Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Tle o Botse Gore, “O Kae Jehofa?”

A o A Tle o Botse Gore, “O Kae Jehofa?”

A o A Tle o Botse Gore, “O Kae Jehofa?”

‘Ba ile ba nna kgakala le nna. Mme ga ba a re, “O kae Jehofa?”’—JEREMIA 2:5, 6.

1. Fa batho ba botsa ba re, “Modimo o kae?,” ba ka tswa ba akantse eng?

“MODIMO o kae?” Potso eo e boditswe ke batho ba le bantsi. Bangwe ba bone ba ntse ba leka fela go tlhaloganya sengwe sa motheo ka Mmopi, gore o nna kae? Ba bangwe bone ba ile ba botsa potso eo fa go sena go nna le masetlapelo a a amileng batho ba le bantsi, kgotsa fa bone ka bobone ba na le mathata a magolo mme ba sa tlhaloganye gore ke eng fa Modimo a sa ba thuse. Le fa go ntse jalo, ba bangwe bone ga ba botse le go botsa ka gonne ga ba dumele le gore Modimo o teng.—Pesalema 10:4.

2. Ke bomang ba ba atlegang fa ba ntse ba batla Modimo?

2 Gone ke boammaaruri, go na le batho ba le bantsi ba ba dumelang gore go na le bosupi jo bontsi jwa gore Modimo o teng. (Pesalema 19:1; 104:24) Bangwe ba bone ba kgotsofalela fela gore ba bo ba le mo bodumeding bongwe. Mme ba bangwe ba le bantsi mo dinageng tsotlhe ba ile ba tlhotlhelediwa ke go rata boammaaruri thata gore ba batle Modimo wa boammaaruri. Maiteko a bone ga a itaya sefololetse ka gonne “a se kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.”—Ditiro 17:26-28.

3. (a) Modimo o nna kae? (b) Ke eng se se kaiwang ke potso eno e e mo Dikwalong, “O kae Jehofa?”

3 Mme fa motho a sena go batla Jehofa a ba a mmona, o lemoga gore “Modimo ke Moya,” batho ba ka se mmone ka matlho. (Johane 4:24) Jesu o ne a bitsa Modimo wa boammaaruri a re ke “Rre yo o kwa legodimong.” Seo se kayang? Se kaya gore kwa Rraarona a nnang teng go kwa godimo ka tsela ya semoya, fela jaaka loapi lo le kwa godimo ga lefatshe. (Mathaio 12:50; Isaia 63:15) Le fa gone re ka se ka ra bona Modimo ka matlho, o dira gore re kgone go mo itse le go ithuta go le gontsi ka maikaelelo a gagwe. (Ekesodo 33:20; 34:6, 7) O araba dipotso tse di bodiwang ke batho ba ba peloephepa ba ba batlang go itse bokao jwa botshelo. Fa go tliwa mo dikgannyeng tse di amang matshelo a rona, o re naya tshedimosetso e e lekaneng gore re kgone go itse boemo jwa gagwe, ke gore, o ikutlwa jang ka dikgang tse di ntseng jalo le gore a dikeletso tsa rona di dumalana le maikaelelo a gagwe. O batla gore re batlisise ka dikgang tse di ntseng jalo re bo re leke ka tlhoafalo go bona dikarabo. Jehofa o ne a dirisa moporofeti Jeremia go kgalema batho ba Iseraele wa bogologolo ka gonne ba ne ba sa dira jalo. Ba ne ba itse leina la Modimo, mme ga ba a ka ba botsa ba re, “O kae Jehofa?” (Jeremia 2:6) Ba ne ba sa tshwenyega thata ka go itse boikaelelo jwa ga Jehofa. Ba ne ba sa senke kaelo ya gagwe. Fa o lebane le go dira ditshwetso dingwe, tse dikgolo le tse dinnye, a o a tle o botse o re, “O kae Jehofa?”

Ba ba Neng ba Batla Kaelo ya Modimo

4. Re ka solegelwa molemo jang ke sekao sa ga Dafide sa go botsa Jehofa?

4 Fa Dafide morwa Jese a ne a sa le lekawana, o ne a nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa. O ne a itse Jehofa e le “Modimo yo o tshelang.” Dafide ka boene o ne a kile a sirelediwa ke Jehofa. Dafide o ne a tlhotlhelediwa ke tumelo le ke go rata “leina la ga Jehofa” gore a bolaye mokaloba wa Mofilisitia yo o neng a tshwere dibetsa tse dintsi, e bong Goliathe. (1 Samuele 17:26, 34-51) Le fa go ntse jalo, go atlega ga ga Dafide ga go a ka ga dira gore a itshepe mo go feteletseng. Ga a ka a akanya gore Jehofa o ne a tla dira gore a atlege mo go sepe fela se a neng a ka se dira gone jaanong. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, Dafide o ne a nna a botsa Jehofa gangwe le gape fa a  tshwanetse go dira ditshwetso dingwe. (1 Samuele 23:2; 30:8; 2 Samuele 2:1; 5:19) O ne a tswelela a rapela jaana: “Nkitsise ditsela tsa gago, wena Jehofa; nthute ditselana tsa gago. Ntsamaise mo boammaaruring jwa gago mme o nthute, gonne o Modimo wa me wa poloko. Ke solofetse mo go wena letsatsi lotlhe.” (Pesalema 25:4, 5) A bo seo e le sekao se se molemo jang ne se re ka se latelang!

5, 6. Jehoshafate o ne a batla Jehofa jang ka dinako tse di farologaneng mo botshelong jwa gagwe?

5 Mo metlheng ya ga Kgosi Jehoshafate, yo e neng e le kgosi ya botlhano mo tatelanong ya dikgosi tsa losika lwa ga Dafide, masole a ditšhaba tse tharo a ne a ikopanya mme a tla go tlhabana le Juda. Fa Jehoshafate a ne a lebana le seemo seno se se kotsi mo setšhabeng, o ne a “ikemisetsa go batla Jehofa.” (2 Ditiragalo 20:1-3) Leno e ne e se lekgetlho la ntlha Jehoshafate a batla Jehofa. Kgosi e ne e ganne kobamelo ya ga Baale e e neng e dirwa thata ke Baiseraele ba batlhanogi ba bogosi jwa bokone, mme ya tlhopha go tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa. (2 Ditiragalo 17:3, 4) Jaanong fa Jehoshafate a ne a lebane le bothata, o ne a “batla Jehofa” jang?

6 Mo thapelong e Jehoshafate a neng a e rapela phatlalatsa kwa Jerusalema ka nako eno e e kotsi, o ne a bontsha gore o gakologetswe maatla a ga Jehofa a a seng kana ka sepe. O ne a ile a akanya thata ka boikaelelo jwa ga Jehofa jo bo ileng jwa bonala fa a ne a leleka ditšhaba tse dingwe, mme a naya Baiseraele naga nngwe gore e nne boswa jwa bone. Kgosi e ne ya dumela gore e tlhoka thuso ya ga Jehofa. (2 Ditiragalo 20:6-12) A Jehofa o ne a itetla gore a bonwe ka nako eo? Ee, o ne a dira jalo. Jehofa o ne a neela kaelo e e utlwalang sentle ka Jahasiele wa Molefi, mme ka letsatsi le le latelang Jehofa a dira gore batho ba gagwe ba fenye. (2 Ditiragalo 20:14-28) O ka tlhomamisega jang gore Jehofa o tla itetla gore o mmone fa o batla kaelo ya gagwe?

7. Modimo o utlwa dithapelo tsa bomang?

7 Jehofa ga a tlhaole batho. O laletsa batho ba ditšhaba tsotlhe gore ba mmatle ka go mo rapela. (Pesalema 65:2; Ditiro 10:34, 35) O itse se se leng mo dipelong tsa batho ba ba mo rapelang. O re tlhomamisetsa gore o utlwa dithapelo tsa basiami. (Diane 15:29) O dira gore batho bangwe ba pele ba neng ba sa mo kgatlhegele mme jaanong ba batla kaelo ya gagwe ka boikokobetso, ba mmone. (Isaia 65:1) O utlwa le dithapelo tsa batho ba ba neng ba sa boloke molao wa gagwe mme jaanong ba ikwatlhaya ka boikokobetso. (Pesalema 32:5, 6; Ditiro 3:19) Le fa go ntse jalo, fa motho a sa ikokobeletse Modimo, dithapelo tsa motho yoo ke tsa lefela. (Mareko 7:6, 7) Akanya ka dikai dingwe.

Ba ne Ba Rapela Mme Ga ba A ka Ba Arabiwa

8. Ke eng se se dirileng gore Jehofa a se ka a amogela dithapelo tsa ga Kgosi Saulo?

8 Fa moporofeti Samuele a sena go bolelela Kgosi Saulo gore Modimo o mo latlhile ka gonne a ne a se kutlo, Saulo o ne a ikoba fa pele ga ga Jehofa. (1 Samuele 15:30, 31) Mme seo se ne se sa tswe mo pelong. Saulo o ne a sa batle go ikobela Modimo, go na le moo, o ne a batla go tlotliwa ke batho. Moragonyana fa Bafilisitia ba ne ba lwa le Baiseraele, Saulo o ne a dira go ya kafa tlwaelong a botsa Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa a ne a sa arabiwe, o ne a ya go kopa kgakololo ya motho yo o buang le meya, a dira jalo le fa a ne a itse gore Jehofa o kgala seno. (Duteronome 18:10-12; 1 Samuele 28:6, 7) Fa kgang eno e sobokanngwa mo go 1 Ditiragalo 10:14, e bolela jaana ka Saulo: “O  ne a se ka a botsa Jehofa.” Ke eng fa e bolela jalo? Ka gonne dithapelo tsa ga Saulo di ne di sa thewa mo tumelong. Ka jalo, go ne go ntse jaaka e kete ga a rapela gotlhelele.

9. Ke eng se se neng se le phoso ka kopo ya ga Sedekia ya go baa kaelo ya ga Jehofa?

9 Ka mo go tshwanang, fa bokhutlo jwa bogosi jwa Juda bo ne bo ntse bo atamela, go ne ga rapelwa dithapelo tse dingwe tse dintsi e bile go kopiwa kgakololo mo baporofeting ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, le fa batho ba ne ba bolela gore ba boifa Jehofa, ba ne ba obamela le medingwana. (Sefania 1:4-6) Le fa ba ne ba botsa Modimo ka go ikgolola fela, mo dipelong tsa bone ba ne ba sa iketleeletsa go dira thato ya gagwe. Kgosi Sedekia o ne a kopa Jeremia gore a mmoletse kwa go Jehofa. Jehofa o ne a setse a boleletse kgosi gore e tshwanetse go dirang. E re ka kgosi e ne e se na tumelo e bile e boifa batho, ga e a ka ya utlwa lentswe la ga Jehofa mme Jehofa ga a ka a naya kgosi karabo e kgosi e neng e batla go e utlwa.—Jeremia 21:1-12; 38:14-19.

10. Ke eng se se neng se le phoso ka tsela e Johanane a neng a batla kaelo ya ga Jehofa ka yone, mme re ithuta eng mo phosong ya gagwe?

10 Fa Jerusalema e sena go senngwa mme masole a Bababelona a setse a tsamaile le batshwarwa ba Bajuda, Johanane o ne a ipaakanyetsa go tsaya setlhotshwana sa Bajuda ba ba neng ba setse kwa Juda a ba isa kwa Egepeto. Ba ne ba setse ba dirile dithulaganyo, mme pele ga ba tsamaya, ba ne ba kopa Jeremia gore a ba rapelele mme a kope kaelo ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa ba sa fiwe karabo e ba neng ba e batla, ba ne ba tswelela ka se ba neng ba se rulagantse. (Jeremia 41:16–43:7) Mo ditiragalong tseno, a go na le dithuto tse di ka go thusang gore fa o batla sefatlhego sa ga Jehofa, a dire gore o mmone?

“Nnang lo Tlhomamise”

11. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dirisa se se mo go Baefeso 5:10?

11 Kobamelo ya boammaaruri e akaretsa mo gontsi go feta go bontsha boineelo jwa rona ka go nwediwa mo metsing, go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego le go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa. E ama botshelo jwa rona jotlhe. Letsatsi le letsatsi re lebana le dikgatelelo tse di ka dirang gore re fapoge mo tseleng ya bomodimo—dingwe tsa tsone ga di bonale, mme tse dingwe di bonala thata. Re tla dirang fa re lebane le dikgatelelo tseno? Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba ba ikanyegang ba kwa Efeso, o ne a ba rotloetsa jaana: “Nnang lo tlhomamise se se amogelesegang mo Moreneng.” (Baefeso 5:10) Mosola wa go dira jalo o bonala mo maemong a mantsi a a begilweng mo Dikwalong.

12. Ke eng fa Jehofa a ne a galefa fa Dafide a ne a dira gore letlole la kgolagano le fudusediwe kwa Jerusalema?

12 Fa letlole la kgolagano le sena go boela kwa Iseraele mme le beilwe dingwaga di le dintsi kwa Kiriathe-jearime, Kgosi Dafide o ne a batla go le fudusetsa kwa Jerusalema. O ne a gakololana le dikgosana tsa setšhaba mme a re Letlole le tla fudusiwa fa ‘go bonala go le molemo mo go bone e bile go amogelesega mo go Jehofa.’ Mme ga a ka a batlisisa sentle go tlhomamisa gore thato ya ga Jehofa ke eng mo kgannyeng eno. Fa a ka bo a dirile jalo, Letlole le ka bo le ne la se ka la pegwa mo koloing. Le ne le ka bo le rwelwe ke Bakohathe ba Balefi mo magetleng a bone ka tsela e Modimo a neng a laetse sentle ka yone. Le mororo Dafide a ne a tlhola a botsa Jehofa, ga a ka a dira jalo ka tshwanelo mo lekgetlhong leno. Ditlamorago tsa gone di ile tsa utlwisa botlhoko. Moragonyana  Dafide o ne a dumela jaana: “Jehofa Modimo wa rona o ne a re galefela, gonne ga re a ka ra mmatla kafa mokgweng.”—1 Ditiragalo 13:1-3; 15:11-13; Dipalo 4:4-6, 15; 7:1-9.

13. Ke kgakololo efe e e neng ya akarediwa mo pineng e e neng ya opelwa fa Letlole le sena go fudusiwa ka katlego?

13 Fa kgabagare Balefi ba ne ba rwala Letlole go tswa kwa ntlong ya ga Obede-edome ba le isa kwa Jerusalema, go ne ga opelwa pina e e neng e tlhamilwe ke Dafide. E ne e na le kgakololo eno e e tswang pelong: “Batlang Jehofa le nonofo ya gagwe, batlang sefatlhego sa gagwe ka metlha. Gakologelwang ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang tse a di dirileng, dikgakgamatso tsa gagwe le ditshwetso tsa boatlhodi tsa molomo wa gagwe.”—1 Ditiragalo 16:11, 12.

14. Re ka solegelwa molemo jang ke sekao se se molemo sa ga Solomone le ke diphoso tse a neng a di dira moragonyana mo botshelong jwa gagwe?

14 Pele ga Dafide a swa, o ne a gakolola morwawe Solomone jaana: “Fa o [batla Jehofa], o tla dira gore o mmone.” (1 Ditiragalo 28:9) Fa Solomone a ne a simolola go busa, o ne a ya kwa Gibeone, kwa mogope wa bokopanelo o neng o le gone mme a isetsa Jehofa ditlhabelo. Koo Jehofa o ne a rotloetsa Solomone jaana: “Kopa! Ke go neye eng?” Go ya ka se Solomone a neng a se kopile, ka bopelotshweu Jehofa o ne a mo naya botlhale le kitso ya gore a atlhole Iseraele mme mo godimo ga moo o ne a mo naya dikhumo le tlotlo. (2 Ditiragalo 1:3-12) Solomone o ne a aga tempele e ntle thata, a dirisa thulaganyo ya go aga e Jehofa a neng a e neile Dafide. Le fa go ntse jalo, mo dikgannyeng tsa gagwe tsa lenyalo, Solomone ga a ka a batla Jehofa. Solomone o ne a nyala basadi ba e neng e se baobamedi ba ga Jehofa. Mo dingwageng tsa gagwe tsa botsofe, ba ne ba faposa pelo ya gagwe mo go Jehofa. (1 Dikgosi 11:1-10) Le fa re ka tswa re lebega re na le maemo a a kwa godimo, re le botlhale kgotsa go lebega re itse thata, go botlhokwa gore ‘re nne re tlhomamise se se amogelesegang mo Moreneng’!

15. Fa Sera wa Moethiopia a ne a ya go tlhasela Juda, ke eng fa Asa a ne a rapela a na le tsholofelo gore Jehofa o tla golola Juda?

15 Botlhokwa jwa seno bo gatelelwa gape ke pego ya bogosi jwa ga Asa, setlogotlogolwana sa ga Solomone. Dingwaga di le 11 fa Asa a sena go nna kgosi, Sera wa Moethiopia o ne a ya go tlhasela Juda a na le mophato wa sesole wa banna ba le milione. A Jehofa o ne a tla golola Juda? Dingwaga di le 500 pelenyana ga moo, Jehofa o ne a boleletse batho ba gagwe sentle gore ba ne ba ka lebelela eng fa ba ne ba reetsa mme ba boloka ditaelo tsa gagwe, le gore ba ne ba ka lebelela eng fa ba ne ba sa dire jalo. (Duteronome 28:1, 7, 15, 25) Fa Asa a ne a simolola go busa, o ne a dira gore dibeso le dipilara tse di neng di dirisiwa mo kobamelong ya maaka di tlosiwe mo nageng ya gagwe. O ne a rotloetsa batho go “batla Jehofa.” Asa ga a ka a leta go fitlha a lebana le kotsi pele ga a dira jalo. Ka jalo, Asa o ne a kgona go rapela Jehofa ka tumelo gore a ba thuse. Go ne ga felela jang? Juda e ne ya newa phenyo e e gakgamatsang.—2 Ditiragalo 14:2-12.

16, 17. (a) Le fa Asa a ne a fenya, Jehofa o ne a mo naya kgakololo efe? (b) Fa Asa a ne a dira ka boeleele, o ne a newa thuso efe mme o ne a itshwara jang? (c) Re ka solegelwa molemo jang ke go sekaseka boitshwaro jwa ga Asa?

16 Le fa go ntse jalo, fa Asa a boa a fentse, Jehofa o ne a roma Asaria go ya go kgatlhantsha kgosi le go mo raya a re: “Nkutlwa, wena Asa le Juda yotlhe le Benjamine! Jehofa o na le lona fa fela lo na le ene; mme fa lo mmatla, o tla dira gore lo mmone, mme fa lo mo tlogela o tla lo tlogela.” (2 Ditiragalo 15:2) Asa o ne a rotloetsa kobamelo ya boammaaruri ka tlhoafalo. Mme dingwaga di le 24 moragonyana fa Asa a ne a lebane gape le ntwa, ga a ka a batla Jehofa. Ga a ka a batla kgakololo mo Lefokong la Modimo e bile ga a ka a gakologelwa se Jehofa a neng a se dirile fa masole a Baethiopia a ne a tlhasela Juda. Ka boeleele o ne a dira kgolagano le Siria.—2 Ditiragalo 16:1-6.

17 Ka ntlha ya seno, Jehofa o ne a dira gore Hanani wa mmoni a kgalemele Asa. Mme le ka nako eo, fa go tlhalosiwa gore Jehofa o ikutlwa jang ka kgang eo, Asa o ne a ka thusega. Le fa go ntse jalo, o ne a kgopisega mme a tsenya Hanani mo ntlong ya disana. (2 Ditiragalo 16:7-10) A bo go utlwisa botlhoko jang ne! Go tweng ka rona? A re batla Modimo mme re bo re gana go amogela kgakololo? Fa mogolwane yo o tshwenyegang le  go amega ka rona a dirisa Baebele go re gakolola malebana le go inaakanya le lefatshe, a re lebogela thuso e re e newang ka lorato ya gore re itse “se se amogelesegang mo Moreneng”?

O se Ka wa Lebala go Botsa

18. Mafoko a Elihu a neng a a raya Jobe a ka re solegela molemo jang?

18 Tota le motho yo o itiretseng leina le lentle mo tirelong ya ga Jehofa a ka dira phoso fa a ngomogile pelo. Fa Jobe a ne a tlhasetswe ke bolwetse jo bo ferosang sebete, a latlhegetswe ke bana ba gagwe le dithoto tsa gagwe a bo a latofadiwa ka maaka ke ditsala tsa gagwe, o ne a simolola go ikakanyetsa a le nosi. Elihu o ne a mo gakolola jaana: “Ga go na ope yo o neng a re, ‘O kae Modimo Modiri wa me yo Mogolo?’” (Jobe 35:10) Jobe o ne a tlhoka go akanya ka Jehofa le go bona gore Ene o leba jang seemo seo. Jobe o ne a amogela kgakololo eo ka boikokobetso mme sekao sa gagwe se ka re thusa gore le rona re dire jalo.

19. Ke eng se gantsi batho ba Iseraele ba neng ba sa se dire?

19 Batho ba Iseraele ba ne ba itse tsela e Modimo a neng a dirisana le setšhaba sa bone ka yone. Mme gantsi ba ne ba sa gakologelwe seo fa ba lebane le maemo a a rileng mo matshelong a bone. (Jeremia 2:5, 6, 8) Fa ba ne ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso mo botshelong, ba ne ba dira se ba se ratang mo boemong jwa go botsa gore, “O kae Jehofa?”—Isaia 5:11, 12.

Nnang lo Botse Gore, “O Kae Jehofa?”

20, 21. (a) Ke bomang gompieno ba ba bontshitseng moya wa ga Elisha wa go batla kaelo ya ga Jehofa? (b) Re ka etsa jang sekao sa bone sa tumelo mme se ka re solegela molemo jang?

20 Fa bodiredi jwa phatlalatsa jwa ga Elija bo fela, motlhanka wa gagwe, e bong Elisha, o ne a tsaya seaparo sa ga Elija se se mo tlhaolang se se neng se ole mo go ene, a ya kwa nokeng ya Joredane, a itaya metsi a ba a botsa a re: “O kae Jehofa Modimo wa ga Elija, Ene o kae?” (2 Dikgosi 2:14) Jehofa o ne a araba ka go bontsha gore moya wa gagwe jaanong o ne o le mo go Elisha. Re ka ithuta eng mo go seno?

21 Go ne ga diragala sengwe se se tshwanang  mo metlheng ya segompieno. Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba ba neng ba etelela pele mo tirong ya go rera ba ne ba swa. Ba ba neng ba fiwa boikarabelo jwa go nna balebedi ka nako eo ba ne ba tlhatlhoba Dikwalo mme ba rapela Jehofa gore a ba kaele. Ga ba a ka ba tlogela go botsa gore, “O kae Jehofa?” Ka ntlha ya seo, Jehofa o ntse a tswelela a etelela batho ba gagwe pele le go segofatsa tiro ya bone. A re etsa tumelo ya bone? (Bahebera 13:7) Fa re dira jalo, re tla nna re le gaufi le phuthego ya ga Jehofa, re latela kaelo ya yone re bo re nna le seabe ka botlalo mo tirong e e e dirang e kaelwa ke Jesu Keresete.—Sekarea 8:23.

O ka Araba Jang?

• Re tshwanetse go botsa gore, “O kae Jehofa” ka boikaelelo bofe?

• Gompieno re ka bona jang karabo ya potso e e reng, “O kae Jehofa?”

• Ke ka ntlha yang fa dithapelo dingwe tse di rapelwang go kopiwa kaelo ya Modimo di sa arabiwe?

• Ke dikai dife tsa Baebele tse di bontshang gore re tlhoka go ‘nna re tlhomamisa se se amogelesegang mo Moreneng’?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Kgosi Jehoshafate o ne a batla Jehofa jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke eng fa Saulo a ne a ya go kopa kgakololo mo mothong yo o buang le meya?

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Rapela, ithute, mme o tlhatlhanye go tlhomamisa gore ‘Jehofa o kae’