Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tshwanetse go Leba Batho Jang fa Letsatsi la ga Jehofa le Ntse le Atamela?

Re Tshwanetse go Leba Batho Jang fa Letsatsi la ga Jehofa le Ntse le Atamela?

 Re Tshwanetse go Leba Batho Jang fa Letsatsi la ga Jehofa le Ntse le Atamela?

“Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, . . . mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.”—2 PETERE 3:9.

1, 2. (a) Jehofa o leba batho jang gompieno? (b) Ke dipotso dife tse re ka ipotsang tsone?

BATLHANKA ba ga Jehofa ba na le boikarabelo jwa go ‘dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.’ (Mathaio 28:19) Fa re ntse re dira tiro eno le go letela “letsatsi le ga Jehofa,” re tshwanetse go leba batho kafa a ba lebang ka teng. (Sefania 1:14) O ba leba jang? Moaposetoloi Petere a re: “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Modimo o leba motho mongwe le mongwe e le yo o ka ikwatlhayang. ‘Thato ya gagwe ke gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.’ (1 Timotheo 2:4) Jehofa o a itumela fa ‘motho yo o boikepo a boa mo tseleng ya gagwe mme a tswelele a tshela’!—Esekiele 33:11.

2 A rona ka borona re leba batho ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone? Jaaka ene, a re tsaya batho ba lotso longwe le longwe le setšhaba sengwe le sengwe e le ba ba ka nnang “dinku tsa mafulo a gagwe”? (Pesalema 100:3; Ditiro 10:34, 35) A re sekaseke dikai di le pedi tse di bontshang botlhokwa jwa go leba dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone. Mo dikaing tseno ka bobedi,  go ne go tlile go senngwa metse mengwe, mme batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba tlhagisiwa go sa le pele. Dikai tseno di botlhokwa segolobogolo fa re ntse re letetse letsatsi le legolo la ga Jehofa.

Aborahame O ne A Leba Dilo Jaaka Jehofa

3. Jehofa o ne a leba batho ba Sodoma le Gomora ka tsela efe?

3 Sekai sa ntlha ke sa tlhogo ya lotso e e ikanyegang e bong Aborahame le metse e e boikepo ya Sodoma le Gomora. Fa Jehofa a ne a utlwa “selelo sa ngongorego kaga Sodoma le Gomora,” o ne a se ka a itlhaganelela go fedisa metse eo le baagi ba yone. O ne a simolola pele ka go dira dipatlisiso. (Genesise 18:20, 21) Go ne ga romelwa baengele ba le babedi kwa Sodoma, ba ba neng ba fitlha ba nna kwa ntlong ya monna yo o siameng e bong Lote. Mo bosigong jo baengele ba gorogileng ka jone, “banna ba motse, . . . ba dikanyetsa ntlo, go simolola ka mosimane go fitlha ka monnamogolo, batho botlhe ba le segopa se le sengwe,” ba batla go tlhakanela dikobo ka tsela ya bosodoma le baengele. Ga go pelaelo gore baagi ba motse oo ba ne ba tshwanelwa ke go fedisiwa ka ntlha ya boitshwaro jwa bone jo bo maswe. Le fa go ntse jalo, baengele ba ne ba raya Lote ba re: “A o na le ope yo mongwe fano? Mogwe le bomorwao le bomorwadio le botlhe ba e leng ba gago mo motseng, ba ntshe mo lefelong leno!” Jehofa o ne a bula tsela ya go namola bangwe ba baagi ba motse oo, le fa go ntse jalo, kwa bofelong, ke Lote le bomorwadie ba babedi ba ba neng ba falola tshenyego eo.—Genesise 19:4, 5, 12, 16, 23-26.

4, 5. Ke eng fa Aborahame a ile a kopa Jehofa gore a akanyetse batho ba Sodoma, mme a tsela e a neng a leba batho ba teng ka yone e ne e dumalana le e Jehofa a neng a ba leba ka yone?

4 A jaanong re boele morago kwa nakong ya fa Jehofa a ne a senola boikaelelo jwa gagwe jwa go tlhatlhoba metse ya Sodoma le Gomora. Ke ka nako eo Aborahame a ileng a ikuela jaana: “A re tseye gore go na le batho ba le masome a matlhano ba ba siameng mo gare ga motse. A o tla ba gogola o sa itshwarele lefelo leo ka ntlha ya ba ba masome a matlhano ba ba siameng ba ba mo teng ga one? O ka se ka wa dira ka mokgwa ono go bolaya motho yo o siameng le yo o boikepo gore go direge ka motho yo o siameng jaaka go direga ka moikepi! O ka se ka wa dira jalo. A Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a tle go dira se se siameng?” Aborahame o ne a dirisa gabedi mafoko a a reng “o ka se ka wa dira jalo.” Go ya kafa Aborahame a neng a itse Jehofa ka teng o ne a itse gore o ne a ka se fedise basiami mmogo le baikepi. Fa Jehofa a ne a bolela gore o ne a ka se nyeletse Sodoma fa go ne go na le “batho ba le masome a matlhano ba ba siameng mo gare ga motse,” Aborahame  o ne a nna a fokotsa palo eo go fitlha e fitlha go lesome fela.—Genesise 18:22-33.

5 A Jehofa o ne a ka bo a reeditse kopo ya ga Aborahame fa e ne e sa dumalane le tsela e a lebang dilo ka yone? O ne a ka se dire jalo. E re ka Aborahame e ne e le “tsala ya ga Jehofa,” go bonala a ne a itse tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone mme le ene o ne a di leba ka yone tsela eo. (Jakobe 2:23) Fa Jehofa a ne a lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa Sodoma le Gomora, o ne a iketleeleditse go sekegela kopo ya ga Aborahame tsebe. Ka ntlha yang? Ka gonne Rraarona wa selegodimo “ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.”

Tsela e Jona a Neng a Leba Batho ka Yone E ne E Farologane Thata

6. Baninife ba ile ba tsibogela molaetsa wa ga Jona jang?

6 Jaanong akanya ka sekai sa bobedi—sa ga Jona. Mo sekaing seno, motse o o neng o tlile go senngwa e ne e le wa Ninife. Moporofeti Jona o ne a laelwa gore a bolele molaetsa wa gore boikepo jwa motse oo bo ne ‘bo tlile fa pele ga Jehofa.’ (Jona 1:2) Motse wa Ninife e ne e le motse o mogolo, go akaretsa le metse e e bapileng le one, “o na le sekgala sa go ka tsamaiwa malatsi a mararo.” Fa kgabagare Jona a ikobela taelo e a neng a e neilwe mme a tsena kwa Ninife, o ne a nna a bolela jaana: “Go setse malatsi a le masome a manè fela, mme Ninife o tla ribegediwa.” Ka ntlha ya seo “banna ba Ninife ba simolola go dumela mo Modimong, mme ba bolela gore go itingwe dijo ba bo ba apara letsela la kgetsi.” Tota le kgosi ya Ninife e ne ya ikwatlhaya.—Jona 3:1-6.

7. Jehofa o ile a leba jang boikutlo jwa Baninife jwa go ikwatlhaya?

7 Ba ne ba farologane tota le batho ba Sodoma! Jehofa o ne a leba Baninife bao ba ba ikwatlhaileng jang? Jona 3:10 ya re: “Modimo wa boammaaruri a ikwatlhaela masetlapelo a a neng a buile gore o tla a ba tlisetsa; mme a se ka a a tlisa.” Jehofa o ne ‘a ikwatlhaya’ ka tsela ya gore o ne a fetola tsela e a neng a tlile go dirisana le Baninife ka yone ka gonne ba ile ba fetola ditsela tsa bone. Jehofa o ne a se ka a fetola melao ya gagwe, mme gone, o ne a fetola tshwetso ya gagwe ka a ne a lemoga gore Baninife ba a ikwatlhaya.—Malaki 3:6.

8. Ke eng fa Jona a ile a kgopisega?

8 Fa Jona a lemoga gore Ninife o ne a se kitla a senngwa, a o ne a leba dilo ka tsela e Jehofa a neng a di leba ka yone? Nnyaa, ka gonne re bolelelwa jaana: “Le fa go ntse jalo mo go Jona, go ne go sa itumedise ka gope, mme a tuka bogale.” Jona o ne a dira eng gape? Pego ya re: “A rapela Jehofa mme a re: ‘Ao tlhe Jehofa, a seno e ne e se se ke tshwenyegang ka sone, fa ke ne ke le mo lefatsheng la me? Ke gone ka moo ke neng ka tshabela kwa Tareshishe; gonne ke ne ke itse gore o Modimo yo o pelontle le yo o kutlwelobotlhoko, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato, le yo o ikwatlhaelang masetlapelo.’” (Jona 4:1, 2) Jona o ne a itse dinonofo tsa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ka nako eo moporofeti yono o ne a kgopisega mme o ne a sa batle go leba baagi ba ba ikwatlhaileng ba Ninife ka tsela e Modimo a neng a ba leba ka yone.

9, 10. (a) Ke thuto efe e Jehofa a neng a e ruta Jona? (b) Ke eng fa re ka bolela gore Jona o ile a feleletsa a leba Baninife go ya ka tsela e Jehofa a neng a ba leba ka yone?

9 Jona o ne a tswa mo motseng wa Ninife, a aga loobo, mme a nna mo moriting wa lone “go fitlha  a bona se se tla diragalelang motse.” Jehofa o ne a letla semela sa segwana go gola gore se tle se direle Jona moriti. Le fa go ntse jalo, mo letsatsing le le latelang, semela seno se ne sa omelela. Fa Jona a galefisiwa ke seo, Jehofa o ne a re: “Wena, o ne wa utlwela semela sa segwana botlhoko . . . Mme nna, a ga ke a tshwanela go utlwela Ninife botlhoko motse o mogolo, o go nang le batho ba ba fetang dikete di le lekgolo le masome a mabedi mo go one ba gotlhelele ba sa itseng pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema, re sa bale diruiwa tse dintsi?” (Jona 4:5-11) A thuto e e botlhokwa ruri mo go Jona malebana le tsela e Jehofa a lebang batho ka yone!

10 Ga go tlhalosiwe gore Jona o ile a tsibogela jang mafoko a Modimo a go utlwela batho ba Ninife botlhoko. Le fa go ntse jalo, go bonala moporofeti yono a ile a fetola tsela e a neng a leba Baninife ba ba ikwatlhaileng ka yone. Re lemoga seno mo kgannyeng ya gore Jehofa o ile a mo dirisa go kwala pego eno e e tlhotlheleditsweng.

O na Le Boikutlo jo bo Ntseng Jang?

11. Aborahame o ne a ka leba batho ba gompieno jang?

11 Gompieno re lebane le tshenyego e nngwe gape—ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo ka nako ya letsatsi le legolo la ga Jehofa. (Luke 17:26-30; Bagalatia 1:4; 2 Petere 3:10) Aborahame o ne a tla leba jang batho ba lefatshe leno le le tlogang le senngwa? Go ka direga gore o ne a tla tshwenyega ka batho ba ba iseng ba utlwe ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Mathaio 24:14) Aborahame o ne a kopa Modimo gangwe le gape go akanyetsa basiami ba ba ka tswang ba ne ba le gone kwa Sodoma. A le rona re amegile ka batho ba ba ka nnang ba tlogela ditsela tsa lefatshe leno le le laolwang ke Satane fa ba ka newa tshono ya go ikwatlhaya le go direla Modimo?—1 Johane 5:19; Tshenolo 18:2-4.

12. Ke eng fa go le motlhofo gore re lebe batho ba re kopanang le bone mo bodireding ka tsela e Jona a neng a leba dilo ka yone, mme ke eng se re ka se dirang ka kgang eno?

12 Ga go phoso go eletsa gore boikepo bo fedisiwe. (Habakuke 1:2, 3) Le fa go ntse jalo, go motlhofo gore re nne le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Jona, jwa go se tshwenyege ka batho ba ba ka nnang ba ikwatlhaya. Go ka nna jalo segolobogolo fa re nna re kopana le batho ba ba sa kgatlhegeng, ba ba re ganetsang, kana ba ba re tlhaselang fa re ba etela kwa magaeng a bone ka molaetsa wa Bogosi. Re ka nna ra tlhokomologa batho ba Jehofa a sa ntseng a tla ba phutha go falola tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (Baroma 2:4) Fa morago ga go itshekatsheka re lemoga gore le rona re na le boikutlo jo bo tshwanang le jo Jona a neng a na le jone kwa tshimologong ka Baninife, re ka rapela Jehofa gore a re thuse go leba dilo ka tsela e ene a di lebang ka yone.

13. Ke eng fa re ka re Jehofa o amega ka batho gompieno?

13 Jehofa o amega ka batho ba ba iseng ba simolole  go mo direla, mme o reetsa boikuelo jwa batho ba ba ineetseng mo go ene. (Mathaio 10:11) Ka sekai, o tla araba dithapelo tsa bone ka go “dira gore ba direlwe tshiamiso.” (Luke 18:7, 8) Mo godimo ga moo, Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso le maikaelelo otlhe a gagwe ka nako ya gagwe e e tshwanetseng. (Habakuke 2:3) Seno se tla akaretsa go fedisa boikepo jotlhe mo lefatsheng, fela jaaka a ile a nyeletsa Ninife fa baagi ba teng ba sena go boa ba nna boikepo gape.—Nahume 3:5-7.

14. Ke eng se re tshwanetseng ra bo re se dira fa re ntse re letile letsatsi le legolo la ga Jehofa?

14 A re tla nna re letile Jehofa ka bopelotelele, re tshwaregile ka go dira thato ya gagwe go fitlha tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e fedisiwa ka nako ya letsatsi la gagwe le legolo? Ga re itse sentle gore dikgang tse di molemo di sa ntse di tla rerwa ka selekanyo se se kana kang pele ga letsatsi la ga Jehofa le fitlha, mme gone re itse gore pele ga bokhutlo bo tla, dikgang tse di molemo tsa Bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le baagi go fitlha Modimo a kgotsofala. Mme ruri re tshwanetse go amega ka “dilo tse di eletsegang” tse di sa ntseng di tshwanelwa ke go phuthwa jaaka fa Jehofa a tswelela a tlatsa ntlo ya gagwe ka kgalalelo.—Hagai 2:7.

Ditiro Tsa Rona di ka Bontsha Boikutlo Jwa Rona

15. Ke eng se se ka godisang kanaanelo ya rona ka tiro ya go rera?

15 Gongwe re nna mo motseng o bontsi jwa batho ba one ba sa kgatlhegeleng tiro ya go rera mme ga re kgone go fudugela kwa lefelong le go tlhokegang baboledi ba Bogosi ba le bantsi kwa go lone. A re re gongwe go na le batho ba le lesome mo tshimong ya rona ba ba ka bonwang pele ga bokhutlo bo tla. A re akanya gore re tshwanetse go nna re bereka tshimo ya rona ka ntlha ya batho bano ba ba lesome? Jesu o ne a ‘tlhomogela batho pelo’ “ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Ka go ithuta Baebele le go bala ditlhogo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka kelotlhoko, re ka kgona go nna le temogo ka maemo a a sa itumediseng a lefatshe leno. Mme seo se ka godisa kanaanelo ya rona ka botlhokwa jwa go rera dikgang tse di molemo. Mo godimo ga moo, fa ka kanaanelo re dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse re di newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” seo se tla re thusa gore re se ka ra lapa go rera mo tshimong e e boaboelediwang.—Mathaio 24:45-47; 2 Timotheo 3:14-17.

16. Re ka dira eng go oketsa matswela a re nnang le one mo bodireding?

16 Go amega ka batho ba ba ka nnang ba tsibogela molaetsa wa Baebele o o nayang botshelo go re tlhotlheletsa go dirisa dinako le ditsela tse di farologaneng go bua le beng ba matlo mo bodireding. A re fitlhela gore bontsi jwa batho ga ba yo mo magaeng fa re ba etela? Fa go le jalo, re ka nna ra kgona go oketsa matswela a bodiredi jwa rona ka go fetofetola mafelo le dinako tse re dirang tiro ya rona ya go rera ka tsone. Batshwari ba ditlhapi ba ya go tshwara ditlhapi ka nako e ba ka kgonang go di tshwara ka yone. A re ka dira se se tshwanang le mo tirong ya rona ya go tshwara ditlhapi ka tsela ya semoya? (Mareko 1:16-18) Ke eng fa o sa leke go neela bosupi jwa maitseboa le ka thelefouno koo go letleletsweng teng? Bangwe ba ile ba fitlhela gore mafelo a go phaka dikoloi, a dilori kana a ditekesi di emang mo go one, a go tshelwang peterolo mo go one le mabenkele, ke ‘mafelo a go tshwara ditlhapi’ a a nang le matswela. Gape go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Aborahame go bonala fa re neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo fa tshono e tlhaga.

17. Re ka kgothatsa barongwa le batho ba bangwe ba ba direlang kwa dinageng tse dingwe ka ditsela dife?

17 Batho ba le bantsi ga ba ise ba utlwe molaetsa wa Bogosi. Mo godimo ga tiro ya rona ya go rera, a re ka bontsha gore re amega ka batho ba ba ntseng jalo tota le fa re le mo matlong a rona? Ee, a re itse morongwa mongwe kana modiredi mongwe wa tirelo ya nako e e tletseng yo o abetsweng kwa nageng e sele? Fa go le jalo, re ka nna ra mo kgothatsa fa re mo kwalela lekwalo le le bontshang gore re anaanela tiro ya gagwe. Seo se ka bontsha jang gore re amegile ka batho ka kakaretso? Lekwalo la rona la go kgothatsa le go akgola morongwa yono le ka mo nonotsha go tswelela ka kabelo ya gagwe, mme ka gone seo sa thusa batho ba le bantsi go nna le tshono ya go itse boammaaruri. (Baatlhodi 11:40) Gape re ka rapelela barongwa le batho ba dinaga tse dingwe ba ba nyoretsweng boammaaruri. (Baefeso 6:18-20) Tsela e  nngwe ya go bontsha go amega ke ka go ntsha meneelo ya tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa.—2 Bakorintha 8:13, 14; 9:6, 7.

A o Ka Kgona go Fuduga?

18. Ke eng se Bakeresete bangwe ba ileng ba se dira go tsweletsa pele ditiro tsa Bogosi mo nageng e ba nnang mo go yone?

18 Batho ba ba ileng ba fudugela kwa mafelong a go tlhokegang baboledi ba Bogosi thata kwa go one ba ile ba segofalediwa matsapa a bone a go intsha setlhabelo. Le fa go ntse jalo, Basupi ba bangwe ba ga Jehofa ba ile ba ithuta dipuo di sele ba ntse ba le mo dinageng tsa bone gore ba thuse batho ba ba fudugetseng mo dinageng tsa bone semoyeng. Maiteko a a ntseng jalo a ile a duelwa tota. Ka sekai, Basupi ba le supa ba ba neng ba thusa batho ba ba tswang kwa China kwa motseng wa Texas, U.S.A., ba ile ba amogela batho ba le 114 ba ba neng ba tlile moketeng wa Sejo sa Morena sa Maitseboa ka 2001. Batho ba ba thusang ditlhopha tse di ntseng jalo ba ile ba fitlhela ditshimo tsa bone di siametse go ka rojwa.—Mathaio 9:37, 38.

19. Ke eng se go leng molemo gore motho a se dire fa a akanyetsa go fudugela kwa nageng e sele go ya go tsweletsa pele tiro ya go rera ka Bogosi teng?

19 Gongwe wena le lelapa la gago lo akanya gore lo ka kgona go fudugela kwa lefelong le go tlhokegang bareri ba Bogosi thata kwa go lone. Ke boammaaruri gore, go molemo go ‘nna fa fatshe lo bale ditshenyegelo’ pele. (Luke 14:28) Seno se botlhokwa thata fa lo akanyetsa go fudugela kwa nageng e sele. Motho ope fela yo o akanyetsang seo o tshwanetse go ipotsa dipotso tse di jaaka tseno: “A ke tla kgona go tlhokomela lelapa la me? A ke tla kgona go bona ditlankana tsa mosepele tse di batlegang? A ke setse ke kgona go bua puo ya naga eo, kana a ke iketleeleditse go e ithuta? A ke akanyeditse maemo a bosa le ditlwaelo tsa teng? A ruri ke tla nna ‘thuso e e nonotshang’ badumedikanna ba naga eo, e seng go nna mokgweleo mo go bone?” (Bakolosa 4:10, 11) Fa o akanyetsa go fudugela kwa nageng nngwe, ka metlha go molemo gore o kwalele ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e okametseng tiro ya go rera ya naga eo, gore o tle o itse gore e tlhoka baboledi go le kana kang. *

20. Mokeresete mongwe yo mosha o ile a oketsa jang seabe sa gagwe mo tirong ya go thusa badumedikaene le batho ba bangwe kwa nageng e sele?

20 Mokeresete mongwe yo o neng a nna le seabe mo go agiweng ga Diholo Tsa Bogosi kwa Japane o ne a utlwalela gore go ne go tlhokega badiri ba ba nang le kitso ya kago go aga mafelo a kobamelo kwa Paraguay. E re ka a ne a sa nyala e bile a sa ntse a na le matlhagatlhaga a bosha, o ne a fudugela kwa nageng eo mme a fetsa dikgwedi tse robedi e le ene fela modiri wa nako e e tletseng mo tirong eo ya kago. Fa a le koo o ne a ithuta Sepanishe mme a kgona go tshwara dithuto tsa Baebele. O ne a kgona go bona gore go tlhokega baboledi ba Bogosi ba le bantsi kwa nageng eo. Le mororo a ile a boela kwa Japane, go ise go ye kae o ne a boela gape kwa Paraguay mme a thusa go phuthela batho mo go yone Holo eo ya Bogosi.

21. Selo sa botlhokwa se re tshwanetseng go amega thata ka sone fa re ntse re letetse letsatsi le legolo la ga Jehofa ke sefe?

21 Modimo o tla tlhomamisa gore tiro ya go rera e dirwa ka botlalo go dumalana le thato ya gagwe. Gompieno o akofisa tiro ya bofelo ya thobo ya semoya. (Isaia 60:22) Ka gone, fa re ntse re letetse letsatsi la ga Jehofa, a re nneng le seabe ka tlhoafalo mo tirong ya thobo mme re lebe batho ka tsela e Modimo wa rona yo o lorato a ba lebang ka yone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 19 Ga se ka metlha go leng molemo go fudugela ka bowena fela kwa nageng e tiro ya go rera e ileditsweng le go thibelwa gone. Go dira jalo go ka nna ga ba ga baya baboledi ba Bogosi ba ba rerang ka kelotlhoko kwa nageng eo mo kotsing.

A o A Gakologelwa?

Re tshwanetse go leba batho jang fa re ntse re letetse letsatsi la ga Jehofa?

Aborahame o ne a na le pono efe ka basiami ba ba ka tswang ba ne ba le gone kwa Sodoma?

Jona o ne a na le pono efe ka Baninife ba ba neng ba ikwatlhaile?

Re ka bontsha jang gore re leba batho ba ba iseng ba utlwe dikgang tse di molemo ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Aborahame o ne a leba batho go ya kafa Jehofa a ba lebang ka teng

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jona o ne a simolola go leba Baninife ba ba ikwatlhaileng go ya ka tsela e Jehofa a neng a ba leba ka yone

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Go amega ka batho go re tlhotlheletsa go akanyetsa go dirisa dinako le ditsela tse di farologaneng go rera dikgang tse di molemo