Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Alexander VI—Mopapa yo Roma A sa Mo Lebaleng

Alexander VI—Mopapa yo Roma A sa Mo Lebaleng

 Alexander VI—Mopapa yo Roma A sa Mo Lebaleng

“FA KGANG eno e lejwa ka leitlho la Mokatoliki, ga go na mafoko a a bogale ka tsela e e lekaneng go kgala Alexander VI.” (Geschichte der Päpste seit dem Ausgang des Mittelalters [Hisitori ya Bomopapa go Tloga Kwa Bofelong Jwa Metlha ya Bogare]) “Ruri tsela e a neng a tshela ka yone ga go na jaaka e ka buelelwa . . . Re tshwanetse go dumela gore mopapa yono ga a tlisetse Kereke tlotlo epe. Le fa batho ba ba neng ba tshela mo motlheng wa lelapa loorra Borgia ba ne ba tlwaetse go bona ditiro tse di bosula jaaka tseno, ba ne ba bona ditiro tsa lone tse di bosula di le makgapha mo go feteletseng, mme ditlamorago tsa tsone di sa ntse di le teng le jaanong, morago ga dingwaga di feta makgolo a manè.”—L’Église et la Renaissance (1449-1517)(Kereke le Motlha wa Diphetogo).

Ke ka ntlha yang fa dibuka tse di tlotlegang tsa hisitori ya Kereke ya Katoliki ya Roma di akgela ka mafoko a a bogale jaana ka mopapa le lelapa la gagwe? Ba dirile eng mo ba tshwanelwang ke go kgalwa mo go kana kana? Pontsho e e neng ya tshwarwa kwa Roma (October 2002–February 2003), ya setlhogo se se reng I Borgia—l’arte del potere (Boorra Borgia—Matsipa a go Nna le Taolo), e ne ya naya batho sebaka sa go akanya ka taolo e e feletseng e bomopapa ba neng ba na le yone, segolobogolo tsela e taolo eo e neng e dirisiwa ka yone ke Rodrigo Borgia, kgotsa Alexander VI (yo e neng e le mopapa ka 1492-1503).

Ba Nna le Taolo

Rodrigo Borgia o tshotswe ka 1431 mo lelapeng le le itsegeng kwa Játiva, mo bogosing jwa Aragon, e jaanong e leng kwa Spain. Malomaagwe e bong Alfonso de Borgia, bishopo wa Valencia, o ne a tlhokomela gore motlogoloagwe o a rutega, a bo a tlhomamisa gore fa Rodrigo a sa ntse a le mo dingwageng tsa bolesome a newe maemo a a duelelwang mo kerekeng. Rodrigo o ne a fudugela kwa Italy a le dingwaga di 18, a ntse a tlhokometswe ke Alfonso yo jaanong e neng e le mokadinale, mme a fitlha a ithuta dithuto tsa molao koo. Fa Alfonso a nna Mopapa Calixtus III, o ne a dira gore Rodrigo le motlogolo yo mongwe wa gagwe e nne bakadinale. Pere Lluís Borgia o ne a dirwa molaodi wa metse e e farologaneng. Go ise go ye kae Rodrigo o ne a tlhomiwa go nna mothusa mokanseleri wa kereke, maemo a a neng a nna mo go one mo metlheng ya bomopapa ba ba farologaneng, mme seo sa dira gore a kgone go nna le maemo a le mantsi a a amogedisang madi a mantsi, go kokoanya dikhumokhumo, go nna le taolo e ntsi le go tshela botshelo jwa manobonobo jaaka kgosana.

Rodrigo o ne a le botlhale, a le seleta mo puong, a tshegetsa botaki, mmino le dilo tse di ntseng jalo ka madi, e bile a kgona go fitlhelela maikaelelo a gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a ratana le basadi ba le bantsi, mme a nna le bana ba le banè ka mosadi yo  a rataneng le ene botshelo jotlhe le bana ba bangwe ka basadi ba bangwe. Le fa Mopapa Pius II a ile a mo kgalemelela mekgwa ya gagwe ya “go tlhoka boitshwaro” le “go rata menate ka tsela e e feteletseng,” Rodrigo ga a ka a tlogela mekgwa ya gagwe.

Fa Mopapa Innocent VIII a ne a tlhokafala ka 1492, bakadinale ba kereke ba ne ba kopana go tlhopha mongwe yo o tla mo tlhatlhamang. Go itsege sentle fela gore Rodrigo Borgia o ne a dirisa dimpho go dira gore a tlhophiwe ke palo e e lekaneng ya bakadinale e bile a solofela gore ba tla nna pelotshetlha. Mme e rile a tswa mo pokanong eo ya bo e le ene Mopapa Alexander VI. O ne a duela bakadinale ba ba neng ba mo tlhopha ka eng? Ka go ba naya maemo mo kerekeng, magae a bobishopo, matlo a magolo, metse, dikereke le dikgaolo tse di laolwang ke bobishopo tse di amogedisang madi a mantsintsi. O ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa mokwalahisitori mongwe wa kereke a ne a bitsa motlha wa ga Alexander VI a re ke “motlha wa matlhabisaditlhong mo Kerekeng ya Roma.”

O Tshwana Fela le Dikgosana

E re ka Alexander VI a ne a na le taolo ya sedumedi jaaka tlhogo ya kereke, o ne a tsereganya fa go ne go na le kgotlhang malebana le go kgaoganngwa ga dinaga tse di neng di sa tswa go bonwa tsa Amerika, di kgaoganyediwa Spain le Portugal. Maatla a gagwe a bopolotiki a ne a dira gore a nne tlhogo ya dinaga tse di laolwang ke bomopapa tse di kwa bogare jwa Italy, mme o ne a busa bogosi jwa gagwe jaaka mmusi mongwe le mongwe fela wa Motlha wa Diphetogo. Ka jalo, nako e Alexander VI e neng e le mopapa ka yone, fela jaaka ya bomopapa ba bangwe ba ba tlileng pele ga gagwe, e ne e tletse pipamolomo, go naya ba lelapa maemo le dipelaelo tsa gore o bolaile batho.

Dipuso tse di gaisanang di ne tsa lwela dinaga tsa Italy mo metlheng eno ya mathata, mme mopapa le ene o ne a tsentse letsogo mo dintweng tseo. Maano a gagwe a bopolotiki le dikgolagano tse a neng a di dira a bo a di fedisa di ne di mo thusa go oketsa thata ya gagwe, go dira gore bana ba gagwe ba gatele pele mo ditirong tsa bone le go goletsa lelapa loorra Borgia kwa godimo ga a mangwe otlhe. Morwawe e bong Juan, yo o neng a nyalane le ntsalae kgosi ya kwa Castile, o ne a dirwa mmusi wa kwa Gandía, kwa Spain. Morwawe yo mongwe e bong Jofré, o ne a nyalane le mosadi yo e neng e le setlogolwana sa kgosi ya kwa Naples.

Fa mopapa a ne a tlhoka go dira kgolagano nngwe gore a nonotshe ditirisano tsa gagwe le Fora, o ne a fedisa peelelo ya ga morwadie wa dingwaga tse 13 e bong Lucrezia le monna wa maemo wa kwa Aragon mme mo boemong jwa moo a mo nyadisa mongwe wa losika lwa mmusi wa kwa Milan. Fa lenyalo leo le ne le sa tlhole le na le mosola mo bopolotiking, o ne a le fedisa ka seipato se se sa utlwaleng mme Lucrezia a nyadisiwa Alfonso wa kwa Aragon, yo e neng e le mongwe wa losika lwa bogosi jo bo neng bo lwa le jwa monna yo a neng a mo nyetse pele. Fa go ntse go le jalo, kgaitsadia Lucrezia e bong Cesare Borgia, yo o neng a rata maemo e bile a le setlhogo, o ne a dira kgolagano le Louis XII wa kwa Fora, mme lenyalo la bosheng la ga kgaitsadie le monna wa kwa Aragon le ne la nna sengwe se se tlhabisang ditlhong. Seno se ne se tla rarabololwa jang? Buka nngwe ya re Alfonso, monna wa ga Lucrezia, “o ne a gobadiwa ke banna ba le banè ba ba neng ba ikaeletse go mmolaya fa ditepising tsa kereke ya St. Peter. Fa a ntse a fola, o ne a kgamiwa ke mongwe wa batlhanka ba ga Cesare.” E re ka mopapa a ne a batla dikgolagano tse disha tse di ka mo solegelang molemo, o ne a rulaganyetsa Lucrezia lenyalo la boraro le morwa mmusi yo o maatla wa kwa Ferrara. Ka nako eo Lucrezia o ne a na le dingwaga di le 21.

Botshelo jwa ga Cesare bo ile jwa tlhalosiwa e le “botshelo jwa mekgwa e e maswe, jo bo tletseng tshololo ya madi.” Le fa rraagwe Cesare a ile a mo tlhoma go nna mokadinale a na le dingwaga di le 17, o ne a tshwanela ntwa thata go feta ditiro tsa kereke ka gonne o ne a le leferefere, a rata maemo e  bile a le bosula fela jaaka ba bangwe ba se kae. Fa a sena go tlogela tiro ya kereke, o ne a nyala morwadiakgosi wa Mofora, ka jalo a nna mmusi wa Valen­tinois. Go tswa foo o ne a simolola go gapa dinaga le go bolaya batho ka thuso ya masole a Fora gore a kgone go laola naga e e kwa bokone ya Italy.

E re ka mopapa a ne a batla go tlhomamisa gore masole a Fora a tla mo thusa go diragatsa maikaelelo a ga Cesare, o ne a letlelela tlhalo e e neng e batliwa ke Louis XII wa kwa Fora. Tlhalo eno e ne e le makgapha mme e ne e tla solegela Louis XII molemo ka gore a kgone go nyala Anne wa kwa Brittany mme ka jalo a oketse bogosi jwa gagwe ka naga ya mosadi yono. Buka nngwe e bolela gore, tota mopapa o ne a “tlhokomologa seriti sa Kereke le melao ya boitshwaro gore maloko a lelapa la gagwe a bone melemo mengwe ya selefatshe.”

Go Tlhoka Boitshwaro ga Mopapa go a Kgalwa

Go tlhoka boitshwaro ga boorra Borgia go ne ga ba bakela baba le go kgalwa. Gantsi mopapa o ne a itlhokomolosa batho ba ba neng ba mo tshwaya diphoso, mme mongwe yo a neng a se ka a kgona go mo tlhokomologa ke Girolamo Savonarola. E ne e le moitlami wa Mo-Dominic, e le moreri yo o bogale e bile e le moeteledipele wa bopolotiki kwa Flor­ence. O ne a kgala mekgwa e e bosula ya lekoko la mopapa mmogo le ditiro tsa mopapa ka boene le mokgwa wa gagwe wa go tsena mo bopolotiking. Gape o ne a re a tlosiwe le tsamaiso ya kereke e fetolwe. Savonarola o ne a bolela jaana ka bogale: “Baeteledipele ba kereke, . . . bosigo lo ya kwa dinyatsing tsa lona mme mo mosong lo ya kwa ditirelong tsa lona tsa kereke.” Moragonyana o ne a re: “[Baeteledipele bao] ba na le tebego ya seaka, mme go tuma ga bone go tla senya Kereke. Ke a go bolelela, ga ba dumele mo tumelong ya Bokeresete.”

Mopapa o ne a leka go didimatsa Savonarola ka go mo naya maemo a mokadinale, mme a a gana. Kgabagare Savonarola o ne a lelekwa mo kerekeng, a tshwarwa, a bo a tlhokofadiwa gore a ipolele molato go tswa foo a bo a kalediwa le go fisiwa. Mme go kgala mopapa ga gagwe kgotsa go rera ga gagwe e ka tswa e le gone go mmaketseng mathata ao.

Dipotso Tse di Masisi

Ditiragalo tseno tsa hisitori di tsosa dipotso tsa botlhokwa. Maano ano a mopapa le boitshwaro jwa gagwe di ka tlhalosiwa jang? Bakwalahisitori ba di tlhalosa jang? Go ntshiwa mabaka a a farologaneng.

Batho ba le bantsi ba dumela gore Alexander VI o tshwanetse go lejwa kafa batho ba motlha wa gagwe ba neng ba mo leba ka teng. Go akanngwa gore ditiro tsa gagwe tsa bopolotiki le tsa kereke di ne di laolwa ke keletso ya gagwe ya go batla go boloka kagiso, go dira kutlwano fa gare ga dipuso tse di nang le dikgotlhang, go nonotsha botsala le dinaga tse di neng di ka femela bomopapa, le go dira gore magosi a Labokeresete a nne a le seoposengwe kgatlhanong le matshosetsi a naga ya Turkey.

Mme boitshwaro jwa gagwe jone bo ka buelelwa jang? Mokanoki mongwe a re: “Nako le nako mo Kerekeng go a bo go ntse go na le Bakeresete ba ba bosula le baruti ba ba se nang mosola. E le gore ope a tle a se ka a gakgamadiwa ke seno, Keresete ka boene o ne a go bolelela pele; o ne a ba a tshwantsha Kereke ya gagwe le masimo a mo go one go tlhogang korong le mofoka, kgotsa le letlowa le le nang le ditlhapi tse di siameng le tse di sa siamang, fela jaaka a ne a dumelela gore go nne le Judase mo gare ga baaposetoloi ba gagwe.” *

Mokanoki yono o tswelela pele jaana: “Fela jaaka leje le le tlhokegang le ka se fokotsege boleng ka gonne le lomeletswe mo tshiping ya boleng jo bo kwa tlase, fela jalo boleo jwa moruti bo ka se ka jwa senya . . . thuto e a e rutang. . . . Gouta e nna e ntse e le gouta, go sa kgathalesege gore a e tswa mo seatleng se se itshekileng kgotsa se se sa itshekang.” Mokwalahisitori  mongwe wa Mokatoliki a re se Bakatoliki ba ba peloephepa ba ka bong ba se dirile mo kgannyeng ya ga Alexander VI ke go latela kgakololo e Jesu a neng a e naya barutwa ba gagwe malebana le bakwadi le Bafarasai: ‘Dirang se ba reng se dirwe, e seng se bone ba se dirang.’ (Mathaio 23:2, 3) Le fa go ntse jalo, a tota lebaka le le ntseng jalo le a go kgotsofatsa?

A ke Jone Bokeresete Jwa Boammaaruri?

Jesu o ne a bolela tsela e e motlhofo ya go leka batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete: “Lo tla ba lemoga ka maungo a bone. Le ka motlha batho ga ba ke ba kgetla morara mo mitlweng kgotsa difeige mo mesitlwasitlwaneng, ga ke re? Ka tsela e e tshwanang setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa leungo le le molemo, mme setlhare sengwe le sengwe se se bodileng se ungwa leungo le le se nang mosola; setlhare se se molemo ga se ka ke sa ungwa leungo le le se nang mosola, le gone setlhare se se bodileng ga se ka ke sa ungwa leungo le le molemo. Ka jalo, ruri lo tla lemoga batho bao ka maungo a bone.”—Mathaio 7:16-18, 20.

Ka kakaretso, mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga, baeteledipele ba bodumedi ba fitlheletse mokgwa wa Bokeresete jwa boammaaruri o o tlhomilweng ke Jesu go le kana kang, o balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba re tlhometseng sekao sa go o latela, mme gone jaanong ba o fitlhelela go le kana kang? A re sekasekeng dintlha tse pedi fela—go tsenela bopolotiki le tsela ya botshelo.

Jesu o ne a sa tshele botshelo jwa maemo a a kwa godimo. O ne a tshela botshelo jo bo sa raraanang mo a neng a bolela gore go ne go se na gope mo a ka “latsang tlhogo ya gagwe gone.” Bogosi jwa gagwe e ne e “se karolo ya lefatshe leno,” le barutwa ba gagwe ba ne ba sa tshwanela go nna “karolo ya lefatshe, fela jaaka [ene e ne e] se karolo ya lefatshe.” Ka jalo Jesu o ne a gana go tsena mo dipolotiking tsa motlha wa gagwe.—Mathaio 8:20; Johane 6:15; 17:16; 18:36.

Le fa go ntse jalo, a ga go boammaaruri gore go fetile makgolokgolo a dingwaga mekgatlho ya bodumedi e dirisana le babusi ba bopolotiki gore e newe taolo le gore e ikhumise, le fa seno se feletse ka gore batho fela ba boge? Mme gape, a ga go boammaaruri gore baruti ba yone ba le bantsi ba tshela mo letlepung, le fa bontsi jwa batho ba ba ka bong ba ba direla ba ka tswa ba bolawa ke tlala?

Jakobe, yo e leng morwarraagwe Jesu ka motsadi a le mongwe fela, o ne a bolela jaana: “Basadi ba baakafadi, a ga lo itse gore botsalano le lefatshe ke bobaba le Modimo? Jalo, le fa e le mang yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.” (Jakobe 4:4) Ke ka ntlha yang fa go twe “mmaba wa Modimo”? Johane wa ntlha 5:19 ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”

Mokwalahisitori mongwe wa motlha wa ga Bor­gia o ne a kwala jaana malebana le maitsholo a ga Alexander VI: “O ne a tshela botshelo jo bo se nang boithibo. O ne a se na ditlhong e bile a se na bopeloephepa, a se na tumelo le fa e le bodumedi. O ne a le pelotshetlha mo a neng a se ke a kgotsofala, a rata maemo mo go feteletseng, a le setlhogo ka tsela e e feteletseng e bile a eletsa thata go bona bana ba gagwe ba bantsi ba gatela pele.” Gone ke boammaaruri gore Borgia e ne e se ene fela mongwe wa bagogi ba kereke yo o neng a itshwara jalo.

Dikwalo tsa reng ka boitshwaro jo bo ntseng jaana? Moaposetoloi Paulo o ne a botsa jaana: “A ga lo itse gore batho ba ba sa siamang ga ba na go rua bogosi jwa Modimo?” Go tswa foo o ne a re: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go le bagokafadi, le fa e le . . . baakafadi, le fa e le . . . batho ba ba bogagaru, . . . ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10.

Bongwe jwa maikaelelo a a boletsweng a pontsho ya bosheng kwa Roma ka ga boorra Borgia e ne e le “go tlhaloganya batho bano ba botlhokwa go ya kafa ba neng ba tlhaloganngwa ka teng mo motlheng wa bone . . . go ba tlhaloganya, e seng go ba tlhoka molato kgotsa go ba kgala.” Tota e bile, baeng ba ne ba tlogelelwa gore ba itirele ditshwetso. Wena o fitlheletse tshwetso efe?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 Fa o batla go bona ditlhaloso tsa boammaaruri tsa ditshwantsho tseno, bona Tora ya Tebelo, February 1, 1995, tsebe 5-6, le June 15, 1992, tsebe 17-22.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Rodrigo Borgia, Mopapa Alexander VI

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Rraagwe Lucrezia Borgia o ne a mo dirisa gore a ikokeletse taolo

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Cesare Borgia o ne a rata maemo e bile a le bosula

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

E re ka ba ne ba sa kgone go didimatsa Girolamo Savonarola, ba ne ba mo kaletsa ba bo ba mo fisa