Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Seabe Sa me Mo Tirong ya Lefatshe Lotlhe ya go Ruta Baebele

Seabe Sa me Mo Tirong ya Lefatshe Lotlhe ya go Ruta Baebele

 Kgang ya Botshelo

Seabe Sa me Mo Tirong ya Lefatshe Lotlhe ya go Ruta Baebele

JAAKA GO BOLETSE ROBERT NISBET

Kgosi Sobhuza II wa Swaziland o ne a amogela nna le morwarre e bong George ka diatla tsoopedi mo lelapeng la gagwe la segosi. E ne e le ka 1936, mme ke sa ntse ke gakologelwa motlotlo wa rona sentle. Selo se se dirileng gore ke nne le motlotlo ono o moleele le kgosi e ne e le seabe se ke neng ka nna le sone ka lobaka lo loleele mo tirong e kgolo ya go ruta Baebele. Gone jaanong ke na le dingwaga tse 95, mme ke itumela tota fa ke gopola seabe se ke nnileng le sone mo tirong eno e e neng ya dira gore ke nne mo dikontinenteng tse tlhano.

SENO sotlhe se simologile ka 1925 fa morekisi mongwe wa tee e bong Dobson a ne a simolola go etela lelapa la gaetsho kwa Edinburgh, Scotland. Ke ne ke tloga ke fetsa dingwaga tsa bolesome mme ke dira tiro ya go thapisediwa go nna rakhemisi. Le fa ke ne ke sa ntse ke le monnye, ke ne ke tshwenyegile thata ka diphetogo tse dikgolo tse di neng tsa ama malapa le bodumedi tse di neng di bakilwe ke ntwa ya lefatshe ya 1914-18. Nako nngwe fa Rre Dobson a re etetse, o ne a re tlogelela buka ya The Divine Plan of the Ages. Tsela e e neng e tlhalosa Mmopi yo o botlhale yo o nang le “thulaganyo” e e tlhomameng ka yone e ne e utlwala tota e bile e tshwanela Modimo yo ke neng ke batla go mo obamela.

Nna le Mmè re ne ra simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo. Ka September 1926, nna le Mmè re ne ra bontsha gore re ineetse mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing kwa kopanong ya Glasgow. Mongwe le mongwe wa ba ba neng ba ya go kolobediwa o ne a newa seaparo se seleele se se bofiwang mo magwejaneng se se neng se aparwa mo godimo ga diaparo  tse di tlwaelegileng tsa go thuma. Mo malatsing ao, seaparo se se ntseng jalo se ne se tsewa se tshwanela tiragalo eo e e masisi.

Ka nako eo, bontsi jwa dilo tse re neng re di dumela di ne di tlhoka go baakanngwa. Bontsi jwa batho mo phuthegong ba ne ba keteka Keresemose. Ke ba se kae fela ba ba neng ba nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Tota le bagolwane bangwe ba ne ba gana go abela batho dibuka ka Sontaga ka gonne ba ne ba akanya gore ke go tlola Sabata. Le fa go ntse jalo, ka 1925 ditlhogo tsa Tora ya Tebelo di ne tsa simolola go tlhalosa thata ditemana tse di jaaka Mareko 13:10: “Mo ditšhabeng tsotlhe dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele.”

Tiro eo ya lefatshe lotlhe e ne e ka dirwa jang ka botlalo? Fa ke ne ke simolola tiro ya go rera ka ntlo le ntlo la ntlha, ke ne ka raya mong wa ntlo fela ke re ke rekisa dibuka tse di kgatlhang tsa bodumedi mme ka mo abela The Harp of God, buka e e neng e tlhalosa dithuto tse di lesome tse di botlhokwa tsa Baebele, e di tshwantsha le megala e e lesome ya harepa. Moragonyana re ne ra newa karata ya go neela bosupi, e mo go yone go neng go kwadilwe molaetsa o mokhutshwane gore mong wa ntlo a o bale. Gape re ne re dirisa dipuo tse di rekotilweng tse di tsayang metsotso e le menè le halofo tse di neng di ka tshamekiwa mo fonokerafeng e o neng o ka tsamaya o e tshotse. Tsa modiro wa pelenyana di ne di le bokete tota, mme tsa modiro wa moragonyana di ne di se bokete jalo, dingwe tsa tsone di ne di kgona go tshameka di ntse di eme ka letlhakore.

Go tloga ka 1925 go fitlha ka bo1930, re ne re dira tiro ya rona ya go rera go ya kafa re neng re kgona ka teng. Mme ka bo1940, go ne ga simololwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mo diphuthegong tsotlhe. Re ne re rutiwa go bua molaetsa wa Bogosi ka borona ka go bua ka tlhamalalo le beng ba matlo ba ba neng ba re reetsa. Gape re ne ra rutiwa gore go botlhokwa go tshwarela batho ba ba kgatlhegang dithuto tsa magae tsa Baebele. Ka tsela nngwe re ka re, tiro ya gone jaanong ya go ruta Baebele mo lefatsheng lotlhe e ne ya simologa ka tsela eo.

Go Kgothadiwa ke Mokaulengwe Rutherford

Keletso ya me ya go nna le seabe se segolo mo tirong eno ya go ruta e ne ya dira gore ke tsenele tiro ya nako e e tletseng ya go nna mmulatsela ka 1931. Ke ne ke tlile go simolola ka bonako fela morago ga kopano e e neng e tshwaretswe kwa Lontone. Le fa go ntse jalo, ka nako nngwe ya go ikhutsa, Mokaulengwe Joseph Rutherford, yo o neng a okametse tiro ka nako eo, o ne a kopa go bua le nna. O ne a batla go romela mmulatsela mongwe kwa Afrika. O ne a re: “A o ka rata go ya?” Le fa gone ke ne ke gakgametse go se kae, ke ne ka kgona go araba jaana ke sa okaoke: “Ee, nka rata go ya.”

Ka nako eo, mokgele wa rona o mogolo e ne e le go aba dibuka tse dintsi tsa Baebele ka fa go ka kgonegang ka teng, mme seno se ne se dira gore motho a age a tsere mesepele. Ke ne ka kgothalediwa go nna ke sa nyala, jaaka go ne go ntse ka bontsi jwa bakaulengwe ba ba neng ba okametse tiro ka nako eo. Tshimo ya me e ne e simolola kwa Cape Town, kwa karolong e e kwa borwa ya Afrika, mme e ne e fitlha kwa karolong e e ka fa botlhaba ya kontinente eno go akaretsa le ditlhaketlhake tse di mo lobopong lwa Lewatle la India. Gore ke fitlhe kwa molelwaneng o o ka fa bophirima, go ne go ntlhoka gore ke ralale motlhaba o o mogote wa Sekaka sa Kgalagadi le go ela kwa Letsheng la Victoria, kwa Noka ya Nile e simololang gone. Ke ne ke tshwanelwa ke go fetsa dikgwedi tse thataro ngwaga mongwe le mongwe mo tshimong eno e kgolo ya dinaga tseno tsa Afrika ke na le mopati wa me.

Mabokoso a le 200 a Matlotlo a Semoya

Fa ke goroga kwa Cape Town, ke ne ka bontshiwa mabokoso a le 200 a dibuka tse di neng di tshwanetse go ya kwa Afrika Botlhaba. Dibuka tseno di ne di gatisitswe ka dipuo tse nnè tsa Yuropa le tse nnè tsa Asia, mme go ne go se na tse di gatisitsweng ka puo epe ya Seafrika. Fa ke ne ke botsa gore ke eng fa dibuka tseno tsotlhe di ne di gorogile pele ga ke fitlha, ke ne ka bolelelwa gore di ne di romeletswe Frank le Gray Smith, babulatsela ba babedi ba ba neng ba sa tswa go romelwa kwa Kenya go ya go rera teng. Fa ba sena go goroga kwa Kenya, boobabedi ba ne ba tshwarwa ke malaria, mme se se utlwisang botlhoko ke gore, Frank o ne a swa.

Le fa dikgang tseno di ne di sa itumedise, di ne tsa se ka tsa nkgoba marapo. Nna le mopati wa me David Norman, re ne ra tloga kwa Cape Town ka sekepe ra ya kwa kabelong ya rona ya ntlha e e bokgakala jwa dikilometara di le 5 000, kwa Tanzania. Morulaganyi wa maeto kwa Mombasa, kwa Kenya,  o ne a re tlhokomelela morwalo wa rona wa dibuka mme o ne a nna a re romelela mabokoso kwa lefelong lepe fela le re neng re mo kopa gore a a romele kwa go lone. Re ne re simolola pele re rera mo mafelong a kgwebo—mo mabenkeleng le mo diofising—a toropo nngwe le nngwe. Bontlhanngwe jwa morwalo wa rona wa dibuka o ne o akaretsa sete ya dibuka di le 9 le dibukana di le 11, tse batho ba neng ba di bitsa gore ke disete tsa mmala wa mola wa godimo ka ntlha ya mebala ya tsone e e farologaneng.

Go tswa foo re ne ra swetsa ka go etela setlhaketlhake sa Zanzibar, se se leng dikilometara di ka nna 30 go tswa mo lobopong lwa botlhaba. Go ne go fetile makgolokgolo a dingwaga Zanzibar e le boremelelo jwa kgwebo ya makgoba mme gape e ne e tumile ka ditlhatshana tsa di-clove, tse re neng re kgona go utlwa monko wa tsone gongwe le gongwe mo toropong eo. Go ne go opisa tlhogo tota go tsamaya mo toropong eno ka gonne e ne e sa agiwa ka tsela e e rulagantsweng sentle. Mebila ya teng e ne e tsamaya e itsoketsa le go retologa ka tsela e e tlhakanyang tlhogo, mme re ne re latlhega motlhofo fela. Hotele ya rona e ne e le manobonobo sentle, le fa go ntse jalo, e ne e na le mabati a a nang le dikurufu tse dintsintsi le dipota tse dikima mme e lebega jaaka e kete ke kgolegelo go na le go nna hotele. Le fa go ntse jalo, re ne ra atlega koo mme ra itumelela go fitlhela gore Baarabia, Baindia le ba bangwe ba ne ba rata dibuka tsa rona.

Diterena, Mekoro le Dikoloi

Ka nako eo go ne go se motlhofo go tsaya maeto kwa Afrika Botlhaba. Ka sekai, fa re ne re tsere mosepele go tswa kwa Mombasa go ya kwa karolong e e dithaba ya Kenya, terena ya rona e ne ya emisiwa ke lesogodi la tsie. Dimilionemilione tsa tsie di ne di apesitse naga le seporo, e leng se se neng se dira gore maotwana a terena a relele a se ka a kgona go tsepama mo tseleng. Tharabololo e le nosi fela e ne e le go tlhatswa seporo ka go dirisa metsi a a molelo a terena pele ga e ka feta mo seporong. Seno se ne sa dira gore terena e tsamaye ka bonya go fitlha kgabagare go sa tlhole go na le lesogodi la tsie. Re ne ra itumela tota fa terena e simolola go tlhatloga dithaba mme re simolola go utlwa moya o o tsiditsana wa karolo e e dithaba ya naga!

Le fa gone ditoropo tse di fa lobopong di ne di tsamaega motlhofo ka terena le ka mokoro, mafelo a selegae one a ne a tsamaega botoka ka koloi. Ke ne ka itumela tota fa morwarre e bong George a ne a tla go nna le nna ka gonne ka nako eo re ne ra kgona go reka bene e kgolo, e e lekaneng go tsenya malao, boapeelo, lefelo la bobolokelo le matlhabaphefo a monang o sa kgoneng go tsena ka one. Gape re ne ra tsenya dibuelagodimo mo marulelong a yone. Ka jalo re ne re kgona go dira tiro ya go neela bosupi ka ntlo le ntlo motshegare mme maitseboa re laletsa batho go tla go reetsa dipuo tse di neng di neelwa mo mabaleng a mmaraka. Puo e e neng e itsege thata e re neng re e tshameka ke ya setlhogo se se reng “A Dihele di Molelo?” Re ne ra tsaya mosepele wa dikilometara di le 3 000 go tswa mo Afrika Borwa go ya kwa Kenya ka “ntlo ya rona e e tsamayang,” mme mo lekgetlong leno re ne ra itumelela go nna le dibukana tse di farologaneng ka dipuo di se kae tsa Seafrika tse batho ba neng ba di amogela ka boitumelo jo bogolo.

Selo se se neng se itumedisa ka maeto a a ntseng jaana ke gore re ne re kgona go bona bontsi jwa diphologolo tsa Afrika. Re ne re sa tswe mo beneng  ya rona fa go le bosigo ka ntlha ya pabalesego, mme gone go ne go nonotsha tumelo tota go bona bontsi jwa diphologolo tse Jehofa a di bopileng di le mo lefelong la tsone la tlholego.

Kganetso e a Simologa

Le fa gone re ne re le kelotlhoko gore re se ka ra tlhaselwa ke diphologolo, seno e ne e se sepe fa se bapisiwa le se re neng re tshwanelwa ke go se dira fa re ne re lebane le balaodi ba ba farologaneng ba puso le baeteledipele bangwe ba ba shakgetseng ba bodumedi ba ba neng ba simolola go ganetsa tiro ya rona ya go rera ka Bogosi ba sa iphitlhe. Bothata bongwe jo bogolo jo re neng ra tshwanelwa ke go bo itshokela ke jwa motho mongwe yo o neng a ipitsa gore ke Mwana Lesa, mo go rayang, “Morwa Modimo,” mme setlhopha sa gagwe se ne se itsege ka leina la Kitawala, le ka maswabi le kayang, “Watchtower.” Nako nngwe pele ga re goroga, motho yono o ne a ile a nwetsa batho ba le bantsi ba bantsho, a re o a ba kolobetsa. Kgabagare o ne a tshwarwa mme a kalediwa. Moragonyana ke ne ka nna le tshono ya go bua le motho yo o neng a tlile go mo kaletsa go mo tlhalosetsa gore monna yono o ne a sa amane ka gope le Mokgatlho wa rona wa Watch Tower.

Gape re ne re na le mathata le Makgoa a ka ntlha ya go batla go huma a neng a sa rate tiro ya rona ya go ruta batho. Mookamedi mongwe wa bobolokelo bongwe o ne a ngongorega jaana: “Gore basweu ba tswelele ba tshela mo nageng eno, batho ba bantsho ga ba a tshwanela go itse gore ba a tsiediwa mo ditirong.” Ka ntlha ya lone lebaka leno, mookamedi wa moepo wa gauta o ne a nteleka mo ofising ya gagwe. Go tswa foo o ne a ntshala morago go fitlha kwa mmileng a galefile.

Kgabagare puso ya Rhodesia (e jaanong e leng Zimbabwe) e ne ya laela gore re tswe mo nageng eo, kwantle ga pelaelo e le ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke baganetsi bano ba bodumedi le ba kgwebo. Re ne ra dira boikuelo ka tshwetso eno, mme ra letlwa go nna ka tumalano ya gore re se ka ra rerela batho ba bantsho. Lebaka lengwe le re neng ra le newa ke molaodi mongwe e ne e le la gore dibuka tsa rona “ga di a siamela ditlhaloganyo tsa batho ba bantsho.” Le fa go ntse jalo, mo dinageng tse dingwe tiro ya rona ya go rerela batho ba bantsho e ne ya se ka ya kgorelediwa, tota e bile e ne e itumelelwa. Nngwe ya dinaga tseo e ne e le Swaziland.

Go Amogelwa ke Kgosi Kwa Swaziland

Swaziland ke naga e nnye e e ipusang ya disekwerekilometara di le 17 364, e e leng mo gare ga Afrika Borwa. Ke mo nageng eno mo re neng ra kopana le Kgosi Sobhuza II yo e neng e le kgeleke mo puong, yo o umakilweng kwa tshimologong. O ne a itse Seesemane sentle ka gonne a ile a ithuta dithuto tsa gagwe kwa yunibesithing nngwe kwa Boritane. O ne a ikaparetse diaparo fela tsa mo gae mme seo sa dira gore re ikutlwe re amogetswe ka diatla tsoopedi.

Motlotlo wa rona le ene o ne o remeletse thata mo kgannyeng ya Paradaise ya mo lefatsheng e Modimo a ikaeletseng go e direla batho ba ba nang le tshekamelo e e siameng. Le fa gone a ne a sa kgatlhegele kgang eno thata, o ne a re itsise gore o ne a kgatlhegela kgang nngwe e e amanang le eno. Kgosi e ne e amegile thata ka kgang ya go tokafatsa maemo a botshelo a bahumanegi le batho ba ba sa rutegang. O ne a sa rate ditiro tsa bontsi jwa barongwa ba Labokeresete, ba go neng go bonala gore ba amegile fela ka go nna le maloko a mantsi mo kerekeng e seng ka go ruta batho. Le fa go ntse jalo, kgosi e ne e tlwaelane le tiro ya babulatsela ba se  kae, mme e ne ya re akgolela tiro ya rona ya go ruta batho Baebele, segolobogolo ka go bo re ne re iketleeleditse go e dira kwantle ga go batla go duelwa kana go direlwa dilo dingwe.

Tiro ya go Ruta Baebele e a Akofa

Ka 1943 go ne ga tlhongwa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade go thapisa barongwa. Go ne ga gatelelwa thata gore re boele kwa bathong ba ba kgatlhegang go na le gore re tlhome mogopolo fela mo go tsamaiseng dibuka tsa Baebele. Ka 1950 nna le George re ne ra lelediwa go tsenela setlhopha sa bo16 sa Gileade. Ke koo ke neng ka kopana la ntlha le Jean Hyde teng, kgaitsadi yo o molemo wa kwa Australia yo o neng a abelwa go ya go dira tiro ya borongwa kwa Japane fa re sena go aloga. Batho ba le bantsi ba ne ba nna ba sa nyala ka nako eo, ka jalo botsala jwa rona bo ne jwa se ka jwa ya kgakala.

Fa re sena go thapisiwa kwa Gileade nna le George re ne ra abelwa go ya go nna barongwa kwa Mauritius, setlhaketlhake se se mo Lewatleng la India. Re ne ra dira botsala le batho ba teng, ra ithuta puo ya teng mme ra ba tshwarela dithuto tsa magae tsa Baebele. Moragonyana morwarre yo mmotlana e bong William le mosadi wa gagwe Muriel le bone ba ne ba aloga kwa Gileade. Ba ne ba romelwa kwa tshimong e ke neng ke kile ka e abelwa kwa Kenya.

Dingwaga tse robedi di ne tsa feta ka bonako, mme e ne ya re ka 1958, ka kopana gape le Jean Hyde kwa kopanong ya ditšhabatšhaba kwa New York. Re ne ra simolola botsala jwa rona gape mme go tswa foo ka mo tlhoma letlhokwa. Ke ne ka tlosiwa kwa Mauritius go ya go nna morongwa kwa Japane, mme nna le Jean re ne ra nyalana teng ka 1959. Go tswa foo re ne ra simolola nako e e itumedisang ya go nna barongwa kwa Hiroshima, e ka nako eo e neng e na le phuthego e nnye fela. Gompieno go na le diphuthego di le 36 mo toropong eo.

Sayonara Japane

Fa dingwaga di ntse di ya, go lwala ga rona roobabedi go ne ga simolola ga dira gore tirelo ya rona ya borongwa e se ka ya tlhola e nna motlhofo, mme kgabagare go ne ga tlhokega gore re tswe kwa Japane go ya go nna kwa nageng ya gaabo Jean ya Australia. Letsatsi le re neng ra tswa kwa Hiroshima ka lone e ne e le la kutlobotlhoko. Re ne ra raya ditsala tsotlhe tsa rona ra re, sayonara, kana salang sentle, re le kwa seteisheneng sa terena.

Gone jaanong re nna mo Australia, mme re dirisa maatlanyana a re nang le one go direla Jehofa ka mo go re kgonang ka teng mo Phuthegong ya Armidale mo kgaolong ya New South Wales. A bo go re itumedisa jang go bo re ile ra abela batho ba le bantsi jaana letlotlo la boammaaruri jwa Baebele ka dingwaga di ka nna 80! Ke ile ka bona thulaganyo ya go ruta batho Baebele e anama ka tsela e e itumedisang mme nna ka bonna ke iponetse ditiragalo tse di botlhokwa tsa semoya. Ga go motho ope kana setlhopha sepe sa batho se se ka reng katlego eno e nnile gone ka ntlha ya sone. Fa ke dirisa mafoko a mopesalema nka re, ‘seno se tswa kwa go Jehofa; se a kgatlha mo matlhong a rona.’—Pesalema 118:23.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Morwarre George le ntlo ya rona ya koloi

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Nna ke le kwa Letsheng la Victoria

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Baithuti ba sekolo se segolo ba ba neng ba tla go reetsa puo ya phatlhalatsa kwa Swaziland ka 1938

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Nna le Jean ka letsatsi la lenyalo la rona ka 1959 le gone jaanong