Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bosula bo Fentse?

A Bosula bo Fentse?

 A Bosula bo Fentse?

KGOPOLO ya gore go na le ntwa ya lobopo lotlhe fa gare ga meya e e molemo le e e bosula e dirile gore bakwadi le bafilosofi ba dire diphopholetso tse di sa feleng go ralala hisitori. Le fa go ntse jalo, go na le buka e e nang le hisitori e e tlhomameng ya ntwa magareng ga Modimo le Diabolo. Buka eo ke Baebele. E naya lesedi malebana le dikgang tse di amanang le kgotlhang eo mme e dira gore motho a kgone go bona gore tota go fentse mang.

Ka bonako fela morago ga gore batho ba ntlha ba bopiwe, sebopiwa sengwe se se sa bonaleng sa moya e bong Satane Diabolo, se ne sa gwetlha bolaodi jwa Modimo. Jang? Ka go akantsha ka tsela e e bofitlha gore Modimo o ne a tima popo ya gagwe dilo tse di molemo le gore batho ba ne ba tla tshela botoka kwantle ga gagwe.—Genesise 3:1-5; Tshenolo 12:9.

Moragonyana, mo metlheng ya tlhogo nngwe ya lotso e bong Jobe, Satane o ne a tsosa kgang e nngwe. Satane o ne a batla go dira gore Jobe a se ka a ikanyega mo Modimong mme a re: “Letlalo mo boemong jwa letlalo, mme sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.” (Jobe 2:4) Ruri maiphako ao a ne a sa lebagana motho a le mongwe fela! Ka go dirisa lefoko “monna” go na le leina Jobe, Satane o ne a dira gore go belaelwe le boikanyegi jwa batho botlhe. Re ka re o ne a re: ‘Motho a ka dira sengwe le sengwe gore a boloke botshelo jwa gagwe. Fa o ka nnaya sebaka, nka faposetsa mongwe le mongwe kgakala le Modimo.’

Re ka itse gore ke mang yo o fentseng mo ntweng gareng ga Modimo le Diabolo ka go araba dipotso tseno tse pedi: A batho ba ka kgona go ipusa ka katlego? A Diabolo o kgonne go faposetsa batho botlhe kgakala le Modimo wa boammaaruri?

A Batho ba ka Ipusa ka Katlego?

Go setse go fetile dikete di le dintsi tsa dingwaga batho ba lekeletsa mekgwa e e farologaneng ya go busa. Mo nakong e e fetileng go lekeleditswe mefuta e e farologaneng ya puso e e jaaka bogosi, puso ya setlhopha sa batho ba maemo, puso ya batho ka batho, bobusaesi, Bo-Fascist le Bokomonise. A lone fela lebaka la go bo go ntse go tlhokega gore go lekelediwe ditsela tse di farologaneng tsa go busa ga le bontshe gore di a tlhaela?

H. G. Wells o kwadile jaana mo bukeng ya A History of the World, e e gatisitsweng ka 1922: “Batho ba Roma ba ne ba iphitlhela ba le mo tekeletsong e kgolo ya puso ba sa lemoge.” O tswelela jaana: “E ne e nna e fetofetoga, ga e ise e ko e tlhomame. Ka tsela nngwe re ka re tekeletso eo ga e a ka ya atlega. Ka tsela e nngwe re ka re tekeletso eo ga e ise e fele, mme Yuropa le Amerika gompieno di ntse di leka go rarabolola mathata a magolo a mokgwa wa go busa setšhaba a a ileng a bonwa pele ke batho ba kwa Roma.”

Tekeletso ya puso e ne ya tswelela pele le mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Fa lekgolo leo la dingwaga le wela, puso ya batho ka batho e ne e setse e amogelwa ke batho ba le bantsi go feta le fa e le leng pele. Go bolelwa gore puso ya batho ka batho e akaretsa batho botlhe mo pusong. A mme puso ya batho ka batho e bontshitse gore batho ba ka ipusa ka katlego kwantle ga Modimo? Jawaharlal Nehru yo e kileng ya bo e le tonakgolo ya kwa India, o ne a re puso ya batho ka batho e molemo mme a oketsa a re: “Ka rialo ka gonne mekgwa e mengwe ya puso e maswe go e feta.” Mongwe yo e kileng ya bo e le poresidente kwa Fora e bong Valéry Giscard d’Estaing o ne a re: “Re bona mathata mo pusong ya batho ka batho.”

Tota le mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., mofilosofi wa Mogerika e bong Plato o ne a setse a lemoga bokoa jwa puso ya batho ka batho. Go ya ka buka ya A History of Political Theory, o ne a bua kgatlhanong le “botlhokakitso le go palelwa ga boradipolotiki, e leng sengwe se se utlwisang botlhoko thata ka dipuso tsa batho ka batho.” Boradipolotiki ba le bantsi gompieno  ba bolela ka kutlobotlhoko gore go thata go bona batho ba ba nang le bokgoni ba ba ka tshwanelegang go bereka mo pusong. Lokwalodikgang lwa The Wall Street Journal lo ne lwa bolela gore batho “ba tenwa ke baeteledipele ba ba lebegang ba sa itse sepe mme ba lebane le mathata a magolo jaana.” Lo ne lwa tswelela pele jaana: “Ba lapisiwa ke gore fa ba tlhoka kaelo baeteledipele ba bone ba a etsaetsega e bile ba dira dilo ka bonweenwee.”

Jaanong akanya ka puso ya ga Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo. Jehofa Modimo o ne a naya Solomone botlhale jo bogolo. (1 Dikgosi 4:29-34) Setšhaba sa Iseraele se ne sa atlega jang mo pusong ya ga Solomone ya dingwaga tse 40? Baebele e araba jaana: “Juda le Iseraele ba ne ba le bantsi, jaaka moshawa o o fa lewatleng ka ntlha ya bontsintsi jwa bone, ba ja ba nwa e bile ba ipela.” Pego eno gape ya re: “Batho ba Juda le ba Iseraele ba tswelela go nna ka polokesego, mongwe le mongwe ka fa tlase ga mofine wa gagwe le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, go tswa Dana go ya Beere-sheba, malatsi otlhe a ga Solomone.” (1 Dikgosi 4:20, 25) E re ka setšhaba seo se ne se busiwa ke kgosi e e botlhale e e neng e emela Mmusi Mogolo yo o sa bonaleng e bong Jehofa Modimo, se ne se ritibetse, se atlegile e bile se itumetse go feta sepe se sele.

A bo go na le pharologanyo e kgolo jang ne magareng ga puso ya motho le ya Modimo! A go na le ope yo o ka bolelang ka boammaaruri gore Satane o fentse mo kgannyeng ya bolaodi? Nnyaa, gonne moporofeti Jeremia o ne a bolela jaana ka tlhomamo: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.

A Satane a ka Faposetsa Batho Botlhe Kgakala le Modimo?

A Satane o ile a kgona go diragatsa maiphako a gagwe a gore a ka faposetsa batho botlhe kgakala le Modimo? Mo go kgaolo 11 ya buka ya Baebele ya Bahebera, moaposetoloi Paulo o umaka banna le basadi bangwe ba ba ikanyegang ba metlha ya pele ga Bokeresete. Go tswa foo a re: “Ke tla felelwa ke nako fa ke ka tswelela ke anela kaga Gidione, Barake, Samesone, Jefetha, Dafide mmogo le Samuele le baporofeti ba bangwe.” (Bahebera 11:32) Paulo o bitsa batlhanka bano ba ba ikanyegang ba Modimo a re ke ‘leru le legolo la basupi.’ (Bahebera 12:1) Lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano go ranola “leru” ga le kaye leru le le nang le bogolo le popego e e rileng mme le kaya leru le legolo thata le le se nang popego epe. Go a tshwanela ka gonne batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo mo nakong e e fetileng ba ne ba le bantsi thata mo ba tshwanang le leru le legolo thata. Ee, fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, matshutitshuti a batho ba ile ba dirisa kgololesego ya bone ya go itirela ditshwetso mme ba tlhopha go ikanyega mo go Jehofa Modimo.—Joshua 24:15.

Re bonang mo motlheng wa rona? Palo ya Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe e ile ya oketsega ya ba ya fitlha go palo e e fetang dimilione di le thataro le fa ba ne ba bogisiwa botlhoko le go ganediwa mo lekgolong la bo20 la  dingwaga. Batho ba bangwe gape ba ka nna dimilione tse robongwe ba kopanela le bone, mme bontsi jwa bano ba tsaya dikgato tse dikgolo tsa gore ba nne le kamano e e gaufiufi le Modimo.

Karabo e e molemo go gaisa tsotlhe ya maiphako a ga Satane a gore a ka faposetsa batho kgakala le Jehofa e tlile ka Morwa Modimo ka boene e bong Jesu Keresete. Tota le botlhoko jo bogolo jo a neng a bo utlwa a le mo koteng ya tlhokofatso ga bo a ka jwa fedisa bothokgami jwa gagwe. Fa Jesu a ne a swa, o ne a goa jaana: “Rara, ke neela moya wa me mo diatleng tsa gago.”—Luke 23:46.

Satane o dirisa sengwe le sengwe se a ka se kgonang go leka go dira gore batho ba nne ba le ka fa tlase ga taolo ya gagwe—e ka tswa e le ka go ba raela kgotsa ka go ba bogisa ka tlhamalalo. O leka go ba raela gore ba tswe ka fa letlhakoreng la ga Jehofa kgotsa go dira gore ba nne ba se ka fa go lone ka go ba gogela ka “keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” (1 Johane 2:16) Gape Satane o ‘foufaditse megopolo ya ba ba sa dumeleng, gore go bonesa ga dikgang tse di molemo tse di galalelang ka ga Keresete go se ka ga ba phatsimela.’ (2 Bakorintha 4:4) Mme Satane ga a okaoke go diragatsa maikaelelo a gagwe ka go tshosetsa le go dirisa poifo ya batho.—Ditiro 5:40.

Le fa go ntse jalo, Diabolo ga a fenye batho ba ba ka fa letlhakoreng la Modimo. Ba setse ba itse Jehofa Modimo mme ba ‘mo rata ka pelo yotlhe ya bone le ka moya otlhe wa bone le ka mogopolo otlhe wa bone.’ (Mathaio 22:37) Ee, boikanyegi jo bo nitameng jwa ga Jesu Keresete le jwa batho ba bantsintsi bo supa gore Satane Diabolo o fentswe tota.

Go Tla Diragalang mo Isagweng?

A batho ba tla nna ba ntse ba lekeletsa mefuta e e farologaneng ya dipuso go ya go ile? Moporofeti Daniele o ne a bolelela pele jaana: “Mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Bogosi jo Modimo wa legodimo a bo tlhomang ke puso ya selegodimo e go busang Jesu Keresete mo go yone. Ke jone Bogosi jo Jesu a neng a ruta balatedi ba gagwe gore ba bo rapelele. (Mathaio 6:9, 10) Bogosi joo bo tla senya dipuso tsotlhe tsa batho “kwa ntweng [e e tlang] ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe” mme bo tla ama lefatshe lotlhe.—Tshenolo 16:14, 16.

Go tla diragalang ka Satane? Baebele e tlhalosa tiragalo eno ya mo isagweng jaana: “[Moengele wa ga Jehofa] a tshwara kgogela, noga ya kwa tshimologong, yo e leng Diabolo le Satane, a ba a mmofa dingwaga di le sekete. Mme a mo piriganyetsa mo moleteng o o se nang bolekanngo a ba a o tswala a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a tsietsa ditšhaba go fitlha dingwaga tse di sekete di khutla.” (Tshenolo 20:1-3) Puso ya ga Jesu Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete e tla simologa fela fa Satane a sena go latlhelwa mo moleteng wa go se dire sepe.

A bo lefatshe leno e tla bo e le lefelo le le monate jang ne ka nako eo! Boikepo bo tla bo bo sa tlhole bo le teng mmogo le batho ba ba bo bakang. Baebele e solofetsa jaana: “Badirabosula ka bobone ba tla kgaolwa . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:9-11) Kagiso ya bone ga e kitla e tshosediwa ke sepe—e ka tswa e le batho kgotsa diphologolo. (Isaia 11:6-9) Tota le batho ba ba dimilione bao ba ileng ba nna ka fa letlhakoreng la ga Diabolo mo nakong e e fetileng ka ntlha ya go tlhoka kitso le go tlhoka sebaka sa go itse ka ga Jehofa, ba tla tsosediwa gape mo botshelong ba bo ba rutiwa ke Modimo.—Ditiro 24:15.

Fa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete e fela, lefatshe le tla bo le dirilwe paradaise mme le batho ba ba nnang mo go lone ba tla bo ba itekanedisitswe. Go tswa foo Satane o tla gololwa “ka lobakanyana” mme a bo a senyediwa ruri mmogo le batho botlhe ba ba ganetsang bolaodi jwa Modimo.—Tshenolo 20:3, 7-10.

O Tla Ema ka fa Letlhakoreng la ga Mang?

Lekgolo la bo20 la dingwaga ke nako e Satane a neng a fudua lefatshe ka yone. Le fa go ntse jalo,  maemo a lefatshe ga a bontshe gore o fentse, go na le moo ke sesupo sa gore re mo metlheng ya bofelo ya lefatshe leno le le boikepo. (Mathaio 24:3-14; Tshenolo 6:1-8) Lebaka la gore boikepo bo kana kang mo lefatsheng kgotsa gore bontsi jwa batho ba akanyang ka kgang eno ga se lone le ka bontshang gore go fentse mang. Se se ka bontshang gore go fentse mang ke gore ke tsela ya ga mang ya go busa e e molemo go feta e nngwe le gore a go na le ope yo o ileng a direla Modimo ka ntlha ya lorato. Mo dintlheng tseno ka bobedi, Jehofa ke ene a fentseng.

Fa e le gore nako e Modimo a letleletseng gore e fete e setse e supile fa Satane a le phoso, ke ka ntlha yang fa Modimo o letlelela gore boikepo bo tswelele pele? Jehofa o bontsha bopelotelele “ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Thato ya Modimo ke “gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) E kete o ka dirisa nako e e setseng gore o ithute Baebele mme o ‘tsenye kitso ka ga Modimo yo o esi wa boammaaruri le ka ga yo a mo romileng e bong Jesu Keresete.’ (Johane 17:3) Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa gore o tsenye kitso eo gore le wena o kgone go nna mongwe wa ba ba dimilione ba ba emeng ba nitame ka fa letlhakoreng le le fentseng.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Basupi ba ga Jehofa ba supile gore Satane o fentswe tota ka go nna ba ikanyega

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jehofa o na le batho ba le bantsi ba ba ikanyegang ka fa letlhakoreng la gagwe