Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu Keresete—Bosupi Jwa Gore o Kile a Tshela mo Lefatsheng

Jesu Keresete—Bosupi Jwa Gore o Kile a Tshela mo Lefatsheng

 Jesu Keresete—Bosupi Jwa Gore o Kile a Tshela mo Lefatsheng

BATHO ba le bantsi ga ba ise ba kopane le rasaense yo o itsegeng yo o bidiwang Albert Einstein. Kwa dinageng dingwe, bontsi jwa batho ga ba itse le gore ke mang. Le fa go ntse jalo, dipego tse di ka ikanngwang tsa dilo tse a di dirileng di supela gore o kile a tshela. Bosupi jwa gore o kile a tshela bo bonwa mo tseleng e dilo tse a di ribolotseng di dirang ka yone mo go tsa saense. Ka sekai, batho ba le bantsi ba solegelwa molemo ke motlakase o ka dinako tse dingwe o tlhagisiwang go dirisiwa dilo tse a di ribolotseng.

Go ka lebiwa dilo ka tsela e e tshwanang mo kgannyeng ya ga Jesu Keresete, yo go dumelwang gore ke motho wa botlhokwa go feta botlhe mo hisitoring. Dilo tse di kwadilweng ka ene le bosupi jo bo bonalang jwa maatla a a neng a na le one di supela sentle gore tota o kile  a tshela. Le fa mokwalo o o bonweng bosheng ke baithutamarope o o malebana le Jakobe o go builweng ka one mo setlhogong se se fetileng o ka tswa o kgatlha jang, boammaaruri jwa gore Jesu o kile a tshela ga bo a ikaega ka selo seno se se itiretsweng ke batho kgotsa sepe se sengwe. Boammaaruri ke gore re ka bona bosupi jwa gore Jesu o kile a tshela mo go se bakwalahisitori ba se kwadileng ka ene le ka balatedi ba gagwe.

Bosupi Jwa Bakwalahisitori

Ka sekai, sekaseka bosupi jwa ga Flavius Josephus, mokwalahisitori wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga, yo e neng e le Mofarasai. O ne a umaka Jesu Keresete mo bukeng ya Jewish Antiquities. Le fa batho bangwe ba belaela boammaaruri jwa se Josephus a se buileng fa a ne a bua ka Jesu lekgetlho la ntlha a re ke Mesia, Porofesa Louis H. Feldman wa Yunibesithi ya Yeshiva a re ke batho ba le mmalwa fela ba ba belaelang boammaaruri jwa mafoko a gagwe fa a ne a bua ka ene lekgetlho la bobedi. Mo lekgetlhong la bobedi Josephus o ne a re: “[Ananus (Ananiase) moperesiti yo mogolo] o ne a kopanya baatlhodi ba Sanehederine mme a tlisa fa pele ga bone monna yo o bidiwang Jakobe, morwarraagwe Jesu yo o neng a bidiwa Keresete.” (Jewish Antiquities, XX, 200) Ee, Mofarasai, yo e neng e le leloko la lekoko le balatedi ba lone ba neng ba ipolela gore ke baba ba ga Jesu, o ne a dumela gore “Jakobe, morwarraagwe Jesu” o kile a tshela.

Bosupi jwa gore Jesu o kile a tshela bo ne bo bonwa mo ditirong tse di neng di dirwa ke balatedi ba gagwe. Fa moaposetoloi Paulo a ne a tsentswe mo kgolegelong kwa Roma mo e ka nnang ka 59 C.E., banna ba bagolwane ba Bajuda ba ne ba mo raya ba re: “Re a itse gore lekoko leno le a kgalwa gongwe le gongwe.” (Ditiro 28:17-22) Ba ne ba bitsa barutwa ba ga Jesu ba re “lekoko leno.” Fa e le gore ba ne ba kgalwa gongwe le gongwe, bakwalahisitori ba ne ba tla bega ka bone, ga ke re?

Tacitus, yo o tshotsweng mo e ka nnang ka 55 C.E., e bile a tsewa e le mongwe wa bakwalahisitori ba bagolo go gaisa botlhe mo lefatsheng, o ne a umaka Bakeresete mo bukeng ya gagwe ya Annals. O ne a kwala jaana malebana le kgang ya gore Nero o ne a pega Bakeresete molato ka ntlha ya molelo o mogolo o o neng wa nna teng kwa Roma ka 64 C.E.: “Nero o ne a latofatsa setlhopha sa batho ba ba tlhoetsweng ditiro tsa bone tse di sa siamang, ba bontsi jwa batho bo ba bitsang Bakeresete mme o ne a ba tlhokofatsa setlhogo. Christus, [Keresete] yo [Bakeresete] ba tsereng leina la bone mo go ene, o ne a newa katlholo ya loso mo pusong ya ga Tiberio ke mongwe wa baemedi ba mmusi, e bong Ponto Pilato.” Dilo tse di buiwang mo pegong eno di tsamaisana le se go bolelwang gore se diragaletse Jesu wa Baebele.

Mokwadi yo mongwe yo o neng a akgela ka balatedi ba ga Jesu ke Pliny yo Mmotlana, mmusi wa Bithynia. Mo e ka nnang ka ngwaga wa 111 C.E., Pliny o ne a kwalela Mmusimogolo Trajan, a botsa gore a tshware Bakeresete jang. Pliny o ne a re batho ba ba neng ba latofadiwa ka maaka go twe ke Bakeresete, ba ne ba rapela medimo e bile ba obamela setshwantsho sa ga Trajan, e le fela go supa gore ga se Bakeresete. Pliny o ne a tswelela ka go re: “Gatwe batho ba tota e leng Bakeresete ga ba ka ke ba patelediwa go dira dipe tsa dilo tseno.” Seo ke bosupi jwa gore Keresete, yo balatedi ba gagwe ba neng ba ikemiseditse go swa ka ntlha ya go bo ba dumela mo go ene, tota o kile a tshela.

Fa The Encyclopædia Britannica (kgatiso ya 2002) e sena go tlhalosa ka bokhutshwane kafa bakwalahisitori ba makgolo a ntlha a mabedi a  dingwaga ba neng ba umaka Jesu Keresete ka teng, e konela jaana: “Dipego tseno tse di ikemetseng ka nosi di supa gore mo metlheng ya bogologolo tota le batho ba ba neng ba ganetsa Bokeresete ga ba ise ba ko ba belaele gore Jesu o kile a nna teng. Seo se ganeditswe e le la ntlha e bile go se na mabaka a a utlwalang kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo18 la dingwaga, mo go la bo19 le kwa tshimologong ya la bo20.”

Bosupi Jwa Balatedi ba ga Jesu

The Encyclopedia Americana ya re: “Tesetamente e Ntšha e batlile e naya bosupi jotlhe jo bo tlhokegang gore go ka tlhalosiwa botshelo jotlhe jwa ga Jesu le phelelo ya gagwe le bosupi jo bo lekaneng go supela ditlhaloso tsa Bakeresete ba bogologolo tsa kafa a neng a le botlhokwa ka gone.” Batho ba ba tletseng dipelaelo ba ka tswa ba sa dumele gore Baebele ke bosupi jwa gore Jesu o kile a nna teng. Mme go na le mabaka a le mabedi a a theilweng mo dipegong tsa Dikwalo a a re thusang thata go tlhomamisa gore tota Jesu o kile a tshela mo lefatsheng.

Jaaka fa re bone, dikgopolo tsa botlhokwa tsa ga Einstein di supa gore o kile a nna teng. Dithuto tsa ga Jesu le tsone fela jalo di supa gore tota o kile a nna teng. Ka sekai, akanya ka Thero ya kwa Thabeng, puo e e itsegeng thata e Jesu a neng a e naya. (Mathaio, kgaolo 5-7) Moaposetoloi Mathaio o ne a kwala kafa thero eo e ileng ya ama batho ka teng: “Boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta; gonne o ne a ba ruta jaaka motho a na le taolo.” (Mathaio 7:28, 29) Porofesa Hans Dieter Betz o ne a bolela jaana malebana le kafa thero eo e ileng ya ama batho ka teng fa go ntse go feta makgolo a dingwaga: “Thero ya kwa Thabeng ga e a ka ya tlhotlheletsa fela batho ba ba mo tsamaisong ya Sejuda le ba ba mo Bokereseteng, kgotsa le fa e le ba setso sa Bophirima fela.” O ne a oketsa ka gore thero eno “e kgatlhegelwa ke batho ba lefatshe lotlhe ka tsela e e gakgamatsang.”

Ela tlhoko mafoko ano a a tlhomameng e bile a le mosola a a fitlhelwang mo Therong ya kwa Thabeng: “Le fa e le mang yo o go fapholang mo lerameng la gago la moja, lebisa le lengwe gape kwa go ene.” “Elang tlhoko thata gore lo se ka lwa nna le mokgwa wa go dira tshiamo fa pele ga batho.” “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone.” “Lo se ka lwa . . . latlhela diperela tsa lona fa pele ga dikolobe.” “Nnang lo kope, mme lo tla newa.” “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” “Tsenang ka kgoro e tshesane.” “Lo tla ba lemoga ka maungo a bone.” “Setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa leungo le le molemo.”—Mathaio 5:39; 6:1, 34; 7:6, 7, 12, 13, 16, 17.

O tshwanetse wa bo o kile wa utlwa mangwe a mafoko ano kgotsa molaetsa wa one. Gongwe e setse e le diane mo puong ya gago. Tsotlhe tseno di tswa mo Therong ya kwa Thabeng. Tsela e thero eno e tlhotlheleditseng ditšhaba le ditso tse dintsi ka yone e supela sentle gore “morutisi yo mogolo” o kile a nna teng.

A re re gongwe mongwe o ne a itlhamela motho yo go tweng Jesu Keresete. A re re motho yoo o ne a le botlhale gore a bo a kgone go tlhama dithuto tsa ga Jesu yo o mo Baebeleng. A o ne a ka se ka a leka go dira kafa a ka kgonang ka teng gore Jesu le dithuto tsa gagwe di amogelwe ke batho ka kakaretso? Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a re: “Bajuda ba kopa ditshupo le Bagerika ba batla botlhale; mme rona re rera Keresete yo o bapotsweng, mo Bajudeng ke selo se se kgopang mme mo ditšhabeng ke boeleele.” (1 Bakorintha 1:22, 23) Molaetsa wa gore Keresete o bapotswe o ne o sa kgatlhe Bajuda le fa e le batho ba ditšhaba di sele. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rera ka ene Keresete yoo. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba tlhalosa Keresete a bapotswe? Tlhaloso e le yosi fela e e kgotsofatsang ke gore bakwadi ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba ne ba kwala boammaaruri ka botshelo le loso lwa ga Jesu.

Lebaka le lengwe le le supelang gore Jesu o kile a tshela ke tsela e balatedi ba gagwe ba neng ba ruta dithuto tsa gagwe ka yone ba sa lape. Dingwaga di ka nna 30 fela Jesu a sena go simolola bodiredi jwa gagwe, Paulo o ne a ka bolela gore dikgang tse di molemo di ne “tsa rerwa mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.” (Bakolosa 1:23) Ee, dithuto tsa ga Jesu di ne tsa anama le lefatshe leo la bogologolo le fa go ne go na le kganetso. Paulo, yo ene ka boene a neng a bogisiwa e le Mokeresete, o  ne a kwala jaana: “Fa e le gore Keresete ga a tsosiwa, eleruri go rera ga rona ke ga lefela, le tumelo ya rona ke ya lefela.” (1 Bakorintha 15:12-17) Fa go rera ka Keresete yo o neng a ise a ko a tsosiwe e ne e ka nna ga lefela, go rera ka Keresete yo o neng a ise a ko a nne teng e ne e tla bo e le ga lefela le go feta. Jaaka fa re bala mo pegong ya ga Pliny yo Mmotlana, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba iketleeditse go swa ka gonne ba dumela mo go Keresete Jesu. Ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka ntlha ya ga Keresete ka gonne e ne e le motho wa mmatota; o ne a kile a tshela mo lefatsheng fela jaaka go kwadilwe mo dipegong tsa Efangele.

O Bone Bosupi

Bakeresete ba ne ba tshwanetse go dumela mo tsogong ya ga Jesu Keresete pele ba ka rera. Le wena ka leitlho la mogopolo o ka kgona go bona Jesu yo o tsositsweng, ka go lemoga kafa a amang batho ka teng gompieno.

Pele fela ga gore Jesu a bapolwe, o ne a naya boporofeti jo bo amang dilo tse dintsi malebana le nako ya go nna gone ga gagwe mo isagweng. Gape o ne a bontsha gore o ne a tla tsosiwa a bo a nne kafa seatleng sa Modimo sa moja a emetse nako ya gore a itebaganye le baba ba gagwe. (Pesalema 110:1; Johane 6:62; Ditiro 2:34, 35; Baroma 8:34) Morago ga moo, o ne a tla tsaya kgato mme a kobe Satane le badimona ba gagwe kwa magodimong.—Tshenolo 12:7-9.

Seo sotlhe se ne se tla direga leng? Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.’ Sesupo se se neng se tla tshwaya nako ya go nna gone ga gagwe a sa bonale se ne se akaretsa dintwa tse dikgolo, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa lefatshe, go nna gone ga baporofeti ba maaka, go oketsega ga go tlhoka molao le maroborobo a magolo a malwetse. Go ne go ka lebelelwa ditiragalo tse di ntseng jalo tsa masetlapelo ka gonne go kobiwa ga ga Satane Diabolo go ne go tla tlisa ‘tatlhego ya lefatshe.’ Diabolo o tlile mo lefatsheng “a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” Mo godimo ga moo, sesupo seno se akaretsa go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.”—Mathaio 24:3-14; Tshenolo 12:12; Luke 21:7-19.

Dilo tse Jesu a neng a di bolelela pele di diragetse fela jaaka a di boletse. Fa e sa le Ntwa ya Lefatshe I e ne e simologa ka 1914, re bone bosupi jo bo akaretsang dilo tse dintsi jwa go nna gone ga ga Jesu Keresete a sa bonale. O busa e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo e bile o na le tlhotlheletso e kgolo. Lebaka la go bo o tshwere makasine ono mo seatleng ke bosupi jwa gore tiro ya go rera ka Bogosi e a dirwa gompieno.

O tshwanetse wa ithuta Baebele gore o tlhaloganye go ya pele gore go nna teng ga ga Jesu go re ama jang. Ke ka ntlha yang fa o sa kope Basupi ba ga Jehofa gore ba go neye tshedimosetso e e oketsegileng ka go nna gone ga ga Jesu?

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Josephus, Tacitus, le Pliny yo Mmotlana ba ne ba umaka Jesu Keresete le balatedi ba gagwe

[Motswedi wa Setshwantsho]

All three images: © Bettmann/CORBIS

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tlhatswegile pelo gore Jesu e ne e le motho wa mmatota