Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

 A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Re ka solegelwa molemo jang ke go ithuta ka lelapa la ga Shafane?

Shafane e ne e le mokwalolodi e bile e le mokwaledi wa ga Kgosi Josia wa kwa Juda. E re ka Shafane e ne e le monna yo o neng a na le maemo mo bogosing, o ne a tshegetsa letsholo la kgosi la go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. Barwa ba babedi ba ga Shafane ba ne ba ema moporofeti Jeremia nokeng. Mme morwa yo mongwe le ditlogolo tsa gagwe tse pedi le tsone di ne tsa dirisa taolo e di nang le yone go thusa mo kobamelong ya boammaaruri. Ka tsela e e tshwanang, le rona re tshwanetse go dirisa dithoto tsa rona le taolo e re nang le yone go tlotlomatsa kobamelo ya boammaaruri.—12/15, tsebe 19-22.

Irene Hochstenbach o ne a fenya jang bogole jo a nang le jone mme a kgona go direla Jehofa?

Fa a ne a le dingwaga di le supa, o ne a sa tlhole a kgona go utlwa mo ditsebeng. Le mororo a sa utlwe mo ditsebeng, o ithutile go buisana le ba bangwe mme gone jaanong o tsamaya le monna wa gagwe (molebedi yo o etang) fa a ntse a thusa diphuthego kwa Netherlands.—1/1, tsebe 23-6.

Ke dibuka dife tse disha tse pedi tse di ithutiwang tse di neng tsa gololwa kwa Dikopanong Tsa Kgaolo tsa “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi”?

Bakeresete go ralala lefatshe ba ne ba itumelela go amogela buka ya Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri, e e diretsweng gore e ithutiwe le batho ba ba sa tswang go kopanela fa ba sena go fetsa go ithuta buka ya Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng; buka e nngwe e ntšha ke Atamalana le Jehofa, e e buang thata ka dinonofo tsa ga Jehofa le tsela e a dirisanang le batho ka yone. E bontsha gape gore re ka mo etsa jang ka go bontsha dinonofo tsa gagwe.—1/15, tsebe 23-24.

Ke eng se se kaiwang ke Diane 12:5: “Dikakanyo tsa basiami ke tshiamiso”?

Dikgopolo tsa batho ba ba siameng di mosola e bile di remeletse mo go sa tlhaoleng batho le mo tshiamong. E re ka batho ba ba siameng ba tlhotlhelediwa ke go bo ba rata Modimo le batho ka bone, maitlhomo a bone a siame.—1/15, tsebe 30.

Ke eng se se ka thusang motho gore a nne le mogopolo o o siameng ka tiro?

Go molemo gore motho a thapisiwe a sa ntse a le mmotlana gore o rate tiro. Baebele e re kgothaletsa gore re nne le mekgwa e mentle ya tiro, re tile go nna ditshwakga. (Diane 20:4) Gape e kgothaletsa Bakeresete gore ba se ka ba tshwarega thata ka tiro. Re tshwanetse go lemoga gore go direla Modimo e tshwanetse ya nna selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa rona. (1 Bakorintha 7:29-31) Mo godimo ga moo, Bakeresete ba boammaaruri ba tlhomamisega gore Modimo a ka se ka a ba tlogela.—2/1, tsebe 4-6.

Sebeso se umakiwa lekgetlho la ntlha kae mo Baebeleng?

Mo go Genesise 8:20, fa e bua ka sebeso se Noa a neng a se aga fa a tswa mo arakeng morago ga Morwalela. Le fa go ntse jalo, gongwe Kaine le Abele ba ne ba dirisa dibeso go ntsha ditlhabelo tsa bone. (Genesise 4:3, 4)—2/15, tsebe 28.

Bakeresete bangwe ba ka dirisa jang maemo a a fetogileng ka tsela e e molemo?

Bangwe ba ile ba amogela—kgotsa ba dira—diphetogo mo tirong ya bone ya boitshediso, tse di ileng tsa dira gore ba kgone go dirisa nako e e oketsegileng mo bodireding. Ba bangwe ba ile ba oketsa nako e ba e dirisang le ditshiamelo tse ba nang le tsone mo tirelong ya Modimo fa maikarabelo a bone a lelapa a fokotsega, jaaka fa bana ba bone ba ne ba gola ba bo ba nyala kgotsa ba nyalwa.—3/1, tsebe 19-22.

Dikai tsa ga Jona le moaposetoloi Petere di re thusa jang go leba batho ba bangwe jaaka Jehofa a ba leba?

Jona le Petere ba ne ba na le diphoso tse di itseweng thata mo tseleng e ba neng ba akanya ka yone le mo tseleng e ba neng ba itshwara ka yone fa ba lebane le diteko tsa tumelo le tsa go nna kutlo. Le fa go ntse jalo, ga go na pelaelo gore Jehofa o ne a bona dinonofo tse di molemo tse ba neng ba na le tsone mme a tswelela a ba dirisa mo tirelong ya gagwe. Fa batho ba bangwe ba re kgopisa kgotsa ba re swabisa, re ka tlhoma mogopolo mo dinonofong tsa bone tse di molemo tse re ka tswang re ile ra di rata mo nakong e e fetileng le mo dilong tse di molemo tse Modimo a di bonang mo go bone.—3/15, tsebe 16-19.

Ke eng fa dipalo tse di tshwayang dikgaolo le ditemana tsa Dipesalema di sa tshwane mo dithanolong tse di farologaneng tsa Baebele?

Tsela e dikgaolo le ditemana tsa buka eno di tshwailweng ka yone mo puong ya Sehebera sa ntlhantlha, e farologane le tsela e di tshwailweng ka yone mo thanolong ya yone ya Segerika ya Septuagint. Dithanolo tsa bosheng jaana di ka farologana, go ikaegile ka gore a di ranotswe go tswa mo mokwalong wa Sehebera kgotsa mo Septuagint.—4/1, tsebe 31.