Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Nnang le Lorato Lwa Mmatota ka Teng

Kafa o ka Nnang le Lorato Lwa Mmatota ka Teng

 Kafa o ka Nnang le Lorato Lwa Mmatota ka Teng

“Lorato ke makgonatsotlhe mo botshelong; lorato ke botshelo.”—Living to Purpose ya ga Joseph Johnson, 1871.

MOTHO o ithuta jang go bontsha lorato? Ka go ithuta thutotlhaloganyo? Ka go bala dibuka tse di nayang batho dikgakololo? Ka go lebelela dibaesekopo tsa marato? Nnyaa. Batho ba ithuta go bontsha lorato mo sekaong le mo thapisong ya batsadi ba bone. Bana ba tla ithuta bokao jwa lorato fa ba tshela le batho ba ba bontshang lorato, ba bona batsadi ba bone ba ba fepa le go ba sireletsa, ba bua le bone e bile ba ba kgatlhegela tota. Gape ba ithuta go bontsha lorato fa batsadi ba bone ba ba ruta go dirisa melaometheo e e molemo ya se se siameng le se se sa siamang.

Lorato lwa mmatota ga se fela go tseega maikutlo. Ka metlha lo direla ba bangwe molemo le fa ka nako eo ba sa tlhaloganye botlhokwa jwa lone, jaaka gantsi bana ba sa tlhaloganye fa ba otlhaiwa ka lorato. Mmopi ka boene ke sekao se se itekanetseng sa motho yo o bontshang lorato lo lo se nang bopelotshetlha. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Morwaaka, o se ka wa nyenyefatsa kotlhao e e tswang kwa go Jehofa, le gone o se ka wa felelwa ke thata fa a go kgalemela; gonne yo Jehofa a mo ratang o a mo otlhaya.”—Bahebera 12:5, 6.

Batsadi, lo ka etsa Jehofa jang mo tseleng e lo bontshang ba malapa a lona lorato ka yone? Mme sekao se lo se tlhomang mo kamanong ya lona jaaka monna le mosadi se botlhokwa go le kana kang?

Ruta Bana Lorato ka go Tlhoma Sekao

Fa o le monna, a o tseela mosadi wa gago kwa godimo, kgotsa o mo tsaya a le tlhwatlhwakgolo, e bile o mo tshwara ka tsela e e bontshang gore o a mo tlotla? Fa o le mosadi, a o rata monna wa gago le go mo ema nokeng? Baebele ya re monna le mosadi ba tshwanetse go ratana le go tlotlana. (Baefeso 5:28; Tito 2:4) Fa ba dira jalo, bana ba bone ba iponela ka bobone kafa lorato lwa Bokeresete lo bontshiwang ka teng. Eo e ka nna thuto e e maatla le e e botlhokwa tota!

Gape batsadi ba rotloetsa lorato mo gae fa ba dirisa ditekanyetso tse di kwa godimo mo lelapeng mo dilong tse di tshwanang le boitlosobodutu, boitsholo, mekgele le dilo tse di tsewang e le tsa botlhokwa. Mo lefatsheng lotlhe batho ba lemogile gore Baebele e thusa thata go tlhoma ditekanyetso tse di ntseng jalo tsa lelapa, mme seo e le bosupi jwa mmatota jwa gore eleruri Baebele e “tlhotlheleditswe ke Modimo e bile [e] tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo.” (2 Timotheo 3:16) Batho ba bantsi ba tsaya gore ga go na sepe se se gaisang melaometheo  ya boitsholo le kaelo ya botshelo e e fitlhelwang fela mo Therong ya kwa Thabeng.—Mathaio, kgaolo 5 go ya go 7

Fa lelapa lotlhe le batla kaelo kwa Modimong e bile le dirisa melao ya gagwe, mongwe le mongwe o ikutlwa a sireletsegile mme bana ba ka gola ba rata batsadi ba bone e bile ba ba tlotla. Mme fa lelapa le na le melao e e fetofetogang, e e sa tshwanelang kgotsa e e sa gagamalang, seno se ka nna sa dira gore bana ba galefe mme ba tsuologe.—Baroma 2:21; Bakolosa 3:21.

Go tweng ka batsadi ba ba nosi? A ba ka se kgone go ruta bana ba bone lorato? Nnyaa ga go reye jalo. Le fa go se na sepe se se ka emisetsang go dirisana mmogo ga ga rre le mmè, go lemogilwe gore fa maloko a lelapa a dirisana ka tsela e e molemo, seo se ka emisetsa motsadi yo o seyong. Fa o le motsadi yo o nosi, leka ka natla go dirisa melaometheo ya Baebele mo lelapeng la gago. Tota e bile, seane sengwe sa re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago”—go akaretsa le tselana ya go nna motsadi.—Diane 3:5, 6; Jakobe 1:5.

Basha ba bantsi ba ba nang le boitsholo jo bontle ba godisitswe mo malapeng a motsadi yo o nosi mme jaanong ba direla Modimo ka boikanyego mo diphuthegong tsa Bokeresete tsa Basupi ba ga Jehofa di le diketekete mo lefatsheng lotlhe. Seno ke bosupi jwa gore le batsadi ba ba nosi ba ka atlega fa ba ruta bana ba bone lorato.

Kafa Botlhe ba ka Nnang le Lorato ka Teng

Baebele e ne ya bolelela pele gore ‘metlha ya bofelo’ e ne e tla bonala ka go tlhokega ga “lorato lwa tlholego,” ke gore, go tlhoka kamano ya tlholego e ka tlwaelo maloko a lelapa a nang le yone. (2 Timotheo 3:1, 3) Le fa go ntse jalo, le batho ba ba ka tswang ba goletse mo malapeng a a neng a se na lorato ba ka ithuta go bontsha lorato. Jang? Ka go ithuta mo go Jehofa yo e leng ene Motswedi wa lorato e bile a lo bontsha batho botlhe ba ba tlang kwa go ene ka pelo yotlhe. (1 Johane 4:7, 8) Mopesalema mongwe o ne a re: “Fa rre le mme ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.”—Pesalema 27:10.

Jehofa o re bontsha lorato ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng. Ditsela tseno di akaretsa kaelo ya gagwe jaaka rre e re e fitlhelang mo Baebeleng, thuso ya moya o o boitshepo le tshegetso e e lorato ya bakaulengwe ba Bakeresete. (Pesalema 119:97-105; Luke 11:13; Bahebera 10:24, 25) Sekaseka kafa ditsela tseno tse a re bontshang lorato ka tsone di ka go thusang ka teng gore o godise tsela e o ratang Modimo le moagelani ka yone.

Kaelo e e Tlhotlheleditsweng ya Rre

Gore re nne le botsalano jo bo lorato le mongwe, re tshwanetse go itse motho yoo sentle. Jehofa o re kopa gore re mo atamele ka go re itshenolela mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, go bala Baebele ga go a lekana. Re tshwanetse go dirisa se e se rutang mme re solegelwe molemo ke go dira jalo. (Pesalema 19:7-10) Isaia 48:17 ya re: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.” Ee, Jehofa, yo ka boene e leng lorato, o re ruta gore re solegelwe molemo—e seng ka gonne a batla go kgoreletsa kgololesego ya rona ka melao le ditao tse di sa tlhokegeng.

Kitso ya boammaaruri ya Baebele le yone e re thusa go rata batho ba bangwe. Seno se direga ka gonne boammaaruri jwa Baebele bo re ruta kafa Modimo a lebang batho ka teng e bile bo re bontsha melaometheo e re tshwanetseng go e latela  fa re dirisana le ba bangwe. Fa re na le tshedimosetso eo, re na le lebaka le le utlwalang la go rata moagelani. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Seno ke se ke tswelelang ke se rapelela, gore lorato lwa lona lo tote fela thata ka kitso ya boammaaruri le temogo e e tletseng.”—Bafilipi 1:9.

Go tshwantsha kafa lorato lo ka bontshiwang ka teng ka tshwanelo ka “kitso ya boammaaruri,” sekaseka boammaaruri jo bo kwadilweng mo go Ditiro 10:34; 35: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” Fa e le gore Modimo o atlhola batho go ya ka ditiro tsa bone tse di siameng le poifo ya bomodimo, e seng go ya ka morafe wa bone kgotsa ka lotso lwa bone, a ga re a tshwanela go leba batho ba bangwe ka tsela e e ntseng jalo e e se nang tlhaolele?—Ditiro 17:26, 27; 1 Johane 4:7-11, 20, 21.

Lorato ke Leungo la Moya wa Modimo

Fela jaaka pula e e nang ka nako e e tshwanetseng mo tshingwaneng ya maungo e dira gore go nne le thobo e kgolo, moya wa Modimo o ka dira gore batho ba ba o amogelang ba nne le se Baebele e se tlhalosang e re ke “maungo a moya.” (Bagalatia 5:22, 23) La ntlha mo maungong ano ke lorato. (1 Bakorintha 13:13) Mme gone, re ka nna jang le moya wa Modimo? Tsela ya botlhokwa ke ka thapelo. Fa re rapelela moya wa Modimo, o tla re o naya. (Luke 11:9-13) A o ‘nna o kopa’ moya o o boitshepo? Fa o dira jalo, maungo a one a a molemo, a a akaretsang lorato, a tshwanetse go bonala thata mo botshelong jwa gago.

Le fa go ntse jalo, go na le mofuta o mongwe wa moya o o kgatlhanong le moya wa Modimo. Baebele e o bitsa “moya wa lefatshe.” (1 Bakorintha 2:12; Baefeso 2:2) Ke tlhotlheletso e e bosula, mme o tswa mo go Satane Diabolo, “mmusi wa lefatshe leno” la batho ba ba kgaoganeng le Modimo. (Johane 12:31) Jaaka phefo e e tsosang lerole le matlakala, “moya wa lefatshe” o tsosa dikeletso tse di senyang lorato le tse di kgotsofatsang makoa a nama.—Bagalatia 5:19-21.

Batho ba nna le moya oo o o bosula fa ba itlogelela gore ba tlhotlhelediwe ke moya wa go rata dikhumo le wa bopelotshetlha, mekgwa ya thubakanyo le pono e e tlwaelegileng thata mo lefatsheng e e sokameng le e e kgopameng malebana le lorato. Fa o batla go nna le lorato lwa mmatota, o tshwanetse go gana moya wa lefatshe ka tlhomamo. (Jakobe 4:7) Le fa go ntse jalo, o se ka wa ikanya nonofo ya gago; o kope Jehofa gore a go thuse. Moya wa gagwe, o e leng maatla a a nonofileng go feta otlhe mo lobopong lotlhe, o ka go nonotsha mme wa dira gore o atlege.—Pesalema 121:2.

Ithute Lorato mo Bakaulengweng ba Bakeresete

Fela jaaka bana ba ithuta go bontsha lorato ka go lo bona kwa gae, rotlhe, bannye le bagolo, re ka nna le lorato ka go ikopanya le Bakeresete ba bangwe. (Johane 13:34, 35) Eleruri, nngwe ya ditiro tsa konokono tsa phuthego ya Bokeresete ke go dira gore go nne le tikologo e mo go yone batho ba ka ‘tlhotlheletsanang mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’—Bahebera 10:24.

Lorato lo lo ntseng jalo lo anaanelwa thata ke  batho ba ba ka tswang ba “sotlegile e bile ba gasame” mo lefatsheng le le re dikologileng le le se nang lorato. (Mathaio 9:36) Go lemogilwe gore fa motho a nna le botsalano jo bo lorato le batho fa a setse a godile, seno se ka fedisa bontsi jwa ditlamorago tse di sa siamang tsa go sa bontshiwe lorato a sa le monnye. Ka jalo go botlhokwa thata gore Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba amogele ka lorato batho ba basha ba ba simololang go kopanela le bone!

“Lorato Ga lo Ke lo Fela”

Baebele ya re “lorato ga lo ke lo fela.” (1 Bakorintha 13:8) Ka tsela efe? Moaposetoloi Paulo a re: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Go bonala sentle gore lorato lono ga se selo se se ikakanyediwang fela kgotsa go tseega maikutlo fela. Go fapaana le moo—batho ba ba lo bontshang ba a itse e bile ba dumela gore mo botshelong go na le dilo tse di swabisang le tse di utlwisang botlhoko, mme ga ba dire gore dilo tseno di fedise lorato lwa bone mo bathong. Eleruri lorato lo lo ntseng jalo ke “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakolosa 3:12-14.

Sekaseka sekai sa mosetsana mongwe wa Mokeresete yo o nang le dingwaga tse 17 kwa Korea. Fa a ne a simolola go direla Jehofa Modimo, ba lelapa la gagwe ba ne ba sa rate mme o ne a tshwanelwa ke go tswa mo ntlong. Le fa go ntse jalo, go na le gore a galefe, o ne a rapela ka kgang eo, a dira gore Lefoko la Modimo le moya wa gagwe di mo thuse gore a akanye ka tsela e e tshwanetseng. Morago ga moo, o ne a kwalela ba lelapa la gagwe ka metlha, mme mo makwalong a gagwe o ne a ba tlhalosetsa kafa a neng a ba rata ka teng. Ka ntlha ya seo, bokgaitsadie ba bagolo mo go ene ba ne ba simolola go ithuta Baebele mme jaanong ke Bakeresete ba ba ineetseng. Mmaagwe le kgaitsadie yo mmotlana le bone ba ne ba amogela boammaaruri jwa Baebele. La bofelo, rraagwe yo o neng a ganetsa thata, o ne a fetola tsela e a neng a leba dilo ka yone. Mosetsana yoo wa Mosupi a re: “Rotlhe re nyalane le Bakeresete mmogo le rona, mme jaanong go na le baobamedi ba ba utlwanang ba le 23 mo lelapeng la rona.” Eleruri lorato lo fentse!

A o batla go nna le lorato lwa mmatota le go thusa ba bangwe go nna le lone? Fa go ntse jalo, kopa Jehofa, yo e leng ene Motswedi wa nonofo eno ya botlhokwa. Ee, dirisa Lefoko la gagwe, rapelela moya o o boitshepo, mme o kopanele ka metlha le bakaulengwe ba Bakeresete. (Isaia 11:9; Mathaio 5:5) A bo go itumedisa jang ne go itse gore go ise go ye kae baikepi botlhe ba tla bo ba seyo, go setse fela batho ba ba bontshang lorato lwa mmatota lwa Bokeresete! Ruri lorato ke yone tsela ya go bona boitumelo le botshelo.—Pesalema 37:10, 11; 1 Johane 3:14.

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Thapelo le go ithuta Lefoko la Modimo di tla re thusa go nna le lorato lwa mmatota