Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bontsha “Bonolo Jotlhe mo Bathong Botlhe”

Bontsha “Bonolo Jotlhe mo Bathong Botlhe”

 Bontsha “Bonolo Jotlhe mo Bathong Botlhe”

‘Tswelela o ba gakolola gore ba bontshe bonolo jotlhe mo bathong botlhe.’—TITO 3:1, 2.

1. Ke eng fa go se motlhofo go nna bonolo ka metlha?

MOAPOSETOLOI PAULO o ile a kwala jaana: “Nnang baetsi ba me, fela jaaka nna ke le wa ga Keresete.” (1 Bakorintha 11:1) Gompieno batlhanka botlhe ba Modimo ba leka ka natla go ikobela kgakololo eo. Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go dira jalo ka gonne re ruile dikeletso le mekgwa ya bopelotshetlha e e sa dumalaneng le sekao sa ga Keresete go tswa mo batsading ba rona ba ntlha. (Baroma 3:23; 7:21-25) Le fa go ntse jalo, rotlhe re ka kgona go nna bonolo fa re iteka ka natla. Mme ga go a lekana go ikaega fela ka maiteko a rona ka namana. Go tlhokega eng gape?

2. Ke eng se se ka re thusang go bontsha “bonolo jotlhe mo bathong botlhe”?

2 Bonolo jo Modimo a nang le jone ke lengwe la maungo a moya o o boitshepo. Fa re ikobela kaelo ya maatla ao a a dirang a Modimo, maungo a one a tla bonala mo go rona. Ke ka go dira jalo  fela re ka kgonang go bontsha “bonolo jotlhe” mo bathong botlhe. (Tito 3:2) A re sekasekeng kafa re ka etsang sekao sa ga Jesu ka gone mme ra ‘lapolosa’ batho ba re tshelang le bone.—Mathaio 11:29; Bagalatia 5:22, 23

Mo Lelapeng

3. Ke boitshwaro bofe mo malapeng jo bo supang moya wa lefatshe?

3 Lefelo lengwe le re tshwanetseng go nna bonolo mo go lone ke mo lelapeng. World Health Organization e fopholetsa gore tirisodikgoka ya mo lelapeng e tsenya botshelo jwa basadi ba le bantsi mo kotsing go feta dikotsi tsa tsela le bolwetse jwa malaria di kopane. Ka sekai, kwa Lontone, Engelane, kwatara ya melato yotlhe e e begwang e e amanang le tirisodikgoka ke e e diregang mo malapeng. Gangwe le gape mapodise a kopana le batho ba ba bontshang maikutlo a bone ka ‘go goa thata le ka puo ya go kgoba.’ Mme se se maswe le go feta, banyalani bangwe ba letlile gore ‘kgakalo ya letlhoo’ e senye kamano ya bone. Boitshwaro jono jotlhe bo supa “moya wa lefatshe” mme malapa a Bakeresete ga a tshwanela go nna le jone.—Baefeso 4:31; 1 Bakorintha 2:12.

4. Bonolo bo ka thusa jang mo lelapeng?

4 Moya wa Modimo ke one o o ka re thusang go fenya mekgwa ya lefatshe. “Koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.” (2 Bakorintha 3:17) Lorato, bopelonomi, boikgapo le bopelotelele di nonotsha kutlwano ya banyalani ba ba sa itekanelang. (Baefeso 5:33) Bonolo bo dira gore lelapa le itumele le gore le se ka la nna le dikgogakgogano le dikgotlhang tse di aparetseng malapa a le mantsi. Se motho a se buang se botlhokwa mme tsela e a se buang ka yone ke yone e e senolang boikutlo jo a nang le jone. Fa re tlhalosa matshwenyego a rona ka bonolo, seo se tla ritibatsa maemo. Kgosi Solomone yo o botlhale  o ne a kwala jaana: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.”—Diane 15:1.

5. Bonolo bo ka thusa jang mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi?

5 Bonolo bo tlhokega thata mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi. Fa bo bontshiwa le ka ditiro tse dingwe tsa bopelonomi bo ka thusa batho ba ba sa sekamelang mo go direng molemo gore ba simolole go direla Jehofa. Petere o ne a gakolola basadi ba ba nyetsweng ba Bakeresete jaana: “Nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng. Mme a mokgabo wa lona e se ka ya nna wa go loga moriri loetse kafa ntle le wa go rwala mekgabiso ya gouta kgotsa wa go apara diaparo tsa kafa ntle, mme a e nne motho wa sephiri wa pelo yo o apereng diaparo tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bonolo, tse e leng tsa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.”—1 Petere 3:1-4.

6. Go nna bonolo go ka nonotsha kamano ya batsadi le bana jang?

6 Batsadi le bana ba ka nna le dikgotlhang segolo jang fa lorato lo ba ratang Jehofa ka lone lo sa nonofa. Mme gone, malapa otlhe a Bakeresete a tshwanetse go nna bonolo. Paulo o ne a gakolola borre jaana: “Lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Fa lelapa le le bonolo, kamano e batsadi ba nang le yone le bana e a nonofa. Dean, yo o tswang mo lelapeng la bana ba le batlhano, o ne a bua jaana ka rraagwe: “Rre o ne a le bonolo. Ga ke gakologelwe fa nkile ka ngangisana le ene—tota le fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome. O ne a le bonolo ka dinako tsotlhe, tota le fa a ne a kgopisitswe ke sengwe. Ka dinako tse dingwe o ne a nkotlhaya ka go laela gore ke se tswe mo kamoreng ya me kgotsa a ntima dilo dingwe, mme gone re ne re se ke re ngangisana. E ne e le rre e bile e le tsala ya rona, mme re ne re sa batle go mo swabisa.” Ruri go nna bonolo go nonotsha kamano ya batsadi le bana.

Mo Bodireding Jwa Rona

7, 8. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go bontsha bonolo fa re le mo bodireding?

7 Re tshwanetse go nna bonolo le mo bodireding jwa tshimo. Fa re ntse re bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi, re kopana le batho ba botho jo bo sa tshwaneng. Bangwe ba reetsa molaetsa wa rona wa tsholofelo ka boitumelo. Ba bangwe ba ka nna ba se ka ba o amogela ka mabaka a a farologaneng. Ke mo maemong a a ntseng jalo mo bonolo bo ka re thusang thata go diragatsa thomo ya rona ya go nna basupi go ya dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.—Ditiro 1:8; 2 Timotheo 4:5.

8 Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Itshepiseng Keresete e le Morena mo dipelong tsa lona, ka metlha lo iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) E re ka re tsaya Keresete e le Motlhomasekao wa rona, re lwela go bontsha bonolo le tlotlo fa re rerela batho ba ba buang makgwakgwa le rona. Gantsi go dira jalo go nna le matswela a a molemo.

9, 10. Anela tiragalo e e bontshang kafa go leng botlhokwa ka teng go nna bonolo fa re le mo bodireding jwa tshimo.

9 Keith o ne a reeditse mosadi wa gagwe fa a ya go bulela mongwe yo o neng a kokota. E ne ya re fa mosadi wa ga Keith a lemoga gore moeng wa bone ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a latofatsa Basupi ka bogale gore ba sotla bana ba bone. Mokaulengwe yoo o ne a se ka a galefa. O ne a mo araba jaana a le bonolo: “Ke maswabi go bo o ikutlwa jalo. A nka go bontsha se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang?” Keith o ne a ntse a reeditse fa ba ntse ba bua mme o ne a tla kwa kgorong go kgaola motlotlo oo.

10 Moragonyana, banyalani bano ba ne ba simolola go ikwatlhaela go bo ba ile ba tshwara moeng wa bone makgwakgwa jalo. Ba ne ba amilwe ke tsela e a neng a le bonolo ka yone. Keith le mogatse ba ne ba gakgamala tota fa mokaulengwe  yoo a ba etela gape mo bekeng e e latelang, mme ba ne ba mo letla gore a ba tlhalosetse mabaka a Dikwalo a dilo tse a di dumelang. Moragonyana ba ne ba re: “Mo dingwageng tse pedi tse di latelang re ne ra reetsa Basupi ba bangwe.” Ba ne ba dumela go rutwa Baebele mme boobabedi ba feleletsa ba kolobeditswe go supa boineelo jwa bone mo go Jehofa. Ruri seno se ne sa itumedisa Mosupi yoo yo o neng a etela Keith le mogatse la ntlha! Mosupi yoo o ne a kopana le banyalani bao dingwaga di sekae moragonyana ba jaanong e neng e le bakaulengwe ba gagwe ba semoya. Bonolo bo a thusa.

11. Go nna bonolo go ka thusa batho ba bangwe jang gore ba amogele boammaaruri?

11 Dilo tse di diragaletseng Harold fa a le kwa bosoleng di ne tsa dira gore e nne motho yo o agang a galefile le yo o sa dumeleng gore Modimo o gone. Mathata a gagwe a ne a gakala fa a sena go tlhagelwa ke kotsi e e neng ya bakwa ke mokgweetsi yo o neng a tagilwe e e neng ya dira gore a golafale go ya go ile. E ne ya re fa Basupi ba ga Jehofa ba etela Harold kwa legaeng la gagwe, o ne a ba laela gore ba se ka ba tlhola ba mo etela. Letsatsi lengwe Mosupi mongwe yo leina la gagwe e leng Bill o ne a batla go etela motho mongwe yo o kgatlhegang yo o neng a nna gaufi le ntlo ya ga Harold. Ka phoso Bill o ne a kokota kwa ntlong ya ga Harold. Fa Harold, yo o neng a ikokotlela ka dithobane tse pedi a bula kgoro, Bill o ne a itlhaganelela go kopa maitshwarelo mme a tlhalosa gore o ne a ikaeletse go etela ntlo nngwe fa gaufi. Harold o ne a itshwara jang? Bill o ne a sa itse gore Harold o ne a bone thulaganyo nngwe ya thelebishine e e neng e tlhagisitse Basupi ba bereka mmogo ba aga Holo ya Bogosi mo lobakeng lo lokhutshwane. Ka ntlha ya go kgatlhiwa ke go bona batho ba bantsi jalo ba bereka mmogo ka kutlwano, o ne a fetola maikutlo a gagwe ka Basupi. Ka ntlha ya go bo Harold a ne a amilwe ke tsela e e pelonomi e Bill a neng a mo kopile maitshwarelo ka yone le kafa a neng a le bonolo ka gone, o ne a dumela gore Basupi ba mo etele. O ne a ithuta Baebele, a gatela pele, mme a nna motlhanka wa ga Jehofa yo o kolobeditsweng.

Mo Phuthegong

12. Ke mekgwa efe ya lefatshe e Bakeresete mo phuthegong ba tshwanetseng go e tila?

12 Gape go botlhokwa thata gore re bontshe bonolo mo phuthegong ya Bokeresete. Batho gompieno ba rata dikgotlhang. Batho ba ba lebang botshelo ka tsela ya lefatshe ba rata dikganetsano, dingangisano le go tatalala. Ka dinako dingwe mekgwa eo ya lefatshe e tsenelela ka iketlo mo phuthegong ya Bokeresete mme e bake dikomang le dikgotlhang. Bakaulengwe ba ba ikarabelang ba a hutsafala fa ba tshwanelwa ke go lebana le maemo a a ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, go rata Jehofa le go rata bakaulengwe ba bone go ba tlhotlheletsa go leka go thusa batho ba ba dirileng phoso gore ba itharabologelwe.—Bagalatia 5:25, 26.

13, 14. Go ka nna le matswela afe fa re “laya ka bonolo ba ba sa sekamelang mo go direng molemo”?

 13 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Paulo le mopati wa gagwe e bong Timotheo ba ne ba lebana le mathata a a neng a bakwa ke batho bangwe mo phuthegong. Paulo o ne a tlhagisa Timotheo gore a ikele tlhoko mo bakaulengweng ba ba tshwanang le dijana “tsa boikaelelo jo bo se nang go ka tlotlwa.” Paulo o ne a mo tlhalosetsa go re: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe, a tshwanelega go ruta, a nna a ithibile mo bosuleng, a laya ka bonolo ba ba sa sekamelang mo go direng molemo.” Fa re nna re le bonolo tota le fa batho ba re galefisa, gantsi batho ba ba re ganetsang ba a tle ba tlhotlheletsege go fetola megopolo ya bone. Mme seo se ka nna sa dira gore Jehofa a ‘ba neye boikwatlhao jo bo gogelang kwa kitsong e e leng yone ya boammaaruri,’ jaaka fa Paulo a ile a bolela. (2 Timotheo 2:20, 21, 24, 25) Ela tlhoko gore Paulo o amanya bonolo le nonofo ya bopelonomi le ya boikgapo.

14 Paulo o ne a tshela go ya ka se a neng a se ruta. Fa a ne a bua ka ‘baaposetoloi ba ba molemo go feta selekanyo’ ba phuthego ya Korintha, o ne a kgothatsa bakaulengwe jaana: “Jaanong nna ka bonna, Paulo, ke lo rapela ka bonolo le ka bopelonomi jwa ga Keresete, le fa ke bonala ke le wa maemo a a kwa tlase mo go lona, mme fa ke seyo ke le pelokgale mo go lona.” (2 Bakorintha 10:1; 11:5) Ruri Paulo o ile a etsa sekao sa ga Keresete. Ela tlhoko gore o ile a ikuela mo bakaulengweng bano “ka bonolo” jwa ga Keresete. Ka gone ga a ka a batla go rena mo godimo ga bone. Ga go pelaelo gore tsela e a neng a ikuela ka yone e ne ya thusa bangwe mo phuthegong ba ba neng ba na le dipelo tse di siameng. O ne a thusa go rarabolola dikgotlhang a bo a dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong. A seno ga se sekao se rotlhe re tshwanetseng go leka go se etsa? Bagolwane ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go etsa sekao sa ga Keresete le sa ga Paulo.

15. Ke eng fa go le botlhokwa gore motho a gakololwe ka bonolo?

15 Mme gone, boikarabelo jwa go thusa batho ba bangwe ga bo felele fela fa kagiso le kutlwano ya phuthego e le mo kotsing. Bakaulengwe ba tlhoka go newa kaelo e e lorato le pele mathata a tlhaga. Paulo o ile a gakolola jaana: “Bakaulengwe, le eleng fa motho mongwe a tsaya kgato nngwe e e phoso pele ga a e lemoga, lona ba lo nang le ditshwanelego tsa semoya, lekang go lolamisa motho yo o ntseng jalo.” Mme seno se tshwanetse go dirwa jang? “Ka moya o o bonolo, mongwe le mongwe wa lona a ntse a ipeile leitlho, e se re kgotsa le lona lwa raelwa.” (Bagalatia 6:1) Ga se ka metlha go leng motlhofo gore Bakeresete ba nne le “moya o o bonolo,” segolobogolo ka gonne botlhe, go akaretsa le banna ba ba tlhomilweng, ba na le tshekamelo ya go dira boleo. Le fa go ntse jalo, motho yo o dirileng phoso a ka amogela go lolamisiwa fa a gakololwa ka bonolo.

16, 17. Ke eng se se ka thusang motho go amogela kgakololo?

 16 Mo Segerikeng sa ntlhantlha, lefoko le le ranotsweng e le “lolamisa” gape le ka kaya go tlhamalatsa lerapo le le robegileng, e leng selo se se botlhoko tota. Ngaka e e kgonang go ritibatsa molwetse yo o robegileng e tla mo tlhalosetsa melemo ya go tlhamalatsa lerapo la gagwe le le robegileng. Tsela e ngaka e buang le ene ka bonolo ka yone e tla mo kgothatsa. Fa e bua le ene go sekae pele ga e mo alafa seo se tla okobatsa botlhoko bope fela jo a tla bo utlwang. Go lolamisa motho ka tsela ya semoya le gone go ka nna botlhoko. Le fa go ntse jalo, fa motho a lolamisiwa ka bonolo, o tla itshokela go lolamisiwa mme seo se bo se dira gore go baakanngwe kamano e e senyegileng le go mo tlhotlheletsa go fetoga. Tota le fa a ka gana kgakololo kwa tshimologong, fa motho yo o mo thusang a mo gakolola ka bonolo seo se ka mo thusa gore a amogele kgakololo e e molemo ya Dikwalo.—Diane 25:15.

17 Gantsi fa motho a lolamisiwa go ka direga gore a tseye kgakololo e le go tshwaiwa diphoso. Mokwadi mongwe o tlhalosa seno jaana: “Go ka nna motlhofo gore fa motho a gakolola ba bangwe a dirise mafoko a a bogale mme tota eo ke nako e a tshwanetseng go nna bonolo ka yone.” Go lwela go nna bonolo le boikokobetso go tla thusa Mokeresete yo o neelang ba bangwe kgakololo gore a tile kotsi eo.

“Mo Bathong Botlhe”

18, 19. (a) Ke eng fa go ka nna thata gore Bakeresete ba nne bonolo fa ba dirisana le balaodi? (b) Ke eng se se ka thusang Bakeresete go nna bonolo mo balaoding mme seno se ka nna le matswela afe?

18 Batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go nna bonolo fa ba dirisana le balaodi. Ke boammaaruri gore balaodi bangwe ba a gatelela e bile ga ba kutlwelobotlhoko. (Moreri 4:1; 8:9) Le fa go ntse jalo, lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo tla re thusa go lemoga gore ke ene molaodi yo mogolo le gore re ikobele balaodi ba dipuso ka selekanyo se se ba tshwanetseng. (Baroma 13:1, 4; 1 Timotheo 2:1, 2) Tota le fa balaodi ba ka leka go kgoreletsa bodiredi jwa rona jwa go bua ka Jehofa phatlalatsa, re itumelela go senka ditsela tse di sa ntseng di re bulegetse tsa go isa setlhabelo sa rona sa pako.—Bahebera 13:15.

19 Le ka motlha ga re ke re nna manganga. Re leka ka bojotlhe go nna tekatekano mme gone re sa itlhokomolose melaometheo e e siameng. Seno se dira gore bakaulengwe ba rona ba kgone go dira bodiredi jwa bone mo dinageng di le 234 mo lefatsheng lotlhe. Re sekegela tsebe kgakololo ya ga Paulo ya gore re ‘nne mo taolong re bo re nne kutlo mo dipusong le mo balaoding jaaka babusi, re iketleeletse tiro nngwe le nngwe e e molemo, re sa bue ope ka go mo utlwisa botlhoko, re sa rate ntwa, re le tekatekano, re bontsha bonolo jotlhe mo bathong botlhe.’—Tito 3:1, 2.

20. Batho ba ba bonolo ba tla bona melemo efe?

20 Batho botlhe ba ba bonolo ba tla bona masego a magolo. Jesu o ile a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5) Mo go bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ka moya, go nna bonolo go tla dira gore ba bone boitumelo le tshiamelo ya go busa lefatshe. “Boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” jone bo tswelela pele bo bontsha bonolo mme bo solofetse go tshela mo lefatshe la Paradaise. (Tshenolo 7:9; Johane 10:16; Pesalema 37:11) A isagwe e e itumedisang ruri! Ka gone, a le ka motlha re se ka ra tlhokomologa kgakololo eno e Paulo a neng a e naya Bakeresete ba Efeso: “Jalo, nna legolegwa mo Moreneng, ke lo rapela gore lo tsamaye kafa go tshwanetseng pitso e lo neng lwa bidiwa ka yone, ka mogopolo o o ikokobeditseng fela thata le ka bonolo.”Baefeso 4:1, 2.

Poeletso

• Ke melemo efe e re e bonang fa re bontsha bonolo

• mo lelapeng?

• mo bodireding jwa tshimo?

• mo phuthegong?

• Batho ba ba bonolo ba solofediwa melemo efe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Bonolo bo botlhokwa thata mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Bonolo bo nonotsha kamano ya ba lelapa

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Iphemele ka bonolo le ka tlotlo e e boteng

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Motho yo o gakololang ka bonolo a ka thusa yo o dirileng phoso