Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgotlatshekelokgolo e Tshegetsa Kobamelo ya Boammaaruri Kwa “Lefatsheng la Ararata”

Kgotlatshekelokgolo e Tshegetsa Kobamelo ya Boammaaruri Kwa “Lefatsheng la Ararata”

 Kgotlatshekelokgolo e Tshegetsa Kobamelo ya Boammaaruri Kwa “Lefatsheng la Ararata”

Rre mongwe wa Mo-Armenia yo o tlhogo pududu, yo o nang le bana ba le bararo, o eme fa pele ga kgotlatshekelokgolo ya naga ya gaabo. Kgololesego ya gagwe le ya bontsi jwa badumedikaene e mo kotsing. Kgotlatshekelo e reeditse fa a ntse a nopola mo Baebeleng go tlhalosa dilo tse a di dumelang. Gore re tlhaloganye kafa kgetsi eno e ileng ya dira gore kobamelo ya boammaaruri e fenye ka gone kwa nageng eo, a re sekasekeng dilo tse di neng tsa direga pele ga foo.

ARMENIA e kwa botlhaba jwa Turkey go ela kwa borwa jwa dithaba tsa Caucasus. E na le baagi ba feta dimilione di le tharo. Fa o le kwa motsemogolo wa yone, e leng Yerevan, o kgona go bona ditlhoa tse pedi tsa Thaba ya Ararata, tse go tweng araka ya ga Noa e ne ya ema mo godimo ga tsone morago ga Morwalela wa lefatshe lotlhe.—Genesise 8:4. *

Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba dira tiro ya bone ya Bokeresete kwa Armenia fa e sa le ka 1975. Fa Armenia e sena go bona boipuso go tswa mo go se pele e neng e le Soviet Union ka 1991, go ne ga tlhongwa Lekgotla la Puso la Dikgang Tsa  Bodumedi gore le kwadise mekgatlho ya bodumedi. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape lekgotla leno le ne la gana go kwadisa Basupi ba ga Jehofa, segolobogolo ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete. Ka gone, fa e sa le ka 1991, basha ba feta 100 ba Basupi kwa Armenia ba ne ba pegwa molato mme gantsi ba latlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya boemo jwa bone jo bo theilweng mo Baebeleng malebana le kgang ya go tsenela bosole.

Gape Lekgotla leno le ile la kopa ofisi ya mosekisi wa puso gore e batlisise ka ditiro tsa bodumedi tsa ga Lyova Margaryan, yo e leng mogolwane wa Mokeresete le mmueledi yo o dirang ka natla yo o berekang kwa lefelong le le tlhagisang maatla a atomo. Kgabagare, Mokaulengwe Margaryan o ne a latofadiwa go ya ka Molawana wa bo244, e leng molawana wa bogologolo wa Soviet o o neng wa dirwa mo motlheng wa ga Khrushchev, o boikaelelo jwa one e neng e le go thibela Basupi ba ga Jehofa le mekgatlho e mengwe ya bodumedi le go e fedisa gotlhelele.

Go ya ka molao oo, ke tlolomolao go rulaganya kgotsa go etelela pele setlhopha sa bodumedi se se ‘ngokang basha go ya dipokanong tsa bodumedi jo bo sa kwadisiwang semolao’ se dira jalo ka seipato sa gore se rerela batho ba bangwe ditumelo tsa sone le ‘se se tlhotlheletsang maloko a sone go gana go dira ditiro tsa setšhaba.’ Mosekisi o ne a tshegetsa ditatofatso tsa gagwe ka go bua thata ka kgang ya bana ba ba nnang gone mo dipokanong tse di tshwarwang ke Mokaulengwe Margaryan kwa motseng wa Metsamor. Gape mosekisi o ne a bolela gore Mokaulengwe Margaryan o pateleditse basha ba phuthego go gana go tsenela bosole.

Tsheko e a Simolola

Tsheko e simolotse ka Labotlhano, July 20, 2001, kwa kgotlatshekelong ya kgaolo ya Armavir, e eteletswe pele ke Moatlhodi Manvel Simonyan. E ne ya tshwarwa go fitlha ka August. Kgabagare fa basupi ba mosekisi ba ntse ba neela bosupi, ba ile ba dumela gore badiredi ba Lefapha la Tshireletso la Naga (le pele le neng le bidiwa KGB) ba ne ba ba laela gore ba kwale eng mo dipegong tsa bone kgatlhanong le Mokaulengwe Margaryan le gore ba ile ba ba pateletsa go di saena. Mo tiragalong e nngwe, mosadi mongwe o ne a dumela gore modiredimogolo mongwe wa Lefapha la Tshireletso o ne a mo laetse gore a re “Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhanong le puso le bodumedi jwa rona.” Mosadi yono o ne a bolela gore tota ene o ne a sa itse Basupi ba ga Jehofa mme se a neng a se utlwile fela mo thelebisheneng ya Naga ke dilo tse ba neng ba latofadiwa ka tsone.

Fa jaanong e setse e le nako ya gore Mokaulengwe Margaryan a bue, o ne a bolela gore bana ba ba nnang gone mo dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa ba letlelelwa ke batsadi ba bone. Gape o ne a tlhalosa gore motho ke ene yo o itirelang tshwetso malebana le kgang ya go tsenela bosole. Mosekisi o ne a fetsa malatsi a sekae a ntse a mo thamathamisa ka dipotso. Mokaulengwe Margaryan o ne a le bonolo fa a ntse a dirisa Baebele go araba dipotso tse a neng a di bodiwa malebana le dilo tse a di dumelang mme mosekisi o ne a tla a leba Dikwalo tse a di umakang go tswa mo Baebeleng ya gagwe.

Ka September 18, 2001, moatlhodi o ne a bolela gore Margaryan “ga a na molato,” a re “go ne go se na sepe se se supang gore o tlotse molao” mo ditirong tsa gagwe. Pego e e tlhalosang dilo tse dintsi ka kgetsi eno e ne ya tlhaga mo Associated Press. E balega jaana: “Moeteledipele wa Basupi ba ga Jehofa o ne a se ka a bonwa molato gompieno mo ditatofatsong tsa gore o ne a dira tiro ya go sokololela batho mo bodumeding jwa gagwe le gore o ne a  pateletsa basha go gana go tsenela bosole. Morago ga gore tsheko e tseye dikgwedi tse pedi, Kgotlatshekelo e ne ya bolela fa go se na bosupi jo bo lekaneng go ka bona Levon Markarian [Lyova Margaryan] molato. O ne a lebanwe ke katlholo ya dingwaga di le tlhano mo kgolegelong. . . . Le fa gone Molaotheo wa Armenia o buelela kgololesego ya bodumedi, ga go motlhofo gore madumedi a masha a kwadisiwe semolao mme melao e buelela fela bodumedi jo bogolo mo Armenia jwa Kereke ya Aposetola.” Organization for Security and Cooperation in Europe (OSCE) e ne ya bolela jaana mo pegong ya yone ya bobegadikgang ya September 18, 2001: “Le fa gone OSCE e itumelela tshwetso e e tserweng ke kgotlatshekelo, e swabisiwa ke go bo go ile ga nna le tsheko e e ntseng jalo.”

Tsheko e a Tswelela

Le fa go ntse jalo, basekisi ba ile ba dira boikuelo mme tsheko ya boikuelo e ne ya tsaya dikgwedi tse dingwe gape tse nnè. Fa tsheko e ne e simolola, fa e ne e le nako ya ga Mokaulengwe Margaryan go neela bosupi, potso ya ntlha e a neng a e bodiwa e ne e tswa mo moatlhoding mongwe yo o neng a le mo setlhopheng sa baatlhodi. Fa Mokaulengwe Margaryan a simolola go araba, modulasetulo o ne a mo tsena ganong mme a mo tlhasela ka mafoko. Morago ga foo o ne a se ka a naya Mokaulengwe Margaryan nako ya go araba le fa e le potso e le nngwe. Gape o ne a se ka a akaretsa bontsi jwa dipotso tse di neng tsa bodiwa ke mmueledi wa molatofadiwa mo pegong ya tsheko, a sa tlhalosa mabaka a go dira jalo. Ka nako ya tsheko, maloko a bodumedi a a kgatlhanong le Basupi, a a neng a tletse ka kgotlatshekelo, a ne a tla a tlhasela Mokaulengwe Margaryan ka mafoko gangwe le gape. Morago ga moo, dipego di le dintsi tsa maaka le tse di sokamisitsweng tse di kaga tsheko eno di ne tsa gasiwa mo thelebisheneng, ka sekai, dingwe di ne tsa bolela gore tota Mokaulengwe Margaryan o ne a dumela gore o molato.

Fa tsheko e sa ntse e le fa gare, modulasetulo wa yone wa setlhopha sa baatlhodi ba le bararo o ne a gakgamatsa batho ba ba neng ba tlile fa a ne a ntsha lekwalo le le neng le tswa kwa Lekgotleng la Puso la Dikgang Tsa Bodumedi le le neng le laela gore ofisi ya mosekisi e tseye dikgato ka Mokaulengwe Margaryan. Kgato eno e ne ya gakgamatsa babogedi ba ditšhabatšhaba kwa tshekong eno ka gonne fa Armenia e ne e kopa gore e akarediwe mo  Council of Europe, e ne ya bolela gore e tla “tlhomamisa gore Dikereke tsotlhe kana madumedi otlhe, segolobogolo a go tweng ke a ‘mabotlana,’ a tla newa kgololesego kwantle ga go tlhaola ape.”

Fa tsheko e ntse e tsweletse mo dibekeng tse di neng tsa latela, maemo a ne a gagamala le e leng go feta. Baganetsi ba ne ba tswelela ka go kgadiepetsa Basupi le go ba tlhasela mo teng ga kgotlatshekelo le ka kwa ntle ga yone. Basupi ba basadi ba ne ba ragiwa mo magwejaneng. Fa Mosupi mongwe a ne a tlhapaolwa mme a gana go itwela, o ne a itewa mo mokwatleng a bo a tshwanelwa ke go robala kwa bookelong.

Le fa go ntse jalo, go ne ga tlhomiwa modulasetulo yo mosha wa tsheko. Le fa batho bangwe ba ne ba leka go tshosetsa mmueledi wa molatofadiwa, modulasetulo yono yo mosha wa tsheko o ne a boloka maemo a le mo taolong, o ile a ba a laela mapodise gore a ntshe mosadi mongwe yo o neng a goakaka a tshosetsa mmueledi wa molatofadiwa.

E ya Kgotlatshekelong e Kgolo ya Armenia

Kgabagare ka March 7, 2002, kgotlatshekelo ya boikuelo e ne ya ema nokeng tshwetso ya kgotlatshekelo ya ntlha. Selo se se gakgamatsang ke gore, letsatsi pele ga tshwetso eo e itsisiwe, Lekgotla la Puso la Dikgang Tsa Bodumedi le ne la fedisiwa. Basekisi ba ne ba boa gape ba dira boikuelo, mme mo lekgetlong leno ba ne ba bo dira kwa kgotlatshekelong e kgolo go gaisa tsotlhe mo Armenia—Kgotlatshekelo ya Cassation. Jaanong basekisi ba ne ba kopa Kgotlatshekelo gore e busetse kgetsi gore e sekwe gape gore go ntshiwe “katlholo ya go bonwa molato.”

Setlhopha sa baatlhodi ba barataro, se modulasetulo wa sone e neng e le Moatlhodi Mher Khachatryan, se ne sa kopana ka 11:00 mo mosong wa April 19, 2002. Fa mongwe wa basekisi a ne a simolola go bua, o ne a tlhalosa kafa a galefisitsweng ka teng ke go bo dikgotlatshekelo tse pedi tse di fetileng di ile tsa se ka tsa bona Mokaulengwe Margaryan molato. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlhong leno ke mosekisi yo o neng a tsenwa ganong mme a tlhabiwa ka dipotso ke baatlhodi ba le banè. Moatlhodi mongwe o ne a kgalema mosekisi yono go bo a batla go tlhotlheletsa Kgotlatshekelo ka go bua ka tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa le gore ga ba a kwadisiwa semolao, fa a ne a bua ka Mokaulengwe Margaryan—dilo tse ka bobedi di sa tseweng e le tlolomolao go ya ka Molawana wa bo244. Go tswa foo moatlhodi o ne a tlhalosa gore se mosekisi a se dirileng ke “pogiso ya go latofatsa motho ka ditiro tsa bokebekwa.” Moatlhodi yo mongwe o ne a umaka ditsheko tse di farologaneng tsa Dikgotlatshekelo Tsa Yuropa tse mo go tsone Basupi ba ga Jehofa ba neng ba tsewa e le “bodumedi jo bo itsegeng” jo le jone bo tshwanelwang ke go sirelediwa ke mokgatlho wa European Convention on Human Rights. Ka nako eo, moruti mongwe mo kgotlatshekelong o ne a goa a bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba kgaoganya setšhaba. Kgotla e ne ya mo laela gore a didimale.

Go tswa foo baatlhodi ba ne ba bitsa Lyova Margaryan mo bathong ba ba neng ba le gone—selo se se neng se sa lebelelwa mo kgotlatshekelong eno e kgolo. Mokaulengwe Margaryan o ne a neela bosupi jo bo molemo malebana le boemo jwa Bokeresete jwa Basupi ba ga Jehofa mo dikganyeng tse di farologaneng. (Mareko 13:9) Morago ga gore Kgotlatshekelo e emise ka lobakanyana, e ne ya boela gape mme ka bongwe fela jwa pelo e ne ya ema nokeng katlholo ya “go se bonwe molato.” Mokaulengwe Margaryan o ne a itumela tota. Fa Kgotlatshekelo e kwala tshwetso ya yone e ne ya re: “Tiro eno ya ga [Lyova Margaryan] ga e tsewe e le tlolomolao ke molao wa gone jaanong, mme tsela eno e a latofadiwang ka yone e thulana le Molawana wa bo23 wa Molaotheo wa Armenia le Molawana wa bo9 wa European Convention.”

Matswela a Tshwetso Eno

Fa basekisi ba ka bo ba ile ba atlega mo tshekong eno, seo se ka bo se dirile gore le bagolwane ba bangwe ba diphuthego tsa Basupi mo Armenia yotlhe ba tseelwe dikgato tsa semolao. Re solofela gore tshwetso eno e e tlhamaletseng e e tserweng ke Kgotlatshekelo e tla thibela bosetlhogo jo bo ntseng jalo. Gape fa basekisi ba ka bo ba ile ba atlega, seo se ne se tla nna seipato sa go gana go kwadisa Basupi ba ga Jehofa semolao. Re lebogela gore jaanong Kgotlatshekelo e ile ya tlosa seipato seno sa maaka.

Ga re itse gore a mo isagweng tiro ya Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 7 000 ba naga eno e tla kwadisiwa semolao. Mme gone, kobamelo ya boammaaruri e sa ntse e gatela pele mo “lefatsheng la Ararata.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Leno ke lengwe la mabaka a go bo Ba-Armenia ba amanya naga ya bone le Thaba ya Ararata. Bogologolo, Armenia e ne e le bogosi jo bogolo jo dithaba tseo di neng di le mo kgaolong ya yone. Ka jalo, mo go Isaia 37:38, thanolo ya Baebele ya Septuagint ya Segerika e ranola polelwana “lefatshe la Ararata” e re ke “Armenia.” Gone jaanong Thaba ya Ararata e mo kgaolong ya Turkey, gaufi le molelwane wa yone o o ka fa botlhaba.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Lyova Margaryan a le mo tshekong

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Mokaulengwe Margaryan a na le lelapa la gagwe