Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikanye Jehofa ka Pelo Yotlhe

Ikanye Jehofa ka Pelo Yotlhe

 Ikanye Jehofa ka Pelo Yotlhe

“Ba ba itseng leina la gago ba tla go ikanya.”—PESALEMA 9:10.

1, 2. Batho ba ikanya dilo dife tse di sa thuseng sepe gore di ba sireletse?

MO NAKONG eno e go nang le dilo di le dintsi tse di bayang botshelo jwa batho mo kotsing, gantsi batho ba senka mongwe kgotsa sengwe go ba sireletsa. Bangwe ba akanya gore go nna le madi a mantsi go ka dira gore ba nne le isagwe e e sireletsegileng, mme boammaaruri ke gore, madi ke botshabelo jo bo sa tlhomamang. Baebele ya re: “Yo o ikanyang dikhumo tsa gagwe—o tla wa.” (Diane 11:28) Bangwe ba ikanya baeteledipele, mme tota le baeteledipele ba ba molemo ba dira diphoso. Mme kgabagare botlhe ba a swa. Baebele e nepile fa e re: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene.” (Pesalema 146:3) Mafoko ao a a tlhotlheleditsweng gape a re tlhagisa gore rona ka borona re se ka ra iikanya. Le rona re ‘barwa ba motho wa mo lefatsheng.’

2 Moporofeti Isaia o ne a tshwaya baeteledipele ba setšhaba sa Iseraele ba motlha wa gagwe phoso ka gonne ba ne ba ikanya “botshabelo jwa maaka.” (Isaia 28:15-17) Ba ne ba dira dikgolagano tsa sepolotiki le ditšhaba tsa boagelani ka gonne ba ne ba batla tshireletsego. Dikgolagano tse di ntseng jalo di ne di sa ikanyege—e le tsa maaka. Le gompieno baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi ba dira dikgolagano le baeteledipele ba dipolotiki. Dikgolagano tseo le tsone di tla itshupa  e le tsa “maaka.” (Tshenolo 17:16, 17) Ga di kitla di dira gore go nne le tshireletsego e e nnelang ruri.

Sekao se se Molemo sa ga Joshua le Kalebe

3, 4. Joshua le Kalebe le ditlhodi tse dingwe tse di lesome ba ne ba tlisa dipego dife tse di sa tshwaneng fa ba tswa go tlhola Naga e e Solofeditsweng?

3 Mme gone re ka senka tshireletsego kae? Re ka e senka gone kwa Joshua le Kalebe ba neng ba e senka teng mo motlheng wa ga Moshe. Ka bonako fela morago ga gore Baiseraele ba gololwe kwa Egepeto, setšhaba seno se ne se ipaakantse sentle go tsena mo Nageng e e Solofeditsweng ya Kanana. Go ne ga romiwa banna ba le 12 go ya go tlhola naga, mme fa malatsi a 40 a sena go feta, ba ne ba boa go tla go bega se ba se boneng. Ke ditlhodi di le pedi fela e bong Joshua le Kalebe, tse di neng tsa tla ka pego e e molemo ya gore Iseraele e ka kgona go fenya Bakanana. Ditlhodi tse dingwe di ne tsa dumela gore naga eo e ne e le ntle mme di ne tsa re: “Boammaaruri ke gore batho ba ba nnang mo lefatsheng leo ba nonofile, mme metse e e sireletsegileng e megolo thata . . . Ga re kgone go tlhatloga re ya go tlhasela batho bano, ka gonne ba nonofile go re feta.”—Dipalo 13:27, 28, 31.

4 Baiseraele ba ne ba reetsa ditlhodi di le lesome mme ba simolola go tsenwa ke letshogo, mo ba neng ba simolola go ngongorega ka Moshe. Kgabagare Joshua le Kalebe ba ne ba bua jaana go tswa pelong: “Lefatshe le re neng ra le kgabaganya re ya go le tlhola ke lefatshe le le molemo thatathata. Fa Jehofa a re kgatlhegela, he ruri o tla re tsenya mo lefatsheng leno a bo a le re naya, lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe. Fela lo se ka lwa tsuologela Jehofa; e bile lona, lo se ka lwa boifa batho ba lefatshe leo.” (Dipalo 14:6-9) Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba gana go reetsa mme seo se ne sa dira gore ba se ka ba letlelelwa go tsena mo Nageng e e Solofeditsweng ka nako eo.

5. Ke ka ntlha yang fa Joshua le Kalebe ba ile ba tla ka pego e e molemo?

5 Ke ka ntlha yang fa Joshua le Kalebe ba ile ba tla ka pego e e molemo, fa ditlhodi tse di lesome tsone di tlile ka e e bosula? Ditlhodi tseno tse 12 tsotlhe di bone metse e e agegileng sentle le ditšhaba tse di nonofileng. Mme tse di lesome di ne di bua boammaaruri fa di re Baiseraele ba ne ba sa nonofa sentle go ka gapa naga eo. Joshua le Kalebe le bone ba ne ba itse seo. Le fa go ntse jalo, ditlhodi tseno tse di lesome di ne di leba dilo ka tsela ya senama. Joshua le Kalebe bone, ba ne ba ikanya Jehofa. Ba ne ba bone kafa a neng a bontsha maatla a gagwe ka teng kwa Egepeto, kwa Lewatleng le le Lehibidu le kwa Thabeng ya Sinai. Kana e bile, masome a dingwaga moragonyana, dipego tseno fela di ne tsa tlhotlheletsa Rahabe wa kwa Jeriko go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing go thusa batho ba ga Jehofa! (Joshua 2:1-24; 6:22-25) Joshua le Kalebe ba e neng e le basupi ba ba boneng ditiro tseno tsa ga Jehofa, ba ne ba dumela ba sa belaele gore Modimo o ne a tla tswelela pele a lwela batho ba gagwe. Dingwaga di le 40 moragonyana, ba ile ba duelelwa go ikanya Jehofa fa kokomana e ntšha ya Baiseraele e ne e tsena kwa Kanana e gapa naga eo e eteletswe pele ke Joshua.

Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Ikanya Jehofa ka Botlalo

6. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba lekwa gompieno, mme ba tshwanetse go ikanya mang?

6 Mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ le rona re lebana le baba ba ba re fetang ka maatla fela jaaka Baiseraele. (2 Timotheo 3:1) Re lebana le diteko tse di amanang le boitsholo le tse di re lekang semoyeng, mme ka dinako tse dingwe le tsa senama. Ga re kgone go emelana le diteko tseno ka borona fela, e re ka di bakwa ke mongwe yo o re fetang ka maatla, e bong Satane Diabolo. (Baefeso 6:12; 1 Johane 5:19) Ka jalo, re ka bona thuso kae? Monna mongwe yo o ikanyegang wa bogologolo o ne a bua jaana fa a rapela Jehofa: “Ba ba itseng leina la gago ba tla go ikanya.” (Pesalema 9:10) Fa ruri re itse Jehofa e bile re tlhaloganya le bokao jwa leina la gagwe, re tla mo ikanya re sa belaele sepe fela jaaka Joshua le Kalebe.—Johane 17:3.

7, 8. (a) Popo e re naya jang mabaka a gore re ikanye Jehofa? (b) Baebele e re naya mabaka afe a gore re ikanye Jehofa?

7 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikanya Jehofa? Selo sengwe se se dirileng gore Joshua le Kalebe ba ikanye Jehofa ke gore ba ile ba bona  dilo tse a neng a di dira tse di bontshang maatla a gagwe. Le rona re a di bona. Ka sekai, akanya ka popo ya ga Jehofa, go akaretsa le lobopo lo lo nang le dimilione di le diketekete tsa masagaripa a dinaledi. Maatla a lefatshe a magolo a Jehofa a a laolang a bontsha gore ruri ke Mothatayotlhe. Fa re akanya ka dikgakgamatso tsa popo, re dumalana le Jobe yo o neng a bua jaana ka Jehofa: “Ke mang yo o ka emelelanang le ene? Ke mang yo o tla mo rayang a re, ‘O dirang?’” (Jobe 9:12) Ruri fa Jehofa a na le rona, ga go ope mo lobopong lotlhe yo re tshwanetseng go mmoifa.—Baroma 8:31.

8 Akanya le ka Lefoko la ga Jehofa, Baebele. Buka eno e e nang le botlhale jo bo boitshegang jwa bomodimo e ka kgona go re thusa go fenya mekgwa e e sa siamang le go dira gore re tshele tumalanong le thato ya Modimo. (Bahebera 4:12) Baebele ke yone e e re thusang go itse Jehofa ka leina le go itse bokao jwa leina leno la gagwe. (Ekesodo 3:14) Re lemoga gore Jehofa a ka nna sengwe le sengwe se a batlang go nna sone—Rre yo o lorato, Moatlhodi yo o siameng, Motlhabani yo o fenyang—gore a diragatse maikaelelo a gagwe. Mme re bona kafa ka metlha a diragatsang sengwe le sengwe se a se solofetsang ka teng. Fa re ithuta Lefoko la Modimo, re tlhotlheletsega go bua mafoko ano a mopesalema: “Ke ikantse lefoko la gago.”—Pesalema 119:42; Isaia 40:8.

9. Thekololo le tsogo ya ga Jesu di nonotsha jang tsela e re ikanyang Jehofa ka yone?

9 Thekololo ke selo se sengwe gape se se dirang gore re ikanye Jehofa. (Mathaio 20:28) A bo go le molemo jang go bo Jehofa a ile a romela Morwawe gore a swe e le thekololo ya rona! Mme thekololo eo e mosola tota. E duelela maleo a batho botlhe ba ba ikwatlhayang ba bo ba boela kwa go Jehofa ka pelo e e ikanyegang. (Johane 3:16; Bahebera 6:10; 1 Johane 4:16, 19) Jesu o ne a tshwanetse go tsosiwa gore thekololo e tle e duelwe. Tiragalo eo e e gakgamatsang, e e neng ya bonwa ke batho ba le makgolokgolo, ke selo se sengwe gape se se dirang gore re ikanye Jehofa. E re tlhomamisetsa gore dilo tsotlhe tse re di solofetseng di tla diragadiwa.—Ditiro 17:31; Baroma 5:5; 1 Bakorintha 15:3-8.

10. Rona ka borona re na le mabaka afe a a dirang gore re ikanye Jehofa?

10 Ano ke a sekae fela a mabaka a go bo re tshwanetse go ikanya Jehofa ka botlalo. Go na le a mangwe a mantsi, a mangwe ke a re a iponetseng ka borona. Ka sekai, nako le nako rotlhe re lebana le maemo a a thata mo botshelong. Fa re kopa Jehofa gore a re thuse go lepalepana le one, re bona kafa thuso ya gagwe e leng mosola ka gone. (Jakobe 1:5-8) Tsela e re ikanyang Jehofa ka yone e a nonofa fa re ikaega ka ene ka metlha re bo re bona kafa seo se re solegelang molemo ka gone.

Dafide O ne A Ikanya Jehofa

11. Dafide o ne a ikanya Jehofa le fa a ne a lebane le maemo afe?

11 Dafide wa Iseraele wa bogologolo ke mongwe wa batho ba ba neng ba ikanya Jehofa. O ne a lebana le matshosetsi a go bolawa ke Kgosi Saulo le masole a a nonofileng a Bafilisitia, a a neng a  batla go gapa Iseraele. Le fa go ntse jalo, o ne a falola a bo a fenya. Ka ntlha yang? Dafide o tlhalosa jaana ka boene: “Jehofa ke lesedi la me le poloko ya me. Ke tla boifa mang? Jehofa ke kago e e thata ya botshelo jwa me. Ke tla tshaba mang?” (Pesalema 27:1) Le rona re ka fenya fa re ikanya Jehofa jalo.

12, 13. Dafide o ne a bontsha jang gore re tshwanetse go ikanya Jehofa le fa baganetsi ba ka dirisa maleme a bone go re tlhasela?

12 Nako nngwe Dafide o ne a rapela a re: “Utlwa lentswe la me mo matshwenyegong a me tlhe Modimo. E kete o ka dibela botshelo jwa me mo go boifisiweng ke mmaba. E kete o ka mphitlha, o mphitlhela puo ya sephiri ya badirabosula, khuduegong ya badiri ba se se utlwisang botlhoko, ba ba looditseng loleme lwa bone fela jaaka tšhaka, ba ba lebagantseng motswi wa bone, puo e e bogalaka, gore ba hule mongwe yo o se nang molato ba le kwa mafelong a a fitlhegileng.” (Pesalema 64:1-4) Ga re itse sentle gore ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Dafide go kwala mafoko ano. Mme re a itse gore gompieno, baganetsi ba ‘lootsa loleme lwa bone,’ ba dirisa loleme jaaka sebetsa. Ba ‘hula’ Bakeresete ba ba se nang molato ka go bua bosula ka bone ba dirisa mafoko a a buiwang kana a a kwadilweng jaaka e kete ba ba hula ka “motswi.” Go tla felela ka eng fa re ikanya Jehofa re sa belaele?

13 Dafide o tswelela ka go re: “Modimo o tla ba hula ka motswi ka tshoganyetso. Ba dule dintho, ba dira gore motho a kgotšwe. Mme loleme lwa bone lo kgatlhanong le bone. . . . Yo o siameng o tla ipela mo go Jehofa mme ruri o tla tshabela mo go ene.” (Pesalema 64:7-10) Ee, le mororo baba ba lootsa loleme lwa bone kgatlhanong le rona, kwa bokhutlong ‘loleme lwa bone lo nna kgatlhanong le bone.’ Kgabagare Jehofa o tla fetola maemo gore ba ba ileng ba mo ikanya ba itumele.

Hesekia o Duelelwa go Ikanya Jehofa

14. (a) Hesekia o ne a ikanya Jehofa fa a ne a lebane le boemo bofe jo bo diphatsa? (b) Hesekia o ne a bontsha jang gore o ne a sa dumele maaka a Moasiria?

14 Kgosi Hesekia le ene o ne a duelelwa go ikanya Jehofa. Mo pusong ya ga Hesekia, masole a a nonofileng a Asiria a ne a tshosetsa Jerusalema. Masole ao a ne a fentse ditšhaba tse dingwe tse dintsi. Masole ano a ne a setse a gapile le metse ya Juda go setse Jerusalema fela, mme Senakeribe o ne a ipelafatsa ka gore o ne a tlile go gapa le motse oo. O ne a nepile fa a ne a dirisa Rabeshake go bolela gore go ne go se kitla go thusa sepe go ikanya Egepeto. Mme go tswa foo o ne a re: “O se ka wa letla Modimo wa gago yo o mo ikanyang a go tsietsa, a re: ‘Jerusalema ga a na go tsenngwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria.’” (Isaia 37:10) Le fa go ntse jalo, Hesekia o ne a itse gore Jehofa o ne a ka se ka a mo tsietsa. Ka jalo o ne a mo rapela a re: “Tlhe Jehofa Modimo wa rona, re boloke mo seatleng sa [Baasiria], gore magosi otlhe a lefatshe a tle a itse gore wena, Jehofa, o Modimo o le nosi.” (Isaia 37:20) Jehofa o ne a reetsa thapelo ya ga Hesekia. Mo bosigong bo le bongwe, moengele o ne a bolaya masole a le 185 000 a Asiria. Jerusalema e ne e namotswe, mme Senakeribe o ne a tswa mo nageng ya Juda. Batho botlhe ba ba neng ba  utlwalela tiragalo eno ba ne ba lemoga gore Jehofa o mogolo.

15. Ke selo sefe se e leng sone fela se se tla re thusang go nna re ipaakanyeditse seemo sepe se re ka iphitlhelang re le mo go sone mo lefatsheng leno le le sa iketlang?

15 Gompieno le rona re mo ntweng fela jaaka Hesekia. Mme rona re lwa ntwa ya semoya. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lwela go nna le ditsela tse di ka re thusang go fenya ntwa eno ya semoya. Re tshwanetse go kgona go lemoga ditlhaselo tse di tlang mme re ipaakanyetse tsone gore re kgone go di fenya. (Baefeso 6:11, 12, 17) Mo lefatsheng leno le le sa iketlang, maemo a ka fetoga ka ponyo ya leitlho. Dikhuduego di ka runya re sa lebelela. Dinaga tse di ntseng di letlelela madumedi a a farologaneng di ka nna tsa se ka tsa tlhola di a letlelela. Re ka kgona go ipaakanyetsa sengwe le sengwe se se ka diregang ka go nna re iketleeleditse go ikanya Jehofa ka botlalo fela jaaka Hesekia.

Go Ikanya Jehofa go Kaya Eng?

16, 17. Re ka bontsha jang gore re ikanya Jehofa?

16 Go ikanya Jehofa ga se kgang fela ya go bua ka molomo gore re a mo ikanya. Go akaretsa pelo e bile re tshwanetse go supa ka ditiro gore re a mo ikanya. Fa re ikanya Jehofa, re tla ikanya Lefoko la gagwe Baebele ka botlalo. Re tla le bala letsatsi le letsatsi, re tlhatlhanya ka lone re bo re letla gore le re kaele mo botshelong. (Pesalema 119:105) Go ikanya Jehofa gape go akaretsa go ikanya maatla a moya o o boitshepo. Moya o o boitshepo o ka re thusa go nna le maungo a a itumedisang Jehofa mme re ka kgona go fenya mekgwa e e sa siamang e e nweleletseng mo go rona. (1 Bakorintha 6:11; Bagalatia 5:22-24) Ka jalo, moya o o boitshepo o ile wa thusa batho ba le bantsi go tlogela motsoko kgotsa diokobatsi. Ba bangwe ba ile ba tlogela boitsholo jo bo maswe. Ee, fa re ikanya Jehofa, re tla dira dilo re ikantse nonofo ya gagwe e seng ya rona.—Baefeso 3:14-18.

17 Mo godimo ga moo, go ikanya Jehofa go kaya go ikanya batho ba a ba ikanyang. Ka sekai, Jehofa o rulagantse gore “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a okamele dilo tse di direlwang Bogosi mo lefatsheng. (Mathaio 24:45-47) Ga re batle go itirela dilo ka borona fela, e bile ga re tlhokomologe motlhanka yono yo Jehofa a mo tlhomileng ka gonne re ikanya thulaganyo eno ya gagwe. Mo godimo ga moo, go na le bagolwane mo diphuthegong tsa Bokeresete mme go ya ka moaposetoloi Paulo, ba tlhomilwe ka moya o o boitshepo. (Ditiro 20:28) Re bontsha gore re ikanya Jehofa ka go dirisana sentle le bagolwane mo phuthegong.—Bahebera 13:17.

Etsa Sekao sa ga Paulo

18. Bakeresete ba etsa sekao sa ga Paulo jang gompieno, mme ke eng se ba sa se ikanyeng?

18 Moaposetoloi Paulo o ile a lebana le diteko di le dintsi mo bodireding jwa gagwe, fela jaaka rona. Mo motlheng wa gagwe, batho ba ne ba bua maswe ka Bakeresete mo balaoding, mme ka dinako tse dingwe o ne a leka go baakanya dikgopolo tseo tse di sa siamang kgotsa a tlhomamisa tiro ya go rera semolao. (Ditiro 28:19-22; Bafilipi 1:7) Gompieno Bakeresete ba etsa sekao sa gagwe. Re thusa batho ba bangwe gore ba itse ka tiro ya rona gongwe le gongwe kwa go kgonegang teng, ka go dirisa ditsela dipe fela tse di leng gone. Mme re leka ka bojotlhe go femela dikgang tse di molemo le go di tlhomamisa semolao. Le fa go ntse jalo, ga re ikanye maiteko ao a rona ka botlalo, ka gonne ga re dumele gore katlego ya rona kgotsa go palelwa ga rona go ikaegile ka go fenya dikgetse kwa kgotlatshekelong kgotsa ka gore batho ba bue sentle ka rona. Go na le moo, re ikanya Jehofa. Re gakologelwa mafoko ano a gagwe fa a ne a kgothatsa Iseraele wa bogologolo: “Maatla a lona a tla tlisiwa fela ke go nna lo sa tshwenyege le go ikanya.”—Isaia 30:15.

19. Bakaulengwe ba rona ba ile ba duelwa jang ka ntlha ya go ikanya Jehofa fa ba ne ba bogisiwa?

19 Mo motlheng wa rona, tiro ya rona e ile ya thibelwa kwa Yuropa Botlhaba le kwa Yuropa Bophirima, kwa dikarolong dingwe tsa Asia le mo Afrika le kwa dinageng tsa Amerika Borwa le Amerika Bokone. A seno se kaya gore go ikanya Jehofa ga rona ga go a thusa sepe? Nnyaa. Le fa ka dinako dingwe Jehofa a ile a letlelela pogiso e e setlhogo gore a diragatse maikaelelo a gagwe a a molemo, ka lorato o ile a nonotsha batho ba ba ileng ba lebana le pogiso eo. Bakeresete ba le bantsi ba ile ba itirela leina le le molemo thata ka go nna le tumelo mo Modimong le go mo ikanya fa ba ne ba bogisiwa.

20. Ke dilo dife tse re ka se kang ra kgaotsa go di dira le fa re ka solegelwa molemo ke kgololesego e re e newang semolao?

 20 Ka fa letlhakoreng le lengwe, re letleletswe semolao mo dinageng di le dintsi mme ka dinako tse dingwe babegadikgang ba re bua sentle. Seno se a re itumedisa e bile re lemoga gore le sone se thusa go diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa. E re ka Jehofa a re segofatsa, re dirisa kgololesego eno e kgolwane go mo direla phatlalatsa le ka botlalo, e seng go batla go tokafatsa botshelo jwa rona ka namana. Le fa go ntse jalo, le ka motlha ga re na re itetla go tsaya letlhakore, go fokotsa seabe sa rona mo tirong ya go rera, kgotsa ka tsela nngwe re kgaotsa go direla Jehofa fela ka gonne re batla go amogelwa ke balaodi. Re babusiwa mo Bogosing Jwa ga Mesia mme re tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa ka botlalo. Ga re a ikanya tsamaiso eno ya dilo, mme re ikantse lefatshe le lesha le mo go lone Bogosi Jwa ga Mesia e tla bong e le jone fela jo bo busang mo lefatsheng. Puso eno ga e na e kgorelediwa kgotsa e phutlhamisiwa ke dibomo, dimmisaele kana ditlhaselo tsa nuklea. Ga e ka ke ya fenngwa ke sepe e bile e tla diragatsa se Jehofa a ikaeletseng go se dira ka yone.—Daniele 2:44; Bahebera 12:28; Tshenolo 6:2.

21. Re ikemiseditse go dira eng?

21 Paulo a re: “Ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong, mme re mofuta o o nang le tumelo gore re kgone go boloka moya o tshela.” (Bahebera 10:39) Ka jalo, e kete rotlhe re ka direla Jehofa go fitlha kwa bokhutlong. Re na le mabaka a a utlwalang a gore re ikanye Jehofa ka botlalo gone jaanong le ka bosakhutleng.—Pesalema 37:3; 125:1.

O Ithutile Eng?

• Ke ka ntlha yang fa Joshua le Kalebe ba ile ba tla ka pego e e molemo?

• Mabaka mangwe a go bo re tshwanetse go ikanya Jehofa ka botlalo ke afe?

• Go ikanya Jehofa go kaya eng?

• E re ka re ikanya Jehofa, re ikemiseditse go dira eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke ka ntlha yang fa Joshua le Kalebe ba ile ba tla ka pego e e molemo?

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Popo e re naya lebaka le le utlwalang la go ikanya Jehofa

[Motswedi wa Setshwantsho]

All three images: Courtesy of Anglo-Australian Observatory, photograph by David Malin

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go ikanya Jehofa go kaya go ikanya batho ba a ba ikanyang