Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Se se Ka re Thusang go Tshwara Lefoko la Boammaaruri Sentle?

Ke Eng Se se Ka re Thusang go Tshwara Lefoko la Boammaaruri Sentle?

 Ke Eng Se se Ka re Thusang go Tshwara Lefoko la Boammaaruri Sentle?

M OTHO mongwe yo o tshwayang diphoso ka metshameko ya mafelo a bobogelo a bo a kwala maikutlo a gagwe mo lokwalodikgannyeng o kile a ya go bogela motshameko mongwe kwa lefelong la bobogelo. Ga a ka a rata motshameko oo mme o ne a kwala jaana morago ga moo: “Fa e le gore o batla go leba sengwe se se sa kgatlheng e bile se se na molemo wa sepe, ruri o tshwanetse go ya go bogela motshameko ono.” Moragonyana, barulaganyi ba motshameko oo ba ne ba gatisa papatso e e neng e na le mafoko a a nopotsweng mo tlhalosong ya motshwayadiphoso yono. Mafoko ao a ne a re: “Ruri o tshwanetse go ya go bogela motshameko ono”! Papatso eno e ne e nopotse mafoko a motshwayadiphoso yono sentle, mme le fa go ntse jalo e ne e a dirisa ka tsela e e sa tsamaisaneng le dintlha tse di dikologileng kgang mme ka jalo e sa bue se tota a neng a se kaya.

Sekai seno se bontsha kafa dintlha tse di dikologileng kgang e go buiwang ka yone di leng botlhokwa ka teng. Go dirisa mafoko ka tsela e e sa tsamaisaneng le se go buiwang ka sone go ka sokamisa bokao jwa one, fela jaaka Satane a ne a sokamisa bokao jwa Dikwalo fa a ne a leka go raela Jesu. (Mathaio 4:1-11) Ka fa letlhakoreng le lengwe, go akanyetsa dintlha tse di dikologileng kgang e go buiwang ka yone go re thusa gore re tlhaloganye bokao jwa yone sentle. Ka ntlha ya moo, fa re ithuta temana ya Baebele, ka metlha re tshwanetse go leba ditemana tse di e dikologileng gore re kgone go tlhaloganya se mokwadi a neng a bua ka sone botoka.

Tshwara Lefoko la Modimo Sentle

Dintlha tse di dikologileng kgang e go buiwang ka yone ke dikarolo tsa mafoko a a kwadilweng kgotsa a a builweng a a tlang pele kgotsa morago ga lefoko kgotsa polelwana e e rileng, gantsi di ama bokao le tiriso ya lefoko kgotsa polelwana eo. Gape e ka nna maemo kgotsa dintlha tse di amanang le tiragalo e e rileng, boemo jo bo rileng, le dilo tse dingwe jalo. Go akanyetsa dintlha tse di dikologileng temana e go buiwang ka yone go botlhokwa thata go ya ka mafoko ano a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela Timotheo: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwere  lefoko la boammaaruri sentle.” (2 Timotheo 2:15) Gore re kgone go tshwara Lefoko la Modimo sentle, re tshwanetse go le tlhaloganya sentle mme go tswa foo re le tlhalosetse ba bangwe ka tsela e e tshwanetseng le ka nepo. E re ka re tlotla Mokwadi wa Baebele e bong Jehofa, re tla tlhotlheletsega go leka go dira seo, mme go akanyetsa dintlha tse di dikologileng kgang e go buiwang ka yone go tla re thusa thata.

Dintlha Tse di Amanang le go Kwalwa ga Timotheo wa Bobedi

Ka sekai, a re sekasekeng buka ya Baebele ya Timotheo wa Bobedi. * Selo sa ntlha se re ka se dirang fa re sekaseka buka eno ke go ipotsa ka dilo dingwe tse di amanang le go kwalwa ga yone. Ke mang yo o kwadileng Timotheo wa Bobedi? O e kwadile leng? Mo maemong afe? Go tswa foo re ka botsa gore, “Timotheo” yo buka eno e bidiwang ka ene, o ne a ntse jang? Ke ka ntlha yang fa a ne a tlhoka tshedimosetso e e kwadilweng mo bukeng eno? Dikarabo tsa dipotso tseno di tla dira gore re anaanele botlhokwa jwa buka eno thata e bile di tla re thusa gore re bone kafa e ka re solegelang molemo ka teng gompieno.

Ditemana tsa ntlha tsa buka ya Timotheo wa Bobedi di bontsha gore buka eno ke lekwalo le le kwadilweng ke moaposetoloi Paulo a le kwalela Timotheo. Ditemana tse dingwe di bontsha gore fa Paulo a kwala buka eno, o ne a le kwa kgolegelong ka ntlha ya dikgang tse di molemo. E re ka Paulo a ne a latlhilwe ke batho ba le bantsi, o ne a akanya gore o gaufi le go swa. (2 Timotheo 1:15, 16; 2:8-10; 4:6-8) Ka gone, o tshwanetse a bo a ile a kwala buka eno fa a ne a le mo kgolegelong ka lekgetlo la bobedi kwa Roma, mo e ka nnang ka 65 C.E. Ka bonako fela morago ga moo, go bonala Nero a ne a mo atlholela loso.

Tseno ke dintlha tse di amanang le go kwalwa ga Timotheo wa Bobedi. Le fa go ntse jalo, ke ga botlhokwa gore re lemoge gore Paulo ga a ka a kwalela Timotheo go mmolelela ka mathata a gagwe. Go na le moo, o ne a tlhagisa Timotheo ka dinako tsa mathata tse di neng di sa ntse di tla le go kgothatsa tsala eno ya gagwe gore a tile dilo tse di ka mo itayang tsebe, a nne a “bone maatla,” a bo a bolelele ba bangwe dilo tse Paulo a di mo laetseng. Batho bano le bone ba ne ba tla tlhomelelwa sentle gore ba thuse le ba bangwe. (2 Timotheo 2:1-7) A bo e le sekao se se molemo jang ne sa gore tota le fa motho a le mo dinakong tsa mathata a amege ka batho ba bangwe! Mme a bo e le kgakololo e e molemo jang ne mo go rona gompieno!

Paulo o bitsa Timotheo “ngwana yo o rategang.” (2 Timotheo 1:2) Gantsi lekawana leno le tlhalosiwa mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika e le tsala e e ikanyegang ya ga Paulo. (Ditiro 16:1-5; Baroma 16:21; 1 Bakorintha 4:17) Go bonala Timotheo a ne a le mo dingwageng tsa bo30 fa Paulo a ne a mo kwalela lekwalo leno—a sa ntse a tsewa e le mosha. (1 Timotheo 4:12) Mme o ne a setse a itiretse leina le lentle la gore ke motho yo ikanyegang, ‘yo o neng a nna motlhanka le Paulo’ ka dingwaga di ka nna 14. (Bafilipi 2:19-22) Le fa Timotheo a ne a lebega a le monnye, Paulo o ne a mo naya boikarabelo jwa go gakolola bagolwane ba bangwe “gore ba se ka ba lwa ka mafoko” mme ba tlhome mogopolo mo dilong tse di botlhokwa, tse di jaaka go nna le tumelo le boitshoko. (2 Timotheo 2:14) Gape Timotheo o ne a laetswe go dira tiro ya go tlhoma balebedi ba phuthego le batlhanka ba bodiredi. (1 Timotheo 5:22) Le fa go ntse jalo, a ka tswa a ne a sa itshepe go le kalo mo kgannyeng ya go dirisa taolo ya gagwe.—2 Timotheo 1:6, 7.

Mogolwane yono yo mmotlana o ne a lebana le dikgwetlho dingwe tse di masisi. Kgwetlho nngwe e ne e bakwa ke batho bangwe ba babedi e bong Himenaeo le Fileto, ba ba neng ba “phetsola tumelo ya bangwe,” ba ruta gore ‘tsogo ya baswi e ne e setse e diragetse.’ (2 Timotheo 2:17, 18) Go bonala ba ne ba dumela gore tsogo e le yosi fela ya baswi e ne e le ya semoya le gore e ne e setse e diragaletse Bakeresete. Gongwe ba ne ba sa akanyetsa dintlha tse di dikologileng mafoko a Paulo a neng a a bua a gore Bakeresete ba ne ba sule mo maleong a bone mme ba tshedisiwa ka moya wa Modimo. (Baefeso 2:1-6) Paulo o ne a tlhagisa gore tlhotlheletso e e ntseng jalo ya botlhanogi e ne e tlile go oketsega. O ne a kwala jaana: “Go tla nna le lobaka lwa nako lo ba tla se keng ba iteseletse go amogela thuto e e itekanetseng, . . . mme ba tla faposa ditsebe tsa bone mo boammaaruring, mme bone ba tla faposediwa kwa dipolelong tsa maaka.” (2 Timotheo 4:3, 4) Tlhagiso eno ya ga Paulo e e builweng go sa le  gale e ne e bontsha gore Timotheo o ne a tshwanetse go tsaya kgakololo eo ya moaposetoloi tsia ka bonako.

Kafa Buka Eno e Leng Mosola ka Gone Gompieno

Go tswa mo go se se umakilweng fa godimo, re bona gore mangwe a mabaka a go bo Paulo a ile a kwala buka eno ya Timotheo wa Bobedi ke ano: (1) O ne a itse gore o ne a le gaufi le go swa mme o ne a leka go thusa Timotheo go ipaakanyetsa nako ya fa a tla bo a sa tlhole a le teng gore a ka tshegetsa Timotheo. (2) O ne a batla go tlhomelela Timotheo gore a kgone go sireletsa diphuthego tse a neng a di okametse, a di sireletsa mo botlhanoging le mo ditlhotlheletsong tse dingwe tse di kotsi. (3) O ne a batla go kgothaletsa Timotheo gore a nne a tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa le gore a ikaege ka kitso ya boammaaruri ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng fa a ntse a eme a nonofile kgatlhanong le dithuto tsa maaka.

Go tlhaloganya dintlha tseno tse di amanang le go kwalwa ga buka eno go dira gore buka ya Timotheo wa Bobedi e nne le bokao jo bogolwane mo go rona. Le gompieno go na le batlhanogi, ba ba tshwanang le Himenaeo le Fileto ba ba rotloetsang dikgopolo tsa bone mme ba batla go senya tumelo ya rona. Mo godimo ga moo, re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’ tse Paulo a ileng a bolelela pele ka tsone. Batho ba le bantsi ba bone boammaaruri jwa tlhagiso eno ya ga Paulo: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:1, 12) Re ka ema jang re nitame? Fela jaaka Timotheo, re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo ya batho ba ba ileng ba direla Jehofa ka dingwaga di le dintsi. Mme re ka kgona go ‘nna re bona maatla’ ka bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa re tshwanelang ka go ithuta re le rosi, go rapela le go kopanela le Bakeresete ba bangwe. Mo godimo ga moo, fa re tshepa gore kitso ya boammaaruri e na le maatla, re ka tsaya tsia kgothatso eno ya ga Paulo: “Nna o tshegeditse sekao sa mafoko a a itekanetseng.”—2 Timotheo 1:13.

“Sekao sa Mafoko a a Itekanetseng”

“Mafoko a a itekanetseng” a Paulo a neng a bua ka one ke afe? O dirisa polelwana eo go kaya thuto ya boammaaruri ya Bokeresete. Mo lokwalong lwa ntlha lo Paulo a lo kwaletseng Timotheo, o ne a tlhalosa gore “mafoko a a itekanetseng” tota ke “a Morena wa rona Jesu Keresete.” (1 Timotheo 6:3) Fa motho a latela sekao sa mafoko a a itekanetseng, seo se felela ka gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle, a nne lorato a bo a amege ka batho ba bangwe. E re ka bodiredi jwa ga Jesu le dithuto tsa gagwe di dumalana le dithuto tse dingwe tsotlhe tse di mo Baebeleng, polelwana e e reng “mafoko a a itekanetseng” gape e ka kaya dithuto tsotlhe tsa Baebele.

Mo go Timotheo, fela jaaka mo bagolwaneng botlhe ba Bakeresete, sekao sa mafoko a a itekanetseng e ne e le “boikarabelo jo bo molemo” jo bo neng bo tshwanetse go disiwa. (2 Timotheo 1:13, 14) Timotheo o ne a tshwanetse go ‘rera lefoko, a dira jalo ka potlako ka paka e e dumelang, ka paka ya matshwenyego, a kgalemela, a kgalema a tiisitse, a rotloetsa ka bopelotelele jotlhe le botswerere jwa go ruta.’ (2 Timotheo 4:2) Fa re lemoga gore dithuto tsa botlhanogi di ne tsa anama mo motlheng wa ga Timotheo, re kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a gatelela gore mafoko a a itekanetseng a tshwanetse a rutiwa ka potlako. Gape re bona gore Timotheo o ne a tla tshwanelwa ke go sireletsa letsomane ka go ‘kgalemela, go kgalema a tiisitse, go rotloetsa’ ka bopelotelele, a dirisa bokgoni jo bo molemo jwa go ruta.

Timotheo o ne a tshwanetse go rerela bomang lefoko? Go ya ka dintlha tse di dikologileng kgang, Timotheo o ne a tla rera lefoko mo phuthegong ya Bokeresete. E re ka baganetsi ba ne ba tla gatelela Timotheo, o ne a tshwanetse go nna a itisitse semoyeng le go bolela lefoko la Modimo ka  bopelokgale, e seng difilosofi tsa batho, dikgopolo tsa gagwe kgotsa go fopholetsa fela mo go se nang mosola. Ke boammaaruri gore seno se ka dira gore motho a ganediwe ke batho ba ba ka tswang ba na le dikgopolo tse di phoso. (2 Timotheo 1:6-8; 2:1-3, 23-26; 3:14, 15) Le fa go ntse jalo, fa Timotheo a ne a ka latela kgakololo ya ga Paulo, o ne a tla tswelela pele a kganela botlhanogi, fela jaaka Paulo a ne a dira.—Ditiro 20:25-32.

A mafoko a ga Paulo a a malebana le go rera lefoko a ama le go rera kwa ntle ga phuthego? Ee go ntse jalo, fela jaaka dintlha tse di dikologileng kgang eo di bontsha. Paulo o tswelela pele ka go re: “Mme wena, nna o thantse mo tlhaloganyong mo dilong tsotlhe, boga bosula, dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.” (2 Timotheo 4:5) Go rera efangele—go rerela batho ba ba sa dumeleng re ba rerela dikgang tse di molemo tsa poloko—go botlhokwa thata mo bodireding jwa Bokeresete. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Mme fela jaaka lefoko la Modimo le rerwa mo phuthegong le e leng “ka paka ya matshwenyego,” re tswelela pele re rerela batho ba ba kwa ntle ga phuthego le e leng mo maemong a a thata.—1 Bathesalonika 1:6.

Sotlhe se re se rerang le se re se rutang se tswa mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Re tshepa sengwe le sengwe se se mo Baebeleng. Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo.” (2 Timotheo 3:16) Gantsi mafoko ao a nopolwa sentle go bontsha gore Baebele ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Mme boikaelelo jwa ga Paulo e ne e le bofe fa a kwala mafoko ao?

Paulo o ne a bua le mogolwane, yo o nang le boikarabelo jwa go ‘kgalemela, go tlhamalatsa dilo le go otlhaya ka tshiamo’ mo phuthegong. Ka gone, o ne a gakolola Timotheo gore a ikanye botlhale jwa Lefoko le le tlhotlheleditsweng le Timotheo a neng a le rutilwe go tswa boseeng. Fela jaaka Timotheo, bagolwane ba a tle ba tshwanelwe ke go kgalemela batho ba ba dirang diphoso. Fa ba dira jalo, ba tshwanetse go nna ba ikanya Baebele. Mo godimo ga moo, e re ka Dikwalo di tlhotlheleditswe ke Modimo, kgalemo yotlhe e e theilweng mo go tsone tota e tswa kwa Modimong. Batho bape ba ba ganang go kgalemelwa ka Baebele, tota ba gana kgakololo e e tlhotlheleditsweng e e tswang kwa go Jehofa ka boene, e seng dikgopolo dingwe tsa batho.

A bo buka ya Timotheo wa Bobedi e na le botlhale jo bontsi jang ne jwa Modimo! Mme a bo kgakololo ya yone e na le bokao jo bogolwane jang ne fa re e sekaseka re akanyetsa dintlha tse di e dikologileng! Mo setlhogong seno, re tsere maoko fela a tshedimosetso e e molemo e e tlhotlheleditsweng e e mo bukeng eno, mme a lekane go supa kafa go thusang ka teng go sekaseka dintlha tse di dikologileng kgang e re balang ka yone mo Baebeleng. Seo se tla thusa go tlhomamisa gore ruri re “tshwere lefoko la boammaaruri sentle.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, Bolumo 2, tsebe 1105-8.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Paulo o ne a batla go tlhomelela Timotheo gore a kgone go sireletsa diphuthego

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Paulo o ne a gakolola Timotheo gore a ikanye botlhale jwa Lefoko le le tlhotlheleditsweng