Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumelo Jo bo Sa Tshwaneng le Bope!

Itumelo Jo bo Sa Tshwaneng le Bope!

 Kgang ya Botshelo

Itumelo Jo bo Sa Tshwaneng le Bope!

JAAKA GO BOLETSE REGINALD WALLWORK

“Ga go na sepe mo lefatsheng leno, se se ka tshwanang le boitumelo jo re bo boneng fa re ntse re direla Jehofa ka nako e e tletseng mo tirelong ya borongwa!” Ke fitlhetse mokwalo ono mo go nngwe ya dipampiri tsa mosadi wa me nakwana fela morago ga loso lwa gagwe ka May 1994.

FA KE ntse ke akanya ka mafoko a ga Irene, ke gakologelwa dingwaga tse 37 tse di itumedisang tse re di dirisitseng re le barongwa kwa Peru. Re ne ra nna le tirisanommogo e e molemo thata mo tirong ya Bokeresete fa e sa le re nyalana ka December 1942—mme go matshwanedi gore ke simolole kgang ya me gone foo.

Irene o ne a godisiwa e le Mosupi wa ga Jehofa kwa Liverpool, kwa Engelane. E ne e le mongwe wa barwadi ba bararo, mme o ne a swelwa ke rraagwe ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I. Morago ga moo mmaagwe o ne a nyalwa ke Winton Fraser, mme ba ne ba nna le morwa, Sidney. Pele fela ga Ntwa ya Lefatshe II, lelapa leo le ne la fudugela kwa Bangor, kwa North Wales, kwa Irene a neng a kolobediwa teng ka 1939. Sidney o ne a kolobeditswe ngwaga pele ga foo, ka jalo ene le Irene ba ne ba direla mmogo e le babulatsela—bareri ba nako e e tletseng—gaufi le lewatle le le kwa bokone kwa Wales, go tloga kwa Bangor go ya kwa Caernarvon, go akaretsa setlhaketlhake sa Anglesey.

Ka nako eo, ke ne ke le kwa Phuthegong ya Runcorn, dikilometara di ka nna 20 kwa borwabotlhaba jwa Liverpool, ke direla jaaka se gompieno re se bitsang molebedi yo o okamelang. Irene o ne a tla kwa go nna mo kopanong ya potologo a tlile go kopa tshimo e a ka rerang mo go yone, ka gonne a ne a ya go nna le Vera, mogolowe yo o nyetsweng yo o neng a nna mo Runcorn. Nna le Irene re ne ra tlwaelana mo dibekeng tse pedi tse a neng a di nna le rona, mme moragonyana ke ne ka mo etela kwa Bangor ka makgetlho a le mmalwa. A bo ke ne ka itumela jang ne fa letsatsi lengwe Irene a ne a dumela fa ke mo kopa gore re nyalane!

 E ne ya re fela fa ke boela gae ka Sontaga, ka simolola go dira dithulaganyo tsa lenyalo la rona, mme ka Labobedi ke ne ka amogela thelekerama. E ne e re: “Ke maswabi gore thelekerama eno e tlile go go utlwisa botlhoko. Ke kopa gore re se ka ra nyalana. Lekwalo le mo tseleng.” Ke ne ka gamarega. Go ka tswa go senyegile fa kae?

Lekwalo la ga Irene le ne la goroga letsatsi le le latelang. Mo go lone o ne a mpolelela gore o ya kwa Horsforth kwa Yorkshire, o ya go bula tsela le Hilda Padgett. * O ne a tlhalosa gore dikgwedi di le 12 pele ga foo o ne a dumetse gore o tla ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo gone fa a ka kopiwa jalo. O ne a kwala jaana: “Mo go nna seno se tshwana le gore ke ne ke dira maikano mo go Jehofa, mme ke akanya gore ka gonne ke mo solofeditse pele ga ke go itse, ke tshwanetse go diragatsa se ke se solofeditseng.” Le fa ke ne ke hutsafetse jalo, boikanyegi jwa gagwe bo ne jwa nkgatlha thata mme ke ne ka mo romelela karabo ya me ka thelekerama ke re: “Tsamaya. Ke tla go emela.”

Fa Irene a ntse a le kwa Yorkshire, o ne a atlholelwa go nna mo kgolegelong dikgwedi di le tharo ka gonne a ne a ganne go tshegetsa ntwa ka ntlha ya segakolodi. Mme re ne ra nyalana dikgwedi di le 18 morago ga moo, ka December 1942.

Fa ke Ne ke Gola

Ka 1919 Mmè o ne a rekile dibolumo tsa Studies in the Scriptures. * Le fa Rre a ne a bua boammaaruri fa a ne a akgela a re Mmè ga a ise a ko a tsamaye a bale buka, Mmè o ne a ititeile sehuba gore o tla bala dibolumo tseno le Baebele ya gagwe ka kelotlhoko. O ne a dira jalo mme a kolobediwa ka 1920.

Rre o ne a sa tshwenye e bile o ne a sa thibele Mmè go dira se a se batlang, mme seo se ne se akaretsa go godisetsa bana ba bone ba banè mo boammaaruring—bonkgonne ba basetsana, Gwen le Ivy; mogolole, Alec; le nna. Stanley Rogers le Basupi ba bangwe ba ba ikanyegang kwa Liverpool ba ne ba tsaya mosepele go tla go neela dipuo tsa Baebele mo Runcorn, kwa go neng ga tlhomiwa phuthego e ntšha teng nako e khutshwane fela morago ga moo. Lelapa la rona le na la gola semoyeng le phuthego eno.

Gwen o ne a ithuta dithuto tsa ditlhomamiso mo Kerekeng ya Engelane mme a tlogela fela fa a simolola go ithuta Baebele mmogo le Mmè. E rile moruti a tla kwa gae a tlile go botsa gore ke ka ntlha yang fa a sa tlhole a tla dithutong tsa gagwe, o ne a botsa moruti yoo dipotso tse dintsintsi tse a neng a palelwa ke go di araba. Gwen o ne a botsa gore Thapelo ya Morena e kayang mme ga felela Gwen e le ene a e mo tlhalosetsang! O ne a konela ka go nopola 1 Bakorintha 10:21, a mo tlhalosetsa sentle gore a ka se tlhole a ‘ja mo ditafoleng tse pedi.’ Fa moruti a tsamaya, o ne a bolela gore o tla rapelela Gwen mme o tla boa gape a tla go araba dipotso tsa gagwe, mme ga a ise a tsamaye a boe. Gwen o ne a nna moreri wa nako e e tletseng, nakwana fela fa a sena go kolobediwa.

Tsela e basha ba neng ba tlhokomelwa ka yone mo phuthegong ya rona e ne e le molemo tota. Ke gakologelwa ke reeditse puo e e neng e neelwa ke mogolwane mongwe yo o etileng ke na le dingwaga di le supa. Morago ga moo o ne a tla go tlotla le nna. Ke ne ka mmolelela gore ke ne ke ntse ke bala kaga Aborahame le kafa a neng a lekile ka teng go ntsha morwawe e bong Isake setlhabelo. O ne a re: “A ko o eme fa khoneng ya serala fale o ntlotlele.” Ke ne ke itumetse tota fa ke eme fale ke neela se go ka tweng e ne e le puo ya me ya ntlha ya phatlalatsa!

Ke ne ka kolobediwa ke na le dingwaga di le 15 ka 1931, ngwaga o Mmè a tlhokafetseng ka one, mme ka tlogela sekolo ka ya go ithuta tiro ya motlakase ke ntse ke le mo tirong. Ka 1936 dipuo tse di gatisitsweng tsa Baebele di ne di gasiwa phatlalatsa, mme kgaitsadi mongwe yo o godileng o ne a kgothaletsa nna le mogolole gore re dire tiro eo. Ka jalo nna le Alec re ne ra ya kwa Liverpool ra ya go reka baesekele mme ra dira gore e nne le kolotsana e e gogwang ka baesekele ya go sikara motšhine wa rona o o gasang. Segoelagodimo se ne sa lomelelwa kafa morago ga kolotsana e e gogwang ka baesekele mo godimo ga tšhupu e e kgonang go phuthiwa ya bogodimo jwa dimetara di le pedi. Mothudi o ne a re bolelela gore o ne a ise a ke a tsamaye a dire sepe se se tshwanang le seno, mme se ne sa dira sentle fela! Re ne ra rera mo tshimong ya rona ka tlhagafalo, re itumeletse go bo kgaitsadi yole a ile a re kgothatsa le go bo re ile ra newa ditshiamelo tsa tirelo.

 Ntwa ya Lefatshe II—Nako ya go Lekwa

Fa ntwa e ntse e gomagomela, nna le Stanley Rogers re ne re tshwaregile re itsise batho ka puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng, “Lebana le Boammaaruri,” e e neng e tla neelwa kwa Royal Albert Hall kwa Lontone ka September 11, 1938. Moragonyana ke ne ka nna le seabe mo go tsamaiseng bukana e e neng e dirilwe ka puo eno mmogo le bukana ya Fascism or Freedom, e e neng ya gatisiwa mo ngwageng o o latelang. Dibukana tseno ka bobedi di ne di senola maikemisetso a bobusaesi a Jeremane e e neng e busiwa ke Hitler. Ka nako eno, ke ne ke setse ke itsege kwa Runcorn ka bodiredi jwa me jwa phatlalatsa e bile batho ba ntlotla ka ntlha ya jone. Ee ruri, go tlhola ke etelela pele mo tirong e e tsamaisanang le puso ya Modimo go ne ga nthusa thata moragonyana.

Khampani e ke neng ke bereka mo go yone e ne e tshwanetse go tsenya motlakase mo madirelong mangwe a masha ka fa ntle ga motse. Fa ke utlwa gore go ne go tlile go dirwa dibetsa tsa ntwa mo madirelong ano, ke ne ka ba tlhalosetsa sentle gore nka se bereke koo. Le fa bathapi ba me ba ne ba sa itumela, foromane wa me o ne a mpuelela, mme ka newa tiro e nngwe. Moragonyana ke ne ka utlwalela gore o ne a na le rakgadi yo le ene e neng e le Mosupi wa ga Jehofa.

Modirikanna mongwe o ne a nkgothatsa fa a re: “Se o se dirileng ga se a re gakgamatsa, Reg, ka gonne o ntse o dira tiro eno ya Baebele ka dingwagangwaga.” Le fa go ntse jalo ke ne ke tshwanetse go ntsha matlho dinameng ka gonne bontsi jwa batho ba ke neng ke bereka le bone ba ne ba batla go mpakela mathata.

Fa ke ne ke ikwadisetsa go nna motho yo segakolodi sa gagwe se sa mo letleleleng go tsena mo ntweng, kgotla ya kwa Liverpool e ne ya amogela kopo ya me ka June 1940 ka la gore ke dumeletswe go se tsene mo ntweng fela fa e le gore ke tla tswelela ke dira tiro ya me ya motlakase. Mme seno se ne sa nthusa gore ke tswelele pele le bodiredi jwa me jwa Bokeresete.

Ke Tsena mo Tirelong ya Nako e e Tletseng

Fa ntwa e tsamaela go fela, ke ne ka swetsa ka gore ke tlogele tiro mme ke dire le Irene mo bodireding jwa nako e e tletseng. Ka 1946, ke ne ka aga kolotsana ya dimetara tse 5 e re neng ra e dira legae la rona, mme ngwaga o o latelang re ne ra kopiwa gore re fudugele kwa Alveston, motse mongwe o o kwa Gloucestershire. Morago ga moo re ne ra bula tsela kwa toropong ya bogologolo ya Cirencester le kwa toropong ya Bath. Ka 1951, ke ne ka kopiwa gore ke etele diphuthego tse di kwa borwa jwa Wales ke le molebedi yo o etang, mme e rile dingwaga tse pedi di ise di wele ra bo re le mo tseleng re lebile kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade go ya go thapisediwa tiro ya borongwa.

Sekolo sa setlhopha sa bo21 se ne sa tshwarelwa kwa South Lansing, kwa bokone jwa New York mme re ne ra aloga ka 1953 kwa Kopanong ya Batho ba Lefatshe le Lesha e e neng e tshwaretswe kwa New York City. Nna le Irene re ne re sa itse gore  kabelo ya rona e ne e tla nna kae go fitlha letsatsi le re alogileng ka lone. A bo re ne ra itumela jang ne go utlwa gore re ya go direla kwa Peru. Ka ntlha yang? Ka gonne Sidney Fraser, yo e leng kgaitsadie Irene ka mmaagwe, le mosadi wa ga Sidney e bong Margaret, ba ne ba kile ba direla kwa ofising ya lekala la kwa Lima (e e kwa Peru) ka lobaka lo lo fetang ngwaga fa ba sena go aloga mo setlhopheng sa bo19 sa Gileade!

Fa re ntse re emetse makwalo a rona a mosepele, re ne ra bereka nakonyana kwa Bethele ya kwa Brooklyn, mme go ise go ye kae re ne ra leba kwa Lima. Lefelo la ntlha mo go a le some a re neng re abelwa go direla kwa go one e ne e le Callao, boemakepe jo bogolo jwa kwa Peru, kwa bophirima jwa Lima. Le fa re ne re ithutile Se-Spain go sekae, ka nako eo nna le Irene re ne re sa kgone go tshwara motlotlo ka puo eo. Re ne re tla kgona jang?

Mathata le Melemo ya go Rera

Fa re le kwa Gileade re ne ra bolelelwa gore mmè ga a rute ngwana puo. Go na le moo, ngwana o ithuta fa mmaagwe a ntse a bua le ene. Ka jalo re ne ra newa kgakololo eno: “O se ka wa senya nako, o tsamaye o ye go rera mme o ithute puo mo bathong. Ba tla go thusa.” Fa ke ntse ke leka go tlhaloganya puo eno e ntšha, akanya fela gore ke ne ka ikutlwa jang fa ke ne ke tlhomiwa go nna molebedi yo o okamelang wa Phuthego ya Callao fa re ne re na le dibeke di le pedi fela re gorogile! Ke ne ka ya go bona Sidney Fraser mme kgakololo e a neng a e nnaya e ne e tshwana le e re e neilweng kwa Gileade—ikopanye le batho ba mo phuthegong le batho ba ba mo tshimong ya lona. Ke ne ke ikemiseditse go dirisa kgakololo eo.

Letsatsi lengwe ka Matlhatso mo mosong, ke ne ka kopana le mmetli mo lefelong le a betlelang mo go lone. O ne a re: “Ke batla go tswelela ka tiro ya me, mme o ka nna fa fatshe ra tlotla.” Ke ne ka mmolelela gore re ka tlotla fa fela a ka ntirela sengwe: “Fa nka dira phoso, tsweetswee o nthuse. Seo se ka se nkutlwise botlhoko.” O ne a tshega mme a dumela. Ke ne ka mo etela gabedi ka beke mme ka bona gore ke yone tsela e e ka nthusang go tlwaelana le puo ya me e ntšha, fela jaaka ke ne ke boleletswe.

Go ne ga direga gape gore fa re le kwa Ica, kwa kabelong ya rona ya bobedi ya borongwa, ke ne ka kopana le mmetli yo mongwe mme ka mo tlhalosetsa ka thulaganyo e ke neng ke na le yone kwa Callao. Le ene ka tsela e e tshwanang o ne a dumela go nthusa, mme Se-Spain sa me se ne sa nna sa tokafala le fa gone go tsere dingwaga tse tharo pele ga ke kgona go se bua sentle. Monna yono o ne a nna fela a tshwaregile, mme ke ne ke kgona go tshwara thuto ya Baebele ka go bala Dikwalo le go mo tlhalosetsa gore di rayang. Mo bekeng nngwe fa ke ile go mmona, mothapi wa gagwe o ne a mpolelela gore o ne a ile Lima ka gonne a bone tiro e nngwe teng. Moragonyana fa nna le Irene re ne re goroga kwa Lima re ile kopanong, ke ne ka kopana le monna yono gape. Ke ne ka itumedisiwa thata ke go utlwa gore o ne a ile a ikgolaganya le Basupi ba koo gore a tswelele ka thuto ya gagwe, le gore ene le botlhe ba lelapa la gagwe e ne e le batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa!

Mo phuthegong e nngwe, re ne ra lemoga gore lekgarebe lengwe le lekau ba ne ba nna mmogo ba sa nyalana, mme ba ne ba kolobeditswe. Fa re ntse re tlotla le bone ka melaometheo ya Dikwalo e e amang kgang eo, ba ne ba ikemisetsa go nyalana kafa molaong, mme seo se ne se tla dira gore ba tshwanelege go nna Basupi ba ba kolobeditsweng. Ka jalo ke ne ka ba isa kwa holong ya toropo eo gore ba ye go kwadisa lenyalo la bone. Mme go ne ga nna le bothata ka gonne ba ne ba na le bana ba le banè ba le bone ba neng ba sa kwadisiwa, mme go ya ka molao ba ne ba tshwanetse go kwadisiwa. Re ne ra ipotsa fela gore ratoropo o ne a tlile go reng. Ratoropo o ne a re: “Ka gonne batho bano ba ba molemo, ditsala tsa lona tsa Basupi ba ga Jehofa, ba rulaganyeditse gore lo nyalane kafa molaong, ga ke na go lo biletsa tsheko kwa kgotlatshekelo ka ntlha ya ngwana mongwe le mongwe yo lo sa mo kwadisang, mme ke tla ba kwadisa fela kwantle ga go lo duedisa.” Re ne ra itumela tota, ka gonne lelapa leno le ne le humanegile, mme madi le fa e le afe a ba neng ba ka a lefisiwa a ne a tla bo a le mantsi mo go bone!

Albert D. Schroeder wa kwa Brooklyn, kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa, o ne a re etela morago ga moo mme a buelela gore go agiwe legae le lengwe la barongwa kwa karolong e nngwe ya Lima. Ka jalo nna le Irene le bokgaitsadi ba bangwe ba babedi, e bong Frances le Elizabeth Good, ba ba tswang kwa United States, le banyalani ba bangwe ba ba tswang kwa Canada, re ne ra fudugela kwa kgaolong ya San Borja. Mo lobakeng lwa dingwaga di le pedi kgotsa di le tharo, re ne ra tlhoma phuthego e nngwe e e golang sentle.

 Fa re ne re direla kwa Huancayo, dimetara di feta 3 000 kwa dithabeng tsa kwa bogare, re ne re kopanela le phuthego ya teng e e nang le Basupi ba le 80. Fa re le koo, ke ne ka nna le seabe mo go ageng Holo ya bobedi ya Bogosi mo nageng eo. Ke ne ka tlhomiwa go nna moemedi wa molao wa Basupi ba ga Jehofa, ka gonne re ne ra tshwanelwa ke go ya kgotlatshekelo gararo go ya go kgaratlhela gore re newe ditshwanelo mo setsheng se re neng re se rekile. Go dira dilo tseo, mmogo le tiro e kgolo ya go dira barutwa e e neng e dirwa ke barongwa ba bantsi ba ba ikanyegang mo metlheng eo, di dirile gore go nne le koketsego e kgolo e e leng teng gone jaanong kwa Peru—go simolola ka Basupi ba le 283 ka 1953 go ya go ba feta 83 000 gompieno.

Re Utlwa Botlhoko fa re Tsamaya

Re ne re itumeletse go nna mmogo le barongwa ba bangwe mo magaeng otlhe a barongwa, a gantsi mo go one ke neng ke direla ke le molebedi wa legae. Re ne re kopana moso mongwe le mongwe wa Mantaga go tla go buisana ka se re tla se dirang mo bekeng eo, le go aba ditiro tse di tshwanetseng go dirwa go tlhokomela legae la rona. Rotlhe re ne ra lemoga gore selo sa botlhokwa go di feta tsotlhe ke go rera, mme rotlhe re ne ra dirisana sentle mmogo go dira seo. Ke a itumela fa ke gakologelwa gore ga re ise re ko re nne le kganetsano epe e kgolo mo magaeng otlhe a re nnileng mo go one.

Kabelo ya rona ya bofelo e ne e le kwa Breña, toropo e nngwe e e kwa thoko ya Lima. Phuthego ya teng e e lorato ya Basupi ba le 70 e ne ya gola ka bonako ya nna le batho ba feta 100, mme ka jalo go ne ga tlhongwa phuthego e nngwe kwa Palominia. Irene o ne a simolola go lwala ka nako eno. Kwa tshimologong ke ne ka lemoga gore o ne a na le go lebala dilo tse a di buileng, mme ka dinako tse dingwe o ne a sa kgone go gakologelwa tsela ya go ya gae. Le fa a ne a newa tlhokomelo e e molemo ya tsa kalafi, ka bonya ka bonya bolwetse jwa gagwe bo ne jwa nnela maswe kwa pele.

Ka kutlobotlhoko ka 1990, ke ne ka tshwanelwa ke go dira dithulaganyo tsa gore re boele kwa Engelane kwa kgaitsadiake, e bong Ivy, a neng a re amogela ka lorato mo legaeng la gagwe. Dingwaga tse nnè morago ga moo, Irene o ne a tlhokafala, a na le dingwaga tse 81. Ke tsweletse ka bodiredi jwa nako e e tletseng, ke direla jaaka mogolwane mo go nngwe ya diphuthego tse tharo mo toropong ya gaetsho. Gangwe le gape ke ya kwa Manchester go ya go kgothatsa setlhopha sa Se-Spain se se kopanelang koo.

Bosheng ke diragaletswe ke sengwe se se itumedisang thata se se simologileng dingwaga tse dintsi tse di fetileng fa ke ne ke leletsa beng ba matlo thero ya metsotso e metlhano ke dirisa fonokerafa ya me. Ke sa ntse ke gakologelwa sentle mosetsanyana mongwe wa sekolo yo o neng a eme kafa morago ga ga mmaagwe, a reeditse molaetsa ono.

Mosetsana yono o ne a feletsa a fudugetse kwa Canada, mme tsala nngwe ya gagwe e e sa ntseng e nna kwa Runcorn, e jaanong e leng Mosupi, e ne e kwalelana le ene makwalo. Bosheng jaana mosetsanyana yono o ne a kwala gore o ne a etetswe ke Basupi ba le babedi mme mafoko a ba neng ba a bua a ne a dira gore a gakologelwe se a neng a se utlwa fa a ne a reeditse rekoto eo ya metsotso e metlhano. Ka gonne a ne a lemoga gore seo ke boammaaruri, jaanong ke motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa mme o ne a kopa gore a lebogelwe kwa lekawaneng le le neng le etetse kwa legaeng la ga mmaagwe dingwaga di feta 60 tse di fetileng! Ke boammaaruri gore ga nke re itse kwa peo ya boammaaruri e tla melang teng le kwa e tla golang teng.—Moreri 11:6.

Ee, fa ke akanya ka sotlhe se se diragetseng ke itumelela go bo ke dirisitse botshelo jwa me mo tirelong e e botlhokwa ya ga Jehofa. Fa e sale ke ineela ka 1931, ga ke ise ke foswe ke kopano epe ya batho ba ga Jehofa. Le fa nna le Irene re ise re ko re nne le bana, ke itumelela gore ke na le barwa le barwadi ba semoya ba feta 150, ba botlhe ba direlang Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa. Jaaka mosadi wa me yo o rategang a ne a e baya, ditshiamelo tse re nnileng le tsone di re itumedisitse ka tsela e e se nang bolekanngo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 “Go Tsamaya mo Dikgatong Tsa Batsadi ba Me,” kgang ya botshelo ya ga Hilda Padgett, e ne e le mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 1, 1995, tsebe 19-24.

^ ser. 12 Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Mmè, kwa tshimologong ya bo1900

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Fa godimo: Nna le Irene fa pele ga legae la rona la kolotsana

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kafa molemeng: Hilda Padgett, nna, Irene le Joyce Rowley kwa Leeds, kwa Engelane, ka 1940

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke itsise puo ya phatlalatsa, kwa Cardiff, kwa Wales, ka 1952