Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Jehofa, Modimo wa Rona Yo o se Nang Tlhaolele

Etsa Jehofa, Modimo wa Rona Yo o se Nang Tlhaolele

 Etsa Jehofa, Modimo wa Rona Yo o se Nang Tlhaolele

“Modimo ga a na tlhaolele.”—BAROMA 2:11.

1, 2. (a) Boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le eng ka Bakanana ka kakaretso? (b) Ke eng se Jehofa a neng a se dira, mme seno se tsosa dipotso dife?

BAISERAELE ba ne ba reeditse Moshe ka kelotlhoko fa ba ne ba thibeletse mo Dipoeng tsa Moabe ka 1473 B.C.E. Ba ne ba tlile go kopana le bothata fa ba sena go kgabaganya Noka ya Joredane. Moshe o ne a bolela boikaelelo jwa ga Jehofa jwa gore Baiseraele ba fenye ditšhaba tse supa tse di maatla tsa Kanana kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Mafoko ano a ga Moshe a ne a ba kgothatsa tota: “Jehofa Modimo wa gago o tla go ba tlogelela, mme o ba fenye”! Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go dira kgolagano epe le ditšhaba tseno, e bile di ne di sa tshwanelwe ke go direlwa molemo ope.—Duteronome 1:1; 7:1, 2.

2 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a boloka lelapa lengwe kwa motseng wa ntlha o Baiseraele ba neng ba o tlhasela. Modimo o ne a sireletsa le batho ba metse e mengwe e menè. Ka ntlha yang? Ditiragalo tse di tlhomologileng tse di amanang le go falola ga Bakanana bano di re ruta eng ka Jehofa? Mme re ka mo etsa jang?

Kafa Batho ba Neng ba Itshwara ka Teng ka Botumo Jwa ga Jehofa

3, 4. Dipego tsa diphenyo tsa Baiseraele di ne tsa ama batho ba kwa Kanana jang?

3 Mo dingwageng tse 40 tsa fa Baiseraele ba ne ba le kwa nageng pele ga ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Jehofa o ne a sireletsa batho ba gagwe le go ba lwela. Go ela kwa borwa jwa Lefatshe le le Solofeditsweng, Baiseraele ba ne ba tlhabana le kgosi ya Arada ya Mokanana. Ka thuso ya ga Jehofa, Baiseraele ba ne ba mo fenya mmogo le batho ba gagwe kwa Horema. (Dipalo 21:1-3) Moragonyana, Baiseraele ba ne ba dikologa naga ya Edoma mme ba tsamaela kwa ntlheng ya bokone ba ya kwa bokonebotlhaba jwa Lewatle le le Suleng. Jaanong go ne go nna Baamore mo lefelong leno le pele go neng go nna Bamoabe mo go lone. Kgosi Sihone wa Moamore o ne a gana go letla Baiseraele ba ralala naga ya gagwe. Baiseraele le Kgosi Sihone ba ne ba tlhabana kwa Jahase, e go lebegang e le kwa bokone jwa Mokgatšha wa Arenone, kwa Sihone a neng a swela teng. (Dipalo 21:23, 24; Duteronome 2:30-33) Go ela kgakajana kwa bokone, Oge o ne a busa Baamore ba bangwe kwa Bashana. Le fa Oge e ne e le mokaloba, o ne a ka se emelane le Jehofa. Oge o ne a swela kwa Ederei. (Dipalo 21:33-35; Duteronome 3:1-3, 11) Batho ba ba neng ba nna kwa Kanana ba ne ba amiwa thata ke go utlwa ka diphenyo tseno mmogo le dipego tsa Khudugo ya Baiseraele kwa Egepeto. *

4 Fa Baiseraele ba ne ba tsena kwa Kanana la ntlha fa ba sena go kgabaganya noka ya Joredane, ba ne ba thibelela kwa Gilegala. (Joshua 4:9-19) Motse wa Jeriko o o ageletsweng ka dipota o ne o se kgakala. Se Rahabe wa Mokanana a neng a se utlwa ka ditiro tsa ga Jehofa se ne sa mo tlhotlheletsa gore a bontshe tumelo. Ka ntlha ya seo, fa Jehofa a ne a senya Jeriko, o ne a mmoloka le ba ntlo ya gagwe.—Joshua 2:1-13; 6:17, 18; Jakobe 2:25.

5. Ke eng se se neng sa dira gore Bagibeone ba dire ka botlhale?

5 Morago ga moo, Baiseraele ba ne ba tlhatloga ba tswa kwa karolong e e kwa tlase gaufi le noka ya Joredane ba ya kwa dithoteng tse di fa gare ga kgaolo eo. Joshua o ne a latela kaelo ya ga Jehofa mme a tlhasela motse wa Ai ka go o lalela. (Joshua, kgaolo 8) Fa bontsi jwa dikgosi tsa Kanana di sena go utlwa kafa a neng a fenya ka teng, di ne tsa phuthega tsa ipaakanyetsa ntwa. (Joshua 9:1, 2) Banni ba motse o o gaufi wa Bahife wa Gibeone bone ga ba a ka ba dira jalo. Joshua 9:4 ya re: “Kafa go rateng ga bone, ba dira ka botlhale.” Jaaka Rahabe,  ba ne ba utlwaletse kafa Jehofa a neng a golotse batho ba gagwe ka teng ka nako ya Khudugo le fa ba ne ba fenya Sihone le Oge. (Joshua 9:6-10) Bagibeone ba ne ba bona go se na mosola gore ba lwe. Ka jalo, mo boemong jwa Gibeone le metse e meraro e e gaufi—Kefira, Beererothe le Kiriathe-jearime—ba ne ba romelela Joshua yo o neng a le kwa Gilegala setlhopha sa batho ba ba neng ba itira e kete ba tswa kwa nageng e e kgakala. Leano leo le ne la bereka. Joshua o ne a dira kgolagano le bone, e e neng e tla tlhomamisa gore ba bona poloko. Malatsi a mararo morago ga moo Joshua le Baiseraele ba ne ba utlwa gore ba ne ba tsieditswe. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ikanne ka Jehofa gore ba tla boloka kgolagano e ba neng ba e dirile mme ba ne ba e boloka. (Joshua 9:16-19) A Jehofa o ne a dumalana?

6. Jehofa o ne a dira jang malebana le kgolagano e Joshua a neng a e dirile le Bagibeone?

6 Bagibeone ba ne ba letlwa go dira tiro ya go rema dikgong le go ga metsi ba e direla Baiseraele le “sebeso sa ga Jehofa” kwa motlaaganeng. (Joshua 9:21-27) Mo godimo ga moo, e rile dikgosi tse tlhano tsa Baamore le masole a tsone a batla go tlhasela Bagibeone, Jehofa a tsenya letsogo ka kgakgamatso. Baba ba ba neng ba bolawa ke sefako ba ne ba le bantsi go feta ba ba bolailweng ke masole a ga Joshua. Jehofa o ne a araba Joshua fa a ne a kopa gore letsatsi le ngwedi di eme fela gore a kgone go feleletsa phenyo. Joshua o ne a re: “Ga go na letsatsi lepe le le neng la itshupa le tshwana le leo, pele ga lone le fa e le morago ga lone, ka gonne Jehofa o ne a reetsa lentswe la motho, gonne Jehofa ka boene o ne a tlhabanela Iseraele.”—Joshua 10:1-14.

7. Ke mafoko afe a boammaaruri a Petere a neng a a bolela a a neng a diragadiwa mo Bakananeng bangwe?

7 Rahabe wa Mokanana le lelapa la gagwe, mmogo le Bagibeone, ba ne ba boifa Jehofa mme ba dira ka tsela e e neng e bontsha gore ba a mmoifa. Se se neng sa ba diragalela se bontsha sentle gore mafoko ano a a neng a buiwa moragonyana ke moaposetoloi Petere wa Mokeresete a boammaaruri: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:34, 35.

Kafa a Neng a Dirisana le Aborahame le Baiseraele ka Teng

8, 9. Jehofa o ne a bontsha jang gore ga a na tlhaolele fa a ne a dirisana le Aborahame le setšhaba sa Iseraele?

Morutwa Jakobe o ne a tlhalosa bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo fa A ne a dirisana le Aborahame le bana ba gagwe. Aborahame o ne a nna “tsala ya ga Jehofa” ka ntlha ya tumelo ya gagwe, e seng ka ntlha ya lotso lwa gagwe. (Jakobe 2:23) Bana ba ga Aborahame ba ne ba nna le masego ka ntlha ya tumelo ya gagwe mo go Jehofa le lorato lwa gagwe mo go ene. (2 Ditiragalo 20:7) Jehofa o ne a solofetsa Aborahame jaana: “Ruri ke tla go segofatsa e bile ke tla ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle.” Mme ela tlhoko tsholofetso e e mo temaneng e e latelang: ‘Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla itshegofatsa ka losika lwa gago.’—Genesise 22:17, 18; Baroma 4:1-8.

9 Jehofa ga a ka a nna le tlhaolele, mme ka tsela e a neng a dirisana ka yone le Baiseraele, o ne a bontsha se a ka se direlang batho ba ba mo utlwang. Tsela eo e a neng a dirisana le bone ka yone ke sekai sa kafa Jehofa a bontshang ka teng batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang lorato lo lo sa fetogeng. Le fa Baiseraele e ne e le “thuo e e kgethegileng” ya ga Jehofa, seno se ne se sa reye gore ditšhaba tse dingwe di ne di ka se ka tsa bona molemo wa Modimo. (Ekesodo 19:5; Duteronome 7:6-8) Ee, Jehofa o ne a rekolola Baiseraele mo bokgobeng jwa  Egepeto mme go tswa foo a bolela jaana: “Ke lona fela ke lo itsileng mo ditshikeng tsotlhe tsa lefatshe.” Mme Jehofa o ne a dirisa moporofeti Amose le ba bangwe go solofetsa batho ba “ditšhaba tsotlhe” sengwe se se molemolemo.—Amose 3:2; 9:11, 12; Isaia 2:2-4.

Jesu, Morutisi Yo o Se Nang Tlhaolele

10. Jesu o ne a etsa Rraagwe jang ka go sa nne le tlhaolele?

10 Fa Jesu, yo e leng setshwano totatota sa ga Rraagwe, a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a etsa go tlhoka tlhaolele ga ga Jehofa. (Bahebera 1:3) Se a neng a tshwenyegile thata ka sone ka nako eo e ne e le go bona ‘dinku tse di latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele.’ Le fa go ntse jalo, ga a ka a ikgogona gore a se ka a rerela mosadi mongwe wa Mosamarea fa sedibeng. (Mathaio 15:24; Johane 4:7-30) Gape o ne a dira kgakgamatso fa a ne a kopiwa ke modiredi wa masole, yo go lebegang e ne e se Mojuda. (Luke 7:1-10) O ne a dira jalo mo godimo ga go bontsha ka ditiro tsa gagwe gore o rata batho ba Modimo. Barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba rera le kwa mafelong a a kgakala. Go ne ga bonala sentle gore fa motho a batla go amogela masego a ga Jehofa o tshwanetse go nna le boikutlo jo bo siameng, e seng gore o tshwanetse go nna wa setšhaba se se rileng. Batho ba ba ikokobeditseng, ba ba dipelo di ikanyegang ba ba tshwerweng ke tlala ya go bona boammaaruri ba ne ba arabela fa ba rerelwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Mme go farologana le seo, batho ba ba boikgogomoso, ba ba mabela ba ne ba nyatsa Jesu le molaetsa wa gagwe. Jesu o ne a re: “Ke go baka phatlalatsa, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno ka kelotlhoko, mme o di senoletse masea. Ee, wena Rara, ka gonne go dira jalo e ne ya nna tsela e e amogelwang ke wena.” (Luke 10:21) Fa re dirisana le ba bangwe ka lorato le tumelo ga re na go nna le tlhaolele, ka gonne re itse gore ke yone tsela e Jehofa a e amogelang.

11. Phuthego ya bogologolo ya Bokeresete e ne e bontsha jang gore ga e na tlhaolele?

11 Mo phuthegong ya bogologolo ya Bokeresete, Bajuda le batho ba e seng Bajuda ba ne ba lekana. Paulo o ne a tlhalosa a re: “Kgalalelo le tlotlo le kagiso mo go mongwe le mongwe yo o dirang se se molemo, mo Mojudeng pele le mo Mogerikeng. Gonne Modimo ga a na tlhaolele.” * (Baroma 2:10, 11) Se se neng se tla laola gore a ba tla solegelwa molemo ke bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang jwa ga Jehofa, e ne e se gore ke ba setšhaba sefe, mme e ne e le kafa ba arabelang ka teng fa ba ithuta ka Jehofa le ka ditsholofelo tse ba nnang le tsone ka ntlha ya thekololo ya ga Morwawe, Jesu. (Johane 3:16, 36) Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne yo e leng Mojuda kafa ntle ga se ene, le gone go rupa ga se mo go kafa ntle mo nameng. Mme Mojuda ke yo e leng ene mo teng, mme go rupa ga gagwe ke ga pelo ka moya, mme e seng ka melao e e kwadilweng.” Go tswa foo Paulo o ne a dirisa lefoko “Mojuda” (le le kayang “wa Juda,” ke gore, yo o bakwang) ka botlhale mme a oketsa ka gore: “Pako ya yoo e tswa mo Modimong, e seng mo bathong.” (Baroma 2:28, 29) Jehofa o baka batho a sa tlhaole. A le rona re dira jalo?

12. Tshenolo 7:9 e naya tsholofelo efe, mme e e naya bomang?

12 Moragonyana mo ponong, moaposetoloi Johane o ne a bona Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba bontshitswe e le setšhaba sa semoya sa batho ba ba 144 000 “ba tshwailwe go tswa mo lotsong longwe le longwe lwa bomorwa Iseraele.” Morago ga foo Johane o ne a bona “boidiidi jo bogolo . . . bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana, ba apere diaparo tse di telele tse ditshweu; mme go ne go na le dikala tsa mokolane mo diatleng tsa bone.” (Tshenolo 7:4, 9) Ka jalo, ga go na batho ba morafe ope kgotsa ba ba buang puo epe ba ba sa amogelweng mo phuthegong ya motlha wa segompieno ya Bokeresete. Batho ba ba farologaneng ba na le tsholofelo ya go falola ‘pitlagano e kgolo’ e e tlang le go nwa “metsi a botshelo” mo lefatsheng le lesha.—Tshenolo 7:14-17.

Matswela a a Molemo

13-15. (a) Re ka fenya jang dipharologano tsa merafe le ditso? (b) Tlhalosa dikai tse di bontshang melemo e e ka nnang teng fa batho ba nna botsalano.

13 Jehofa o re itse sentle, fela jaaka rre yo o molemo a itse bana ba gagwe. Ka tsela e e tshwanang, fa  re simolola go tlhaloganya ba bangwe ka go kgatlhegela setso sa bone le tsela e ba godileng ka yone, dilo tse re farologanang le bone mo go tsone e nna dilo tse di sa reng sepe. Dipharologano tse di bakwang ke go bo re le batho ba ditso tse di farologaneng di a fela mme botsalano le lorato di a nonofa. Kutlwano e a tota. (1 Bakorintha 9:19-23) Seno se bonala sentle mo tirong e e dirwang ke barongwa ba ba direlang kwa dinageng di sele. Ba kgatlhegela batho ba ba nnang kwa dinageng tseo, mme ka ntlha ya go dira jalo, go ise go ye kae ba tlwaelana le diphuthego tsa koo.—Bafilipi 2:4.

14 Matswela a a molemo a go sa nne le tlhaolele a bonala sentle mo dinageng tse dintsi. Aklilu yo o tswang kwa Ethiopia, o ne a iphitlhela a jewa ke bodutu a nna kwa motsemogolo wa Boritane, kwa Lontone. O ne a jewa ke bodutu le go feta fa a ne a bona e kete batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ga ba bontshiwe botsalano, e leng selo se se leng teng mo ditoropong tse dintsi tse dikgolo tsa Yuropa gompieno. Aklilu o ne a diragalelwa ke sengwe se se farologaneng thata fa a ne a ile pokanong ya Bokeresete kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa! Batho ba ba neng ba le teng ba ne ba mo amogela, mme mo nakong e khutshwane fela o ne a setse a ikutlwa a le kwa gae. O ne a gatela pele ka bonako go nonotsha tsela e a neng a anaanela Mmopi ka yone. Go ise go ye kae o ne a batla ditshono tsa go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo kgaolong eo. E bile, letsatsi lengwe motho yo Aklilu a neng a tsamaya le ene fa ba rera o ne a mmotsa gore jaanong o ipeetse mekgele efe mo botshelong, mme Aklilu o ne a araba ka gore o solofela gore letsatsi lengwe o tla nna mo phuthegong e e buang puo ya segabone, ya Se-Amharic. Fa bagolwane ba phuthego e a neng a le mo go yone ya Seesemane ba ne ba utlwa seno, ka boitumelo ba ne ba rulaganyetsa gore go bewe puo ya Baebele ya phatlalatsa ka puo ya ga Aklilu. Taletso e e neng ya ntshiwa ya gore batho ba nne teng e ne ya dira gore batswakwa ba le bantsi mmogo le batho ba mo lefelong leo ba tle pokanong ya ntlha ya phatlalatsa ya Se-Amharic kwa Boritane. Gompieno, Ba-Ethiopia le batho ba bangwe ba ba nnang mo lefelong leo ba kopanela mmogo mo phuthegong e e golang sentle. Batho ba le bantsi koo ba bone gore ga go na sepe se se ba thibelang go ema mo letlhakoreng la ga Jehofa le go bontsha seo ka kolobetso ya Bokeresete.—Ditiro 8:26-36.

15 Batho ba na le mekgwa e e sa tshwaneng e bile ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng. Dilo tseo ga se tsone tse di dirang gore motho e nne wa maemo a a kwa godimo kgotsa a a kwa tlase; ke dipharologano fela. Basupi ba kwa Malta ba ne ba bontsha gore ba itumetse fela thata fa ba ne ba lebeletse kolobetso ya batlhanka ba ba sa tswang go ineela ba ga Jehofa, mme baeti ba kwa Boritane bone ba ne ba bontsha boitumelo jwa bone ka go lela ka boitumelo. Ditlhopha tseo tsoopedi tsa batho ba Malta le ba Boritane di ne tsa bontsha maikutlo a tsone, di a bontsha ka ditsela tse di farologaneng, mme lorato lwa bone lo lo nonofileng mo go Jehofa ke lone lo neng lo ba kopanya jaaka ba ne ba kopane e le Bakeresete.—Pesalema 133:1; Bakolosa 3:14.

Go Fenya Letlhoo

16-18. Bolela boitemogelo bongwe jo bo bontshang kafa letlhoo le ka fenngwang ka teng mo phuthegong ya Bokeresete.

16 Fa lorato lwa rona mo go Jehofa le mo bakaulengweng ba rona ba Bakeresete lo ntse lo oketsega, re ka kgona go etsa Jehofa ka tsela e re lebang  ba bangwe ka yone. Re ka fenya letlhoo lepe le re ka tswang re kile ra bo re na le lone mo bathong ba ditšhaba dingwe, ba merafe mengwe kgotsa ba ditso dingwe. Ka sekai a re sekaseke kgang ya ga Albert, yo o neng a le mo Bosoleng jwa Boritane ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II mme a thopiwa ke Bajapane fa ba ne ba fenya Singapore ka 1942. Moragonyana o ne a bereka dingwaga di ka nna tharo gaufi le se se neng sa itsiwe e le borogo jo bo fa godimo ga noka ya Kwai, mo “seporong sa loso.” Fa a ne a gololwa morago ga ntwa, o ne a le bokete kwa dikilogerama di le 32, a robegile lotlhaa le nko, mme a na le bolwetse jwa letshololo, dipodi le malaria. Diketekete tsa ba ba neng ba golegilwe mmogo le ene ba ne ba le mo maemong a a maswe le go feta; bontsi jwa bone ba ne ba swa. Ka ntlha ya bosula jo Albert a neng a bo bone le jo bo neng bo mo diragaletse, o ne a boela gae ka 1945 e le motho yo o galefileng, a sa batle Modimo kgotsa bodumedi.

17 Mosadi wa ga Albert, e bong Irene o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa. Albert o ne a nna teng kwa dipokanong di le mmalwa tsa phuthego ya mo lefelong la bone ya Basupi ba ga Jehofa, e le fela gore a itumedise mosadi wa gagwe. Mokeresete mongwe yo mosha yo o mo bodireding jwa nako e e tletseng yo o bidiwang Paul o ne a etela Albert gore a ithute Baebele le ene. Go ise go ye kae Albert o ne a lemoga gore Jehofa o ne a leba batho go ya ka boemo jwa dipelo tsa bone. O ne a ineela mo go Jehofa mme a kolobediwa.

18 Moragonyana Paul o ne a fudugela kwa Lontone, a ithuta puo ya Sejapane mme a kopanela le phuthego ya Sejapane. Fa a ne a akantsha gore o batla go isa Basupi bangwe ba Bajapane ba ba neng ba etile kwa phuthegong e a neng a kopanela kwa go yone pele, bakaulengwe ba koo ba ne ba gakologelwa kafa Albert a neng a tlhoile batho ba lotso loo ka teng. Fa e sale Albert a boela kwa Boritane, o ne a sa batle go kopana le ope yo o tswang kwa Japane, ka jalo bakaulengwe ba ne ba ipotsa gore o ne a tlile go lebana jang le boemo joo. Go ne go sa tlhokege gore ba tshwenyege—Albert o ne a amogela baeng bao ka lorato lo lo feletseng lwa bokaulengwe.—1 Petere 3:8, 9.

“Pitlologang”

19. Ke kgakololo efe ya ga moaposetoloi Paulo e e ka re thusang fa re na le tshekamelo nngwe ya go nna le tlhaolele?

19 Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Go bontsha tlhaolele ga go a siama.” (Diane 28:21) Go motlhofo gore re ikutlwe re atamalane le batho ba re ba itseng sentle. Le fa go ntse jalo,  ka dinako tse dingwe ga re kgatlhegele batho ba re sa ba itseng sentle. Tlhaolele e e ntseng jalo ga e tshwanele motlhanka wa ga Jehofa. Eleruri rotlhe re tshwanetse go reetsa kgakololo ya ga Paulo ya gore re ‘pitlologe’—ee, re pitlologe mo go rateng Bakeresete ka rona ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng.—2 Bakorintha 6:13.

20. Re tshwanetse go etsa Jehofa, Modimo wa rona yo o se nang tlhaolele mo dikarolong dife tsa botshelo?

20 E ka ne re na le tshiamelo ya go bilediwa legodimong kgotsa tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng, fa re sa bontshe tlhaolele re ka kgona go utlwana re le letsomane le le lengwe, re na le Modisa a le mongwe. (Baefeso 4:4, 5, 16) Go leka go etsa Jehofa, Modimo wa rona yo o se nang tlhaolele, go ka re thusa mo bodireding jwa rona jwa Bokeresete, mo malapeng a rona, le mo diphuthegong, tota e bile go ka re thusa mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Jang? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka kgang eno.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Moragonyana go ne ga opelwa ka botumo jwa ga Jehofa mo dipineng tse di boitshepo.—Pesalema 135:8-11; 136:11-20.

^ ser. 11 Fano polelo e e reng “Bagerika” e raya Baditšhaba ka kakaretso.—Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, Bolumo 1, tsebe 1004.

O ne O ka Araba Jang?

Jehofa o ne a bontsha jang gore ga a na tlhaolele mo go Rahabe le mo bathong ba Gibeone?

Jesu o ne a bontsha jang gore ga a na tlhaolele ka tsela e a neng a ruta ka yone?

Ke eng se se ka re thusang go fenya letlhoo la lotso kgotsa la bomorafe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Baiseraele ba simolola go fenya Kanana

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jesu ga a ka a ikgogona go rerela mosadi wa Mosamarea

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Pokano ya phatlalatsa ya Se-Amharic kwa Boritane

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Lorato lo Albert a ratang Jehofa ka lone lo mo thusitse go fenya letlhoo