Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ratanang’

‘Ratanang’

 ‘Ratanang’

“Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—JOHANE 13:35.

1. Ke nonofo efe e Jesu a neng a bua thata ka yone nakwana fela pele ga a swa?

“BANA ba bannye.” (Johane 13:33) Jesu o ne a dirisa mafoko ano a a bonolo fa a ne a bua le baaposetoloi ba gagwe mo bosigong jwa pele ga a swa. Ga go na gope gape mo dipegong tsa Efangele mo Jesu a kileng a dirisa mafoko ano a a lorato fa a bua le bone. Le fa go ntse jalo, mo bosigong joo jo bo kgethegileng, o ne a tlhotlheletsega go dirisa mafoko ano a a lorato go bontsha balatedi ba gagwe lorato lo logolo lo a neng a ba rata ka lone. Tota e bile, Jesu o ne a umaka lorato ka makgetlho a ka nna 30 mo bosigong joo. Ke ka ntlha yang fa a ne a bua thata ka lone?

2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana gore Bakeresete ba nne le lorato?

2 Jesu o ne a tlhalosa lebaka la go bo lorato lo le botlhokwa. O ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35; 15:12, 17) Fa motho e le molatedi wa ga Keresete o tshwanetse go nna le lorato lwa bokaulengwe. Bakeresete ba boammaaruri ba lemogwa ka lorato lo logolo lo ba ratanang ka lone, e seng ka seaparo sengwe se se kgethegileng kgotsa dingwao dingwe tse di sa tlwaelegang. Lorato lono lo lo tlhomologileng ke selo sa bobedi sa dilo tse tharo tse di umakilweng mo tshimologong ya setlhogo se se fetileng tse di batlegang gore motho e nne morutwa wa ga Keresete. Ke eng se se tla re thusang go tswelela re dira dilo tseno tse di batlegang?

‘Lo go Dire ka Botlalo’

3. Moaposetoloi Paulo o ne a naya kgakololo efe malebana le lorato?

3 Gompieno balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba lemogwa ka lorato lono lo lo tlhomologileng fela jaaka go ne go ntse ka balatedi ba ga Keresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “Ka ga lorato lwa bokaulengwe, ga lo tlhoke gore re bo re lo kwalela, gonne lona ka bolona lo rutwa ke Modimo gore lo ratane; mme, tota e bile, lo go dira mo bakaulengweng botlhe.” Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a oketsa ka go re: “Lo tswelele lo go dira ka  botlalo thata.” (1 Bathesalonika 3:12; 4:9, 10) Le rona re tshwanetse go tsaya kgakololo eno ya ga Paulo tsia re bo re lwele go bontshana lorato “ka botlalo thata.”

4. Go ya ka Paulo le Jesu, ke batho bafe ba re tshwanetseng go amega thata ka bone?

4 Paulo o ne a kgothaletsa badumedikaene mo go lone lekwalo leno le le tlhotlheleditsweng gore ba ‘bue ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo’ le go ‘tshegetsa ba ba bokoa.’ (1 Bathesalonika 5:14) Nako nngwe o ne a gakolola Bakeresete gore ‘ba ba nonofileng ba sikare makoa a ba ba sa nonofang.’ (Baroma 15:1) Jesu le ene o ne a ntsha ditaelo malebana le go thusa batho ba ba bokoa. Fa Jesu a sena go bolelela pele gore Petere o ne a tla mo itatola mo bosigong jo a neng a tla tshwarwa ka jone, o ne a raya Petere a re: “Fa fela o sena go boa, nonotsha bakaulengwe ba gago.” Ke eng fa a ne a rialo? Ka gonne le bone ba ne ba tla bo ba tlogetse Jesu mme ba tlhoka thuso. (Luke 22:32; Johane 21:15-17) Ka gone, Lefoko la Modimo le re bolelela gore re rate batho ba ba koafetseng semoyeng ba ba ka tswang ba sa tlhole ba kopanela le phuthego ya Bokeresete. (Bahebera 12:12) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira jalo? Karabo re e bona mo ditshwantshong tse pedi tse di utlwalang sentle tsa ga Jesu.

Nku e e Latlhegileng le Ledi le le Latlhegileng

5, 6. (a) Jesu o ne a dirisa ditshwantsho dife tse pedi tse dikhutshwane? (b) Ditshwantsho tseno tse pedi di re bolelela eng ka Jehofa?

5 Jesu o ne a dirisa ditshwantsho tse pedi tse dikhutshwane go ruta bareetsi ba gagwe tsela e Jehofa a lebang batho ba ba timetseng ka yone. Se sengwe ke sa modisa. Jesu o ne a re: “Ke monna ofe mo go lona yo o nang le dinku di le lekgolo, yo e reng a latlhegelwa ke e le nngwe ya tsone, a se kitlang a tlogela di le masome a le robongwe le borobongwe kwa morago mo nageng a ba a ya go batla e e latlhegileng go fitlha a e bona? Mme fa a e bone o e pega mo magetleng a gagwe a bo a ipela. Mme fa a fitlha kwa gae o phutha ditsala tsa gagwe le baagelani ba gagwe, a ba raya a re, ‘Ipeleng le nna, ka gonne ke bone nku ya me e e neng e latlhegile.’ Ke a lo bolelela gore go tla nna le boipelo jo bogolo jalo kwa legodimong kaga moleofi a le mongwe yo o ikwatlhayang go na le kaga basiami ba le masome a le robongwe le borobongwe ba ba sa tlhokeng boikwatlhao.”—Luke 15:4-7.

6 Setshwantsho sa bobedi ke sa mosadi. Jesu o ne a re: “Ke mosadi ofe yo o nang le madi a tshipi a derakema a le lesome, yo e reng a latlhegelwa ke ledi la tshipi la derakema le le lengwe, a se keng a tshube lobone a ba a feele ntlo ya gagwe mme a batle ka kelotlhoko go fitlha a le bona? Mme fa a le bone o phutha basadi ba e leng ditsala tsa gagwe le baagelani, a re, ‘Ipeleng le nna, ka gonne ke bone ledi la derakema le le neng le ntatlhegetse.’ Jalo, ke a lo bolelela, go tsoga boipelo mo baengeleng ba Modimo kaga moleofi a le mongwe yo o ikwatlhayang.”—Luke 15:8-10.

7. Re ithuta dithuto dife tse pedi mo setshwantshong sa nku e e latlhegileng le sa ledi le le latlhegileng?

7 Re ka ithuta eng mo ditshwantshong tseno tse dikhutshwane? Di re bontsha (1) kafa re tshwanetseng go ikutlwa ka gone ka batho ba ba koafetseng semoyeng le (2) se re tshwanetseng go se dira go ba thusa. A re sekasekeng dintlha tseno.

Di ne Di Latlhegile Mme di le Botlhokwa

8. (a) Modisa le mosadi ba ne ba itshwara jang fa ba sena go latlhegelwa ke dilo tsa bone? (b) Tsela e ba ileng ba itshwara ka yone e re lemotsha eng ka boikutlo jo ba neng ba na le jone ka dilo tse di ba latlhegetseng?

8 Mo ditshwantshong tseno tse pedi go ne go na le sengwe se se latlhegileng, mme ela tlhoko tsela e beng ba tsone ba itshwarang ka yone. Modisa ga a ka a re: ‘Nku e le nngwe fela ga e re sepe ka gonne ke sa ntse ke na le tse 99. Le fa e seyo ke sa ntse ke na le tse dingwe.’ Mosadi ga a ka a re: ‘Ledinyana le le lengwe fela ga le tshwenye. Ke siame ka a le robongwe a ke sa ntseng ke na le one.’ Go na le moo, modisa o ne a ya go batla nku ya gagwe e e latlhegileng jaaka e kete ke yone fela e a neng a na le yone. Mosadi yono le ene o ne a utlwisiwa botlhoko thata ke go latlhegelwa ke ledi la gagwe jaaka e kete e ne e le lone fela le a neng a na le lone. Boobabedi ba ne ba sa ntse ba tsaya dilo tse di ba latlhegetseng di le botlhokwa thata. Seno se bontsha eng?

9. Tsela e modisa le mosadi ba ileng ba amega ka yone e bontsha eng?

9 Ela tlhoko tsela e Jesu a ileng a konela ditshwantsho  tseno ka bobedi ka yone: “Go tla nna le boipelo jo bogolo jalo kwa legodimong kaga moleofi a le mongwe yo o ikwatlhayang,” le “jalo, ke a lo bolelela, go tsoga boipelo mo baengeleng ba Modimo kaga moleofi a le mongwe yo o ikwatlhayang.” Ka jalo, tsela e modisa le mosadi yono ba ileng ba amega ka yone e bontsha ka tsela e e rileng kafa Jehofa le dibopiwa tsa gagwe tsa kwa legodimong ba ikutlwang ka teng. Fela jaaka modisa le mosadi yono ba ne ba sa ntse ba tsaya dilo tse di ba latlhegetseng di le botlhokwa, Jehofa le ene o tsaya batho ba ba mo katogileng le ba ba sa tlholeng ba kopanela le batho ba gagwe ba sa ntse ba le botlhokwa fela jalo. (Jeremia 31:3) Batho bao ba ka tswa ba koafetse semoyeng, mme seo ga se bolele gore ke batsuolodi. Le fa ba koafetse ba ka tswa ba sa ntse ba dira dilo dingwe tse Jehofa a di batlang. (Pesalema 119:176; Ditiro 15:29) Ka gone, fela jaaka mo metlheng ya bogologolo, Jehofa ga a itlhaganelele go “ba latlhela kgakala le sefatlhego sa gagwe.”—2 Dikgosi 13:23.

10, 11. (a) Re tshwanetse go leba jang batho ba ba katogetseng kgakala le phuthego? (b) Go ya ka ditshwantsho tse pedi tsa ga Jesu, re ka bontsha jang gore re amega ka bone?

10 Le rona fela jaaka Jehofa le Jesu re amega thata ka batho ba ba koafetseng semoyeng mme ba sa tlhole ba kopanela le phuthego ya Bokeresete. (Esekiele 34:16; Luke 19:10) Re tsaya motho yo o koafetseng semoyeng e le nku e e latlhegileng—e se yo re ka mo tlhobogang. Ga re re: ‘Ke eng fa re tshwanetse go tshwenyega ka motho yono yo o koafetseng semoyeng? Phuthego e tswelela pele sentle fela le fa a seyo.’ Go na le moo, fela jaaka Jehofa a dira, re leba batho ba ba katogetseng kgakala mme ba batla go boela kwa go ene ba le botlhokwa.

11 Mme gone, re ka bontsha jang gore re a amega? Ditshwantsho tseno tse pedi tsa ga Jesu di bontsha gore re ka dira jalo (1) ka go tsaya matsapa a go ba thusa, (2) ka go nna pelonomi, (3) le ka go se itlhoboge. A re sekasekeng dintlha tseno ka bongwe ka bongwe.

Tsaya Matsapa A go Ba Thusa

12. Mafoko a a reng o “ya go batla e e latlhegileng” a re lemotsha eng ka boikutlo jo modisa a nang le jone?

12 Mo setshwantshong sa ntlha sa ditshwantsho tseno tse pedi, Jesu a re modisa o “ya go batla e e latlhegileng.” Modisa o tsaya matsapa a go ya go batla nku e e latlhegileng. Ga a letle mathata, dikotsi kana sekgala go mo kgoba marapo. Go na le moo, o e batla “go fitlha a e bona.”—Luke 15:4.

13. Banna ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ile ba thusa jang batho ba ba neng ba koafetse, mme re ka etsa jang dikai tseno tse di mo Baebeleng?

13 Go thusa motho yo o tlhokang kgothatso le gone go tlhoka gore motho yo o nonofileng e nne ene yo o tsayang matsapa jalo go mo thusa. Banna ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ne ba itse seno. Ka sekai, fa Jonathane morwa Kgosi Saulo a ne a lemoga gore Dafide tsala ya gagwe e kgolo e ne e tlhoka go kgothadiwa, o ne “a nanoga mme a ya kwa go Dafide kwa Horeshe, gore a nonotshe seatla sa gagwe mo Modimong.” (1 Samuele 23:15, 16) Makgolo a dingwaga moragonyana fa Molaodi Nehemia a ne a lemoga gore bangwe ba bakaulengwe ba gagwe ba Bajuda ba ne ba kgobegile marapo, le ene ‘o ne a nanoga ka yone nako eo’ mme a ba kgothatsa gore ba ‘nne ba gopotse Jehofa.’ (Nehemia 4:14) Gompieno le rona re tshwanetse go ‘nanoga’—go tsaya matsapa—go nonotsha ba ba koafetseng semoyeng. Mme ke bomang mo phuthegong ba ba tshwanetseng go dira jalo?

14. Ke bomang mo phuthegong ya Bokeresete ba ba tshwanetseng go thusa ba ba koafetseng semoyeng?

 14 Bagolwane ba Bakeresete ke bone ba segolobogolo ba nang le boikarabelo jwa go ‘nonotsha diatla tse di bokoa le go nitamisa mangole a a kgwetlhang’ le go ‘raya ba ba pelo e tlhobaelang ba re: “Nonofang. Lo se ka lwa boifa.”’ (Isaia 35:3, 4; 1 Petere 5:1, 2) Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Paulo o ne a sa gakolole bagolwane fela fa a ne a re “buang ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng” le gore “tshegetsang ba ba bokoa.” Go na le moo, Paulo o ne a bua le ‘phuthego yotlhe ya Bathesalonika.’ (1 Bathesalonika 1:1; 5:14) Ka jalo, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go tsaya matsapa a go thusa ba ba koafetseng semoyeng. Fela jaaka modisa o go builweng ka ene mo setshwantshong, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhotlheletsega go ‘ya go batla nku e e latlhegileng.’ Mme gone, motho a ka kgona go dira jalo ka tsela e e molemo fa a dirisana le bagolwane. A go na le sengwe se o ka se dirang go thusa mongwe yo o koafetseng semoyeng mo phuthegong ya lona?

Nna Pelonomi

15. Ke eng se se ka tswang se dirile gore modisa a dire se a se dirileng?

15 Ke eng se modisa a se dirang fa kgabagare a bona nku e e neng e latlhegile? “O e pega mo magetleng a gagwe.” (Luke 15:5) A selo se se amang maikutlo le se se rutang! Nku eno e ka tswa e ile ya kgarakgatshega ka malatsi a le mantsi mo lefelong le e sa le itseng, gongwe e bile e le mo kotsing ya go tlhaselwa ke ditau. (Jobe 38:39, 40) Ga go pelaelo gore nku eno e koafaditswe ke go tlhoka dijo. E bokoa thata mo e se nang maatla a go ka fenya dikgoreletsi tse e tla kopanang le tsone fa e boela kwa lesakeng. Ka gone, modisa o a inama mme ka bopelonomi o a e tsholetsa a bo a e sikara go ralala dikgoreletsi tsotlhe tse a kopanang le tsone fa a e busetsa kwa lesakeng. Re ka bontsha jang lorato lo lo tshwanang le lwa modisa yono?

16. Ke eng fa re tshwanetse go etsa bopelonomi jo modisa a bo bontshitseng nku e e neng e timetse?

16 Motho yo o sa tlholeng a kopanela le phuthego a ka tswa a lapile ka tsela ya semoya. Fela jaaka nku e e neng e katogetse kgakala le modisa wa yone, motho yo o ntseng jalo a ka tswa a ile a kgarakgatshega mo lefatsheng leno le le sa iketlang. E re ka a katogile letsomane le le mo sireletsang, ke gore, phuthego ya Bokeresete, o mo kotsing e kgolo ya go tlhaselwa ke Diabolo, yo o ‘tsamayatsamayang jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.’ (1 Petere 5:8) Mo godimo ga moo, o koafadiwa ke go tlhoka dijo tsa semoya. Ka gone, go ka direga gore o bokoa thata mo a ka se kang a kgona go fenya dikgoreletsi tse a tla kopanang le tsone fa a tsaya mosepele wa go boela mo phuthegong. Ka jalo, re tshwanetse go inama jaaka fa go ka tualo, mme re tle le ene re mo sikere ka bopelonomi. (Bagalatia 6:2) Re ka kgona go dira seo jang?

17. Re ka etsa jang sekao sa ga moaposetoloi Paulo fa re etela mongwe yo o koafetseng semoyeng?

17 Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Fa mongwe a le bokoa, a ga ke nne bokoa le ene?” (2 Bakorintha 11:29, The New English Bible; 1 Bakorintha 9:22) Paulo o ne a utlwela batho botlhoko, go akaretsa le ba ba bokoa. Le rona re tshwanetse go nna kutlwelobotlhoko jalo mo go ba ba bokoa. Fa o etela Mokeresete yo o koafetseng semoyeng,  mo tlhomamisetse gore Jehofa o mo tsaya a le botlhokwa le gore Basupi ba bangwe ba mo tlhologeletswe tota. (1 Bathesalonika 2:17) Mmolelele gore ba rata go mo ema nokeng le gore ba iketleeleditse go nna ‘barwarraagwe ba ba tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.’ (Diane 17:17; Pesalema 34:18) Fa re bua le ene jalo go tswa pelong, seno se ka nna sa mo kgothatsa sa bo sa dira gore a feleletse a boetse mo letsomaneng ka iketlo. Go tswa foo ke eng se re tshwanetseng go se dira? Setshwantsho sa mosadi yo o latlhegetsweng ke ledi se a araba.

Dira Ka go Se Itlhoboge

18. (a) Ke eng fa mosadi yo go buiwang ka ene mo setshwantshong a ile a se ka a itlhoboga? (b) Mosadi yono o ne a tsaya matsapa afe a magolo, mme go ne ga felela ka eng?

18 Mosadi yo o latlhegetsweng ke ledi o a itse gore o lebane le seemo se se thata mme gone ga a na lebaka la go itlhoboga. Fa ledi leno le ka bo le wetse mo sekgweng se se kitlaneng kana mo letsheng le le loraga, gongwe a ka bo a ile a tsaya gore a ka se ka a tlhola a le bona. Le fa go ntse jalo, mosadi yono o tsaya matsapa a go senka ledi leno a sa itlhoboge ka gonne a itse gore le tshwanetse la bo le le felo gongwe mo ntlong, mo a ka le bonang gone. (Luke 15:8) Sa ntlha, o tshuba lebone gore go nne le lesedi mo ntlong. Go tswa foo, o a e feela, a solofetse go utlwa ledi le kgokologa. Kwa bofelong, o senka mo mafelong otlhe a a fitlhegileng a ntlo ka kelotlhoko go fitlha lesedi la lebone le rakana le go phatsima ga ledi leno la selefera. Mosadi yono o bona maduo a matsapa a gagwe a go se itlhoboge!

19. Tsela e mosadi wa setshwantsho sa ledi le le latlhegileng a ileng a itshwara ka yone e re ruta dithuto dife malebana le go thusa ba ba bokoa?

19 Jaaka fa ntlha eno ya setshwantsho e re lemotsha, re ka atlega go dira maikarabelo a re nang le one a Dikwalo a go thusa Bakeresete ba ba bokoa. Ka fa letlhakoreng le lengwe, re itse gore seo se re tlhoka matsapa a magolo. Kana e bile, moaposetoloi Paulo o ile a raya bagolwane ba kwa Efeso a re: “Ka go dira ka natla jalo lo tshwanetse go thusa ba ba bokoa.” (Ditiro 20:35a) Se lebale gore mosadi yono ga a bone ledi ka go latlhela matlho fale le fale fela mo ntlong. Go na le moo, selo se se mo thusitseng go le bona ke go le senka ka kelotlhoko, “go fitlha a le bona.” Le rona fa re leka go thusa motho yo o koafetseng semoyeng, re tshwanetse go mo tseela matsapa re sa itlhoboge. Re ka dira seo jang?

20. Go ka dirwa eng go thusa ba ba koafetseng semoyeng?

20 Re ka thusa jang motho yo o koafetseng semoyeng gore a nonotshe tumelo le kanaanelo ya gagwe? A ka tswa a tlhoka fela go nna le thuto ya Baebele ka kgatiso nngwe e e tshwanetseng ya phuthego ya Bokeresete. Ee ruri, go tshwarela motho yo o koafetseng semoyeng thuto ya Baebele go re naya tshono ya go mo thusa ka tsela e e molemo le e e tlhomameng. Go ka direga gore molebedi wa tirelo ke ene a ka kgonang go itse gore ke bomang ba ba ka kgonang go thusa batho bano sentle. A ka nna a akantsha gore go ithutiwe le bone ditlhogo dife le gore ke kgatiso efe e e ka thusang thata. Fela jaaka mosadi yo o mo setshwantshong a ile a thusiwa ke go dirisa didirisiwa  tse di molemo, le gompieno re na le didirisiwa tse di ka re thusang go dira boikarabelo jwa rona jo re bo neilweng ke Modimo jwa go thusa ba ba koafetseng semoyeng. Re tla thusiwa thata ke didirisiwa kana dikgatiso tsa rona tse pedi tse disha. Tsone ke buka ya Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri le ya Atamalana le Jehofa. *

21. Go thusa ba ba koafetseng semoyeng go ka dira gore rotlhe re solegelwe molemo jang?

21 Go thusa ba ba koafetseng semoyeng go dira gore rotlhe re solegelwe molemo. Yo o thusiwang o itumelela go boa a kopana le ditsala tsa gagwe tsa boammaaruri. Rona re nna le boipelo jo bogolo jo motho a bo bonang fela ka go aba. (Luke 15:6, 9; Ditiro 20:35b) Lorato lwa phuthego yotlhe lo a gola e re ka mongwe le mongwe mo go yone a bontsha go kgatlhegela ba bangwe. Mo godimo ga tseno tsotlhe, seno se tlotlomatsa Badisa ba rona ba ba lorato, e bong Jehofa le Jesu, e re ka keletso e ba nang le yone ya go thusa ba ba koafetseng semoyeng e bontshiwa ke batlhanka ba bone ba mo lefatsheng. (Pesalema 72:12-14; Mathaio 11:28-30; 1 Bakorintha 11:1; Baefeso 5:1) Ka gone, a bo re na le mabaka a a molemo jang a go tswelela re ‘ratana’!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

 A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng fa go le botlhokwa thata gore mongwe le mongwe wa rona a nne le lorato?

• Ke eng fa re tshwanetse go bontsha ba ba koafetseng semoyeng gore re a ba rata?

• Setshwantsho sa nku e e latlhegileng le sa ledi le le latlhegileng di re ruta dithuto dife?

• Ke dilo dife tse di molemo tse re ka di dirang go thusa mongwe yo o koafetseng semoyeng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Re ka thusa ba ba koafetseng semoyeng ka go tsaya matsapa, ka go nna pelonomi le ka go se itlhoboge

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Go thusa ba ba koafetseng semoyeng go dira gore rotlhe re solegelwe molemo