Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Seabe sa Sebeso ke Sefe mo Kobamelong?

Seabe sa Sebeso ke Sefe mo Kobamelong?

 Seabe sa Sebeso ke Sefe mo Kobamelong?

A O TSAYA sebeso e le sengwe sa botlhokwa mo kobamelong ya gago? Batho ba bantsi ba ba tsenang dikereke tsa Labokeresete, ba tsaya sebeso se le botlhokwa. A o kile wa sekaseka se Baebele e se buang ka go dirisiwa ga dibeso mo kobamelong?

Sebeso sa ntlha se se umakiwang mo Baebeleng ke se se neng sa agiwa ke Noa morago ga Morwalela gore a ntshe ditlhabelo tsa diphologolo mo go sone, fa a sena go tswa mo arakeng e e neng ya ba falotsa. *Genesise 8:20.

Fa dipuo di sena go tlhakatlhakanngwa kwa Babele, batho ba ne ba anama le lefatshe lotlhe. (Genesise 11:1-9) E re ka batho ba ne ba na le keletso ya tlholego ya go obamela, ba ne ba batla go atamalana le Modimo yo ba neng ba sa mo itse, ba mo “apaapa” mo lefifing. (Ditiro 17:27; Baroma 2:14, 15) Fa e sale ka motlha wa ga Noa, ditšhaba di le dintsi di ile tsa agela medimo ya tsone dibeso. Madumedi le ditšhaba di ile tsa dirisa dibeso mo kobamelong ya maaka. Ka gonne batho bangwe ba tlhobogane le Modimo wa boammaaruri, ba ile ba dirisa dibeso go dira meetlo e e ferosang sebete e e neng e akaretsa go fisa batho, le bana tota. Fa dikgosi dingwe tsa Iseraele di ne di tlogela Jehofa, di ne tsa aga dibeso di di agela medimo ya baheitane, e e tshwanang le Baale. (1 Dikgosi 16:29-32) Mme go tweng ka go dirisa dibeso mo kobamelong ya boammaaruri?

Dibeso le Kobamelo ya Boammaaruri Kwa Iseraele

Morago ga ga Noa, banna ba bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba aga dibeso gore ba di dirisetse go obamela Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Aborahame o ne a aga dibeso kwa Shekema, kwa lefelong lengwe le le gaufi le Bethele, kwa Heberone, le kwa Thabeng ya Moria, kwa a neng a ntsha setlhabelo mo boemong jwa ga Isake ka phelehu e a neng a e neilwe ke Modimo. Moragonyana, Isake, Jakobe le Moshe ba ne ba ithaopela go aga dibeso gore ba di dirisetse go obamela Modimo.—Genesise 12:6-8; 13:3, 18; 22:9-13; 26:23-25; 33:18-20; 35:1, 3, 7; Ekesodo 17:15, 16; 24:4-8.

Fa Modimo a ne a naya batho ba Iseraele Molao wa gagwe, o ne a ba laela gore ba age motlaagana, mogope o o ka rwalwang, o gape o neng o bidiwa “mogope wa bokopanelo” gore e nne sengwe sa konokono mo thulaganyong ya go mo obamela. (Ekesodo 39:32, 40) Motlaagana, kgotsa mogope, o ne o na le dibeso tse pedi. Sebeso sa ditshupelo tse di fisiwang, se se neng se dirilwe ka logong lwa mokala mme se manegilwe kgotlho, se ne sa bewa fa pele ga kgoro mme se ne se dirisediwa go ntsha ditlhabelo tsa diphologolo. (Ekesodo 27:1-8; 39: 39; 40:6, 29) Sebeso sa maswalo, se le sone se neng se dirilwe ka logong lwa mokala mme se manegilwe gouta, se ne sa tsenngwa mo teng ga motlaagana, fa pele ga sesiro sa Boitshepo Jwa Maitshepo. (Ekesodo 30:1-6; 39:38; 40:5, 26, 27) Go ne go fisiwa maswalo a a kgethegileng mo go sone gabedi ka letsatsi, moso le maitseboa. (Ekesodo 30:7-9) Tempele e e nnetseng ruri e e neng ya agiwa ke Kgosi Solomone e ne ya agiwa ka tsela e motlaagana o neng o agilwe ka yone, e na le dibeso tse pedi.

“Mogope wa Boammaaruri” le Sebeso sa Tshwantshetso

Fa Jehofa a ne a naya Baiseraele Molao, ga a ka a ba naya fela melao e e laolang matshelo a batho ba gagwe le tsela e ba tshwanetseng go mo atamela ka yone fa ba ntsha ditlhabelo le fa ba mo rapela. Bontsi jwa dithulaganyo tseo e ne e le se moaposetoloi Paulo a rileng ke “setshwano se se tshwanang,” “setshwantsho,” kgotsa “moriti wa dilo tsa selegodimo.” (Bahebera 8:3-5; 9:9; 10:1; Bakolosa 2:17) Ka mafoko a mangwe, dilo tse dintsi tse di amanang le Molao di ne di sa kaele Baiseraele fela go fitlha Keresete a fitlha, mme gape di ne di tshwantshetsa maikaelelo a Modimo a a neng a tla diragadiwa ka Jesu Keresete. (Bagalatia 3:24) Ee, dilo dingwe tse di neng di le mo Molaong di ne di na le bokao jwa boporofeti. Ka sekai, kwana ya Tlolaganyo, e madi a yone a neng a dirisediwa gore e nne lotshwao lwa poloko mo Baiseraeleng, e ne e tshwantshetsa Jesu Keresete. Ke ene “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe,” yo madi a gagwe a neng a tshololwa gore a re boloke mo boleong.—Johane 1:29; Baefeso 1:7.

Dilo tse dintsi tse di amanang le motlaagana le tirelo ya tempele di tshwantshetsa dilo tsa mmatota tsa semoya. (Bahebera 8:5; 9:23) Tota e bile, Paulo o bua ka “mogope wa boammaaruri, o Jehofa a o tlhomileng, e seng motho.” O tswelela pele jaana: “Keresete a tla e le moperesiti yo mogolo wa dilo tse di molemo tse di diragetseng, ka mogope o mogolwane le o o itekanetseng segolo o o sa dirwang ka diatla, ke gore, o e seng wa popo eno.” (Bahebera 8:2; 9:11) “Mogope o mogolwane le o o itekanetseng segolo” e ne e le thulaganyo ya tempele e kgolo ya ga Jehofa ya semoya. Puo e e dirisiwang mo Dikwalong e bontsha gore tempele e kgolo ya semoya ke thulaganyo e batho ba ka kgonang go atamela Jehofa ka yone mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu Keresete sa thuanyo.—Bahebera 9:2-10, 23-28.

Go ithuta mo Lefokong la Modimo gore dithulaganyo dingwe le dilo dingwe tse di mo Molaong di tshwantshetsa dilo tse di kgolwane, tse di nang le bokao jo bogolo thata jwa dilo tsa mmatota tsa semoya, ruri go dira gore motho a dumele thata gore Baebele e tlhotlheleditswe. Gape go dira gore kanaanelo ya rona e gole thata malebana le botlhale jwa Modimo jo bo fitlhelwang fela mo Dikwalong.—Baroma 11:33; 2 Timotheo 3:16.

Sebeso sa ditshupelo tse di fisiwang le sone se na le bokao jwa boporofeti. Go bonala se tshwantshetsa “thato” ya Modimo kgotsa go rata ga gagwe go amogela setlhabelo sa ga Jesu sa motho yo o itekanetseng.—Bahebera 10:1-10.

Moragonyana mo bukeng ya Bahebera, Paulo o akgela jaana ka tsela e e kgatlhang: “Re na le sebeso se ba ba dirang tirelo e e boitshepo kwa megopeng ba se nang taolo ya go ja mo go sone.” (Bahebera 13:10) O ne a bua ka sebeso sefe?

Batlhalosi ba le bantsi ba Bakatoliki ba bolela gore sebeso se go buiwang ka sone mo go Bahebera 13:10 ke se se dirisiwang ka nako ya Selalelo, “sakaramente” se go tweng setlhabelo sa ga Keresete se ntšhafadiwa ka sone ka nako ya Mmisa. Mme gone o kgona go bona go ya ka mafoko a a dikologileng kgang gore sebeso se Paulo a neng a bua ka sone ke sa tshwantshetso. Bakanoki bangwe ba bolela gore go na le tlhaloso ya tshwantshetso ya lefoko le le reng “sebeso” mo temaneng eno.  Go ya ka Giuseppe Bonsirven, yo e leng Mojesuite, “se se dumalana sentle le dilo tsotlhe tsa tshwantshetso tse di mo lokwalong [lo lo kwaletsweng Bahebera].” O bolela jaana: “Ka puo ya Bokeresete, lefoko ‘sebeso’ lantlhantlha le ne le dirisiwa ka tsela ya semoya mme e nnile fela morago ga Irenaeus, mme segolobogolo morago ga Tertullian le St. Cyprian, le neng la dirisediwa selalelo mme le dirisediwa thatathata tafole ya selalelo.”

Jaaka go ile ga bolelwa mo makasineng mongwe wa Katoliki, go dirisiwa ga sebeso go ile ga anama mo “motlheng wa ga Constantine” fa go ne go “agiwa dikereke tse dikgolo.” Makasine wa Rivista di Archeologia Cristiana (Go Sekasekwa ga Thutamarope ya Bokeresete) o ne wa akgela jaana: “Ga go na pelaelo gore mo makgolong a ntlha a mabedi a dingwaga, motho o ne a ka se ka a bua ka lefelo le le tlhomameng la kobamelo, go na le moo go ka buiwa ka dikokoano tsa meetlo ya sedumedi e e neng e tshwarelwa mo dikamoreng tsa matlo a batho . . . , dikamore tse e neng e re fa moletlo o fela, ka bonako fela di bo di boa di dirisediwa tiro ya tsone.”

Tsela e Sebeso se Dirisiwang ka Yone mo go Labokeresete

Lokwalopaka lwa Katoliki lwa La Civiltà Cattolica lo bolela jaana: “Sebeso ga se fela selo sa konokono sa moago wa kereke mme gape ke selo sa konokono mo Kerekeng e e tshelang.” Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete ga a ka a tlhoma le fa e le moletlo o le mongwe wa bodumedi o o neng o tshwanetse go dirwa mo sebesong; e bile ga a ka a laela barutwa ba gagwe gore ba dire meletlo ba dirisa sebeso. Fa Jesu a ne a bua ka sebeso mo go Mathaio 5:23, 24 le go sele o ne a bua ka ditiro tsa bodumedi tse di dirwang ke Bajuda, mme ga a bontshe gore balatedi ba gagwe ba tshwanetse go obamela Modimo ba dirisa sebeso.

Mokwalahisitori wa kwa Amerika e bong George Foot Moore (1851-1931), o ne a kwala jaana: “Dilo tsa konokono mo kobamelong ya Bokeresete di ne di tshwana ka metlha, mme fa nako e ntse e tsamaya, meetlo e e sa reng sepe e e tlhalosiwang ke Justin mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga e ne ya tlotlomadiwa gore e nne ngwaokobamelo ya maemo a a kwa godimo.” Meetlo ya Katoliki le meletlo ya bodumedi di dintsi e bile di raraane thata jaana mo e leng gore moetlo wa sedumedi ke setlhogo se se ithutiwang mo dikolong tsa boruti tsa Katoliki. Moore o tswelela pele jaana: “Mokgwa ono, o o dirwang mo meetlong yotlhe, o ne wa tsweledisiwa pele ke tlhotlheletso ya Tesetamente e Kgologolo fa baruti ba Bakeresete ba ne ba simolola go tsewa e le batlhatlhami ba thulaganyo ya boperesiti ya pele. Seaparo se sentlentle sa moperesiti yo mogolo, diaparo tsa kobamelo tsa baperesiti ba bangwe, mekoloko e e boitshepo, dikhwaere tsa baopedi ba Balefi ba ba opelang dipesalema, musi wa maswalo o o kuang go tswa mo maiswaneng—tsotlhe di ne di lebega e le tsela ya bodumedi ya go obamela Modimo, e e neng e dira gore kereke le yone e batle go etsa kgalalelo ya bodumedi jwa bogologolo.”

O ka gakgamala go utlwa gore meetlo e mentsi, meletlo, diaparo tsa kobamelo le dilo tse dingwe tse dikereke tse dintsi di di dirisang mo kobamelong, ke dingwao le meetlo ya Bajuda le baheitane, e seng dithuto tsa Bokeresete tsa Diefangele. Enciclopedia Cattolica e bolela gore Bokatoliki “bo tsere mokgwa wa go dirisa sebeso mo Tumelong ya Sejuda mme bontlhanngwe jwa gone mo boheitaneng.” Minucius Felix, molwelatumelo wa lekgolo la boraro la dingwaga C. E., o ne a kwala gore Bakeresete ba ne ba se na ‘ditempele kgotsa dibeso.’ Dikishinare ya saetlopedia ya Religioni e Miti (Madumedi le Dikinane) le yone e bolela jaana: “Bakeresete ba bogologolo ba ne ba gana go dirisa sebeso gore kobamelo ya bone e farologane le ya Sejuda le ya seheitane.”

E re ka Bokeresete bo ne bo theilwe thata mo melaometheong e e tshwanetseng go amogelwa le go latelwa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi le mo nageng nngwe le nngwe, go ne go sa tlhole go tlhokega gore go nne le motse o o boitshepo mo lefatsheng, kgotsa gore go nne le tempele ya mmatota e e nang le dibeso kgotsa baperesiti ba batho ba ba nang le maemo a a kgethegileng ba ba aparang diaparo tsa kobamelo tse di kgethegileng. Jesu o ne a re: ‘Nako e etla ya fa lo se kitla lo obamela Rara mo thabeng eno le fa e le kwa Jerusalema. . . . Baobamedi ba boammaaruri ba tla obamela Rara ka moya le boammaaruri.’ (Johane 4:21, 23) Go dirwa ga meetlo e e raraaneng le go dirisiwa ga dibeso mo dikerekeng tse dintsi ke go itlhokomolosa se Jesu a neng a se bolela malebana le tsela e Modimo wa boammaaruri a tshwanetseng go obamelwa ka yone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Pelenyana ga foo, Kaine le Abele ba ka tswa ba ne ba ntshetsa Jehofa ditshupelo ba dirisa dibeso.—Genesise 4:3, 4.