Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Laetsa o o Neng wa Fetola Botshelo Jwa Me

Laetsa o o Neng wa Fetola Botshelo Jwa Me

 Kgang ya Botshelo

Laetsa o o Neng wa Fetola Botshelo Jwa Me

JAAKA GO BOLETSE IRENE HOCHSTENBACH

Seno se diragetse maitseboa mangwe go le Labobedi ka 1972. Ke ne ke na le dingwaga di le 16 mme ke ne ke ile kwa pokanong nngwe ya bodumedi le batsadi ba me kwa Eindhoven, toropokgolo ya porofense ya Brabant, kwa Netherlands. Ke ne ke sa iketla mme ke eletsa e kete nka bo ke ile felo gongwe go sele. Go tswa foo, bahumagatsana bangwe ba babedi ba ne ba nnaya pampitshana e kwadilwe molaetsa o o reng: “Irene yo o rategang, re ka rata go go thusa.” Ke ne ke sa lemoge gore molaetsa ono o ne o tlile go fetola botshelo jwa me go le kana kang. Mme pele ke bolela se se neng sa direga morago ga moo, mma ke lo bolelele sengwe ka botshelo jwa me.

KE TSHOLETSWE kwa setlhaketlhakeng sa Belitung, kwa Indonesia. Ke sa ntse ke gakologelwa medumo mengwe ya setlhaketlhake seo sa boboatsatsi—go gwasa ga ditlhare tsa mokolane, modumo o o ritibetseng wa noka e e gautshwane, setshego sa bana ba ba tshamekang gaufi le ntlo ya gaetsho, mmogo le mmino o o neng o lediwa kwa gae. Ka 1960, fa ke ne ke na le dingwaga di le nnè, lelapa la gaetsho le ne la tswa kwa Indonesia la fudugela kwa Netherlands. Re ne ra tsaya mosepele o moleele oo re tsamaya ka sekepe, mme modumo o ke o gopolang thata ke wa setshamekisi se ke neng ke tsamaya ka sone—rametlae yo monnye ka meropa ya gagwe. Fa ke le dingwaga tse supa, ke ne ka se ka ka tlhola ke kgona go utlwa ka ntlha ya bolwetse, mme fa e sa le ka nako eo ga ke ise ke kgone go utlwa medumo epe fela. Ke saletswe fela ke medumo e ke kgonang go e gakologelwa.

Go Gola ke sa Utlwe mo Ditsebeng

E re ka batsadi ba me ba ne ba ntlhokomela ka lorato, kwa tshimologong ke ne ke sa tlhaloganye ka botlalo ditlamorago tsa go sa kgone go utlwa mo ditsebeng. Fa ke le ngwana, ke ne ke akanya  gore tota le sedirisiwa sa me se segolo se se neng se nthusa go utlwa se ne se tshegisa, le fa se ne se sa nthuse go le kalo. Bana ba re neng re agisane le bone ba ne ba bua le nna ka go kwala metlotlo yotlhe ka tšhoko fa thoko ga tsela, mme ke ne ke ba araba le fa ke ne ke sa kgone go utlwa lentswe la me.

Fa ke ntse ke gola, ke ne ka simolola go lemoga gore ga ke tshwane le batho ba bangwe. Gape ke ne ka simolola go lemoga gore batho bangwe ba ne ba ntshotla ka go bo ke sa utlwe mo ditsebeng, fa ba bangwe bone ba ne ba nkgaphela kwa thoko. Ke ne ka simolola go ikutlwa ke kgaphetswe kwa thoko e bile ke jewa ke bodutu. Ke ne ka simolola go tlhaloganya gore bothata jwa go sa utlwe mo ditsebeng bo kaya eng, mme fa ke ntse ke gola, ke ne ka simolola go boifa batho ba ba kgonang go utlwa thata.

Gore ke kgone go tsena sekolo se se kgethegileng sa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng, batsadi ba me ba ne ba fuduga le lelapa lotlhe go tswa kwa motseng mongwe wa porofense ya Limburg go ya kwa toropokgolong ya Eindhoven. Rre o ne a batla tiro koo, mme nnake le bonkgonne ba ne ba ya kwa sekolong se sengwe. Ke lebogela diphetogo tsotlhe tse ba di dirileng gore ke solegelwe molemo. Kwa sekolong, ke ne ka rutiwa go laola modumo wa lentswe la me le go bua ka tsela e e utlwalang sentle. Mme le mororo barutisi ba rona ba ne ba sa dirise puo ya diatla, bana ba ke neng ke tsena tlelase le bone ba ne ba e nthuta.

Go Tshela Botshelo Jwa Me ke Le Esi Fela

Fa ke ntse ke gola, batsadi ba me ba ne ba leka ka natla go buisana le nna, mme go ne go na le dilo di le dintsi tse ke neng ke sa di tlhaloganye. Ka sekai, ke ne ke sa itse gore batsadi ba me ba ne ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ke gakologelwa gore letsatsi lengwe lelapa la rona le ne la ya kwa lefelong lengwe le kwa go lone batho ba le bantsi ba neng ba ntse mo ditulong. Botlhe ba ne ba lebile kwa pele, ka dinako dingwe ba opa diatla, mme gangwe le gape ba ema—mme ke ne ke sa itse gore ke eng fa batho bano ba dira dilo tseno tsotlhe. Morago thata, ke ne ka utlwa gore ke ne ke le kwa kopanong e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa. Gape batsadi ba me ba ne ba tle ba tsamaye le nna go ya kwa holong nngwe e nnye mo toropokgolong ya Eindhoven. Ke ne ke ikutlwa ke gololesegile koo ka gonne mongwe le mongwe o ne a le pelonomi e bile ba lelapa la me ba ne ba lebega ba itumetse, mme le fa go ntse jalo, ke ne ke sa itse gore ke ka ntlha yang fa re ne re ya koo ka metlha. Jaanong ke a itse gore holo eo e nnye e ne e le Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa.

Ka maswabi go ne go se na ope mo dipokanong tseno yo o neng a ka ntolokela se se buiwang. Jaanong ke lemoga gore batho ba ba neng ba le mo dipokanong tseno ba ne ba batla go nthusa mme ba ne ba sa itse gore ba ka lepalepana jang le boemo jwa me jwa go sa utlwe mo ditsebeng. Ke ne ke ikutlwa ke kgaphetswe kwa thoko kwa dipokanong tseno ke bo ke akanya gore, ‘E kete nka bo ke le kwa sekolong e seng fano.’ Mme fa ke ntse ke akantse ka dilo tseno, bahumagatsana bangwe ba babedi ba ne ba kwala sengwe ka bonako mo pampitshaneng ba bo ba e nnaya. Ke one molaetsa o ke neng ke bua ka one kwa tshimologong. Ke ne ke sa itse gore molaetsa ono o ne o tlile go nthusa gore ke nne le ditsala tse di molemo tse di neng di tla nthusa gore ke se ka ka tlhola ke ikutlwa ke kgaphetswe kwa thoko.

Go Nna le Ditsala Tse di Molemo

Colette le Hermine, ba ba neng ba nnaya molaetsa oo ba ne ba le mo dingwageng tsa bone tsa bo20. Moragonyana ke ne ka utlwa gore ba ne ba tlile e le babulatsela ba ka metlha kgotsa badiredi ba nako e e tletseng mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa e ke neng ke e etetse. Le mororo Colette le Hermine tota ba ne ba sa itse puo ya diatla, ke ne ke kgona go tlhaloganya se ba se buang ka go leba dipounama tsa bone fa ba ntse ba bua le nna, mme ka jalo re ne re kgona go buisana sentle.

Batsadi ba me ba ne ba itumela fa Colette le Hermine ba ne ba kopa go ithuta Baebele le nna, mme bahumagatsana bano ba ne ba dira se se fetang  seo. Ba ne ba leka ka natla go ntolokela dipuo kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi mmogo le go ntsenya mo metlotlong ya bone le ba bangwe mo phuthegong. Ba ne ba baakanyetsa le nna dipuisano tsa Baebele tse ke neng ke tla di dirisa mo tirong ya go rera, mme gape ba ne ba nthusa go baakanyetsa dipuo tsa diithuti mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Akanya fela, jaanong ke ne ke bile ke le pelokgale go neela puo fa pele ga setlhopha sa batho ba ba kgonang go utlwa!

Mo godimo ga moo, Colette le Hermine ba ne ba dira gore ke nne le boikutlo jwa gore nka ba tshepa. Ba ne ba le pelotelele e bile ba ntheetsa. Le mororo re ne re tlhola re tshega fa ke dirile diphoso, ba ne ba se ke ba ntshotla; le gone ba ne ba sa tlhabiwe ke ditlhong fa ke le teng. Ba ne ba leka go tlhaloganya maikutlo a me le go ntsaya fela jaaka motho yo o tshwanang le bone. Basetsana bano ba ba pelonomi ba ne ba nnaya mpho e ntle tota—lorato lwa bone le botsala.

Selo sa botlhokwa le go feta, Colette le Hermine ba ne ba nthuta gore ke tshwanetse go itse gore Modimo wa rona, Jehofa, ke tsala e e ka ikanngwang. Ba ne ba ntlhalosetsa gore Jehofa o mpone ke ntse kwa Holong ya Bogosi le gore o ne a tlhaloganya mathata a me a go sa utlwe mo ditsebeng. A bo ke itumela jang ne gore lorato lo boraro jwa rona re ratang Jehofa ka lone lo dirile gore re kopane re nne ditsala! Ke ne ka amiwa ke tsela e Jehofa a ntlhokomelang ka yone, mme lorato lo ke mo ratang ka lone lo ne lwa dira gore ke bontshe boineelo jwa me mo go ene ka go kolobediwa mo metsing ka July 1975.

Go Tsamaya le Tsala e Kgolo

Mo dingwageng tse di latelang, ke ne ka itsane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba le bantsi ba Bakeresete. Mokaulengwe mongwe o ne a nna tsala ya me ya botlhokwa, mme re ne ra nyalana ka 1980. Nakwana fela morago ga foo, ke ne ka simolola go direla ke le mmulatsela mme ka 1994 nna le monna wa me, Harry, re ne ra abelwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng mo tshimong ya Puo ya Diatla ya Se-Dutch. Ngwaga o o latelang, ke ne ka nna le kabelo e e thata. Ke ne ka tshwanela go tsamaya le monna wa me, yo ene a kgonang go utlwa, fa a ntse a etela diphuthego tse di farologaneng a tshwareletse molebedi wa potologo.

Ke dira jaana. Fa re etela phuthego la ntlha, ke itlhaganelela go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi kafa nka kgonang ka teng ke bo ke ba ikitsise. Ke ba bolelela gore ga ke utlwe mo ditsebeng ke bo ke ba kopa gore ba ntebe mo matlhong fa ba ntse ba bua le nna ka iketlo. Gape ke leka go araba di tloga fela kwa dipokanong tsa phuthego. Mme ke botsa gore a go na le mongwe yo o ka ratang go ntolokela mo bekeng eo kwa dipokanong le kwa tirelong ya tshimo.

Tsela eno e dira sentle tota mo e leng gore ka dinako tse dingwe bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba lebala gore ga ke kgone go utlwa, mme seo  se bo se felela ka maemo a a tshegisang. Ka sekai, ba re fa ba mpona ke tsamaya mo toropong, ba nteletsa hutara ba re ba a ntumedisa, mme ka ke sa utlwe ke bo ke sa ba dumedise. Le nna ke a tle ke lebale gore ga ke utlwe mo ditsebeng—jaaka ka dinako tse dingwe fa ke leka go sebetsa monna wa me sengwe se ke sa batleng se utlwiwa ke batho ba bangwe. Fa ke mmona a setse a shadikanya matlho, ke itse gore ke “sebetse” kwa godimo thata.

Bana ba thusa ka ditsela tse o neng o ka se ka wa di lebelela. Mo phuthegong nngwe e re neng re simolola go e etela, mosimane wa dingwaga tse robongwe o ne a lemoga gore bangwe mo Holong ya Bogosi ba ne ba okaoka go mpuisa, mme a swetsa ka go re a dire sengwe ka gone. O ne a tla fa go nna, a ntshwara ka letsogo, a nkisa fa gare ga Holo ya Bogosi a bo a goa a re: “Ke kopa go lo itsise Irene—ga a utlwe mo ditsebeng!” Ba ba neng ba le teng ba ne ba tla kwa go nna ba inkitsise.

Fa ke ntse ke tsamaya le monna wa me mo tirong ya go potologa, ditsala tsa me di ntse di oketsega. A bo botshelo jwa me bo farologane jang ne gompieno le dingwaga tsele tsa fa ke ne ke ikutlwa ke kgaphetswe kwa thoko! Fa e sale maitseboa ale fa Colette le Hermine ba ne ba nnaya pampitshana ele e e nang le molaetsa, ke bone mosola wa go nna le ditsala mme ke kopane le batho ba ba ileng ba nna ditsala tsa me tse dikgolo. Sa botlhokwa le go feta, ke ile ka simolola go itse Jehofa, Tsala e kgolo go di feta tsotlhe. (Baroma 8:38, 39) Molaetsa ole o mokhutshwane o fetotse botshelo jwa me eleruri!

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ke gakologelwa modumo wa setshamekisi sa me se ke neng ke se rata thata

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Mo bodireding e bile ke na le monna wa me, Harry