Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Itse Shafane le ba Lelapa la Gagwe?

A o Itse Shafane le ba Lelapa la Gagwe?

 A o Itse Shafane le ba Lelapa la Gagwe?

FA O ntse o bala Baebele, a o kile wa bala fa go buiwang teng ka Shafane le maloko a lelapa la gagwe la maemo? E ne e le bomang? Ba ne ba dirang? Re ka ithuta dithuto dife mo go bone?

Baebele e bua ka “Shafane morwa Asalia morwa Meshulame” fa e bua ka nako ya fa Josia a ne a tsosolosa kobamelo ya boammaaruri mo e ka nnang ka 642 B.C.E. (2 Dikgosi 22:3) Mo dingwageng tse 36 tse di neng tsa latela, go fitlha Jerusalema e senngwa ka 607 B.C.E., re bolelelwa ka bomorwawe ba banè, Ahikame, Elasa, Gemaria le Jaasania, le ditlogolo tsa gagwe tse pedi, Mikaia le Gedalia. (Bona tšhate.) Encyclopaedia Judaica e tlhalosa jaana: “Lelapa la ga Shafane le ne le tshwere marapo [mo bogosing jwa Juda] mme e ne e le bakwaledi ba kgosi go simologa ka nako ya ga Josia go fitlha ka nako ya go ya Botshwarwa.” Go tlhatlhoba se Baebele e se buang ka Shafane le lelapa la gagwe go tla re thusa go tlhaloganya kafa ba neng ba tshegetsa ka teng moporofeti Jeremia le kafa ba neng ba ema nokeng ka teng kobamelo ya ga Jehofa.

Shafane o Ema Nokeng Kobamelo ya Boammaaruri

Ka 642 B.C.E., fa Kgosi Josia a ne a na le dingwaga tse 25, re bona Shafane a direla e le mokwaledi le mokwalolodi wa kgosi. (Jeremia 36:10) Seo se ne se akaretsa eng? Buka e e umakilweng fa godimo ya re mokwadi le mokwaledi e ne e le mogakolodi yo mogolo wa kgosi, yo o tlhokometseng tsa madi, a na le bokgoni jwa go tshwara dipuisano, a itse dikgang tsa dinaga di sele, a itse molao wa ditšhaba tse dingwe, le ditumalano tsa kgwebo. Ka jalo, Shafane e ne e le mongwe wa banna ba maemo mo bogosing ka e ne e le mokwaledi wa kgosi.

Dingwaga di le some pele ga moo, Josia yo mmotlana o ne “a simolola go batla Modimo wa ga Dafide rraagwemogologolwane.” Go lebega Shafane a ne a le mogolo thata mo go Josia ka jalo o ne a kgona go mo naya kgakololo e e molemo mo dilong tsa semoya e bile o ne a ka tshegetsa Josia mo letsholong la gagwe la ntlha la go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. *2 Ditiragalo 34:1-8.

Ka nako ya fa go ne go baakanngwa tempele, go ne ga bonwa “buka ya molao” mme Shafane “a simolola go e bala fa pele ga kgosi.” Josia o ne a tshositswe thata ke go utlwa se se neng se kwadilwe mo go yone mme o ne a romela setlhopha sa banna ba ba ikanyegang kwa go Huleda, moporofeti wa mosadi, gore ba ye go botsa Jehofa kaga buka eno. Kgosi e ne ya bontsha gore e ikanya Shafane le morwawe, e bong Ahikame, ka go ba tsenya mo setlhopheng seo.—2 Dikgosi 22:8-14; 2 Ditiragalo 34:14-22.

Leno ke lekgetlo le le nosi mo Dikwalong le go buiwang ka se Shafane ka boene a neng a se dira. Mo ditemaneng tse dingwe tsa Baebele, go buiwa fela ka ene e le rre kgotsa e le rremogolo. Bana ba ga Shafane ba ne ba dirisana thata le moporofeti Jeremia.

Ahikame le Gedalia

Jaaka re setse re bone, morwa Shafane, e bong Ahikame o umakiwa la ntlha malebana le setlhopha sa batho ba ba neng ba rometswe kwa go Huleda, moporofeti wa mosadi. Buka nngwe ya re: “Le fa go sa buiwe ka maemo a ga Ahikame mo Baebeleng ya Sehebera, go a bonala gore o ne a na le maemo a a kwa godimo.”

 Dingwaga di ka nna 15 morago ga tiragalo eo, botshelo jwa ga Jeremia bo ne bo le mo kotsing. Fa a ne a tlhagisa batho ka maikaelelo a ga Jehofa a go senya Jerusalema, “baperesiti le baporofeti le batho botlhe ba mo tshwara, ba re: ‘Ruri o tla swa.’” Go ile ga felela jang? Pego eo e tswelela ka gore: “E ne e le seatla sa ga Ahikame morwa Shafane se se neng se na le Jeremia, gore a se ka a tsenngwa mo seatleng sa batho gore ba mmolaye.” (Jeremia 26:1-24) Seno se bontshang? The Anchor Bible Dictionary ya re: “Tiragalo eno ga e supe fela gore Ahikame o ne a na le taolo e e kana kang, mme gape e bontsha gore ene, fela jaaka maloko a mangwe a lelapa la ga Shafane, o ne a le molemo mo go Jeremia.”

Dingwaga di ka nna 20 morago ga moo, fa Bababelona ba sena go senya Jerusalema ka 607 B.C.E., mme ba isitse batho ba le bantsi botshwarwa, setlogolo sa ga Shafane, e bong Gedalia, morwa Ahikame o ne a tlhomiwa go nna molaodi mo Bajudeng ba ba neng ba setse. A le ene, jaaka maloko a mangwe a lelapa la ga Shafane, o ne a tlhokomela Jeremia? Pego ya Baebele ya re: “Ka jalo Jeremia a tla kwa go Gedalia morwa Ahikame kwa Misepa mme a nna le ene.” Mo dikgweding di se kae, Gedalia o ne a bolawa, mme Bajuda ba ba neng ba setse ba ne ba tsamaya le Jeremia fa ba ne ba fudugela kwa Egepeto.—Jeremia 40:5-7; 41:1, 2; 43:4-7.

Gemaria le Mikaia

Morwawe Shafane, e bong Gemaria le setlogolo sa gagwe Mikaia ba ne ba na le seabe sa botlhokwa mo ditiragalong tse di tlhalosiwang mo go Jeremia kgaolo 36. E ne e le ka 624 B.C.E., mo ngwageng wa botlhano wa puso ya ga Kgosi Jehoiakime. Baruke, mokwaledi wa ga Jeremia, o ne a balela kwa godimo mafoko a ga Jeremia mo bukeng kwa ntlong ya ga Jehofa, “mo phaposing ya bojelo ya ga Gemaria morwa Shafane.” Mme “Mikaia morwa Gemaria morwa Shafane a utlwa mafoko otlhe a ga Jehofa go tswa mo bukeng.”—Jeremia 36:9-11.

Mikaia o ne a bolelela rraagwe le dikgosana tsotlhe tse dingwe ka momeno, mme botlhe ba ne ba batla go itse gore o ne o reng. Ba ne ba dirang? “Jaanong ga diragala gore fela fa ba utlwa mafoko otlhe, ba lebana ka poifo; mme ba raya Baruke ba re: ‘Ruri re tla bolelela kgosi mafoko ano otlhe.’” Le fa go ntse jalo, pele ga ba bua le kgosi, ba ne ba raya Baruke ba re: “Tsamaya, o iphitlhe, wena le Jeremia, gore ope a se ka a itse gore lo kae.”—Jeremia 36:12-19.

Jaaka go ne go ka lebelelwa, kgosi e ne ya gana molaetsa o o neng o le mo momenong mme e ne ya fisa momeno oo ka molelo. Dikgosana tse dingwe, le morwawe Shafane, e bong Gemaria, “ba ne ba rapela kgosi gore e se ka ya fisa momeno, mme ya se ka ya ba reetsa.” (Jeremia 36:21-25)  Buka e e reng Jeremiah—An Archaeological Companion e konela ka gore: “Gemaria o ne a thusa Jeremia kwa kgotleng ya ga Kgosi Jehoiakime.”

Elasa le Jaasania

Ka 617 B.C.E., Babelona e ne ya gapa bogosi jwa Juda. Diketekete tsa Bajuda, “dikgosana tsotlhe le banna botlhe ba ba pelokgale ba ba thata . . . le modiri mongwe le mongwe yo o setswerere le moagi wa dithako tsa phemelo,” ba ne ba isiwa botshwarwa, mmogo le moporofeti Esekiele. Matania, yo Bababelona ba neng ba fetola leina la gagwe go nna Sedekia, o ne a nna kgosi ya maemo a a kwa tlase. (2 Dikgosi 24:12-17) Morago ga moo Sedekia o ne a romela setlhopha sa banna se se neng se na le morwa Shafane, e bong Elasa, go ya Babelona. Jeremia o ne a naya Elasa lekwalo le le neng le na le molaetsa wa botlhokwa o o neng o tswa kwa go Jehofa o ya kwa Bajudeng ba ba neng ba le kwa botshwarwa.—Jeremia 29:1-3.

Ka jalo, pego ya Baebele e bontsha gore Shafane, bomorwawe ba bararo, le ditlogolo tsa gagwe tse pedi ba ne ba dirisa maemo a bone go ema nokeng kobamelo ya boammaaruri le moporofeti Jeremia yo o ikanyegang. Go tweng ka morwa Shafane, e bong Jaasania? Ene o ne a dira se se farologaneng le se maloko a mangwe a lelapa la ga Shafane a neng a se dira, ka gore go lebega a ne a obamela medimo ya disetwa. Mo ngwageng wa borataro wa fa Esekiele a ile botshwarwa kwa Babelona, kana mo e ka nnang ka 612 B.C.E., moporofeti o ne a bona pono e mo go yone banna ba le 70 ba neng ba fisetsa medimo ya disetwa maswalo mo tempeleng kwa Jerusalema. Jaasania, yo e leng ene fela yo o umakwang ka leina, o ne a na le bone. Seno se ka tswa se raya gore e ne e le leloko le le itsegeng la setlhopha seno. (Esekiele 8:1, 9-12) Sekao sa ga Jaasania se bontsha gore ga go reye gore go bo motho a godiseditswe mo lelapeng le le ineetseng mo Modimong o tla nna moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa. Mongwe le mongwe o a ikarabelela ka ntlha ya ditiro tsa gagwe.—2 Bakorintha 5:10.

Losika Lwa ga Shafane le Lelapa la Gagwe

Ka nako ya fa Shafane le lelapa la gagwe ba ne ba na le seabe mo ditiragalong tse di neng tsa direga kwa Jerusalema, go dirisa dikanelo e ne e le selo se se tlwaelegileng kwa Juda. Dikanelo di ne di dirisiwa go ntsha bosupi kgotsa go saena makwalo mme di ne di dirilwe ka maje a botlhokwa, metale, dinaka tsa tlou kgotsa ka galase. Gantsi mo sekanelong seno go ne go kwalwa leina la mong wa sone, leina la ga rraagwe, mme ka dinako tse dingwe le maemo a mong wa sone.

Go bonwe makgolokgolo a dikanelo tsa  Sehebera tse di dirilweng ka letsopa. Porofesa Nahman Avigad, e bong mokanoki yo o ithutang ka mekwalo ya bogologolo ya Sehebera, o ne a re: “Mekwalo e e fitlhelwang mo dikanelong, ke yone fela mo mekwalong ya bogologolo ya Sehebera e e umakang batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng.” A go kile ga bonwa sekanelo sepe se se nang le mokwalo wa ga Shafane kgotsa ba lelapa la gagwe? Ee, sekanelo se se bontshiwang mo tsebeng 19 le 21 se na le leina la ga Shafane le la morwawe, e bong Gemaria.

Gape bakanoki ba re go ka direga gore go na le maina a mangwe a manè a ba lelapa leno mo mekwalong ya dikanelo—la ga Asalia, rraagwe Shafane; Ahikame morwa Shafane; Gemaria morwa Shafane; le Gedalia, yo go ka diregang gore go ne go buiwa ka ene mo mokwalong wa sekanelo go twe o ne a “okametse Ntlo.” Go tsewa gore sekanelo sa bonè e ne e le sa ga Gedalia, setlogolo sa ga Shafane, le mororo go sa buiwe sepe ka Ahikame rraagwe. Leina le a bidiwang ka lone mo mokwalong wa sekanelo le bontsha gore e ne e le mongwe wa badiredi ba bagolo mo pusong.

Ke Eng Se re Ka se Ithutang?

Shafane le lelapa la gagwe ba re tlhomela sekao se se molemo thata sa go dirisa maemo a bone go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri le go ema Jeremia yo o ikanyegang nokeng! Le rona re ka dirisa madi a rona le maemo a rona go tshegetsa phuthego ya ga Jehofa le baobamedi mmogo le rona.

Go a re kgothatsa e bile go nonotsha tumelo ya rona fa re bala Baebele ka metlha e bile re e tlhatlhoba ka kelotlhoko re bo re ithuta ka basupi ba bogologolo ba ga Jehofa ba ba tshwanang le Shafane le ba lelapa la gagwe. Le bone ke ‘leru le legolo la basupi’ ba re tshwanetseng go etsa sekao sa bone.—Bahebera 12:1.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Shafane o tshwanetse a bo a ne a le mogolo thata mo go Josia, fa re akanyetsa kgang ya gore Ahikame, morwa Shafane e ne e le monna yo o godileng fa Josia a ne a na le dingwaga tse 25.—2 Dikgosi 22:1-3, 11-14.

[Lebokoso mo go tsebe 22]

Huleda—Moporofeti wa Mosadi yo o Nang le Tlhotlheletso e Kgolo

Fa Kgosi Josia a sena go utlwa go balwa ga “buka ya molao” e e fitlhetsweng mo tempeleng, o ne a laela Shafane le badiredi ba bangwe ba banè ba maemo a a kwa godimo gore ba ye “go botsa Jehofa” ka buka eo. (2 Dikgosi 22:8-20) Setlhopha seno sa banna se ne se ka bona kae karabo? Jeremia, gongwe le Nahume le Sefania, baporofeti botlhe le bakwadi ba Baebele, ba ne ba nna kwa Juda ka nako eo. Le fa go ntse jalo, setlhopha sa banna bano se ne sa ya kwa go Huleda, moporofeti wa mosadi.

Buka ya Jerusalem—An Archaeological Biography ya re: “Selo se se kgatlhang ka tiragalo eno ke gore ga go a ka ga buiwa sepe ka seabe sa banna le sa basadi mo kgannyeng eno. Ga go na ope yo o neng a akanya gore ga go a siama gore setlhopha sa banna fela se bo se tsere Momeno wa Molao go ya go botsa mosadi gore a o ne o le boammaaruri. Fa mosadi yono a ne a re ke lefoko la Morena, ga go na ope yo o neng a mo ganetsa. Gantsi bakanoki ba tlodisa ntlha eno matlho fa ba bua ka seabe se basadi ba neng ba na le sone kwa Iseraeleng wa bogologolo.” Gone mme, molaetsa o o neng o le moo, o ne o tswa kwa go Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Losika Lwa ga Shafane

Meshulame

Asalia

Shafane

↓ ↓ ↓ ↓

Ahikame Elasa Gemaria Jaasania

↓ ↓

Gedalia Mikaia

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Gemaria le ba bangwe ba ne ba kopa Jehoiakime gore a se ka a fisa momeno o o neng o tswa kwa go Jeremia

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Le fa Jaasania e ne e le wa lelapa la ga Shafane, o ne a bonwa mo ponong a obamela medimo ya disetwa

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

Courtesy Israel Antiquities Authority

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

Courtesy Israel Antiquities Authority