Jacqueline Gachet o akgela jaana: “Go ne go dumelwa gore phologolo e e neng e ntshediwa modimo setlhabelo, e ne e fetoga selo se le sengwe fela le modimo oo le gore moya wa modimo ono le wa phologolo eo o ne o fetoga moya o le mongwe fela. Ka jalo, ka go bala ditshupo tse di bonwang mo dirweng tseno, motho o ne a kgona go itse gore medimo e batla gore a direng ka gonne e ne e kgona go mmolelela karabo e e itumedisang kgotsa e e sa itumediseng ka isagwe kgotsa gore ke eng se a tshwanetseng go se dira mo maemong a a rileng.” (Le pays d’Ougarit autour de 1200 av.J.C.) Go farologana le seno, Baiseraele bone ba ne ba tshwanetse go tila mekgwa e e ntseng jalo.—Duteronome 18:9-14.

Molao wa ga Moshe o iletsa go robala le phologolo. (Lefitiko 18:23) Mokgwa ono o ne o lejwa jang kwa Ugarit? Mo mekwalong e e ribolotsweng, go bontshiwa gore Baale o ne a robala le kgomo ya moroba. Moithutamarope e bong Cyrus Gordon o bolela jaana: “Fa e le gore go tsewa gore Baale o fetoga poo fa a dira jalo, ga go ka ke ga bolelwa se se tshwanang ka baperesiti ba gagwe ba ba neng ba dira dilo tsa ga Baale.”

Baiseraele ba ne ba laelwa jaana: “Lo se ka lwa itshegaka nama lo itshegakela moya o o suleng.” (Lefitiko 19:28) Le fa go ntse jalo, El o ne a bontsha gore o utlwisitswe botlhoko ke loso lwa ga Baale ka go “itshega letlalo ka thipa, le go itshega nama ka legare; a bo a ikgaola marama le seledu.” Go bonala go ikgobatsa ka tsela e e ntseng jalo e ne e le ngwao mo baobameding ba ga Baale.—1 Dikgosi 18:28.

Go bonala leboko lengwe la kwa Ugarit le supa gore go apaya potsane ka mashi e ne e le ngwao ya tsalo e e neng e atile mo bodumeding jwa Bakanana. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba bolelelwa jaana mo  Molaong wa ga Moshe: “O se ka wa bedisa potsane ka mashi a mmaayone.”—Ekesodo 23:19.

Fa Mekwalo Eno e Bapisiwa le Ditemana Tsa Baebele

Kwa tshimologong, mekwalo ya Se-Ugarit e ne e ranolwa go lebilwe thata Baebele ya Sehebera. Peter Craigie o bolela jaana: “Go na le mafoko a le mantsi a a dirisiwang mo mekwalong ya Sehebera a bokao jwa one bo sa phepafalang sentle, mme ka dinako tse dingwe ga bo itsiwe; baranodi ba ba e ranotseng pele ga lekgolo la bo20 la dingwaga ba ne ba dirisa dilo tse di farologaneng go fopholetsa bokao jwa one. Mme fa one mafoko ano a tlhaga mo mekwalong ya Se-Ugarit, re kgona go a tlhaloganya.”

Ka sekai, lefoko la Sehebera le le dirisitsweng mo go Isaia 3:18 gantsi le ranolwa go twe “meitlamo ya tlhogo.” Lefoko le le tshwanang le lone la Se-Ugarit, lone le raya letsatsi le modimogadi wa letsatsi. Ka jalo, basadi ba kwa Jerusalema yo o umakiwang mo boporofeting jwa ga Isaia ba ka tswa ba ne ba kgabisitswe ka dilonyana tse di neng di kgwageditswe mo go ene tsa sebopego sa letsatsi mmogo le “mekgabisa ya sekangwedi” e le go tlotla medimo ya Bakanana.

Mo go Diane 26:23 mo mekwalong ya Ba-Masora, “dipounama tse di tlhoafetseng mmogo le pelo e e bosula” di bapisiwa le sejana sa letsopa se se manegilweng “manyelo a selefera.” Lefoko la Se-Ugarit lone le dira gore re kgone go ranola mafoko ano re re “lenathwana la sejana sa letsopa le le tshasitsweng seedi se se phatsimang.” Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola seane seno sentle e re “Dipounama tse di tlhoafetseng mmogo le pelo e e bosula di tshwana le selefera e e manegilweng mo kapetleng ya sejana sa letsopa.”

A Ditemana Tsa Baebele di Theilwe mo Mekwalong Eno?

Go sekaseka mekwalo ya Ras Shamra ga bakanoki bangwe go dirile gore ba swetse ka gore ditemana dingwe tsa Baebele di theilwe mo dibukeng tsa maboko a Se-Ugarit. André Caquot, leloko la Setheo sa kwa Fora, a re “bodumedi jwa Baiseraele bo theilwe mo setsong sa Bakanana se se tlhalosiwang ke mekwalo eno.”

Mitchell Dahood wa Setheo sa Baebele sa bo Mopapa sa Roma o akgela jaana malebana le Pesalema 29: “Pesalema eno e tserwe mo sefeleng sa bogologolo sa Bakanana se se neng se opelelwa Baale modimo wa sefefo . . . Mo e ka nnang mafoko otlhe a pesalema eno a tshwana le a a fitlhelwang mo mekwalong ya bogologolo ya Bakanana.” A se ba se buang fano se boammaaruri? Legoka!

Bakanoki bangwe ba ba lebang dilo ka tsela e e lekalekaneng ba a lemoga gore go tshwana ga mangwe a mafoko ano go feteleditswe. Bangwe ba ile ba nyatsa se ba neng ba se bitsa go tsaya gore sengwe le sengwe ke se-Ugarit. Moithutabodumedi e bong Garry Brantley o bolela jaana: “Ga go na temana epe ya Se-Ugarit e e tshwanang le epe ya Pesalema 29 ka botlalo. Ga go na bosupi bope jo bo tshegetsang ntlha ya gore Pesalema 29 (kgotsa mokwalo ope o mongwe wa Baebele) o tserwe mo ditlhamaneng tsa boheitane.”

A lebaka fela la go bo mokwalo wa Baebele o tshwana le wa Se-Ugarit ka dikapuo, tsela ya poko le mokgwa o o tshwanang wa go kwala o o dirisitsweng ke bakwadi le bontsha gore Baebele e tserwe mo go one? Nnyaa, go na le moo, go ka lebelelwa gore e tshwane. The Encyclopedia of Religion e akgela jaana: “Lebaka le le dirang gore mekwalo eno e tshwane ke setso: le mororo Ba-Ugarit le Baiseraele ba ne ba sa tshele mo lefelong le le lengwe fela le ka nako e le nngwe fela, ba ne ba na le setso se se tshwanang se se dirisang mafoko a le mangwe fela mo pokong le mo bodumeding.” Ka jalo, Garry Brantley o konela jaana: “Ga go a siama go gatelela gore ditemana tsa Baebele di theilwe mo bodumeding jwa baheitane fela ka ntlha ya go bo di dirisa puo e e tshwanang.”

La bofelo, go tshwanetse ga elwa tlhoko gore fa go na le tsela epe e mekwalo ya Ras Shamra le ya Baebele e tshwanang ka yone, go tshwana mekwalo fela e seng dilo tsa semoya. Moithutamarope e bong Cyrus Gordon o akgela jaana: “Mekwalo ya Se-Ugarit ga e na melao le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo tse di fitlhelwang mo Baebeleng.” Eleruri, dilo tse e farologanang ka tsone di dintsi thata go gaisa tse e tshwanang ka tsone.

Ga go pelaelo gore dipatlisiso tse di dirwang kwa Ugarit di tla tswelela di thusa baithuti ba Baebele go tlhaloganya setso, hisitori le bodumedi jwa bakwadi ba Baebele le jwa setšhaba sa Bahebera ka kakaretso. Go sekaseka mekwalo ya Ras Shamra go tswelela pele, gape go ka nna ga ba thusa go tlhaloganya Sehebera sa bogologolo ka tsela e ntšha. Le fa go ntse jalo, selo se se botlhokwa ke gore dilo tse di ribolotsweng ke baithutamarope kwa Ugarit di tlhomolola kafa kobamelo e e itshekologileng ya ga Baale e farologanang ka gone le kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 “Ba-Sea People” gantsi ba itsiwe e le bakgweetsi ba dikepe ba ba tswang kwa ditlhaketlhakeng tsa Mediterranean le dinaga tse di fa dintshing tsa lewatle. Bafilisitia ba ka tswa e ne e le bangwe ba bone.—Amose 9:7.

^ ser. 10 Le mororo batho ba na le megopolo e e farologaneng kaga seno, bangwe ba re tempele ya ga Dagane ke tempele ya ga El. Roland de Vaux, mokanoki wa Mofora e bile e le porofesa kwa Sekolong sa Jerusalema sa Dithuto Tsa Baebele a re Dagane—e leng Dagone wa Baatlhodi 16:23 le 1 Samuele 5:1-5—ke leinatota la ga El. The Encyclopedia of Religion e bolela gore gongwe “Dagane o ne a amanngwa ka tsela nngwe le [El] kgotsa e ne e le ene ka boene.” Mo mekwalong ya Ras Shamra, Baale o bidiwa morwa Dagane, mme bokao jwa lefoko “morwa” ga bo kgone go tlhomamisiwa fano.

[Mafoko a a mo go tsebe 25]

Dilo tse di ribolotsweng ke baithutamarope kwa Ugarit di dirile gore re tlhaloganye Dikwalo botoka

[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Mmusomogolo wa Bahite mo lekgolong la bo14 la dingwaga B.C.E.

LEWATLE LA MEDITERRANEAN

Euferatese

MT. CASIUS (JEBEL EL-AGRA)

Ugarit (Ras Shamra)

Tell Sukas

Orontes

SYRIA

EGEPETO

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Statuette of Baal and rhyton in the shape of an animal’s head: Musée du Louvre, Paris; painting of the royal palace: © D. Héron-Hugé pour “Le Monde de la Bible”

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Matlotla a botseno jwa ntlo ya segosi

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Leboko la ditlhamane tsa kwa Ugarit le ka re thusa go tlhaloganya Ekesodo 23:19

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musée du Louvre, Paris

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Sefikantswe sa ga Baale

Sejana sa gauta se se bontshang batho ba tsoma

Sekhurumelo sa lebokoso la ditlolo tsa go itshasa sa lona- ka lwa tlou se se bontshang modimogadi wa tsalo

[Motswedi wa Setshwantsho]

All pictures: Musée du Louvre, Paris