Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fisa Maswalo—A go Tshwanetse ga Dirwa mo Kobamelong ya Boammaaruri?

Go Fisa Maswalo—A go Tshwanetse ga Dirwa mo Kobamelong ya Boammaaruri?

 Go Fisa Maswalo—A go Tshwanetse ga Dirwa mo Kobamelong ya Boammaaruri?

MEDIMO e rata menko e e monate.” Baegepeto ba bogologolo ba ne ba rata go bua jalo. Go fisa maswalo e ne e le karolo e kgolo ya kobamelo ya bone. Ka gonne Baegepeto ba ne ba dumela gore medimo e ne e le gaufi, ba ne ba fisa maswalo letsatsi le letsatsi kwa ditempeleng tsa bone le mo dibesong tse di mo magaeng a bone le fa ba dira kgwebo. Ditšhaba tse dingwe di ne di dira ka go tshwana.

Maswalo ke eng? Lefoko leno le ka raya mosi kgotsa se se fisiwang. A dirwa ka boroku jo bo nkgang monate jo bo jaaka lebano le balema. Dilo tseno di a thugiwa gore e nne poere mme gantsi di tlhakanngwa le dilo tse dingwe tse di tshwanang le ditswaiso, makwati a setlhare le dithunya go dira gore go nne le monko o o rileng o o tla dirisiwang ka ditsela tse di rileng.

Maswalo a ne a ratiwa thata e bile a le tlhwatlhwakgolo mo metlheng ya bogologolo mo e leng go­re go ne go gwebiwa ka di­lo tse di dirisiwang go a di­ra. Ditlhopha tsa bagwebi ba ba neng ba tsamaya mo ditseleng tse dikgolo tsa kgwebo ba ne ba tla ka di­lo tseno fa ba tswa kwa dinageng tse di kgakala. O ka tswa o gakologelwa go­re morwa yo mmotlana wa ga Jakobe, e bong Josefa o ne a rekisediwa bagwebi ba Baishemaele ba ba neng ba “tswa kwa Gileade, mme dikamela tsa bone di ne di sikere labedanume le balema le lekwati la setlhare sa boroku, ba le mo tseleng ba le isa kwa Egepeto.” (Genesise 37:25) Batho ba bantsi ba ne ba simolola go batla maswalo mo e leng gore tsela e kgolo ya kgwebo ya lebano, e kwantle ga pelaelo e simolotsweng ke bagwebi ba maswalo, e ne ya di­ra go­re batho ba simolole go tsaya mesepele ba ya kwa Asia le kwa Yuropa.

Go sa ntse go fisiwa maswalo mo medirong le mo meetlong ya madumedi a mantsi gompieno. E bile, batho ba le bantsi ba fisa maswalo mo magaeng a bone e le fela gore ba utlwe monko wa one o o monate. Bakeresete ba tshwanetse go leba jang go fisiwa ga maswalo? A Modimo o a go amogela mo kobamelong? A re tlhatlhobeng gore Baebele ya reng ka kgang eno.

“Selo se se Boitshepo mo go Jehofa”

Ka nako ya Baiseraele ba bogologolo go fisa maswalo e ne e le selo sa botlhokwa fa baperesiti ba ne ba dira ditiro tsa bone kwa motlaaganeng. Cyclopedia ya ga McClintock le Strong ya re: “Eleruri, go lebega Bahebera ba ne ba tsaya go fisa maswalo e le karolo ya kobamelo kgotsa e le tshupelo e e boitshepo mo e leng gore ga re bale gore ba ne ba dirisetsa maswalo tiro epe e nngwe.”

Jehofa Modimo o ne a bolela dilo tse nnè tse di neng di tshwanetse go tswakanngwa di bo di fisiwa kwa motlaaganeng: “Itseele dinkgisa monate: marothodi a setakate le maswalo a lonko lo lo monate le galabano e e nkgisitsweng monate le lebano le le itshekileng. Sengwe le sengwe sa tsone se lekane le se sengwe. Mme o se dire maswalo, motswako wa setswaiso, tiro ya modiri wa setlolo, o o tsentsweng letswai, o o itshekileng, selo se se boitshepo. Mme o thuge mongwe wa one o o dire loupa lo lo boleta o bo o baya mongwe wa one fa pele ga Tshupo mo mogopeng wa bokopanelo.” (Ekesodo 30:34-36) Bakanoki ba re borabi  ba Bajuda ba ne ba oketsa ka dilo tse dingwe moragonyana gore di dirisiwe kwa tempeleng.

Maswalo a a neng a fisiwa kwa motlaaganeng a ne a le boitshepo, a dirisiwa fela mo kobamelong ya Modimo. Jehofa o ne a laela jaana: “Maswalo a o tla a dirang ka motswako ono, lo se ka lwa a itirela. A tshwanetse gore mo go lona a tswelele a le selo se se boitshepo mo go Jehofa. Le fa e le mang yo o dirang ape a a tshwanang le one gore a ipelele lonko lwa one o tshwanetse go kgaolwa mo bathong ba gagabo.” (Ekesodo 30:37, 38) Baperesiti ba ne ba fisa maswalo gabedi ka letsatsi mo motlaaganeng o o tlhophilweng. (2 Ditiragalo 13:11) Mme ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo o ne a fisa maswalo mo Boitshepong Jwa Maitshepo.—Lefitiko 16:12, 13.

Modimo o ne a sa amogele maswalo otlhe a a fisiwang. O ne a otlhaya batho ba e neng e se baperesiti ba ba neng ba ipagololela mogodu ka go fisa maswalo e kete ke baperesiti. (Dipalo 16:16-18, 35-40; 2 Ditiragalo 26:16-20) Setšhaba sa Bajuda se ne se galefisa Jehofa fa se ne se fisa maswalo mme ka nako e e tshwanang se dira ditiro tsa kobamelo ya maaka le tsa tshololo ya madi. Boitimokanyi jwa bone bo ne jwa dira gore Jehofa a bolele jaana: “Maswalo—ke sengwe se se makgapha mo go nna.” (Isaia 1:13, 15) Baiseraele ba ne ba itlhokomolosa tsela ya ga Jehofa ya kobamelo thata mo e leng gore ba ne ba tswala tempele mme ba fisetsa maswalo mo dibesong tse dingwe. (2 Ditiragalo 28:24, 25) Moragonyana maswalo a a boitshepo a ne a dirisiwa mo kobamelong e e maswe ya medimo ya maaka. Ditiro tse di ntseng jalo di ne di galefisa Jehofa.—Esekiele 16:2, 17, 18.

Maswalo le Bakeresete ba Bogologolo

Kgolagano ya Molao, e e neng e akaretsa molao wa gore baperesiti ba fise maswalo a a boitshepo, e ne ya fela fa Keresete a ne a tlhoma kgolagano e ntšha ka 33 C.E. (Bakolosa 2:14) Ga go na pego epe e e bontshang gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba fisa maswalo ka mabaka a bodumedi. Cyclopedia ya ga McClintock le Strong e bolela jaana malebana le seno: “Ga go na pelaelo epe gore [Bakeresete ba bogologolo] ba ne ba sa dirise maswalo. Eleruri go dirisa maswalo e ne e le letshwao la kobamelo ya boheitane . . . Fa modumedi a ne a latlhela matlhotlhoranyana a maswalo mo sebesong sa baheitane go ne go tsewa e le kobamelo.”

Gape Bakeresete ba bogologolo ba ne ba gana go fisa maswalo go supa gore ba amogela gore mmusimogolo wa Roma ke “modimo,” tota le fa seno se ne se ka felela ka gore ba bolawe. (Luke 4:8; 1 Bakorintha 10:14, 20) E re ka go fisiwa ga maswalo go ne go dirisiwa mo kobamelong ya medingwana mo motlheng oo, ga go gakgamatse go bo Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa tsenelele le mo kgwebong ya maswalo tota.

Go Fisiwa ga Maswalo Gompieno

Maswalo a dirisiwa jang gompieno? Mo dikerekeng di le dintsi tsa Labokeresete, maswalo a fisiwa mo medirong le mo meetlong ya sedumedi. Malapa a le mantsi kwa Asia a fisa maswalo kwa ditempeleng kgotsa fa pele ga dibeso tse di mo magaeng a one go tlotla medimo ya one le go sireletsa baswi. Mo ditirelong tsa bodumedi, maswalo a ntse a dirisediwa go kubetsa ntlo ka mosi wa maswalo, go fodisa, go itshekisa le go sireletsa.

Bosheng jaana tota le batho ba ba seng mo bodumeding bope ba simolotse go kgatlhegela  maswalo gape. Bangwe ba fisa maswalo fa ba tlhatlhanya. Buka nngwe ya tshedimosetso e akantsha gore maswalo a ka dirisediwa go ikgolaganya le “masaitseweng” le “maatla a a sa tlwaelegang,” a a fetang a batho. Gape buka eno e akantsha gore batho ba ka bona tharabololo ya mathata a botshelo ka go dira meetlo ya go fisa maswalo e mo go yone go ikgolaganngwang le “ditshedi tse di nang le maatla a a fetang a batho.” A Bakeresete ba tshwanetse go dira dilo tse di ntseng jalo?

Jehofa o kgala gotlhelele batho ba ba lekang go tlhakanya ditiro tsa bodumedi jwa maaka le kobamelo e e itshekileng. Moaposetoloi Paulo o ne a nopola boporofeti jwa ga Isaia mme a bo dirisa mo Bakereseteng, a ba rotloetsa gore ba se ka ba ikamanya le tlhotlheletso e e seng phepa ya bodumedi jwa maaka. O ne a re: “‘Tswang mo gare ga bone, lo bo lo itomolole,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa’; ‘mme ke tla lo amogela.’” (2 Bakorintha 6:17; Isaia 52:11) Bakeresete ba boammaaruri ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang gore ba tile sengwe le sengwe se se amanang le kobamelo ya maaka kgotsa masaitseweng.—Johane 4:24.

A lebaka la go bo maswalo a dirisiwa mo meetlong ya bodumedi le mo tirisabadimong le kaya gore go fisa maswalo gotlhe ga go a siama? Nnyaa. Go ka direga gore motho o batla go fisa maswalo e le senkgisa monate mo ntlong ya gagwe gore a itumelele lonko lwa one. (Diane 27:9) Le fa go ntse jalo, fa Mokeresete a akanya go fisa maswalo, o tshwanetse go akanyetsa mabaka mangwe. A ba bangwe mo lefelong le o nnang mo go lone ba amanya go dirisa maswalo le tiro nngwe ya bodumedi jwa maaka? A mo tikologong e o nnang mo go yone gantsi batho ba amanya maswalo le meetlo ya tirisabadimo? Kgotsa a go tlwaelegile gore a dirisediwe mabaka a e seng a bodumedi?

Fa motho a tlhopha go fisa maswalo, o tshwanetse go akanyetsa segakolodi sa gagwe le maikutlo a ba bangwe. (1 Bakorintha 10:29) Mafoko a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela Baroma a a dira mo kgannyeng eno. O ne a re: “A re lateleleng dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana. Tlogelang go rutlolola tiro ya Modimo fela ka ntlha ya dijo. Ke boammaaruri gore dilo tsotlhe di phepa, mme ke selo se se utlwisang botlhoko mo mothong yo e reng go na le boemo jo bo kgopisang a je. Go molemo gore o se ka wa ja nama kgotsa wa nwa beine kgotsa wa dira sepe fela se se kgopisang mokaulengwe wa gago.”—Baroma 14:19-21.

Dithapelo Tse di ‘Baakantsweng Jaaka Maswalo’

Maswalo a Baiseraele ba neng ba a ntsha a ne a tshwantshetsa sentle dithapelo tse Modimo a di utlwang. Ke gone ka moo mopesalema Dafide a neng a opelela Jehofa jaana: “E kete thapelo ya me e ka baakanngwa jaaka maswalo fa pele ga gago.”—Pesalema 141:2.

Baiseraele ba ba ikanyegang ba ne ba sa tseye go ntsha maswalo e le moetlo fela o o se nang bokao. Ba ne ba le kelotlhoko gore ba baakanye le go fisa maswalo ka tsela e Jehofa a laetseng ka yone. Mo boemong jwa go dirisa maswalo a mmatota, Bakeresete gompieno ba rapela dithapelo tse di bontshang gore ba leboga Rraarona yo o kwa legodimong go tswa pelong le go mo tlotla. Jaaka maswalo a a nkgang monate a baperesiti ba neng ba a ntsha kwa tempeleng, Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana: “Thapelo ya ba ba thokgameng e a mo ipedisa.”—Diane 15:8.

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Maswalo a a neng a fisiwa kwa motlaaganeng le kwa tempeleng a ne a le boitshepo

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

A go siame gore Bakeresete ba fise maswalo fa ba tlhatlhanya?