Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo mo Kampeng ya Batshabi

Botshelo mo Kampeng ya Batshabi

 Botshelo mo Kampeng ya Batshabi

O AKANYA ka eng fa o utlwa polelwana e e reng “kampa ya batshabi”? A o kile wa etela nngwe? E lebega jang tota?

Ka nako ya fa go ne go kwalwa setlhogo seno, go ne go tlhomilwe dikampa tsa batshabi di le 13 kwa karolong e e kwa bophirima jwa Tanzania. Ka ntlha ya dintwa tsa maraganela teng a bana ba mpa batshabi ba ba ka nnang 500 000 ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe tsa Afrika, ba ne ba thusiwa ke puso ya Tanzania e dirisana mmogo le United Nations High Commissioner of Refugees (UNHCR). Botshelo bo ntse jang kwa kampeng ya batshabi?

Fa o Goroga Kwa Kampeng

Mosetsana mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome yo o bidiwang Kandida o tlhalosa se se neng sa direga fa ene le ba lelapa la gaabo ba ne ba goroga kwa kampeng ya batshabi dingwaga di le mmalwa tse di fetileng: “Ba ne ba re naya karata ya go amogela dijo e e nang le nomoro ya boitshupo, mme lelapa la rona le ne la abelwa go ya kwa kampeng ya batshabi ya Nyarugusu. Kwa kampeng eo, re ne ra fiwa nomore ya setsha le ya seterata. Re ne ra bontshiwa kwa re neng re tla rema ditlhare gone le kwa re neng re tla tsaya bojang gone tse re neng re tla di dirisetsa go aga ntlo ya rona e potlana. Re ne re dira ditene ka seretse. UNHCR e ne ya re naya polasetiki e re neng re tla e baya mo marulelong. E ne e le tiro e e boima, mme re ne ra itumela fa ntlo ya rona e nnye e fela.”

Karata ya go amogela dijo e dirisiwa ka Laboraro wa beke nngwe le nngwe ya bobedi. Kandida o tswelela jaana: “Ee, re tlhoma mola kwa lefelong le le bolokang dijo go amogela dijo tse re di fiwang ke UNHCR.”

Dijo tsa letsatsi le letsatsi tsa motho a le esi ke eng?

“Mongwe le mongwe wa rona o amogela dikopi di ka ne di le 3 tsa bupi jwa mmidi, kopi e le nngwe ya dinawa, digerama di le 20 tsa soya, maswana a le 2 a oli le digerama di le 10 tsa letswai. Gape ka dinako tse dingwe re fiwa sesepa se re tshwanetseng go se dirisa kgwedi yotlhe.”

Go tweng ka metsi a a phepa? A a gone? Mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Riziki o bolela jaana: “Ee, metsi a pompiwa go tswa kwa dinokeng tse di fa gaufi a bo a romelwa ka diphaepe  kwa mabolokelong a magolo a metsi. Metsi a phepafadiwa ka chlorine pele ga a romelwa kwa mafelong a le mantsi a go gelelwang metsi kwa go one kwa kampeng nngwe le nngwe. Le fa go ntse jalo, re leka go bedisa metsi pele ga re a a nwa gore re se ka ra lwala. Gantsi re nna re tshwaregile re gelela metsi go tloga mo mosong go ya maitseboeng e bile re tlhatswa diaparo tsa rona kwa mafelong ano a re gelelang metsi kwa go one. Re kgona fela go gelela emere e le nosi le halofo ka letsatsi.”

Fa o tsamaya ka koloi mo go nngwe ya dikampa, o bona dikeretšhe, dikolo tsa poraemari le dikolo tsa sekontari. Go ka direga gore o bone le dikolo tsa batho ba ba godileng. Seteishene sa mapodise le ofisi ya puso kafa ntle fela ga kampa di tlhomamisa gore kampa e sireletsegile. O ka nna wa bona mmaraka o mogolo le mabenkele a le mantsi a mannye koo batshabi ba rekang gone merogo, maungo, tlhapi, nama ya koko le dijo tse dingwe tse ba di tlhokang. Batho bangwe ba ba tswang kwa ntle ga kampa ba tla kwa mmarakeng go tla go dira kgwebo. Mme batshabi ba bona kae madi a go reka? Bangwe ba lema tshingwana e potlana ya merogo ba bo ba rekisa dikungo tsa yone kwa mmarakeng. Ba bangwe ba ka nna ba rekisa karolo ya bupi kgotsa ya dinawa tse ba di fiwang, gore ba reke nama kgotsa maungo. Ee, o ka ba wa ganetsa gore ke kampa mme o re ke motse fela o mogolo. Ke selo se se tlwaelegileng go bona bangwe ba tshega e bile ba itumetse kwa mmarakeng fela jaaka ba ne ba ka dira kwa dinagagaeng tsa bone.

Fa o ka ya kwa bookelong, mongwe wa dingaka a ka nna a go bolelela gore go na le ditleliniki di le mmalwa mo kampeng tse batho ba ba sa lwaleng thata ba alafelwang mo go tsone; mme batho ba  ba tlhokang thuso ya potlako le ba ba lwalang thata ba romelwa kwa bookelong. Go a utlwala go bo lephata le le tlhokomelang basadi ba ba imileng le kamore e bana ba tsholelwang kwa go yone kwa bookelong e le tsa botlhokwa, fa o akanya gore go ka tsholwa bana ba le 250 ka kgwedi mo kampeng e e nang le batshabi ba le 48 000.

Go Fepiwa Sentle Semoyeng

Mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba ka nna ba ipotsa ka bakaulengwe ba bone ba semoya ba ba nnang kwa dikampeng kwa Tanzania. Ka kakaretso, go na le batshabi ba ba ka nnang 1 200 ba ba rulagantsweng ka diphuthego di le 14 le ditlhopha di le 3. Ba dira jang?

Gareng ga dilo tsa ntlha tse Bakeresete bano ba ba ineetseng ba neng ba di dira fa ba ne ba tla mo dikampeng e ne e le go kopa setsha se ba neng ba tla aga Holo ya Bogosi mo go sone. Seno se ne se tla dira gore batshabi ba kgone go itse kwa ba ka bonang Basupi teng le kwa ba ka yang gone fa ba batla go ya dipokanong tsa beke le beke. Kwa kampeng ya Lugufu, go na le diphuthego di le 7 tse di nang le Bakeresete ba ba tlhagafetseng ba le 659. Mo dipokanong tsa bone tsa Sontaga, gantsi palogotlhe ya batho ba ba nnang gone ba diphuthego tseno tse 7 ke ba ba ka nnang 1 700.

Gape Basupi mo dikampeng tsotlhe ba solegelwa molemo ke dikopano tse dinnye le tse dikgolo tsa Bokeresete. Fa kopano ya ntlha ya kgaolo e ne e tshwaretswe kwa kampeng ya Lugufu, go ne ga tla ba le 2 363. Basupi ba ne ba itiretse letamo la go kolobetsa kafa ntle fela ga lefelo la kopano. Letamo leno e ne e le khuti e e epilweng fa fatshe e bo e adiwa polasetiki gore e kgone go tshwara metsi. Bakaulengwe ba ne ba rwala metsi ka dibaesekele go tswa kwa nokeng e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di ka nna pedi. E re ka ba ne ba kgona go rwala dilitara di le 20 fela tsa metsi ka nako e le nngwe, seno se ne se raya gore ba tshwanetse go boaboa gantsintsi. Bayakolobetsong ba ba neng ba apere diaparo tse di tshwanelang ba ne ba ema mola gore ba kolobediwe. Batho botlhe ba ba neng ba kolobediwa ka go inwa gotlhelele mo metsing ba ne ba le 56. Modiredi mongwe wa nako e e tletseng yo o neng a botsolodiwa kwa kopanong o ne a tlhalosa gore o ne a tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba le 40. Batho ba le banè ba a neng a ithuta le bone ba ne ba kolobediwa kwa kopanong eo.

 Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e rulagantse gore balebedi ba ba etang ba etele Basupi ba ba mo kampeng eno ka metlha. Mongwe wa bone o bolela jaana: “Bakaulengwe ba rona ba tlhagafetse mo bodireding. Ba na le tshimo e kgolo e ba tshwanetseng go rera mo go yone e bile mo phuthegong nngwe, Mosupi mongwe le mongwe o dirisa diura tse di ka nnang 34 ka kgwedi a le mo bodireding. Ba le bantsi ba tshwara dithuto tsa Baebele di feta di le tlhano le batho ba ba kgatlhegang. Mmulatsela mongwe [modiredi wa nako e e tletseng] o ne a bolela gore ga go na tshimo epe e e tshwanang le eno. Batho ba mo dikampeng ba itumelela dikgatiso tsa rona fela thata.”

Dibuka tsa Baebele di fitlha jang kwa dikampeng? Lekala le di romela ka terena kwa Kigoma, toropo e e kwa botlhaba jwa lotshitshi lwa Lake Tanganyika. Bakaulengwe koo ba amogela dikgatiso tseno ba bo ba rulaganya gore di romelwe kwa diphuthegong. Ka dinako tse dingwe ba hira lori e e rorang dithoto ba bo ba isa dibuka ka bobone kwa dikampeng tsotlhe. Seno se tsaya malatsi a le mararo kgotsa a le manè ba tsamaya mo ditseleng tse di maswe thata.

Go Thusa ka Dilo Tse di Bonalang

Basupi ba ga Jehofa kwa Fora, Belgium le Switzerland ba ne ba thusa thata ka go naya batshabi se ba se tlhokang kwa dikampeng tseno. Bangwe ba ne ba etela dikampa tsa kwa Tanzania ba letleletswe ke Lephata la Merero ya Selegae le UNHCR. Basupi kwa Yuropa ba ne ba kgobokanya mashi a le mantsi a bupi, diaparo, ditlhako, dibuka tsa sekolo le disepa. Dilo tseno di ile tsa abiwa gore di newe batshabi botlhe tumalanong le molaomotheo ono wa Baebele: “Fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.”—Bagalatia 6:10.

Maiteko ano a go thusa ba bangwe a nnile le diphelelo tse di molemo thata ka gonne batshabi ba le bantsi ba ne ba thusiwa. Komiti ya Batshabi mo go e nngwe ya dikampa e ne ya anaanela seno ka mafoko a a latelang: “Mo boemong jwa batho botlhe ba rona, re na le tshiamelo ya go lo bolelela gore re lebogela se mokgatlho wa lona o se re diretseng ka makgetlho a le mararo . . . Diaparo di neilwe banna, basadi, bana le masea a a sa tswang go tsholwa ba le 12 654 ba ba neng ba di tlhoka . . . Gone jaanong kampa ya batshabi ya kwa Muyovozi e na le batshabi ba le 37 000. Batho botlhe ba le 12 654, kgotsa diperesente di le 34,2 tsa baagi di ne tsa thusiwa.”

Kwa kampeng e nngwe, mongwe le mongwe wa batshabi ba le 12 382 o ne a fiwa diaparo di le tharo, mme kampa e nngwe e ne ya amogela dibuka tsa sekolo di le diketekete gore di dirisiwe kwa dikolong tsa sekontari le poraemari le kwa dikeretšheng. Mookamedi wa dithulaganyo wa UNHCR mo go nngwe ya dikgaolo o ne a bolela jaana: “Re lebogela thata moneelo o re o amogetseng [o o thusang] baagi ba ba mo dikampeng tsa batshabi ka se ba se tlhokang thata. Re sa tswa go amogela ditshodi di le 5 tsa dibuka tse badiredi ba rona ba baagi ba di neileng batshabi. . . . Re lo leboga go menagane.”

Tota le eleng makwalodikgang a mafelo a dikampa di leng mo go one a ne a akgela ka thuso e e neng e neelwa. Setlhogo sengwe mo Sunday News ya May 20, 2001, se ne sa re: “Diaparo Tsa Batshabi ba Kwa Tanzania di mo Tseleng.” Kgatiso ya February 10, 2002 ya lone lekwalodikgang leno, e ne ya akgela jaana: “Batshabi ba anaanela dimpho tseno ka gonne bangwe ba bana ba ba tlogetseng sekolo ka ntlha ya go tlhoka diaparo gone jaanong ba tsena sekolo ka metlha.”

Ba Pitlagane Mme Ga se Mo ba Tlhokang Kgoro ya Botso

Bontsi jwa batshabi go ba tsaya ngwaga gore ba tlwaele tsela e ntšha ya go tshela mo kampeng. Ba tshela botshelo jo bo sa raraanang. Basupi ba ga Jehofa mo dikampeng tseno ba dirisa bontsi jwa nako ya bone go bolelela baagisani ba bone dikgang tse di molemo tse di gomotsang tse di tswang mo Lefokong la Modimo e leng Baebele. Ba bua ka lefatshe le lesha, le mo go lone botlhe ‘ba tla thulang ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.’ Mme botlhe “ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o go buile.” Go a bonala sentle gore fa Modimo a tla bo a segofaditse lefatshe leno e tla nna lefatshe le le se nang dikampa tsa batshabi.—Mika 4:3, 4; Pesalema 46:9.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Matlo kwa kampeng ya Nduta

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Holo ya Bogosi ya Lukole (kafa mojeng) Kolobetso kwa Lugufu (fa tlase)

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Kopano ya Kgaolo kwa kampeng ya Lugufu