Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bontsha Lorato mo Lelapeng

Bontsha Lorato mo Lelapeng

 Bontsha Lorato mo Lelapeng

“SE FISE fa o ka kgona! Se fise!” Tohru o ne a gwetlha mosadi wa gagwe Yoko jalo. * Ene o ne a araba jaana ka bogale a tshuba lotlhokwa lwa mmetšhise go fisa senepe se ba se tsereng ba le mmogo: “Bona he, ke a se fisa.” Go tswa foo a kgomoga ka bogale a re: “Ke tla fisa ntlo e!” Tohru o ne a tsiboga ka go faphola mosadi wa gagwe, a fedisa komang ka dikgoka.

Dingwaga di le tharo pelenyana ga moo, Tohru le Yoko ba ne ba simolola botshelo jwa bone mmogo e le banyalani ba ba itumetseng. Mme go ne ga senyega kae? Le mororo Tohru a ne a lebega e le monna yo o botsalano, mosadi wa gagwe o ne a dumela gore monna wa gagwe ga a bontshe gore o a mo rata e bile ga a ke a amega ka maikutlo a gagwe. Go ne go bonala Tohru a sa kgone go anaanela lorato lo mosadi wa gagwe a neng a lo mmontsha. E re ka Yoko a ne a sa kgone go itshokela seno, o ne a simolola go kgopisega le go galefa thata. O ne a simolola go nna le mathata a a jaaka go tlhorega boroko, go tlhobaela, go sa nne le keletso ya dijo, go tenega tenega fela le go tshwenyega thata mo maikutlong le e leng go tlalelwa gangwe le gape. Le fa go ntse jalo, go ne go bonala Tohru a sa tshwenyege ka boemo jo bo sa iketlang jwa lelapa la gagwe. Mo go ene go ne go lebega go siame fela.

“Dinako Tsa Mathata Tse go Leng Boima go Lebana le Tsone”

Mathata a a ntseng jalo a tlwaelegile gompieno. Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya rona go ne go tla nna le batho ba ba “se nang lorato lwa tlholego.” (2 Timotheo 3:1-5) Lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranotsweng fano e le “ba ba se nang lorato lwa tlholego” le amana thata le lefoko le le tlhalosang lorato lwa tlholego lo lo fitlhelwang mo gare ga maloko a lelapa. Ruri lorato lo lo ntseng jalo ga lo yo mo motlheng wa rona. Le fa lorato lo le teng, maloko a lelapa a ka nna a lo bontshana ka sewelo fela.

Gompieno batsadi ba le bantsi ga ba itse gore ba ka bontsha bana ba bone lorato jang. Bangwe ba ile ba golela mo malapeng a a se nang lorato mme ba ka tswa ba sa lemoge gore botshelo bo ka nna monate le go feta e bile bo ka itumedisa thata mo lelapeng fa batho ba ikutlwa ba ratiwa e bile ba bontsha ba bangwe lorato. Go bonala go ne go ntse jalo ka Tohru. Fa a ntse a gola, rraagwe o ne a nna a tshwaregile kwa tirong mme o ne a fitlha kwa gae bosigo thata. O ne a bua le Tohru sewelo fela, mme fa a bua le ene, o ne a mo omanya. Mmaagwe Tohru le ene o ne a na le tiro ya letsatsi lotlhe mme o ne a sa iphe nako e ntsi ya go nna le ene. Thelebishene e ne e le yone motlhokomedi wa ga Tohru. Go ne go se na ope yo o akgolang yo mongwe mo lelapeng le fa e le yo o buisanang le yo mongwe.

Setso le sone se ka nna sa baka bothata. Mo dikarolong dingwe tsa kwa Latin America, monna o tshwanetse go itlhokomolosa setso sa gaabo gore a kgone go bontsha mosadi wa gagwe lorato. Kwa dinageng di le dintsi tsa kwa Botlhaba le tsa mo Afrika, go ya ka setso motho ga a tshwanela go bontsha lorato ka mafoko kgotsa ka ditiro. Banna ba ka nna ba fitlhela  go le thata go raya basadi ba bone kgotsa bana ba bone ba re “Ke a go rata.” Le fa go ntse jalo, re ka ithuta sengwe mo kamanong ya lelapa la ntlhantlha, le le ileng la kgona go nnela ruri.

Kamano ya Lelapa e e Molemo go Latelwa

Sekao se se molemolemo se lelapa le ka se latelang ke kamano e e gaufiufi ya ga Jehofa Modimo le Morwawe yo o tsetsweng a le esi. Ba bontshana lorato ka tsela e e itekanetseng. Motho wa moya yo moragonyana a neng a nna Jesu Keresete o ne a na le kamano e e itumedisang le Rraagwe ka dikete di le dintsintsi tsa dingwaga. O ne a tlhalosa kamano eo jaana: “Ke ne . . . ka nna yo o neng a ratwa ke ene ka tsela e e kgethegileng letsatsi le letsatsi, ke itumela fa pele ga gagwe ka dinako tsotlhe.” (Diane 8:30) Morwa o ne a tlhomamisegile thata jaana ka lorato lo Rraagwe a mo ratang ka lone mo a neng a ka bolelela ba bangwe gore Jehofa o mo rata ka tsela e e kgethegileng letsatsi le letsatsi. O ne a itumela fa pele ga ga Rraagwe ka dinako tsotlhe.

Tota le fa Morwa Modimo a ne a le mo lefatsheng e le motho, a bidiwa Jesu, o ne a tlhomamisediwa gore Rraagwe o mo rata ka lorato lo logolo. Fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne a utlwa lentswe la ga Rraagwe le re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:17) A bo Jesu a ile a bontshiwa lorato ka tsela e e kgothatsang jang ne fa a ne a simolola tiro ya gagwe mo lefatsheng! Go tshwanetse ga bo go ile ga mo ama pelo go utlwa Rraagwe a mo amogela fa a gakologelwa sengwe le sengwe ka botshelo jwa gagwe jwa kwa legodimong.

Ka jalo, Jehofa o tlhoma sekao se se molemolemo sa go bontsha lelapa la gagwe la lobopo lotlhe lorato ka botlalo. Fa re amogela Jesu Keresete, le rona Jehofa o tla re rata. (Johane 16:27) Le fa re se kitla re utlwa mafoko ape a a tswang kwa legodimong, re tla bona tsela e Jehofa a bontshang lorato ka yone mo dilong tsa tlholego, mo thulaganyong ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu le ka ditsela tse dingwe. (1 Johane 4:9, 10) E bile Jehofa o reetsa le go araba dithapelo tsa rona ka tsela e e ka re solegelang molemo thata. (Pesalema 145:18; Isaia 48:17) Fa re ntse re leka go nna le kamano e e gaufiufi le Jehofa, re godisa tsela e re anaanelang ka yone kafa a re tlhokomelang ka lorato ka teng.

Jesu o ne a ithuta mo go Rraagwe tsela ya go bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko, go ba akanyetsa, go nna pelonomi le go amega thata ka bone. O ne a tlhalosa jaana: “Dilo le fa e le dife tse [Rara] a di dirang, dilo tseno Morwa le ene o di dira ka mokgwa o o tshwanang. Gonne Rara o rata Morwa mme o mmontsha dilo tsotlhe tse ene ka boene a di dirang.” (Johane 5:19, 20) Le rona re ka ithuta tsela ya go bontsha lorato ka go sekaseka sekao se Jesu a se tlhomileng fa a ne a le mo lefatsheng.—Bafilipi 1:8.

Lorato mo Lelapeng—Lo ka Bontshiwa Jang?

E re ka ‘Modimo e le lorato’ mme rona re bopilwe “mo setshwanong sa gagwe,” re ka kgona go ikutlwa re ratiwa e bile re ka kgona go bontsha ba bangwe lorato. (1 Johane 4:8; Genesise 1:26, 27) Le fa go ntse jalo, go nna le bokgoni joo ga go dire gore go bontsha lorato go itlele fela. Gore re tle re kgone go bontsha lorato, re tshwanetse ra rata balekane ba rona le bana ba rona pele. Nna kelotlhoko mme o bone dinonofo tse di rategang tse ba nang le tsone, le fa go ka tswa go bonala di se botlhokwa jalo mo tshimologong, mme o nne o ntse o akantse ka tsone. O ka nna wa re: ‘Ga go na sepe se se kgatlhang ka monna wa me [mosadi wa me kgotsa bongwanake].’ Batho ba ba leng mo lenyalong le mo go lone motho a batlelwang molekane ba ka tswa ba ne ba sa rate balekane ba bone go le kalo. Ba bangwe ba ka tswa ba ne ba sa batle go nna le bana. Le fa go ntse jalo, akanya kafa Jehofa a neng a ikutlwa ka teng ka mosadi wa gagwe wa tshwantshetso, e leng setšhaba sa Iseraele, mo lekgolong la bolesome la dingwaga B.C.E. Le fa  moporofeti wa gagwe e bong Elija a ne a swetsa ka gore go ne go se na baobamedi bape ba bangwe ba ga Jehofa mo setšhabeng sa Iseraele sa ditso tse di lesome, Jehofa o ne a ba sekaseka ka kelotlhoko mme a fitlhela batho ba le bantsi—ba le 7 000 botlhe—ba ba neng ba na le dinonofo tse a di ratang. A o ka etsa Jehofa ka go batla dinonofo tse di molemo mo malokong a lelapa la gago?—1 Dikgosi 19:14-18.

Le fa go ntse jalo, fa o batla gore maloko a lelapa a utlwe gore o a ba rata, o tshwanetse go dira maiteko a magolo a go ba bontsha lorato. Fa o bona sengwe se o ka ba akgolelang sone, tlhalosa kanaanelo ya gago ka mafoko. Fa Lefoko la Modimo le tlhalosa mosadi yo o nang le bokgoni, le bolela jaana ka boikutlo jo bo kgatlhang jo lelapa la gagwe le nang le jone: “Bomorwawe ba nanogile ba mmolela a itumetse; mong wa gagwe o a nanoga, mme o a mmaka.” (Diane 31:28) Ela tlhoko kafa maloko a lelapa a neng a gololesegile ka teng go bolela kafa a anaanelanang ka teng. Fa rre a baka mosadi wa gagwe ka mafoko, o tlhomela morwawe sekao se se molemo, a mo kgothatsa gore le ene fa a nyetse a akgole molekane wa gagwe jalo.

Gape, batsadi ba tshwanetse go akgola bana ba bone. Seo se ka thusa bana gore ba itlotle. Aitsane, motho ‘a ka rata moagelani wa gagwe jang jaaka a ithata’ fa ene a sa itlotle? (Mathaio 22:39) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa batsadi ba nnela go tshwaya bana ba bone diphoso, le ka motlha ba sa ba akgole, go motlhofo gore bana ba se ka ba tlhola ba itlotla mme ba ka nna ba fitlhela go le thata go bontsha ba bangwe lorato.—Baefeso 4:31, 32.

O ka Bona Thuso

Go tweng fa e le gore ga o a godisediwa mo lelapeng le le nang le lorato? O sa ntse o ka kgona go ithuta go bontsha lorato. Kgato ya ntlha ke go lemoga bothata mme o dumele gore o tlhoka go tokafatsa. Lefoko la Modimo e leng Baebele, le thusa thata mo ntlheng eno. Le ka tshwantshiwa le seipone. Go itshekatsheka ka dithuto tsa Baebele tse di jaaka seipone, go ka re thusa go bona diphoso mo tseleng e re akanyang ka yone. (Jakobe 1:23) Fa re dirisa se Baebele e se re rutang, re ka kgona go fetola ditshekamelo dipe fela tse di sa siamang tse re nang le tsone. (Baefeso 4:20-24; Bafilipi 4:8, 9) Re tshwanetse go dira jalo ka metlha, re sa ‘lese go dira se se molemo’ le ka motlha.—Bagalatia 6:9.

Bangwe ba ka nna ba fitlhela go le thata go bontsha lorato ka ntlha ya tsela e ba godisitsweng ka yone kgotsa ka ntlha ya setso sa bone. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso tsa bosheng jaana di bontsha gore dikgoreletsi tse di ntseng jalo di ka fenngwa. Dr. Daniel Goleman, yo e leng moitse wa boitekanelo jwa tlhaloganyo, o tlhalosa gore ‘tota le mekgwa e e nweleletseng thata mo pelong e motho a e ithutileng mo bongwaneng e ka fetolwa.’ Dingwaga di le makgolo a le 19 tse di fetileng, Baebele e ne ya bontsha gore ka thuso ya moya wa Modimo, tota le ditshekamelo tse di nweleletseng thata mo pelong di ka fetolwa. E re gakolola jaana: “Apolang botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone, mme lo apare botho jo bosha.”—Bakolosa 3:9, 10.

Fa lelapa le setse le lemogile bothata, le ka ithuta Baebele le akantse ka dilo tse le di tlhokang. Ka sekai, ke eng fa lo sa sekaseke gore Baebele ya reng ka “lorato”? Lo ka nna lwa bona temana e e tshwanang le eno: “Lo utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe e bile lo bone phelelo e Jehofa a neng a e naya, gore Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng [lorato] e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) Go tswa foo sekasekang pego ya ga Jobe, lo tlhoma mogopolo thata mo kgannyeng ya go bona gore Jehofa o ne a le pelonomi jang mo go bontsheng Jobe lorato e bile a mo utlwela botlhoko. Ga go pelaelo gore o tla batla go etsa Jehofa ka go nna pelonomi mo go bontsheng ba lelapa la gago lorato le go ba utlwela botlhoko.

 Le fa go ntse jalo, e re ka re sa itekanela “rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi” mo tseleng e re dirisang loleme ka yone. (Jakobe 3:2) Mo lelapeng, re ka nna ra se ka ra bua ka tsela e e kgothatsang. Ke gone mo thapelo le go ikaega ka Jehofa go tlhokegang teng. O se ka wa itlhoboga. ‘Rapela o sa kgaotse.’ (1 Bathesalonika 5:17) Jehofa o tla thusa ba ba batlang go ratiwa mo lelapeng mmogo le ba ba batlang go bontsha ba bangwe lorato mme ba kgorelediwa ke dilo dingwe go dira jalo.

Mo godimo ga moo, Jehofa o rulagantse ka bopelonomi gore re bone thuso mo phuthegong ya Bokeresete. Jakobe o ne a kwala jaana: “A go na le motho yo o bobolang [semoyeng] mo go lona? A a biletse banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene, mme a ba mo rapelele, ba mo tlotse ka leokwane ka leina la ga Jehofa.” (Jakobe 5:14) Ee, bagolwane ba ba mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ba ka thusa thata malapa a maloko a one a nang le bothata jwa go bontshana lorato. Le fa gone bagolwane e se dingaka tsa tlhaloganyo, ba ka kgona go thusa badumedi ka bone ka bopelotelele, ba sa ba bolelele gore ba direng, mme ba ba gakolola gore Jehofa o leba dilo jang, ba rapela le bone e bile ba ba rapelela.—Pesalema 119:105; Bagalatia 6:1.

Mo kgannyeng ya ga Tohru le Yoko, bagolwane ba Bakeresete ba ne ba reetsa mathata a bone ka dinako tsotlhe le go ba gomotsa. (1 Petere 5:2, 3) Ka dinako tse dingwe, mogolwane mongwe le mosadi wa gagwe ba ne ba ba etela gore Yoko a kgone go solegelwa molemo ke go nna le mosadi wa Mokeresete yo o nang le maitemogelo yo o neng a ka thusa Yoko gore a ‘rate monna wa gagwe.’ (Tito 2:3, 4) Fa bagolwane ba bontsha gore ba tlhaloganya mathata le mahutsana a Bakeresete ka bone e bile ba ba utlwela botlhoko, ba nna “lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu.”—Isaia 32:1, 2.

Bagolwane ba ba pelonomi ba ne ba thusa Tohru go lemoga gore o na le bothata jwa go ntsha maikutlo a gagwe le gore mo “metlheng ya bofelo,” Satane o tlhasela malapa. (2 Timotheo 3:1) Tohru o ne a swetsa ka gore a baakanye bothata jwa gagwe. O ne a simolola go bona gore se se neng se dira gore a se ka a bontsha mosadi wa gagwe lorato ke gore ga a ka a bontshiwa lorato fa a ntse a gola. Ka go ithuta Baebele ka tlhoafalo le go rapela, Tohru o ne a simolola kgato ka kgato go akanyetsa dilo tse Yoko a neng a di tlhoka mo maikutlong.

Le mororo Yoko a ne a galefetse Tohru, fa a tlhaloganya tsela e Tohru a godisitsweng ka yone mme le ene a lemoga makoa a gagwe, o ne a dira ka natla go leka go bona dinonofo tse di molemo tsa monna wa gagwe. (Mathaio 7:1-3; Baroma 5:12; Bakolosa 3:12-14) O ne a kopa ka tlhoafalo gore Jehofa a mo neye nonofo ya gore a tswelele a rata monna wa gagwe. (Bafilipi 4:6, 7) Fa nako e ntse e tsamaya, Tohru o ne a simolola go bontsha mosadi wa gagwe lorato mme seo se ne sa itumedisa mosadi wa gagwe thata.

Ee, le fa o fitlhela go le thata gore o ikutlwe o ratiwa mo lelapeng le gore wena ka bowena o bontshe lorato, ga go pelaelo gore o ka kgona go fenya bothata joo. Lefoko la Modimo le re naya kgakololo e e molemo. (Pesalema 19:7) Fa o lemoga bomasisi jwa kgang eno, o leka go bona dinonofo tse di molemo tsa maloko a lelapa la gago, o bala e bile o dirisa Lefoko la Modimo, o ikaega ka Jehofa ka go mo rapela ka tlhoafalo mme o batla le thuso ya bagolwane ba Bakeresete ba ba godileng sentle, o ka kgona go fenya bothata jo bo ka tswang bo lebega e le sekgoreletsi se segolo fa gare ga gago le ba lelapa la gago. (1 Petere 5:7) Le wena o ka ipela, fela jaaka monna mongwe yo o nyetseng wa kwa United States a ne a ipela. O ne a kgothalediwa gore a bolelele mosadi wa gagwe kafa a mo ratang ka teng. Fa kgabagare a nna le sebete sa go re “Ke a go rata,” o ne a gakgamadiwa ke tsela e mosadi wa gagwe a neng a tsiboga ka yone. Mosadi wa gagwe o ne a bua jaana a putlaputla dikeledi tsa boitumelo: “Le nna ke a go rata, mme ke la ntlha ke utlwa o bua jalo mo dingwageng di le 25.” O se ka wa leta gore go fete dingwaga di le dintsi jalo e bo e nna gone o bolelelang molekane wa gago le bana ba gago gore o a ba rata!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Jehofa o re thusa ka Lefoko la gagwe, Baebele