Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

 Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke ka ntlha yang fa Baebele e re motho o tshwanetse go goa fa mongwe a leka go mmetelela?

Ga go na ope yo a iseng a ko a tlhaselwe setlhogo ke mmeteledi yo o ka itseng kafa tota go ka sulafaletsang motho botshelo ka gone. Motho yo o beteletsweng a ka tshwenyega tota mo eleng gore seno se ka mo ngomola pelo botshelo jotlhe jwa gagwe. * Mosadi mongwe yo mmotlana wa Mokeresete yo o neng a tlhaselwa ke mmeteledi dingwaga di le mmalwa tse di fetileng o bolela jaana: “Ga ke kgone go tlhalosa kafa ke neng ke tshogile thata ka gone mo bosigong joo kgotsa go tlhalosa kutlobotlhoko e ke nnileng le yone fa e sa le ka nako eo.” Go a utlwala go bo batho ba le bantsi ba sa rate le go akanya ka kgang eno e e tshosang. Le fa go ntse jalo, petelelo ke selo se se leng teng mo lefatsheng leno le le bosula.

Baebele e bua e sa fitlhe sepe ka dikgang dingwe tsa go betelela le tsa go leka go betelela tse di diregileng mo nakong e e fetileng. (Genesise 19:4-11; 34:1-7; 2 Samuele 13:1-14) Mme gape e neela kgakololo ya kafa motho a tshwanetseng go dira ka gone fa mongwe a leka go mmetelela. Se Molao o se bolelang ka kgang eno se fitlhelwa mo go Duteronome 22:23-27. E tlotla ka maemo a mabedi. Mo boemong jwa ntlha, monna o fitlhela mosadi yo mmotlana mo motseng a bo a lala nae. Lefa go ntse jalo, mosadi yoo ga a ka a goa go kopa thuso. Ka jalo, o ne a bonwa molato “ka lebaka la gore o ne a se ka a goa mo motseng.” Fa a ka bo a goile, batho ba ba gaufi ba ka bo ba ile ba mo thusa. Mo boemong jwa bobedi, monna o ne a fitlhela mosadi yo mmotlana kwa nageng, mme a “mo tshwara a lala le ene.” Mosadi yono o ne a leka go iphemela ka go “goa, mme go ne go se na ope yo o ka mo namolang.” Go farologana le mosadi wa tiragalo ya boemo jwa ntlha, go bonala sentle gore mosadi yono o ne a se ka a ineela  fela fa motlhasedi a ne a mo tlhasela. O ne a mo ganela, a goa go kopa thuso, mme motlhasedi o ne a mo fekeetsa. Lebaka la go bo a ne a goa le supa gore o ne a sa batle go betelelwa; o ne a se na molato.

Le fa Bakeresete gompieno ba se kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, melaometheo e e umakilweng mo go one e a ba kaela. Pego e e fa godimo e gatelela botlhokwa jwa go se ineele le jwa go goa go kopa thuso. Go goa o kopa thuso fa mongwe a leka go go betelela go sa ntse go lebiwa e le tsela e e botlhale. Moitse mongwe wa tsa thibelo ya bokebekwa o bolela jaana: “Fa mosadi a tlhaselwa, sebetsa sa gagwe se se di gaisang tsotlhe ke go goela kwa godimo.” Fa mosadi a goa a ka dira gore ba bangwe ba mmone, mme ba tle go mo thusa, kgotsa go goa ga gagwe go ka tshosa motho yo o mo tlhaselang mme a tshabe. Mosadi mongwe yo mosha wa Mokeresete yo o neng a tlhaselwa ke mmeteledi o ne a bolela jaana: “Ke ne ka goa fela thata, mme a ntlogela. E ne ya re fa a nkatamela gape, ke ne ka goa ka bo ka sia. Gantsi mo nakong e e fetileng ke ne ke tle ke ipotse gore ‘Go goa go ka nthusa jang fa serintlha sa monna se ntshwara se na le boikaelelo bo le bongwe fela mo mogopolong wa sone?’ Mme ke ithutile gore go a thusa!”

Tota le mo maemong a a utlwisang botlhoko a mosadi a fekeediwang a bo a betelelwa, go kgaratlha ga gagwe le go goa a batla thuso ga se ga lefela. Go na le moo, go bontsha gore o dirile sotlhe se a ka se kgonang go ganela motho yo o mo tlhaselang. (Duteronome 22:26) Le mororo a ka feleletsa a beteletswe, o sa ntse a ka nna le segakolodi se se phepa, a itlotla e bile a ka tlhomamisega gore o phepa mo matlhong a Modimo. Go diragalelwa ke selo seno se se bosula go ka mo tlogela a utlwile botlhoko thata mo maikutlong, mme go itse gore o dirile sotlhe se a ka se kgonang go thibela motho yo o mo tlhaselang go tla mo thusa thata gore fa nako e ntse e ya kutlobotlhoko ele e fele.

Gore re tlhaloganye kafa Duteronome 22:23-27 e dirang ka gone, re tshwanetse go lemoga gore pego eno e e khutshwane ga e akaretse maemo otlhe a a ka diregang. Ka sekai, ga e bue ka boemo jo mosadi yo o tlhaselwang a ka se kgoneng go goa ka ntlha ya gore a le semumu, a idibetse kgotsa a tshogile kgotsa a tswetswe molomo ka letsogo kgotsa ka theipi gore a se ka a kgona go goa. Le fa go ntse jalo, e re ka Jehofa a kgona go sekaseka mabaka otlhe, go akaretsa le maikaelelo, o dirisana le rona ka tlhaloganyo le ka tshiamiso mo mabakeng otlhe a a ntseng jalo, ka gonne “ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso.” (Duteronome 32:4) O itse se tota se diragetseng le maiteko a motho yo o beteletsweng a a dirileng go lwantshana le motlhasedi wa gagwe. Ka jalo, motho yo o beteletsweng yo a sa kgonang go goa mme a dirile sotlhe se a ka se kgonang mo maemong a a leng mo go one a ka tlogela dilo mo diatleng tsa ga Jehofa.—Pesalema 55:22; 1 Petere 5:7.

Tota le fa go le jalo, basadi bangwe ba Bakeresete ba ba ileng ba tlhaselwa ba bo ba betelelwa ba utlwisiwa botlhoko ke go ikutlwa ba le molato ka metlha. Fa ba akanya ka se se diragetseng, ba ikutlwa gore ba ka bo ba ile ba dira sengwe se se oketsegileng go thibela tiragalo eo go direga. Le fa go ntse jalo, go na le gore ba ipone molato, batho ba ba ntseng jalo ba ba beteletsweng ba ka rapela Jehofa, ba mo kopa gore a ba thuse, le go tshepa bopelonomi jwa gagwe jo bogolo jwa lorato.—Ekesodo 34:6; Pesalema 86:5.

Ka gone, basadi ba Bakeresete ba gone jaanong ba amegileng mo maikutlong ka ntlha ya go bo ba ile ba betelelwa ba ka tshepa gore Jehofa o tlhaloganya ka botlalo maikutlo a a botlhoko a ba lebaneng le one. Lefoko la Modimo le ba tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” (Pesalema 34:18) Se sengwe gape se se ka ba thusang gore ba se ka ba utlwa botlhoko ke go amogela thuso ya badumedimmogo ba ba tlhaloganyang ka bopeloephepa e bile ba le bonolo mo phuthegong ya ga Jehofa. (Jobe 29:12; 1 Bathesalonika 5:14) Mo godimo ga moo, maiteko a motho yo o beteletsweng a a dirang go tlhoma mogopolo wa gagwe mo dilong tse di molemo a tla mo thusa go nna le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.”—Bafilipi 4:6-9.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Le mororo setlhogo seno se bua ka basadi ba ba betelelwang, melaometheo e go tlotlwang ka yone e dira gape le mo banneng ba ba ka betelelwang.