Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Botshelo jo bo Letobo Jwa Maloba le Isagwe e e Phatsimang

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Botshelo jo bo Letobo Jwa Maloba le Isagwe e e Phatsimang

 “Atamelang Modimo, Mme o Tla lo Atamela”

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Botshelo jo bo Letobo Jwa Maloba le Isagwe e e Phatsimang

“LEFOKO LA MODIMO le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi . . . mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Bahebera 4:12) Moaposetoloi Paulo o ile a bua jalo ka maatla a magolo a molaetsa wa Modimo. Tsela e o kgonang go fitlhelela pelo ka yone e ile ya bonala thata mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Le fa go ne go na le ditlhotlheletso tse di sa siamang mo metlheng eo, batho ba ba ileng ba nna Bakeresete ba ile ba apara botho jo bosha.—Baroma 1:28, 29; Bakolosa 3:8-10.

Le gompieno Lefoko la Modimo le sa ntse le na le maatla a go fetola botshelo jwa batho fela jaaka Baebele e bolela. Ka sekai, akanya ka se se neng sa diragalela monna mongwe yo moleele, yo o nonofileng e bong Richard. E re ka Richard a ne a le pelokhutshwane, o ne a lwa le batho le fa ba sa mo dira sepe se se kalo. E ne e le ntwadumela. Richard o ne a ba a tsenela motshameko wa mabole. O ne a ikatisa ka natla a bo a nna tshimega wa boimakete jwa boramabole kwa Westphalia, Jeremane. Gape Richard o ne a nwa bobe mme gantsi o ne a nna le dikomang tse di felelang ka dintwa. Nako nngwe mongwe o ne a swa, mme Richard o ne a batla a isiwa kgolegelong.

Go tweng ka lenyalo la ga Richard? Richard a re: “Pele ga nna le Heike re ithuta Baebele, mongwe le mongwe wa rona o ne a tshela jaaka a rata. Heike o ne a fetsa nako e ntsi le ditsala tsa gagwe, fa nna ke ne ke e fetsa ke dira dilo tse ke itlosang bodutu ka tsone—segolo jang go tshameka mabole, go tshameka mo makhubung a lewatle le go thuma ka fa tlase ga lewatle.”

Fa Richard le Heike ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, Richard o ne a fitlhela go le thata go amogela kgopolo ya gore o ne a tshwanetse go dira diphetogo tse a neng a akanya gore a ka se ka a kgona go di dira gore a dumalanye botshelo jwa gagwe le melao ya maemo a a kwa godimo e e mo Lefokong la Modimo. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa Richard a simolola go itse Jehofa Modimo botoka, o ne a nna le keletso e kgolo ya go batla go mo itumedisa. Richard o ne a lemoga gore Modimo ga a amogele batho ba ba ratang thubakanyo kgotsa ba ba itlosang bodutu ka yone. Richard o ne a ithuta gore, “Moya wa [ga Jehofa] o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.”—Pesalema 11:5.

Mo godimo ga moo, Richard le Heike ba ne ba itumedisiwa thata ke tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise. Ba ne ba batla go tshela koo ba le mmogo! (Isaia 65:21-23) Richard o ne a amiwa thata ke taletso e e reng, “atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) O ne a bona botlhokwa jwa go tsaya kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng tsia: “O se ka wa tswela pelo motho wa thubakanyo, le fa e le go tlhopha ditsela dipe tsa gagwe. Gonne motho yo o tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme O atamalane thata le bathokgami.”—Diane 3:31, 32.

Le fa Richard a ne a na le keletso e kgolo ya go batla go fetola ditsela tsa gagwe, o ne a lemoga gore o ne a ka se kgone go dira jalo ka maatla a gagwe fela. O ne a simolola go bona botlhokwa jwa go batla thuso mo Modimong ka thapelo. Ka jalo o ne a dira tumalanong le se Jesu a neng a se bolelela baaposetoloi ba gagwe a re: “Lo rapele lo sa kgaotse, gore lo tle lo se ka lwa tsena mo thaelong. Gone, moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.”—Mathaio 26:41.

Fa Richard a sena go ithuta kafa Modimo a lebang thubakanyo le go phatloga ka bogale ka gone, o ne a  lemoga gore motshameko wa mabole ga o a siama. Richard o ne a tlogela go rata ntwa ka ntlha ya go thusiwa ke Jehofa le go kgothadiwa ke batho ba a neng a ithuta Baebele le bone. O ne a tlogela mabole le go rata ntwa mme a swetsa ka gore a tokafatse botshelo jwa lelapa la gagwe. Richard, yo gone jaanong e leng molebedi yo o bonolo mo go nngwe ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa, a re: “Go ithuta boammaaruri mo Baebeleng go nthusitse gore ke akanye pele ga ke dira dilo.” Gape a re: “Gone jaanong ke dirisa melaometheo ya lorato le tlotlo go tshedisana le mosadi le banake. Seno se dirile gore lelapa la rona le momagane.”

Ka dinako tse dingwe batho ba ba sa bolelelwang boammaaruri ka Basupi ba ga Jehofa ba ba latofatsa ka gore ba thuba malapa. Le fa go ntse jalo, dikai tsa batho ba ba jaaka Richard di supa gore seo ga se boammaaruri. Tota boammaaruri jwa Baebele bo ka nonotsha malapa le go dira gore batho ba ba kileng ba bo ba na le botshelo jo bo letobo mo nakong e e fetileng ba nne le isagwe e e phatsimang.—Jeremia 29:11.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

“Tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise e ne ya ntlhotlheletsa go fetoga”

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Kafa Melaometheo ya Baebele e Dirang ka Teng

Baebele e ka tlhotlheletsa botshelo jwa batho thata. Mengwe ya melaometheo ya Dikwalo e e ileng ya thusa batho ba ba ratang ntwa go fetoga ke eno:

“Yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata, mme yo o laolang moya wa gagwe o botoka go gaisa yo o thopang motse.” (Diane 16:32) Fa motho a sa kgone go laola kgalefo ya gagwe, seno ga se supe gore o nonofile, go na le moo se supa gore o bokao.

“Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.” (Diane 19:11) Go lemoga le go tlhaloganya seemo go thusa motho go bona ka kwa ga se se lebegang e le mabaka a gore a lwe mme go ka dira gore a se ka a galefa.

“O se ka wa ikopanya le motho yo o shakgalang thata, gore o se ka wa tlwaelana le ditselana tsa gagwe.” (Diane 22:24, 25) Bakeresete ga ba itsalanye le batho ba ba ratang go shakgala.